title
stringlengths 1
82
| text
stringlengths 565
8.03k
| orig_label
stringclasses 10
values | label
int64 0
9
|
---|---|---|---|
Ramapodisi o kgala thekiso ya motokwane | Mookamela mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Rre Sello Ntwayagae, o kgadile batsadi ba ba rekisetsang bana motokwane. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng. A re dipalo le ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa Kanye e le ene a di gogang kwa pele mo go rekiseng motokwane. Rre Ntwayagae o rotloeditse batsadi go disana gore go nne motlhofo go tshwara batho ba ba rekisang motokwane. “A re nneng badisa ba ba bangwe, ka jalo re ka lwantsha motokwane mo motseng o,” ga bua Rre Ntwayagae. O kopile morafe go tshwaragana go lwantsha tiriso ya motokwane, a tlhalosa fa tiriso ya one e sa siama ka o senyetsa bana bokamoso. Mokwaledi wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong ya Segotshane, Mme Betha Ntshutelang a re ba tsentswe tsebetsebe ke bana ba sekole sa Mathiba. A re bana ba Mathiba ga ba tsene sekole sentle ba nna mo sekgweng sa Pharing, o tlhalositse fa ba ya sekoleng fela ka nako ya dijo mme ba boele mo sekgweng fa ba fetsa go ja. Mme Ntshutelang o buile fa ba nna fela ba alotse bana ba mme ga gona nko epe e e tswang lemina. A re botlhokatsebe ga bo busetse mme bo senya bokamoso jwa ngwana ka jalo o kopa batsadi go ruta bana ba bone tshiamo go nne ba tlaa thanya lo le tsebeng. Mme Ntshutelang o boletse fa ba sa bone boroko ka ntlha ya batsadi ba ba rekisang bojalwa jo bo sa letlelelweng. | crime_law_and_justice | 1 |
Motlhala wa mananeo o a bonala | Mme Tanyala Ratanang le Mme Axcillia Nthaye ba Dagwi kwa kgaolong potlana ya Tutume ke bangwe ba ba sa iponeng tsapa. Ba ne ba ikopanya le ofisi ya boipelego go tlhaloganya ka mosola wa mananeo a nyeletso lehuma le gone go ikopela dithuso. Mo potsolotsong bosheng, bomme ba ba supile fa lenaneo la nyeletso lehuma la kapei ya borotho le dirile pharologanyo e e bonalang mo matshelong a bone. Mme Tanyala Ratanang, yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa, a re o ne a ikopela lenaneo le morago ga go lemoga fa seemo mo lwapeng la gagwe se sa tokafale e bile go mo diga seriti. A re morago ga tlhaloso ka ofisi ya boipelego kwa Tutume, o ne lemoga fa mananeo a le mantsi mme fela o ne a felela a itlhophela la kapei ya borotho. O boletse gore o lemogile fa e le lone le a ka kgonang go le tsamaisa ka jaana ga le tlhoke sepe se se kalo, a re o dirisa molelo wa leiso go apaya. Mme Ratanang a re o ne a fiwa tsotlhe tse di tlhokegang, a tlhalosa fa tsotlhe mo lapeng di apere tshiamo fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe. A re ka dipoelo tse a di dirang, o setse a kgonne go ikagela kamore ya boroko e le nngwe, o tsentse pompo mo lapeng la gagwe e bile o kgona le gone go tlhokomela ba lapa la gagwe. Mme Ratanang a re sengwe se se itumedisang ka kgwebo ya gagwe ke gore o bone dipoelo tse di nametsang ka jaana o filwe tiro ya go apeela bana ba sekolo se sebotlana sa mo motseng. E re dikgang di eme jalo, Mme Axcillia Nthaye, yo o dingwaga tse di masome a mararo le ene o tlhalosa fa lenaneo la kapei ya borotho le mo inotse mo lehumeng. A re morago ga go tlhoka tiro ya sennela ruri, o ne a ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma, mme a tlatsa ka go supa fa lenaneo le mo direla dilo motlhofo ka jaana le ene o setse a kgona go oba letsogo ntle le go kopa ope. Mme Nthaye le ene o supa fa dipoelo di nametsa, a re ka nako tse dingwe o ipha matsapa a go etela metse e e gaufi go rekisa le gone go ipapatsa. Sengwe se se itumedisang Mme Nthaye ka kgwebo e ke gore o apaya borotho mo mosong fela mme bo rekwe jotlhe go tlhoke jo bo salang, mme seo se mo fa sebaka sa go ka tsweledisa ditiro tse dingwe. Mme Nthaye o supa fa a setse a ipoloketse madi ka maikaelelo a go tokafatsa dithuto tsa gagwe, a re le fa dikgwetlho di ka tlhagoga tebang le kgwebo ya gagwe, ene o ikiteile sehuba gore ga go sepe se se ka mo digang. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Barekisi ba ipaakanyeditse seemo | Go lebega segajaja sa COVID-19 se tlaa kokonela batho ba ba rekisang letlhafula mo tseleng ya Trans Kalahari. Barekisi ba, ba simolotse ba le bantsi, mme jaanong palo e fokotsegile fela thata. Mongwe wa bone ke Mme Bothojwame Dioka, yo a reng ba reka mmidi, magapu, makgomane le ntshe mo masimong a a gaufi le tsela mme ba rekise ka tlhwatlhwa e e ba direlang dipoelo. A re bontsi jwa bareki ba bone ke ba ba fetang le tsela jaaka bakgweetsi ba diteraka ba ba tswang Aferika Borwa le Namibia. Mme Dioka a re ka ntlha ya mogare wa corona, go na le phokotsego ya motsamao mo tseleng eo. A re e re ka a tlhaloganya ditlamorago tsa segajaja mo dikarolong tse di farologaneng tsa itsholelo, o ipaakanyeditse diemo tsotlhe tse di ka tlang. Mme Dioka a re o tsweletse ka go tsenya seemo leitlho, mme mo bogompienong, o emetse gore tse a setseng a di rekile di fele a ba a ya go nna kwa lwapeng jaaka ba botsogo ba rotloetsa. Mme Dioka o rotloeditse barekisi go diragatsa ditaelo tsa botsogo jaaka go neela bareki ba bone metsi le molora gore ba tlhape diatla. A re bophepa jwa didirisiwa tsa bone le jone bo ka thibela kanamo ya mogare oo. Rre Tsaone Tsiripane ene a re o tlogetse botshelo jwa toropo kgwedi e e fetileng go ya go rekisa legwetla mme o ikemiseditse ditshwetso tsotlhe tsa botsogo tse di thibelang kanamo ya mogare wa corona. O supile fa mo dibekeng tse di fetileng a lemogile fa dipoelo tsa go rekisa di le botoka go na le tiro e a ntseng a e bereka kwa Gaborone, bogolo jang ka mafelo a beke fa metsamao ya batho e le mentsi. Rre Tsiripane o supile fa a ne a simolola go ipaakanyetsa diemo tse di ka gomagometsang kgwebo ya gagwe fa a sena go utlwa melao e mesha ya dipalamo, ka jaana se se raya gore palo ya bareki le yone e tlaa fokotsega. O tlhalositse fa a reka mo go lekanetseng fela, go ipaakanyetsa sepe fela se se ka tlhagang. A re se se tlaa mo thusa gore fa dikgwebo di tswalwa a ba a sa tshola dijo tse dintsi tse di ka senyegang. Le fa go ntse jalo, Mme Gorata Lesole ene o tlhalositse fa melao e mesha ya botsogo e tlaa mo thusa go tlhokomela bana le metsamao ya bone kwa lwapeng. A re o ntse a rekisa dijo tse di apeilweng mme o tsere tshwetso ya go tswala madirelo gore bareki ba mo leletse fa ba tlhoka dijo. A re o tsere tshwetso e morago ga go lemoga fa theko e le kwa tlase mo jaanong a neng a patelesega go boa ka dijo malatsi a tlhomagana. A re le fa go fokotsega ga batho mo ditseleng go amile dikgwebo tse dipotlana, ba tlhaloganya gore maikaelelo a puso ke go babalela botsogo jwa setshaba kgatlhanong le COVID-19. | health | 6 |
Palapye o simolodisa kokelwana ya itlhatlhobelo kankere | Sepatela sa Palapye se butse kokelwana ya itlhatlhobelo kankere go thusa bomme go dupa kankere ya molomo wa popelo ka nako. Kokelwana e, e ba e teileng leina ba re See and Treat, e bulwa fa gare ga beke mme e itebagantse le bomme ba ba dingwaga tse di masome mararo go ya kwa go masome mane le borobabongwe. Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa sepatela sa Palapye, Mme Mpho Modibedi o rotloeditse bomme go ikgogela kokelwaneng eo go itlhatlhobela kankere. Ka bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba lebanwe ke diphatsa tsa go ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo, Mme Modebedi o ba gakolotse le bone go dirisa kokelwana e. A re se se ka thusa gore fa motho a na le matlhasedi a kankere ba bongaka ba kgone go lemoga go santse go na le nako gore ba mo tsenye mo kalafing. Lenaneo la See and Treat le remeletse mo go dupeng kankere mo go bomme gore fa go na le matlhasedi a kankere ba kgone go e alafa pele e ka jwalelela, ka fa e setse e le mo seemong se e nna thata go alafesega. Tlhatlhobo e, e e tlwaelesegileng ka leina la VIA, e dirwa ka go tshasa vinegar mo molomong wa popelo gore sepe se se ka tswang se amilwe ke kankere se itshupe, ka jalo se se fe ba bongaka sebaka sa go tsenya molwetse mo kalafing e e maleba. Mme Modibedi a re fa e le gore go na le dirwe dingwe tse di setseng di koafaditswe ke kankere, molwetse o fetisediwa kwa a tlaa yang go bona kalafi ya kankere e e ka nnang tiriso ya marang a a phunyeletsang, tiriso ya dikhemikhale kana loaro. E re ntswa kankere e kgona go thibelwa, Mme Modibedi a re bolwetse jo bo tsweletse ka go gapa matshelo. A re tlhatlhobo e botlhokwa mo go bomme ba ba santseng ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo, ka jalo fa ba bongaka ba itemogetse matlhasedi a kankere go sale pele ba kgona go ba tsenya mo kalafing kana ba ba fetisetse kwa go nang le dithuso tse di maleba teng. Ka jalo, se se ka fokotsa dipalo tse di golang tsa batho ba ba angwang ke kankere. Lenaneo la See and Treat ga le emisetse le le ntseng le le teng la Pap Smear, ka jalo le ntse le tsweletse kwa dipateleng. BOKHUTLO | health | 6 |
Kotsi e bolaile mosadi | Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mmotorokara wa Lexus o neng wa thula wa BMW kwa morago. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re kotsi eo e diragatse kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown ka Matlhatso ka nako ya boferabobedi bosigo. Superintendent Halahala a re go lebega dikoloi tseo di ne di tlhomagane, mokgweetsi wa koloi ya Lexus a ne a thula BMW kwa morago mme bapalami ba BMW ba ba neng ba le bane ba gobala. O boletse fa ba ne ba ragosetsa bone joo kwa kokelong ya Tutume kwa go ilweng ga tlhomamisiwa fa mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro le masome mararo a tlhokafetse,fa ba bangwe ba babedi ba ne ba fetisediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa ba sidilegang teng. Mokgweetsi wa BMW o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme a gololwa. O supa fa bapagami ba Lexus ba le bone ba neng ba le bane ba ne ba seka ba bona dikgobalo dipe. Superintendent Halahala a re ba tshegeditse mokgweetsi wa Lexus wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro go ya kwa go masome mararo go ba thusa mo ditlhotlhomisong. O tlhalosa fa moswi a tlholega kwa Serowe mme a ne a ithutela bongaka kwa China mme jaanong a le mo malatsing a boitapoloso mono. Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka. Superintendent Halahala o ikuetse mo bakgweetsing go tlogela mokgwa wa go kgweetsa ba itshietse. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Mudongo o itumelela ditlhabololo | Kgosi wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mukani Mudongo a re o itumelela madi a tlhabololo dikgaolwana ka a ba thusitse go aga motlobo wa dibuka. O tlhalositse fa ba ne ba tshelela mo tshokolong, pele ga kago eo, e e lopileng P476 000. A re madi ao, a tlodisa metse selegae melatswana go dira dingwe ditoro tsa bone, segolo jang mo go tsa ditlhabololo. Kgosi Mudongo a re ga ba a bolo go sotlega segolo jang fa go tla mo go atoloseng dithuto tsa bana ba bone. A re jaanong difatlhego tsa bone di tletse monyenyo ka dikago tsa bone tsa motlobo wa dibuka di le gaufi le go fela. O supile fa thuto e le yone konokono mo botshelong jwa motho, a tlatsa ka go re o solofetse go bona phetogo mo dithutong ga mmogo le maduo a bana mo sekoleng. A re dikago tse gape di tlhamile mebereko mo motseng le ntswa e le ya nakwana. O tlhalositse fa gape go na le ba ba tshepisitseng dibuka, ka jalo dithuto tsa bana di tlaa gola. O ne a kopela motlobo wa bone didirisiwa di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa dithuto le dikitso tsa bana mmogo le bagolo mo motseng. Kgosi Mudongo o ne a akgola kakanyo e ntle ya puso ya madi a tlhabololo ka e thusa go lere ditlhabololo, segolo jang mo metseng e e kgakala le ditlamelo. Mo go tse dingwe, Kgosi o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke leruo le le gasameng le motse wa gagwe ka le tlhorontsha balemi. Kgosi Mudongo o supile fa go sena ope yo o tsayang boikarabelo ka leruo leo, a tlatsa ka go re beng ba lone ba tsene ka lenga la seloko ka ba tshaba go lebisiwa molato wa tshenyo. A re motse wa gagabo o ne o itsewe ka thobo e namagadi ngwaga le ngwaga, a supa fa ba ne ba atle ba tshware moletlo wa thobo mme a tlatsa ka gore monongwaga bontsi jwa balemi ba iphotlhere ke dilelo fela ntateng ya leruo le le inaakantseng le temo. A re se se baka dikgotlhang mo motseng ka a sa itse gore o ka rarabolola dikgang tsa mofuta o jang ka bontsi jwa leruo bo sena beng. “Balemi ba motse wa Nlapkhwane, ke balemi ba ba tlhaga e bile ba tsaya temo ka tlhoafalo ka jalo se se ba kgoba marapo ka ba lemela lefela ka ntlha ya leruo le le ba thorontshang.” Kgosi Mudongo o ne gape a supa fa bontsi jwa leruo leo, segolo jang ditonki di sena ditshipi go kaya gore ke tsa ga mang, ka jalo go le thata gore ba ka lebisisa mang molato wa tshenyo mo masimo. “Bontsi jwa balemi ba santse ba dirisa ditonki go lema, mme fa ba fetsa ba a di itatola, gape ga ba di tlhokomele, ka jalo di tlala le naga go batla mafulo a matalana,” ga bua kgosi. Kgosi o ne gape a supa fa ba tshwenngwa ke batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng le ntle le diteseletso. A re le fa go ntse jalo, banni ba Nlapkhwane, Mapoka le Zwenshambe ba ititeile ka thupana go fedisa borukutlhi mo metseng e. O supile fa ba ikgobokantse go dira mokgatlho wa twantsho borukutlhi, mme e bile ba tlaa dira jalo ba sa boele morago ka e bile ba bapile le terata ya molelwane oo kgaoganyang Botswana le Zimbabwe. BOKHUTLO | education | 4 |
Kgosi o kgala ba ba rekisetsang bana ditagi | Kgosi Keineetse Sebele wa kgotla ya Phase 4 mo Gaborone a re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi. O buile jalo kwa pitsong ya botsogo kwa kgotleng ya Phase 4 bosheng. A re mokgwa wa go dira jalo o maswe e bile o ka senyetsa bana bokamoso. A re batsadi ba ba dirang jalo ba potoka motokwane jaaka o ka re ke dilekere mme ba rekisetse bana ba sekole. Kgosi o boletse fa madi a motho yo o dirisang diritibatsi a ganana le kalafi. A re fa motho a tshwaregile ke ditlhabi ga go motlhofo a ka thusiwa ke melemo ka jaana madi a gagwe a na le bothata jwa ditagi. O ne a kopa batsadi go kganela mokgwa wa go rekisetsa bana ditagi, a re ba seka ba o letlelela go tsena ka malwapa a bone. E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa kokelo ya Julia Molefhe, Mme Dineo Nkgageng a re maikaelelo a kokelo eo ke go ntsha ditirelo tse di tswanetseng. O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e butswe ka 1999 go ntsha ditirelo tsa botsogo bosigo le motshegare. A re kokelo ya Julia Molefhe e ntsha ditirelo di akaretsa tsa thibelo malwetse, dithuto tsa botsogo, melemo le diritibatsi ga mmogo le mekento ya bana. Le fa go ntse jalo, Mme Nkgageng o tlhalositse fa dingwe dithuso e le tse di bonwang motshegare fela. A re le fa kokelo e nnile le ditlhabololo e sa ntse e ise e kgone go ntsha ditirelo di tshwana le tsa pelegi. Mme Nkgageng o ne a sedimosetsa batsena phuthego ka ditlhabololo tse di dirilweng mo kokelong. A re go ne ga dirwa ntlwana e e fang thuso ya potlako, e e nang le malao a le mane go thusa ba ba pitlaganeng thata. O tlhalositse gape fa kokelo ya Julia Molefhe e atolositse ka fa go tseelwang dipilisi le melemo teng. O boletse gape fa kokelo e na le ntlwana e go tlhatlhobelwang mo go yone mme e ise e nne mo tirisong ka e emetse go tsenngwa didirisiwa. Mme Nkgageng a re kokelo e okeditse lefelo le go emelwang dithuso mo go lone go itsa mosuke. O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e amogela motho mongwe le mongwe yo o batlang dithuso tsa botsogo. BOKHUTLO | health | 6 |
‘Emisang go rekisa motokwane’ | Bodiredi jwa khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bo gakolotswe gore go ngongoregela ruri mo tirong go ka ama go isa ditlamelo kwa bathong, e bile go dira gore go seka ga nna le tirisano e e siamemg. Se se supilwe ke moemedi wa khamphani ya Jwala Consultancy, Mme Margaret Kandjiise, yo o itebagantseng le go sidila batho maikutlo ka letsatsi la go itshidila mmele la babereki ba khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bosheng. Mme Kandjiise a re o tshwantse go itsaya sentle fa o na le ba bangwe mo tirong. A re go botlhokwa gore fa bodiredi bo le mo tirong, bo nne seopo sengwe le go thusa Batswana ka nako, gore ba ntshe maduo a a bonalang mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi. Mme Kandjiise o rotloeditse bodiredi go tshwenyega ka botsogo jwa bone, a re botsogo jwa motho ke boikarabelo jwa gagwe e seng ope gape. A re fa bodiredi bo dira mmogo, ga bo a tshwanela go nna le go akanyetsa ba bangwe dilo tse di sa siamang, kgotsa ba seka ba nna le mowa wa go ipusolosetsa kgotsa wa lefufa ka gore o ka baka dikgotlhang. O ne a ba gakolola gore ba seka ba tsisa mathata a kwa lwapeng mo tirong, a supa gore fa motho a na le mathata, o ka lekodisa badiri ka ene gore ba kgone go mothusa, eseng go tlhola a galefile a sa buise ope ka lerato. A re fa o le motho, o tshwanetse go leboga mongwe ka wena fa a direle tiro e e kgotsafatsang, gore le ene ka moso a seka a itsapa fa gotwe a dire tiro, mme e bile seo se tsholetsa maduo mo tirong. E rile Dr Pogiso Letswere wa kokelo ya meno mo Ghanzi ya Family Dentist, a bula semmuso letsatsi leo, a supa fa go le botlhokwa go tsibosa setshaba ka malwetse a a sa tshelanweng. Dr Letswere a re letsatsi leo, ke la go rutuntsha le go rotloetsa morafe wa Ghanzi go nna le botsogo jo bo siameng. A re itshidilo ke selo sa botlhokwa mo botsogong jwa motho, e bile go ka falotsa batho mo malwetseng a a sa tshelwaneng.Dr Letswere o kopile batsena letsatsi leo go ja merogo le maungo letsatsi le letsatsi ka gore di siametse botsogo jwa motho. A re go iphitisa notagi le kgogo ya motsoko go diphatsa mo botsogo jwa motho. O ne a supa fa go le botlhokwa go fokotsa mebele ka e sa siamela botsogo. Dr Letswere o kopile setshaba go itlhokomela fa ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelwaneng ka gore a diphatsa. A re malwetsi ao, a tsena motho ka bonya mme a felele a le borai mo matshelong a batho. O kopile Batswana go sala ditaelo tsa bongaka ka gore ke tsone fela tse di ka dirang gore motho a tshele lobaka. Dr Letswere a re mangwe malwetsi ga a na kalafi. BOPA | health | 6 |
Komiti e tshwenngwa ke seemo sa itsholelo | Komiti ya ditlhabololo tsa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, e tshwentswe ke seemo sa itsholelo e e kwa tlase mo bontsing jwa banni ba motse. Maloko a komiti eo, a supile matshwenyego fa ba kopane kwa ofising ya bone go sekaseka le go lekodisana ka seemo sa itsholelo ya Machaneng bosheng. Mongwe wa maloko, Mme Kesentseng Richard, o ne a bolela gore le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa setshaba ka tsotlhe tse e ka di kgonang go tokafatsa itsholelo, kwa Machaneng dikgwetlho di busetsa maiteko ao kwa morago. Mme Richard a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba setseng ba di itemogetse tse di amang mananeo a akaretse a LIMID, YDF le nyeletso lehuma ke leuba, malwetse a diruiwa, bogodu ja leruo, tiego ya go thusa ba ba ikopetseng dithuso tsa mananeo ka go farologana, go tlhoka go tlhaloganya sentle ka mananeo ga banni le bokgakala jwa diofisi dingwe tse di thusang ka mananeo. A tlatsa ka gore tiego ya dituelo tsa batho ba go rekelwang ba bangwe leruo mo go bone ga mmogo le tsa banana ba ba dirang mo Tirelo Setshaba le tsone di a tshwenya. O ne a tswelela ka go supa fa gape e rile mo dingwageng tse di fetilerng Machaneng wa amiwa thata ke dintsho tse dintsi tse di neng di bakwa ke bolwetse ba HIV/AIDS. Mme Richard o bolela fa seemo seo, se bakile gore palo ya dikhutsana le malwapa a a sa kgoneng e ntsifale thata mo motseng. A re ka jaana bontsi jwa morafe wa Machaneng ba sena sepe sa sennela ruri se ba ka itshetsang ka sone, se se baka mosuke o o kwa godimo fa go tsena nako ya khiro ya Ipelegeng. Mme Richard a re seemo se sa itsholelo e e ngomolang pelo se baka gore bangwe banana ba inaakanye le borukutlhi bo tshwana le bogodu. E rile a mo tlatsa, modulasetilo wa komiti eo Rre Modiri Kgakge a re bone e le komiti e e sa tswang go tlhophiwa bosheng ba ikaelela go tokafatsa seemo se. Rre Kgakga a re ba tlaa simolola ka go bitsa dikomiti tsotlhe tsa mo motseng le maphata a puso gore ba tswe ka ditsela tse ba ka di dirisang. A re mme kwa morago ba tlaa bitsa morafe otlhe wa motse go tla go tshwaraganela kgang e. Rre Kgakge a re go ngomola pelo go bona puso e tsweletse ka go ntsha madi a mantsi ka maiteko a go thusa setshaba mme jaanong go sena tswelelopele. A bolela fa puso e tshwanetse go nna le dipoelo tse di kgotsofatsang mo go se e se dirang. Rre Kgakge o ne a kopa banni ba Machaneng gore ba seka ba ipona tsapa mme ba ikemele ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. O ne a supa fa a ngongoregela dipalo tse gantsi banni ba tsenang diphuthego tsa matona le maphata a puso ka tsone a re di kwa tlase, selo se a reng se baka gore banni ba tlolwe ke melaetsa e e botlhokwa e e ka ba thusang go tlola melatswana. | society | 9 |
Maruje o lebogela Ipelegeng | Lenaneo la Ipelegeng le le neng le itsege thata mo malobeng ka leina la namola leuba le tsweletse ka go dira bontle mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Go ya ka Kgosi Maruje III, lenaneo le, le diretse motse wa gagwe bontle tebang le tsa ditlhabololo. Kgosi Maruje III a re lenaneo le le tsweletse ka go dira ditiro tse di farologaneng, a tlhalosa fa mo nakong eno go agiwa metlaagana e e tla dirisiwang ke bagwebi ba ba botlana, selo se a reng se tla a thusa go godisa itsholelo ya motse wa gagwe. O tlhalositse fa bosheng, motse wa Masunga o ne wa gapa sekgele morago ga go gaisa metse e mengwe ka bophepa, a kaya fa go phephafatsa go ne go dirwa ke babereki ba Ipelegeng. Go ya ka Kgosi Maruje III, puso e kgonne go bepisa letlhoko le batho ba metse-selegae ba neng ba tshelela mo go lone. A re ka ntlha ya fa ba kile ba dira ka natla mo Ipelegeng, banni bangwe ba setse ba dira bontle mo dikomiting tse dingwe jaaka ya ditlhabololo tsa motse, ya balemi-barui, a bolela fa batho ba go nna jalo ba supile bokgoni le lorato mo go lweleng ditlhabololo tsa metse ka nako ya fa ba direla kwa Ipelegeng. Kgosi Maruje III o kopile puso go oketsa sebaka se babereki ba Ipelegeng ba se fiwang mo tirong go leka go thusa gore ba kgone go fitlhelela ditoro le dikeletso tsa bone. A re dikatso tse ba di fiwang ba ka dira sengwe se se botoka fa ba ne ba ka fiwa sebaka se seleejana mo lenaneong leo. O supile fa a eletsa gape go bona puso e isa babereki ba Ipelegeng kwa dikoleng tsa tiro ya diatla go ya go ithutela ditiro ka go farologana jaaka tsa go aga le tse dingwe tse di dirwang mo Ipelegeng. Kgosi ya Mulambakwena, Kgosi Sam Jorowe o tlhalositse fa a itumeletse go bona le ene kgotla ya gagwe e nnile nngwe ya tse di sego go tlhabololwa ke ba Ipelegeng. Mme Thelma Madzambi yo e kileng ya bo ele mmereki wa pele wa Ipelegeng o tlhalositse fa le ene a kgonne go itatswa menwana ka matsana a Ipelegeng ka a kgonne go ithekela dilwana tsa mo ntlong. A re e re ka jaana go bereka mo Ipelegeng go akaretsa go tshwara ka diatla, seo se mo thusitse thata ka go fa mmele wa mmereki itshidilo e e tlhokegang. Mme Mazambi a e re le ntswa ditlhabololo di tla ka monokela mo motseng wa gaabo, lenaneo le, le thusitse ka go agela lebala la metshameko la motse wa bone matlwana a boitiketso. O akgotse maiteko a puso a go simolodisa lenaneo le ka jaana ditiro di le thata go ka bonwa segolo jang mo metseng e mebotlana. Mmereki yo mongwe wa Ipelegeng Mme Senzeni Mashaka, yo o neng a rwele matogo a dijo e bile a rekile le diaparo, o supile fa lenaneo le mo thusa go oba letsogo. O tlhalositse fa a tshela botshelo jo bo eletsegang ka a kgona go robala a bone diyamaleng le bana ba itshireleditse ka diaparo tse di bothitho. Mme Mashaka o tlhalositse fa banni ba motse wa gaabo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro kwa motseng wa Zwenshambe. E re ka jaana bontsi jwa ditlhabololo tsa metse selegae di gogwa kwa tlhogong ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, maloko a komiti ya motse wa Zwenshambe , Rre Wazha Moroka le Mme Banabotlhe Masala ba tlhalositse fa lenaneo le, le thusitse komiti eo go menagane ka ba le bosi ba ka se kgone go diragatsa ditoro tsa motse oo. Ba tlhalositse fa lenaneo le, le kgonne go aga masaka a matimela, go shafatsa matlo a barutabana gammogo le dikago tse dingwe tsa puso. Rre Moroka o tlhalositse gore le fa lenaneo le le tsweletse ka go dira bontle, dikeletso tsa gagwe ke go bona le thapa banana go na le bagodi ka jaana bagodi bone go setse go nale dikatso tse ba di amogelang. O tsweletse ka gore banana ba santse ba nale natla go ka dira ditiro tsa Ipelegeng botoka fa bontsi jwa bagodi ba tshabelelwa ke makoa a a amang ka fa ba ka ntshang maduo mo tirong ka teng. | society | 9 |
Botswana e thusa ba ba amilweng ke Ebola | Mo maitekong a go thusa mafatshe a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola, Botswana e ntshitse dikoloi tsa Land Cruiser di le lesome le botlhano go thusa go lwantsha bolwetse joo kwa Liberia, Guinea le Sierra Leone. Mekgatlho ya sefapaano se sehibidu mo mafatsheng ka go farologana e ntse e ntsha dithuso tsa bongaka le go isa baithaopi go thusa kwa mafatsheng a a kwa bophirima jwa Aferika mme Botswana o ntshitse thuso ya gagwe morago ga dikgwedinyana bolwetse joo bo sena go tlhagoga. Tlhagogo ya bolwetse jo, e eleng e kgolo go di gaisa e amile fela thata tsa botsogo le ditlhaeletsano kwa mafatsheng a bophirima jwa Aferika a amilweng ke bolwetse jo ka bontsi jwa one a ise a ke a amiwe ke bolwetse jo go le pele. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa sefapaano se sehibidu mo Botswana, Rre Obakeng Sethomo o boletse gore mokwaledi mogolo mokgatlho oo, Mme Marble Rammekwa o neetse mokwaledi mogolo wa lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu Rre Elhadj As Syon dikoloi tseo mo boemong jwa puso ya Botswana kgwedi eno e simologa. Rre Sethomo a re dikoloi tseo di amogetswe ke mekgatlho ya sefapaano se sehibidu a mafatshe a Liberia, Guinea le Sierra Leone. Mo molaetseng wa gagwe o lebagantswe le puso ya Botswana , mogolwane wa IFRC kwa Dakar, Rre Momodou Lamin Fye o galaleditse lefatshe la Botswana seabe sa lone mo go tlhabantsheng bolwetse jwa Ebola jo bo amileng mafatshe a bophirima jwa Aferika. Mo boemong jwa mekgatlho ya sefapaano se sehibidu sa Liberia, Guinea le Sierra Leone, Rre Fye a re IFRC e batla go netefaletsa lefatshe la Botswana le batho ba lone ga mmogo le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu gore dikoloi tseo di tla thusa fela thata go kgona go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya bone. | health | 6 |
Madirelo a mashi a tlaa bona thuso | Local Enterprise Authority (LEA) le khamphani ya MilkAfric, e e gwebang ka mashi, ba dirile tumalano ya go tswa ka megopolo wa go thusa barui ba dikgomo tsa mashi le bagwebi ba mashi. Mokwalo o o supang maitlamo ao, o supa gore go tlaa dirisiwa polase nngwe ya dikgomo tsa mashi kwa kgaolong ya Lobatse, go supa gore kgwebo eo e ka tsamaisiwa jang gore e nne le dipoelo. Mokwalo oo o supa le gore mashi a tlhaela fela thata mo lefatsheng leno, o supa le gore dikgomo tsa mashi di tlhaelela kgakala, o re palo ya tsone ke 5 000 mme go solofelwa lefatshe leno le ka lekanwa ke mashi a dikgomo di le 15 000, go nosa Batswana ngwaga otlhe. E rile kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe tumalano eo, makgotla ao ka bobedi, a supa gore tshwaragano eo e tlaa ntsha maduo a a bonalang le tirisano ya sebaka se seleele. Lekgotla la MilkAfric le tlhamilwe ka 2010 ka maikaelelo a go tshegetsa mhama wa kgwebo ya mashi le go ntsha dijo tsa maemo a a kwa godimo ga mmogo le go ruta ka tsamaiso e e ka melediwang mathe. Bokhutlo | economy_business_and_finance | 3 |
Maphata a puso le morafe ba a itshekatsheka | E re ka puso e tshwentswe ke dilelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso ka go tlhoka go bona ditirelo tsa puso ka fa go kgotsofatsang ka teng, maphata a puso go tswa mo Lobatse a ne a rulaganya letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng go tla go rutuntsha banni ka ditirelo tsa bone le go tsaya dikakgelo gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang gore setshaba se di akole bonolo. E rile a akgela, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kolobetso Sejakgomo a re ba tsere tshwetso ya gore ba tswele kwa setshabeng gore ba kopane le morafe go ba atumeletsa ditirelo le gone gore ba itse bodiredi jwa maphata. Mme Sejakgomo a re ba eletsa gore Batswana ba ba gakolole gore maphata a tokafatse ditirelo tsa bone jang, le gore a bodiredi bo dira ka natla go fa morafe ditirelo ka fa go tshwanetseng ka teng. Mogolwane kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Lobatse, Rre Thomas Mokgethi, o boletse gore mo lephateng leo ba itebagantse le matshelo a batho mo gae. Rre Mokgethi o tlhalositse ka lenaneo la puso le a reng jaaka baithuti ba ikopela diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo tiro, go tlhoka gore ba bo ba fitlheletse seelo se se beilweng sa dintlha tse di masome mararo le borataro. A re fa e le ba ba thusiwang ke lephata la boipelego ba ka ikopela ka seelo sa masome a mararo le bongwe. O ne a tlatsa ka go re a puso e lemoga gore bana bao fa ba ne ba bona thotloetso ya batsadi ba ka bo ba dirile botoka. O bolela gore mo lephateng leo, ba sidila bana maikutlo, go ba nonotsha gore ba ikamogele, ba emelelane le dikgwetlho tsa botshelo. Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Lobatse, Rre Mike Taukobong, o ne a gakolola morafe go duela madi a ditlamelo ka gore fa ba nna maoto a tshupa go di duela go baya khansele ka fa mosing go ka tsamaisa ditirelo tsa yone ka tshosologo. O ne a tlatsa ka go re se ke sone se se dirang gore mananeo a seka a dirwa, a bolela gore ba tlaa tsena ntlo le ntlwana ba gakolola morafe, le fa bothata e le gore beng ba malwapa ga ba yo go nna bahirisi fela mme se se dira tiro ya bone thata le go feta. Rre Taukobong a re fa mong wa setsha a tlhokafetse ba begelwe gore ba baakanye mekwalo. Rre Taukobong o boletse gore kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya tshenyetso setshaba. A re puso e a leka go lwantsha tshenyetso setshaba e ise e kekele. O ne a tlatsa ka go re ba tlhamile dikomiti tse ba eletsang gore morafe o nne le baemedi mo go tsone. A re dikomiti tseo di kopana kgwedi le kgwedi. O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba, a kgothatsa gape morafe go tsena diphuthego tsa khansele go utlwa baemedi ba bone ba bua ka dikgang tsa setshaba. Mogolwane wa botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Athlone, Mme Tilwane Mokgatle o ne a rotloetsa borre go ititaya ka thupana, ba tsibogele go kopa ditlamelo tsa botsogo. A re ba batla lenaneo le ka lone ba ka kgonang go kgobokanya borre fela gore ba kgone ba itlhatlhobele mogare wa HIV, gore ba itse seemo sa bone nako e le teng mme ba tsee dikgato tse di maleba. O ne a kopa morafe go ba thusa ka megopolo e e ka rotloetsang borre go nna ba etela dikokelo go ikopela dithuso tsa bongaka go na le go tshabela kgakala. Mme Mokgatle a re go botlhokwa gore borre ba dire loaro lwa borre lo lo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. O ne a gwetlha setshaba go itlhokomela ka jaana morago ga dipula tse di sa tswang go gosomana, go ka nna le bolwetse jwa letshoroma, a rotloetsa gore go ntshiwe tsotlhe tse di ka okang monang mo malwapeng. Mo go tse dingwe o supile fa nnotagi mo baithuting e golela pele ka monokela, ka jalo a gwetlha batsadi go nna podimatseba go netefatsa gore bana ga ba rekisediwe ditagi. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng, o akgoletse morafe go tsena phuthego ka bontsi gore ba itseele tse di molemo go tswa mo maphateng. O ne a ba gwetlha go tswelela ba etela diofisi go ithuta go le gontsi ka ditirelo tsa puso. BOKHUTLO | politics | 7 |
Seemo sa metsi se a nametsa kwa Boteti | Modulasitilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a re metse ya Rakops, Toromoja le Mmea e santse e tlhaelelwa ke metsi. Rre Galeragwe o buile jaana bosheng fa a bula dipuisano tsa khansele-potlana ya Boteti mo Letlhakane. A re le fa go ntse jalo seemo sa metsi ka kakaretso se a nametsa mo kgaolong ya Boteti. O gateletse gore mo metseng e le lesome le bosupa e e mo kgaolwaneng ya Boteti, metse ya Rakops, Toromoja le Mmea ke yone fela e e thlaelelwang ke metsi. Rre Galeragwe o tlhalosa gore ba Water Utilities Corporation ba tsweletse ka go tokafatsa seemo sa metsi mo kgaolong ya Boteti. Modulasitilo a re go tlaa gokelwa didiba di le pedi le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Letlhakane. O supile gape gore kwa Rakops tiro ya go gokela diphaephe mo sedibeng se sesha e tsweletse mme e solofetswe go wela kgwedi ya Lwetse e le fa gare. Rre Galeragwe o a re go agwa ga mafaratlhatlha a metsi a a bidiwang Boteti South and Central Cluster Villages Supply le gone go tsweletse. A re tiro ya go gokela metsi mo metseng ya borwa le bogare jwa Boteti e tlaa dirwa morago ga go wetsa moalo le go ntshiwa ga pego e e supang gore trio eo e tlaa ama jang tikologo. Le fa go ntse jalo, modulasitilo o kopile ba-na-le seabe go bereka mmogo ba tshwaragane le ntswa ba itemogela dikgwetlho gore ba kgone go ntsha maduo. Modulasetilo o ba roltoeditse go bereka ka natla go tlhabolola kgaolo ya Boteti. A re go dira jalo ba tlaa tokafatsa matshelo a tshaba e ba e direlang. BOKHUTLO | society | 9 |
Paakanyetso moletlo wa ga Kgosi Joel e tsweletse | Modulasetilo wa paakanyetso moletlo wa moemela kgosi Ezekiel Joel Masilo o tsweletse sentle. Mo potsolotsong bosheng kwa Bobonong Rre Constantine Matho yo e leng modulasetilo wa komiti e e lebaganeng le moletlo, a re Babirwa ba ne ba bona go le maleba go direla moemela kgosi yo mogolwane kwa Bobonong moletlo. A re moletlo o ya go tshwarwa ka Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi kwa kgotleng kgolo ya Bobonong. Modulasetilo Rre Matho a re moletlo o rulagantswe ke batsadi ba ga kgosi le Babirwa. O ne a tlhalosa gore moletlo oo o tlaa natefisiwa ka mmino wa Sebirwa, dikoma, maboko, go tlhalosiwa ditso tsa ga Kgosi Masilo. Rre Matho o laletsa Babirwa lefatshe ka bophara gore ba tsene mo tirong eo ka makatlanamane le go ba kopa go ntsha dimpho tsa mofuta mongwe le mongwe o ba ka o kgonang gore letsatsi leo le atlege. O tlhalositse gore ba ba nang le ditsala ba ba kope gore ba seka ba ba kgaphela kwa ntle mo go ba kopeng dithuso le go ba laletsa, ga mmogo le ba dikhamphani tse di ikemetseng go thusa go atlega ga moletlo. O boletse fa setlhogo sa letsatsi e le Bokhujwejwa Boalaganwa, a tlhalosa gore go raya se se dumalanweng. Go tlaa bo go jewa dijo tse di farologaneng tsa Setswana jaaka morogo wa konbswe, bogobe jwa nthiaane le jwa thopi. Rre Matho o supile gore kapari e tlaa bo e le ya setso. Mophato wa ga kgosi o e leng wa 1975 go ya kwa go 1979 le bone ba tlaa bo ba le teng ba apaere kapari ya ngwao fa borre bone ba tlaa bo ba eme sentle ka ditilo tsa dikgole bomme bone ba apere ditukwi tsa letalo. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Balemi ba ditapole ba itela mo pusong | Balemi ba ditapole mo kgaolong ya Tswapong ba ngongorega ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, le ntswa le bone fela jaaka balemi ba bangwe ba tsentse letsogo mo itsholelong ya lefatshe leno mo go ntsheng dijo. Se se builwe ke molemi wa ditapole wa polase ya African Ranches, Rre Johannes Shoeman yo o boletseng fa monongwaga ba nnile le tatlhegelo e kgolo ka gonne segagane se tshubile ditlhare tsa dinamune le ditapole mo dipolaseng tsa bone. A re le fa go ntse jalo, puso ga e ke e kgathala ka mathata a bone, ntswa fa seo se ka tlhagoga kwa Pandamatenga puso e tsiboga, a supa fa le bone ba tlhoka go sekegelwa tsebe ba thusiwa. Rre Shoeman a re fela jaaka boradipolase ba kgonne go tlhamela Batswana ba feta 150 ditiro, go supa fa temo ya ditapole, dinamune le dikwii e tlhoka go dirwa go tlhoafetswe ka jalo e tlhoka batho ba le bantsi gore e kgonege. O tsweletse a re o rata lefatshe leno ka le na le thitibalo mme a tlhalosa fa itsholelo ya lone e ikaegile ka Batswana go reka ditswa temong tsa mono gae gonne kwa phelelong bone ele balemi ba tlhama ditiro le one madi a theko ba a tsenya mo dibankeng tsa mono gae. Rre Shoeman a re sebe sa phiri ke gore balemi ba dipolase ga ba fiwe sebaka sa go buisana le tona wa temo thuo ka mathata a ba kopanang le one, se ba se bolelelwang ke badirela puso ke gore ga go kgonege go ka mmona ntswa puso e letlelela bagwebi go kopana le tona fa ba na le dingongorego ka boradipolase. O supile fa sebaka se go tswalwang melolwane ka sone sele se khutshwane ka go kgonwa go bulwa dijalo tsa bone di santse di le mo masimong mme Batswana ba di tlogele ba ye go reka kwa Aferika Borwa, a supa fa seo se ba kgoba marapo ka ba kgona go nna le tatlhegelo e e seng kana ka sepe. O boletse fa gole gantsi ditswa temong tsa bone, segolo jang ditapole le dinamune di rekwa ke boramabenkele a matona a Spar le Choppies mme gape ba kgona go rekisetsa bagwebi ba ba botlana. Rre Shoeman a re fa a simolola o ne a neela bagwebi bangwe ditswa temong ka sekoloto, ka tsholofelo ya gore ba tlaa duela, a supa fa a kolotiwa madi a a ka fetang P1 million a le mo nakong eno a palang go duelwa. O tlhalositse gape fa ditsela tsa dipolase di le mo seemong se se maswe fela thata go nne di tsaya lebaka di sa gopiwe, a tlatsa ka gore dikoloi tsa bone tse ditona di nna di senyegile ka ntlha ya ditsela tseo. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Go tshuba dibeela go botlhokwa | Go ikgatholosa ngwao ya go tshuba dibeela go baakanyetsa pula ka paka ya temo go na le seabe mo go tlhokeng pula mo lefatsheng. Mafoko a, a boletswe ke Mme Idah Lecha wa Tati Siding mo potsolotsong le Mme Lecha yo o dingwaga di masome a marataro le bone o tlhalositse gore bogologolo e ne e re ka dinako tsa dipula, kgosi a bolotse letsholo gore morafe o tsamae le naga go tshuba dibeela. O tlhalositse gore dibeela ke sepe fela se se mo nageng se se ka kganelang pula go na, jaaka dikgoropa tsa leruo le le suleng, kana sepe fela se go dumelwang se ka kganela pula. A re morago ga go kgobokanngwa di ne di tshubiwa e le tsela ya go baakanyetsa letsema. O tlhalosa gore mo letsatsing la go tshuba dibeela le le neng le tlhongwa ke kgosi, morafe o ne o tsaya karolo go sena ope yo o salelang kwa morago. Mme Lecha a re fa go sale go latlhaganngwa thulaganyo e ya ngwao dipula di ngotlegile, mme se sa tsisa leshekere mo setshabeng. O kaile fa go le botlhokwa go tsosolosa ngwao e ya go tshuba dibeela gore dipula tsa medupe di ne mme balemi le Batswana ka kakaretso ba obe letsogo. Ntle le jalo, Mme Lecha a re leshekere le le tsweletseng ka go anama le lefatshe le, le tlaa phimola lesika loo motho. | environment | 5 |
Puso e namola barui leuba | Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Olebile Gaborone, a re go supegile fa ngwaga ono e le wa leuba, mme go supega fa seemo se tlaa kokonela barui, a tlhalosa fa P22 million le go feta, a seegetswe fa thoko go itebaganya le leuba. Mothusa tona a re, go tsibogela seemo se, khuduthamaga ya matona e ne ya thulanya ditlhogo ka kgang eo go bona gore barui ba ka namolwa leuba jang. Rre Gaborone o buile jalo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng wa Gathwane kwa kgaolong ya borwa bosheng. Mothusa tona o tlhalositse fa puso e dule ka moono wa gore go dirwe phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa dijo tsa loruo ka 25 per cent, go kgontsha barui go jesa loruo lwa bone, a gatelela ka gore go bonwe gore dikgaolo tsa Ngamiland le Bobirwa di maswe thata mme tsone di tlaa direlwa phokoletso ya 35 per cent. Rre Gaborone o tlhalositse fa phokoletso ditlhwatlhwa e simologile kgwedi ya Phukwi e rogwa monongwaga mme e tlaa tswelela go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o tlang. A re phokoletso ditlhwatlhwa e tlaa ama letswai, dithokolo, moroko, mokento wa mokokomalo le tse dingwe, a kgothatsa Batswana go tswelela ka dithapelo tsa pula gore ba tswe mo leubeng ka jaana go le botlhoko go bona kgomo e phuphama mme e le yone botshelo jwa Motswana. Mothusa tona, a re e ntse e le maiteko a puso go lwantsha leuba, go tlaa rulaganngwa gore kwa dikoleng tse dipotlana, bana ba fiwe dijo gabedi ka letsatsi, go lebilwe gore bana ba bangwe ba kgona go phakela ba ya sekoleng ba sa tsenya sepe ka legano, a tlhalosa fa dikole tseo di tshwaetswe madi a a fetang P124million go thusa go oketsa dijo. A re puso ya lefatshe leno e tsaya thuto e le botlhokwa thata, mme a kgothatsa ba lekgotla la batsadi le barutabana go dirisana gore ba ntshe maduo a mantle, a re go ditlhong go bona batsadi bangwe ba rwesa barutabana mokgweleo ba le nosi, ka thuto ya bana ba bone. Rre Gaborone o tlhalositse fa madi a Ipelegeng le one a okeditswe ka P15million gore go kgonwe go thapa babereki ba bantsi ba lenaneo leo. Baagi ba ne ba lebogela phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa loruo, ba re seo ke maiteko a mantle a puso, mme fela ba bolela fa ba nyoretswe go bona Tautona mo motseng wa bone. | politics | 7 |
TB e tlhoka seabe sa botlhe | Lekalana la National TB Programme mo Gaborone le ne le tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya bodiragatsi bosheng. Maikaelelo e ne e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go nna le seabe mo go gaseng molaetsa ka bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB). Mogolwane wa botsogo, Rre Setshwano Mokgweetsinyana o boletse fa maikarabelo a molwetse mongwe le mongwe wa kgotlholo e tona e le go netefatsa gore o tsaya kalafi go ya ka fa a laetsweng ka teng ke ba bongaka. A re molwetse o tshwanetse go tsena mo kalafing ya dikgwedi tse thataro kgotsa kgwedi tse di lesome le borobabobedi kana go feta fa e le kgotlholo ee dingalo.Rre Mokgweetsinyana o rotloeditse setshaba go supa tshwaragano, boitshoko le lorato mo go lwantsheng TB, a re se se tshwanetse go bonala mo matshelong a letsatsi le letsatsi. Maikaelelo a dikgaisano tse, ke go ruta setshaba ka bolwetse jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV ga mmogo le dikgang tse di amang TB le HIV, go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go itlhatlhobela TB, le gone go rotloetsa setshaba go dirisanya le ba botsogo go lwantsha TB. Dikgaisanyo tse di tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme monongwaga di ne di tsenwe ke dikokelwana tse di robang bobedi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana tse di farologanyeng tsa Gaborone. Maemo a ntlha a ikgapetswe ke Broadhurst Traditional Area, BTA Clinic ba ba ikgapetseng kopi le dibeke; a bobedi a tserwe ke Gabane Clinic ba ba ikgapetseng dikhukhu, fa a boraro a ile kwa go ba Sebele Clinic mme ba ikgapetse dibeke. | health | 6 |
Phutho matimela e tsweletse | Mogolwane mo ofising ya matimela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng Rre Lerang Phala o boletse fa ofisi ya bone e tsweletse ka go phutha matimela mo kgaolong. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la bobega dikgang la BOPA a tlhalosa fa phutho e tsweletse e bile ba rotloetsa barui go tsamaela kwa masakeng a matimela go ya go bona leruo. Rre Phala o tsweletse ka go kopa barui botlhe ba ba nang le leruo le ba sa le itseng go begela ba ofisi ya gagwe kgotsa ba bogosi gore le tle le kgone go batlisiwa beng ba lone go na le go didimala fela. O tlhalositse fa phutho e tsaya malatsi a le lesome le bone. O tsweletse ka go supa fa ditlhwatlhwa tsa go golola leruo di ise di fetoge, mme kgomo e le nngwe e gololwa ka P2.50 fa dihutshane,dipitse gammogo le dikolobe di gololwa ka P1.50 go ya ka temana ya bosupa ya molao wa matimela. O supile fa dikgwetlho tse ba kopanaqng le tsone e le go senyega ga dikoloi mo go felelang go baka tiego mo go phutheng matimela, mme a tswelela ka go supa fa ba dirisa teraka e le nngwe mo e reng fa e senyegile go bake tiego. | economy_business_and_finance | 3 |
Beng ba diterekere ba rotloediwa go tsaya temo ka tlhwaafalo | Rabalemisi wa kgaolo ya Palapye Rre Alexander Letebele ga a itumelele tiro ya beng ba diterekere. Fa a bua mo phuthegong ya beng ba diterekere bosheng, Rre Letebele a re ofisi ya gagwe e setse e amogetse dingongorego tse dintsi tsa balemi ba ngongoregela gore beng ba diterekere ba lemolola masimo a bone ba bo ba a tlogela lebaka le le leele ba sa tle go jwala. A re o lemogile fa beng ba diterekere bangwe ba lemolotse masimo a mantsi ka jalo ba na le kgwetlho ya go jwala masimo a ba a lemolotseng otlhe.A re balemi ba felela ba iphotlhere fela nako ya temo e ba sia ba santse ba emetse raterekere go tla go feleletsa tiro ya gagwe.A re beng ba diterekere ba itekanye morwalo gore ba bangwe ba kgone go lemela ba bangwe. Rre Letebele o kgalemile thata ka selo se, a re ba lemele balemi sentle a tlhalosa fa puso e tla seke e duele raterekere yoo sa lemeleng balemi sentle. A re e le ba ofisi ya temo-thuo ba ile ba tshwara dithuto puisano ba ruta beng ba diterekere go dirisa diplantere mme mo nakong e ba swabisiwa ke gore beng ba diterekere bangwe ga ba lemele balemi sentle mo peo e felelang e gasame mo tshimong. Fa ba tswa la bone beng ba diterekere ba tlhalositse fa ele boammaaruri bangwe ka bone tlogela masimo ba lemolotse masimo a mantsi mme go nne bokete go jwala masimo ao otlhe. Bangwe ba bone ba re ba setse ba thusa go jwala masimo a saleng a lemolotswe a bo a tlogelwa. Rre Ritchie Kenosi ene a re temo ya ditselana e santse ele ncha mo kgaolong ya Palapye mme beng ba di terekere le balemi ba santse ba ithuta, mme a kopa balemisi gore ba seka ba ba gagamaletsa setoropo. A re fa ba dirileng diphoso teng ba tla baakanya. A re fa pula e ne le beng ba diterekere ba tsaya beke tse pedi mo masimong ba lemolola fela ka mmu wa bo ole bokgola mme ba tseye beke tse pedi tse di latelang go thuba makwete.A re se se dira gore ba felele ba tsaya nako e telele go jwala. A re tiego gape e bakiwa ke balemi ba ba tlang ka dipeo tse di tlhaelang mme se se dire gore goboelelwe tshimo eo gabedi a feleletsa go lema.Mme Gorata Mugoma ene o tlhalositse fa balemi ba santse ba tlhoka kitso e ntsi ka temo ya ditselana ka a lemogile fa ba sa e tlhaloganye. A re balemi ba solofela gore go lemololwe go bo go jalwa gone foo.O ngongoregile that aka masimo a mangwe a re a disana ebile a mantswe a a bakang tshenyo ya terekere.A re balemi ga ba nne ko masimo mme ba tla fela go setse go jalwa. Beng ba diterekere ba ngongoregile ka balemi gore ga ba tlhokomele masimo fa go sena go jalwa ka jalo peo e felela e jewa ke masogo ba bo ba ngongorega gore ga ba a jwalelwa sentle. Ba ne ba dumelana gore fa go kwadisiwa diterekere, go supiwe didirisiwa tsa temo ba tlhalosa fa dingwe didirisiwa di sa siama, fa bangwe ba sena tsone botlhelele.Ba dumelane gape gore ba seka ba lema kana ba jwala tshimo mong wa yone a seyo. | society | 9 |
Mahalapye o ikgantsha ka Merafhe | Makgolokgolo a batho a ne a thologetse kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Laboraro (Hirikgong 14) go gopola mopalamente wa pele wa Mahalapye Bophirima, Lt Gen. Mompati Sebogodi Merafhe. Serepa sa ga Lt Gen. Merafhe, yo gape a kileng a nna mothusa tautona le tona wa meraro ya mafatshe a sele, se gorogile kwa kgotleng ya Mahalapye ka nako nako ya bosupa mo mosong se patilwe ke ba lelwapa la gagwe le mokwaledi wa ga tautona Brigadier George Tlhwalerwa. E rile Kgosi Tsoebebe Segotsi a amogela baeng, a galaletsa ba lelwapa la ga Lt Gen. Merafhe le tautona wa lefatshe leno gammogo le mmuso wa gagwe go letelela serepa sa ga Rre Merafhe go tsena ka motse wa Mahalapye gore batho ba kgone go mo laela ka e nnile mopalamente wa bone dingwaga dile masome a mabedi le boraro. A re kantlha ya boikarabelo, bonatla le bokgoni jwa ga Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo tse di akaretsang phatlalatso ya metsi mo motsing, kgokelo ya motlakase mo ditseleng tsa mekgwatlha le paakanyo ya ditsela. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae e bile ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o boletse fa General e ne ele motho yo kutlwelo-botlhoko e bile a le lerato mo go direleng lefatshe la gagwe. Mme Tshireletso a re ka ntlha ya ga Lt Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo jaaka sepatela sa bobedi, kampa ya bobedi ya mapodisi le sekole sa diphalana se se neng se tlhokomelela bana ba batsadi ba bone ba neng ba imile bale mo dithutong. Mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshire o tlhalositse fa Gen. Merafhe a tshwanelwa ke go akgolwa ka jaana a diretse batho ba Mahalapye ditlhabololo dile mmalwa di akaretsa sekole sa badiri ba dikgolegelo, kago ya leobo la kgotla, kago ya sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla se se tlwaelesegileng ka leina la CITF le go tsosolosa sekole sa Madiba Brigade se mmuso o neng o ikaelela go se tswala kantlha ya go phutlhama ga sone. Bangwe ba dibui mo tirelong eo ya segopotso sa ga Lt Gen. Merafhe e ne ele Rre Tsholofelo Segaise, Rre Jinamo Morupisi le Rre Odirile Merafhe yo a neng a akgolela banni ba Mahalapye tirisano mmogo e lolameng fa gare ga bone le motsadi wa bone ka nako ya e le mopalamente wa kgaolo ya bone go tsweng ka 1989. | society | 9 |
Mapodisi a tshwere banna ba le babedi | Banna ba le babedi ba thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka nama e go belaelwang e le ya phologolo ya naga. Mookamela mapodise a sepodise sa Orapa, Superintendent Kabo Badirwang, a re e ne ya re kgwedi ya Motsheganong e ferabongwe ba tshwara banna ba le babedi ka nama e go belaelwang e le ya Phuduhudu, a tlatsa ka go supa fa ditlhotlhomiso di tsweletse go rurifatsa gore nama eo ke ya phologolo efe. Rre Badirwang o boletse fa borre bao ka bobedi, ba dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe (51) ele badiri ba lephata la matlhoko a leruo mo Letlhakane. Mogolwane wa sepodise o ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di supa fa phologolo eo e bolaetswe kwa lefelong le le bidiwang Chai, fa gare ga motse wa Mopipi le Orapa. A re borre bao ba ne ba dirisa tsela e ralalang toropo ya diteemane ya Orapa mme ba tshwarwa mo sekganeding sa tsela morago gago phuruphutswa. O ne gape a tlhalosa fa nama e borre bao ba tshwerweng ka yone ene e phuthetswe mo kgetsing. Rre Badirwang o supile fa bogodu jwa diphologolo tsa naga bo oketsega mo kgaolong ya sepodisi ya Orapa e bile bo diragala thata ka paka ya mariga. Mookamela mapodise, Rre Badirwang, o ne a gakolola ba ba abetsweng ditlhobolo go di dirisa ka fa tshwanelong, e seng go dira ditiro tsa borukutlhi, a tlatsa ka gore bangwe ba kopa ditlhobolo ka mabaka a gore ba batla go sireletsa leruo le dithoto mme morago ba di dirise ka tsela e fapogileng. O ne a supa fa a tshwenngwa thata ke batho ba ba ikemiseditseng go fetsa diphologolo tsa naga, a tlatsa ka gore bojanala ke sengwe sa dilo tse di kopanetsweng ke botlhe, ka setshaba se nale dipoelo mo go sone. Rre Badirwang o tlhalositse gore fa borre bao ba ka bonwa molato wa go tsoma ba sena teseletso mongwe le mongwe wa bone o ka lefisiwa madi a kana ka P2 000 kana kgolegelo ya ngwaga tse pedi. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Jwaneng o ipaakanyetsa boipuso | Mothusa molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Thusang Nyoni o kopile banni ba toropo eo go bereka ka natla go tsosolosa serodumo sa letsatsi la boipuso. E rile a buisa phuthego ya matlhagola tsela ya moletlo oo, Rre Nyoni a re, e re ka jaana lefatshe leno le tlaa bo le digela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016, moono ke gore go simololelwe ruri go baakanyetsa moletlo o motona oo. A re moletlo wa boipuso ke wa morafe ka kakaretso, ka jalo tshwanelo ke gore o etelelwe pele ke komiti e e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa toropo, fa badirelapuso le boeteledipele bone ba a fa dikgakololo fa go tlhokegang teng. O boile gape a kopa gore batho botlhe ba ba tshotsweng ka 1966 ba ipope ba tswe ka megopolo e e ka natefisang moletlo oo. A re monongwaga moletlo wa letsatsi la boipuso kwa Jwaneng o tlaa tshwarelwa kwa kgotleng ya Raphalane, mme jaaka e le tlwaelo puso e thusitse ka P44 000, mo godimo ga moo go na le P56 906 o o tswang kwa komiting e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano. Le fa go ntse jalo, Rre Nyoni o kopile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go etelela pele go kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana ka jaana lemme le le leng teng le ka seke la lekana. Mokwaledi wa khansele ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle ene o supile fa e rile mo ngwageng o o fetileng ga tsewa tshwetso ya gore dikgosi le makhanselara a toropo eo ba nne teng mo phuthegong ya matlhagolatsela ya letsatsi la boipuso gonne ba ka thusa ka megopolo gammogo le go tsaya karolo mo dipaakanyetsong tsa letsatsi leo. O tsweletse a tlhalosa fa moepo wa Jwaneng o na le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa toropo eo, ka jalo go le botlhokwa gore baemedi ba one ba bilediwe diphuthego tsa meletlo e tshwana le ya boipuso ka ba tlaa thusa ka megopolo le gone go nna le seabe mo go e diragatseng. O kopile morafe wa Jwaneng go dira ka mashetla gore letsatsi le le oke batho ba le bantsi le gone go tsosolosa mowa wa boipuso go tsamaela kwa ngwageng wa 2016. O ba gwetlhile go tswa ka megopolo e e kgatlhisang e bile e tlosa bodutu. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e okametseng ditlhabololo tsa Jwaneng, Rre Justice Motaung a lebogela go bo ba filwe boikarabelo jwa go etelela dipaakanyo tsa boipuso pele. Le fa go ntse jalo, o supile fa gantsi ba na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dikoloi mo go ba kgoreletsang go dira tiro ya bone ka thelelo. O kopile badirela puso go tsenya letsogo gore dikgang tsa didirisiwa e seka ya nna sekgoreletsi se setona monongwaga.BOKHUTLO | society | 9 |
Barui ba tlhorontshiwa ke mangau | Barui ba moraka wa Poje gaufi le Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba lela sa khuranyo ya meno ka mangau a a ba jelang dihutshane. Mongwe wa barui ba moraka oo, Rre Maduo Kelailwe yo mo bosheng mangau a mo jetseng dipodi di le lesome le borataro, o boletse mo potsolotsong gore mangau a simolotse go tlhasela diruiwa kgwedi e e fetileng. O supile fa ba setse ba itshwaragantse leba lephata la diphologolo le makgabisa naga mme a re ba sa ntse ba emetse dikatso ka ba sale ba supa diruiwa tseo. O tsweletse a supa gore batlhokomedi ba diphologolo tsa naga ba ba kopile gore ba se ka ba bolaya dibatana tseo mme ba di tshose fela. Rre Kelailwe ke mongwe wa barui ba banana ba ba ikemetseng ka dinao ka e bile a na gape le dikgomo tse a di filweng ka lenaneo la banana. O supile gore fa seemo se sa tokafale, o tlaa fudugela kwa merakeng e mengwe. Bokhutlo | society | 9 |
Mokhanselara Matseke o tlhokafetse | Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone mokhanselara wa phathi ya Domkrag wa kgaolwaneng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye, Rre Gotlaaya Matseke a tlhokafetseng fa koloi e a neng a tsamaya ka yone e sena go pitikologa mo tseleng ya A1 ka Labobedi. Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Selogilwe Sefawe, o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo, e diragetse ka nako ya bosupa mo maitseboeng kwa merakeng ya Lose fa Rre Matseke a ne a tswa phuthegong ya khansele kwa Serowe. A re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mapodisi a belaela fa kotsi eo e katswa e bakilwe ke go latlhegelwa ke taolo ga mokgweetsi ka jaana koloi eo e pitikologile makgetho a le mararo ntswa e sa thula sepe. Rre Matseke, yo o latlhegetsweng ke ditlhopho tsa peo letlhokwa ngogola, o tlogela mosadi le bana ba basimane ba le bane. Ka nako ya kgang e e kwalwa, serepa se ne se santse sele kwa kokelong ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa tsa phitlho di ise di rulaganngwe. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Ba Lecheng ba ipelelaLetsatsi la balemi | E rile bosheng motse wa Lecheng wa tshwara tiro ya letsatsi la balemi kwa masimong a Mmoo. E rile a amogela morafe, Kgosi ya Lecheng, Kgosi Prince Obuseng, a tlhalosa fa balemi ba ipopa go dira komiti ya tsa temo thuo mo kgaolong potlana ya Palapye. Kgosi Oletile Modisa o e leng kgosi ya Serule le ene e ne o ile a latlhela la gagwe ka go leboga modimo gore a bo a nesitse dipula ka gore di thusitse balemi go lema. O tlhalositse fa temo ya balemi ba ba botlana e na le dikgwetlho tse dintsi fela thata, a re balemi ba ba botlana ga bana didirisiwa ka jalo ba dirisa metlhale e saletseng kwa morago ya temo jaaka go gasa. O kgotlhaditse banana gore ba seka ba itlhoboga ba re ga bana madi, a re ba tswelele fela ba leka fa ba lekang teng go tsena mo temong. “Mothusa tautona o tlhalositse fa temo thuo e ka tsholetsa itsholelo ya lefatshe la rona. Temo thuo e ka tsholetsega fela fa balemi ba ka dirisa mananeo a ba a filweng ke puso,” ga tlhalosa jalo Kgosi Modisa. Kgosi Modisa o ne a tlhalosa fa go lema ka ditselana go santse go saletse kwa morago fela that aka jalo a rotloetsa balemi go lema ka ditselana le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng, go dirisa menontshane le dilo tse di bolayang diji. Kgosi o ne a rotloetsa balemi go ithuta go bala le go kwala ka malatsi a go saeniwa ka pena e seng ga bogologolo mo go bewang monwana. Are go itse go bala le go kwala go ka thusa gore motho a tlhaloganye pele a diragatsa se a se badileng mo dibukeng tsa temo thuo. Fa a wetsa, Kgosi Modisa o ne a rotloetsa balemi go tlhabolola masimo a bone ka go tlhagola mohero gore o seka wa tseela dijalo tse di lemilweng dikotla, a rotloetsa gape gore ba inaakanye le mananeo a puso a ISPAAD le LIMID. Balemi ba ne ba tsaya loeto mo masimong ka go farologana go tsaya malebela mo temong ya ba bangwe. Loeto lo ne lwa simolola mo malwapeng a batho ba ba ithusang ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Moroba Methi , e le mongwe wa ba lenaneo la nyeletso lehuma, ene o ne a tlhalosa fa a dirile tshingwana ya morogo mo lapeng a lemile morogo wa rape, spinach, ditamati le dianyense. Are lenaneo le le mo thusitse fela thata ka jaana a itshetsa ka go rekisa merogo ya gagwe a bo a kgona go dira tsele le tsele mo lwapeng ka dipoelo tsa teng. Rre Thapelo Mapotu, e ne ke wa tshimo e tona, o thalositse fa a lemile tshimo ya gagwe ka tshukudu ya temo (tractor). Mme o tlhalositse fa pele a lema o tlhatlhobile mmu wa tshimo ya gagwe pele gore a o tlhaelelwa ke dikotla , mme a fitlhela o siame ke gone a bo a itse go lema. O lemile ka ditselana jaaka ba rotloediwa, a bo a tlhalosa fa a ile a tshela monontshane morago ga temo . Rre Mapotu o tlhalositse fa a itumeletse dipula tse di neleng ka gore tshimo ya gagwe e tshutshuma ka dijalo. Bokhutlo | economy_business_and_finance | 3 |
Tona o kopa banni go somarela lefatshe | Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Letlhakane mo kgaolong-potlana ya Boteti go somarela lefatshe gore le tle le dirisiwe ke dikokomane tsa bone. Tona o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng. A re thekiso ya lefatshe e kwa godimo kwa Letlhakane, le ntswa lefatshe le tlhaela e bile gape le sa ntsifale. Rre Maele a re kgang e, e a tshwenya ka gore tsone ditsha di rekisediwa batswakwa ka madi a a kwa tlase a re ka fa motse wa Letlhakane o golang ka teng e tlaa re mo dingwageng tse some tse di tlang ditsha di tlaa bo di rekwa madi a mantsi. O ne gape a re o itse gore matshwenyego a setshaba ke tiego ya peo e e bakwang ke tlhaelo ya lefatshe le go diega ga go tsenya ditlamelo kwa batho ba beilweng ditsha teng. A re keletso ke gore ba tsenye ditlamelo pele ba aba ditsha mathata ke gore go turu. O tsweletse a re kgang ya lefatshe e bokete ka jalo a re e tlhoka therisano. Rre Maele o supile fa motse wa Letlhakane o tletse ka bo maipaafela . O tlhalositse gore ba ya go tsaya ditsha tsotlhe tse di sa tlhabololwang. Tona o ne a ba kgothatsa go tlhokomela ditlankana tsa bone tsa ditsha a re bogodu jwa ditsha bo ile magoletsa a re ba kgona go dira moriti wa setsha mme ba se rekisetse batho ba le bantsi sone se le sengwe. O boletse gape gore ba ya go phatlalatsa mola wa baikopedi ba ditsha gore ba kgone go bona gore ba tsamaya fa kae mo moleng. Rre Maele o ne a ba lekodisa ka molao wa lefatshe o o fetisitsweng kwa palamenteng ,o o tlhalosang gore motho a nne le ditsha di le kae. A re molao o o letlelela ba kabo ditsha go gana go fetisa setsha, e bile go ya go rekisetswa Batswana fela. Fa go padile ke gone se ka bapadiwang mo dipampiring gore se rekwe ke mongwe le mongwe. Mongwe wa banni, Rre Odirile Tawana o ne a supa gore tshenyetso setshaba e ntsi mo lekgotleng la kabo ditsha a re ba ba e dirang ba tseelwe dikgato. O tsweletse a re batswakwa ba seka ba letlelelwa go reka ditsha. Rre Meshack Thanke ene a re banni ba Letlhakane ga ba na masimo le mahudiso a tserwe,a re o kopa gore ba fiwe dipolase. O ne gape a re o kopa gore kabo ditsha ya Boteti e ikemele. A re o ne a kopile setsha sa guest house ba bo ba baya yo mongwe gape jaanong se eme jalo ga a itse gore o tlaa thusiwa jang. Modulasitilo wa kabo ditsha wa Ngwato Rre David Modisagape a re ga gona sepe sa kgaolo ya Boteti se se dirwang kwa Serowe, fa e se go na le kgang e e tlhokang gore ba e tshereganye ga mmogo le phatlalatso ya dipolase. Rre Modisaotsile a re bone ga ba tsenelele kabo ya ditsha tsa dipolase ba e neela batho ba sele gore ke bone ba e dire . Modulasitilo wa kabo ditsha potlana ya Letlhakane Rre Goratwamang Gosalamang o ne a re bo maipafela ba bangwe ba setse ba ba beile gone kwa ba neng ba ipeile teng. O ne gape a re ba neetse khansele bontlha bongwe jwa ditsha gore ba neele banana. O bile a re kgang ya batho ba kgotla ya metsiaela ya masimo ba santse ba e tshwere. E rile a ba kgwa dikgaba tona a supa fa mafoko a bone a atamela semorafe ,a ba kopa go ela tlhoko dipuo tsa bone a re ba ka itshenyeletsa ka go dira jalo. O ne a re nako ya go baya setsha e ba ipeetseng ke dikgwedi tse tharo,a re mathata ke gore fa gonwe go a bo go sena ditsha. Tona o ba solofeditse gore dikgang tse dingwe tsa bone o tlaa ya go di sekaseka tsa maphata a mangwe o tla ya go di neela ba ba lebaneng. BOKHUTLO | politics | 7 |
Basekisiwa ba gana go letela tsheko kwa ntle | Makawana mangwe a mabedi a dingwaga tse di masome a mabedi ba ba tlholegang kwa Thankane mo kgaolong ya borwa ba boleletse mmakaseterata wa Jwaneng, Mme Segametsi Basinyi, gore ga ba batle go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. Go ya ka dipampiri tsa lekgotla,Thatayaone Matshwane le Willy Jackson Koto ba e leng baithuti kwa Borolong Vocational Training Centre ba sekisediwa molato wa polao ya ga Pini Lonyatso le go itaya ba bo ba gobatsa Kenneth Gakebatshabe, kwa Thankane kgwedi ya Firikgong ele malatsi a ma tlhano monongwaga. Ba bosekisi ba eteletswe pele ke Sub-Inspector Edwin Supang ba ne ba kopa lekgotla gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ka jaana ditlhotlhomiso tsa bone di tsamaela go wela. O ne a kopa gore basekisiwa ba itlame ka P3 000 mongwe le mongwe wa bone ga mmogo le go tla le basupi ba le babedi ba ba ka itlamang ka P1000 mongwe le mongwe wa bone.O ne a tswelela ka go ba kopela gore ba iponatse fa pele ga lekgotla nako tsotlhe fa ba kopiwa go dira jalo le gore ba seka ba dira molato ope fa ba santse ba letetse tsheko. Mosekisiwa wa ntlha ebong Matshwane one a bolelela lekgotla gore ga a batle go letela tsheko kwa ntle ka gore go ka mo diela nako. O ne a tlhalosa gore go tshwana fela ka jaana e tlaa are a santse a tsweletse le dithuto tsa gagwe go bo go tswa taolo e nngwe gape ya gore ba name ba tshegeditswe kwa kgolegelong mme seo a supa fa se ka kgoreletsa dithuto tsa bone. Mosekisiwa wa bobedi, Koto ene one a tlhalosetsa lekgotla gore ba dirile kopo ya go letela tsheko kwa ntle kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mme ba santse ba emetse phetolo go tswa koo,ka jalo ga ba dumalane le kopo ya ba bosekisi ya gore ba letele tsheko kwa ntle. A re ba tsentse kopo eo ka mmueledi wa bone yo ba mo ituelelang.Ba bosekisi ba ne ba tlhalosa gape gore mo legatong le le fitileng motlhotlhomisi wa kgang o ne a rile ditlhotlhomiso di santse di le kwa morago mme jaanong ba kgonne go kokoanya bosupi jo ba dumelang gore ba a bo tlhoka go baakanyetsa tsheko. Lekgotla le ne la tsaya tshwetso ya gore basekisiwa ba tshegediwe mo kgolegelong go letela motlhotlhomisi wa kgang kgwedi ya Mopitlo ele malatsi a ma tlhano go tla go tlhalosetsa lekgotla gore, basekisiwa ba sireletsegile go le kae go letelela tsheko kwa ntle segolo jang kwa motseng wa bone wa Thankane. | crime_law_and_justice | 1 |
Banana ba Machaneng ba kopiwa go iphapa | Banana ba Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong ba gwetlhilwe go iphapaanya le mekgwa e e maswe ka e ka ba senyetsa botshelo. Mosimolodisi wa setlhopha sa mmino wa Setswana sa Tau tsa Lecha, Mme Bojosi Ramaabye o boletse fa setlhopha sa gagwe se itebagantse thata le banana ba ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bosupa le masome a mabedi le bone mme e bile ba sa kgona go dira sentle mo dithutong tsa bone. O supile gore le ntswa setlhopha sa gagwe e se sone fela se dirang maiteko a mo motseng oo, bontsi ja banana ba santse ba ikganeletse thata mo go nweng majalwa a masesanyane a a dirwang mo motseng gammogo le go inaakanya le ditiro tse dingwe tsa borukhutlhi. Mme Ramaabye a re go tlhoka go dira sentle mo dithutong kgotsa go tlhoka mebereko ga bontsi ja banana, ga se phelelo ya botshelo ka go na le ditsela tse dintsi tse di ka fa molaong tse motho a ka inaakanyang le tsone go itshetsa. O boletse gore mo nakong eno setlhopha sa gagwe se setse se amogela banana ba ba tswang kwa metseng e mengwe jaaka ya Lecheng, Makwate le Mathako mme a re o eletsa gore fa baeng bao ba tla go ba tlatsa ba bo ba fitlhela benggae ba tshwere setlhopha ka mashetla. Mme Ramaabye o supile fa banana ba tshwanetse go emisa go itsalanya le nnotagi le borukhutlhi gonne boitshwaro jo, ga bona maduo a mantle. A re kgolegelo, go ima ga basetsana e se ka maikaelelo gammogo le go tsenwa ke malwetse ke dingwe tsa ditlamorago tsa boitshwaro jo bo sa eletsegeng. O tsweletse a re banana ba tshwanetse go itshwara sentle gore ba nne le seabe mo go direleng lefatshe leno tse dintle e seng gore ba lebe fela gore lefatshe le ba direle. Mme Ramaabye a re ntle le mmino wa Setswana, mo setlhopheng sa Tau tsa Lecha o fa banana dikgakololo ka boitshwaro. O kaile fa setlhopha se, se itsege thata mo kgaolong ya bone ka se tshela se tsenelela dikgaisano tsa ga tautona. BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Lephata le alosa baroki | Lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba le alositse bomme ba le masome mabedi le bosupa morago ga go wetsa dithuto tsa go roka kwa Nlapkhwane, e le ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Bomme ba, ba tswa mo metseng e e farologaneng ya Bokone Botlhaba, e akaretsa Kgari, Ditladi, Makaleng, Nlapkhwane le e mengwe. Baroki ba, ba inaakantse le go roka mesese ya bomme ya ngwao, paka ya sekole, dikobo, dibeke tsa leteisi le tse dingwe. Moemedi wa ba boipelego mo kgaolong, Mme Rosinah Maoba, a re baithuti ba amule go le gontsi mo ithutuntshong e ba ntseng ba le mo go yone ya dibeke tse thataro. A re ba rutilwe go roka ba dirisa metshine e e dirisang motlakase ga mmogo le go roka dilwana tse di nang le boleng gore di kgone go ngoka bareki. O ne a ba kgothatsa go tswelela ba bereka ka natla fela jaaka ba ntse ba dira mo ithutuntshong ya bone, le go ipapatsa gore ba kgone go itshetsa. E rile a tswa la gagwe Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane a gwetlha bomme ba gore ba batle dikitso mo go ba ba kileng ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsaya maele. “Dipampiri tsa dikgang di botlhokwa, Ka jalo le di baleng le tsee maele mo go ba ba gatileng fa le gatang teng gompieno. Le ka ithuta le gore le ka ipapatsa jang go kgatlha baji-bareki,” ga bua Kgosi Mudongo. Kgosi Mudongo o lebogetse tshwetso e puso e e tsereng go tlhatlhelela bomme ntswa bangwe mo go bone e le bagodi. O tsweletse ka go ba lemotsha gore ba ka atlega mo go tsotlhe tse ba eletsang go di dira mo botshelong fela fa ba ka bereka ka botswapelo le bopelotelele. Mongwe wa baithuti Mme Chawangwa Aron go tswa Kgari, o lebogetse bopelotelele jwa barutabana le bomme ba ba neng ba ba thusa. O ne a akgola boeteledipele jwa Nlapkhwane botho jwa bone, ka ba ba amogetse ka matsogo oo mabedi. O tlhalositse fa puso e dira go le gontsi go thusa ba ba sa kgonang go ya dikoleng go annywa botsipa jwa go itirela ka diatla, ka jalo a lebogela lenaneo le. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
BOFWA e rutuntsha baithuti | Motlhatlhelela dithuto kwa mokgatlhong wa Botswana Family Welfare Association (BOFWA) , Rre Onkagetse Present, o kgothaditse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Bonatla kwa Maun go nna baeteledipele ba ba nonofileng. O buile jalo mo thuto puisanong e bana bao ba eleng di prefect, head boys and girls ba neng ba rutuntshiwa mo go yone, mme a re ba tshwanetse ba nna baeteledi pele ba ba nang le bokao mo balekaneng ba bone. A re moeteledipele ke motho yoo itseng go bua, a le pelotelele ebile a thusa mongwe le mongwe ka go tshwana a sa tlhaole ope, mme o tsweletse a re gape a tlhaloganya le gone go bala dilo ka go farologana. O tlhaloseditse bao ba ba tlhophilweng gore tiro ya bone ke go nna babueledi ba bana ba sekole le go thusa barutabana go laola bana le go bona gore a ba dira se se tshwanetseng, mme ba sa kgokgontshe. Rre Present o tsweletse a re ba tshwanetse ba itshwara sentle gore bana ba bangwe ba eletse gore le bone ba ka nna mo maemong ao. A re gape ba tlhokometse le gore a paka ya sekolo e aperwe le gone go itse gore fa ngwana mongwe a na le mathata kwa lwapeng ba ka mo lemoga jang mme ba itsese barutabana ba bone ka seemo seo. Rre Present o ne gape a ba rotloetsa gore ba nne ba nna le bokopano jwa bone gore ba nne le sebaka sa go itsheka tsheka gore a mme tiro ya bone ba e dira ka manontlhotlho, le go bona gore tse di saletseng ba ka di dira jang. O ba kopile gore ba nne ka nako tsotlhe ba hapaanela tiro ya bone gore ba neele ba bangwe sebaka sa go ithuta go bua ba phuthologile, le gone go ithuta go bua, le go ema fa pele ga ba bangwe ba sa tshabe sepe. Gape o tsweletse a ba gakolola gore lefa ba neetswe maemo ao, seo ga se reye gore ba tlaa itse kana ba kgona go rarabolola dikgang tsotlhe, mme a re tse ba sa di kgoneng ba nne ba di neela barutabana kana mogokgo wa bone. A re ba tswelele ka go simolodisa go bua ka dikgang tse dingwe jaaka HIV le AIDS le go lwantsha dikgang di tshwana tsa nnotagi le tse dingwe tse di ba amang mo sekolong sa bone. Mogokgo wa sekole seo Mme Dorcus Setlhoko a re e le boeteledipele jwa sekole ba bonye go tshwanela go rutuntsha bana bao ka boeteledipele jo bo nonofileng ka jaana e le bone bagogi ba ka moso. A re o dumela gore mo kgaolong eo ke bone ba ntlha go rutuntsha bana ka go nna baeteledipele ba kamoso. O ne a ba bolelela gore motho a nne moeteledipele o tshwanetse a rutega gore a nne le bokamoso jo bo nonofileng. Mme Setlhoko o tsweletse a re boitsholo jo bontle mo moeteledipeleng ke selo se se lebelelwang thata, a tlhalosa fa thuto puisano eo e le go ba nonotsha. A re sekano sa bone ke gore ba apare paka ya sekole e e feletseng, go tlotla barutabana, baapei le bone bana ba sekole ka go tshwana. O ne a tlatsa ka gore thuto puisano eo e tsile ka nako e e siameng ka jaana e ba ruta le go ba tsibosa gore ga baa tshwanela go kgokgontsha ba bangwe mo sekoleng jaaka go ba jela mepako le tse dingwe, ka a re go dira jalo go ka dira gore bana ba tshabe sekole. Fa a tswala phuthego eo semmuso, ngwana wa lokwalo la bosupa mo sekoleng seo Wada Modise o gakolotse balekane ba gagwe go itse gore barutabana ke batsadi ba bone, a re fela jaaka batsadi ba a bo ba le kwa malapeng nako e ntsi ba mo tlhokomelong ya barutabana. A re fela jaaka botsadi, barutabana le bone ba lebanywe ke go neelwa tlotlo e ntsi, a ba a re ba kopela mo modimong go ba neela malatsi a maleele gore ba godise le ba ba tlaatlang ka lorato le ba le ba neelang. BOKHUTLO | education | 4 |
Molemi o inamola lehuma ka temo | Molemi mongwe wa masimo a Mokoswana kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Shadrack Moeng a re le fa dipula tsa monongwaga di ne di le boutsana, o solofetse thobo e e botoka ka a sale a lemile ka Ngwanatsele. “Fa e re phuu! nna ke a lema e bile ga ke re ka moso,”a tlhalosa. A re tema ya gagwe ya ntlha o lemile magapu fela ka gore one a kgona go emelelana le seemo sa loapi se se thata. Kwa Mokoswana Rre Moeng ke mongwe wa batho ba ntlha go loma letlhafula ka a lemile ka bokgola jwa dipula tsa ntlha. “Ke ja madi a magapu ke rekisetsa batho, boasa bo ya pele,”a tlhalosa. Rre Moeng a re gompieno ga a ise a simolole go rekisetsa bagwebi, a supa fa a rekisetsa batho ba ba jelang fela mo ganong. A re o lemile ditema tsa gagwe tsotlhe ka ditselana gore thobo e nne ntle. O tlhalosa fa mmidi wa gagwe o sa dira sentle ka gore mmidi wa mmoulo o tlhoka pula e ntsi le monontshane e bile o tshabelelwa ke letsatsi. Molemi yo o kaile fa ene a tshepha dinawa le magapu ka one a kgona go itshegetsa mo letsatsing. Go bona thobo e e nametsang, a re batho ba tshwanetse go tlhagolela dijalo. A re mhero o na le botlhole jo bo ka dirang gore dijalo di seka tsa gola sentle kana fa gongwe di felele di sule. O rotloetsa balemi go etela diofisi tsa balemisi go botsa ka tse di amang temo. A re fa balemi ba lefatshe leno ba ka tsaya temo ka tlhoafalo ba ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba mo lehumeng la nta e tshetlha. Rre Moeng o kaile fa puso e le mo lobelong lwa go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha mo lefatsheng leno ka bophara, ka jalo go mo bathong gore ba thuse puso. O rotloetsa balemi ba bangwe go dirisa lenaneo la ISPAAD sentle gore ba bone maduo a lone, a re lefatshe leno le na le tlhaelo ya dijo, ka jalo le tshela ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Rre Moeng o tlhalosa fa seo se baka kgolo ya ditlhwatlhwa tsa dijo, mme go babalele bareki, a re fa balemi ba ka ntsha dijo tse di lekaneng seemo se ka fokotsega. | economy_business_and_finance | 3 |
Lore le ojwa le sale metsi | Banni ba metse ya Matolwane le Moremi ba re kwelo tlase ya maduo a lekwalo la Junior Certificate, e bakiwa ke gore bana ba tla ba paletswe ke lekwalo la bosupa ba bo ba fetisediwa kwa sekolong se segolwane, jalo go ntshofale fa ba tsena kwa dithutong tse di kwa godimo. Ba supile ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla bosheng, mo dikgotleng tsa bone ka go farologana kwa mopalamente wa bone, Rre Prince Maele a leng mo leetong la kgaolo ya gagwe. Ba re fa ngwana a palelwa ke dithuto tse di kwa tlase, ga a kake a ya go kgona tse di kwa godimo. Ba tsweletse ba re, go dirwe gore fa ngwana a sa kgona mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa, a seka a fetisediwa kwa pele ka o a bo a sa kgone. Ba tsweletse ba re, go botoka ngwana a boelele lekwalo le le mo paletseng a tle a kgone go tswelela pele sentle. Barutabana ba dikolo tsa metse eo, ba ne ba kopa batsadi go tshwaraganele bana le bone go tokafatsa maduo. Ntswa banni ba motse wa Moremi ba ne ba bolelela Mopalamente gore bana ba lekwalo la bosupa ba dirile sentle go gaisa mo ngwageng o o fetileng, ba Matolwane bone ba lela ka maduo a a wetseng tlase. E rile ba bua ka ditlhabololo, banni ba motse wa Moremi ba kopa go tsenyediwa motlakase mo motseng, ka motlakase wa didiba o ralala motse wa bone. Kwa Matolwane ba ne ba lebogela go atolosiwa ga kokelwana ya bone le gore di ARV di bo di tsewa mo go yone. Ba re kwa sekolong se se botlana matlo a masha a a sa tswang go wediwa a barutabana ke setlhare fela ka nako tsa dipula, ga gona matlwana a boitiketso a barutabana mo sekolong , mo godimo ga moo, ntlo ya boapeelo e setse e onetse. Fa a araba, mopalamente, Rre Maele o ne a re o tlaa isa dikopo tsa bone kwa go tshwanetseng teng le yone ya motlakase wa Moremi . O ne a ba lekodisa ka dikgang tsa kwa palamenteng tsa melawana e e fetisitsweng jaaka wa go fetogela tshwetso ya molao wa lenyalo la tlhakanelo dithoto kana go sa di tlhakaneleng batho ba ntse ba le mo nyalong. A re pele o ne o sa letlelele banyalani go ka dira jalo fa e se fela ba ka kgaogana pele ba bo ba nyalana sesha go diragatsa molao o ba o batlang. BOKHUTLO | education | 4 |
Ba Otse ba kgothadiwa go nyalana kafa molaong | Banni ba Otse mo kgaolong ya Legare ba kgotlhaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong. Kgotlhatso e dirilwe ke kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe, Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo. Kgosi Keipone o boletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong. A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo. Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo. A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo. A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo. | society | 9 |
Tsogwane o rerisa Ghanzi ka molao wa matimela | Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o boleletse banni ba Ghanzi gore go na le diphetogo tse di tshwanetsweng go dirwa mo molaong wa matimela.Tona o buile mafoko ao fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Ghanzi ka letsatsi la Mosupologo. A re fa go na le diphetogo tse di dirwang le go bakangwa ga melao, Batswana ba tshwanetse go itsisiwa gore le bone ba tle ba ntshe maikutlo a bone.Tona o boleletse banni gore diphetogo tsa molao wa matimela di akaretsa go fokotsa malatsi a dikgomo tsa matimela go nna dikgwedi tse tharo fela kwa masekeng a matimela.Tona a re barui ba tshwanetse go ya go duelela dikgomo tsa matimela letsatsi pele ga di rekisiwa ka gore gantsi barui batswa kgakala go tla go tsaya dikgomo tsa bone letsatsi pele fa go rekisiwa mme basa kgone go bona thuso.Tona oboleletse banni bao fa diphetogo tseo difokotsa ditshinyegelo tse di dirwang ke dikhansele go dirisa madi a mantsi go jesa dikgomo tsa matimela ka gore di nna sebaka se seleele beng ba tsone ba sa tle go di golola.Mo dikganyeng tse di amang bogosi jwa Ghanzi, okopile mookamedi wa lephata la makgotla a Setswana go ya go ntsha dipampiri tsa phatlalatso tsa tiro ya bogosi jwa Ghanzi mo dibekeng tse pedi. A re kgang ya go hirwa ga bogosi jwa Ghanzi e tsere lebaka le leele.Tona o kopile mookamedi yoo gore fa bahira ba tshwanetse go lebelela pele maina a batho ba kgaolo ya Ghanzi pele, kwantle ga gore bahire batho ba ba tswang go sele ntswa mo Ghanzi gona le batho ba di thutego tse ba di batlang.Erile Tona a itebaganya le pego ya komiti ee okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse mo Toropong ya Ghanzi a tlhalosa fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Metse ele baithaopi ka jalo ga ba tshwanela go duelwa ka lenaneo la ipelegang,ka gore bone bana le dikatso tse ba dibonang.Tona o kopile mokwaledi wa Khansele go diragatsa kopo ya ga Tautona wa Lefatshe leno gore fa gona le dithendara di neelwe beng gae gona le gore di neelwe batho ba batswang kwa Metseng e sele kana dikgaolo di sele. A re Taotona one a kopa jalo go leka go nyeletsa lehuma le letlhoko la ditiro.Erile banni ba Toropo ya Ghanzi ba akgela ba supa fa diphetogo tsa molao wa matimela di tsile ka nako e e siameng mme fela bane ba kopa gore dikgwedi tse tharo di dinye ka gore kitsitso ya matimela ga e tsamaye sentle.Banni bao bane ba kopa Tona gore ba direlapuso ga ba tshwanela go nna mo Kgaolong dingwaga tse di fetang bobedi, ka gore fa ba ntse dingwaga tse dintsi ga ba bereke sentle.Banni bao bane ba kopa Tona gore fa Motswana a batla go tsaya mananeo a puso ga bedi kana ga raro a letlelelwe ka gore gongwe o lekile lantlha a bona le sa mothuse ka sepe jaanong o batla lelengwe gape a letlelelwe go tsaya a mangwe gore akgone go itshetsa sentle.Banni bao ba tlhalositse fa gona le Batswana ba bangwe ba ba tsereng mananeo a puso ka go tlhoka mmaraka mananeo a a photlhama fa ba batla a mangwe gatwe ga go letelelwe.Banni bao bane ba kopa Tona go ba tlhalosetsa gore ke nnete mo Toropong ya Ghanzi ka fa molao ga go hirwe dikgosana tse di tsereganyang. Banni ba boleletse Tona fa puso e ba beile kafa museng ka gore Ghanzi ga se Toropo e e tshwanang le Jwaneng.Banni bane ba lela ka leruo le le gobeyang mo Toropong ya bone ba kopa gore Tona a ba thuse ka leruo la gonna jalo. Bane gape kopa Tona gore Puso e rekele batho ba lenaneo la nyeletso lehuma lefatshe mo dipolaseng tse di rekisiwang gaufi le Toropo ya Ghanzi gore lefatshe leo letle letswele batho bao molemo.Erile Tona araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa ba direlapuso basa tshwanela go berekela mo lefelong le lengwe sebaka se seleele. A re mabapi le go gobeya ga leruo mo Toropong molao oteng ka gore Ghanzi ke toropo ka jalo ba khansele ba tshwanetse go emela kgang eo ka dinao.Tona o boleletse banni bao fa Motswana mongwe le mongwe a letlelelwa go tsaya mananeo jaaka a batla. A re ga gona molao o o kganela Motswana go tsaya mananeo jaaka a batla.Erle a itebaganya le dikgosana tse di tsereganyang a tlhalosa fa ele nnete Toropo ya Ghanzi ga ena go thola e nna le dikgosana tse di tsereganyang ka gore ka molao wa Toropo ga ena maemo a go nna jalo. A re ditlhabololo ga ditle ka go tshwana mme fela se se salang Ghanzi ke Toropo jaaka Toropo ya Jwaneng.Erile Mopalamente wa Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae a ntsha Malebogo a tlhalosa fa dikgang tsa lefatshe mo Toropong ya Ghanzi ele mathata ka gore bontsi jwa banana ga ba tseye mananeo ntateng ya lefatshe.Mopalamente a re bontsi jwa batho ba ba rekileng Lefatshe lele dikologileng Ghanzi ke batho basweu ba batswa kwa Aferika borwa, one a kopa Tona go bona gore banana ba mo Toropong baka thusiwa jang. BOKHUTLO | politics | 7 |
Mokhanselara o supa matshwenyego | Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o supile matshwenyego mabapi le banana ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma ba bo ba sa supe kgatlhego mo go one. O ne a bua jalo kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo go tsibosa ba ba ikwadiseditseng mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a ba nang le one mo lephateng la bone kwa motseng wa Maunatlala bosheng. Mme Lesole a re go setse go supegile gore go na le banana bangwe ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la dipodi ba bo ba felela ba sa di tlhokomele di bo di felela di timetse kana di wela mo diatleng tse e seng tsone. A re bangwe ba felela ba tsaya dipodi ba bo ba di isa kwa mafelong a tshwana le kwa masimo mme ba bo ba di phuaganya le batsadi ba bone ba ba sa kgoneng di bo di felela di nyelela ka di a bo di tlhokile tlhokomelo. O boletse fa seemo seo se tshwenya fela thata ka puso e dirile mananeo ao gore batho ba intshe mo lehumeng. A re mo nakong eno go na le letlhoko le lentsi la dipodi mme ba ba saleng ba tsaya dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma e kabo e le bone ba rekisetsang ba ba mo thulaganyong ya go reka dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Lesole o ne a supa fa kgaolo ya Tswapong bokone e le kgaolo e banni ba yone ba leng maoto a tshupa go tsaya mananeo a bone ka madi a ba tshwanetseng go a newa gore ba a dirise mo mananeong a felela a busiwa a le mantsi. O ne a rotloetsa ba ba tsayang mananeo a go itshetsa jaaka a nyeletso lehuma le a banana go etela diofisi tse di lebaneng go botsa gore ba tlhaloganye tse ba ka tswang ba sa di tlhaloganye di tshwana le malwetsi a leruo. Rre Gaedupe Mbakile wa lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo kwa Maunatlala o ne a bolela fa ba ne ba bona go tshwanela gore ba tsibose ba ba ikwadiseditseng go tsaya mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a puso e a dirileng. A re ba ne ba ba itsise ka mananeo a masha a thuo ya mebutla, go lema furu le go suga matlalo ka bontsi jwa bone ba ikwadiseditse go rua dipodi mme ba sa ba patike go fetola se ba neng ba se eleditse. BOKHUTLO | society | 9 |
Go tlhoka Omang go kgoreletsa ikwadiso | Lefa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e tsweletse sentle mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Shoshong le Mahalapye bophirima, go bolelwa fa go tlhoka go tsaya dikarata tsa Omang ga batho go ba kgoreletsa go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi. Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho kwa Mahalapye, Rre Peter Mahlakata, a re fa e sale ikwadisetso ditlhopho e simolola kgwedi eno e tlhola malatsi ale mane kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong go setse go iwadisitse batho bale 3 520 fa mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye bophirima, go ikwadisitse batho bale 4 451. Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore lefa ikwadiso e tsweletse sentle mo dikgaolong tseo ka bobedi, se be sa phiri ke go kgoreletswa ke go tlhoka Omang ga batho ka jaana ba itsapa go latela dikarata tsa bone kwa Mahalapye fa bangwe ba bo ne dikarata tsa bone di sa tlhole dile mo tirisong. Rre Mahlakata o tsweletse ka go tlhalosetsa ba motswedi wa dikgang go batho bangwe ba bare ga ba kake ba ikwadisetsa ditlhopho pele ga baitse maina a bontlhopheng ba ba tla ba emelang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. A re ere ntswa ele ba ofisi ya ditlhopho mo Mahalapye ba dirile bojotlhe go anamisa melaetsa ya ikwadisetso ditlhopho mo Seromamoeng,dikoranta, go buisa diphuthego tsa kgotla le go mataretsa mekwalo ya dikitsiso mo makotswaneng a di ofising tsa makgotla a Setswana,o swabisiwa ke go bona batho ba le maoto a tshupe go ikwadisa ntswa ikwadiso e tswalelwa kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa. A re ikwadisetso ditlhopho go tsweng ka Mosupologo go tsena ka labotlhano e simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go tsena ka nako ya borataro mo tshokologong fa ka Matlhatso le Sontaga go ikwadisiwa ka nako ya boferabobedi mo mosong go tsena ka nako ya bone maitseboa. E rile mogolwane wa lephata la Omang,matsalo le dintsho Mme Boremo Galathwe a tswa la gagwe a bolela fa batho bangwe ba itsapela go tsaya dikarata tsa Omang ka jaana ba itse fa ba tla dirisa diresiti fa ba tlhoka dithuso tsa madi kwa dibankeng kana ba tsaya madi a bagodi mo diposong. Mme Galathwe o rile lefa ba tlhaelelwa ke bodiredi le dipalamo, gone ba badira ka bojotlhe go tsamaya le metse ele masome a mabedi le botlhano le metsana ele masome a mane le bobedi e welang mo kgaolong ya bone go thusa batho go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang,go shafatsa dikarata tse dikgologolo,go direla bana dikarata tsa matsalo, go kwadisa dintsho le go fetola difane. A re Batswana ba ba ka fithelwang ba sena dikarata tsa Omang,mme bana le dingwaga dile lesome le borataro goya kwa go dimo ba tla tseelwa dikgatlo ka go lelefisiwa P500 kana dikgwedi tse di sa fetleng borataro mo kgolegelong kana dikatholo tseo di tsamaya mmogo. Mme Galathwe o rile ere ka ba lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho ba ba thusitse ka koloi,maikaelelo ke go anama le kgaolo go neela batho dikarata tsa bone pele ga malatsi a ikwadisetso ditlhopho aya bokhutlong. A re o setse a kopane le makhanselara go abelana megopolo ka ditsela tse di ka dirisiwang go rotloetsa batho go tsaya dikarata tsa Omang le go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang tsa 2014. Bokhutlo | politics | 7 |
Moletlo wa Kwa Chomeleng o tsamaile ka thelelo | Kwa Chomeleng Cultural Festival e e neng e tshwaretswe kwa Anne Adams Park kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, e ne e ngokile badiragatsi ba mmino ka go farologana. Culture Spears, Ramozara, Tumza Kala tsa Kgale le Diwetse Cultural Group ke bangwe ba ba neng ba diragatsa kwa moletlong o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng, Tshomarelo Ngwao e ka Thusa go Kabakanya Itsholelo. Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa a re ngogola banana ba Selebi Phikwe ba eteletswe pele ke Rre Tshepho Tsela ba ne ba supa fa ba na le keletso ya go dira moletlo o o tlaa supang talente ya banana ba toropo eo. Mogopolo a re o ne a o rata ka go ne go itshupa fa banana ba na le keletso ya go bona toropo ya bone e thantse. O solofeditse kemonokeng ya boeteledipele jwa toropo ka moletlo o, e le tsela nngwe ya go tsosolosa itsholelo. Mokwaledi wa pele wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Godimo Garegope yo e neng e le ene sebui sa letsatsi o ne a supa fa Kwa Chomeleng e simologile ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, mme keletso e le go bona moletlo o gola go ngoka bagwebi ba tshwana le badiragatsi ba ditshwantsho tsa motshikinyego. Rre Garegope a re se se ka dira gore bagwebi ba babotlana le bone badiragatsi ba bone letseno le le ka tlhabololang matshelo a bone mme letlhoko la ditiro le fokotsege. Rre Tshepho Tsela yo e leng ene a eteletseng pele komiti ya Kwa Chomeleng, o supile fa go ne go se motlhofo natateng ya letlhoko la madi ka ba ise ba bone barotloetsi mme a kopa dikhamphani le batho ka go farologana go ba tswa thuso. Maikaelelo a re ke gore Kwa Chomeleng e tshwarwe ngwaga le ngwaga ka e setse e le mo ngwageng wa bobedi. Moletlo o ne wa simolola ka mmopelela wa batho ba apere kapari ya Setswana le dikoloi go ralala toropo. O ne o kgaogantswe ka dikarolo di le pedi, karolo ya ntlha e ne e le ya mmino wa ngwao o o sa tswakanngwang ka diletswa tsa segompieno jaaka borankana, tiriso ya marapo le poko. Karolo ya bobedi e ne e akaretsa mmino wa setso o o tswakantsweng ka diletswa tsa segompieno o o neng o supa bothakga jwa setlhopha sa Culture Spears le Ramozara. Bagwebi ba ba botlana le bone ga ba a tswa fela ka lesapo la moro ka ba nnile le sebaka sa go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Go obamela ditaelo tsa bongaka go botlhokwa | Ba booki mo kokelong ya Tsabong ba rotloeditse banni ba Kgalagadi Borwa ba ba tshelang ka mogare go obamela ditaelo tsa bongaka. Mooki yo o okametse lekalana la diritibatsi kwa kokelong eo, Mme Boitumelo Monnahela, a re go sala ditaelo morago go thusa gore dipilisi tse di ritibatsang mogare di kgone go bereka. Mme Monnahela o buile jaana kwa kgotleng kwa go neng go tshwerwe tiro ya go tswala semmuso kgwedi ya Lwetse e e seegetsweng fa thoko ke puso go nna ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsaya dipilisi tsa ARV ka nako ka jaana kwa di fiwang teng go sa bulwe malatsi otlhe le gore mongwe le mongwe yo o tshelang ka mogare o beetswe letsatsi la gagwe go fokotsa mosuke. A re gape balwetsi ba tshwanetse go ya kokelong ka fa ba laetsweng ka teng go tsaya madi, go tlhola selekanyo sa mogare mo mading le one masole a mmele le gore dipilisi di ba tsaya le go bereka sentle, a supa fa sebete le diphilo di ka amega mme madi e le one a ka supang. O supile fa tsholofelo e le gore mogare o tshwanetse go ritibala mme le masole a mmele a ntsifale fa molwetse a sala ditaelo tsa bongaka morago Mme Monnahela o ne a tlhalosa fa diritbatsi di sa fodise mme di kokobetsa mogare, ka jalo di sa tshwanela go tlodisiwa ka e le yone nako ya gore mogare o bone nako ya go iphetola o nna bodipa, mme seo se dire gore mogare o nne fela o le kwa godimo. A re mogare o o bodipa o borai ka gore fa o fetela kwa go yo mongwe o tsena o ntse o le bodipa, a supa fa mmangwana a imile a na le mogare oo, o ka o fetisetsa kwa loseeng mme seo se dire gore bana ba tsholwe ba na le mogare. O ne a ba gakolola gape go emisa gotlhelele go nwa bojwala fa ba tsaya diritibatsi ka seo se ka dira gore di seka tsa bereka sentle. Molomaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo o ne a supa fa e rile go lemoga go simolola ga mogare mo Botswana, puso ya ema ka dinao go tswa ka ditsela tse di farologanyeng go o lwantsha le go akaretsa dikereke ka e le tsone di agang diphuthego go fetola boitsholo. Mme Molomo o ne a tlhalosa fa lefatshe le le mo maemong a boraro mo mafatsheng a a mo Afrika a a amilweng ke mogare, bogolo jang mo go bomme le basetsanyana, mme gape go na le palo e e kwa tlase ya ba ba itlhatlhobelang mogare. A re ditshekatsheko di supile fa batho ba le 370 000 ba tshela ka mogare wa HIV mo lefatsheng leno, fa mo Kgalagadi Borwa malwetse a tlhakanelo dikobo a le kwa godimo ka selekanyo sa 3.7 per cent fa batho ba ba itlhatlhobelang mogare ba le kwa tlase ka selekanyo sa 21 per cent. O ne a tlhalosa fa basetsanyana ba dingwaga tse di lesome le boraro go fitlha kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ima ka selekanyo sa 4.4 per cent, se se rayang gore bangwe ba ima ba le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe mme batsadi bangwe ba tsweletse ka go loba dikgang tseo ba seke ba ye go ikuela kwa mapodising ka e le molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase. E re ka jaana setlhogo sa letsatsi leo e ne e le; Fa re na le Modimo HIV/AIDS e a Fela, o ne a kopa baruti go ema ka dinao go bua le diphuthego go fetola boitsholo le go ba rotloetsa go emisa go tlhakanela dikobo ntleng ga lenyalo. O ne a rotloetsa banni gape go itebaganya le mokapelo a le mongwe mo go ba ba mo lenyalong, go fokotsa go iphetisa bojalwa, le gone go emisa go kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIV. O ne a tswelela ka go kopa gore baruti ba nne sekao mme ba emise go goga leina la baruti mo seretseng ka go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. Mme Molomo o boletse fa mo Kgalagadi Borwa ba kgonne lenaneo la PMTCT, ka jaana mo nakong ya gompieno go sena masea a a tsholwang a na le mogare. A re go sa ntse go tlhokafala thata gore baruti le diphuthego ba rapelele bolwetse joo ka pelo e le nngwe, a tlatsa ka go re Modimo ke makgonatsotlhe. Baruti ka go farologana ba ne ba rapela kgatlhanong le matshwenyego otlhe a a apesitseng lefatshe leno a akaretsa megare e mesha e e tsenang, boipuso le kagiso, pula, dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela le ditagi, go tlhoka kutlo ga bana, kgokgontsho, ditlhopho tsa mono ngwaga le tse dingwe. | health | 6 |
Ba lelela ditiro tsa marekisetso | Mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing/Kubung kwa Maun, Rre Tswelelo Sebati a re ntswa puso e laotse go tswalwa ga marekisetso a dinotagi go itsa kanamo ya mogare wa corona, bangwe ga ba obamele taelo eo, lebaka legolo e le go fema tatlhegelo ya ditiro. O ikuetse jalo kwa kgotleng ya Kubung mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun bophirima Rre Dumelang Saleshando yo gape e leng moeletedipele wa kganetso kwa palamenteng. Phuthego e ne e tshwerwe go tsibosa bogogi ka seru sa bolwetse jwa COVID-19 se se wetseng lefatshe ka bophara. Mopalamente o boloditse letsholo kwa kgaolong ya gagwe go buisana le bogogi jwa dikgotlana le gone go ba rotloetsa go gasa molaetsa wa ipabalelo go hema go anama ga mogare. Le fa go ntse jalo, Rre Sebati a re morago ga taelo ya puso ya gore marekisetso a dinotagi a tswalwe e le tsela ya go fokotsa kanamo ya mogare wa COVID-19, o ne a tsamaya le kgaolo go lekola seemo mme a lemoga fa beng bangwe ba madirelo ba tsweletse ka go itlhokomolosa taelo eo. A re ba fitlhetse mo marekisetsong mangwe batho ba thibile mme ya re ba ntsha lefoko la kgakololo, banni bangwe ba ba supa ka monwana gore ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya go tswalwa ga dibara. A re bangwe ba lela sa ga Ragele ka jaana ba tlaa lala ba paletswe ke go duela matlo a phiriso ka ntlha ya go latlhegelwa ke ditiro. O tlhalositse fa go se maleba gore e re puso e kgathala ka botsogo le matshelo a Batswana, bangwe ba bo ba itlhokomolosa. Rre Sebati a re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya borai jwa COVID-19, a tlatsa ka go re ke ka moo puso e boneng go tshwanela go tla ka methale e e ka fokotsang kanamo e tshwana le go emisa bokopano jwa batho ba le bantsi. A re e le boeteledipele ba tlhaloganya gore ditaelo dingwe di tlaa ama matshelo a batho mme go botlhokwa gore di amogelwe fela ka jaana botsogo e le konokono. O boletse fa mo mafatsheng mangwe jaaka Italy batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalo mme a re seo e tshwanetse ya nna thuto mo bathong gore bolwetse jwa COVID-19 bo borai tota. Mopalamente Saleshando o ne a gwetlha morafe go tshwaragana le puso mo nakong e e thata e go diragatsa ditaelo. A re ba seka ba nna le letshogo le le kwa godimo ka se se diragalang kwa mafatsheng a mangwe. A re se se botlhokwa ke go thibela mogare oo ka ditsela tsotlhe. O kopile morafe gape go ikgapha mo dipegong tse e seng tsa boammaaruri, bogolo jang tsa maranyane, a re ba ikanye go reetsa diromamowa tsa mo gae ka jaana kgapetsakgapetsa di gasa melaetsa ya ba botsogo ka mogare oo. Rre Saleshando o boletse fa ba botsogo ba rurifaditse fa mogare oo o sa tsene ka phefo jaaka bangwe ba ne ba supa mo maranyaneng mme a kgothatsa banni go diragatsa se ba se kopiwang ke ba botsogo jaaka go nna mo malwapeng, go tlhapa mabogo ka molora kgapetsakgapetsa le gone go emisa go dumedisana ka mabogo. O gwetlhile bogogi jwa dikgotlana go gasa molaetsa kwa banning go fema kanamo ya mogare oo. | society | 9 |
Dikago tsa puso di tlaa gokelwa motlakase | Tona wa Lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila o solofeditse banni ba Ikongwe mo kgaolong ya Shshong gore dikago tshotlhe tsa puso di tlaa gokelwa motlakase mo bogaufing. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, Rre Mokaila o tlhalositse gore e tlaa re mo ngwageng wa madi o o tlang wa 2015/2016, dikago tshotlhe tsa puso di akaretsa matlo a barutabana le di kago tse dingwe tsa puso ba di gokelele motlakase. Rre Mokaila a re e re ntswa motlakase o feta fa thoko ga motse wa bone go tsere puso lobaka go gokela ntateng ya letlhoko la madi. Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhagisa gore motse otlhe o gokelwe go ne go tsile go tsaya lobaka gongwe mo dingwageng tse di tlang. Rre Mokaila o ne a araba modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo, Rre Onyaditse Sepane yo o neng a itela gore motse wa bone ga o na motlakase le ntswa dipale tsa motlakase di feta gaufi le motse wa bone. Rre Sepane o ne a ikuela gape gore e e ntswa ba bona dithuso di tshwana le dipilisi tsa diritibatsi tsa di ARV, ba sokola go ya Shoshong go ya go bona ngaka. E rile fa a araba selelo se, tona wa lephata la botsogo Mme Dorcus Makgatho a tlhalosa gore ke maitlamo a bone gore ba katolose ditlamelo tsa botsogo go ya kwa bathong. Mme Makgatho o ne a ba netefalatsa gore e tlaa re kgwedi e e tlang ya Tlhakole e simologa ba simolole gore ba etelwe ke ngaka mo motseng wa bone gangwe fela mo kgweding go thusa bao ba ba sa kgoneng go ya Shoshong. O ne a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone gore e re ngwaga wa ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tlang tsa NDP11 ba tlhabolole dikokelwana tsotlhe go nna dikokelo. Fa a akgela banni ba motse oo ba ne ba supa ka fa tshwenngwang ke diphologolo tsa naga ka teng ba re di ba senyetsa kwa masimo gape di ba jela leruo. | politics | 7 |
Badiri ba supa kutlwelobotlhoko | E rile ka mafelo a beke, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Moeng, a abelwa semmuso ntlo e a e agetsweng ke badiri ba sekole se se botlana le se segolwane kwa Moeng. Moithuti yoo, yo o feditseng kwa Moeng College ka ngwaga wa 2011, Ditiragalo Seboko, ke mo-na-le-bogolole yo o se nang mabogo otlhe mme go bolelwa a dirisa maoto go kwala e bile go kaiwa e le sekgantshwane mo go tshwantsheng. Ntlo e o, e agilwe morago ga gore morutabana wa Moeng College a ntshe mogopolo wa go thusa Seboko, mme babereki ka ene ba ne ba o amogela . Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlo eo semmuso, mookamedi wa lekgotla la Cheshire Foundation, Rre Billy Masebola, o boletse fa ba-na-le-bogole ba tlhoka thuso le tlhokomelo tse di tseneletseng gore ba nne le karolo mo setshabeng. O boletse fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba fitlha ba-na-le-bogole, a re go dira jalo ke go ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka jaana ga ba kgone go bona maungo a lefatshe le. Rre Masebola o boletse fa ba sale ba thusa Seboko a sale monnye ka ngwaga wa 1999 mme a re o lebogela mmaagwe go sa ipona tsapa ka a ne a batlela ngwana wa gagwe botshelo jo bo kgethegileng. Modulasetilo wa komiti e e neng e agela Seboko ntlo o boletse fa tiro ya bone e simologile ka 2006 mme e itebagantse le matshego a tebelopele ya setshaba le Millennium Development Goals. Rre Dintwe Dintwe a re ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi ke ka moo go tsereng dingwaga di le dintsinyana go wetsa tiro eo. Bokhutlho | education | 4 |
Somolekae o kgothatsa dialogane | Mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o kgothaditse dialogane tsa Community Capacity Enhancement and Empowerment Society ( CCEES) kwa Kgalagadi go ema ka dinao ka go dira ka natla ka nako tsotlhe go itepatepanya le go fetola diemo tse di sa siamang tse ba tshelelang mo go tsone. Dr Gloria Somolekae o buile jalo kwa kalosong ya dialogane tseo tse di masome a le mane kwa Khuis ka Matlhatso. O kaile fa mokgatlho oo maikaelelo wa one e le go thusa banni ba metse ya Rapplespan, Gakhibane, Khawa, Kolonkwaneng, Bokspits,Bogogobo, Khuis, Middlepits le Stuizendam ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Dr Somolekae yo ebileng gape e le leloko la khansele ee itebagantseng le ditlhabololo tsa dikgaolo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banana ba tsee karolo e le baeteledipele mo go nneng le seabe mo go fetoleng diemo tse ba tshelelang mo go tsone, dikgwetlho tse ba kopananng le tsone go tswa ka ditharabololo mo dikgaolong tse di farologanayng mo lefatsheng leno. O kaile fa lefatshe leno le tswa kgakala ka mowa wa boithaopo wa go itirela ba tlhabolola metse ya bone le go tokofatsa matshelo a bone ba sa ikaega fela mo pusong. Dr Somolekae o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse setshaba sa lone se fekelang se tshelela mo go lone di akaretsa mogare oo golelang pele , go itontola dinotagi phetelela, tse e leng tsone tse di nang le seabe mo kanamong ya mogare w HIV/ AIDS, a kaya fa puso e dirisa madimadi mo go lekeng go bo lwantsha bolwetsi joo. O ne a gwetlha batsadi go nna le seabe le boikarabelo mo go ageng bana mme ba seka ba dira dipe tse di ka felelang di timetsa bana. Are gape ba kgona go felela ba kopa mekgwa eo. A kaya fa seo se ka thusa thata mo go bopeng babusi ba ba itsetsepetseng ka go nna le boitshwaro le botho jo eletsegang mo setshabeng. A tlatsa ka go leboga basimolodi ba mokgatlho wa CCEES ka o le botlhokwa mo go bopeng banana ba e leng baeteledipele ba tlhwatlhwa mo isagong ebile ba ba tebelopele go ba bopa sesha. A tlatsa ka go kopa go abalana kitso eo le bangwe. Fa ntsha la gagwe mme Imelda Molokomme mongwe wa baeteledipele ba mokgatlho o ne a supa fa a ne a gwetlwiwa ke go bana ka fa banana ba kgaolo eo ba neng ba tshela ka teng mo diemong di tshwana le boimana jo bo kwa tlase ga dingwaga , mogare wa HIV / AIDS tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le tse dingwe. A re bangwe ba banana ba ba masome a mabedi ba itlamile go nna baemedi ba ba bangwe mo go fetoleng setshaba sa bone. O tlhalositse fa baemedi ba, ba tla ya dithutong tse di ka godisang boitsenape jwa bone ka go ithuta ka go nna baeteledipele ba bangwe le go go rotloetsa bana ba basetsana. Dithuto tse di tla thusa bana ba gore ba ka lwantsha jang dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone mo botshelong. O supile fa bana ba basetsana ba lebagana le dikgwetlho di le di ntsi fela thata mo setshabeng. Mangwe a matshwenyego a ba kopang le one mo mokgatlhong moeteledipele wa one Mme Sophia Estruhuizen o kaile fa le letlhoko la madi le dipalamo ka metse eo e le bophara. Fa a a bala molaetsa wa kgothatso Rre Ruben mosimenyane boemong jwa ga Rre scelo Hlope wa Associated fund Administration( AFA)o ne a ba kopa dialogane tseo go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa, ka go ikemisetsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone le go tswa ka maano a go fedisa. Rre Mosimenyane o ne a ba galolola mongwe le mongwe ka tekatekanyo mme ba supa dipharologanyo mo go ope. A tlatsa ka go ba rotlotsa go abela kitso e ba nang le yone mo go bangwe ka bone mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso. Bokhutlo | society | 9 |
Ba-na-le bogole ba tshwanetse go engwa nokeng | Kgosi Bohedile Tlwaelang wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore ba-na-le bogole ba fiwe ke-mo-nokeng e e maleba. Kgosi Tlwaelang o buile jalo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ke-mo-nokeng e le nngwe tsela ya go tsosolosa seriti, e tiisa mooko gape e ka dira gore ba-na-le bogole ba itse fa le bone ba na le bokgoni. O tlhalositse gape fa kemo nokeng e ka dira gore ba-na-le bogole ba diragatse ditoro le dikeletso tsa bone tse phelelong di tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Tlwaelang o supile fa puso e dira ka gotlhe gore ba-na-le bogole ba kgone go itirela motswedi wa itshetso. A re puso e tsweletse ka go diragatsa le go tlhabolola mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a gore ba-na-le bogole le bone ba a akole. Le fa go ntse jalo Kgosi Tlwaelang a re bangwe ba-na-le bogole ba retelwa ke go akola mananeo a ka jaana ba sa bone kemo nokeng e e maleba e bile e kgatlhisa. O bile gape a re ntswa bangwe ba setse ba filwe dithuso ka go farologana, di felela di phatlaletse kgotsa di phutlhama ka jaana go tlhokile kemo nokeng le thotloetso. Kgosi o bile a kgala a menne phata bogolo thata bangwe ba masika a ba-na-le bogole ka jaana ba sa tseye dikeletso tsa bone ka tlhwaafalo. A re bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go kgaphela ba-na-le bogole kwa tlhoko fa bangwe ba sena kgatlhego ya go ka thusa ka ditlhamelo tsa botlhokwa di akaretsa boroko le tse dingwe ka go farologana. Go sale foo Kgosi Tlwaelang o bile a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba nna fela ka mowa wa boitlhobogo, a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa go ikisa kwa bathong. O bile gape a kgotlatsa gore ba seka ba iteba dipopego kgotsa seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone a tlatsa fa le bone ba na le bokgoni jwa go ka dira maano a go tlhabololang tikologo e ba leng mo go yone. Kgosi o ne gape a re bomolemo jo ba-na-le bogole ba ka bo itirelang ke go supa kgatlhego tebang le go batla ditsela tse di ka ba thusang go diragatsa ditoro tsa bone Kgosi Tlwaelang a re ba-na-le bogole le bone ba tshwanelwa ke go tsibogela mananeo ka jaana a ka tokafatsa matshelo a bone e bile a fokotse gore ba ikaege thata. BOKHUTLO | society | 9 |
Ba Mahalapye ba lela ka ditsela | Banni ba Mahalapye ba lela ka seemo sa ditsela tse di ralalang motseng wa bone. Banni ba kaile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Ba kaile fa seemo sa ditsela tsa motse wa bone di sa supe fa ele motse o motona, mme ka jalo di ba kgoreletsa le gone go ka bona ditlhabololo. Fa a rolelela tona kitsoso, modulsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme baareng Raphane o kaile fa seemo se se sa itumedise fela thata mme e bile go ba isa le gone go ka dira sepe. Mme Raphane a re ditsela tsa motse wa bone di maswe fela thata mo e reng ka anako tsa dipula bangwe mo dikgotlaneng dingwe tsa motse ba palelwe ke go tsamaya. Mo go tse dingwe Mme Raphane o ne a tlhalosa fa ba komiti ya gagwe ba palelwa ke go dira diterelo dingwe di tshwana le go gokela motlakase kgotsa megala ya ditlhaeletsanyo mo dikgotlaneng tsa bone ka go tsaya lobaka kana go ba turela fela thata. A re golo mo go kokonela komiti ka jaana bas a kgone go duela dituelo tse di batliwang k aba patelesega go duela ditlhwatlhwa tsa dikgwebo go ka bona thuso. A re se seketefalela maiteko a bone go ka leka go thusa go tlhabolola motse wa bone ka fa b aka eletsang ka teng. Mme Raphane o ne gape a lela ka seemo sa poso ya motse wa bone a kaya fa ele nnye fela thata mo e bileng e sa lekane motse o motona o tshwana le wa bone. A re poso ga e sa tlhole e diretswe makwalo fela mme ditirelo tsa yone dikatolositswe fela thata di akaretsa dituelo tsa bagodi, dituelo tsa Iepelegeng, go duelwa ga makgetho a dikoloi le tse dingwe mme seemo say one ga se sa tlhole se letla go ka thusa morafe wa Mahalapye. A re le bodiredi jo bo mo go yone bo a tlhaele fela ruri mo eleng gore fa batho ba ile posong ba tlhola koo. Fa a motlatsa, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane wa Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi o tlhalosits e fa poso eo ele kgologolo mo e bileng e sa kgoneng dipalo tse dintsi tsa batho ba motse wa gagwe. Kgosi Segotsi a re poso ya motse wa gagwe key a nako tsa ga mmamosadinyana mme ka jalo e tshwanetse go tlhabologa e tsene fela mo seemong sa dikago tsa sesha, tse di tlhabologileng e bile di tsamaelana le dipaka tsa segompieno. Mo go tse dingwe Kgosi Segotsi o ne a kopa Tona gore ba itumelela puso go bo e akantse go busetsa terana a batho o tirisong. A re mo ke maiteko fela a matona a eleng gore a tsile go baya le motse wa gagwe mo seemong se se eletsegang, ka ditlhabololo di tla a tla. Le fa go ntse jalo Kgosi o kopile gore seemo sa fa terena e palamelang teng go tshwanetse go tlhabololwa, a tlatsa ka gore maemelo a diterena mo Mahalapye a kile a bo a nale serudumo se segolo mme jaanong a phutlhame go setse matlotla fela. A re gongwe puso e ka dira sengwe ka seemo se, gore le fa batho ba emetse terena b aka itiyatia ka dijonyana kana boroko, a re o kopa gore gongwe go ka dirwa gore go kgatlhise go seka ga nna go ntsho fela jaaka go ntse mo bogompienong. Kgosi Segotsi a re wa tlhalosaganya gore puso e ntse e sokola bogolo fa go tla ka fa madding mme a kopa gore fa ditsompelo di letla seemo se se sekasekwe maemelo a diterena e nne a maemo a ntlha. E rile fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Mabeo a tlhalosa fa lephata la gagwe le ikaelela go tlhabololo lefatshe leno ka go tokafatso seemo sa di dirisiwa di tshwana ditsela, dipagamo ga mmogo le ditlhaeletsanyo. Rre Mabeo a re go isa ditlamelo kwa bathong go tlhokana le tsotlhe tse di ka diragang gore tiro ya teng e e tlage ka jalo ba ikaeletse go dira ka gotlhe go bona gore seemo sa dilo tsotlhe tse se a tokafala. A re ke ka moo puso e batlang go simolodisa terena ya batho go bona gore ba kgona go bona ditlamelo ka bofelo. A re terana e, e e tla a simolodisiwang fa ngwaga o fela fa go ka se nne le makgoreletsi ape e tsile go tla ka ditlhabololo fela tse dintsi bogolo jang go tlhamela banana ditiro le dikgwebo. O tlhalositse gape gore puso e ikaelela go tlhabololo kgotsa go tokafatsa tshotlhe tse di amanang le terena e, go simolola fela ka maemelo a yone go felela le ka yone, a tlatsa ka gore dilo di le dintsi di tsile go fetoga ka terena e le yone e tsile go tla e le mo seemong se se tokafaditsweng go farologana le sa pele. O kaile fa mopalami a tsile go kgotsofalela go tsamaya ka terana ka e tla a bo e tla ka seemo se sesha e bile le itshereletso mo teng ele ya maemo a ntlha. Fa a bua ka seemo sa poso ya motse wa bone, Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa a itse mme puso e dira ka gotlhe go bona goe e tokafatse seemo se, a a fa sekai ka tiriso ya dikarata tsa dikamogelo tsa bagodi gore ba seka ba nna bantsi kwa diposong. A re seemo se, se tsile go fokotsa mosuke kana go tlhola kwa posng ga bagodi ka dipalo tse digodimo ka jaana ba tsile go ya teng fela fa ba batla madi, a kopa botlhe b aba iseng ba ikwadisetse dikarat tse go dira jalo gore battle ba akole lenaneo le. Rre mabeo fa a bua ka seemo sa ditsela, o ne a tlhalosa fa seemo sa ditsela se tsile go tokafala ka jaana lephata la gagwe le itshwaragantse le lephata la dikgaolo le ditlhabololo tsa magae go bona gore e dira ditsela tsotlhe tse di ralalang metse, ka go kaba mesima le go di gopa. A re seemo se se tsile go tokafala ka jaana e bile ba tsere tshwetso ya gore bana botlhe ba ba nang le ditirelo tsa dikonteraka e nne bone b aba fiwang ditiro tso go leka go fokotsa seemo sa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO | society | 9 |
Makhanselara ba batla diposo di atolosiwa | Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopile mothusa mokwaledi mo lephateng la ditlhaeletsano le diposo gore go okediwe bodiredi mo diposong le gore di atolosiwe ka jaana ele tsone di neetsweng bontsi jwa ditirelo go thusa Batswana. Makhanselara ba ntshitse kopo eo mo phuthegong ya Khansele e e neng e buisiwa ke mothusa mokwaledi, Rre Delight Thebeetsile, kwa Ghanzi bosheng. Makhanselara ba re fa diposo di ka atolosiwa le bodiredi jwa okediwa, seemo sa mosuke se ka tokafala. Makhanselara ba supile fa pele ga mothusa mokwaledi fa tota ba lebogela lenaneo la nteletsa 2, ka gore le thusitse thata bontsi jwa metse mo kgaolong ya bone ka ditlhaeletsano. Ba ne ba akgola Dikitsong Centre ka tsamiso e e lolameng; mme ba supa fa mathata ele babereki ba ba sa duelweng sentle. Ba re tsamaiso ya gore babereki ba duelwe ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ga e a siama ka gore dikomiti tse dingwe ga di na madi a go duela babereki bao. Ba ne ba supa fa makalana a mangwe a Dikitsong Centre a phutlhame, ka babereki ba feletse ba tlogela ditiro ntateng ya gore ga ba bone dituelo tsa bone sentle. E rile mothusa mokwaledi Rre Thebeetsile a araba dilelelo tsa makhanselara, a ba tlhalosetsa fa lephata la bone le na le keletso e tona ya gore metse yotlhe e nne le ditlhaeletsano, ka gore ditlhaeletsano di botlhokwa mo matshelong a Batswana. Rre Thebeetsile a re o itse fa kwa diposong gona le mosuke o montsi; mathata ke gore ba sa ntse ba sena madi a go atolosa diposo ka lefatshe leno le sa ntse le sena madi ntateng ya kwelo tlase ya itsholeleo; a rurifatsa puo ya gagwe ka go supa fa e le ka moo go sa ntseng go emisetsweng ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng leno. Mothusa mokwaledi o ne a dumalana le makhanselara gore makalana a Dikitsong Centre ga a bereke sentle, ka gore a sa ntse a sena madi a ka duelang babereki. A re mme le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba le mo thulaganyong ya go bona gore ba ka tlhabolola jang seemo seo. Rre Thebeetsile o kopile makhanselara go rotloetsa morafe wa bone go dirisa makalana a Dikitsong Centre a a mo metseng ya bone gore a tle a ba tswele mosola. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Tautona o akgola Ntlo ya Dikgosi | Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o itumelela seabe sa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo ditirong tsa go tsosolosa le go boloka ngwao. E rile a bua kwa moletlong wa go bula semmuso ntlo ya ngwao kwa sekoleng se segolwane sa Sir Seretse Khama Memorial mo Gaborone, Tautona a tlhalosa fa dikgosi di supa sekai sa boeteledi pele jo bo lolameng ka jaana ba tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba. Tautona Khama, yo gape e leng motlhokomedi wa sekole seo, a re ntlo e e abetsweng sekole ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa ngwao ke maloko a Ntlo ya Dikgosi, di tla a thusa mo go ruteng bana ba sekole ngwao ga mmogo le go ba ruta ka botho. O ne gape a tlhalosa fa dikgosi e le tsone pilara ya ngwao, ka jalo a ba akgolela seabe sa bone mo ditirong tsotlhe tse ba di dirang go thusa batho. Tautona Khama o ne a gakolola baithuti ba Sir Seretse Khama Memorial go dirisa ntlo eo ka manonthotho, go ithuta ka tsa ngwao ga mmogo le go ruta ba bangwe ka e le tsela ya go somarela le go boloka ngwao ya Setswana. Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi yo gape eleng kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o bone go le matshwanedi go abela sekolo seo ntlo ka jaana go le botlhokwa thata go ruta bana ka tsa ngwao. A re sekolo sa Sir Seretse Khama se dira mo go tsamaelenang le se se batiwang ke dikgosi eleng go ruta bana maitsholo a amogelesegang ga mmogo le boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. Kgosi Puso o ne a tlhalosa fa ntlo e e agilwe ka madi a tswang mo letloleng la Ntlo ya Dikgosi e le gone jaaka ba supa tswaragano ya bone le morafhe mo go rotloetseng ngwao. O ne a tlhalosa fa Ntlo ya Dikgosi e dirile ditiro di le mmalwa go thusa ba ba tlhokileng lesego. A re e ntse e le ka one madi a letlole la dikgosi, ba kgonne go dira ditiro di le tlhano jaaka go aba ntlo, dithoto le tse dingwe. Kgosi o ne a tlhalosa fa se e le maikaelelo le maiteko a go isa Ntlo ya Dikgosi kwa bathong ga mmogo le go tshwaragana le setshaba go aga lefatshe. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo sa Sir Seretse Khama Memorial Mme Gloria Mankandela o ne a tlhalosa fa e le boitumelo jo bogolo go amogela Ntlo ya Dikgosi. O ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a itumedisa. A re ka jaana ba abetswe ntlo ya ngwao, go ya go nna motlhofo go ruta bana ka ngwao. | economy_business_and_finance | 3 |
Banni ba lela ka badirela puso | Banni ba Ramokgonami ba lela ka thuso e ba e bonang mo badirela pusong bangwe e ba reng ga e a nitama e bile e a ba kgetholola. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu bosheng, banni ba bolela fa go le gantsi badiri ba kokelwana ya motse wa bone le ba lephata la Omang le ba ditlankana tsa matsalo kwa motseng wa Sefhare ba sa ba tseye sentle gotlhelele. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gakeaitse Malema o tlhalositse gore badiri bao, ga ba dirisane sentle le bone mme e bile go tsaya lebaka le le leele ba sa bone thuso e e nitameng, mo godimo ga moo ba kgona go ba duedisetsa diphoso tse di dirilweng ke ofisi ya bone. O tsweletse a re ga ba ba buise sentle gape ba a sotlwa mo ba felelang ba sa itse kwa ba ka ya teng ka gonne diofisi tseo ke tsone tse ba tshwanetseng go bona thuso mo go tsone. Rre Malema o boleletse tona gore badiri ba lephata la tsa pereko ba tsaya lebaka le le leele ba sa etele badiri ba dipolase tse bontsi jwa banni bo berekang kwa go tsone mme seo se bake gore ba seka ba tsewa sentle ke bahiri ba bone. A re badiri ba dipolase ba lela ka dilo di le mmalwa di akaretsa bonno jo bo sa siamang, dituelo le dinako tsa pereko tse ba bolelang di ba beile ka fa mosing. O tlhaloseditse tona fa motse wa bone o kopa sekole se sengwe se sebotlana gonne se se teng se le mosuke fela thata ka se na le bana ba ka tshwara makgolo a le borobabongwe. Modulasetilo o tsweletse a kopela motse ditlhabololo di akaretsa matlo a badirelapuso, ofisi ya mapodise, go gokelwa motlakase wa phase three le go tshela sekontere mo tseleng ya Radisele/Mokobeng e a bolelang fa e le mo seemong se se sa siamang. Le fa go ntse jalo, Rre Malema o lebogetse lenaneo la Ipelegeng le a reng le thapile banni ba le bantsi mme e bile le tsweletse sentle fela thata. E rile banni ba mo tlatsa, Mme Sennye Kebotsang a kopa ba lephata la ditlankana go fefosa ditirelo tsa bone ka ba le bonya fela thata. Mme Kebotsang o tlhalositse gore maina a bone ga a kwalwe sentle mme fa ba a baakanya go tsaya lebaka e bile ba batliwa basupi ba bantsi go ka rurifatsa maina a bone sesha. Fa a ba kgwa kgaba, tona Batshu a kopile maitshwarelo go bo ba sa tshwarwe sentle mme a ba tlhomamisetsa fa ba lephata la gagwe ba tlaa etela kwa Sefhare mo sebakeng sa kgwedi go ya go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Batshu o tlhalositse gore diofisi tsa puso di diretswe setshaba mme ka jalo se tshwanetse go tsewa sentle ka tekatekano le lorato. O tlhaloseditse banni ba motse oo ka lephata la gagwe gammogo le ka ditirelo tse di bonwang kwa go lone di akaretsa dikarata tsa Omang, ditlankana tsa matsalo, tsa dintsho le dipasa. A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le dibukana tsotlhe tse di botlhokwa mo matshelong a bone. O ba kopile go tlhokomela Omang fela thata ka batswakwa ba kgona go mo tsaya mme ba mo dirise go ka akola meamuso le mananeo a lefatshe leno. Bokhutlo | politics | 7 |
Ba Dutlwe ba maoto a tshupa go tsena diphuthego | Kgosi ya Dutlwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Motshegetsi Puleng o supile fa a sa itumedisewe ke go tlhoka go tsibogela diphuthego tsa kgotla ke morafe. Kgosi Puleng o ne a bua se mo potsolotsong bosheng. O boletse fa kwa kgotleng e le gone kwa go buelwang dikgang di akaretsa ditlhabololo tsa motse le matshwenyego otlhe a banni, a bolela fa mowa o mo tshwenya fela thata ka go lebega o gola mme ebile a tshogela le gore se e tlaa tla go nna thuto e e maswe mo baneng. O kopile gore go itsosiwe ka jaana go tlhabologa le go tswelelapele ga motse wa Dutlwe go le mo maruding a beng gae mme ebile go se ope osele yo a ka tswang kwa ntle go tla go ba direla. Mo go tse dingwe, Kgosi Puleng o ne a ne a lela ka tlhaelo ya ofisi mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa mo nakong eno ba patelesega go direla mo sekhuruntlhwaneng sa kamore tse pedi, e le ene, mokwaledi wa gagwe, mapodisi a matlhano, bana ba Tirelo setshaba ga mmogo le gone gore go bewa le didirisiwa tse e leng disupiwa mo go yone kotoisi e mo jaanong le botsogo jwa bone bo setseng bo le mo diphatseng tsa go gobadiwa ke dingwe disupiwa. O ne gape a supa ngongora mabapi le sebaka se se leele se se tsewana ke puso go emisetsa bodiredi jo hudusitsweng ka tiro kwa motsing oo, a fa sekai ka mokgweetsi wa koloi ya kgotla mo motsing oo yo a saleng a huduswa mme le jaana a ise a emisediwe mme ka jalo seo se ba pateletsa go jaka mokgweetsi kwa bokgakaleng jwa Tsetseng, kgang e e ba berekisang bokete go menaganye ka ba nna ba saletse morago mo go direng tiro. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Kebobeile Lekgowe ene o ne a bolelela BOPA fa ditlhabololo mo motsing wa Dutlwe di tsamaya sentle le gore mananeo otlhe a ba neng ba a abetswe go a dira ka lenaneo la Ipelegeng ba a weditse. O boletse fa a itumelela tirisanyo mmogo e e teng magareng ga dikomiti tse dingwe mo motsing le komiti ya VDC le morafe wa motse ka kakaretso, a tlatsa ka gore le go tswa kwa sekolong se se botlana sa motse go na le tshwaragano e ntle ka mogokgo a aga a ba lekodisa ka tse di ba tshwenyang mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka tharabololo ba le mmogo. Modulasetilo Lekgowe fela o ne a lela ka tlhaelo ya maroko a bodiredi bongwe mo motsing bo akaretsa baoki, molemisi le ba boipelego mmogo le yone tlhaelo ya diofisi tse bodiredi joo bo direlang mo go tsone. Lefa go ntse jalo o ne a bolela fa komiti ya gagwe e na le kago ya ntlo ya dikamore tse tlhano e ba kopang puso go e hirisetsa bodiredi jo bo tlhokang joo go tokafatsa seemo. Mme Lekgowe o ne a supa selelo sa go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya VDC, a supa fa mo nakong eno komiti ya gagwe e kolotwa madi a a fetang P6000 mme ba kile ba isa boikuelo kwa lekgotleng go thusiwa. BOKHUTLO | politics | 7 |
Baruti ba itlama go anamisa molaetsa wa Corona | Moruti Tlholego Keboifile wa kereke ya Holiness Union e bile e le modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Selebi Phikwe a re mogare wa corona o amile ditirelo tsa dikereke, ka jalo se se tlhoka gore dikereke di eme ba botsogo nokeng go ritibatsa seemo. Mo potsolosong le BOPA bosheng mabapi le tlhagogo ya mogare wa corona, Moruti Keboifile a re baruti ba na le seabe se setona mo go thuseng puso go tsamaisa ditiro tsa yone tsa tsatsi le letsatsi. O ne a tlhalosa fa mogare wa corona e le leroborobo le le tlhasetseng lefatshe ka bophara mme go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo e e kwa godimo go setswe ditaelo tsa botsogo morago. Moruti Keboifile a re go tsibogela seo e ne ya re mo bekeng e e fetileng lekgotla la baruti la kopana, maikaelelo e le go tsibogela ditaelo tsa ba botsogo go bona gore ba ka gorosa melaetsa jang kwa diphuthegong tsa bone. O ne a supa fa kgang kgolo ya kereke e le tumelo e e bakang kokoano ya batho kwa ba neelanang dikgothatso teng mme kwa ntle ga seo e ka seke se kgonagale. E rile a itebaganya le paseka a supa fa e le nako e ba kopanang ka yone go ntshafatsa ditsamaiso tsa kereke. O ne a supa fa kereke e ikaegile ka meneelo le di-tsa bosome mme tseo tsotlhe di dirwa kwa kerekeng, a supa fa se le sone se baya dikereke ka fa mosing ka go sena kwa di tlaa bonang madi teng. A re le fa go ntse jalo ba setse ba tlosolositse bontsi jwa ditirelo. Yo mongwe moruti wa Bible Life Ministries Bishop Godwin Samuel o ne a supa fa le bone ba ipapanne go gasa molaetsa wa corona. Bishop Samuel o supile fa ba ne ba laletsa ba lephata la botsogo makgetho a le mabedi go tla go ruta phuthego ka mogare oo le ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng. O ne a supa fa ditshwetso dingwe tse di tserweng ke puso di le bokete jaaka e e amang dintsho, a supa fa e le nako e go a bong go le thata mme ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go gomodiwa. Le fa go ntse jalo o supile fa go sena se se ka dirwang ka bolwetse jone bo tshwanelwa ke go lwantshiwa. Mo mafokong a gagwe a bofelo Bishop Samuel o ne a kgothatsa setshaba go emisa go etela kwa mafelong a a amegileng le go fokotsa metsamao e e seng botlhokwa. Moruti Gagobotswe Marumo wa Jerusalem Zion Church a re le bone ba semeletse ka go anamisa molaetsa mo setshabeng ka mogare wa corona. Moruti Marumo a re ba bone go le botlhokwa go tsamaya ba ruta batho ka mogare, bogolo jang mo mafelong a a ngokang batho ba bantsi jaaka marekisetso a bojalwa. O ne a kgala dikereke tse di santseng di ganeletse mo ngwaong ya segololgolo, a supa fa ba tshwanetse go emisa go dira jalo ka dipaka di fetogile le malwetse a le mantsi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re mo malatsing a a fetileng puso ya ntsha melaetsa mabapi le mogare wa corona go tsibosa setshaba ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng. Molaetsa mogolo wa ba botsogo ke go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a nang le molora le go fokotsa mesepele ka seo se tsamaisa mogare ka bofefo. | society | 9 |
Ikwadiso ya ba lekwalo la ntlha e simolotse | Batsadi ba kgothaditswe go tla ka ditlankana tsa bana tsa matsalo go ba kwadisetsa lekwalo la ntlha. E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kelekele kwa Gumare, Rre Mosobotwane Sephatonyane a re ba tla a kwadisa bana ba ba tshotsweng go ema ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2009 fela. O tsweletse a tlhalosa fa bana ba ba tla a simolola dithuto ka kgwedi ya Phalane fa bana ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone. Morutabana, Mme Edith Pule o kopile batsadi go apesa bana diaparo tse di bothitho e bile di le phepha gape di tsamaelana le mmala wa paka ya sekole. Mme Pule o tlhalositse gape fa go le botlhokwa go tlhapisa bana a re go thibela leswe le le ka bakang malwetsi. O tsweletse a kopa batsadi go jesa bana mo mosong pele ba tla sekoleng go fokotsa tlala e e ka dirang gore bana ba se tlhwae tsebe mo dithutong, a bolela fa gape go na le letlhoko la dijo mo sekoleng seo. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Mosobotwane Tuelo a kgalela borre go goga dinao mo go tseyeng karolo mo dithutong tsa bana ba bone jaaka ba sa tsenelele diphuthego mo sekoleng. O kgothaditse borre go ema ka dinao ka go tshwaragana le bomme le barutabana go tlhabolola thuto ya bana ba bone. Mongwe wa batsadi, Mme Obusitswe Sarefo o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go netefatsa gore ba tsena sekole sentle. A re bana ba bangwe ba sekole seo ba ya kwa molapong dithuto di ntse di tsweletse, kwa ba fetang ba palama ditonki tsa batho mme a re se, se diga maduo a dithuto fela thata. O kopile batsadi go thusa bana tiro e ba e fiwang go ya go e direla kwa malwapeng. Motshwara madi wa komiti eo, Mme Onkabetse Oagile ene o kopile batsadi go ntsha madi a ditlhabololo e le tsela ya go thusa puso. Bokhutlo | education | 4 |
Tona o abelana kitso le ba Mokubilo | Tona wa pereko le selegae yo gape e leng mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu o kgothaditse banni ba Mokubilo mo kgaolong ya Boteti go obamela melao ya lefatshe la Botswana, a re ba kwadise dintsho le matsalo, ga mmogo le go kwadisa bana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ba direla karata ya itshupo ya Omang. Tona o ntshitse kgothatso e fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re go kwadisa dintsho le matsalo go botlhokwa ka jaana go thusa puso go dira ditoga maano le ditlhabolo. Are matsalo a tshwanetse a kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a marataro morago ga tsholo ya ngwana, fa dintsho di kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo a wela morago ga loso. Rre Batshu a re Omang o thusa motho go bona ditlamelo ka go farologana motlhofo, a re motho fa a sena Karata ya Omang ga a kgone go bona ditlamelo, a re ke molato go tlhoka go kwadisetsa ngwana Omang ka nako e e beilweng. O bile a kopa gore bagolo ba ba senang Omang ba thusiwe ke ba ba ba itseng le dikgosi go ba supela gore ba direlwe Omang. Mo go tse dingwe tona o supile fa ba tshwengwa ke batswakwa ba ba nyalang bomme mono ka maikaelelo a gore ba kgone go bona boagedi, mme morago ba ba phuaganye ka go ba tlhala ba bo ba sa kgaogane le bone dithoto tsa bone. Tona a re o tshwenngwa gape ke Batswana ba ba santseng ba hira batswakwa ba ba senang diteseletso, mme a ba tlhalosetsa gore ke molato go dira jalo. Tona Batshu a re mohiri le mmereki ba a tlhokana ka jalo ba tshwanetse ba dirisana sentle ka boammaaruri. O supile fa go na le batho ba ba hirang badisa ba bo ba sa ba duele sentle. O tlhalositse gore madi a a duelwang badisa e ka nna P583, mme a re o ka dirisa 40% ya one go ba rekela dijo, a bo a re go sotla modisa o sa mo duele ke molato. A re mafatshe a tshwentswe ke go thupiwa kana go rekisiwa ga batho segolo jang bana ka jalo a re ba ikemiseditse go thibela borukutlhi jwa mothale oo. Rre Batshu a re go molemo gore batho fa ba tshela mmogo ba nyalane, a re fa ba sa nyalana mongwe wa bone fa a tlhokafala yo o setseng gammogo le bana ba rontshiwa dilo tsa bone ke ba masika a yo o tlhokafetseng. O ba gakolotse go sola molemo lenaneo la Re-A-Nyalana. Tona o ne a ba lekodisa ka molao wa dikereke, a re kereke ga se ya motho ke ya maloko a tswelela a re puso e dumelane gore kereke e kwadisiwe ka maloko a le lekgolo le masome a matlhano (150) a re seemo se, se ama dikereke tse disha e seng tse di ntseng di le teng. Tona o ne a ba kopa gore fa ba bitsa bana maina ba ba bitse maina a ba tlaa a ratang le fa ba gola, a tlhalosa gore thulaganyo ya go fetola maina e tsaya sebaka se se leele. E rile a amogela tona, Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo a re go botlhokwa gore bo tona ba ne ba etela metse kgapetsakgapetsa go tla go utlwa matshwenyego a batho ba dikgaolo tsa bone. Banni ba ne ba supa fa ba itumeletse dithuto tse tona a di ba beileng pele ba re ba ithutile go le gontsi segolo jang ka phiro ya badisa. E rile a ba araba tona a re fa motho a nyetse mme wa motswakwa o fiwa teseletso ya dingwaga tse tlhano morago ke gone ba ka mo neelang boagedi, mme fela fa motho sena teseletso ke borukutlhi. Tona o ne a lebogela banni ba Mokubilo go bo ba ne ba tsile ka bontsi, mme a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo le go tlotla kgosi ya bone. Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a leboga tona go bo a ba lekotse, a re batho ba kgaolo ya gagwe ba tlhoka dikgang tse a tsileng ka tsone. A re o solofela gore ba tlaa tsaya dithuto tsa teng tsia. O ne a kopa tona gore ba atumetse ditlamelo tsa go kwadisa dikhamphane mo kgaolong ya Boteti. | politics | 7 |
Ba gakololwa go itshokela dikgwetlho | Mothusa Modulasetilo wa kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Lathang Molonda o gwetlhile bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka nyeletso lehuma go dira ka thata gore a ba tswele mosola. Rre Molonda o buile jalo mo phuthego e e neng e tshwerwe kwa Shorobe go lekola ba ba abetsweng mananeo bosheng. O supile fa mo diphuthegong tse ba di tshwereng go le pele ba lemogile fa bangwe ba tswa ka methale ya go fenya dikgwetlho mme bangwe ba ineela fa ba kopana le diemo. Rre Molonda ka jalo o ne a ba gwetlha go tswa ka maele a go fenya dikgwetho, a re maikaelelo a puso ka mananeo ao ke go bona ba dule mo lehumeng le nta e tshetlha. O ne gape a gwetlha boeteledipele jwa kgaolo jaaka bokgosi, ba komiti ya ditlhabololo le tsa bodirala puso go tshwaragana go lekola gore a mananeo ao a tsamaya sentle le go fa bogakolodi gore dikgwebo tseo di seka tsa phutlhama. Fa a ba amogela, Kgosi Gaditshwane Mmutle wa Shorobe o ne a re maneo a tsamaya sentle mo motseng oo, bogolo jang la ba ba filweng dipodi. Le fa go ntse jalo, Rre Mmuntle o ne a re ba ba filweng lenaneo la merogo bone ba tlhokile lesego ka dikgwebo di phutlhame ka ntlha ya letlhoko la metsi le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi tse di neng di babalela bagwebi ba ba botlana. Mongwe wa baikopedi, Mme Letlhogile Sasa o ne a supa fa dipodi tse a di filweng ka 2015 di le lesome le bongwe ka phoko di atile e bile di le lesome le botlhano le dipotsane tse di lesome mo nakong ya gompieno. Le fa go ntse jalo mme Sasa o ne a supa fa a tshwenngwa ke bogodu jwa leruo, dintsa tse di jang dipodi le go bo leruo la gagwe le tssla botonanyana thata. Mme Godirilwemang Enele wa lenaneo la tante o ne o a re kgwebo eo ga e mmusetse mo go nametsang, a re mabaka ke gore ga ba a fiwa didirisiwa dingwe tse di batlwang ke baji-bareki. Mme Masasa yo o abetsweng lenaneo la go apaya borotho ene o ne a re o akotse lenaneo leo, a tlatsa ka go re o kgonne go aga ntlo ya dikamore tse pedi e bile o kgona go boloka bontlha bongwe. Morulaganyi wa Nyeletso lehuma wa kgaolo ya Maun Rre Keeme Mokgadi o ne a rotloetsa ba dikgwebo tsa leruo gore ba tsenye leitlho mo dikgwebong tsa bone gore ba kgone go lemoga fa di na le mathata. Rre Mokgadi o ne a gakolola ba ba nang le dikgwebo go tshwaragana go nna seopo sengwe gore ba thusane maano a go ipapatsa le go fenya dikgwetlho. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Moalo o ka thusa go fefosa ditlhabololo | Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re ba solofetse fa go wediwa ga moalo wa ditlhabololo tsa Molepolole go tla thusa go tlisa tharabololo ka tiego ya seemo sa ditlhabololo. Modulasetilo Sibisibi o tlhalositse seno kwa phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mankgwenyane mo Molepolole Bokone bosheng a tlhalosa fa khansele e thapile kompone ya bomaitseanape ya Mosienyane & Partners go ba direla setshwantsho tsa moalo go goboka ditlhabololo di akaretsa ditsela, mesele ya kgopo ya metsi a a leswe magareng ga tse dingwe. O ne a supa fa mo nakong eno khansele e santse emetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go rurifatsa le go fa dikgakololo ka fa ba eletsang selebego sa ditlhabololo tsa Molepolole se ka nna ka teng. O tlhalosa fa tiego eo, e tlaa nama e kgoreleditse go dirwa ga ditiro dingwe tsa ditlhabolo ka jaana di tlhoka go akarediwa mo thulaganyong ya moalo jaaka bone e le khansele ba ntse ba dira. O bile a tlhalosetsa banni ba Mankgwenyane fa e tlaa re mo ngwageng ono wa madi wa 2018/19 kgaolwana ya bone e amogele ditlhabololo di akaretsa go alwa ga ditena ga tsela ya Education Centre-Phalaborwa ka madi a P600 000. O ne a tswelela a supa fa dikole tse dipotlana tsa Kealeboga le Bakwena National di ntsheditswe P250 000 go thusa mo kagong ya matlwana a badisa dikago, fa leobo la kgotla ya Lesunyana lone le tlaa agwa ka P300 000. Dingwe tsa ditiro tse modulasetilo a lekodisitseng morafe ka tsone ke tsa go simolodisa kgokelo ya dipone tsa mo mekgwatheng tse a tlhalositseng fa di tlaa thusa go fokotsa lefifi le seemo sa borukuthli. A re dipone tse, di itshupile fa di le botoka ka le le lengwe le kgona go bonesa sekgala sa dimmithara tse di makgolo matlhano. O rotloeditse banni ba kgaolwana ya Mankgwenyane, segolo jang banana go tsibogela go tsenya dikopo tsa ditiro tse tsa ditlhabololo ka jaana e le maikaelelo a khansele go di abela banni ba kgaolo. BOKHUTLO | politics | 7 |
Poko ya setswana letlotlo la setshaba | Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile batswana go tshegetsa ngwao. Rre Kedikilwe o buile jalo kwa moletlong wa kabo dietsele wa baboki ba Setswana e e neng e tshwerwe ko sekoleng se segolwane sa Limkokwing bosheng. O tlhalositse fa poko go le gantsi e kgatlha batho, e bile e le mantswe a a monate. O buile jalo gore go le gantsi potso e batho ba e ipotsang ke gore mme gone puo e simologile kae gore go bo go na le puo le gone gore kwa tshimologong ba ne ba bua jang. O supile fa poko e tswa mo puong, e yone re sa itseng gore e tlhamilwe ke mang leng, a re mme le fa go ntse jalo, monate wa poko ke gore mmoki o kgona go bua mafoko a mongwe le mongwe a ka sekang a letlelelwa go a bua. “Re kopanetse kwano gompieno go dira boswa mo baneng ba rona, re itumela re bo re itumedisa dikokomane tsa rona, fa ba ntse ba tsaya botsipa, mo batsading ba bone fa ba supa fa poko ele boswa jwa sennela ruri,” a tlhalosa. O ile are go a itumedisa gore go bo go dirilwe maitiso a go nna jaana, go abiwa dietsele, go lemoga bogaka, go neelanwa dikitso, botlhale, a tlatsa ka gore ke tsone dintlha tse di supang fa re le setshaba se se nang le dikitso. “Ke na le tumelo e e tletseng gore ngwao ya rona e re neela boipelo le kgolagano re le Batswana,” a tlhalosa. Fa a ntsha la gagwe, mothusa tona wa lephata la thuto, Rre Moiseraele Goya, o supile fa poko e ka tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng. “Ke na le tumelo e e tletseng ya gore fa re ka bula dikgoro tsa rona tsa dikole, ra letlelela poko go rutiwa mo dikoleng tsa rona e ka sega tema, e bile ya tswa mosola, go thusa le go tokafatsa seemo sa maduo mo dikoleng tsa rona,” a tlhalosa. O supile fa a lebogela thulaganyo ya moletlo wa dietsele . “Maikaelelo a rona ke gore poko e seka ya nyelela ka monokela, le gone gore e seka ya tswa ka diphatlha tsa menwana, bagologolo ba kile ba bua jalo gore e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, ka yone thulaganyo e, re bona poko ekare e a nyelela, jaanong mme re ne re re a re ikiseng,” a bua jalo. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Ramaeba o nwa mananeo moro | Mme Keatametse Ramaeba wa Kalamare mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ke mongwe wa Batswana ba ba tsweletseng ka go akola maduo a lenaneo la go fepa badiri ba ipelegeng le bana ba sekole ka dijo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramaeba o boletse fa a tsentse kopo ya go apeela badiri ba ipelegeng ka ngwaga wa 2012 mme a atlega. O boletse fa a ne a simolola go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi ka dipoelo tse a neng a di bona fa a apeela badiri ba ipelegeng. A re o ne a tsenya kopo ya go apeela bana ba sekole se sebotlana sa Kalamare ka ngwaga wa 2013 mme a atlega, dikatso tse a di boneng a apeela bana ba sekole o boletse fa a ne a di dirisa go feleletsa ntlo ya gagwe. Mme Ramaeba o boletse fa a ne a iteka lesego gape monongwaga a ikopela go apeela badiri ba ipelegeng mme a atlega gape, o tlhalositse fa a simolotse go apeela badiri ba ipelegeng mo kgweding ya Phalane. O tlhalositse fa a fepa badiri ba ipelegeng ka borotho le senotsididi ka Mosupologo, Laboraro le Labone, mme a ba fepe ka setampa se se tlhakaneng le dinawa ka Labobedi le Labotlhano. Mme Ramaeba o tlhalositse fa go le botlhokwa gore moapei a ye go itlhatlhobela malwetse a a tshelanwang go itsa go baya botsogo jwa batho ba a ba apeelang mo diphatseng. O ne gape a tlhalosa gore moapei o tshwanetse go nna phepa ka go nna a kgaotse dinala, a sa itshase ditlolo mo sefatlhegong gape a nna a rwele tukwi kana tlhoro mo thogong. O kaile fa a tlaa dirisa dikatso tse a tlaa di bonang go dila lelwapa la gagwe le go ikagela ntwana ya boiteketso. BOKHUTLO | society | 9 |
Mapodisi a tlhotlhomisa polao | Mapodise a Letlhakane a tshegeditse monna yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna yo o dingwa tse di masome a mabedi le boraro. Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Assistant Superintendent Albert Foda, a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo, kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bongwe kwa masimong a sedibana gaufi motse wa Mosu. Superitendent Foda a re mmelaelwa o ne a tlhaba moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore ba tlhoke kutlwisisano fa ba ne ba le kwa maitisong a dino. A re setopo sa moswi se ko mmoshareng wa sepatela sa Letlhakane go tlhatlhobiwa ke dingaka. Superitendent Foda a re o kgothatsa setshaba go ikgapha mo dintweng le gore fa ba tlhokile kutlwisisano ba begela maposi go na le go itseela molao mo matsogong. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Matlo a barutabana a lorile | Barutabana ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Ghanzi ba dule ba itshophere morago ga go re matlo a bone a jewe ke molelo ka Matlhatso. Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone, o tlhomamisitse fa matlo ao a ne a sha a bo a lora, ka jalo ga go sa ntshiwa mo mo go one. Supt Lekone o boletse fa mo ntlong e nngwe, molelo o bakile tsenyo ya dilwana tse di ka lopang madi a a fetang P70 000 fa mo ntlong ya bobedi molelo o bakile tshenyo ya dilwana tse di fetang P60 000. A re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo jwa Matlhatso fa ntlo e nngwe e ne e na le bana ba mawelana le mogoloabone fa e nngwe e ne e na le mosadi. A re ka lesego botlhe ba falotse ba sa bona dikgobalo. Supt Lekone a re molelo o ne wa lemogiwa ke mme mongwe yo o nnang go bapa le matlo ao mme a begela mapodisi. A re ba dirisana le khamphane ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) go seka seka se se ka tswang se bakile molelo oo fa ba lephata la dikago bone ba thusa go tlhotlhomisa go re molelo o katswa o bakile tshenyo ee kana kang mo dikagong. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Lekone a re ka Matlhatso ka nako ya boraro mo maitseboeng, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotlana ya Kabakae kwa Ghanzi o ne a thulwa ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux mme a robega leoto la molema. A re mosetsana yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong e potlana ya Ghanzi kwa a neng a robadiwa teng. O tlhalositse fa mosetsana yoo a ne kgabaganya tsela fa a tlaa thulwa ke koloi. Supt Lekone a re mokgweetsi o tlaa lebisiwa melato e meraro ya go kgweetsa a nole, a sena teseletso le go kgweetsa ka bofafalele. A re mokgweetsi, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, o santse tshegeditswe ke mapodisi mme a tlaa ipega kwa lekgotleng ka Motsheganong a le masome a mabedi le bosupa. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka tshekatsheko | Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka go sekaseka banni ba metse e e le masome mabedi le boraro mabapi le letlhoko la dijo. Mokwaledi mogolo wa khansele, Rre Jimmy Mackenzie, o tlhalositse mo potsolotsong fa bontsi jwa batho ba kgaolo eo ba le dikobo dikhutshwane, mme ba bangwe e le ba ba itshetsang ka go iphataphatela, ka jalo khansele e tshwanelwa ke go potlakela go thusa ba ba tlhaelelwang ke dijo. Rre Mackenzie o supile fa badiri ba boipelego ba le masome a mabedi le boferabongwe go akareditswe le ba le lesome le boferabobedi ba ba thapilweng ka nakwana, ba tsamaya ntlo le ntlwana. Rre Mackenzie a re khansele e setse e thusitse batho ka dijo tsa P600 lelwapa le le lengwe, mme dijo di kgona go okediwa go lebeletswe seemo le bontsi jwa batho ba ba nnang mo lwapeng. O supile fa beng ba mabentlele a dijo, dimausu le dibuchara ba tlaa bona sengwe ka jaana khansele e ba thapile go thusa batho ka dijo kwa metseng e ba leng kwa go yone, go tlhofofaletsa khansele tiro le go tlhomamisa go kganela kanamo ya mogare wa corona ka go isetsa Batswana dijo kwa malwapeng. Rre Mackenzie a re malwapa a go fitlhetsweng a tlhaelelwa ke bonno a ne a thusiwa ka ditante. O supile fa ba tlhaelelwa ke dikoloi ka jaana seemo se patika gore go seka ga sukaganwa mo dikoloing. O kopile banni go dirisana sentle le ba boipelego a re ba arabe dipotso ka boammaruri. A re khansele e ipaakanyeditse go tswa ka ditharabololo tse setshaba se tlaabong se ngongorega ka tsone mabapi le ka fa go tswanentseng go thusiwa batho ka teng. O kopile banni go nna mo malwapeng go letla ba boipelego go dira tiro jaaka fa go tshwanetse. BOKHUTLO | society | 9 |
Paakanyetso ditlhopho e tsweletse | E re ka ditlhopho tsa setshaba tsa lefatshe la Botswana di tlaa tshwarwa ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Phalane, ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Mahalapye bophirima ba bolela fa ba tshwere ka mashetla go baakanyetsa ditlhopho tseo. Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, Rre Peter Mahlakata, o kaa fa ba tsweletse le go tsenya diphuthego mo dikgaolong tsa Shoshong le Mahalapye Bophirima go lekodisa dikgosi, baruti ba dikereke le banana ba ba diragatsi ka ikwadisetso ditlhopho tse di tlang tsa 2014. Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a diphuthego tseo ke go rotloetsa dikgosi, baeteledipele ba dikereke le mapolotiki go kgothatsa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang ka bontsi. A re badiri ba lekgotla la ditlhopho le ba ofisi ya Omang ba tlaa tsamaya le metse ya kgaolo ya Shoshong le Mahalapye Bophirima go tlhalosetsa setshaba ka tshimologo ya ikwadisetso ditlhopho le go shafatsa dikarata tsa bone tsa Omang gore e re ikwadisetso ditlhopho e e tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Phalane e tlhola gane go tsena e le 27 mono-ngwaga dikarata tsa bone di bo di le mo tirisong. Rre Mahlakata o tlhaloseditse ba BOPA fa ba setse ba simolotse go amogela maina a banana ba ba ikopetseng go ya go kwadisa batho fa ikwadisetso ditlhopho e simolola. A re e re ntswa dikgaolo tseo ka bobedi di sa amiwa ke lekgotla le le neng sekaseka kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente, gone batho ba motse wa Tewane, Meraka ya Mmadipheretlha le ba masimo a Patikwane jaanong ba hudusitswe mo kgaolong ya Shoshong go tsena mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima fa batho ba motse wa Dibete bone ba hudusitswe mo kgaolong ya Mahalapye botlhaba go tsena mo go ya Shoshong. Rre Mahlakata o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolwana tsa bokhanselara tse di amegileng e le ya Herero e jaanong e fetotsweng leina go nna Mahalapye Central gammogo le ya Dilaene e e neetsweng batlhophi bangwe ba ba neng ba ntse ba wela mo kgaolwaneng ya Herero. Bokhutlo | politics | 7 |
Dipalamo ta setshaba ga di a babalesega | Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba rotloediwa go supa boikarabelo le botho fa ba dirisanya le setshaba. Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la ditsela le dipalamo, Rre Bokhutlo Modukanele fa a ne a bula semmuso letsatsi la pitso ya beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba le le neng le tshwerwe kwa Palapye bosheng. Rre Modukanele a re nako e tsile ya gore beng ba dikgwebo tsa setshaba ba tlhabolole ka fa ba tsamaisang kgwebo ka teng gore ba busetse seriti le serodumo sa dipalamo tsa setshaba. A re Batswana ba kile ba bo ba tshepha dipalamo tsa setshaba ka gore di ne di sireletsegile e bile di kgweediwa ke batho ba ba neng ba na le boikarabelo. A re setshaba ga se sa tlhole se na le tshepho mo dikoloing tsa setshaba ntateng ya pabalesego e e ileng kwa tlase le setho sa babereki ba dikoloi tsa setshaba. A re dikoloi tsa setshaba, bogolo jang dibese, di tsweletse ka go amega mo dikotsing tsa tsela, a tlhalosa fa dikotsi tse di bakwa thata ke go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, go itlhokomolosa matshwao a tsela le go iphetisa dinotagi. A re go utlwisa botlhoko gore dipagamo tsa setshaba di bo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho, a re se se bakile gore batho ba tlhoke tshepho mo go tsone. A re fa beng ba dikgwebo tse ba ka seke ba tsibogele seemo se, kgabagare Batswana ba tlaa bo ba sa tlhole ba palama dikoloi tsa setshaba ba ikanya dikoloi tsa bone kgotsa go kopa sepalamo mo dikoloing tsa batho tse di itsegeng ka leina la mechoba. Rre Modukanele o lebogetse mogopolo wa beng ba dikgwebo tsa dikoloi tsa setshaba o mo go one ba tlaa direlang babereki ba bone maina a a tlaa kokomediwang mo diaparong e bile go supa leina la khamphani e a e berekelang. A re e le ba lephata la ditsela le dipalamo ba lebogetse mogopolo o o dumalanweng ke beng ba dikgwebo tse gore Batswana ba kgone go itse maina a bakgweetsi le baduedisi, bogolo jang fa ba na le dingongorego. A re molao o o tlaa akaretsa dipagamo tsotlhe tsa setshaba le tse dinnye tse di sa tsamaeleng kgakala. A re puso e eletsa gore Batswana ba dirise dipagamo tsa setshaba gore ba goroge ba babalesegile. A re se se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tsa dipagamo tsa setshaba ba ka itshekatsheka mme ba fetola ka fa ba tshwarang bapagami ka teng le ka fa ba kgweetsang ka teng. A re fa ba ka ikopanya ba dira mokgatlho go ka ba thusa go tla ka melawana e e tsamaisang dikgwebo tse le go kgalemela ba ba sa direng dilo sentle. A re mapodisi le babereki ba lephata la gagwe ba ka dira gotlhe mo ba ka go kgonang mme fela tiro e ntsi e mo maruding a beng ba dikgwebo tse go ipopa le go itsamaisa sentle. A re o emetse nako e beng ba dikgwebo tse ba tlaa mmitsang gore a tle go bona ka fa ba fetotseng dilo ka teng. Rre Modukanele a re dingwe dikoloi tsa setshaba di mo maemong a a sa siamang a a isang boleng jwa pabalesego kwa tlase. A re fa dipula di na, dingwe tsa dikoloi tsa setshaba di tsenya metsi a mantsi a a felelang a senya dithoto tsa bapalami. A re dingwe di leswe ga di phepafadiwe. A re se se kgobang marapo ke gore beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba ba fa babereki ba puso pipamolomo gore ba rurifatse gore dikoloi tsa bone di siametse tsela. BOKHUTLO | society | 9 |
Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna kwa Moshupa | Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mararo, yo a neng a thulwa ke koloi fa maemelong a dikoloi a Nkaikela kwa Moshupa bosheng. Mothusa mookamela mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Goitsemang Sekgabo, a re moswi o ne a na le ditsala tsa gagwe. A re ba ne ba tswa lenyalong mme koloi e e bakileng kotsi, ya Honda Fit e e botala jwa loapi e ne ya seka ya ema morago ga tiragalo. O bolela fa koloi eo, e ne ya thula banna ba le babedi mme ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele fa yo tlhokafetseng a ne a fetisediwa kwa Marina kwa a tlhokafaletseng teng moragonyana. Rre Sekgabo o kopile setshaba go ba thusa go tshwara modira molato a re mo nakong eno ga ba ise ba tshware ope mabapi le kotsi. E ntse e le kwa Moshuapa, basimane ba le barataro ba itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo mme ba tlaa itshupa gape kgwedi ya Seetebosigo e le lesome ka go lebisitswe melato ya go thuba le go utswa e robabongwe. Rre Sekgabo a re basimane ba, ba ne ba itshupile fa pele ga mosekisi, Mme Bame Ngaka. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Sekole sa Orapa se itlhoma kwa pele | Sekole se segolwane sa Orapa se akgoletswe go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa Junior Certificate, ka go gapa maemo a ntlha lefatshe ka bophara, dingwaga tse tharo di tlhomagana. Kakgolo e e ntshitswe ke mookamedi wa polokelo ya ABC kwa Francistown, Mme Kelebogile Mokgosi. A re tshwaragano ya baithuti, barutabana le batsadi go akarediwa le ba-na-le-seabe ba bangwe jaaka khamphani ya Debswana, e dira gore tikologo ya sekole e nne le tsotlhe tse di tlhokwang go ruta bana. O buile jalo bosheng, fa sekole se segolwane sa Orapa se ne se ipelela go gapa maemo a ntlha le go abela baithuti dimpho, a supa fa Debswana e abetse sekole seo P264 000 go thusa go baakanya ntlwana ya borutelo ya thuto ya design and technology le go reka didirisiwa. A re kompone e tsweletse gape ka go thusa sekole ka sepalamo le ka barutabana ba ba thusang mo dithutong tsa dipalo le maranyane. Sekole sa Orapa JSS se pasitse ka matshwao a 99.4 per cent, go itlhoma kwa pele ga dikole tse dingwe tse dikgolwane. Mme Mokgosi a re baithuti ba ba fentseng ka matshwao a merit, A, B le C ba dirile selekanyo sa 85.5 per cent. A re maduo a sekole sa Orapa ke sesupo sa gore batsadi ba lemoga botlhokwa jwa thuto gore ke yone tsela ya go betlela bana isago e e nonofileng. O rotloeditse batsadi go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka di thusa gore ba kgone go itse ka fa bana ba bone ba ithutang ka teng. O akgoletse baithuti ba sekole seo ba pele, ba mo nakong eno ba dirang mophato wa bone, go tsaya boikarabelo jwa go sala thuto morago, e le tsela ya go betla bokamoso. Mme Mokgosi a re go supa fa e le ruri sekole se se na le maitlamo a a tsepameng ka jaana se sa dire sentle fela mo dithutong, le mo metshamekong ka go farologana se itshupa. Mme Mokgosi a re maduo a sekole se a supa fa boeteledipele bo dira tiro, bo tsentse marapo mo dinameng e bile bo na le tebelopele. A re ba dira go le gontsi go ruta bana go ikemela mo botshelong jwa gompieno, jo bo tletseng dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, lehuma, tiriso ya ditagi le tse dingwe. Mme Mokgosi o ne a kgothatsa bana go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang bokamoso. | education | 4 |
Kereke ya St John Apostolic Faith e supa lerato | Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nyorosi Legare kwa Kanye, Mme Binki Oki, o akgoletse kereke ya St John Apostolic Faith Church in Zion go abela batlhoki diaparo. Mme Oki o buile jalo fa kereke eo e ne e tshwere tiro ya go aba dimpho tse di akaretsang ditlhako, dikobo le paka ya baithuti kwa kgotleng ya Kgwatlheng. A re go aba go supa mowa wa lerato le neelano. Kgosana ya Kgwatlheng, Rre Kagiso Gaofiwe ene o ne a akgolela kereke eo tiro e ba e dirileng a ba a re o dumela fa kgotla ya gagwe e tla a segofala. Kgosana Gaofiwe o ne a ba gwetlha go tswelela ka mowa o montle o ba o supileng. O kopile baruti ba dikereke go ne ba etela kgotla ya gagwe a tlhalosa gore o tshwenngwa ke botlhokatsebe jo bo atang mo bananeng ba kgotla eo. Moemedi wa kereke, Mme Sister Steyn a re maikaelelo a bone e ne e le go lwantsha dikgwetlho tse Batswana ba lebaganyeng le tsone ka go ba kaela gore go na le botshabelo kwa Modimong. A re ba lebile segolo jang banana ka ke bone gole gantsi ba farafarwang ke dikgwetlho jaaka ba gola. A re ba na le mananeo a go thusa banana ba ba nang le ditalente tse di farologanyeng. A re ga ba abe diaparo fela mme ba abelana gape le dikitso. Kgosana Jack Molaoeng le ene o ne a akgola kereke ya St John a re go molemo go bona motho a dira tiro e ntle go na le yo o dirang ditiro tsa borukutlhi a ba a gwetlha banana go tsaya malebela. | religion_and_belief | 8 |
Dikoko tsa mae di tshetsa Jane | Puso e dirile maiteko a go tswa ka methale e e farologaneng ya go nyeletsa lehuma. Mme Keitheng Jane, wa dingwaga tse di masome mane le borataro wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun yo o abetsweng dikoko tsa mae ka lenaneo la nyeletso lehuma, o kaile fa a itumeletse lenaneo le ka le tokafatsa botshelo jwa gagwe. Mo potsolotsong bosheng, Mme Jane o tlhalositse fa ka kgwedi ya Lwetse, lephata la temo-thuo le ne la mo isa dithutong kwa Ngamiland Rural Training Centre go ya go ithuta dikoko tsa mae le go anywa botsipa jwa go tlhokomela dikoko tsa mae le go tsamaisa kgwebo, mme morago lephata la mo abela dikoko tsa mae di le masome a matlhano le go mo agela hoko. Mme Jane a re lephata le ne la mo abela dijo tsa dikoko, dikgetsi tsa selekanyo sa masome a matlhano di le nne, go fepa diruiwa tsa gagwe. Mme Jane o tlhalositse fa dikoko tsa mae di tokafaditse botshelo jwa gagwe thata, ka le tlala mo lwapeng ke selo sa maloba. A re pele fa a abelwa lenaneo le, o ne a itshetsa ka Ipelegeng go inamola mo lehumeng, mme madi a a neng a a amogela a ne a sa lekane ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi, gape mo ipelegeng o ne a bereka kgwedi a tla a tlodisa, ka jalo kgwedi e a sa theogelang ka yone lehuma le letlhoko le lentsi mo lwapeng. A tswelela a tlhalosa fa a ne a tle a thapiwe ka nakwana ke ba sekole se sebotlana sa Letsholathebe mo Maun, go thuga mabele a a apeelwang baithuti, a re ka bomadimabe go thuga mabele go ne ga mmakela makowa le ditlhabi mo mmeleng, le go baya botshelo jwa gagwe mo diphatseng. Mme Jane o tlhalositse fa a lebogela puso ka lenaneo le a le amogetseng la thuo ya dikoko tsa mae, a re puso e pelontle ka e kgathala ka matshelo a banni ba yone, ka go ba fa mananeo go nyeletsa lehuma mo malwapeng. “Lehuma la tlhaloganyo le tswa kgakala, mme e bile le thata gore le tswe, le nna le go raya le re kana o wa me, ke swa le wena” ga bua Mme Jane. A re o tsaya dikoko tsa gagwe jaaka kgwebo, mme kgwetlho-kgolo mo kgwebong ya gagwe, e e bakang gore mae a fokotsege ka palo ke mogote o o feteletseng le diphefo tse di tsubutlang. O tlhalositse fa a tlhokomela dikoko tsa gagwe, ka go di fa dijo le metsi ka nako gore mae a atlege, o di fa metsi a mantsi ka seemo sa loapi se sa iketla, go leka go di timola mo mogoteng o o feteletseng. A re o rekisa mae a gagwe mo baagisaning, le go tsamaya mo motseng a ipapatsa. O supile gape fa ba ikopantse le ba bangwe barui, go itira setlhopha, go rekisetswa sekole sa diphologolo le makgabisanaga mo Maun, ba isa mae a a ka tshwarang sekete mo kgweding, a re o setse a butse letlole la banka, go ipolokela morokotso wa kgwebo ya gagwe. A re maikaelo magolo mo isagong ke go leka go godisa kgwebo ya gagwe, le go gokela motlakase mo lwapeng. | economy_business_and_finance | 3 |
Monana o kopa thotloetso | Monana wa moithaopi kwa Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Keabetswe Mabeleng o ikuetse fa a tlhoka thotloetso go tswa mo bananeng ka ene ga mmogo le morafe ka kakaretso go diragatsa ditiro tsa boithaopo. Mme Mabeleng o boleletse mo potsolotsong gore motse wa gagabo ga o na banana ba ba nang le mowa wa go ithaopa le gone go leka go dira sengwe se se tlaa ba thusang mo botshelong fa e se go tlhola mo meriting kana go diiwa ke dino. O tlhalositse gore o tlhola a leka go bitsa phuthego ya banana mo motseng, maikaelelo e le go tla go buisana gore ba ka kopana ba dira eng go tokafatsa matshelo a bone a selegae mme go seke go nne le yo o supang kgatlhego. O tlhalositse gape fa ba na le setlhopha sa motshameko wa bodiragatsi mme le sone ga se tswelele pele ka ntlha ya go tlhoka yo mogolwane.A re ba tlhoka motsadi yo o ka ba elang tlhoko mo ditirong tsa bone le gone go nna a ba gakolola fa ba sa tsamaiseng sentle teng. A re setlhopha fa se se na go fenya kwa dikgaisanyo tsa ngwaga le ngwaga tsa botaki le bodiragatsi, go nna le dikgogakgogano ka tiriso ya madi, selo se a reng go bakwa ke go tlhoka yo mogolwane mo go bone go ba thusa ka megopolo ka ga ba reetsane e le maloko. Mme Mabeleng o lela ka gore mathata a bone a itsa setlhopha go gola, a kaya fa bangwe ba bonala fela fa dikgaisanyo di le gaufi.O gakolotse banana ka ene go sa ipone tsapa mme ba tsee tsela e e maleba go bona thuso. O ne a kopa batsadi mo motseng go rotloetsa balekane ba gagwe go ithaopela go direla motse wa bone, a kaya gore go dira jaana go ka ba tlhabololela motse e bile le bone ga ba godisa mo matshelong a bone a selegae. | society | 9 |
Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho | Mapodisi a Baines Drift a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba le bararo ba tlhokafatseng morago ga go shwela mo ntlong ya kamore e le nngwe kwa Tsetsebye ka Labotlhano. Morago go ne ga fitlhelwa rraabone a akgega mo setlhareng gaufi le lefelo la tiragalo. Ramapodisi a Baines Drift, Superintendent Thusego Kenyafetse, a re morago ga go begelwa tiragalo e, ba ne ba ragogela koo mme ba fitlhela mawelana ebong mosimane le mosetsana ba ba ngwaga le dikgwedi tse di borobabongwe le lesea la dikgwedi tse supa ba shwetse mo ntlong e bile ba tlhokafetse. Supt Kenyafetse a re morago ga dioura di se kae, ba ne ba fitlhela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mbuwe kwa Changate a akgega mo setlhareng. Superintendent Kenyafetse a re monna yo, ke rraagwe bana ba, e bile o ne a nna le mmaagwe bana ba yoo dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe yo o tlholegang kwa Tsetsebye. A re mo lefelong la tiragalo go fitlhetswe garawe le sekupu sa parafene tse go belaesegang di dirisitswe ke monna yo. A re dipelaelo tse di ntshitswe ke gore go fitlhetswe gape mokwalo o go belaesegang o kwadilwe ke monna yo, o bua dikgang tse di amanngwang le tiragalo e. Supt Kenyafetse a re go tlhalosiwa fa monna yo a ne a ya go tsaya bana ba kwa lwapeng la ga mmaabone mogolo mme a laela mmaabone fa a tlaa ba fitlhela kwa lwapeng. Ramapodisi o boletse fa ditlhotlhomiso di tsweletse mme o ne a gakolola setshaba go begela mapodisi, dikgosi kgotsa ba boipelego fa ba bona baagisanyi ba bone ba sa nne ka kagiso segolo jang fa ba tshela ka go kubetsana. O gakolotse baratani go kopa bogakolodi fa ba na le dikgotlhang mo malwapeng a bone . | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Komiti ya ditlhabololo kwa Mogonye e dira sentle | Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogonye mo kgaolong ya Borwa o sa tswa go ntsha pego e supang gore komiti ya bone e tsweletse jang ka ditlhabololo tsa motse wa bone. Fa a ntsha pego eo, Mme Banka Gwai a re kwa kgotleng ya Mogonye ba sepodise ba bereka ka natla e bile ga gona boitseme bope. Fa a tswelela, a re Ipelegeng e mo tirong ya paakanyo ya leobo la kgotla mme ba sa ntse ba eme, ka bothata e le gone gore ga gona madi. Mme Gwai a re komiti e sa ntse e tshwaragane le namane e tona ya go dira ditsela tse di tsamaelang kwa ditsheng tse disa, mme le fa go ntse jalo, a ngongorega, a supa fa go le lebaka ba emetse mmepe oo go tswa kwa lephateng la kabo disha, o o supang gore ditsha tsa batho di tsamaya fa kae, gore fa ba rema dikgwa ba seka ba dira diphoso, ba rema ditsha tsa batho. Fa a tswelela, Mme Gwai o supile fa lebogela bodiredi jwa Tirelo Setshaba. A re sekole se sebotlana sa Mogonye ga sena motlakase ga mmogo le kokelwana ntswa motlakase ole teng mo motseng, a re matlo a barutabana le a baoki le one ga ana motlakase. Mme Gwai a re matlwana a borutelo a tlhaela ka a marataro ntswa a tshwanetse go nna supa ka fa molaong mme selo seo se dira mosuke. O boletse fa matlwana a boitiketso le one a tlhaela mo sekoleng seo. Mme Gwai o ngongoregile gape ka go bo sekole seo se sena motlobo wa dibuka, a tlhalosa fa seo se na le seabe se sentsi mo maduong a sa jeseng di welang a sekole seo. A re kokelwana ya Mogonye ga ena motlakase le koloi e bile kokelwana eo e a nela ka nako ya dipula. Mme Gwai a re gona le batho ba ba thapetsweng go sela matlakala mme go tsaya lebaka go duela. Fa a wetsa, a gakolola batsadi go ya diphuthegong tsa batsadi le barutabana fa di biditswe kwa sekoleng. Fa akgela mo pegong eo, mopalamente wa Moshupa, e bile ele motshwarelela tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi, a re go maleba gore leobo la kgotla le tokafadiwe ka le botlhokwa thata. Tona Masisi a re o itumelela gore sepodise se dira ka natla go sireletsa banni ba Mogonye. O ne a akgola le babereki ba Ipelegeng a kaya fa le bone ba dira ka natla go tlhabolola motse wa bone. A re seemo sa gore ga gona motlakase kwa sekoleng se sebotlana le kokelwana se a tshwenya, ka tota ka tshwanelo di tlhokana le motlakase thata go dira ditiro tsa tsatsi le le tsatsi. Mokhanselara wa Manyana-Mogonye Rre Peter Sithebe, o ngongoregile thata, a kaya fa motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme go tshwenya thata go bona motlakase kwa sekoleng se sebotlana sa Mogonye ga mmogo le kokwelwana o ise o tsenngwe ntswa kompone ya motlakase yone e duetswe. BOKHUTLO | politics | 7 |
Ba kopilwe go ela matlapa tlhoko | Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba gakolotswe go ela tlhoko le go itsese ba ba lebaneng ka matlapa a ba ka a fitlhelang mo makhubung le dipane tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di le mosola thata mo ditsong ga mmogo le mo go tokafatseng dithuto tsa bone tsa ditso le maranyane. Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditso tse di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo tse di mo kgaolong ya bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya motlobo wa ditso, Rre Phillip Segadika o supile fa maikaelelo magolo a lekoko la gagwe e le go senola le go sedimosetsa setshaba ka matlapa a a neng a dirisiwa mo ngwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng mo kgaolong eo. Rre Segadika o supa fa bagolo ba lefatshe leno ba ne ba kgona go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo jwa nako eo ba dirisa matlapa mme botshelo bo tswelele pele fela sentle. A re matlapa a ne a dirisiwa ditiro tse di botlhokwa jaaka go bua diphologolo le go suga matlalo . O supile fa mo dingwageng tseo go ne go se na yo o nang le boitseanape jwa go nyerolosa tshipi go dira didirisiwa tsa segompieno di tshwana le dithipa, dishaga, dilepe le dikere. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a go fitlhelwang ditso tse di farologaneng tse di kgatlhisang thata jaaka tsa kwa Tsodilo, Palapye Hill le Toutswemagala kwa Maunatlala. O supegeditse bana matlapa mangwe a a boletseng fa ba sekaseka dingwe tsa ditso tsa tlholego ya one kwa Maleshe. O tlhalosa fa bagolo ba ne ba na le boitseanape jwa go betla matlapa a a neng a dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng mo nakong eo. Rre Segadika o kaile gore gongwe fa ba ka epa ba ka kgona go fitlhela madi a bogologolo, dinaka le marapo a diphologolo mme ba a tlhatlhoba morago ba a ise kwa motlobong wa ditso go a somarela. O supa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya ba ipega pele mo bogosing mo dikgaolong tse di farologaneng go ba tlhalosetsa ka maitlamo, moono le maikaelelo a bone. Maitseanape mo go tsa boranyane, Rre Sewelo Fani o tlhalositse fa morago ga tshekatsheko ya ditso tseo ba tlhomamisa gore dilo tse ba di kgobokantseng di babalesegile ka go di baya mo motlobong wa ditso gore di seka tsa senyega ka di ka kgona go oka bajanala . Mogokgo Segametsi Matlho o galaleditse dithuto tsa lekoko leo ka a re di tlaa thusa baithuti go tokafatsa dithuto tsa bone. BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Komiti ya Matobo e thusa batlhoki | Ba komiti ya badirela pusoya villageextension team (VET) kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume ba abetse bana ba ba tlhokang dikobo di le lesome le botlhano tse di lopileng P2 250 kgwedi ya Phukwi e tlhola gane. Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre FaniCooper o tlhalosiste gore madi a a rekileng dikobo tseo ke a ba saleng ba a kokoanya ka go ntsha lemme mo dikgwatlheng tsa bone. Rre Cooper o kaya fa ba bone go tshwanela go tswela kwa bathong go thusa fa ba kgonang teng ka go abela bana ba ba tlhokang. A re ba lemotsha setshaba fa ba sa lebaganale ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi fela mme ba angwa ke matshelo a ba bangwe. O boletse fa e se la ntlha ba aba ka ba ne ba agela motlhoki mongwe ntlo ya boitlhomelo. Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ne a galaleletsa tiro ntle e, ka e le sesupo sa go tshwenyega ka matshelo a batho babangwe go na le tiro e ba e thapetsweng fela. Molaodi o ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o le mongwe le ka tshwaragano go direla ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Motsadi wa bana ba ba amogetseng dithuso, Mme Kgaleng Tabojose o ne a leboga komiti eo , a kgothatsa dikomiti tsedingwe mo motseng go tsaya malebela mo komiting eo di tshwaraganele le puso ntwa ya go nyeletsa lehuma. BOKHUTLO | politics | 7 |
Ba Dikgonnye ba gatetse pele | E re ka jaana puso ya lefatshe leno e atolositse letsogo ka go dira mananeo a a farologaneng go tokafatsa matshelo a Batswana banni bangwe kwa motseng wa Dikgonnye ga ba batle go salela kwa morago mo mananeong ao. Mo potsolotsong le BOPA Mme Lucky Molebatsi yo o dingwaga tse di masome a mane le borataro (46) o ne a tlhalosa fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano ka lenaneo la nyeletso lehuma go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re dipodi tseo o di filwe ngwaga o o fetileng a tlhalosa fa tse dinamagadi di ne di le lesome le bone fa e tonanyana e le nngwe a tlatsa ka gore le fa gone e le nngwe ile ya swa tsone di mo seemong se se siameng. Mme Molebatsi o tlhalositse le fa dipodi tsa gagwe di ise di tsale a re o na le tsholofelo e ntsi ya gore nako e di tsalang di ya go fetola botshelo jwa gagwe fela thata le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego a gore ga a ise a isiwe dithutong tse di ka mo thusang fa dipodi di tlhasetswe ke bolwetse. O ne a supa fa gape gore la fa gone a kgona go di e tlhokomelela o tlhokana le dithuto tse di ka mo fang kitso gore fa podi e na le bolwetse a kgone go itse gore o di rekela melemo efe. Mme Molebatsi o ne a tlhalosa fa a sa bereke gope a itshetsa ka lenaneo la Ipelegeng mme o ne a supa fa a ikaeletse go kokotletsa dipodi tsa gagwe pele a simolola go di rekisa. O ne a kgothatsa bao ba ba santse ba saletse kwa morago mo mananeong ao go inaakanya le one a kaya fa a ka fetola matshelo a bone a tlatsa ka gore le bone ba ba filweng ba a a tsee ka tlhoafalo. Fa a tswa la gagwe Mme Dolly Molefe yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa a re o ne a fiwa tshingwana ya merogo a tlhalosa fa a e filwe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phukwi. A re mo tshingwaneng ya gagwe o lemile ditamati le perehere tse a tlhalositseng fa di rekwa sentle mo motseng. O ne a tlhalosa fa sa le a supa kgatlhego ka go dira tshingwana ka ngwaga wa 2005 mme morago ga moo Molemisi mo motseng wa bone a mo rotloetsa go tswelela a lema mme a mo fa botsipa jwa go dijalo gore a leme dife ka dipaka di a farologana. Mme Molefe o ne a supa fa sale nako eo a bo a inaakanya le tshingwana ya gagwe go fitlhela go tla lenaneo la nyeletso lehuma le le kgonne go tlhabolola tshingwana eo. O ne a tlhalosa gore le fa gone a sa bone dipoelo tse di nametsang mme gone o kgona go itshetsa le bana ba gagwe ba a tlhalositseng ba le barataro mme a kgona go ba rekela dijo le melora. A re mo nakong eno o santse a kokotletsa madi go ya go reka dipeo tse dingwe gore a kgone go jala gape a tlhalosa fa a sa fiwa dipeo a tshela ka go kopa mo go ba bangwe. O tsweletse gape a re sebe sa phiri ke gore badirela puso ba ba neng ba mo abela tshingwana eo ba maoto a tshupa go tla go lekola le gone go tlhola gore a mme o tsamaisa kgwebo ya gagwe sentle a tlatsa ka gore sa le a ba bona la bofelo ka nako e ba ne ba mo abela tshingwana eo. Mme Molefe o tlhaloseditse BOPA gore le fa gone a dira sentle o lebanwe ke kgwetlho ya go duela metsi a supa fa madi a metsi a le kwa godimo thata mme o ne a re seo ga sena go mo kgoba marapo. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Phitlho e tlhoka go tlotlwa | Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke batho bangwe ba ba sa saleng morago tsamaiso mabapi le ditirelo tsa phitlho. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moseso tlhalositse fa phitlho e gogomosa maikutlo, e bile e ngomola pelo. O supile fa go lebega bangwe ba latlhegelwa ke go tlhompha le go tlotla diphitlho, a tlatsa ka gore go tswa goolowe, phitlho e ne e dirwa ka tshisibalo le ka tumelo ya gore yo o tlhokafetseng mowa wa gagwe o tlaa robala ka kagiso. A re mo malatsing ano, bangwe ba tsaya diphitlho jaaka dinyao, a supa fa bangwe ba inaakanya le mekgwa e e fatlhang, segolobogolo thata banana. Kgosi Moses a re mekgwa ya go tlhoka go apara sentle le gone go ya phitlhong ba itshietse nnotagi phetelela ke sengwe se se tsayang phekelo e sele mo malatsing ano. A re malatsi a, bomme bangwe ba atisitse go tsena diphitlho ba sa apara ditukwi, kgotsa go rwala sengwe mo tlhogong, mo go neng go tlwaelesegile malobeng, fa bangwe borre ba tlhoka go apara dibaki e bile ba tle ba rwale dikepese kwa diphitlhong. Kgosi o supile fa bangwe ba tsweletse ka mokgwa wa go ka ema digongwana kwa mabitleng ba tsere dikgang ka mantswe a a kwa godimo e bile gape a supa fa dingwe dipina tse di opelwang di sa lere kgomotso e e maleba. Go sale foo, Kgosi Moses a re e re ntswa go tshelelwa mo diphetogong tsa sesha, ngwao le tsamaiso ya Setswana mo ditirong tse di rileng ke sengwe se se tshwanetseng go salwa morago. A re Batswana ba farologana ka ditumelo mme tlhompho le tlotlo ke sengwe se ba itsegeng ka sone e bile ba se dira ka botswapelo, ka jalo se gase a tshwanela go nyelela. BOTLHOKO | society | 9 |
Lephata le tshwere dithuto | Baeteledi pele ba tshwanelwa ke go tswa ka mananeo a a tiileng go lwantsha tshenyetso setshaba. Fa a bua mo phuthegong ya ditlhogo tsa mafatshe a selekana tsa maphata a twantsho tshenyetso setshaba bosheng, mokwaledi mo lephateng la tsa mafatshe a sele , Rre Lapologang Lekoa o boletse gore dirukutlhi di tsaya nako e ntsi gammogo le ditsompelo go tswa ka maano a a kgatlhanong le mananeo a tshenyetso setshaba , ka jalo baeteledi pele ba tshwanetse go tswelela ka go tokafatsa mananeo a bone go lepalepana le seemo seo. Rre Lekoa a re tshenyetso setshaba ga e kake ya kgonwa ke lefatshe lepe le nosi ka jalo go tlhokana le gore mafatshe a tshwaragane go e lwantsha. O rotloeditse baeteledi pele ba maphata a twantsho tshenyetso setshaba go tswelela ba nonotsha tirisano mmogo ya bone gore ba kgone go thusana fa go tlhokafala. A re lefelo la twantsho tshenyetso setshaba la mafatshe a selekano le rutuntsha babereki ba maphata ao mo dilong tse di farologaneng di akaretsa go tlhotlhomisa, go sekisa, go ruta setshaba, go lwantsha borukutlhi, go lebelela le go kanoka botsamaisi. Mogolwane wa mafatshe a selekano, Rre Roger Korateng o boletse fa maikaelelo a CAACC ele go tokafatsa le go tiisa tirisano mmogo mo kgaolong ya selekano gammogo le go dira dipatlisiso le melao. O tsweletse a re lefelo le ntsha baithuti ba ba ka kgonang go supa dikitso tse ba di anyileng ka go ntsha dipego gore go kgonwe go fetela kwa legatong le le latelang. Go solofetswe gore kwa bofelong jwa thuto puisano e, batsaya karolo ba itshekatsheke mme ba tswe ka mananeo a a maleba go dirisa se ba se ithutileng. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Morwamosu o tlhaelelwa ke bodiredi | Banni ba Morwamosu mo kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone o na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo Rre Russian Gakeolope o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi. A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodisi a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise. A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise. Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba. A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo. Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko. A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa ba ka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko. O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. | politics | 7 |
Methale e mesha ya temo e na le dipoelo - Molebatsi | Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go inaakanya le methale e mesha ya temo ka e ka ba sologela molemo. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Molebatsi o supile fa dikgatlhego tsa gagwe di itebagantse thata le go tlhabolola botshelo jwa motho. O tlhalositse fa phetogo ya loapi e kokonela balemi barui, ka jalo a tlhalosa fa temo ya nosetso le bojanala di le bogadi bo gaufi. Rre Molebatsi a re Batswana ba tshwanetse go fetola ka fa ba akanyang ka teng, mme ba dirise methale e mesha ya temo. O rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go ipopa ditlhophana gore ba kgone go tsaya mananeo a puso go itshimololela dikgwebo. Mopalamente Molebatsi o solofeditse go ema nokeng banni ba metse eo gore e re mo nakong e e tlang ditswa temong di bo di rekwa kwa Mmadinare. O ne a supa fa metse e mebedi eo, e dikaganyeditswe ke makhubu a a ka tlhabololwang go okela bajanala kwa metseng ya bone, selo se se ka ba tlhamelang mebereko le go tsenya madi. Le fa gontse jalo, kgosi wa Mogapi, Rre Boago Monnawapula o ne a kopa mopalamente gore e re mo nakong e e tlang a laletse lephata la tshomarelo tikologo le dikgwa go etela motse wa bone. Kgosi Monnawapula a re barui ba kgaolo ya gagwe ga ba sa tlhole ba rekisa dikgomo ka lebaka la bolwetse jwa mabele. A re se se bakilwe ke batho ba ba bapalang phane go tswa kwa mafelong a a kgakala, ba ba thibelelang kwa nageng kwa go senang matlo a boitiketso teng. A re se se tsenya matshelo a batho ba tikologo eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse ka go ithomelwa gongwe le gonwe le go tlogela matlakala a e reng a kgotlela tikologo. Sub Inspector Tebogo Ramoshebi wa Mogapinyana o supile fa mapodisi a sa robatswe ke majalwa a a nowang mo motseng oo ka jaana dititeo le dipetelelo di diragala go ne koo. Rre Ramoshebi o ne a supa fa go simolola ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o fetileng, go tsena mono ngwaga ba setse ba kwadisitse dikgang di feta lekgolo tse di akaretsang go betsa mo go bakang dikgolo, fa tse tlhano e le tsa petelelo ya bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome le bongwe. Sub Inspector Ramoshebi o supile fa batsadi ba apaya majalwa mme ba a rekisa pele ga nako e e beilweng, a ba tlhagisa fa se e le go tlola molao. O supile fa bojalwa jwa setswana bo tshwanetse go simolola go rekisiwa ka nako ya lesome mo mosong go ya go tsena ka nako ya borobabobedi bosigo. Mokhanselara wa Mogapinyana Rre Asala Masheleng o ne a supa fa khamphane ya Metal Works, e ne e dira sentle mo e neng e tlhametse banana ba motse ditiro mme mo nakong ya gompieno e phuphame. Rre Masheleng a re o itlama go bereka le mopalamente le baeteledipele ba ba fetileng go bona gore khamphane eo e tsweledisa fa e neng e eme teng. | society | 9 |
Baopedi ba itshwaraganya go nyeletsa lehuma | E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, baopedi ba mono gae le bone ba bone go tshwanela gore ba thuse puso mo ntweng ya go fedisa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng ka go ba abela dijo. Rre Percy Mothibi yo e leng ene a di gogang kwa tlhogong mo tirong e, o tlhaloseditse BOPA mo maitisong a mmino a a neng a tshwerwe kwa Palapye bosheng gore jaaka baopedi le baletsi ba mono gae ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe mo go nyeletseng lehuma. A re tiro e e tshwaraganetswe ke Batswana ka bontsi ba ba mo mererong ya mmino le itloso bodutu ka go nna ba phuthagana ba bo ba letsa kgotsa ba bina go sa tsenwe ka madi mme babogedi ba lopiwa gore ba ntshe dijo di tshwana le sukiri, phaleche kapa kofi. Rre Mothibi o tlhalositse gore fa e sale itsholelo ya lefatshe e ya kwa tlase batho ka bontsi ba ne ba ntshiwa mo mophakong wa dijo wa puso mme ba sa kgone go itshetsa ka jalo ba leka go thusa batho ba mohuta oo. O tsweletse ka go tlhalosa gore fa ba sena go amogela dijo tseo, ba ikopanya le ba boipelego mo lefelong le ba a bo ba tshwaretse tiro eo mo go lone ka jaana bone ba itse gore ke bo mang ba ba tlhokang thuso thata. O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke gore ba tsamae lefatshe ka bophara ba kopa dithuso tsa mohuta o, a tlatsa ka gore ba simolotse tiro e kwa Gaborone mme ba bona katlego e kgolo fela thata. O ikuetse mo Batswaneng go tsibogela kopo e mme ba tlise dijo ka bontsi.BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Mapodisi a Werda ga jesiwe diwelang ke dipetelelo | Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Momopoloki Ramatsia, a re ga ba jesiwe diwelang ke dipetelelo tse di kekelang kwa kgaolong eo. O buile se mo potsolosong bosheng morago ga gore ba begelwe ditiragalo tse pedi tse di diragetseng kwa Mokopong. Supt Ramatsia o tlhalositse fa mo tiragalong e nngwe, monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe a beteletseng mme wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe kgwedi ee fetileng e ya fifing. A re mmelaelwa ga mmogo le mme yoo le mokapelo wa gagwe ba ne ba tswa maitisong ka nako ya boferabongwe bosigo, mme mokapelo wa mme yoo a kgaogana le bone go itlhaganela golo gongwe kwa o neng a bidiwa teng mme morago mmelaelwa a phamola mme yoo a mmetelela. Mo tiragalong ya bobedi, Supt Ramatsia a re ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi a beteletsweng ke borre bangwe ba babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa teng. Mookamela mapodisi a re mme yoo o ne a tlhaselwa ke dilalome tseo ka nako ya lesome le bobedi bosigogare kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi fa a tswa maitisong. O ne a tlhalosa fa babelaelwa ba le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong, mme morago ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. Rre Ramatsia o ne a supa fa mapodisi a gatisitse dikgang tsa petelelo di le nne fa e sa le ngwaga ono o simologa, fa ka ngwaga oo fetileng ka Sedimonthole ba begetswe tse tharo palo e a supileng e le kwa godimo thata. O ne a gakolola borre go ikgapha mo go beteleleng bomme, a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsamaya a sa boife sepe. Mo go tse dingwe, Supt. Ramatsia o boletse fa mo tiragalong e nngwe baratani bangwe ba ba tlholegang kwa Afrika Borwa ba ne ba tshwarwa ba leka go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong . Supt Ramatsia o boletse fa ba ne ba atlholelwa go tlhoka go tsena mo kgorwaneng ya molelwane. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa monna mongwe wa Draaihoek a neng a tlolela koloi ya mapodisi e ntse e tsamaya, a bolela fa mapodisi ba ne ba tshwara monna yoo, mme ba fitlhela mophuthwalana o go belaeseng e le setlhatshana sa motokwane. A re ba rometse setlhatshana seo go ya go tlhatlhojwa ke bomaitseanape, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Supt. Ramatsia o ne a kopa setshaba go ba loma tsebe mabapi le bangwe ba ba inaakantseng le thekiso ya motekwane ka e le molato, ebile o sa siamela le jone botsogo jwa motho. | crime_law_and_justice | 1 |
A e nne modiga | Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re puso e boetse morago tshwetso ya go tlhoka go lemoga Kgosi Kgafela II jaaka kgosi wa Bakgatla. Tshwetso eo e ne e tserwe ka 2011. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi maabane, Tautona Masisi o ne a re go fetola mogopolo mo, go direlwa go tsisa kagiso le kutlwisisanyo mo Batswaneng. Tautona Masisi o tlhalositse gore e rile a tsaya botautona o ne a itlama go fedisa kgogagogano ya puso le Bakgatla. “Ke ne ka itlama gore ga nkitla ke ikhutsa go fitlhelela Kgosi Kgafela a boela mo Botswana, mme se ke nngwe ya dikgato tsa puso e ke e eteletseng pele, go bona gore ke etelela setshaba se se bopaganeng,” Dr Masisi a tlhalosa. O ne a supa gore ka e le ngwana wa Motswana e bile a na le motsadi, go thona gore o ka leka go itlhokomolosa botlhoko jo bo mo pelong ya ga Mohumagadi Mma Seingwaeng. Tautona Masisi a re go matshwanedi gore re le batho re itshwarelane, mme boitshwarelo jo bo tshwanetse go tswa mo pelong. “Bana ba motho ba a tle ba ngapane le gone go tlhoka kutlwisisanyo, mme se se salang, re bana ba motho,” ga bua jalo Dr Masisi. O supile gore tshwetso e ga se ya go ithatisa Bakgatla, mme ke morero o o sa bolong go rerwa jaanong ke nako ya go agisanyanya puso le Bakgatla. Tautona Masisi o ne a solofetsa Bakgatla gore e tlaa re letsatsi la maabane le ise le wele, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westhuizen a bo a dirile mokwalo wa go konotelela tshwetso e. Tautona Masisi o bile a kgothatsa Bakgatla go ilela bogosi jwa bone. Tautona Masisi a re maikaelelo a gagwe ke go busa setshaba se se bopaganeng, e bile se akantshana le go phadisana ka megopolo, mme sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molaong. “Se le tshwanetseng go se tlhaloganya ke gore maemo a botautona ga se maselamose, sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molao-motheong,” ga rialo Tautona Masisi. A re sebe sa phiri ke gore madi a kago ya kokelo ga a a lekana, mme ka puso e le fa gare ga tshekatsheko ya ditlhabololo tsa ditoga-maano tsa lesome le bongwe, go tlaa lebelelwa gore letlhoko le kae mme go kopiwe madi a go diragatsa maitlamo ao. Tautona Masisi a re ka e bile a ipela ka puso ya batho ka batho le morero, o kopile Bakgatla go rera ditlhabololo tse ba di tlhokang mo kgaolong ya bone, le go di tlhomaganya ka botlhokwa jwa tsone. O ne a supa fa a swabisistwe ke tshwetso ya palamente bosheng ya go gana go rebola madi a go aga ditlamelo tsa go tsaya metsi kwa didibeng tsa Masama go nosa metse e e dikologileng toropo-kgolo Gaborone. A re sengwe le sengwe se dirilwe ka fa molaong le gore ene le khuduthamaga ya matona ba ne ba sa itse le yone kompone e e tlaa fiwang tiro. Tautona Masisi a re go supa gore o tsepame mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, o ganne go dirisa dithata tsa gagwe tsa botautona go pateletsa gore tiro e e dirwe le fa palamente e ganne ka P900 million. “Le sone sepatela se re batlang go se aga mo Kgatleng, se tsile go tlhoka metsi a a phepa gore se bereke sentle,” a rialo. A re ditshekatsheko di supile fa metsi a tsile go tlhaela mo metseng e e gaofi le Gaborone. “Lebaka le lengwe le le dirileng gore re batle go aga diphaephe tse di itebagantseng le didiba tsa Masama ke gore baitseanape ba supile go se botlhale go tlhakanya metsi a didiba tse le a North South Carrier 1 ka a le phepa go feta a letamo, mo go feletsang go dira gore go nne turu go a tlhatswa gape otlhe,” ga rialo Tautona Masisi. Tautona Masisi o ne a patilwe ke mohumagadi wa gagwe Mme Neo Masisi, mme ba ne ba abela Bakgatla dikobo di le makgolo a mararo le masome a marataro. Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o ne a re o itumeletse dipalo tsa Bakgatla ba ba tshologileng tautona mokgosi. BOPA | politics | 7 |
Monna o thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong | Mapodise a Takatokwane a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa Molepolole go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi mongwe wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Mogolwane wa mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, a re rre yoo, yo go bolelwang e ne e le mokapelo wa moswi, ke ene a bonweng la bofelo a na le ene. Superintendent Maraganyane o boletse fa ba begetswe fa mme yoo a sa bonwe mme ba tabogela kwa motseng wa Salajwe go ya go thusana le morafe go mmatla. A re mo letsholong la bone la go mmatla, ba ne ba fitlhela masalela a motho kwa ntlwaneng ya boitiketso kwa mabitleng a motse oo, mme ba masika ba netefatsa fa diaparo tse di fitlhetsweng e le tsa mosetsana yoo. Rre Maraganyane a re ba ne ba bitsa ba bongaka go tla go tlhatlhoba setopo mme ba boloka moswi lone letsatsi leo ka a ne a setse a senyegile, a tlatsa ka gore rre yoo o ne a tshwarwa le ene ka lone letsatsi leo kwa Gabane. Superintendent Maraganyane a re batsadi ba mosetsana yoo ba supile fa ba tsere lebaka go begela mapodise fa mme yoo a sa bonale, ka ba ne ba tsaya gore o ile ditsela tsa gagwe mme o tla boa. Rre Maraganyane o ne a gakolola batho gore ba tlhokomele bana ba bone ga mmogo le bagodi ka jaana dipula dile dintsi e bile e le nako ya go bapala maungo a naga, selo se a reng gantsi se baka gore batho ba timele. A re bosheng ba ne ba begelwa batho bale bane ba ba neng ba timetse ka malatsi a a farologanyeng kwa Kaudwane, mme a re ka lesego botlhe bane ba bonwa ba tshela. Bokhutlo | crime_law_and_justice | 1 |
Banni ba akola Ipelegeng | Banni ba kgotlana ya ga Kebuang mo Kanye bokone ba boleletse mopalamente wa bone Rre Kentse Rammidi bosheng fa ba kgonne go tsweledisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone ba dirisa lenaneo la Ipelegeng. Ba boletse se mo phuthegong ya kgotla e Mopalamente a neng a e biditse mo kgotlaneng ya bone ka Labone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa ga-Kebuang/Seno mme Kopano Pasela o boletse fa ba kgonne go dira ditiro di le mmalwa ka lenaneo la Ipelegeng di akaretsa kago ya loobo lwa kgotla, go epa matamo le go a agelela kwa Phokojeng, Mmasenyetse le goora-Seno. Mme Pasela le fa go ntse jalo, o ngongoregile ka seemo sa ditsela mo ga-Kebuang a re ke matlhotlha pelo fela mme a kopa Mopalamente wa bone gore a eme ka dinao go lwantsha dilelo tsa bone pele ga ditlhopho. O ne a kopa mopalamente gape go latedisa se eleng boammaaruri ka dikgang tse ba di utlwalelang tsa gore batho kwa goora-Seno ba gana go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba ka ba re ga ba tlhaloganye seemo sa motsana wa bone mabapi le kgang ya bo maipaafela gore a ba tlaa bewa semmuso kgotsa go thubelwa. E rile Rre Rammidi a tsibogela tekodiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, a tswa pounama ka go supa fa a utlwa selelo sa bone se se ngomolang pelo mabapi le ditsela; a re bothata ke gore madi ga a yo ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo mme a ba bolelela gore ga a na go swa lentswe go bua ka tsone. A re o ka tswa a sa ba lekole mo go ba kgotsofatsang mme e se go rata ga gagwe e le go tshwarwa ke ditiro tse dingwe tsa puso, bogolo jang komiti ya Palamente ya madi e a leng leloko la yone. O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a bitse phuthego ya kgotla kwa goora-Seno mme o tlaa kopa banni bao go ikwadisetsa ditlhopho ba ntse ba letile karabo, e sere gongwe ba fitlhela ba ithontshitse go itlhophela baemedi. Banni ba ga-Kebuang le bone fela jalo Rre Rammidi o ba kgothaditse go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi gore e re ngwaga o o tlang ba kgone go itlhophela baemedi ba ba ba ratang. O ne gape a kopa banni bao go rapelela pula gore lefatshe le nne le metsi ka e le one botshelo. Fa a tsibogela kgang ya matamo a a epilweng ebile a ageletswe ka lenaneo la Ipelegeng, o ne a lebogela banni seo mme a ba kopa go sekaseka gaufi le one gore a ga go kake ga dirwa masimo teng; a re o ka ipha matsapa go kopana le ba kabo ditsha le ba ofisi ya banana go thusa bana bao ba ipopile setlhopha gore ba leme merogo go itshetsa. Rammidi gape o ba lekodisitse fa Palamente e fitisitse molao o o dirisanyang le ditsheko, a re ka molao o, puso e tlaabo e thusa ba ba sa kgoneng go ithekela diagente mo dikgannyeng tsa bone tse di amanang le borukutlhi, a tlhalosa fa lenaneo le le tlaa bo le tsamaisiwa ke ba makgotlana a ditshwanelo a tshwana le BONELA le Ditshwanelo. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Seemo sa ditsela se a tlhobaetsa | Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga Kumakwane Rre Tshenolo Mabeo a re seemo sa ditsela mo kgaolong ya gagwe ga se jese diwelang. Mopalamente o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Labobedi ko Kotolaname e le nngwe ya diphuthego tse a di buisang go lekola kgaolo. A re fa e sale dipula tsa ngogola tse di neleng ka bokete, ditsela tseo ga di ise di gopiwe mme di le mo seemong se se tlhobaetsang. A re le fa go ntse jalo, ga a kitla a ipona tsapa lepe le go leka go bona gore seemo se boela mannong ka a re o tlaa ikgolaganya le ba lephata la ditsela go tsibogela seemo seo. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Olebogeng Mabiletsa a lebogela gore ntlo ya molemisi e a fela ka go ne go sena fa a bayang tlhogo teng. O bile a lebogela gore motse wa Kotolaname o goketswe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsanyo jaanong le bone ba kgona go tlhaeletsanya le ba masika le ditsala motlhofo ka megala ya letheka. Le fa gontse jalo o kaile fa ditiro tse di ntsheditsweng madi tsa dikgaolo tsa botlhophi di saletse ko morago ebile go se epe e e simolotseng a tlatsa ka gore ba aperwe ke lenyora le ntswa metsi a le teng mo motseng ka lebaka la gore dipompo di sa le di senyega mme go pala fela gore di baakanngwe. Banni ba motse le bone ba nnile le sebaka sa go akgela. Rre Onalenna Chabadiile a re o tshwenngwa ke gore ngwaga le ngwaga gatwe ba rekele bana dibuka mme ba tswa mo malatsing a boitapoloso a gantsi go dirisiwang madi ka bokete. Rre Manthe ene o kopile puso go sekegela balemi ba ba lemang ka temo ya komelelo segolo bogolo balemi ba ba fatlhogang ka ba dikile ba wetswe ke seru sa leuba ngwaga o o fetileng ka lebaka la gore ga ba a tswa ka sepe mo masimong ka ntlha ya pula e e neng e fetile selekanyo. A re seemo se, se ya go gakala gape monongwaga ka go lebega dipula tsa monongwaga di le boutsana. Kopa puso gore e ba gadime ka gore ba tsere dithuso tsa madi mo dibankeng mme ka ba sa kgona go rekisa ba setse ba gotlhagotlhana le dibanka. Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, mopalamente Mabeo o ne a supa fa puso e tsibogetse matshwenyego a dikole. A re go laetswe ba lephata la tsa madi gore go ntshiwe madi seemo se boele mannong. Mabeo o bile gape a tsibosa fa go na le thulaganyo ya go fokoletsa balemi merokotso mo mading a ba a adimileng fa go setse go rurifaditswe gore ngwaga ke wa leuba. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Ngwana o tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe | Maloko a komiti e e sireletsang le go lwantsha dikgwetlho tsa bana le setshaba ka kakaretso, ba kopilwe go netefatsa gore a bana ba tshela sentle e bile ba sireletsegile ka dinako tsotlhe. Mafoko a a builwe ke mmaboipelego wa khansele ya Tsabong, Mme Nametsegang Peloyame, kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe bosheng. O ne a tlhalosa fa molao o o sireletsang bana wa ngwaga wa 2009, o tlhalosa gore ngwana mongwe le mongweo tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le gore a utlwe bothito jwa lorato la bone le fa ba sa tlhole ba le mmogo. Mme Peloyame o ne a tlhalosa le gore bana ba tshwanetse go akarediwa mo mererong ya selegae le go gakolola batsadi, go tsaya boikarabelo ba sa le bannye ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. Mme Toto o ne a supa batsadi bangwe ba a reng ba gataka ditshwanelo tsa bana ka gantsi ba di loba fa tse dingwe ba felela ba tsholotse dikgetse tsa mofuta oo, ba lebile gore ba tlaa atswiwa ka sengwe, a supa fa go dira jalo go sa siama ka ngwana ene a felela ka go tshela ka botlhoko mo pelong ya gagwe botshelo jotlhe. Kwa bofelong jwa dithuto tse, ba komiti e e bopilweng ka maphata a puso a a dirisanang le bana, e ne ya supa ba itlamile go leka ka bojotlhe go tlhomamisa gore a bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba sereletsgile ka go ba lekola nako le nako mo metseng e e farologanyeng. Bokhutlo | society | 9 |
Ba rotloediwa go dirisa matlhophelo a masha | Lephata la metsi le le direlang ka fa tlase ga tsamaiso ya tsa merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe kwa Tsabong le ne la abela komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya Bokspits dithoto bosheng. Mo kabong dimpho e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo bosheng, Rre Force Ramasuswana o tlhalositse fa lephata la bone le ne le na le tiro ya go gokela sediba se sesha se mo motseng wa Bokspits mme ba bona go le botlhokwa gore ba abele komiti ya motse oo ya ditlhabololo dithoto tse ba neng ba di dirisa. Moeteledipele wa lephata la metsi o tlhalosa fa dithoto tsa teng di ne di akaretsa sesupaditshwantso, setsidifatsi le sefetlha phefo. Dithoto tseo ke tse di neng di dirisiwa ke mogolwane wa kompone e ba neng ba e file tiro kwa motseng oo gore e gokele sediba. A re ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba abele VDC dithoto tseo gore ba nonotshe kgweebo ya bone ya boroko. O tlhalositse gape gore lebaka le lengwe ke go nonotsha tomagano ya bone e le lephata la metsi le komiti ya ditlhabololo le morafe ka kakaretso. Rre Ramasuswana o wetse ka go rotloetsa VDC le morafe gore ba tswelele ba tshwaragane le lephata, a supa fa ba dirisana sentle le beng ba di kompone tse di fiwang ditiro mo motseng. Rre Ramasuswana o ne a akgola morafe wa Bokspits go bo o thusitse ka dilo tse dintsi ka nako ya fa tiro e dirwa, a supa fa dingwe mo go tsone e le gone go ba ha boroko ko matlong a baeng a VDC. O tlhalosa gore e re le ntswa ba ise ba role sediba semmuso, se setse se bereka e bile metsi a sone a setse a nowa ke bangwe banni ba motse. Rre Ramasuswana o supile fa a itumetse ka tiro e diragaditswe jaaka ba ne ba eleditse, e bile go tokohaditse seemo sa boroko mo matlong a komiti ya motse le metsi mo motseng. O tlhalositse fa tiro e e simolotse ka Tlhakole go fitlha ka ya mopitlo mme ya fediwa ka kgwedi ya seetebosigo mono ngwaga. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Mme Lydia Rautenbach o ne a leboga ba lephata la metsi le ba kompone e e neng e neetswe tiro go bo ba weditse tiro go sena dikgogakgogano. O ne a kopa Rre Ramasuswana go fetisetsa malebo a morafe ko go tona wa Lephata a tlatsa ka gore ba komiti ya ditlhabololo ba na ba nale seabe se se tona mo tirong eo. BOKHUTLHO | politics | 7 |
Ba-na-le bogole ba rotloediwa go nna le seabe mo ditlhophong | Ba-na-le bogole ba kgaolo potlana ya Boteti ba kgothaditswe go nna le seabe mo tsamaisong ya ditlhopho. Kgothatso e e ntshitswe ke mogolwane wa IEC, Mme Thabang Tlhase kwa thutopuisanyong ya ba-na-le bogole mo Letlhakane bosheng. A re maikaelelo a thutopuisanyo ke go rotloetsa ba-na-le bogole go emela ditlhopho gore ba nne baeteledipele. A re fa e le baeteledi pele ba tlaa kgona gore lentswe la bone le utlwale fa ba bua ka dikgwetlho tsa bone. O ne gape a re maikaelelo ke go ba kopanya gore ba amogane maele ba bo ba age ba bangwe gore ba kgone go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo. Mme Tlhase a re maikaelelo ke gore kwa bofelong ba bo ba na le nonofo ya go ka emela ditlhopho gammogo le go ka tsaya maemo a boeteledipele. A re go tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopho go raya dilo di le dintsi, gase kgang ya go tlhopha fela. A re go ka raya go ikwadisa o le ntlhopheng, go ipapaletsa ditlhopho gammogo le go nna moeteledipele. A re mo tsamisong ya mafatshefatshe ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go tsenelela merero yotlhe ya polotiki, a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo go santse go le thata gore ba bone tshwanelo eo. Mme Tlhase o ba tlhaloseditse ka tiro ya makhanselara le mapalamente e a reng e itebagantse le dikgaolo tsa botlhophi, ka jalo a re batlhophi ba tshwanetse go netefatsa gore ba diragatsa ditsholofetso tsa bone. O ne gape a ba lemotsha ka dipaakanyo dingwe tse di dirilweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho gammogo le thulaganyo ya matshine o o tlhophisang. Rre Galeragwe a re ba ipope ditlhopha gore lentswe la bone le utlwale. A re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le na le sebaka sa go sekaseka morago ga ditlhopho gore di tsamaile jang le gore go ka baakangwa fa kae. O ne a ba kgothatsa go emela ditlhopho a re ba seka ba inyatsa ka gore ba na le bokgoni jaaka mongwe le mongwe. BOKHUTLO | politics | 7 |
Seemo sa metsi gase itumedise makhanselara | Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke seemo sa metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya Water Utilities di tshwenya thata. Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa sa kgotsofalele tsamaiso ya khamphani ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo tse di kwa godimo le tsibogo ya go baakanya dipompo tse di thubegileng. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware Rre Ontatlhole Selatlho o supile a tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele tlhaelo ya metsi le go begela dipompo tse di senyegileng mo kgaolong ya gwagwe. O ne gape a supa asa itumelele botho jwa bangwe b aba thapilweng ke kompone eo ka ba kgona go tsena mo malwapeng a batho bas a ba dumedise mme ba tlhamalele kwa di pompon go tsaya dipalo tsa dimmithara. Fa a buisa Khansele mogolwane wa kompone eo Rre Seabe Mabua o tlhaloseditse makhanselara fa ban a le matshwenyego a tshwana le gore didiba tse dingwe tse di nosang metse di a kgala. O ne a fa sekai ka sediba sa Khudumelapye a supa fa se ntsha metsi a a kwa tlase mme a supa fa ba le mo patlong ya didiba tse di ka thusang go nosa fa tse dingwe di fela metsi. Rre Mabua one gape a supa fa ban a le dikgwetlho di tshwana le go utswiwa ga leokwane kwa didibeng tse di kgakala le metse.One gape a supa gape fa ba tshwenngwa ke batho b aba nosang leruo metsi a sechaba. O supile gape fa kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa e kgoreletsa go tswa ga metsi kwa didibeng tse di gokeletsweng motlakase. O tlhalositse fa ba fetola dipompo tsa sechaba gore go dirisiwe tsa maranyane tse go nowang ka dikarata.Mokhanselara wa Khudumelapye-Sesung Rre Bokopano Tumiso one a kopa gore go potlakelwe seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Khudumelapye. Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Letlhakeng Borwa Mme Stella Segwagwa one a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela tsa mo motseng tsa Letlhakeng ka di saletse morago ka malatsi a masome marataro le bobedi. O ne gape a supa a a itumelele gobo kompone ywa Water Utilities e sa tsibogele seemo sa kgopo ya metsi a a leswe ka bonako. BOKHUTLO | politics | 7 |
Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo | Mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Fidelis Molao o tlhalositse fa kwelo tlase ya maduo mo baithuting lefatshe leno ka bophara e sa jese diwelang. Mothusa tona o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Gabane. Rre Molao a re batsadi ba itlhokomolositse thuto ya bana ba bone, mme se se tsala gore bana ba nne maoto a tshupa mo thutong ya bone go bo go feletsa go tsala mekgwa e e maswe mo baneng. O ne a tswelela ka gore batsadi ga ba a tshwanela go emela go bilediwa tshenyo ya bana kwa dikoleng mme ba tshwanetse go etela dikole go utlwa ka itekodiso ya bana. A re barutabana ka bonosi ba ka se kgone go aga baithuti. Mothusa tona o ne a tswelela a re bokamoso jwa baithuti ke jone bokamoso jwa lefatshe leno, a bo a tlhalosa fa go le botlhokwa go aga babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo. O ne a tswelelela a tshwaya phoso, batsadi ba ba rekisetsang baithuti nnotagi, motokwane le ditagi tse dingwe, a re seo se diphatsa mo baneng. Rre Molao a re seemo se, se tsala mekgwa e e maswe mo baithuting e bile gape se ba tlhorontsha mo go tsa thuto. O supile gore maduo a baithuti a wela kwa tlase ka gore nnotagi e tlhasetse mo baneng, mme batsadi ba ikgatholositse ntlha eo, ba beile morwalo mo barutabaneng. Mopalamente wa Gabane-Mmankgodi Major General Pius Mokgware, o ne a kopa puso go lebelela mabaka a pereko a barutabana. A re barutabana ba kgona go bereka lobaka lo lo leele ba sa tlhatlosiwe maemo, mme se se ba kgoba marapo e bile se ka ama le go ntsha maduo ga bone. E rile a bua la gagwe, Kgosi Seeletso Pule wa Gabane, a tlhalosa fa thuto e tshwanetse ya tshwaraganelwa ka e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a bana. | education | 4 |
Setshaba se kopiwa go ema Tautona Masisi nokeng | Moemela dikgosi tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Moeti Monyamane, o gwetlhile setshaba go ema Tautona Dr Mokgweetsi Masisi nokeng gore a kgone go fitlhelela dikeletso tse a di beileng setshaba pele. O buile se mo potsolotsong morago ga go lebelela tiragalo ya go ikanisiwa ga ga Tautona Masisi ka Labotlhano. Kgosi Monyamane o ne a lebogela thulaganyo ya go phatlalatsa kgaso ya go ikanisiwa ga ga tautona mo maranyaneng le ntswa a re go ne go sa lekana ka jaana ba metse e e kgakala le ditlamelo mo tikologong ya Hukuntsi ba sa bona sebaka seo. A re le ntswa e ne e le maiteko a ntlha, keletso ke gore mo dingwageng tse di tlang, go atolosiwe ditirelo tsa phatlalatso eo. Le fa go le jalo, Kgosi Monyamane a re dikeletso tseo, ga di ame puso e le nosi, ka jaana di tlhoka gore setshaba se nne bontlha bongwe jo bo thusang go diragatsa maikaeleo a puso mo dikgaolwaneng tsa bone. A re seo, se ka kgonagala fa botlhe ba ba nnileng lesego ka go bona dithuso tsa madi go simolodisa dikgwebo go dira ka natla go di bapatsa. A re go katologa ga dikgwebo tsa bone go ka ba kgontshan go thapa banana ba ba kailang mo mebileng ka ntata ya go tlhoka go tsenya diatla gope. le fa go le jalo, o ne a gwetlha banana go emisa mokgwa wa go neela tshwene marapo ba lebile goromente gore a ba thape, a ba gwetlha go tlhagafalela mananeo a ba a neelwang go a dirisa ka fa tshwanelong gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone, imolola puso morwalo. O ne gape a gwetlha banni ba dikgaolo go netefatsa gore ba tsosolosa mowa wa boipelego ka go tsosolola dithulaganyo tsa ngwao jaaka melaletsa. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa lefatshe leno le bopilwe ka diphathi tsa sepolotiki tse di farologanyeng, mme a gwetlha setshaba go seke se letlelela dipharologanyo tseo go ba tsenya phefo ka jaana a re seo, se tla a kgoreletsa ledula le lefatshe leno le tumileng ka lone. Fa a tswa la gagwe, Mookamela ofisi ya Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) kwa Hukuntsi, Rre Tuelo Rabaloi, o ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi Bokone e le nngwe ya dikgaolo tse di gateletsweng mo go tsa itsholelo, le fa a re bontsi bo santse bo ikaegile ka thuo ya leruo e a supileng fa le yone e sa nametse. A re nako e gorogile ya gore ba bofe ditlhako ba kope dithuso kwa diofising tsa bone go tlhabolola thuo ya bone go nna ya boleng jo bo rileng jo bo ka phadisanyang kwa mebarakeng e e farologanyeng. A re le ntswa kgaolo eno, e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le ya letlhoko la metsi le phulo, o ne a ba gwetlha go inaakanya le go tswakanya mohama wa temo thuo ka go tla ka methale e mesha jaaka go lema manoko le dinawa tse ka tsone a tlhalositseng fa dipatlisiso di supa fa di kgona go emelana le diemo tsa loapi la kgaolo. O ne a tlatsa ka gore ba ka sekaseka le gone go ka simolodisa madirelo a a itebagantseng le go dira metswako ka di bapalwa nageng tse di bonwang mo kgaolong ya bone a re seo, se ka thusa mo go tsosoloseng itsholelelo ya kgaolo. Rre Gift Masake wa Hukuntsi, o ne a lebogela phatlalatso ya ikananiso ya ga Tautona ka maranyane. A re mo dingwageng tse di fetileng, ba ntse ba itse fa tiro eo e le ya Gaborone hela. O ne a supa fa ba eletsa fa puso e ka tsibogela dikgang tsa letlhoko la metsi mo kgaolong ya Kgalagadi ka jaana ba tshelela mo lenyoreng ga mmogo le leruo la bone. O ne a supa gape fa maduo a thuto mo kgaolong a sa jese diwelang, ka jalo a kopa gore puso e tsibogele kgang ya go simolodisa dithuto tsa di teme tsa merafe, a re seo, se ka fetola seemo sa thuto mo dikgaolong tsa bone. Mo go tse dingwe o ne a lela ka tlhaelo ya lefatshe a supa fa mo kgaolong ya bone, mafelo a diphologolo a seegetswe sekidi se segolwane thata, ka jaana gape a atamalane thata le mafelo a bonno a re seo, se felela se baka kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo. O ne a kopa puso go tsibogela kgang ya go atolosa mafelo a diphologolo le bonno go bipa seemo sa dikgotlhang. BOKHUTLO | society | 9 |
Lephata le lwantsha kgokgontsho | Ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao, ba kgaolo potlana ya Tutume ba ne ba tshwere dikgaisano tsa bodiragatsi jwa dikhwaere, poko le mmino wa setso ka matlhatso, mo kgotleng potlana ya Thini. Metshameko eo e ne e kopantse banana ba dikgaolo tsa Tutume, Goshwe, Matobo le Nswazwi, ka setlhogo se se reng, Kemiso kgokgontsho ya bomme le bana. E rile a amogela batsaya karolo, Kgosi Billy Thini a tlhalosa fa a leboga go menagane, e bile a ikutlwa a le motlotlo thata gobo ba lephata la banana metshameko le ngwao ba bone go le maleba go tshwarela dikgaisano tsa mofuta oo mo kgotleng ya gagwe. Ka letsatsi leo, mogolwane wa Lephata la Bodiragatsi, Mme Bonolo Kamakama, o boletse fa batshereganyi ba ba tsileng, ba tswa kwa Tonota Borwa; mo e le maiteko a go tsamaisa dikgaisano ka thelelo go tila tsietso kana tlhoka kutlwisisano. Mme Kamakama o tlhalositse fa maikaelelo le maikemisetso a metshameko e e le go leka go ntsha banana mo mekgwatlheng, le go ba rotloetsa mo go tsa ngwao. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go thubega ga ditlhopha fa ba sena go tsaya dikatso, ka gore bontsi jwa sebaka madi a ga a kgaoganwe sentle. Le fa go ntse jalo, one a kopa banana go dirisa madi a ba a tsayang go tlhabolola ditlhopha tsa bone, e seng go a lwela. O ne gape a gatelela thata ntlha ya gore nnotagi ga e letlelelwe kwa metshamekong e. Mongwe wa batshereganyi e ne ele Rre Kabo Keitheng, mofenyi wa metlae mo dikgaisanong tsa ga tautona tsa Botswana jotlhe, monongwaga. O rotloeditse banana go tsaya dikgaisano tseo ka tlhwaafalo ka di ka ba isa golo gongwe. BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
ESP e araba selelo sa Manxotai | Kgosi Opelo Mokgadi wa Manxotai mo kgaolong potlana ya Tutume o boletse fa kgwetlho e e ntseng e ba lebane ya letlhoko la diofisi mo kgotleng ya motse oo e arabilwe. O buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go agwa ga diofisi tse ke tlhabololo e ba sa tswang go e amogela bosheng ka lenaneo la go rudisa itsholelo. Kgosi Mokgadi o supile fa tiro ya go agwa ga diofisi tseo e simolotswe kgwedi e e fetileng mme e solofetswe go wediwa ka kgwedi ya Ngwanaatsele mo ngwageng ono mme a tlatsa ka go supa fa tiro eo e abetswe rakonteraka wa monana e bile e na le motlhala o o kgotsofatsang. A re se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore tlhatlhobololo ya tiro eo e dirwa ke baitseanape ba dikago gape e dirwa gangwe le gape go netefatsa fa tsotlhe di apere tshiamo. Kgosi Mokgadi o gateletse botlhokwa jwa gore ba ba lebanweng ke tiro eo ba tshwanelwa ke go e dira ba tsentse moko mo nameng. A re ntle le go nna tlhaga, ba ka tloga ba retelelwa ke go tshwara nako e ba solofetsweng go wetsa tiro ka yone kgotsa ba felele ba dira tiro ya boleng jo bo sa itumediseng. Kgosi Mokgadi o supile fa kago eo e na le diofisi tse tharo, ntlo ya go beeletsa dithoto tse di farologaneng gammogo le matlwana a boitiketso a sesha. A re letlhoko la diofisi le ntse le ba beile ka fa mosing ka jaana ba tlamega go dirisa leobo go ka tsweledisa ditirelo tsa kgotla, sengwe se a kayang fa se tshwenya. Kgosi Mokgadi a re tsholofelo ke gore fa diofisi tseo di wela, ba tlaa bona bonno jo bo phuthologileng mme a re leobo le tlaa tswelela le ba thusa ka nako ya diphuthego kgotsa bokopano bope jo bo ka dirwang mo kgotleng. O bile gape a re lone leobo le tlaa solegela ditlhopha tsa bodiragatsi tse bangwe banana ba motse ba di tlhamileng go ka tshwarela ikatiso ya bone mo go lone. Go sale foo, Kgosi Mokgadi o galaleditse mananeo a puso a a tsweletseng ka go goroga mo motseng a supa fa a na le motlhala. A re batlhoki bangwe ba sa tswa go agelwa matlo a bonno a boleng jo bo kwa godimo ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo. | politics | 7 |
Monna o tlhabile mokapelo ka thipa | Mapodisi a Bokspits a tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a belaelwang a tlhabile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ka thipa mo mokwatleng ka Tshipi. Mookamela mapodisi a Bokspits Superintendent Berman July o tlhalositse gore rre yoo, o ne a nna le mokapelo wa gagwe kwa ga mmaagwe mosetsana, mme ba na le ngwana. Supt July a re tlhokakutlwisisanyo e tsogile morago ga gore ba rerisanye gore ba batle ntlo go e hirisa gore ba fuduge mo lolwapeng lwa bo mosetsana. Go bolelwa fa rre yoo, a ne a batla ntlo eo mme ya re morago ga go e bona, a kopa mokapelo gore a lebise mosadimogolo mafoko a gore jaanong o a fuduga, mme mosadimogolo a gana gore ngwana wa gagwe a tswe mo lwapeng, ka mabaka a gore monna yoo ga a a mo nyala. Selo seo se ne sa tsosa kgaruru, fa mosetsana a bolela fa a se kake a fuduga kwa ntle ga tetla ya batsadi ba gagwe. Supt July a re rre yoo o ne a gatelela mokapelo gore ba fuduge kgatlhanong le thato ya motsadi. Mosetsana o ne a felela a kopa gore ba kgaogane. Go bolelwa fa go ne ga thunya ditlhase fa rre yoo a tsaya thipa a bo a mo tlhaba ka yone mo mokwatleng gaufi le legetla la molema. Mme yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa a fetileng a robadiwa teng. Supt July a re molwetse o a sidilega, mme rre yoo ene o mo diatleng tsa mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O tlhalositse fa monna yoo, a tlaa isiwa fa pele ga lekgotla mo bekeng eno, mme fa a ka bonwa molato o tlaa tsenngwa mo kgolegelong ya dingwaga tse di sa feteng bosupa. Mo kgannyeng e nngwe, Supt July o bolela fa ba tshwere banna ba le bararo ba Struizendam mabapi le molato wa go tlola molelwane kwa go sa tshwanelang teng mo nakong eno ya kiletso mesepele go thibela kanamo ya mogare wa Corona. Mogolwane wa mapodisi a re banna bao ba tshwerwe ba tswa tirong kwa dipolaseng tsa Afrika Borwa gaufi le Struizendam. Banna bao, ba dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, masome a mabedi le boferabongwe le masome a mabedi le bongwe. A re ba tloletse kwa Afrika Borwa Motsheganong e tlhola malatsi a le mane, mme ba tshwarwa ka Tshipi, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome. Supt July a re ba tshwere banna bao morago ga go lemoga metlhala ya bone fa ba disitse molelwane. O tlhalositse gore mo letsholong leo, mapodisi ba ne ba itemogela metlhala e e supang gore bangwe ba santse ba tlola molelwane go ya Afrika Borwa. A re mapodisi ba ne ba lalela banna bao, mme morago ga foo ba ba tshwara kwa malwapeng a bone mo Struizendam. Banna bao, ba ne ba atlholwa P200 mongwe le mongwe wa bone, ba bo ba isiwa kwa go ba botsogo gore ba ba tsenye mo serubing kwa Tsabong, go itsa kanamo ya mogare wa Corona. Supt July o tlhalositse gore bontsi jwa batho ba tshwere ka natla go sala morago melao ya kiletso mesepele ya COVID-19, ba nna ka go katologana gape ba rwala tse di itshireletsang mo melomong. O akgoletse banni go sala molao morago mme a kopa gore go tswelelwe fela jalo. | crime_law_and_justice | 1 |
Thuto ga e golelwe e tswa maduo | Bagodi ba kgotla ya Matlapana kwa Maun ba re thuto ga e golelwe e tlhabolotse matshelo a bone. Mo potsolotsong bosheng, moithuti, Mme Basinyi Mkumbi a re lenaneo le le mo solegetse molemo ka a setse a kgona go kwala leina la gagwe. O tlhalosa gore o setse a kgona go kwalela le bana ba gagwe ba ba berekelang kgakala melaetsa ka mogala wa letheka le go bala fa ba mo kwaletse. Moithuti yo mongwe, Mme Tlhalosang Tsele a re o itumelela lenaneo le ka a setse a dira lekwalo la bobedi. A re le ntswa a kgonne go fetela kwa lekwalong la bobedi, ga a ise a kgone go kwala le go bala sekgoa sentle mme Setswana le dipalo ga di mo tsenye dingalo go le kalo. Mme Tsele a re nako e ba nang le yone ya go ithuta e e leng dioura tse pedi ga e a lekana ka gape e le babereki ba Ipelegeng, mme a re le ntswa a na le ditiro tsa gagwe kwa lwapeng, tiro ya sekole o e fa nako e bile e tla pele ga tsotlhe. Morutuntshi, Rre Kebonye Gosekwang, yo e leng monana, a re nako e baithuti ba e filweng e nnye ka bagodi ba tsaya lobaka go tlhaloganya se ba se rutwang. A re bagodi bangwe ba nna le ditshwarego mme morago ba boele dithutong ba setse ba lebetse se ba setseng ba se rutilwe, selo se a reng se kgoreletsa tswelelopele. O tlhalosa gore nako ya dipula ke nngwe ya dikgoreletsi ka ga go na kwa ba ka tshabelang teng mme ba felele sekole se felele se tswa ka bonako. Rre Gosekwang a re o ne a eletsa gore ka e se botlhe ba ba abetsweng mo dithutong tsa go kwala, go ka bo go dirwa gore go nne le thulaganyo ya go rutela bagodi bangwe tiro ya diatla gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. A re le fa baithuti ba sena go fetsa lokwalo lwa bosupa, ba fiwa ditlankana mme ba seke ba fiwe sebaka sa go ka tswelela le dithuto kwa dikoleng tse dikgolwane. | education | 4 |
Venson-Moitoi o itekodisa batlhophi | Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re ga a na go emela ditlhopho tsa 2019. Le go ntse jalo, a re o ikaelela go ipapaletsa maemo a boeteledipele jwa lekgotla la mafatshe a Aferika la African Union., Dr Venson-Moitoi o ne a tlhalosa fa ditlhopho tsa maemo a, di tlaa tshwarwa ka Seetebosigo mme go itshupile fela mafatshe a le mararo a a nang le kgatlhego ya go ema,. Dr Venson-Moitoi o boletse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mogome le Madiaela bosheng, a re e ne ya re morago ga gore moetelediple wa nako eno, Dr Nkosazana Zuma, a sena go tlhalosa fa a batla go ikhutsa morago ga go direla lekgotla leo dingwaga tse nne, Botswana a supa kgatlhego, morago lekgotla la SADC la kopanela kgang eo mme la dumelana ka leina la gagwe ka a ne a supa kgatlhego. O ne a supa fa phadisano e ya go nna mashetla, mme a kopa kemo nokeng ya batlhophi ba gagwe le gore ba mo gololele mowa ka dithapelo, a bo a re fa a ka bona maemo ao, go tlaa re ba itlhophele moemedi yo bone ba bonang a ka ba emela kwa palamenteng. DR Venson-Moitoi, yo gape e leng tona wa tsa mafatshe a sele, o ne a kopa khansele gore ba ne ba sekaseka dipalo tsa ipelegeng, ka bontsi jwa batho ba ba mo kgaolong ya gagwe dipalo tsa bone di sa balelwe mo go yone ka e le batho ba dikgaolo tse dingwe tsa bopalamente, a tlhalosa gore e re ka dinako tsa temo go okediwe dipalo ka jaanong ba a bo ba le kwa masimo. Kgosi Balebetse Sisinyi wa Mogome a re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba ka sengwe le sengwe se eme tsi! ka mathata a metsi. O ile gape a re e re ka Setswana se re moseka phofu ya gabo ga a swe lentswe ba sa ntse ba ikuela ka tsela ya Mogome/Mokgware, boroko ja mokentsi, badiredi le motlakase. Banni ba Mogome ba ne ba re go sa wediwa ga kago ya ntlo ya molemisi go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go tlhatlhoba dikgomo sa bone fa ba batla go pega. Ba ne gape ba re letlhoko la koloi ya kokelwana le go tlhaela ga baoki le gone ke mathata. Ka kgang ya dituelo tsa metshameko ya kgaolo, go ne ga supega fa ba ya go duelwa mo ngwageng one wa madi le gore ditlhopha tsotlhe tse di kolotiwang melala le yone e tlaa duelwa. Kgosana Abram Thuto wa Madiaela ene o ne a kgothatsa morafe wa gagwe go agelela masimo a bone ka lenaneo la puso le teng, a re mo nakong eno go ka bo go sena ope Motswana yo o jelwang ke leruo masimo ka puso e thapholotse letsogo go ba thusa ka diterata. Erile a araba, maphata ka bongwe ka bongwe a supa fa a semeletse go thusa banni ba metse e ba direlang mo go yone ka gotlhe mo ba nang le gone, ka kgang ya metsi go ne ga tlholosiwa fa didiba di senyegle, mme go thapilwe kompone e e tlaa di baakanyang gore ba bone metsi, fa mo nakong eno ba nosiwa ka koloi. Batlhophi ba ne ba eleletsa mopalamente wa bone katlego mo tlhophong ya gagwe ya AU ba re a Modimo o mo segofatse. Rre Joseph Kgokgothwane o ne a re ke lesego le le gaisang fa Batswana ba tlhophelwa maemo a a tshwanang ao ka a ka baya lefatshe leno mo seemong se se kwa godimo le go tlotlomatsa serodumo sa Batswana. Morago, Dr VensonMoitoi o ne a abela sekole sa Mokgware paka ya metshameko le dibolo di le lesome, fa ba Mogome bone ba ne ba bona dibolo fela. Fa a leboga, mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o ne a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go ba gopela tsela ya Mogome/Mokgware, a bo a tlhalosa fa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le ya go aga kgotla ya Mokgware le go e neela koloi. O ne a kopa puso go seka seka go dirwa ga tsela ya Mokgware a re e ka fokotsa mosuke mo tseleng e tona ka batho ba ba yang Serowe ba ka e dirisa go kgabaganya. O ile gape a kopa ba lekalana la Gender Affairs go oketsa bodiredi gore ba thuse batho sentle. Bokhutlo | politics | 7 |
Fefogelang kwadiso matsalo - tona | Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re batsadi ba ba sa kwadiseng matsalo a bana fa ba sena go tsholwa ba direla bana bosetlhogo ka go felela go sa itsege mo lefatsheng leno gore a bana bao ba teng mo botshelong. A re ngwana o tshwanelwa ke go kwadisetswa matsalo mo malatsing a le masome a marataro a sena go tsholwa mme fa motsadi a sa dire jalo o a bo a tlola molao. Rre Batshu o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Sefhare ka Labone. O ne a re go mosola thata go kwadisa matsalo ka gore pele fa puso e dira ditogamaano tsa ditlhabololo go lebiwa dipalo tsa batho. A re fa batsadi ba sa dire gore ba kwadise matsalo a bana ditlamelo dingwe tse di fiwang Batswana di tshwana le dikole, dikokelo, dipilisi kana mekento mengwe ya bana di tlaa tlhaela ka go tlaa bo go dirwa go lebilwe dipalo tse e seng tsa boammaaruri e le tsa ba ba ikwadisitseng. Rre Batshu a re kgang e nngwe e e tshwanetseng e dirwe ke ya go kwadisa dintsho ka puso e tshwanetse go itse gore dintsho tse di diragalang di dirwa ke eng kgotsa di diragala go rileng. A re seo se ka thusa puso go tsaya ditshwetso dingwe. A re fa motho a sena go tlhokafala leso la gagwe le tshwanetse le kwadisiwe malatsi a le masome a mararo a ise a wele. Rre Batshu o tsweletse a re fa ngwana a tsena mo dingwageng tse di lesome le borataro motsadi o tshwanetse a tsee boikarabelo jwa go mo direla Omang. A re Omang ke yone konokono ka o batlega gongwe le gongwe kwa go tsewang dithuso teng mo lefatsheng leno. Rre Batshu yo ebileng gape e le mopalamente wa Nkange o tsweletse a tlhalosetsa banni gore fa ngwana a tsholwa mo lefatsheng leno mme motsadi yo mongwe wa gagwe e le motswakwa o nna le boagedi jo bobedi. A re ngwana yoo o tsaya boagedi jwa motsadi wa gagwe wa Motswana le boagedi jwa motsadi wa motswakwa mme fa a goroga kwa dingwageng tse 21 o tlaa bo a na le tshwanelo ya go itlhophela gore o tsaya boagedi bofe. O tsweletse a re fa ngwana yoo a sa itlhotlhore boagedi jo bongwe ka nako e e tshwanetseng go felela go tsewa gore o tsere boagedi jwa motsadi wa gagwe wa motswakwa mme go bo go tla go nna dingalo gore a dire dilo dingwe di tshwana le dipasa. A re kgang eo e tshwentse fela thata mo lefatsheng leno ka Batswana ba sena kitso e. Rre Batshu o ne a tlhalosa fa pasa e ntsha e e neng ya dirwa e le ya boleng jo bo kwa godimo ntswa Batswana bangwe ba re e turu. A re pasa eo ga e turu ka puso e duela madi a mantsi go e dira mme Batswana ba ba e tsayang ba duela a mannye. A re e kgologolo e ne e tsenya dingalo ka go ne go le motlhofo gore motho a ka e utswa a bo a e itirisetsa. A re fa pasa eo e ka tswa mong wa yone ka botlhaswa ga go motlhofo gore a e dire ka a tlaa tshwanelwa ke gore a nne ngwaga a ise a e direlwe. Rre Batshu a re o tshwentswe ke gore Batswana bangwe ba boitseme ka ba nna fela go bo go felela ditiro dingwe di tshwana le tsa go disa leruo di dirwa ke batswakwa. O ne a kopa Batswana go emisa mokgwa wa go tlhopha ditiro. O ne a tswelela a re fa motswakwa a filwe teseletso ya go gweba mo lefatsheng leno o a sekasekiwa mo dingwageng tse a tlaa bong a le mo lefatsheng leno gore a ga a na botlhabetsi mme fa a ka lemogwa a na le botlhabetsi molao o letla gore a busediwe kwa lefatsheng la gagabo ntleng le go ya kwa makgotleng a ditsheko ka Botswana e le lefatshe la kagiso. BOKHUTLO | politics | 7 |
Dikoporase di a phutlhama - Shibaloko | Mogolwane wa komiti ya dikoporase tsa baikopanyi ya Moshupa, Rre Phillip Shibaloko o tlhalositse fa dikoporase ka kakaretso di sa tsoga, di phutlhama ka bontsi. A re se, se dirwa ke go tlhoka boeteledipele jo bo nonofileng e bile bo iteilwe seatla. Mo potsolosong bosheng, Rre Shibaloko o boletse fa dikoporase di rulagantswe ke morafe ka bo one, mme ba tlhopha maloko mo morafeng gore a tsamaise dikoporase. Rre Shibaloko a re ga go lebiwe bonatla jwa motho le kitso ya go tsamaisa dikgwebo, ke sone se di phutlhamang jaana. Rre Shibaloko o boletse fa maloko a le boitseme go tsena diphuthego ka gore ga ntsi ba nna ba tshwaregile fela, a tlatsa ka go supa fa bangwe ba maloko ele balemi barui, fa bangwe ba ipereka. A re dikoporase tsa Moshupa di sa ntse di tsweletse mme sebe sa phiri ke gore go thata go kopana go tlhatlhoba dibuka tsa madi. O ne gape a supa fa maloko a tsaya lebaka go tlhopha komiti e ntsha, bothata e ntse e le jone jwa go tlhoka go kopana sentle ntateng ya ditshwarego. O boletse fa maloko a tlola melawana mengwe e puso e e beileng. A re ga go boammaruri gore koporase ya bone ya Moshupa e simolotse go itsa batho go baya madi kwa go yone, a bolela fa boammaruri e le gore dikoporase di beela maloko madi fela, mme ka ntata ya mowa wa bojammogo le boutlwelobotlhoko ba ne ba tlola molao, ba kwadisa ba bo ba beela mongwe le mongwe madi, a tlatsa ka gore mme ba simolotse go rotloetsa batho go isa madi kwa dibankeng. Rre Shibaloko o boletse gape fa molao wa dikoporase o sa letlelele mekgatlho go baya madi kwa go bone le go beela batho ba eseng maloko madi. A re koporase ya bone e tlodile melawana ya dikoporase, mme ya nna boutlwelobotlhoko go beela mongwe le mongwe. O boletse fa maloko a tshwanetse go nna masome a mabedi fela mme ka ntata ya boutlwelobotlhoko, koporase ya Moshupa e kwadisetse banni ba feta 7000 mo Moshupa fa mekgatlho yone e le 320, a bolela fa jaanong gole thata fa maloko a rotloetsa batho go isa madi a bone kwa dibankeng; ka ba a gana, ba tsaya gore ba rontshwa ditshwanelo. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Tshwaragano e ka tsisa maduo | Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng a re sekole se sebotlana sa Takatokwane se ka dira sentle fa batsadi le barutabana ba ka tshwaragana. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, Rre Tlotlo Batlhophi a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang. O supile fa maduo a sekole sa Takatokwane a sa kgatlhise gotlhelele, mme a supa fa tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang go tokafatsa maduo a bana. A re le fa batsadi bangwe ba ne ba seka ba nna le lesego la go tsena sekole, le bone ba ka nna le seabe se setona mo thutong ya bana ba bone, ka go netefatsa gore bana ba apere sentle e bile ba fitlhotse pele ga ba ya sekoleng. A re dikole tse di dirang sentle mo lefatsheng leno, di ntsha maduo a mantle ka ntlha ya gore batsadi le barutabana ba dirisana sentle, ka jalo a kopa batsadi ba Takatokwane go pataganela bana le barutabana gore ba agele bana ba bone bokamoso jo bontle. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole, Rre Kgaogano Pagiwa o ne a supa fa batsadi bangwe ba ikgogetse morago mo thutong ya bana, a kaya fa ba sa tsibogele dipitso tsa ko sekoleng, mme a re go dira jalo go gogisa barutabana bokete. Rre Pagiwa o rotloeditse batsadi go etela sekole go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore ba ka kgona fela fa ba tshwaragane mmogo. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Peolane Modisaotsile o ne a bua a menne phatla ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana. A re ga a jesiwe diwelang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla mo thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekole go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. Motlhatlhelela-barutabagolo mo lenaneong la thuto-ga-e-golelwe kwa Takatokwane, Rre Alfred Tutu a re bontsi jwa batsadi ba motse oo go lebega ba sa itse bomosola jwa thuto, ka a re le lenaneo la thuto-ga-golelwe ga ba le kgatlhegele. O supile fa thuto e le botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia ke ba-na-le seabe botlhe go akarediwa batsadi,baithuti le barutabana. | education | 4 |
Kgosi o kopa batsadi go kgalema bana | Kgosi ya Maboane mo kgaolong ya Letlhakeng Bophirima, Kgosi Tirelo Motseonageng, o supile fa a tshwenngwa ke boitseme jwa batsadi bangwe mo motseng wa gagwe, ba ba palelwang ke go kgalema le go kaela bana ba bone tsela e e tlhamaletseng. Kgosi Motseonageng o ne a ntsha matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. A re motse wa gagwe o aperwe ke botlhoka tsebe jo bo kwa godimo fela thata mo bananeng mme se se dirwa segolo bogolo ke go tlhoka kgalemo e e nonofileng go tswa mo batsading, go supa fa ba kgathala ka bokamoso jwa bana ba bone. Kgosi a re banana ba motse wa gagwe ba inaakantse le go dira dilo tse di maswe e bile di fatlha, jaaka go itontela majalwa, go lwa e le baratani mmogo le gone go utswa leruo; mo jaanong go setseng go senya le leina la motse, ka jaanong o fetogile motse wa diganana. A re o setse a kile a tshwara dikgetse di le mokawana, tse di amanang le jone bogodu jwa leruo, e bile le botsadi o setse a kile a bo bitsa go tla go thusanya, ba buisanya ka boitsholo jwa bana mo motseng. A re le matsapa a tserwe go le kana; ga go phetogo epe e e bonalang. A re ka mabaka a mangwe o a tle a tseye matsapa a go bua le bone banana go ba gakolola ka dipe tse di ka tswang di ama matshelo a bone; bogolo jang dikgang di tshwana le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba, jaaka go lwa le go bolaana fa lerato le fedile; a supa fa e se tharabololo. Mme o ne a wela ka go kgothatsa banana, bogolo jang ba basimane gore, ‘monna ga a fele’, ka jalo ba itse gore fa lerato le fedile le a bo le kgaritlhegile; ke ka moo go tweng, ‘se ileng se a bo se ile, moselatedi ke lesilo. Mo go tse dingwe, Kgosi Motseonageng o ne a bolela fa a sa robatswe ke letlhoko la boroko jwa babereki mo motseng wa gagwe, mo e bile go dira gore bangwe babereki ba tlhoke go ya go direla koo; fela ka ntata ya lone letlhoko la boroko. Le fa go ntse jalo, o boletse fa gone tirisanyo mmogo e le teng magareng ga bodiredi jo bo teng mo motseng le morafe ka kakaretso. Fa a itebaganya le dikgang tsa metsi, Kgosi Motseonageng o boleletse lekalana la BOPA fa motse wa gagwe o aperwe ke lenyora. A re fa e sale ba kompone ya metsi ya Water Utilities ba tsaya ditirelo tsa metsi mo go ba khansele, motse wa gagwe o tshelela mo letlhokong le le kwa godimo la metsi. O boletse fa dingwe dipompo di sale di tswalwa, mme go dirisiwa pompo e le nngwe fela mo motseng; kgang e a supileng e ba tshedisetsa mo kgobedung. A re le kgang e motse wa bone, e leng Maboane le metse e mengwe jaaka wa Takatokwane le Dutlwe e nosiwang ke tanka e le nngwe fela ka teng, go ba tshwenya le go feta ka go baka tlhaelo e ntsi ya metsi. A re ba sale ba ikuetse kwa go ba WUC, ba ba ileng ba ba tshepisa go araba dilelo tsa bone; mme nako kgolo ke eno. E ntse e le kwa Maboane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olemogeng Thuto, o boletse fa mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho, a a kwa motseng oo, a dira ka bonya; a kaya fa lenaneo la nyeletso lehuma le ise le nne le maduo ape a a kalo ka ntata ya go tsisiwa ga ditlamelo tsa lone ka bonya. Mo go tse dingwe modulasetilo o ne a bolela fa ba na le kgwetlho ya dikoloto tsa batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya ditlhabololo mme ba sa ikaelele go duela. A re ba lekile ka bojotlhe go nna fa fatshe le bahirisi bao go ba lemotsha botlhokwa jwa go duela, mme ga go nko epe e tswang lemina. O ne a bua jalo a tlhalosa fa jaanong ba le mo thulaganyong ya go ba tseela dikgato tse di maleba ka bangwe ba bone ba setse ba hudugile koo ka tiro ba direla go sele. BOKHUTLO | education | 4 |
Tshipe o ngongoregela ditlamelo | Mothusa kgosi kwa Mahalapye e bile e le leloko la Ntlo ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o ngongoregile ka letlhoko la ditlamelo di tshwana tlhaelo ya bodiredi, tlhaelo ya boroko jwa bodiredi jwa makgotla a Setswana, tlhaelo ya diofisi gammogo le le tlhaelo ya dipalamo. Kgosi Tshipe o ntshitse ngongorego ya gagwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe e mo go yone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo phuthegong e fetileng ya palamente le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. A re e re ntswa lephata la tsamaiso makgotla a Setswana e le lengwe la maphata a matona, o swabisiwa ke go bona makgotla a Setswana a santse a saletse morago mo go tlhabologeng ntswa le dira tiro ya go bopaganya setshaba le go somarela ditso le dingwao tsa Batswana ba merafe e e farologaneng. A re letlhoko la boroko le tlhaelo ya diofisi le dira gore babereki ba makgotla a Setswana ba seka ba dira tiro ya bone ka bokgabane ntateng ya go kopanela diofisi le go nna sentle kwa malwapeng ka jaana bangwe ba bone ba patelesega go kopanela ntlo ya boroko. Dingwe tse kgosi Tshipe a ngongoregileng ka tsone ke boranyane jwa tiriso ya Gabs jo a tlhalositseng fa bo ise bo tsenngwe mo kgotleng ya gagwe mo go dirang gore batho ba supe lephata la gagwe ka monwana ka go tsaya lobaka ba ise ba kgone go duela batho dituelo tsa bone ntateng ya go tlhoka boranyane jwa Gabs mo kgotleng ya Mahalapye. Kgosi Tshipe o tsweletse ka go bolela fa dingwe tse di ba tshwenyang e le tlhaelo ya metsi mo Mahalapye, tiego ya go baakanngwa ga ditsela tse di mo motsing le go lekalekanya kgotla ya Mahalapye ka maemo le dikgotla tsa Shoshong,Sefhare, Mookane le Ramokgonami ntswa kgotla ya Mahalapye e le mo motseng o o okametsenbg kgaolo potlana ya Mahalapye jaaka dikgaolo tsa botlhophi tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima. E rile motshwarelela modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Goabaone Mompati a bua mo phuthegong eo, a kopa mmuso go sekaseka go baakanya melawana e e tsamaisang makgotla a ditlhabololo le melawana e e tsamaisang lenaneo la Ipelegeng ka jaana go lebega e siilwe ke nako. Rre Mompati a re lefa Ipelegeng e na le melawana ga se gantsi e salwa morago. BOKHUTLO | politics | 7 |
Go kwadisa ditsha go kwa tlase kwa Kweneng | Go tlhalosiwa fa go kwadisa ditsha mo kgaolong ya Kweneng go le kwa tlase fela thata, go supiwa fa go tsamaya kwa go 36.6 per cent. Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre James Ellard, o tlhalositse fa mangwe a mathata a ba a itemogetseng e le gore batho bangwe ba ipeile fela bogolo jang kwa Mogoditshane, a supa fa bangwe ba ne ba rile ba rekisa ditsha tsa bone ka ntlha ya go palelwa ke go di tlhabolola, mme e re fa ba ba solofeditseng go reka ba sena go di tlhabolola ba bo ba aja semenogane, fa bangwe ba utswile ditsha tsa ba bangwe. Mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Doreen Kenaleeng, o ne a supa fa setlankana se se neng se dirisiwa sa ntlha se ne se sa diririsiwe go adima madi kwa bankeng, mme sa gompieno motho a kgona go adima madi ka sone. O supile fa ka nako e e fetileng, e ne e re fa batho ba tseelwa lefatshe, go bo sa lebelelwe boleng jwa lefatshe le le foo, mme gompieno dilo tseo di tlaa lebelelwa. Mme Kenaleeng o tlhalositse gape gore ga go letlelelwe batswakwa go rekisediwa lefatshe, a supa fa le tshwanetse go bapadiwa malatsi a le masome mararo pele ga batswakwa ba ka le rekisediwa. Mokhanselara wa Ngware, Rre Selatlho, o ne a supa fa ba itumelela go rerisiwa ka diphetogo tse di tlaa diragalang kwa makgotleng a kabo ditsha, a supa fa go tlaa ba thusa go bolelela morafe boammaaruri e seng go leka go ba itumedisa. O ne a supa matshwenyego a batho ba ba nnang kwa mafelong a a sa kwadisiwang ka fa molaong, a supa fa ba tlaa amega ka nako ya ikwadiso ditlhopho. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne kopa ba kabo ditsha go fefogela go tsibosa setshaba fa go na le diphetogo kwa lekgotleng, a supa fa mo nakong ya gompieno go lemotshega fa go sa letlelelwe gore motho a fetisetse setsha sa gagwe kwa go yo mongwe fa se le sengwe fela, mme setshaba se sa itse se. O ba kopile gape gore ba ne ba kopa batho ba ba kgakala le ditlamelo go ikagela matlo a Setswana fa ba sena go fiwa ditsha, a supa fa mo nakong ya gompieno bangwe ba kgona go nna fela ba sa ikagele ba re ba letile gore ba agelwe ke puso. Le fa go ntse jalo, go supagetse fa metse ya Letlhakeng, Serinane le Ditshegwane e le yone e di gogang kwa mogatleng mo go kwadiseng ditsha. BOKHUTLO | politics | 7 |
Kgosi o lela ka botho jwa banana | Banana bangwe ba Palapye ba tshedisa banni ba koo mo letshogong ka ba tsamaya ba ba tlhorontsha. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Potlako Boapotswe Ketlogetswe wa kgotla ya Madiba kwa Palapye a re ga a robatswe ke maitsholo a banana, segolo bogolo ba kgotla ya gagwe. O boletse fa banana ba, ba ipitsa Mashari le Mabokohara mme ba inaakantse le botlhoka tsebe, go sa tlotleng batsadi, go lwa, go tsamaya ba betsa batho, bogodu, go dira boithatelo le lenyatso gammogo le go nwa bojalwa phetelela mo go ba bayang mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a tshwana le HIV/AIDS. Kgosi Ketlogetswe o tlhalositse fa digongwana tse tsa banana di tsamaya di bolaya di bo di rekisa leruo la batho, di dira lenyatso mo dintshong ka go tlhatlola dipoto tsa nama ba bo ba e e ja gammogo le go betsa batho mo motseng le kwa maitisong. O tsweletse a re ka ntlha ya maitsholo a makgphila a, morafe o setse o tshaba go tsamaya mo motseng maitseboa le baeng ba tshaba go tla diphitlhong kwa Palapye. Kgosi a re go tlhabisa ditlhong e bile go utlwisa botlhoko go bona bana fela ba ba santseng ba le ba botlana ba itshenyetsa bokamoso ka go ipitsa ka maina a ditsuolodi e bile ba inaakantse le go gogagoga leina la motse wa bone mo seretseng ntswa go na le mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one. A re banana ga ba na tlotlo mo batsading gotlhelele e bile ga ba kgalemelesege, a tlhalosa fa ba sa dumedise batsadi, mme e bileng ba kgona go sunana fela fa pele ga bone ere ba kgalemiwa ba botse mogolo gore a o tswa pelo. O supile batsadi ka monwana a tlhalosa fa ba na le seabe se setona mo go tlhokeng tsebe ga bana ka a re ba ba paledisa go laola seemo le go dira tiro ya bone ka botlalo. A re go na le gore ba thusane bana, ba ba kgarameletsa kwa kgotleng ba bolela fa ba ba tshaba, mme fa bana ba tshwanetse go ya kgolegelong batsadi e ntse ele bone ba a ba golola, ba re ba kopa gore ba kgalemelwe fela ba bo ba tlogelwa, mme morago ga moo ba tswelela ka go dira melato e mengwe. Kgosi Ketlogetswe a re ele ba bogosi ga ba a sireletsega, e bile ba setse ba tshaba go sekisa bana ba phuthulogile ka ke diganka. A re banana bao ba dira molato fela mme fa ba biletswa kwa kgotleng ga ba tle e bile ba ipoka gore bone ga ba sekisiwe ke dikgosinyana. Le fa ntswa a tlhalosa gore ekete seemo se a tokafala, o kopa puso go ntsha mapodise a a tla theogelelang kwa dikgotleng tse dinnye gore ere fa ba sekisa ba bo ba na le bone nako tsotlhe. Mo godimo ga moo a re puso e ba fe tetla ya go kgwathisa ka ba setse ba tswewa ele ditshosa fela tse di ntseng mo dikgotleng ka go itsiwe gore ga ba na dikatlholo dipe tse di gagametseng. O boletse fa Palapye a na le ditlhabololo tse di ngokang batho go tswa kwa mafelong a mangwe jalo a kopa batsadi go emela bana ba bone ka dinao ka a bolela fa a batla go bona seemo se se nyeletse batho ba tshela ka tshosologo. Kgosi Ketlogetswe o tsweletse a tlhalosa fa a tshwenngwa gape ke batho ba ba neelang batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong boroko mo malapeng a bone. A re ba setse ba kile ba tshwaragana le bothata jwa dintsho tsa batswakwa tse di ileng tsa ba pateletsa go ba kopela mabitla mono ka go sa itsewe masika a bone. O tlhalositse fa batho ba ba felela ba amega mo borukutlhing fa ba setse ba bolawa ke tlala jalo a kopa ba sepodise go ba thusa ka seemo se. | crime_law_and_justice | 1 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.