title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Ratoropo wa Jwaneng o tlhagisa makhanselara
Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o tlhagisitse makhanselara gore go ikgogela morago mo dikomiting tsa khansele go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang. O buile se bosheng kwa Jwaneng mo phuthegong ya khansele morago ga gore makhanselara a phathi ya UDC kwa khanseleng eo a tlhalose fa a ithola maemo mo dikomiting tsotlhe mme ba sala ka ya bokopano jwa khansele fela. A re khansele e ikaegile segolo bogolo ka dikomiti ka jalo makhanselara a tshwanetse go ela tlhoko ditlamorago tsa tshwetso ya bone gore ga e kgopise morafe. O ne a tlhalosa gore o itse ka kgang e e tsweletseng ya dipuisanyo tsa go ikgaoganya ka maemo magareng ga diphathi tse pedi ebong UDC le BDP. A re seo ga se a tshwanela go kgoreletsa go isa ditirelo kwa setshabeng. O ne a ba gakolola gore tshwetso ya mofuta oo e batla mongwe le mongwe a ema a ipuelela go na le go soboka ba re ba tswa mo dikomiting ka leina la phathi. Mokhanselara wa Mogale, Rre Ronicah Ntsimako o ne a tlhalosa gore ba tsere tshwetso jaaka makhanselara a UDC go tswa mo dikomiting tsa khansele, a supa ka monwana makhanselara a BDP a re a ikgagapelela maemo a boeteledipele ntswa ba le bannye ka dipalo mo khanseleng eo. A re ga go maleba gore palo e nnye mo khanselelng e bo e gogela kobo ntlha e le nngwe ntswa phathi ya UDC e le yone e e ntsi mo khanseleng eo. O ne a tlhalosa fa ba ngala dikomiti tseo mme ba tlogelela BDP gore e di goge e le nosi. Mokwaledi wa khansele Rre Dick Kalantle ene o ne a gakolola gore tshwetso ya go ithola maemo a dikomiti e dirwa ka tsamaiso ya go dira tshotiso e mo go yone e ka dumalanwang ke makhanselara a le marataro mo go a supa. O ne a tlhalosa gore makhanselara ao a mane ka jalo ga go kgonege gore ba ka dira tshutiso ya go nna jalo. O ne a tswelela a gakolola gape gore molao o a letla gore komiti eo ya go dupiwa ga dibuka tsa khansele e ka tlhophiwa ko ntle mo setshabeng e seng mo khanseleng fela.
politics
7
Tlhaelo ya didirisiwa sekgoreletsi
Tlhaelo ya didirisiwa kwa dikoleng ke nngwe ya tse di bakang go wela tlase ga maduo a baithuti. Se se builwe kwa bokopanong jwa bagokgo ba dikole tsa Selebi Phikwe le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi bosheng. Rre Molefhi o tlhalositse botlhokwa jwa go kopana ngwaga o simologa, go sekaseka se ba se dirileng sentle le tse di tshwanetseng go dirwa go tokafatsa thuto. A re matshwenyego a Selebi Phikwe ga a a tshwanela go itlhokomolosiwa ka a ka felela a dira gore dikole tse di ntseng di dira sentle le tsone di wele tlase. Rre Molefhi a re go tswalwa ga moepo wa BCL go kgoreleditse matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka batsadi ba tshwanelwa ke go ya go batla ditiro kwa mafelong a mangwe. A re bangwe ba ne ba patelesega go tlogela bana ba le nosi kgotsa le masika mo go feletseng go baka tlhoka tlhokomelo. O supile fa dipalo tsa boimana jwa banana di ne tsa gola fa bangwe ba ne ba simolola go tlhoka go tsena sekole sentle. Rre Molefhi a re o kile a etela dikole tsa Selebi Phikwe mme go ne ga lemotshega fa barutabana ba lebanwe ke kgwetlho ya bana ba go lebegang ba sa je sentle. A re se se feletsa se tlama barutabana go dirisa madi a bone go rekela bana dijo. Bagokgo ba supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba fudusiwang mo dikoleng ntateng ya go fuduga ga batsadi go ya magaeng. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Reuben Mpabanga, Mme Georginah Sethore o supile fa ka 2018 ba ne ba na le matlo a borutelo a bana ba ba kwa tlase a le mararo mme mo nakong ya gompieno ba kwadisitse bana ba ba lekaneng ntlo ya borutelo e le nngwe. A re se, se ba tsenya letshogo la gore e tlaa re dikgwedi di ntse di tsamaya ba bo ba itshaletse fela go sena bana mo sekoleng fa seemo se ka seka sa tokafala. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Selebi Phikwe senior, Rre Abraham Senabye le ene o supile fa a setse a tsamaetswe ke bana ba mophato wa botlhano ba fera bobedi ka mabaka a a setseng a supilwe. Mogolwane wa thuto kwa Selebi Phikwe, Rre Elisha Masedi a re ba tswa kgakala ka selelo sa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mme go tsaya lobaka gore ba arajwe. A re tsholofelo ya bone ke gore ditilo le ditafole tsa bana ba dikole di nne di rekwa morago ga dingwaga tse tlhaano.
education
4
Bomme ba gakololwa go ikemela ka dinao
Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana ya Bokone Bophirima, Mme Mogomotsi Seemule, o kopile bomme ba ba neng ba tsene ithutuntsho ya go dira manyena le dibaga ka matlakala go tswelela ka tiro eo. Mme Seemule o buile seo bosheng kwa kabong ditlankana e e neng e diretswe bomme ba ba neng ba rutiwa ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi wa Wena Environmental Education and NewsTrust go dira manyena le dibaga go tsweng mo matlakaleng. Mme Seemule o ne a re e le ba khansele-potlana ba itlamile go thusa banana gore ba tswelele mo dikgwebong tsa bone ka go farologana. Mothusa Mokwaledi o ne a atla mogopolo oo wa go dirisa matlakala mo kgwebong eo, a supa fa e ka tswela tikologo mosola thata ka gonne e abo e phepafadiwa. “Ke eletsa go bona bomme ba e leng ditlhogo tsa malwapa ba tlhokomela ba malwapa a bone fela jaaka borre ba ka dira”, Mme Seemule a tlhalosa. O ne gape a tlhalosa fa khansele e tshwaragane le namane e tona ya go leka go tokafatsa matshelo a batho ka jalo a rotloetsa baithuti go tsweledisa talente e ba e amuleng go tokafatsa matshelo a bone le a ba bangwe. O ne a leboga ba Wena go bo ba bone go se thona go tsholetsa matshelo a bomme a supa fa ithutuntsho ya mothale o e lebagane le motho yo o maleba. Fela jaaka Setswana se re ‘ mokoduwe go tsoswa o o itekang’, Mme Seemule o ne a tlhalosa fa ba rotloetsa batho ba ba nang le maikaelelo mo dikgwebong tsa bone. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mookamedi wa Wena Environmental Education and NewsTrust Mme Florah Mmereki o ne a tlhalosa fa dialogane di tlaa kgona go ipulela madirelo a tsone fela fa ba rata se ba se dirang. Mme Mmereki o ne a kgothatsa dialogane go tsaya kgang ya go tlhokomela tikologo ka tlhwaafalo, a supa fa e le nako ya go lwantsha kgotlelesego ya tikologo go leka go babalela matshelo a bone. O ne a supa fa maikaelelo a ithutuntsho e e le go nonotsha bomme. A tswelela ka go tlhalosa fa ba buile le ba lephata la peeletso papadi le madirelo go fokotsa go reka kwa mafatsheng a sele gore ba kgone go rotloetsa dikgwebo tsa mo gae. O ne a supa matshwenyego a gagwe ka letlhoko la didirisiwa tse ba ka di dirisang go feletsa ba na le manyena le dibaga tse di ka kgatlhang leitlho la moreki. Mongwe wa dialogane tsa ithutuntsho eo, Mme Margret Hawanga o ne a rotloetsa bangwe ka ene go tswelela ba itirela gore ba kgone go gatela pele mo botshelong.
economy_business_and_finance
3
Go fuduega maikutlo le tenego di tlhoka go potlakelwa
Batswana, segolo jang banana ba kopilwe go ithuta go itshegetsa ka nako tsa ba gateletswe ke maikutlo a tenego go tila go tloga ba ikgapela botshelo. Mme Mpho Rapoo yo e leng mookamela lekalana la botsogo jwa tlhaloganyo mo Kanye o buile jalo kwa thuto-puisanyong ka Labotlhano kwa Kanye. Mme Rapoo o tlhalositse gore maikaelelo a thuto-puisanyo eo e ne e le go lwantshwa go ikgapela botshelo mo go atileng mo bananeng. A re kgatelelo ya maikutlo kana maikutlo a a sa iketlang a koafatsa tlhaloganyo a ba a e bakele malwetse a a tshwanang le jwa madi a a kwa godimo. Mme Rapoo a re ditagi ga di fedise mathata mme se segolo di fetola boitsholo jwa setho mme mo go dire gore ba tlhobogane le ba masika. A re go le gantsi go felela go na le dikgotlhang mabapi le tiriso botlhaswa ya madi le gone go tlhoka go ntsha maduo kwa tirong. Mme Rapoo o tlhalositse gore methale e mentsi e tlhomamisitswe ka dipatlisiso gore e le ruri e a bereka jaaka tshidilo maikutlo go na le go dirisa ditagi kgotsa go iphetisa dino. Thotloetso ya gagwe mo setshabeng ke gore batho ba tswelele ka go tla mo dikokelwaneng ka dipalo gotla go sidilwa maikutlo le go rutintshiwa go emisa dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikgapelang matshelo. Moememedi wa baoki ba balwetsi ba tlhalogayo go tswa kwa kokelwaneng ya Kgwatlheng Mme Daphney Balesi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga Mme Rapoo gore itshidilo mmele ke nngwe ya tse di dirang gore mmele o lapologelwe o bo o lapolose tlhaloganyo le maikutlo mo kgatelelong. O ne bolelela phuthego gore motho o ka tsaya loeto fela go ya kwa lefelong le a le ratang go iphokisa phefo, a tlhalosa fa go na le seabe mo go lwantsheng seemo sa maikutlo a a kotlometseng. A re go fetola lefelo la ditiragalo tse di utlwisitseng motho botlhoko go ya kwa go le lengwe, e se gore o tshabela mathata a gagwe kwa go lone, go thusa go sidila tlhaloganyo.
health
6
Banni ba lela ka lephata la kabo ditsha
Banni ba Morwa kwa kgaolong ya Kgatleng ba kopile lephata la kabo ditsha go ba fa dithuso go tswa kwa Mochudi go na le Oodi. Fa ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, ka Motsheganong a le 13, banni ba ne ba ngongoregela go bo ba kopa dithuso tsa kabo ditsha kwa Oodi. Ba tlhalositse fa Oodi a le kgakala le bone ebile bagolo ba sa kgone go ya go kopa dithuso ka dipalamo le tsone di feta kgakala le diofisi tsa lephata leo. Banni ba Morwa ba re ga ba ise ba tlhalosediwe mabaka a gore ke eng ba ntshitswe kwa Mochudi. Ba kopile mopalamente go isa mafoko a bone kwa bagolwaneng ka ba le mo mahutsaneng a go kopa dithuso kwa Oodi. Bangwe ba ne ba supa fa dipampiri tsa bone di sa bonale kwa lephateng leo mme ba sale ba rometse dikopo ka ngwaga wa 1994 mme nako kgolo ke eno. Mongwe wa banni, Rre Kagiso Setlhare, o tlhalositse fa a sale a kopile setsha ka ngwaga wa 1994 mme a ise a bone le fa e le phetolo mabapi le kopo ya gagwe. A re ba kabo ditsha ba tshwanetse go rwala ditlhako ba tsena mo setshabeng ba ba tlhalosetsa ka lephata la bone le se se diileng dikopo tsa bone. Rre Setlhare a re o setse a etetse lephata leo mme a sa kgone go tlhaloganya gore gatwe matsapa di a tsaya kae ka ga go tlhalosiwe sepe. Mme Disono Thamage ene o tlhalositse fa masika a sena tirisano mmogo e le mabaka a go nna botlhe mo lelwapeng le le lengwe. O tlhalositse fa a nna le bokgaitsadie mo lwapeng la gagwe ka mabaka a gore dikopo tsa bone tsa ditsha ga di ise di arabiwe. Mme Thamage a re se se molemo ke therisano ka e ka rarabolola dipotso di le dintsi tsa banni gore ba kgone go nna ka tsholofelo go na le go itlhoboga. Rre Daniel Tau o tlhalositse fa mosepele wa go dirisa lekgotla la kabo ditsha la Oodi o le botlhoko thata mo bagoding. A re bagodi ga ba kake ba kgona mosepele oo fa bana ba bone ba seo ka ba ka se kgone mesepele e meleele a tlatsa ka gore ga go pale gore ba kabo ditsha ba boele kgato eo morago. Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Mangole o ne a supa fa a setse a tlhabile mokgosi ka kgang ya kabo ditsha. A re fa a botsa kwa palamenteng o ne a tlhalosetswa fa Morwa a sa le a bewa ditsha di le 1 700 ka ngwaga wa 2013. Rre Mangole a re o tla sala kgang ya ditsha morago segolo bogolo ka setsha e le sone se se fang motho seriti. A re ga go a tshwanela gore banni ba Morwa ba se ka ba fiwa ditsha ka e le bone ba ka tsweledisang ditso tsa motse oo. O lebogile banni go bo ba supile dingongora tsa bone ka a tla di lebisa ba di ba tshwanetseng kwa phuthegong ya palamente ya mariga.
society
9
Tirelo sechaba e tshetsa banana
Banana ba Dikgatlhong mo kgaolong potlana ya Lentsweletau itumeletse lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaana le ba tshetsa e bile go sa tshwane le go nna fela mo lwapeng. Ba buile jalo fa ba ne ba itekodisa mopalamente wa kgaolo eo, e bile e le tona wa tsa papadi le madirelo, Rre Vincent Seretse mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Mme Uakuatua Muniazo, o tlhalositse fa a feditse kwa mmadikole mme ka ntlha ya letlhoko la ditiro o ne a bona go le botoka go ya Tirelo Sechaba. O ne a tlhalosa gore le fa a sa dire tiro e a e ithutetseng kwa sekoleng, se a se itumelelang ke gore go na le madi a a a bonang kgwedi e fela. O ne a tlhalosa fa lenaneo le le mo thusa go ithekela dilo tsa botlhokwa di akaretsa melora. Monana yo mongwe, Mme Lucia Toromba, o tlhalositse fa lenaneo le le thusa go mo itsa go nna ka diatla mme se se mo thuse go ikgapha mo dilong tse di sa siamang di akaretsa botlhoka tsebe. Banana ba ne ba rotloetsa ba bangwe go boa kwa ditoropong go tla magaeng go dirisa mananeo a ka jaana letlhoko la ditiro kwa ditoropong le le kwa godimo mo go felelang go pateletsa banana go tsena mo ditirong tsa borukutlhi.
society
9
Lephata le ipaakanyetsa ngwaga oo tlang
Lephata la thuto la khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, le simolotse go reka dibuka tse di tlaa tlhokwang mo dikoleng kwa kgaolong ngwaga o o tlang. Mo mafokong a gagwe fa a simolola phuthego e e tsweletseng ya khansele mo Masunga mo bosheng, modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba Rre City Kealotswe, o ne a tlhalosa fa tsholofelo e le gore dibuka tsotlhe tse di tlaa tlhokwang ngwaga o o tlang di bo di gorogile kwa dikoleng ka Ngwanatsele monongwaga. Rre Kealotswe, yo gape a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a tlhalosa fa mo nakong eno, khansele e tsweletse ka go amogela dingwe tsa dibuka tse e di rekileng go tswa kwa bagatising, mme dipe tse di gorogang di phatlaladiwa le dikole go ya ka thulaganyo e e dirilweng. O ne a itsese makhanselara fa mo ngwageng ono wa madi, kgaolo ya bokone botlhaba e abetswe madi a a fetang didikadike tse tharo le sephatlo (over P3.5 million) go reka dibuka tse di balwang. Modulasetilo o ne a supa fa bogogi jwa kgaolo bo tsere tshwetso ya gore theko ya ditirelo le dithoto dingwe e seegelwe fa thoko go akolwa ke banni fela, a re ka ntlha ya seo go fepa bana ba dikole ka borotho go dirwa fela ke beng-gae. O ne a tlhalosa fa mo nakong eno go na le batho ba ba ikemetseng ka nosi gammogo le ditlhopha di le masome a mararo le borobabongwe tse di fang dikole tsa kgaolo borotho.Rre Kealotswe o ne a tlhalosa fa kwadiso ya bana ba ba tlaa simololang lekwalo la ntlha mo dikoleng tse dipotlana e simolotse ka kgwedi ya Seetebosigo mme e tlaa wediwa ka ya Lwetse. O supile fa e tlaa re kwadiso e wela, go sugasugiwa ga bana bao go simologe, a boa a tlhalosa fa thutuntsho ya barutabana ba ba tlaa dirang tiro eo yone e setse e weditswe. Modulasetilo o ne a lekodisa makhanselara le ka ditlhabololo tsa kgaolo eo, gammogo le dipaakanyetso tsa temo. BOKHUTLO
education
4
Nako ya tiro e kgoreletsa tlhokomelo ya matimela
Mookamela ofisi ya matimela mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Lerang Phala, a re ba tshwentswe ke go tlhoka tshireletsego ga matimela a a mo tlhokomelong ya bone, bogolo jang ka nako ya go se na go gololwa. Rre Phala re se ke ka go bo ba fiwa madi a phutho ya matimela ke puso mme ba sa fiwe madi a tshireletso ka ba ba thapilweng ba bereka fela ka dinako tse di tlwaelesegileng tsa puso, mme se se raya gore morago ga dinako tse tsa pereko dikgomo di sala di se na yo o di tlhokometseng. A re se se fa magodu sebaka sa go utswa loruo loo. O supa fa babereki ba sa kgone go thusa barui morago ga nako ya go golola ka ba sa duelelwe madi a go bereka morago ga nako. A re le fa ba ba thusa e a bo e le setho fela ka bontsi bo a bo bo tswa kgakala. O supa fa madi a ba a fiwang mo phuthong ya matimela a fela ka pele ka kgaolo ya bone e le bophara mo go felelang go baka bogodu jwa matimela. Mo go tse dingwe, Rre Phala o tlhalositse fa ba tsweletse ka go baakanya masaka a matimela ka mangwe a nna lebaka a sa tlhatlhele mme a felele a nna le ditampana le mangodu. O tlhalositse gape fa ba tshwentswe ke barui ba ba sa ntseng ba ipeela matimela mo masakeng a bone, a re se se ba ketefaletsa tiro ya go a phutha. O supa fa thekiso ya matimela e tsweletse ka gore ba setse ba rekisitse kwa lesakeng la Diphuduhudu, mme a rotloetsa barui go iketleeletsa go ya kwa masakeng a matimela go bona loruo pele ga lo ka rekisiwa. O bile a kopa barui go golola loruo lwa bone pele lo rekisiwa, a supa fa ba tlaa rekisa matimela a masaka a Khekhenye le Masope kgwedi e e tlang.
crime_law_and_justice
1
Modulasetilo o a kgalema
Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o kgadile sepolotiki se se buiwang mo phuthegong ya khansele. O buile jalo mo phuthegong ya khansele kwa Palapye bosheng. A re makhanselara a tshwanetse go bua ka dikgang tsa tirelo le tsamaiso ya khansele e seng go polotika. A re polotiki ke ya kwa ditlhareng e bile e ka dia tsamaiso le ditirelo tsa khansele. A re ga go mo tsamaisong gore makhanselara a tsise dikgang tsa sepolotiki mo khanseleng, a tlatsa ka gore le fa makhanselara a na le dipharologanyo tsa sepolotiki ga ba a tshwanela go tlhaselana mo diphuthegong tsa khansele. A re le fa ba na le megopolo ya go emela ditlhopho mo dikgaolong tsa ba bangwe, ga ba a tshwanela go dirisa phuthego ya khansele go tlhaselana, a re dikgang tsa go nna jalo ke tsa nako ya ipapaletso ditlhopho. O kopile makhanselara go dirisanya sentle go ya pele. Mo godimo ga moo o rotloeditse makhanselara go nna le tshwaragano le mowa wa kutlwelobotlhoko, a re ba tshwanetse go gopolana, bogolo jang ba gopole makhanselara a a mo toronkong. Rre Ramogapi, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolwana ya Mmaphula, o tsweletse ka gore jaaka modulasetilo wa khansele ya Palapye, o tsamaile kgaolo ya Palapye le tikologo a tshwara diphuthego le molaodi go lekola banni. A re mo godimo ga moo o ne a tsena mo metseng le mo dikoleng go bona dikgwetlho le ka fa khansele e ka thusang ka teng. Rre Ramogapi o buile jaana a araba mokhanselara wa Palapye, Rre Dithapelo Tshotlego yo o neng a ngongorega gore modulasetilo ga a ke a etela kgaolo. Rre Tshotlego a re kgaolo ya Palapye e na le dikgwetlho, bogolo jang kwa dikoleng tse di potlana tse a reng dikago ga di jese monate mme modulasetilo a sa dire sepe ka dikgang tsa go nna jalo. A re modulasetilo o tshwanetse go tsaya maikarabelo a etela kgaolo go bona mathata le go a rarabolola. A re baduladitilo ba dikhansele potlana tsa kgaolo ya legare ba tsena dipitso tse di farologanyeng mme le fa e le ka letsatsi lepe ga ba ke ba itsese makhanselara ka tse di builweng kwa dipitsong tsa go nna jalo. A re modulasetilo o sale a tlhalositse fa puso e se na madi e bile khansele e tshwanelwa ke go tla ka mananeo a a ka dirisiwang go tsenyetsa khansele ya Palapye madi gore e kgone go tlhabolola Palapye le go tlhama mebereko, nako kgolo ke eno.Bokhutlo
politics
7
Ofisi ya mopalamente ke ya botlhe
Motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe, a re diofisi tsa mapalamente ke tsa morafe otlhe. Mme Kokorwe o buile se kwa Lentsweletau bosheng fa a ne a tsweletse le loeto la gagwe la go isa palamente kwa bathong le go rutuntsha ka tsamiaso ya palamente. O ne a tlhalosa gore go lemosega fa batho ba sena kitso kgotsa ba sa kgone go phuthologa fa ba dirisa ofisi ya mopalamente. O tladitse ka gore diofisi tseo di diretswe gore setshaba se tseye meamuso ya puso kgotsa ditlamelo mo go tsone. O ne a gatelela gore dikgang tsa dipolotiki di fedile ka nako e batho ba neng ba ipapatsa mme jaanong diofisi e le tsa baemedi ba batho e bile batho ba rotloediwa go tla ka bontsi ba ya go kopa dithuso koo. O tlhalositse gore ofisi ya mopalamente e ka ba fa thuso fela e e nametsang. Mme Kokorwe o ne a tlhalosa gape gore ofisi ya mopalamente e botlhokwa ka jaana morafe o ka ithuta go le gontsi e bile bakwaledi le bodiredi ba firetswe go thusa batho ntle le kgethololo epe. O ne a tlhalosa fa dibuka tsa melao metheo ya lefatshe leno le tse di amanang le itsholelo ya lone di ka fitlhelwa kwa diofising tseo. A tlatsa ka gore seabe sa morafe ke go dirisa diofisi tseo go ithuta. O bile a rotloetsa morafe wa Lentsweletau ka bomosola jwa go tsaya matsapa ba ya palamenteng go ya go bona le go reetsa fa palamente e tsene. O boletse gore go a letlelesega gore morafe o ka ya palamenteng go ya go itseela ka tsoo pedi ba bo ba bona baemedi ba bone le ka fa ba itshwarang ka teng mo palamenteng. Mme Kokorwe o ne a gakolola morafe gore o tlhaloganye gore mapalamente a bone segolo jang matona ba neetswe tiro ka ba amega mo dikomiting tse di farologaneng tse di diretsweng go tlhabolola matshelo a Batswana, ka jalo a kopa ba Lentsweletau go nna le kitso eo mogang ba sa boneng mopalamente wa bone kgapetsa kgapetsa. O ne gape a rotloetsa bomosola jwa go kopa dithuso mo masikeng le ditsala go fokoletsa mapalamente tiro ka jaana batho ba tlotlile go bitsa mapalamente mo dintshong kgotsa ditiro dipe fela tsa lelwapa. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Lentsweletau ba ne ba botsa ka lenaneo la seromamowa la palamente. Mme Kokorwe o ne a tlhalosa fa lenaneo la seromamowa la palamente le ne la emisiwa ka mabaka mangwe a supa gore lebaka lengwe e ne ya nna gore mapalamente a ne a felela a fetola se a neng a se bua kwa palamenteng fa jaanong ba tsena kwa seromamoeng. Selo se o kaileng se ne se sa jese diwelang. Le fa go ntse jalo o ne gape a tlhalosetsa morafe gore ba setse morago kgang ya go tsenya palamente mo thelebishining, e ka yone a reng e tsile go sedimosetsa Batswana ka se se diragalang mo palamenteng. Banni ba ne ba akgolela Mme Kokorwe go isa palamente kwa bathong. Monni wa Lentsweletau Rre, Raphael Kgabong o ne a lebogela leeto leo mme a tlhalosa fa jaanong go ba butse ditlhaloganyo le dipelo ka jaana ba ntse ba saletse morago e bile ba boifa go tsena ka kgoro ya palamente le ya ofisi ya mopalamente tota.
politics
7
Talente e ka namola lehuma
Rre Osenotse Kgadedi yo o dingwaga di masome a mabedi le bone, ke monana wa Bobonong yo o dumelang fa a tshotswe ka bodiragatsi e bile a bolela fa talente e ka tshetsa motho ya ba ya mo namola mo lehumeng. Rre Kgadedi a re o sale a simolola go diragatsa mo motshamekong wa drama a santse a le kwa sekoleng se sebotlana. A re morago ga go fetsa dithuto tsa mophato wa botlhano, o ne a lemoga fa talente ya gagwe ya bodiragatsi e ka mo tshetsa mme ya re ka 2010 a dira setlhopha sa bodiragatsi se bidiwa B-PORT, se a neng a nna moeteledipele wa sone. A re go le gantsi setlhopha sa B-PORT se ne se kgona go kgobokanya madi a mantsi ka se ne se lalediwa ke maphata a puso le mekgatlho e mengwe ya motse ka go farologana go tla go gasa molaetsa ka motshameko le go natefisa letsatsi. O tsweletse a re ka setlhopha se ne se sa dira sentle mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona, ba ne ba patelesega go kopana le bommantswitswidi ba motshameko wa drama ka 2013 mme ba fetola setlhopha leina go se bitsa Bokamoso Practitioners Theatre Group. Rre Kgadedi, yo e leng modulasetilo wa setlhopha o tlhalositse fa se dira sentle fela thata gonne e rile bosheng sa lalediwa ke ba District Health Management Team ba Bobonong go tsamaya le dikgaolo tsa Bobirwa go gasa molaetsa ka bomosola jwa go rupa ga borre. O kgothaditse banana go dirisa ditalente tsa bone ka puso e phutholotse letsogo ka go dira mananeo gammogo le go neela banana madi go ka tla ka methale e ba ka inamolang lehuma ka yone.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Beng ba matlo ba rotloediwa go dira mokwalo
Kgosi Maleshwane Bakwena wa kgotla ya Woodhall kwa Lobatse o rotloeditse beng ba matlo kwa Lobatse go dira mekwalo ya tumalano le batho ba ba hirisang matlo ao. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng kwa kgotleng ya Woodhall, a supa fa go dira mokwalo go tila ketsaetsego e e ka tlhagang fa mohirisi a sa duele sentle. A re fa go na le mokwalo, go nna le bosupi jwa gore bobedi bo dumalane ka dituelo tsa bokae le gore mohirisi o tshwanetse go duela leng. Kgosi Maleshwane a re beng ba matlo ba tshwanetse go tsibogela selelo sa bahirisi fa sengwe se tshwana le lebati, letlhabaphefo kgotsa tsa motlakase di senyegile ka go dira jalo go itsa dikgogakgogano magareng ga bobedi joo. A re o itemogetse mo dikgannyeng tse a di amogelang gore mohirisi o kgona go tlhoka go duela madi a boroko ka gore dilo di senyegile mo ntlong. Kgosi Bakwena a re beng ba matlo ba seka ba letlelela bahirisi go tsaya sebaka se seleele ba sa duele madi a boroko ka go ba tlogela sebaka ba sa duele go felela go baka dikgogakgogano. A re ka nako ya dituelo go tshwanetse ga nna le mokwalo o o supang fa mohirisi a duetse. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa kgotla, Mme Sylvia Releseng a re dikgang tsa beng ba matlo ba ba ikuelang kwa kgotleng ka bahirisi di dintsi mme go le gantsi beng ba matlo ga ba itse maina a bahirisi, ka jalo go nne dingalo go rarabolola kgang. Mme Releseng a re beng ba matlo ba tshwanetse go itse maina a bahirisi ba bo ba itse le mongwe wa losika, a tlatsa ka go re go dira jalo go direla mong wa ntlo dilo motlhofo fa go na le bothata. O ne a supa gape gore fa mong wa ntlo a itse ba losika lwa mohirisi o ka ba lekodisa fa mohirisi a sa tsoga. A re go a thusa gore mong wa ntlo a duedise mohirisi madi a mangwe fa godimo fa a tsena mo ntlong gore e re fa go senyega dingwe mo ntlong eo a kgone go baakanya.
economy_business_and_finance
3
Kereke ya Roma e na le Moprista yo mosha
Bishop Franklin Nubuasa wa kereke ya Roma go tswa Gaborone e rile ka Matlhatso a tlhomamisa semmuso Rre Tshiamo Makaba go nna moperesita wa kereke eo kwa Kanye. Rre Makaba yo o dingwaga di masome mabedi le boferabongwe o tlholega kwa kgotleng yoo rra Segotshane kwa Kanye mme o tsene sekole kwa Botho University ya re morago a ya go dira dithuto tsa boprista tse a saleng a supa kgatlhego mo go tsone ka 2001. E rile Bishop Nubuasa a neela Rre Makaba maemo a boperesita a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata mo ditsong tsa kereke ya katoliki, mme e le la ntlha go tlhomamisiwa moperesita yo o tswang Kanye. Bishop a re go tlhomamisa moperesita ga se matshamekwane, a re ke tiro e tona thata ka seo se tsisa phetogo mo botshelong jwa motho ka mowa o o boitshepo o a bo o tshelegela mo go ene. O boleletse moperesita yo o sa tswang go tlhomamisiwa gore botshelo jwa gagwe jaanong bo fetogile ka a tlaa nna motsaya karolo mo thomong ya Modimo. A re Moperesita Makaba o tlaa kgona ka Modimo o tlaa mo neela maatla go etelela phuthego pele. O ne gape a leboga batsadi ba ga Moperesita Makaba ka kemonokeng e ba e fileng ngwana wa bone go kgona toro ya gagwe ya go nna moperesita. A re go bo ba letlile ngwana wa bone go nna moperesita ke mpho e ba e fileng kereke ya Katoliki lefatshe ka bophara. Ka jalo Bishop Nubuasa o ne a kopa kemonokeng ya makatoliki ka kakaretso go ema moeteledipele yo nokeng ka thapelo, a re seo gape se ka lere ditshegofatso tse dikgolo mo motseng, bogolo jang ka go tlhalositswe fa Rre Makaba e le motho wa ntlha go nna moperesita a tswa Kanye. Bishop Nubuasa o weditse ka go kopa moperesita yo mosha gore a itlotle a bo a tlotle phuthego e bile a itse gore boikgogomoso ke sera sa moperesita. A re moperesita o tshwanetse a nna boikanyego le go supa lerato la Modimo jaaka e le keletso ya Modimo le Batswana ka kakaretso go nna le baperesita ba ba molemo e bile ba tshephega. E ne e rile a amogela baeng moperesita mogolo wa Thapelong, Father Thomas Puthukktuchyrayil a tlhalosa fa letsatsi la go tlhomamisa Moperesita Makaba e le letsatsi le le molemo thata le le tshwanelwang ke go ipelelwa, segolo bogolo ka e le moletlo wa ntlha go diragala kwa Kanye. E rile a lebogela tiro ya letsatsi, modulasetilo wa kereke, Mme Patricia Bathai a supa boitumelo ka go tlhongwa ga moperesita go tswa Kanye, a re ke selo se se molemo thata. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Mothetho o itshidila maikutlo ka go loga
Mme Alakanani Mothetho, yo o dingwaga tse di masome a marataro mme a itsege thata mo motseng wa Masunga ka leina la Mma Keneilwe, a re sepatela sa Jubilee se mo file kitso e bile le boswa jo a tla se kitlang a bo latlha le fa a ka ralala dikgwetlho tse di ntseng jang. Mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA ka Mosupologo, Mme Mothetho, yo o tshelang ka bogole, o tlhalositse fa go loga mo a go amuleng mo mooking mongwe ka nako tsa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Jubilee kwa Francistown ka 1964. A re go ne ga mo thusa fela thata mo lwapeng ka e le yone fela tsela e a tsenyang madi ka yone mme go ne ga mo thusa go lebala dikgwetlho tsa botshelo ga mmogo le jone bogole jwa gagwe tota. Mme Mothetho o tlhalositse fa a ne a sa tsholwa ka bogole joo, ka jalo a ne a ithuta go loga e le tsela nngwe ya go itshidila maikutlo go amogela seemo sa gagwe morago ga go tlhagoga ga bogole. O tladitse ka gore mme yoo wa mooki ko Jubilee, o ne a mo ruta botsipa jotlhe jwa go loga, mme e re ka le kgoro ya sekolo a ne a sa e itse, o ne a tshwanelwa fela ke go itshoka go ithuta go loga gore segolo e tle e nne yone tsela ya gagwe ya itshetso. Mme Mothetho o tsweletse ka gore go gololweng ga gagwe kwa kokelong ka ngwaga wa 1968, o ne a tsweledisa kitso ya gagwe ka go loga dijesi tsa bana, mebese le tse dingwe. A re e re le ntswa a ne a thapiwa ke ba khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, ga a ka a ipona tsapa, o ne a tswelela fela gore a seka a latlhelegelwa ke kitso ya gagwe. Mme yo a re fa a santse a bereka, pele ga a latlhela ngogola, o ne kgona go tsenya letsenonyana ka a ne a rekisetsa babereki ka ene tse a di logileng. A re e re ka mo nakong ya gompieno a itlholela fela mo lwapeng, morago ga go tlogela tiro ka bogodi, o loga jaana go itlosa bodutu gape go dira gore a nne a itumetse ka nako tsotlhe. Mme Mothetho a re e re le ntswa kgwebo e le kwa tlasenyana, o bona thotloetso e ntsi kwa go ba kereke ya gagwe ka a ba logela diaparo tse dingwe tsa kereke. O tsweletse ka gore fa molwetsi a robaditswe, bontsi jwa bone ba latlhegelwa ke tsholofelo mme seo se ba kgobere le maikutlo, ka jalo go nna ba sidilwa maikutlo ka go rutuntshiwa ka dilo tse di farologanyeng, go le molemo fela thata ka go ka ba thusa go emisa go akanya mo go feteletseng. Gape o tlhalositse fa ene a sa batle go nna mo-nale-bogole yo o tshelang ka go kopa, a re ke ka moo a itlamileng go itirela ka matsogo a gagwe. A re o loga diaparo tsa kereke, mebese, mesamo ga mmogo le yone mekgabisa ya mo ntlong.
education
4
Monna mongwe o thukuthilwe diketekete
Setshaba se tlhagisiwa gore ba seka ba neela batho ba ba sa ba itseng dithoto tsa bone jaaka dibeke le megala ya letheka. Tlhagiso e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana mo potsolotsong bosheng morago ga gore monna mongwe a tseelwe P18 800 ke banna ba le babedi. Supt Konyana a re rre yoo a re banna ba babedi bao ba ne ba mo solofetsa tiro mme ba kopa go mo tshwarelela beke gore a ye go apara diaparo tsa itshireletso pele a ka simolola tiro. O tlhalositse fa rre yoo a ne a tlhoka motho kwa go neng gotwe a ye go tsaya diaparo teng mme ya re fa a boa a fitlhela banna bao ba tsene ka lenga la seloko. Supt Konyana a re rre yoo a re fa a ka bona banna ba babedi bao o ka ba itse, gape a re banna bao ba ne ba re ba tswa kwa dikhamphaneng dingwe tsa megala ya letheka mme ba na ba di bapatsa. E re dikgang di eme jalo, Rre Konyana a re lekawana lengwe le itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe yo e leng mokapelo wa tsala ya gagwe kwa Lotlhakane East. Supt Konyana a re go utlwala fa mosetsana a ne a ile kwa mokapelong wa gagwe mme mokapelo wa mosetsana yoo a ya maitisong le ditsala tsa gagwe ba tlogela wa mosetsana a le esi mo lwapeng. Go tlhalosiwa fa e rile moragonyana yo mongwe wa ditsala a tlogela ba bangwe kwa maitisong mme a boela kwa mosetsaneng jalo go belaelwa fa a ne a betelela mosetsana a sena go mo supa ka thipa. Supt Konyana o tlhalositse fa mo nakong eno ba ise ba tshware mmelaelwa yoo. O tsweletse a bolela fa dirukutlhi dingwe di thubile marekisetso a Furnmart mo Kanye ka Mosupologo bosigo mme ba seka ba tsaya sepe. Supt Konyana a re go belaesega dirukutlhi tseo di ne tsa kgoreletsega tsa sia fa di sena go bona dipone tsa koloi. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Ba Nlapkhwane ba supa komiti ya VDC ka monwana
Banni ba motse wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile komiti ya ditlhabololo tsa motse oo ka monwana ba re ga e tsamaise dilo dingwe mo motseng ka fa tshwanelong. Ba buile jalo ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, City Kealotswe, kwa motseng oo, bosheng. Banni ba tlhalositse fa maloko a komiti eo ba sa dire dilo ka tekatekano e bile ba sa sale tsamaiso morago ya go thapa babereki ba Ipelegeng mo motseng, ba bolela fa maloko a na le mokgwa wa go ipoeletsa gangwe le gape, ba fapaana maemo a a leng teng mo lenaneong leo. Bangwe ba ne ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke komiti eo mabapi le go tlhopha batho ba ba welang mo lenaneong la batlhoki. Ba re go dira dilo ka tshokamo ga komiti ya VDC go jesetsa banni ba bangwe mo kgobedung, ka e bile go na le bangwe ba malwapa a bone a felelang a wela mo isong go sena tsone diamaleng. Mme Galani Chitoto a re banni bangwe ba motse ba kgona go digela ngwaga ba ise ba ko ba bereke mo Ipelegeng, ka jalo a kopa gore bogolo go okediwe dipalo tsa babereki mo motseng ka e bile le dipalo tsa batho mo motseng di oketsegile E ne e rile a lekodisa modulasetilo ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nlapkhwane, Rre Falani Masalila, a tlhalosa fa motse o o hira babereki ba Ipelegeng ba le masome a mane le bone kgwedi le kgwedi. Rre Masalila o ne a bo a kopa gore go nne le kokelwana e e ka latelang batho kwa kgotlaneng ya Malobela ka jaana e le kgakala le kwa kokelo ya motse e leng gone, mme seo se sokodisa banni ba kgotlana eo ka ba kokonelwa ke mosepele fa ba batla go bona dithuso tsa ba bongaka. Modulaselo wa komiti o ne a bo a kopa gore tanka ya metsi e e beilweng kwa kgotlaneng ya Mtombo go thusa banni ba koo ka metsi, e nne e tshelwa metsi ka jaana banni ba tshelela mo lenyoreng, a bolela fa ba Water Utilities Corporation ba le maoto a tshupa go tshela metsi mo go yone. Rre Masalila a re mo nakong eno banni ba kgotlana eo ba ikantse metsi a megobe, a tlatsa ka go supa fa se sele borai mo matshelong a batho. A re o ipotsa gore fa metsi a kgala batho bao ba tla leba kae. O ne a bo a kopa puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa maloko a VDC. Monni mongwe wa motse, Mme Dineo Mosinyi o ne a akgela ka go rotloetsa maloko a VDC go eteletsa pele mowa wa boithaopo, mme ba beela kwa thoko mogopolo wa go kopa koketsego ya dikatso. Mme Mosinyi a re maloko a VDC a sego ka ba bona sengwenyana fa ba tshwantshangwa le dikomiti tse dingwe tse di leng teng mo metseng, tse tsone di sa boneng sepe gotlhelele. Fa a tswa la gagwe Rre Kealotswe, yo gape eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a gakolola maloko a VDC go itse fa e le bone palamente ya motse, ka jalo tshwanelwa ke go dirisa dithulaganyo tse di tlhamaletseng fa ba dira dilo mo motseng, a re eseng jalo, seo seka diga seriti le serodumo sa motse. BOKHUTLO
politics
7
Ngwana setlhare o a nosediwa - Mogokgo Kebafitlhetse
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun, Rre Noah Kebafitlhetse o kopile batsadi go emisa go dira ditiro tse di sa siamang fa pele ga bana. Mogokgo o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana gone kwa sekoleng seo bosheng, Rre Kebafitlhetse o tlhalositse fa ditlhaloganyo tsa bana ba bannye di le metsi ka jalo di kgona go tshwara sengwe le sengwe se se dirwang ke motsadi, a re gape bana ga go motlhofo go farologanya se se bosula le se se molemo ka ba kgona go kwatabolola sengwe le sengwe mme phelelong se ba senyetse bokamoso. Rre Kebafitlhetse o boleletse batsadi gore go botlhokwa go fitlha mekgwa mengwe e e sa siamang gore ba seka ba senya bokamoso jwa bana, a re lore lo ojwa lo sale metsi ka seo bana ba tshwanetse ba lemotshiwa tse di sa siamang ba sale babotlana “Ngwana ke ene seipone sa kwa ga bone, ka seo batsadi ba tshwanetse ba nna motlotlo ba godisa ngwana yo o tlaa sekeng a ba tlhabise ditlhong, yo o nang le boitshwaro jo bontle mo sechabeng le ko sekolong,” ga bua Rre Kebafitlhetse A re batsadi ba tshwanetse ba tshwantshanya bana le ditlhare, a tlhalosa gore ditlhare fa o ka di lema mme wa seka wa di nosetsa ga di ntshe maungo, ka jalo ngwana le ene o tshwanetse a nosediwa ka go tlhokomelwa le go fiwa ditaelo le maele a botshelo gore le ene ka moso a tle a ntshe maduo a a elediwang ke motsadi mongwe le mongwe. “Go nosetsa ngwana gore a ntshe maduo go ka dirwa ka mekgwa e mentsi jaaka go bua le ene, le ka go lekola ngwana kwa sekolong go bona gore o dira jang mo dithutong ka gore seo se ka dira gore morutabana a itse ngwana botoka,” ga bua mogokgo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa gone mo sekoleng sa Mathiba, Mme Patricia Paul o kopile batsadi go emisa go bipa mpa ka mabele, a re ba tshwenyegile thata ka gore ba amogela dikgang dingwe kwa sekolong tse di supang gore batsadi ba ne ba di bipile. Mme Paul o kopile batsadi go boela kwa mekgweng wa bogologolo e ngwana a neng a kgalemelwa ke mogolo mongwe le mongwe a re seo se ka thusa go lwantsha mekgwa e tshwana le ya nnotagi e e ba tshwentseng mo sekolong sa bone ka gore bana ba tlaa nna le poifo. A re bana ba sekole ba setse ba inaakantse le mekgwa e e maswe jaaka nnotagi le tlhakanelo dikobo le batho ba ba bagolwane mo go bone, selo se se tlhokang batsadi go ema ka dinao gore isago ya bana ba bone e seka ya senyega. O tlhalositse fa ba tshwenyegile thata ka gore ngogola ba ne ba lemoga fa basetsana gone mo sekoleng seo ba le bararo ba lokwalo la bosupa ba ne ba ima, fa ngwaga ono a le mongwe gape a imile. “Boimana jwa bana ba sekole bo supa gore mongwe o ne a leka go bipa mpa ka mabele, ka jalo batsadi re kopa gore le emeleng bokamoso jwa bana ba lona ka dinao ka go ba kgalemela le go emisa go nwa majalwa le tse dingwe mo matlhong a bone,” ga bua Mme Paul. Mme Paul a re ba lemogile fa go na le batsadi bangwe ba ba rotloetsang gore bana ba tlhakanele dikobo le batho ba batona mo go bone gore ba tlhokomele ba lelwapa la bone. A re kgang e e tshwanetse ya emelwa ka dinao. BOKHUTLO
education
4
BIUST e belega dikole tse dipotlana
Mookamela kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikoloe tse dipotlana ya Palapye Borwa, Mme Onalethata Thitoyamore a re la Inquity Based Learning fa le ka tlhoafalelwa le ka tokafatsa maduo. O buile jaana kwa Manaledi bosheng kwa moletlong wa go alosa bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha ngwaga o o tlang, le go ipelela maduo a lekwalo la bosupa. Sekole seo se ne sa gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa. BIUST e ikgolagantse le dikole tsa kgaolo ya Letswapo go di thusa ka tse di ka dirwang mo kgodisong ya ngwana mo go tsa thuto. Mme Thitoyamore a re go thona go bona sekole sa bana ba ba palo potlana se sa dire sentle, a supa fa go nonofa ga maduo le boleng ja one e le ja seemo se se kwa tlase. A re seo se ne sa ba pateletsa gore sengwe se dirwe go tlokafatsa maduo. Mme Thitoyamore o ne a kgothatsa barutabana go dira ba le seopo sengwe le batsadi. A re seo se ka tsisa maduo a a nametsang pelo. Mogolwane o ne a re lenaneo leo le fa moithuti sebaka sa go dirisa tlhaloganyo, a dira ka diatla, ka kelelelo e e tseneletseng le manontlhotlho a go itlhaloganya. Mogokgo Grace Obonye o ne a supa fa lenaneo leo le thusa baithuti go bona maduo a a kwa godimo le ikaegile ka thuto ka go dira, go ikakanyetsa le go supa botlhale jwa go ka bona dikarabo. A re sekole seo se ne sa kgona go gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa ka 50 per cent AB le 100 per cent ABC. Mme Obonye a re sengwe gape se se ba tiisang moko le go feta ke tshwaragano le tirisanyo mmogo ya botsadi le banni ba motse oo, A re mo nakong e ntsi ba diragatsa lengwe la matshego a lefatshe leno a boithaopo kwa sekoleng seo. Fa a tswa la gagwe, moitseanape wa kankere Dr Bonolo Mhaladi go tswa kokelong ya Princess Marina yo o tllholegang kwa motseng oo, o ne a ntsha lentswe la kgothatso a supa fa motho a kgona go nna se a se batlang go sa laolwe ke lefelo le a tswang kwa go lone fa e se maikemisetso a motho ka go itirela tolamo mo go tseyeng thuto ka tlhoafalo. Dr Mhaladi o ne a re go le gantsi bana ba ba tswang mo metseng e mennye jaaka wa Manaledi ba na le go itseela kwa tlase. A re ba tshwanetse ba nna le maikaelelo a botshelo jwa bone. A re seo ba ka se kgona fela fa ba ka tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, e seng gore ba kgaramediwe gore ba ithute. A re motheo le kgodiso ya ngwana di botlhokwa go tswa kwa lapeng, mme a kopa batsadi go ithuta bana ba bone go ba rotloetsa go nna se ba eletsang go nna sone. A re thuto ke boswa, e tlhoka go nosediwa le go rotloediwa. “Ke ne ke le motho yo o ratang sekole thata, mme ka bongwana ke ne ke ipatlela go itse go bala le go kwala fela, ya re fa ke ntse ke tlhatloga le thuto ka tsenya maropo dinameng mo go tsa thuto go fitlhelela ke nna se ke leng sone gompieno.” Dr Mhaladi a re ga go na sepe se se thata. A re ngwana mongwe le mongwe o ka kgona, fela fa a na le maikaelelo ka se a batlang go nna sone mo botshelong, a ba rotloetsa go tlhopha ditsela tse di maleba tse di ka ba thusang go ribolola botswerere jwa bone. A re leina le lentle le a itirelwa, a tlatsa ka go re bana ba Manaledi ke bone ba ka tsholetsang serodumo sa motse wa bone. A re go a kgonega gore bana ba ba masome a supa le bobedi bao e nne barutegi ba tlhwatlhwa fela botlhe mme ba direle motse wa bone go o isa kwa godimo. Dr Mhaladi o ne a ba kgothatsa go tsaya dithuso tse ba di fiwang ke puso ka di ka ba thusa mo botshelong.
education
4
Tiego ya didirisiwa e kgoreletsa lenaneo
Kgosi Mabedi Motlhagodi wa Mokgenene o ikuetse ka dingwe tsa didirisiwa tse di tshwanetseng go thusa go namola Batswana mo lehumeng ka lenaneo la nyeletso lehuma, tse a reng di tla ka monokela. Fa amogela mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Gaotlhetse Matlhabaphiri kwa Mokgenene ka Labotlhano, Kgosi Motlhagodi o ne a tlhalosa fa a tshwenyegile thata mabapi le gore didirisiwa dingwe di paledisa tsamaiso e lolameng ka di tsaya nako e telele go goroga. O ne a re seo se busetsa morago maiteko a go nyeletsa lehuma bogolo jang mo go bone ba lehuma le ba aparetseng. A re o fitlhela dilo di tla di kgaokgaogane, se a boletseng e le poelo morago. Kgosi Motlhagodi a re bao ba ba mo lenaneong ba nna ba lebeletse tsela, mme dikarabo di tsaya lobaka go tla, mme e bile go sena tlhaloso epe e botoka. Fa a lekodisa ka tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Pogisego Gaebonwe o ne a kopa gore go nne le mooki o belegisang mo kokelwaneng ya motse, a tlatsa ka gore le yone kokelwana k abo yone o tlhokana le go ka atolosiwa ka tota e le nnye. O ne a bua a sa kgwe mathe ka letlhoko la koloi ya puso mo motseng, a re moo go ba jesetsa mo kgobedung bogolo jang ka ba le kgakala le ditlamelo. A re go thata gore ba kokelo ba kgone go thusa molwetse o gateletsweng ka go sena koloi e ka thusang, a tlatsa ka gore seemo se se baka dintsho tsa tshoganetso tse di ka bong di ne di ka hemiwa. A re le fa ba tshwanetse go ya go batla ban aba ba ngwegang mo sekoleng go ba tsaya malatsi ka ba sena koloi, a bua jalo a kopa gore motse wa Mokgenene o fiwe koloi e tla dirisiwang thata ke bodirelapuso go fefosa tlhabologo ya motse wa bone. Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Gaebonwe o ne a kopa gore kgotla ya bone e nne le ntlo ya go ka tshegetsa badira molato, a tlhalosa fa go ba paledisa tiro ka gore b aba tshwanetseng go tshegediwa ba felela ba tswa fela kana go sena kwa ba ka tshegetswang teng. Mothusatona Matlhabaphiri o ne a lekodisa morafe ka mananeo a nyeletso lehuma, dikgang tsa bana-le-bogole ga mmogo le bolwetse jwa HIV\AIDS. E rile a kgwa morafe kgaba, Rre Matlhabaphiri o ne a dumelana le gore lephata le ntse le na le dikgwetlho tsa letlhoko la go isa didirisiwa le ditsompelo ka nako. A re ngwaga le ngwaga puso e abela lephata madi a kanang ka didikadike tse pedi tsa dipula go dirisiwa, a tlatsa ka gore mme jaanong ga a tlhaloganye gore madiadia a ka tswa a bakwa ke eng. O bile a re puso e tshwenyegile, mme ke ka moo badiri ba boipelego ba phatlaladitsweg go dira ditshekatsheko tsa batlhoki botlhe, ka moo a kopa gore batho ba thusiwe, mme e bile madi a ba abileng a seka a boa ka mabaka a sa tlhaloganyesegeng. Fa a fa tlhaloso mabapi le dikokelwana, a re puso ene e tsere tshwetso ya gore di okediwe, mme kwelo tlase ya itsholelo lefatshe ka bophara e ne ya folodisa maiteko ao. Are maikaelelo a puso e ne e le gore kokelwana epe e bo e na le baoki ba le babedi go akaretsa le yo belegisang, a tlatsa ka gore se, se tla kgonega fela fa seemo sa itsholelo se sena go boela. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Dinah Mfulwane o latlhetse
Molodi o mosesane wa lentswe le le tumileng thata mo thulaganyong ya Tatediso ya Dikgang ya Seromamowa sa Botswana, le tlaa tlhoafalelwa bobe ke ba le bantsi jaaka fa mme Dinah Mfulwane a tlogela tiro ka bogodi. Mme Mfulwane yo o berekileng dingwaga di feta masome a mararo le botlhano o tlogela tiro ka bogodi morago ga go direla puso ka fa tlase ga lephata la dikitsiso, le mo sebakeng se se fitileng le neng le bidiwa la dikitsiso le seromamowa Mme Mfulwane o simolotse tiro ka go direla mo mafelong a akaretsa Maun, Selebi Phikwe le Molepolole kwa a wetsang sebaka sa go direla puso a le teng. Modiri yoo, yo o neng a simolola tiro ka go thapiwa a le morongwa, o supile mowa wa boithaopo jo bo godisitseng bokgoni jwa talente ya go bega dikgang ka botswerere jo bo neng jwa mo ngokela tatedi e e seng kana ka sepe. A re o simolotse tiro ka go tsamaisiwa tshipidi ke Rre Epena Ngatangue yo mo nakong eno a eteletseng pele lekalana la BOPA ka fa tlase ga lephata la dikitsiso. Mme Mfulwane o supile lorato lwa tiro ya dikgang ka go nna boineelo le pelotelele, segolo jang mo tirong e a neng a sa e rutelwa ya go kwala le go bega dikgang tsa DailyNews go akaretsa le thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang. O kaile fa nngwe ya dipego tse a di gakologelwang e bile di mo tiisa moko le go feta mo nakong tsa fa a santse a le mosha mo tirong e le ya go ralala segopa sa ditau, a aperwe ke poifo e kogolo go latedisa kgang e mo go yone mongwe wa badiri ba madirelo a bojanala kwa Moremi a neng a bolailwe ke tau. A re kgang e, e ne e tshosa thata ka ebile a ne a tsamaya e le ene mme mo gare ga borre mo ditseleng tse di neng di sa tsamaege ba patelesega go tla ba ema go epa motlhaba o o neng o sa dire mosepele bonolo. O bile a gakologelwa tiragalo e mo go yone a neng a tsaya boikarabelo jwa tiro e a neng a e dira ya go aba pampiri ya dikgang ka go laela mookamedi wa nako eo wa lephata la dikitsiso le seromamowa, Rre Mogolori Modisi go sala morago mola wa go ikopela pampiri ya dikgang fa a ne a leka go tsenelela ba ba neng ba emetse go thusiwa ka a ne a sa itse gore ke mang. Mme Mfulwane o ne a nna le sebaka sa go tsenelela dithutuntsho tsa go kwala dikgang tse dineng di rulaganngwa ke lephata di akaretsa le go kapa dithwantsho. “E re ntswa re ne re sa rutelwa tiro ya bobega dikgang, re ne re rutuntshiwa ke babega dikgang ba nako eo borre Jerry Masete le Michael Dithakeng ba ba neng ba dumela mo dipegong tse di tlhapileng pele di tsena mo ditsebeng tsa bareetsi,” ga tlhalosa Mme Mfulwane. E re ka jaana gotwe tsholofetso ga e tlhabise ditlhong, boineelo jwa ga Mme Mfulwane bo ne jwa mo tsisetsa maduo a go tlhatlosiwa maemo go nna Technical Assistant. Dinah, jaaka badiri ka ene ba tlotlileng go mmitsa, o gwetlhile badiri ka ene ba ba magorogo masha mo tirong ya dikgang go semelela ka go eletsa go gola ka go itirela leina ka go jesa bareetsi monate mo dipegong tsa bone eseng fela go ikutlwa ba tlhagelela mo phefong. Go ya ka Rre Jeremiah Senabye yo Mme Mfulwane a kileng a direla ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe kwa Selebi Phikwe le Molepolole, a re Mme Mfulwane e nnile mongwe wa badiri ba ba boikanyego, ka bonatla a le kelotlhoko e bile a itse go dirisanya thata le badiri ka ene. Rre Senabye o tlhalosa fa Mme Mfulwane e ne e le modiri yo ba le bantsi ba ka ithutang go nna boineelo mo tirong ka ene ka go amogela thomo ya boeteledipele ka nako tsotlhe kwa tiro e neng e mo tlhoka teng Lentswe la ga Mme Mfulwane le tlaa tswelela le agile mo ditlhaloganyong tsa bontsi jwa balatedi ba thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang ka go mo itse thata e le Dinah Nfulwane yo e ya reng leina la gagwe le umakwa bontsi bo thaakanye ditsebe. BOKHUTLO
society
9
Maloko a mokgatlho a aba madi a mmele
Mokgatlho wa University of Botswana Health and Wellness Centre o bone go le maleba gore ba nne le karolo mo go abeng madi a mmele, se e le nngwe tsela ya go leka go lwantsha tlhaelo ya madi ee apereng lefatshe leno ka bophara. UB health and wellness Centre e aba madi malatsi a le matlhano ba ikgolagantse le National Blood Transfusion Centre (NBTC). Mogokaganyi wa UB health and Wellness Centre, Mme Bawani Motshewa, o tlhalositse fa ba lemogile gore tlhaelo ya madi ke selo se se tshwenyang fela thata, mme ka jalo ba batla go thusa mo go lwantsheng tlhaelo eo. Mme Motshewa a re ba sa la ba simolola go nna karolo mo go abeng madi ba ntse ba golagane le ba NBTC ka dingwaga tsabo 2008, a supa fa kgolagano ya bone e tsweletse ka go golela pele. O tlhalositse gore ka di ngwanga tsa bo 2008 tiro ya go abiwa ga madi a mmele e ne e tsaya letsatsi le le lengwe fela, mme mo bogompienong ba dira tiro eo beke yotlhe. O tsweletse a tlhalosa gore mo ngwageng ba dira tiro e ya go aba madi gabedi ba lebile gore ngwaga o kgaogantswe ka ditlha di le pedi go yeng ka thuto ya Mmadikolo. Mme Motshewa are dipalo tsa batho ba ba abang madi di tsweletse ka go golela pele fa go tshwantshangwa le dingwaga tse di mmalwa tse di fitileng. Are gore dipalo di tswelela ka go gola jaana, ba nale dithulaganyo tse ba e dirang e le ba UB health and Wellness Centre go gwetlha batho gore ba abe madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo. Dithulaganyo tse di akaretsa kanamiso ya melaetsa ka dipampitshana, ga mmogo le baithaupi ba baithuti ba ba tsamayang ba anamisa molaetsa ka kabo ya madi ntlo le ntlwana mo sekolong. O tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba abang madi ka palo e ntsi e le baithuti ba sekolo, mme le badiri mo sekolong le bone ba tsweletse ka go aba madi a mmele ka dipalo tse di nametsang. Oa tswelela ka go tlhalosa fa kabo e ya madi e sa remelela fela mo baithuting le badiri ba Mmadikolo, mme e buletswe mongwe le mongwe fela yo o ka tswang a nale keletso ya go aba a madi. Mme Motshewa o rotloetsa mongwe le mongwe yo o mo seemong sa gore a ka aba madi, gore a abe madi ka gonne, madi a a abang e kare kamoso a solegela ene yo o a abang molemo. BOKHUTLO
health
6
Maiteko a puso a mantle
Kgosi Mbuso Vavani wa Maitengwe o tlhalositse fa a lebogela go bo puso e tserekgato ya go rotloetsa Batswana ka kakaretso go nna le seabe mo tsamaisong yabodiredi. A re ka go dira jalo, oratile mogopolo wa tiriso ya dipampiri tsa patlo maikutlo ka bodiredi le tsa gokwala megopolo e e ka tokafatsang. O buile seo mo potsolotsongle ba lekala la dikgang la BOPA bosheng, a re mokwalo o ba o dirang o thusathata, ka o ka kaya bokowa le bokgoni ja babereki. A re ntleng le seo, go ka nnale tikologo ya tirisano mmogo le tomagano mme a re Batswana ba bantsi mme modinakong tse dingwe o fitlhela palo ya bodiredi e le kwa tlase. Kgosi Vavani gape o ne a remme batho mo diemong di tshwana le tseo ba tshwanetse go inela puso diatlametsing ka e dira ka bojotlhe go gorosa ditlamelo ko metseng e e farologanyeng. A re kgato e puso e e tserenge ema nokeng tsetlana nngwe e e reng mmuso wa batho ka batho, gape puso e edirelang dilo mo pontsheng. Fa a tswelela, a re oitumelela gore batho le bone ba itse tshwetso e ba tshwanetseng go e tsaya kadinako tsotlhe mo diemong tse di farologanyeng. A re o itemogetse gore bathoba dirisa sebaka sa go kwala maikutlo a bone gore le bone ba nne le seabe mo ditsamaisongtsa lefatshe. Go sale foo, a re le bone baba thusiwang ba seka ba gatelela bao ba ba thusang mme o ne a tlhalosa gorebodiredi le jone bo tshwanetse go nna le boikobo, boineelo le lorato mo go baba thusang gape ba le tlhaga. A re isago e mo diatleng tsaBatswana, mme go tlogelwe go latlhelelwa le boitseme ka tseo di ka phutlhamisaitsholelo le tswelelopele. Gape Kgosi Vavani o ne agatelela ntlha ya gore mananeo a kana ka thapo tsa leselo, mme a Batswana ba adirise a ba tshetse botshelo bo ye pele.
society
9
Tsie sejo sa bagologolo
Bogologolo e ne e tle e re tsie e umakiwa, batho ba tlale boitumelo ka ba itse fa kgora e tsile. Gompieno ga go a nna jalo ka gore fa e umakiwa, ka bofefo Motswana o simolola go tlalelwa le go tlelwa ke poifo e kgolo. Bogologolo tsie e ne e tsewa e le sejo sa botlhokwa e bile e ne e bonwa motlha mongwe morago ga lebaka le le leele. Bagologolo ba re kgorogo ya tsie e ne e tsisa boitumelo mo bathong, go simolole semphete-ke-go-fete. Mongwe le mongwe e le yo o batlang gore e re pele ga e feta a bo a bapetse mesobana e le mmalwa. Mo motseng wa Tonota mo kgaolong ya Legare, go tsalwa Rre Albert Kgaritlha, yo o dingwaga tse di masome a le bofera-bobedi, mme e bile a itsege thata ka kitso ya gagwe ya setshidi se ba reng tsie. Mo potsolotsong bosheng, monnamogolo Kgaritlha o tlhalositse fa ka boammaaruri a na le kitso e ntsi ya tsie ka a ne a le motshwari wa yone wa popota mo dingwageng tsa maloba mme o tlhalositse fa mefuta ya tsie e le mene. “Molome ke tsie e e kima mme ka mmala e le khibidu. Segongwana ke tsie e e kaiwang e le bokgwabo mme ka mmala e le bohibitswana jo bo borokwana. Jaje ke sehakgale sa tsie ka e kgona go fofa le bosigo, mme yone ka mmala e tshetlha e bo e nna le sehuba se setala. Mofuta wa bofelo wa tsie ke o o bidiwang Jajerane. Yone ke tsie ya bokgwabo jo bo feletseng, mme ka mmala e le tshetlhana,” ga tlhalosa Rre Kgaritlha. A re bogologolo ba ne ba bapala tsie go sa le mo mosong, ba ipopile ka ditlhophana mme a re fa go gorogwa kwa gae ka papadi e, go tlhatlegiwa pitsa mme go thothediwe metsi a se manene mo go yone. Rre Kgaritlha a re yo o tshwereng kgetsi o tsenya molomo wa yone mo pitseng, a tlhotlhorele tsie ele yotlhe mo teng. Fa a dira jaana, Rre Kgaritlha a re yo mongwe o a bo a eme gaufi thata ka sekhurumelo gore e re fela yo o tshwereng kgetsi a fetsa a bo a setse a khurumela go thibelela tsie go fofa. “Setswana se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa tota se tswa gone fa. Tsie e ne e re e budule ke bo ke e anega kana ke e rafa go dira seshabo sa mosoko. Fa gongwe tsie e ne e gakolosiwa, go tlhobiwa diphuka le maroo go beelwa fa thoko,” a tlhalosa. A re go tsweng hoo go tloge go tsewe metsinyana go pharanngwe mo pitsaneng go tsenngwe letswai, go pharanngwe mafuranyana a dingwe diphologolo tse di giwang mafura jaaka podi, nku, phofu kana thutlwa. Rre Kgaritlha a re ditlhogo, diphuka le maroo a tsie di ne di kokotlediwa mme morago di feferwe go ntsha diphuka, mme morago ga moo di a thugiwa, go latlhelwe letswai mme ka jalo go dirwe sekome. O tsweletse ka go tlhalosa gore mo malatsing ano batho ga ba rate tsie ka bangwe ba dumela fa e tsisa lehuma. A re barui ba dihutshane le bone ga ba rate tsie ka mabaka a gore diruiwa tsa bone jaaka dikgomo le dipodi di felela di sena phulo fa e ntsifetse fela thata mo e leng gore phulo le yone ga e sa tlhole e lekana.
society
9
Nxaraga o galaletsa puso
Bogogi jwa motse wa Nxaraga mo kgaolong ya Ngami bo akgoletse puso go bo e tshwere ka natla go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana. Ba supile se mo potsolotsong bosheng. Ba re e re le ntswa lefatshe leno le babaletswe ke manokoko a kwelo tlase ya itsholelo, puso ga ya ipona tsapa go tsweledisa maikaelelo a yone a go thusa Batswana bao ba ba aperweng ke lehuma la nta ya tlhogo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Geoffrey Manja, a re ele ruri puso e tlhapolotse letsogo ka jaana tema e a bonala e bile ba le bantsi ba kgona go inosa metsi. A re mananeo a puso a dirile pharologanyo e tona mo morafeng wa Nxaraga, ka bontsi bo ne jwa inaakanya le one mme e bile mo bogompienong matshelo a bone a bonala a tokafala fela thata. A re mananeo a tshwana le a temo-thuo jaaka LIMID a tsweletse sentle mo kgaolong; e bile a boa a lebogela puso go bo e bone go tshwanela go oketsa ditlhwatlhwa tsa theko ya dipodi, ka jaanong le barui ba kgatlhegela go rekisa; ka dipoelo di le botoka. Rre Manja o boletse gape fa lenaneo la go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le lone le ntsha maduo a a nametsang a supa fa a dumela fa dipalo tsa botlhoki di tla wela tlase. Kgosi ya motse, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe, o ne a iteela kobo moroko mafoko a a boletsweng, a supa fa ba leboga maiteko a puso go menaganye. A re e le ruri fa morafe o ka tswelela ka go tsibogela dithuso le mananeo a puso; kgang tsa lehuma e tlaa nna selo sa maloba. Kgosi o ne a supa selelo se segolo ka bogodu jwa leruo, jo a reng bo jweleletse mo kgaolong ya gagwe. A re o ngomoga pelo ka jaana bangwe ba batswasetlhabelo e le bone ba ba filweng dithuso ke puso. A re bogodu jwa leruo bo tla busetsa maiteko a mantle a puso kwa morago, a supa fa le bone ba ba filweng ba tla kgobega marapo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a supa fa morafe o bolawa ke lenyora le legolo. A re e sale motse wa bone o tlhomamisiwa ga ba ise ba tsenyetswe metsi mme ba nosiwa ka go tshelelwa. A re tanka e e ba sielang metsi eo ga e ba lekane, mo le bone ba setseng ba itlhobogile;e bile ba nwa kwa nokeng. Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a ikeula gape ka tlhaelo ya ditlamelo tsa botsogo ka ba sena kokelwana. A re ba thusiwa gangwe fela mo kgweding mme nako tse dingwe ga ba bone thuso ya bongaka gotlhelele ka ba botsogo ba bolela fa ba tlhaelelwa ke dipalamo. Kgosi o ne a supa fa kgang ya go tlhoka sekole mo motseng le yone e sa ba robatse. A re bana ba Nxaraga ba tsamaya sekgela sa dikhilomethara di le lesome le botlhano go ya sekoleng, kwa motseng wa Komana. A re go le pele ba ne ba thusiwa ka bese ya lephata la thuto; mme jaanong bese eo e senyegetse ruri fela; mo go paledisang bana go ya sekolong sentle. Kgosi Kgosigaenyatswe a re morago ga go ikuela kwa bogoging jwa kgaolo mme go se nko epe e e tswang lemina; e le botsadi jwa motse, ba bone go le botlhokwa gore ba ise kgang e ya bese kwa ofising ya ga tautona, ka se tota se baya isago ya bana ka fa mosing. BOKHUTLO
politics
7
Modulasetilo o kopa gore dikatlholo di gagamadiwe
Banni ba Kopong ba kopile puso go tseela batho ba ba senyang ditsatlholego dikgato tse di gagametseng fela jaaka magodu a diphologolo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ka mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Seboka Bonno a re batho ba tsweletse ka epa motlhaba, konkoreite le tse dingwe ba sena diteseletso. Matshwenyego a mangwe a modulasetilo a buileng ka one ke leswe le a boletseng fa le latlhelwa gongwe le gongwe mo tikologong e bile le leswafatsa tikologo le motse wa bone. Rre Bonno o bile a kopa gore go seka sekwe sesha molao o otlhayang batho ba ba leswafatsang tikologo ka jaana go lebega fa dikatlholo tse di teng dile motlhofo . A re lentswa motse wa bone o itsege ka bophepa monongwaga batla jelwa matshwao ka dilo tse ba senang taolo mogo tsone jaaka matlotla ,ditilo le ditafole tse di sa dirisiweng kwa dikolong tsa di potlana tsa motse oo. A re ba batshwenngwa ke bommamathwane mo dikolong tse dipotlana a tlhalosa fa monko wa leswe la bone o le diphatsa fela thata mo baithuting le barutabana. Mo dikgannyeng tse dingwe batho ba Kopong ba boleletse mopalamente fa motse wa bone o golela ntlheng ya Gakuto mme ba kopa go agelwa sekolo sa boraro ka jaana gona le bana ba bantsi ba ba batswang kwa Sasakwe a re seo setla fokotsa mosuke o teng mo dikolong. Selelo se se ke letlhoko la metsi le gore ditanaka tse dinosang motse wa bone di dinnye ba kopa gore diokediwe ka motse le one o godile. Fa a tsibogela matshwenyego a bone a metsi mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi Mme Boitumelo Kgaodi ene o tlhalositse fa ba tshwaragane le tiro e tona ya go tokafatsa seemo sa mealo ya metsi le go atolosa ditanka tse di teng tse dinosang motse oo. Fela o rile batshwenngwa ka kafa metsi a sa gorogeng sentle mo motseng gotswa kwa phaepheng e tswang kwa Sasakwe ka ntata ya tshenyo e dirwang ke baruakgomo bangwe ba ba senyang phaephe eo ka maikaelelo a go nosa leruo la bone. O tlholositse gape fa batla baakanya phaephe a isang metsi ko Kopong west ka go lebega fa le yone ele tshesane. Mo tekodisong ya gagwe mopalamente o rotloeditse batho ba dikgaolo tseo go dira dithotho tse di nang le tlhwatlhwa gore puso e tle e direke mo go bone a bolela fa mafatshe a tlhabologileng a simolotse jalo.
crime_law_and_justice
1
Ba le bane ba abetswe dijo le dikobo
Bana ba le babedi le bomme ba le babedi ba Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba abetswe dikobo, dijo le melora ke ba mokgatlho wa bomme wa Marea wa kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng a kgaolo ya Borwa. Bomme bao eleng Oabona Onkabetse, Lesego Tshegofatso, Kgosiyarona Ditlhako le Keoletile Olesitse ba ne gape ba fiwa P100 .00 fa godimo mongwe le mongwe go ithekela seshabo. E rile a bua mo boemong ja bakaulengwe go tswa Serowe, Palapye, Mahalapye, Selebi-Phikwe le Bobonong, modulasetilo wa bomme ba mokgatlho oo wa kgaolo ya Borwa ya Deanery ya Roma, Mme Tikologo Kenosi a re ele bomme ba tshwenngwa thata ke matshelo a batho ba ba sa ikgoneng, a re seo se gateletse bomme segolo bogolo. O tlhalositse fa maikaelelo magolo a bomme ba Roma ele go thusa batho go gola mo tumelong ka ke yone e e ka ba tshegetsang mo dinakong tse dithata tsa diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone. O tlhalositse gore nako tsotlhe kwa ba kopanelang teng, ba kopa batho ba motse o ba yang go kopanela teng go ba batlela ba ba tlhokang dithuso .A re ba dira jaana go tshwaraganela kgetsi ya tsie le puso gore le bone ele bomme ba thapelo ba supe fa ba utlwisisa e bile ba tlhaloganya sentle matshego a setshaba a vision 2016. Fa a otlelela mafoko a modulasetilo, Mme Marea Kanokang o boletse fa lerato le se mabela, le se maikgantsho e bile le sa ikgogomose, mme e bile ba sa tshwanela go boifa gonne Jesu o teng mo matshelong a bone ka malatsi otlhe. Sister Lucy ene o supile fa se, ele thomo ya Modimo gore bomme ba bo ba na le matsogo a a abang e bile ba tlhaloganya pitso le thomo ya Modimo ya gore ba apese ba bo ba fe batlhoki dijo gammogo le go nosa ba ba nyorilweng . Moruti wa kereke eo go tswa Palapye Rara Gabriel Tanki Batere a re go aba go supa bokeresete mme a tlhalosa fa bokeresete bo bonwa ka ditiro tse dintle. O rile lefatshe leno le tlhoka dithapelo ka le dikaganyeditswe ke mafatshe a a sa iketlang a a tletseng dikgoberego. Fa a a fa malebo, leloko la lekgotla la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lecheng Rre Babopeng Ookeditse a re ba lebogela dimpho tseo ka di tlisa pharologanyo mo matshelong a ba ba di amogetseng mme a kopa bakereke ya Roma go tswelela ka mowa o montle oo wa bopelotlhomogi. Bokhutlo
religion_and_belief
8
Ba Mankgwenyane ga ba robatswe ke dibara
Kgosi Gagonthone Sesupo wa kgotla ya Mankgwenyane kwa Molepolole a re ga ba jesiwe diwelang ke dibara dingwe kwa kgaolwaneng eo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Sesupo o tlhalositse fa kgotla eo e dikaganyeditswe ke marekisetso a bojalwa a a reng a tlala phetelela. A re banni ga ba robadiwe ke modumo o o kwa godimo thata o ebileng o kgoreletsa baithuti go dira tiro ya sekolo kwa malwapeng. A re selo se se mo tshwentseng le go feta ke gore modumo o, o oka bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, ba bangwe ba bone ba santseng ba tsena dikole. O tlhalosa fa kwa marikisetsong a, go diragala dintwa tse di masisi nako le nako. Le fa gontse jalo Kgosi Sesupo o kaile fa ba eme ka dinao go itepatepanya le seemo se, a supa fa ba kile ba ikgolaganya le ba molao go ikuela tebang le seemo se. A re le ntswa modumo wa diletso o tsweletse, dibara tsone di tswalwa ka nako morago ga gore mapodisi a eme bagwebi ka lefoko. Godimo ga moo, kgosi o supa fa mapodisi a beile seemo leitlho. O tlhalosa gape fa kgotla eo e boloditse letsholo go itepatepanya le ba ba tlhokang tsebe kwa maitisong ka go ba biletsa kwa kgotleng go tla go ba kgalemela ka fa go tshwanetseng. Modulasetilo wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi, Rre Keabetswe Rantoko, o tlhalositse fa ba ipaakanyeditse go busetsa dilo mo mannong. A re ba itlamile go tsamaya mo dikoleng ba buisana le baithuti go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go tlhoka tsebe le tiriso ya nno tagi. Rre Rantoko a re go dira jalo go ka sologela bana molemo ka le ojwa le sa le metsi.
society
9
Thuto e tlhoka batsadi le barutabana
Tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka tsisa maduo a mantle. Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Taupye kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Tshwaragano Dipao mo potsolosong bosheng. Rre Dipao o boletse fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tla diphuthegong tsa batsadi le barutabana. A re batsadi fa gotwe phuthego kwa sekoleng o utlwa ba re ba ya merakeng,a tlatsa ka gore seo ke matlhabisa ditlhong e le ruri. A re jaanong o kare batsadi ba roletse barutabana bana mme a re o kopa batsadi go tlogela mogopolo oo ka o sa siamela thuto ya bana ba bone. O tswelela a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang. “Fa maduo a tswa a le mantle re a itumelela rotlhe, mme fa a se mantle ke kgang ya barutabana ba le nosi, ka jalo re tshwanetse ra tshwaragana,”a tlhalosa. A re molemo wa go ntsha maduo a mantle ke tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang tokafatso maduo a bana. O tlhalosa gore fa e le gore batsadi bangwe ga ba a tsena ka kgoro ya sekole mme le bone ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone,e seng go isa bana kwa merakeng ka nako ya sekole. A re ba tshwanetse go itse fa thuto e le bokamoso jwa bana e bile thuto e ka ba ntsha mo lehumeng ga mmogo le ba malwapa a bone. O tswelela a tlhalosa gore go supagetse fa dikole tse di tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo e le ka ntlha ya tshwaragano ya batsayakarolo botlhe mo thutong. E re gontse jalo, a re o gakolola batsadi go itse fa go le mo maruding a bone go bopela bana bokamoso jo bo phepa ka go ba rotloetsa go tsena sekole le go ithuta. O ne a supa fa botshelo e le kgwetlho mme go ikanya thuto e le yone tsela ya boammaaruri e e ka bulelang motho mafulo a matalana ga mmogo le go bula dikgoro tsa botshelo tse dintle. A re o kgothatsa bana botlhe ba ba golelang mo dikgwetlhong tse di thata tsa botshelo di tshwana botlhoki,go isiwa merakeng ka nako ya sekole le bohutsana go tlhaloganya fa seo se ka seke sa ba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa bone. O ba rotloeditse go ikuela kwa go ba boipelego gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, a re o lemogile fa batsadi bangwe ba hira bana kwa merakeng ba ba ntsha mo sekoleng, a tlatsa ka go gakolola ba ba dirang jalo gore ba itse fa seo e le molato. O supa fa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase a sa tshwanela go bereka ka fa molaong wa tsa pereko. O ne a tlhalosa fa ba thusana le ba sepodisi go leka go lemontsha batsadi botlhokwa jwa go tsenya ngwana sekole. Mo godimo ga moo, o tlhalosa fa bana bangwe ba sa godisiwe sentle ka gore batsadi ba bone ba dirisa nnotagi phetelela e bile bangwe ba nwa bojalwa le bone. O tswelela a re e le boeteledipele ja motse wa Taupye ba leka bojotlhe go ruta banni ka mananeo a puso a a ka ba thusang go tsenya bana ba bone dikole. A re sebe sa phiri ke gore ba maoto a tshupa go tsibogela mananeo ao, a tlatsa ka gore bangwe ba ba hira mo Ipelegeng gore ba tle ba kgone go duelela bana sekole. A re bangwe fa madi a tswa ba a nwa ka bojalwa fela otlhe, a tlatsa ka gore ga ba itse gore jaanong ba ka ba thusa jang gore ba tlhokomele bana ba bone. Rre Dipao o tlhalositse fa thuto e le Khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banaleseabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne ngatana nngwe fela go betlela bana bokamoso ka e le bone babusi ba Botswana ka moso. BOKHUTLO
education
4
Ikaegeng ka temo-thuo
Tona wa Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo Dr Edwin Dikoloti o kgothaditse banni ba Lorolwane go itshwarelela ka temo-thuo go itshetsa ka lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la ditiro. Mopalamente wa Mmathethe/ Molapowabojang o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Lorolwane bosheng. Tona a re keletso ya gagwe ke go bona kgaolo ya Mmathethe/ Molapowabojang e nna boremelelo jwa temo-thuo. Dr Dikoloti a re fa ba ka tlhoafalela temo-thuo ba ka rekisetsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) le Botswana Meat Commission (BMC), tse di tsenyetsang Motswana madi mo kgetsing. A re fa dikompone tseo di ka phutlhama di tlaa bo di phutlhamisitse botshelo jwa Motswana. A re e le tona yo o lebaganeng le temo-thuo, o ikuela mo setshabeng gore ba mo thuse gore dikompone tseo di seka tsa phutlhama. A re puso e reka dijo boturu kwa ntle ga lefatshe leno, ka jalo o kopa setshaba go mo thusa go fedisa seemo seo. Mo go tse dingwe Tona Dikoloti a re keletso ya gagwe ke go bona tsela ya Mmathethe /Bray e tshelwa sekonotere ka se ka goroga kwa Lorolwane, mme seo se tokafatse seemo sa temo-thuo ka jaana motse wa Bray le Lorolwane e le mengwe ya metse e e isang dikgomo kwa matlhabelong ka bontsinyana. Mopalamente a re keletso ya gagwe ke gore banni ba Mmathethe/Molapowabojang e nne bagwebi ba maungo. A re ka jalo o tlaa rotloetsa kgaolwana nngwe le nngwe ka ditlhare tsa maungo di le masome mabedi le botlhano. A re Lorolwane ke lengwe la mafelo a a humileng di-tsa tlholego, ka jalo a rotloetsa banni go di dirisa. Mabapi le thuto, tona o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao, a re ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a kgaolo go rotloetsa thuto ka go thapa batho ba ba rutuntshang baithuti. Fa a amogela baeng, kgosana wa tetlanyo kwa motsing oo, Rre Matlhoakgosi Matlho o ne a re ntswa motlakase o le teng mo motsing, ga o ise o gokelwe mo maphateng a puso. O ne a supa matshwenyego mabapi le maduo a a sa itumediseng a sekole se sebotlana sa motse oo, a tlhalosa fa a belaela gore seo se bakiwa ke tlhaelo ya ditlamelo. A ngongorega le ka seemo sa tsela ya Lorolwane/Gasita a re e mo seemong se se maswe ka jaana go le lebaka e sa gopiwe. Fa a ntsha tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kaelo Paraffin o tlhalositse fa ditiro tse ba di dirang ka lenaneo la Ipelegeng di tsweletse sentle, sebe sa phiri e le gore ba filwe palo e potlana go thapa babereki mme a kopa gore e okediwe. Rre Paraffin o ngongoregile ka ditsha tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse a re ga di na di
politics
7
Keamogetse o gweba ka dinotshi
Kgwebo ya thuo ya dinotshi e tlhalosiwa e le nngwe ya dikgwebo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho. Se se builwe ke Mme Keamogetse Khubu wa motse wa Dikhukhung mo kgaolong ya Borolong yo o inaakantseng le thuo ya dinotshi go iphalotsa lehuma mo potsotsong bosheng. Mme Khubu o tlhalositse gore e re ntswa thuo ya dinotshi e se bogadi bo gaufi, bangwe mo magaeng ba tlhabolotse matshelo a bone ka yone. Mme Khubu o supile fa thuo ya dinotshi e tlhokana le motho yo o pelotelele e bile a na le lorato mo go se a se dirang. Ka thuso ya ba ofisi ya nyeletso lehuma ba khansele- potlana ya Good Hope, e rile ka ngwaga wa 2013 a ya go rutwa ka thuo ya dinotshi sebaka sa malatsi a le matlhano kwa Pelotshetlha. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a rutwa gore dinotshi di tshwarwa jang e bile di nale mosola ka di dira tsina, e e nang le dipoelo. O tsweletse ka go re morago ga go tlhatlhelelwa ka dithuto tsa thuo ya dinotshi, o ne a aloga mme a fiwa setlankana sa thuo ya dinotshe. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a nna ngwaga a ise a fiwe didirisiwa tsa thuo ya dinotshi, mme ya re ka 2015 a rogwa a segofala a fiwa mabeelo a dinotshi le kapari ya thuo ya dinotshi, mme a tshwanelwa ke go ipatlela dinotshi go simolola thuo. O rile le fa go ne go se motlhofo go ikapela dinotshe kwa pheletsong o ne a di bona mme a di tsenya mo lebokosong a di tsenyetsa sukuri. O tlhalositse gore dinotshi di na le dipaka di le tharo mo ngwageng tsa go dira tsina mme gore di nne bogadi bo gaufi o di lemela sonobolomo le maphutshi, gape e le tsela nngwe ya go di tlhokomela. Fa a bua ka tlhokomelo ya dinotshi, Mme Khubu o tlhalositse gore ga di matsapa go di rua, a tlhalosa gore mo mosong le maitseboa di a tswa di ya go gama, mme se ga se mo kgoreletse go ka tsewelela ka ditiro tse dingwe go senka letseno le lengwe la madi. O tsweletse ka go re e re ka jaana a santse a le mosha mo thuong ya dinotshi, o dira tsina fela mme keletso ya gagwe ke gore fa a gola mo kgwebong a dire ditlolo tsa melomo le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a ruela mo tshimong. Mme Khubu a re o rekisa fela mo bathong mme keletso ke go tswela kwa ntle go oketsa thekiso jaaka kwa mabentleleng. O kaile gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore dinotshi tsa gagwe di longwa ke ntshi e e di bolayang le gone go falala, go bo go re a senke tse dingwe. O tlhalositse gore ponelopele ya gagwe ke go ipona a okeditse mabeelo kgotsa mabokoso a a beelang dinotshi, a hudugetse kwa tshimong ka ga jaana a santse a di ruetse mo lwapeng. Mme Khubu o kopile Batswana go tsaya mananeo a puso a a ka tlhabololang matshelo a bone mme ba seka ba itsapa ka e tlaa re mo tsamaong ya nako ba bone maduo. O lebogile puso ka seabe sa yone go mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, e bile o santse a na le keletso ya go ka thusiwa go itlatsa mo thutong e a setseng a e filwe. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Puso e tlamega go tseela beng ba leruo dikgato
Puso e tlamega go tseela beng ba leruo le le senyetsang balemi dijalo tsa bone dikgato.Se se builwe ke Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ko Tamasane bosheng. A re puso e tshwenyegile thata ka selelo sa balemi sa ngwaga le ngwaga ka leruo le le tlogelwang le saila mo masimong ka nako ya temo. A re puso e tlamega go fetola molao gore beng ba leruo ba tseelwe dikgato tse di gagametseng, a re se se tla thusa dikgosi go sekisa dikgang tsa majo. A re mo nakong eno, beng ba leruo bangwe ga ba tsibogele dikgang tsa majo ntswa puso e dirisitse madi a mantsi go lemela balemi.Dr Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare a re dikgang di tshwana le tsa bogodu ba leruo di tshwentse Batswana fela thata mme puso e ile ya tsaya kgato ka go dira dikgotla tse di sekisang dikgang tsa bogodu jwa leruo ga mmogo le go nna le batlhotlhomisi ba dikgang tse. A re dikgotla tse di tsile go thusa barui, bogolo jang ka ba ntse ba lela ka dikgetsi tsa bogodu ba leruo tse di isiwang kwa ga mmakaseterata. Mo go tse dingwe Dr Kedikilwe o kopile ofisi ya temo- thuo go tswelela ka go ruta balemi ka go ba tlhatlhelela ka temo e e tlhabologileng .A re maikaelelo a puso ka lenaneo la ISPAAD ke go oketsa thobo le go godisa temo gore e nne kgwebo e Batswana ba ka itshetsang ka yone, ka jalo balemi ga ba tshwanela go ganelela mo segologolong,ba tshwanetse gore ba dirise methale e mesha ya temo jaaka go lema ka ditselana. O rotloeditse banni ba Tamasane go tsaya temo ka tlhwaafalo, a re temo ke nngwe ya methale e ka tswakanyang itsholelo y aba ya ntsha Batswana mo lehumeng. A re fa temo e godile puso e ka felela e dirile madirelo a go dirwang dijo tse di dirilweng ka thobo e bonweng mo masimong mme se, se tlhamele Batswana mebereko. Fa a tswa la gagwe Kgosi ya motse wa Tamasane Kgosi Roman Mpule o tlhalositse fa ele boammaaruri dikgomo di senya mo masimong ka gore beng ba dikgomo ga ba di tlhokomele. A re bothata jo bongwe ke gore beng ba dikgomo ba di hudisa bosigo mme di bone tshono ya go senyetsa balemi dijalo. Mokhanselara wa motse oo Rre Ketogetswe Sekwati o rotloeditse barui go tlhokomela dikgomo tsa bone bogolo jang ka go na le tiro ya mafaratlhatlha a dipompo tse di tsenngwang go tswa ko Moralane go ya Palapye.A re barui ba tlhokomela leruo la bone le seka la hulela gaufi le fa tiro eo e dirwang teng ka le ka wela mo mesimeng e epilweng. Fa a lekodisa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Keolebile Dingalo a re o lebogetse mananeo a puso bogolo jang la nyeletso lehuma le a reng le tsamaya sentle mo motseng. O lebogetse gape le lenaneo la Ipelegeng le a reng le tla ba kgontsha go dira terata e kgaoganyang masimo le mahudiso.
society
9
Bomme pilara ya ngwao - mohumagadi
Mohumagadi wa kgosi ya Batlokwa o rotloeditse bomme ba Bakgatla go tswelela ka go tshegetsa ngwao. O ne a bua kwa dikgaisanong tsa moduduetso kwa Mochudi, tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Kgeleke tsa Ngwao le Moduduetso. Mohumagadi Thandie Gaborone a re Botswana o thaetswe mo ngwaong, ka jalo go a tshwanela gore Batswana ipelefatse ka Setswana sa bone. “Se le se lorang mo Kgatleng le rona re a se lora re le Batlokwa ka re eletsa go bona dikokomane tsa rona di tshegeditse ngwao,” Mohumagadi Gaborone a supa. A re Batlokwa ba na le letsatsi le ba ipelelang ngwao ka lone, mme e le keletso ya gagwe go bona se se diragala kwa Kgatleng. Mohumagadi Gaborone o tshephisitse bomme ba Bakgatla kemo nokeng, mme e le tsholofelo ya gagwe gore le bone ba tlaa ema Batlokwa nokeng fa ba lalediwa go tla go ipelela ditiro tsa Setswana ka go farologana. “Re le bomme re tshwanetse go tshwaragana ka ebile e le rona gape re agang setshaba,” a supa. O kgothaditse bomme go ikaega ka Modimo, a re ke ene fela a ka tshwaraganyanang batho ebile a ba segofatsa gore ba atlege mo maikaelelong a bone. “A mowa wa Modimo o rena magareng ga lona. Ga ke eletse gore mmaba saatane o ka senya mokgatlho wa lona,” Mohumagadi Gaborone a kgothatsa. O ne gape a rotloetsa mokgatlho go itshwaraganya le UNESCO, ka ba na le mananeo a go godisa dingwao tsa mafatshe, mme se se ka ba thusa gore ba itshetse ka bokgoni jwa bone. Mohumagadi Gaborone o rotloeditse botlhe ba ba neng ba phadisana go tshwara ka thata, go godisa bokgoni jwa bone ka ke mpho ya Modimo ebile e tshwanetse go anamisiwa gore batho ba ipelafatse. Mogokaganyi wa mokgatlho wa Kgeleke Tsa Ngwao le Moduduetso, Mme Grace Peterson a re ba simolodisitse mokgatlho o ka ba ne ba tshwentswe ke seemo sa go tlhoka go ipelela ngwao kwa Kgatleng. “Merafe e mengwe mo Botswana e tsweletse pele, mme re ne ra bona gore a le rona re seka ra salela kwa morago,” Mme Peterson a supa. A re le fa mokgatlho o ise o digele ngwaga, ba setse ba segile tema mme ba eletsa gore ngwaga o o tlang, ba nne le letsatsi la go ipelela ngwao. Mme Peterson a re tshesego ya go simolodisa mokgatlho o, e ne e le go ruta bomme tiro ya diatla, mme ga ba a kgaphela borre kwa thoko ka ba amogelesega go tsenelela mokgatlho. “Maikaelelo a rona ke go amogana dikitso ka tiro ya diatla gore re kgone go dira letseno le re ka itshetsang ka lone re tokafatse matshelo a rona,” Mme Peterson a tlhalosa. A re ba eletsa gape go nna le letsatsi la mmaraka go rekisa dithoto tsa bone. Mo kgaisanong ya moduduetso, ba ba phadisanang ba ne ba le 12, gareng ga bone, rre a le mongwe. Go ne go na le meduduetso e e farologaneng, jaaka wa go isa thupa kwa kgotleng, go gorosa ngwetsi mo lapeng, go amogela balalediwa ba tlotla, wa leboko, wa koma le ya go isa thobo ya ntlha kwa kgatleng. Mme Alice Tlhase o ne ikgapela maemo a ntlha, a salwa morago ke Mme Mmonki Molefe, ga garela Mme Kefilwe Matlapeng mo maemong a boraro. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Banana ba itshetsa ka dihutshane tsa LIMID
Mo Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone go borre ba babedi ba banana ba ba tlholegang mo kgotlaneng ya Mpeo. E ne yare go latlhegelwa ke letseno bakeng la go tswalwa ga moepo wa Lerala ka 2017 ba seka ba itshopara mme ba tsenya kopo le ba lenaneo la dipodi tsa LIMID. Mongwe wa borre bao, Rre Duncan Bataatweng yo o dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi o boletse mo potsolosong fa e ne ya re ka 2017 Ngwanaatsele a tsenya kopo ya dipudi tsa LIMID mme e ne yare mono ngwaga ka Motsheganong a bo a amogela dipodi tsa LIMID di oroba bongwe. O boletse fa a tlhokomela dipodi tsa gagwe kwa masimo e bile a eletsa go di bona di mo jesa, mme ebile a supa faa ikaelela gore di mo thuse mo thulaganyong ya tsa lenyalo kaa batla go nyala. Rre Lucky Mokgatlhe wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le ene fela jalo o boletse fa a ne a latlhegelwa ke mmereko ka ngwaga wa 2017 ko moepong wa Lerala. Fela jaaka Rre Bataatweng, Rre Mokgatlhe o ne a amogela dipodi ka lenaneo la LIMID mono ngwaga morago ga go tsenya kopo. Bobedi jo bo boletse fa bone bo berekela mo lephateng la tsa metlakase e ba supileng fa ba e ithutetse mo tirong mme ba nna ba tlhatloga le nako mo tirong ya bone. Ba boletse fa ba simolotse go bereka mo moepong wa Lerala ka ngwaga wa 2011. Ba boletse fa moepo oo o ne o tle o tswalwe mme morago o bulwe ka jalo bone ba ne ba sala mo go one ba tsweledisa ditiro tse dingwe, go fitlha otla go tswalwa ka 2017. Rre Mokgatlhe o boletse fa a ne a latlhegelwa ke dilwana tsotlhe tsa ntlo tse aneng adi rekile ka sekoloto a santse a bereka mo moepong bakeng la go palelwa ke go feleletsa dituelo mme se are se ne sa mo gwetlha go ema ka dinao mme a inaakanya le mananeo a puso. Bobedi jo bo boletse fa bo ne jwa itlhophela lenaneo la dipudi ka bare le bogadi bo gaufi gape ga di tlhoke dithutego tse di rileng ba di disetsa fela mo masimong a a gaufi le motse. Ba supile gore fa goka diragala gore ba busetswe mo tirong batla ikaelela go tlhamela bangwe ka bone mebereko kago ba thapa gore ba sale ba ba diseditse mme go se nneng jalo ba boletse fa ba ikaelela go ya golo gongwe ka thuo ya bone. Bobedi jo bo setse bo tlhomile matlo a dikoko mo malwapeng, ka ba re ke nngwe tsela ya go tsholetsa letseno la bone go itsa go lebagana le dipoelo tsa dipodi fela. ENDS
economy_business_and_finance
3
E a re go tlogelwa tsatsing...
Motswana o sale a buile gore ya re go tlogelwa tsatsing, se ikise meriting. Seane se, se maleba thata fa re leba bomme le borre ba thuto ga e golelwe ba ba tsenelang kwa sekoleng se sebotlana sa Masokola mo Serowe. Setlhopha se, se se eteletsweng pele ke morutabagolo Mme Ania Bosekeng se ipitsa O Tsosa Nna le Wena, mme se dira dijeme, mebanki ka dipampiri, atchar le go roka dibaga. Mokgatlho o, o na le maloko a le borobabobedi mme botlhe ba tsena sekole sa bagolo, bomme ba le barataro le borre ba le babedi. Mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA, moeteledipele wa bone Mme Bosekeng o tlhalosa fa mo dithutong tsa bagolo go na le tsa ditiro tsa diatla. A re leina la bone le tlhalosa gore fa mokoko o lela maphakela o tsosa batho botlhe, mme ka jalo ba bona go le molemo go ipitsa jalo. O ne a tlhalosa fa lenaneo-thuto la bone le ama dikitso tsotlhe tsa ditiro tsa diatla e bile bagolo ba, ba kgona go rutana ka bo bone. Mme Bosekeng a re ka mokoduwe go tsoswa o o itekang, e rile ka ngwaga wa 2012 a simolola go ruta setlhopha se, a fitlhela bontsi jwa bone ba itse dikitso dingwe tsa ditiro tsa diatla di tshwana le go loga dibaga, go dira dijeme, le go dira atsha go inamola mo lehumeng. A re mokgatlho o wa O Tsosa Nna le Wena ke mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molang, mme e bile o simolotswe ka go kokoanyana madinyana, mongwe le mongwe a ntsha mo pateng ya gagwe gore ba o tlhame. O ne a tlhalosa fa mokgatlho o o na le komiti e tona e bile gape gangwe le gape ba kanoka le dibuka tsa bone. A re ba dira dijeme tsa maungo di akaretsa marotse, dinamune, surinamune, murubele, ditamati le magapu, a tlatsa ka gore go dira dijeme mo, ke ene a neng a ruta setlhopha ka a ne a na le dikitso le bokgoni. A re go dira atsha gone bangwe ba setlhopha se ba ne ba ya kwa Kanye kwa National Food Technology Research Centre (NFTRC) go ya go ithuta go le go ntsi ka go somarela merogo, mme fa ba tswa teng ba feta ba ruta ba bangwe. O boletse fa dijo tsotlhe tse ba di dirang di tswa go kanokiwa gone kwa NFTRC mme di siametse go ka jewa. Fa go tla kwa go logeng dibaga, a re gone ba rutilwe ke moithuti ka bone Rre Batsile Kobedi, yo o sa iponang tsapa go tsena sekole le bomme ba kgotlana ya ga bone. Mme a tlhalosa gore bontsi jwa maloko ke balemi. Ka dikgwetlho tsone di seke di tlhokega gope fela, o ne a tlhalosa fa mathata a ba agang ba kopana le one gantsi e le maungo a gantsi a bonalang ka dinako tsa letlhafula mme fa a fela ba patelesega go reka. O ne a tlhalosa fa theko e se mathata ka le jaanong ba mo dipuisanong le lebenkele le legolo la Choppies gore ba le fepe ka dijeme tsa bone gore ba di rekise mo mmarakeng. A re ka mookodi wa pula o beeletswa ntlheng tsotlhe, ba tsamaya mo motseng wa Serowe, ba tsenelela ditshupo go ya go supa tse ba di dirang, mme setshaba se ba amogela ka dipelo tse di tshweu, a tlatsa ka go supa fa ba kile ba tsenelela ditshupo tsa temo-thuo kwa Letlhakeng le kwa Serowe go ipapatsa. Mme Bosekeng a re fa gongwe ba tsenelela dikgaisano tsa baithuti ba thuto gaegolelwe mme ba tswe fela ka maduo a a nametsang. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ba kgobiwa marapo thata ke ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, a tlhalosa gore ba ne ba ka eletsa go fepa dikole ka jeme mme sebe sa phiri ke gore ba tshwanetse go ipatlela ditiro tsa teng fela jaaka dikompone tse di kgolo. A re le bone fela jaaka balemi ba e reng ba robile gole go ntsi ba fepe dikole, ba ne ba eletsa go ka dira jalo bogolo thata sekole sa Masokola se ba tsenelang mo go sone. O ne a tlatsa ka gore e re le ntswa tiro ya bone e kgolo e le go ithuta, ba tlhophile letsatsi la Labone go dira ditiro tshotlhe tsa diatla di akaretsa le gone go dira dijeme. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa setlhopha, Mme Galebolokane Sepela, a tlhalosa fa ba na le maikaelelo fela a mantle a go bona gore mokgatlho wa bone, bogolo thata wa kgwebo ya jeme o a tswelela. Mme Sepela a re ba ka rata thata fa ba ka fiwa setsha gore le bone ba nne le felo kwa ba ka direlang gone. A re gape ga ba na dipitsa tse dikgolo tse ba ka apeelang mo go tsone le ditofo, selo se a reng gape se ba ba ya ka fa mosing mme ka ba ipaakanyeditse go fenya dikgwetlho tsotlhe ba tsile go ntsha ga tshwene. O ne a kopa thotloetso mo Batswaneng, a tlhalosa fa dinako di fetogile thuto e sa golelwe jaaka ya maloba, mme e bile go dirwa ditiro tse motho a ka itshetsang ka tsone le ba lelwapa la gagwe.
economy_business_and_finance
3
Ba Mogorosi ba nna mo letshogong la ditlou
Banni ba Mogorosi kwa kgaolong ya Legare ba tlhalosa fa ba tshelela mo letshogong le legolo tebang le go gobeya ga segopa sa ditlou mo tikologong ya bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng,kKgosi wa motse oo rre Kago Pherethego o ne a tlhalosa fa ditlou tseo tse a kaileng di le mmalwa ka palo di bonwe ke bangwe ba banni ba motse oo kwa masimong a Maleejane a dikhilomethara di seekae fela le motse. Kgosi Pherethego a re ke sa ntlha ba nna le tlhagogelo ya diphologolo tsa naga di tshwana le tse mo motseng wa gagwe mme a tlhalosa fa ba begetse ba lephata la diphologolo le makgabisa naga la ofisi ya Serowe go ba tswa thuso. Mo potsolotsong mogolwane wa lephata la diphologolo le bojanala kwa ofising ya Serowe Rre Modibe Mangole o ne a rurifatsa fa seo e le boammaaruri a tlatsa ka go tlhalosa fa ditlou tseo di setse di aname le kgaolo ya Legare mo mafelong a tshwana le Palapye, Radisele, Mabeleapodi le mafelo mangwe a dikgaolo tsa Tswapong. O tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba a tle ba begelwa dikgang tsa mofuta o tsa go tlhagoga ga ditlou mme gompieno palo ya tsone e le e e kwa godimo fela thata. Ka jalo a re ka go le paka ya temo ba na le pelaelo ya gore di ka tla tsa baka tshenyo e e senkana ka sepe kwa masimong. A re ba setse bana le dipego tsa tshenyo tsa diterata tsa masimo mme a tshephisa banni gore ba tla dira ka bojothe go leka go laola seemo sa tsone go boela mo taolong. Rre Mangole o bile a kopa banni ba kgaolo ya Legare go nna podi matseba ka nako tsothe a re ba tshwanetse go ikela tlhoko mo metsamaong ya bone gope fela kwa ba go tsamayang mo tikologong eo, a re di ka nna borai fela thata mo matshelong a bone. A re tlou ke phologolo e e sa tsamaisaneng le ntsa, ka jalo a tlhagisa banni bao gore fa ba di bona ba seka ba di kuelela dintsa. BOKHUTLO
society
9
Dikereke tsa semoya di rotloediwa go tsenya letsogo
Tautona wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organization of African Instituted Churches (OAIC), Bishop Tebogo Motlhagodi o kgothaditse maloko a lekgotla le go thusa go tlhabolola lefatshe. Bishop Motlhagodi, yo o lebogeleng maiteko a Tautona wa lefatshe leno a go ogola Batswana mo lehumeng, a re dikereke le tsone di tshwanetse go nna le seabe go fokotsa letlhoko la ditiro le le kwa godimo. Bishop Motlhagodi yo a neng a bua kwa phuthegong ya go tisa morero kwa malokong a lekgotla le,ka matlhatso kwa kerekeng ya Tshenolo Apostolic church kwa Serowe a re dikereke di tshwanetse nna le mananeo a a itebagantseng le fo fokotsa manokonoko a lehuma go thusa bogolo jang banana. “Re na le tshimo kwa Matshelagabedi re tshwanetse ra e dirisa go dira ditiro” a tlhalosa Tautona wa lekgotla leo o ne a tlhalosa fa dikereke tsa semoya di nyadiwa a re se se dirwa ke gore bangwe ba dikereke tseo ba dira ditiro tse di sokameng. O ne a gakolola phuthego gore dikereke di romilwe go tisa poloko mo bathong ebile fa ba ba leba,ba bona sefathego sa modimo le gone go nna tsholofelo. A re ditiro tsa bone di tshwanetse tsa itumedisa yoo o ba rumileng ‘ebong Jeso keresete.’ Bishop Motlhagodi yo o supileng gore mo pusong ya ga Mmamosadinyana dikereke tsa semoya dine di kgorelediwa go rapela, mme tsa gololesega morago ga boipuso o supile matshenyego ago tlhoka go gola ga kereke tseo. A re dintwa mo dikerekeng di baya lekgotla ka fa mosing ebileng lekgotla le tsaya nako e ntsi le leka go letanya phuthego gona le go thabolola dikereke. Bishop Motlhagodi o kaele gore go nna le maloko ale lekgolo le masome a mathano (150) a dikereke mo lekgotleng la OAIC a re go supa gore ba lebanwe ke namane e tona ya go oketsa maloko a bone. O ne a kopa phuthego go tsaya boikarabelo jwa go thusa baruti ba bone , a tlatsa ka gore ga go thona gore ba ka ba rekela koloi gore a kgone go dira ditiro tsa kereke. Bishop Motlhagodi o ne a kopa phuthego go aga lekgotla OAIC mmogo , a tlatsa ka gore fa bomme ba neetse boikarabelo kgotsa maemo ba emiwe nokeng gona le go dira gore ba palelwe. Phuthego ene ya rolelwa molao motheo wa lekgotla leo. Rev Thomas Letshweti wa kereke ya St john’s Apostolic church of prophecy a re go nna le molao motheo ga lekgotla le go raya gore dikere tse eleng maloko ba o sale morago. Motiakone wa kereke ya Eloyi Christian church, Mme Iren Kabomo le ene one a supa fa molao motheo ele yone tsamaiso ya kereke tsa bone ka jalo o tshwanetswe wa salwa morago. Gotswa ka ngwaga wa 1964,kereke tsa semonya mo Botswana dine di diresa lekgotla la OAIC le le itebabantseng le borwa jwa Afririca ka bophara go fithelela ba dira oo itebagantseng le kereke tsa semoya Botswana ngwaga wa 2013, ka Phukwi Mo go tse dingwe, Bishop Motlhagodi o ne a tlhalosa fa ba tla keteka letsatsi la lekgotla leo ka 30 Motsheganong kwa Palapye.
religion_and_belief
8
Bagodi ba abelwa materase
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bophirima kwa Maun o abetse bagodi materase. E rile a buwa mo phuthegong e e neng e tshologetswe kabo ya materase ao mo Kgotleng ya Boseja Bophirima mokhanselara wa kgaolo Rre Vepaune moreti a re o bonye go tshwanela go re le ene e le moemedi wa setshaba a nne le seabe go thusa puso fa e tlhaelelwang tleng. Moreti o tsweletse ka go re o abela bagodi materase ka moono o mongwe fela wa lorato ka le tautona wa lefatshe leno a rotloetsa mowa o mo setshabeng. O tsweletse ka go re puso ke puso ka batho ka jalo go re puso e fitlhelele maitlamo a lefatshe leno a (vision 2016) ke fa setshaba se tsentse letsogo ka tlhoafalo. Vepaune Moreti o gakolotse setshaba go tshwara dithuso tse ba di fiwang ka matsetseleko gore ba se boele mo botlhoking. Moreti o tsweletse ka go tshepisa setshaba go tlhama letsatsi la bagodi gore ka letsatsi le bagodi ba atamelane go gakololana le go ruta banana ka dingwao le ditiragalo tsa maloba. E rile a tswa la gagwe mma boipelego wa kgaolo mme Thato Chipuka a re ke boitumelo jo bogolo thata go bona setshaba se ikemiseditse go thusa puso go fedisa lehuma la nta ya tlhogo a re se se tshwanetse sa dirwa ke Motswana mongwe le mongwe ka se ba nang naso. Mmaboitekanelo wa Kokelo potlana ya kgaolo ya boseja kubung mme Reginah Tuvare o ne a a tsaya sebaka go kgothatsa setshaba go nna le tirisano mmogo ka nako ya fa go tshelwa molemo o o bolayang montsana mo matlong a bone, a re ba tshwentswe thata ke batho bangwe ba ba ganang matlo a bone a tshelwa molemo ka seipato sa gore molemo o o diphatsa mme a re go bakwa ke go sa tsaya ditaelo sentle ga setshaba. O tsweletse ka go tsibosa setshaba ka bolwetse jo bo tlhagogileng jwa letshololo mo baneng mme a re ba tshwenngwa thata ke go sa ise bana kokelong ga batsadi ba sa ntse ba dikologa le bo reaitse mme go feletse go baka tatlhegelo ya matshelo. BOKHUTLO
society
9
Ba ngongoregela itshireletso
Babereki ba moepo wa Mowana ba supile matshwenyego a gore moepo wa Mowana ga o sale morago tsamaiso ya melawana ya tsa khiro. Ba buile seo kwa Dukwi mo bosheng, fa ba ne ba tlhalosetsa komiti ya lephata la tsa phereko le selegae gore ga go na dilwana tsa itshireletso mo tirong tse ditlhwatlhwa. Mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo, Rre Sebereki Baakile, a re khiro e e dirwang mo moepong oo e bofitlha, a tlatsa ka gore ba bona motho a tla fela ba sa a itse kwa a tswang teng a tla go bereka foo. O ngongoregile gape gore ba nna ba solofediwa fa dipalo tsa batswakwa di tlaa fokodiwa fa dikonteraka tsa bone di wela mme se ga se diragadiwe. Rre Baakile o tswelelela a re bangwe ba na le dingwaga di ka tshwara masome a matlhano go ya go masome a borataro ba ntse ba dira mo moepong mme ba sa tlhalolosiwe maemo. A re se sengwe ke babereki ba ba tlhapiwang ka nakwana ba nna ba okelediwa dikonteraka ka kgwedi tse pedi go fitlhelela ba tshwara dingwaga tse tlhano ba ntse ba sa tlhabiwe, a tlatsa ka gore seemo seo se a tshwenya. Rre Baakile a re fa ba leka go ipoletsa gore matsapa di a tsaya kae ka tsamaiso ya tsa khiro e e sa tlhamalalang mo moepong oo, go na le matshosetsi a gore ba se ka ba lebala gore dikonteraka di a fela ka jalo batho ba bereka ka letshogo ba tshaba go latlhegelwa ke ditiro. A re bangwe ba sale ba bereka le fa le go isiwa dithutong tsa go ikoketsa mme ngwaga le ngwaga go na le lenaneo la ithutuntsho mme ga le diragadiwe. O ikuetse thata ka lorole lo lo tswang mo moepong oo, le e bileng le amile tikologo le masimo a batho a re fa e le tsela yone ke mathata fela ba e gopa fa ba utlwa go twe bagolwane ba etla. Mopalamente wa Chobe Rre Gibson Nshimwe, o ne a rotloetsa mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo go re ba tshwaraganele matshwenyego a babereki ka go buisana le boeteledipele mme fa go padile ke gone ba ka fetelang kwa pele kwa go ba batona ba lekgotla la babereki. A re ga ba atla go rarabolola matshwenyego a bone mme se ba se dirang ke go tla bona gore ba tshela jang mo moepong le go tsaya megopolo go e fetitsetsa kwa go ba ba tshwanetseng. Rre Nshimwe a re go diega ga diphetolo tsa dikgang ke gore ba tsamaya lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore nako dingwe ba bo ba ile kwa dipolaseng ka dikgang tse di amang lephata la tsa pereko le selegae. O ba eleleditse masego le matlhogonolo mo tirong ya bone go dira ka natla le ka bonokopila. Bokhutlo
society
9
Mogokgo o kopile batsadi go tlotla thuto
Banni ba kgotla ya Sedie kwa Maun ba kopilwe go tlotla le go ema nokeng thuto ya bana ba bone ka jaana e le yone fela e ka ba tlhabololong. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba, Rre Noah Kebafitlhetse o gwetlhile banni mo phuthegong ya batsadi le barutabana go itse fa thuto e le mosola mo ngwaneng le itsholelo ya lefatshe. A re go botlhokwa gore batsadi ba tsee karolo mo thutong ka go ba tshwaragana le barutabana, a tlatsa ka gore bobedi joo bo tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya thuto tsia. Rre Kebafitlhetse o tsibositse batsadi gore puso e tshela madi a mantsi mo thutong, ka jalo go botlhoka gore ba nne le seabe ka go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana, go duela madi a sekole le a ditlhabololo le gone go rotloetsa bana go bala le go dira tiro ya sekole kwa lwapeng ka nako tsotlhe. Mogokgo a re ba a tshwenyega ka gantsi baithuti batla sekoleng ba sena dibuka, fa bangwe ba di latlha mme bangwe ba nyelela fela mo sekoleng morago ga go fiwa dibuka mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong. Rre Kebafitlhetse o tlhalositse gape gore tirisanyo mmogo fa gare ga bogogi jwa sekole le batsadi e ka dira gore sekole se fitlhelele maikaelelo a sone, mme a kopa batsadi go tsibogela dipitso ka nako tsotlhe. O kopile batsadi go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle ebile ba phepa ka nako tsotlhe. Mogokgo a re ba a tle ba amogele dikgang dingwe tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekolong mme ba ikele go sele, a re gona le sekgwa go bapa le sekole mme go utlwala fa baithuti ba tlhola teng ba iphitlhile. A re e re le ntswa batsadi bangwe ba itse ka seemo seo, ga ba bolelele ba ba tshwanetseng. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela le ene o ne a kaya fa go tlhoka go tlhokomela thuto go tshwenya. O ne a rotloetsa batsadi go lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekolong go bona gore ba dira jang. O gateletse gape botlhokwa jwa go tsena diphutego tsa sekole ka jaana go neela batsadi le barutabana sebaka sa go fana megopolo go tlhabolola thuto ya bana. Bokhutlo
education
4
Bomme ba UCCSA ba farologana ka megopolo
Bomme ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ba farologana ka megopolo mo kgannyeng ya gore a ke kereke eo e fetole tsamaiso ya yone e kgologolo e tsamaisiwe ka tsamaiso e ntsha ya dikereke tsa semoya. Kgang eo e ne ya buiwa ka Matlhatso kwa bokopanong jwa bomme kwa Maun kwa go neng go na le bomme ba Botswana, Afrika Borwa le Zambia. E ne e le nngwe ya dikgang tse di tshwanetseng go buiwa ka go lebega e ntse e kukela e bile e setse e ntsheditswe lekoko go tsaya megopolo gore e tle e bone tharabololo. Fa a rola kgang, Moruti Malebogo Mothibi yo e leng mongwe wa lekoko le le romilweng go batla maikutlo ka kgang eo o ne a kopa bomme go ntsha maikutlo a bone ba phuthologile gore a ba batla kereke e tsamaisiwa ka tsamaiso ya semoya ka na jang. O ne a ba kopa gore ba tlhalose fa go na le sengwe se se sa ba itumediseng kana se ba kgoreletsa mo kobamong kana mokgwa o go tsamaisiwang ka o ne, a re ba a itse gore kgang eo e dule ngogola kwa bokopanpng jo bo neng bo tshwaretswe kwa Lobatse mme go ne go setse fela gore bomme ba ntshe maikutlo a bone. Fa ba akgela, bomme bangwe ba ne ba supa fa ba se na mathata le phetogo ya go nna kereke ya semoya ka ba re e botlhokwa e bile e ba ruta gore ba tsene mo sekereseteng ka e bile ba setse ba kgona le gone go ipalela Baebele. Ba re tsamaiso ya pele buka e e boitshepho eo e ne e balwa ke moruti fela. Mme Olivia Ketlogetswe le ba bangwe ba ne ba tlhalosa fa tsamaiso ya semoya e le teng mo lekwalong le le boitshepo e bile e dira gore ditiro tsa yone di bonale. Ba re bone ba e rata thata le ka fa go opelwang ka teng ke ba thoriso go ba suteletsa gaufi le Modimo. Ba re bone ga ba bone phoso epe ka ba dumela gore moopelo wa thoriso le diletswa tsa teng di suteletsa batho gaufi le Modimo e bile le seporofito ba se rata thata. Le fa go ntse jalo bangwe ba re bone ga ba rate diletswa di ba tsosetsa modumo. Mme Kealotswe Edzani o tlhalositse fa ene a sa rate modumo gotlhelele, a re e bile ga a rate gore go bo o dirwa le ka nako ya selalelo. Mme Masego Kewagamang a re o bona le yone tlotlo ya lefelo la thero e wetse kwa tlase fa e sale tsamaiso ya fire e tsena, a re go kgona go buiwa dipuo tse e seng tsone fa lefelong leo. A re bone ba ne ba itse gore fa motho a eme koo ga a ipuele jaaka a batla. A re go tla ga tsamaiso ya fire go dirile gore maloko a seka a tshephana. Ba bangwe ba ne ba supa fa ba sa rate seporofito e bile ba tlhalosa gore se tlaa ba tshabisa kereke ka ba re ga go bilediwe batho kwa sephiring mme go phantshiwa fela. Monnasetilo wa mokgatlho wa bomme, Moruti Patience Pheko a re bomme ba kereke eo ba a kopana ngwaga le ngwaga go ntsha dipego, go tlhopha komiti e ntsha le go kopanela tse di saletseng morago. O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga kwa ba kopanelang teng ba leka go thusa fa ba kgonang teng mo botlhoking jo ba bo bonang. Ba ne ba thusa sekole se segolwane sa Maun ka didirisiwa tse di tlhatswang gore sekole seo se nne se le phepa. A re ke maikaelelo a bone gore ba nne ba dira tiro ya mautlwelobotlhoko. Ba ne ba thusa gape ba lekgotlana le le lwantshang bolwetse jwa kankere ka melora le mesangwana ya bomme. O tlhalositse fa ba batla go tswelela ba lebelela letlhoko le le leng teng kwa sekoleng sa Maun Senior gore ba se thuse mme a re ba ne ba akanya go thusa ka go baakanya dikago tsa sekole seo fela jaaka ba dirile ka sa Moeding kwa ba neng ba reka materase le malao ka e bile dikole tseo e le tsa bone. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Lephata le simolodisa go rupisa masea
Lephata la botsogo le simolodisitse tiriso ya di dirisiwa tse di sha tse di dirisiwang mo go rupiseng masea. Mogokaganyi wa lenaneo la Safe Male Circumsion, Rre Conrad Ntsuape a re di dirisiwa tse pedi tse ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata. A re go rupisa mo , ga go tlhoke gore ngwana a idibadiwe e bile ga go dire gore madi a tshologe, a tlatsa ka gore ntho ya learo e tsaya malatsi a supa fela go fola. Rre Ntsuape a re di dirisiwa tsa Mogan Clamp le AccuCirc di tla dirisiwa mo maseeng go simolola ka ba ba nang le dioura dile boroba bobedi ba tshotswe go fitlha ka ba ba dikgwedi tse pedi. A re go tla rupisiwa masea a a itekanetseng a bokete jwa dikhilokerema di le 2.5 a nale bonna jwa boleele jwa sentimethara le go feta. O tsweletse a re pharologano fa gare ga di dirisiwa tse pedi tse ke gore Accucirc e a latlhwa morago ga tiriso fa Mogan Clamp e dirisiwa fa go dirwa loaro lwa batho ba le bantsi mme bogolo thata fa ditlamelo di leng boutsana teng. A re sa teng se se latlhwang ke dikgare fela. O tlhalositse fa mogopolo wa go amogela di dirisiwa tse pedi tse o tsile morago ga ditherisanyo tse di tsereng lobaka di itebagantse le go amogela go rupisa masea a basimane e le bontlha bongwe jwa go thibela HIV le go tokafatsa botsogo jwa borre, tse di neng di dirwa ke puso ya Botswana e tshwaragane le ya Amerika ka Havard Institute ka 2008. A re tshekatsheko e, e dirlilwe gape ka tumalano ya bomme ba ba tsotseng masea a basimane mo Botswana, e maduo a yone a supang fa bontsi jwa bomme ba amogela gore masea a rupisiwe, fa ba se kae fela ba ne ba supa fa ba sena kgatlhego ya go tsaya karolo mo dipatlisisong. Rre Ntsuape a re go rupisa masea ke selo se se ka bong se sa bolo go dirwa ka gonne lefatshe le, e le lengwe la a le lesome le bone mo Aferika a a tshwanetse go godisa go rupa ga basimane ga mmogo le borre. O tlhalositse fa go tsaya kgato ya go rupisa masea, go tla jaana morago ga go dirwa ga dipatlisiso ke ba World Health Organisation mo go supileng fa mafatshe ao a nale dikgang tse di kwa godimo tsa HIV, fa go rupa ga borre go le kwa tlase. A re dithuto mo go diriseng di dirisiwa tse di fiwa baoki ba ba rutetsweng go belegisa le dingaka, a tlatsa ka gore didirisiwa di tla abelwa dipatela tsa Sekgoma Memorial, Mahalapye, Maun le dikokelwana tse dingwe tse di nang le tsa pelegi mo Gaborone le tikologo. BOKHUTLO
health
6
Seametso ke modulasetilo wa khansele ya Borwa
Makhanselara a kgaolo ya Borwa a tlhophile mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona Rre Alec Seametso go nna modulasetilo yo mosha wa khansele eo. Makhanselara a dirile se mo phuthegong e e faphegileng ya khansele maabane (Ngwanatsele 1) . Ditlhopho tse di tla jaana morago ga gore setilo se sale se sena ope, morago ga gore modulasetilo wa khansele eo wa pele, Rre Mephato Reatile, a itlhophiwe gonna mopalamente ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bosupa. Rre Seametso, yo a ntseng a le mothusa modulasetilo wa khansele, o ne a tlogela maemo ao go emela a bodulasetilo, mme a atlega mo ditlhophong tsa bodulasetilo a sena moganetsi ka jaana diphathi tsa kganetso di ne di sa tsenya maina a ba ba ka phadisanyang nae. Maemo a mothusa modulasetilo a ne a tsewa ke mokhanselara wa kgotlana ya Mafhikana, Rre Thamiso Chabalala, yo le ene a neng a eme a le nosi. Rre Chabalala o ntse a tshegeditse maemo a mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye. Mo molaetseng wa gagwe morago ga ditlhopho, Rre Seametso one a lebogela tlhopho eo a re e tlaa nna ditso mo khanseleng ya borwa ebile e le letsatsi la matsalo a gagwe. Mokhanselara Seametso a re toro ya gagwe ke go bona makhanselara le bodiredi ba kopane ba dira mmogo ka lerato go sena ope yo o fitlhelang yo mongwe se a tshwanetseng go se itse. O tlhalositse gore tiro ya mokhanselara ke gore ditirelo di goroge kwa setshabeng, a re gape, lepolotiki le tshelela go isa thomo ya se a se romilweng ke batlhophi, go le monate kgotsa bosula, o kgothaditse makhanselara go itlamela- adimo go direla lefatshe leno ka botswapelo. A re ga ba a dira mo go kgotsofatsang mo lebakeng la dingwaga tse pedi tse di fitileng, a re ka jalo se se raya gore ba goletse dikausu, go sena ope yo o adimang tshwene marapo, a tlhalosa gore se setona ke go tshweledisa se ba se simolotseng le Rre Reatile. Mokhanselara Seametso a re khansele ya Borwa e ka ntsha maduo fela fa go na le tirisanyo mmogo, a re ke keletso ya gagwe go bona modiredi mongwe le mongwe wa khansele a tshela monate, a gatelela ka gore ga a batle go bona ope atswa dimo mo go yo mongwe. A re o ka kgona tiro fela ka kemonokeng ya bodiredi le makhanselara a re le ene ke motho o ka dira diphoso mme o batla go gakololwa le go kgalemelwa sentle, are ga a batle go utlwa diphoso tsa gagwe di utlwala kwa motseng. BOKHUTLO
politics
7
Somarelang thothi
Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye East, ba kopilwe go fokotsa go nosa leruo la bone metsi a morafe. Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila, kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo bosheng. Rre Mokaila a re metsi a a tlhaela mo lefatsheng ka bophara, mme e bile gape matamo le one ga a mantsi, ka jalo batho ba tshwanetse go somarela thothi e e leng teng. O ba kopile go dupa didiba tse ba ka ipopang ditlhopha gore ba kgone go nosa leruo la bone mo go tsone. A re metsi ke mpho ya Modimo, fa a fela ga go na kwa a dirwang teng, ka jalo batho ba a dirise ka kelelelo. Rre Mokaila o kopile Batswana ka kakaretso go boela mokgwa wa go beeletsa metsi a pula, a re ke gone fela go ka kgonang seemo sa gompieno ka batho ba ka a dirisetsa ditiro tse dingwe di tshwana le gone go nosa leruo. E ntse e le dikgang tsa metsi, tona o ne a tlhalosetsa batho ba Makwate gore mathata a metsi a motse wa bone a dirwa ke go thubega ga diphaephe ka di tsentswe mo lekgarapaneng. Ka dikgang tsa dituelo tse di kwa godimo, o ne a tlhalosa fa lephata la metsi le kile la bo le na le mathata a go ntsha dipampiri tsa dituelo ka nako mme se se bake gore di kgobokane mme madi a nne kwa godimo. Tona Mokaila o ne a kopa gore botlhe ba ba sa ntseng ba bona dituelo tse di kwa godimo, ba ikopanye le ba ofisi ya metsi go batla ditlhaloso. BOKHUTLO
society
9
Badirelapuso ba kopiwa go duela VDC
Badirelapuso ba kopilwe go duela madi a khiriso ya matlo a komiti ya ditlhabololo gore e kgone go dira ditiro tse dingwe go tlhabolola motse wa bone. E rile mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, a lekodisa banni ba motse wa Dikgonnye ka dikgang tsa palamente ka Labobedi, a supa fa dikgang tsa dikoloto tsa madi a go hirisa matlo a komiti ya ditlhabololo di tsweletse ka go tshwenya. A re go tlhabisa ditlhong gore motho a nne mo tlung ya komiti eo mme a bo a sa duele mo ngwaga o kgonang go fela a ise a duele sepe. A re komiti ya ditlhabololo e tshwere phage ka mangana go bona madi ao mme e bile bangwe ba setse ba ile go berekela kwa dikgaolong tse dingwe ka melatsa ya dikoloto tsa komiti eo. Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabololo go ema ka dinao go batla madi ao ka gore a ne a ka ba thusa go dira ditiro tse dingwe jaaka go tsenya motlakase mo matlung a bone le gone go aga a mangwe go oketsa letseno. A re mo bokopanong ja gagwe le komiti eo ba ne ba supa fa ba na le kgwebo ya ditena mme e sa dire sentle ka jaana madi a bone a felela mo go rekeng motlhaba. Rre Mangole a re e re ka jaana ba tshwanelwa ke go hira koloi e e ba tseelang motlhaba, go ba ketefaletsa kgwebo mme o ne a ba solofetsa fa a tla bua le khansele go bona gore e ka ba thusa jang bogolo go ba tseela motlhaba mme tse dingwe ba ka di itirela. Mopalamente o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo e le ntsi fela thata e bile e tsaya nako ya leloko go direla morafe. A re ka jalo go tsile nako ya gore dituelo tsa maloko a komiti eo di okediwe ka gore madi a ba a bonang a le kwa tlase fela thata mo e bileng gosena ope yo o batlang go bereka mo komiti eo bogolo jang ka madi a Ipelegeng a le botoka mo go a bone. Rre Mangole a re mo puisanong le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye, ba supile fa seriti sa komiti eo se ntse se ya kwa tlase mme dilo di thatafalela pele. A re ka jalo o tla isa tshutiso kwa palamenteng gore dikomiti tsa ditlhabololo lefatshe ka bophara di okelediwe dituelo mo mading a Ipelegeng ka di dira tiro e kgolo fela thata mme ba tshwanela ke go atswiwa bogolo go lekana le Ipelegeng. Mo go tse dingwe Mopalamente o ne a itsise morafe fa tsela ya bone le Mochudi e tla baakanngwa mme gongwe go tla tsaya sebakanyana gore e tsenngwe sekonotere. O ne gape a bolelela morafe fa ba tla agelwa sepatela kwa Mochudi mme mo nakong ya gompieno go ntshitswe madi a go dira moalo wa sone mme ba tswelele ka go kopa gore se ntshetswe madi a go agiwa.
economy_business_and_finance
3
Maele o akgola ‘Re a Nyalana’
Lenyalo le rotloetsa boikarabelo mo setshabeng. Tona wa lephata la kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele o buile jaana kwa Shoshong ka Labotlhano kwa mokgatlho wa Re a Nyalana o neng o nyadisa ba le masome matlhano le bobedi. O tlhalositse fa lenyalo le efa seriti, le aga setshaba e bile le ka tsisa tse di ka bolokang. A re lenyalo ke lengwe la ditsamaiso tse di tlhomilweng ke Modimo, ka e bile le kwadilwe le mo Baebeleng, e bile e le rotloetsa. Rre Maele a re go nna le lelwapa go rotloetsa gore banyalani ba seka ba amogwa tse ba di kgobokantseng ba le mmogo fa mongwe wa bone a ka tlhokafala. O tlhalositse fa bangwe ba itlwaeditse mokgwa wa go amoga batho di-tsa bone fa mongwe a tlhokafala le ba itse gore ba ne ba nna mmogo. Tona a re se ga se a siama, ka jalo Re a Nyalana e thusa thata mo dikgannyeng tsa go nna jalo ka banyalani ba fiwa ditlakana tse di ka fa molaong tsa nyalo. Rre Maele a re fa e sale lenaneo le le simologa ka 2012 go kopantswe Batswana ba le dikete di le tharo, makgolo a le borobabobedi le masome a mararo mme e bile kwa kgaolong ya gagwe go kopantswe ba feta makgolo a marataro. A re lenaneo le, le siame thata mme a rotloetsa Batswanaba ba ba sa kgoneng tse di batlwang mo nyalong go inaakanya le lone gore le bone ba nne le ditlankana tsa nyalo. O ne a leboga barulaganyi ba lenaneo le, a re e sale le simolola ga go na bape ba bakopantsweng ka lone ba ba kileng ba kgaogana. Rre Maele o gakolotse banyalani gore lenyalo lengwe le lengwe le na le tsamaiso ya lone, e bile e le la batho ba le babedi. A re ba seka ba kopa mo go ba bangwe mme ba tshele matshelo a bone, ba itirele monate gore lenyalo la bone le ba itumedise. O ne a ba kgothatsa gore go rerisana le go tlotlana mo lenyalong ke konokono. A re fa puisano le morero di le teng mo lenaylong sengwe le sengwe se tsamaya a thelelo. Tona o rotloeditse masika a banyalani go iphapha mo go tseneleleng dikgang tsa malwapa a banyalani ka ba ka a thuba. Mogolaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o tlhalositse fa le fetotse matshelo a Batswana ka bontsi mme e bile le le molemo. Mme Morwaagole a re mokgatlho o, o simologile ka ditekeletso ka 2010, mme e rile ka 2012 ya nna mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molaong e bile o na le setlankana. A re lenaneo le, le nyeletsa lehuma la maikutlo a go aga lelwapa gammogo le go fa setshaba seriti ka le fokotsa dikgang mo magosing, balaodi gammogo le dikgotla tsa ditsheko go sekwa dithoto. O ne a tlhalosa gore nako le nako fa ba nyadisa ba direla banyalani dithuto-pusianyo gore ba itse gore ba tsena mo go eng, le gore ba batla go tsena mo diyalong tsa mofuta ofe. A re se, se thusa banyalani go itse se ba tsenang mo go sone, go itsa dikgang tsa ditlhalo. A re dikgang tsa ditlhalo gantsi di dirwa ke go bo banyalani ba sa itse gore ba nyalanela eng, ka jalo go nne le dikgotlhang. O ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa mo ngwageng ono go simologa ka Hirikgong go tsena Motsheganong go nnile le dikgang tse di tsamaelang kwa tlhalanong di le masome mane le borataro mo lekgolong mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
society
9
Letlhoko la metsi le dia ditlhabololo
Banni ba Itholoke mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane ba lela ka letlhoko la metsi le motlakase le ba reng le ba itsa go tlhabologa le go akola mananeo a puso. Ba buile se fa mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng. Ba ne ba lelela mo go mopalamente gore a kope puso gore e ba epele didiba tse di dikologileng motse wa bone gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa ka maneno a puso a a duleng jaaka a nyeletso lehuma le masingwana tsa merogo. Ba re ba tlhola ba bona jaaka mananeo a puso a solegela ba bangwe molemo mo mafelong a mangwe ka jalo le bone ba eletsa gore ba ka nna le metsi gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Ba re se se ka thusa thata go imolola puso mokgweleo wa go ba tlhokomela. Ba ne ba boa ba kopa mopalamenete go bua le puso gore e ba tsenyetse motlakase le tsela ka go lemosegile e le tsone tse di okang bagwebi. Ba ne ba bua gape gore keletso ya bone ke gore puso e simolole ditlhabololo mo metsaneng e e saletseng kwa morago jaaka wa bone. Ba Itholoke ba ne ba ikuela gore kokelwana ya bone e atolosiwe e bo e tsenngwe motlakase le mo matlung a badirelapuso. E ntse e le mo loetong lwa ga mopalamente, banni na Kutuku ba itumeletse go lekodisiwa ka tsa palamente le ditshwetso tsotlhe tse di tserweng. Ba ne gape ba tlhalosa fa e le boitumelo fela mo dipelong tsa bone ka jaana ka akola mananeo a puso sentle e bile go na le maungo a a nametsang. Mme le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa puso gore sekole sa bone se sebotlana se atolosiwe go ya kwa lokwalong lwa bosupa ka jaana sekole se ruta go ema ka lokwalo lwa bobedi. Ba tlhalosa fa se se ka hema botlhokatsebe ka jaana go ka ba kgontsha go ruta bana boitshwaro jo bontle go na le fa ba kgaogana le bone ba sa le babotlana. Mopalamente Ntlhaile o ne a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa pusong. O ne gape a bua fa a tlaa leka thata go bua le matona gore ba tle go ikutlwela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe. Rre Ntlhaile o ne a bolelela banni fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go duela lekgetho fa ba isa loruo lwa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. O ne a boa a ba bolelela fa puso e fokotsa ditshenyegelo ka jalo ditirelo dingwe di tlaa nna bonya.
politics
7
Tshwaragano selotlele sa katlego
Mogokgo wa sekole sa Bobonong Junior Secondary School, Mme Grace Mashaba, a re tshwaragano ya batsadi le barutabana ke konokono mo go betleleng bana isago ka go dira gore ba dire sentle le go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Mogokgo o buile se mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole se. Mme Mashaba a re puso e dumela fa tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka dira go tlala ka diatla mo go betleng maitsholo a bana le go ba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong tsa bone segolo jang ka ketelelo pele ya lekgotla la batsadi, bana le barutabana. Mogokgo o tlhalositse fa tshwaragano e ka dira gore sekole se ntshe maduo a mantle. Mme Mashaba o boletse fa sekole sa gagwe se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro ka go tsa maduo a ntlha mo go ntsheng baithuti ba ba ntsi le go tsaya maemo a boraro mo go ntsheng baithuti ba boleng mo kgaolong ya Bobirwa ka ngwaga wa 2014. Mogokgo a re sekole sa gagwe se dira sentle fela thata mo metshamekong ka ba nale ngwana yoo dirang sente thata mo mabelong ebile a kile a emela lefatshe le kwa Malawi mme atla a gapile seetsele sa bronze. Mme Mashaba o kopile batsadi go tsenelela diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka mmetela gore bat le ba nne le tshono ya go thusa ka dikakanyo ka fa sekole se tlhabololwang le go tsamaisiwa ka teng gore se tswelelepele. Lefa go ntse jalo mogokgo o lebogile dikompone tsotlhe tse di dirileng gore moletlo o o atlege segolo jang kompone ya Zac Construction le mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi ba rekileng dimpho tse di neng di abiwa kwa moletlong o ka jalo a di kopa go itlhaopa go tsamaisa sekole sa gagwe mo lenaneong le puso e kopang dikompone tsedi ikemetseng go itlhaopa go tsamaisa dikole ka maiteko ago thusa puso go tlhabolola thuto ya lefatshe leno. Sebui sa tlotla kwa moletlong o, mogolwane wa kompone ya Zac Construction Rre Thanabalasinham Raveendran o tlhalositse fa kompone ya gagwe e kgatlhala ka go tlhabolola thuto ya lefatshe leno ebile e tlhaloganya kopo ya puso gore dikompone tsedi ikemetseng di thuse puso ya lefatshe leno go tsamaisa dikole tsa puso ka puso e supile fa e tlhaelelwa ke madi ago tsamaiso dikole ke ka mong e ntshitseng boikuelo jo. Mogolwane yo, a re kompone ya gagwe e ne ya itlhaopela go baakanya le go ntsha ditlhare mo mabaleng a metshameko a sekole se ka ba tlhaloganya fa baithuti ba tshwanetse go ikatisetsa metshameko mo mabaleng a a mo seemong se se siameng.
education
4
Se tshwarwa ke ntsa pedi...
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgothaditse Batswana, segolo jang banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go ikopela ditiro tse mmuso o ikaelelang go di dira mo metsing ya bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17. Mme Tshireletso o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa kgotla tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. A re e re ka mmuso o ikaelela go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go lwantsha letlhoko la ditiro, go tsosolosa itsholelo le go rotloetsa Batswana go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo, o ka itumela fa banana ba ka ipaakanyetsa go ikopela ditiro di tshwana le go shafatsa dikago tsa mmuso jaaka matlwana a borutelo, matlo a boroko jwa barutabana le go dira ditiro tse di neng tsa salela morago ntateng ya tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe. Mme Tshireletso, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boleletse banni ba Shakwe le Makwate fa e le tshwanelo ya bone le ba dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go tswa ka megopolo ya ditlhabololo tse di ka fiwang maemo a ntlha fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le mo lenaneong la ditogamaano tsa dikhansele la (DDP8). O tlhalosa fa Tautona a neetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae boikarabelo jwa go bona gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse morago ka ntlha ya tlhaelo ya madi di a diragadiwa ga mmogo le go tlosa melala ya batho ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo ngwageng wa madi 2015/16. E rile Mme Tshireletso a tsibogela dilelo le dingongorego tsa bone mabapi le go tlhoka go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Makwate ga mmogo le tsela e e tshwaraganyang Makwate le Shakwe, a solofetsa gore le fa mmuso o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, kgang eo ke nngwe ya tse a tlaa di bayang palamente ya kgaoganyo madi a setshaba pele ka jaana ba tswa kgakala ba ngongorega ka tsone. Mo diphuthegong tseo banni ba Shakwe le Makwate ba ne ba itumelela ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng jaaka diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kagelelo ya mabitla le diofisi tsa kgotla le go ntshiwa ga ditlhare mo ditseleng. Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tiego ya go phakisiwa ga batlhoki le bana ba masiela dijo, tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa metsing ya magae, tiego ya go agwa ga diofisi tsa kgotla kwa Shakwe, go atolosiwa ga dikokelwana tsa metse ya bone gore di nne le matlwana a pelegiso le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma.
society
9
Go tlhopha ke boikarabelo jwa motho
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone Botlhaba Rre Dikgakgamatso Seretse o kopile banni ba dikgotla tsa Sengwato, Tshikinyega le Menyatso mo Serowe go tsaya boikarabelo ba puso e ba e batlang go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone. Rre Seretse o buile se, mo diphuthegong tsa kgotla kwa dikgotleng tseo bosheng. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go itse le go dirisa tshwanelo ya gagwe go tlhopha puso e a e batlang. O kaile fa Batswana ka bontsi bas a iste bomosola ba go tlhopha mme ba tsaya tshwanelo e, mme ba e tsaya lolea fela. A re kwa mafatsheng a mangwe go dintwa fela tse di kgolo batho ba lwela tshwanelo ya go tlhopha puso e ba e batlang fa mo Botswana batho bas a e kgathalele, ka jalo a kopa banni go ema ka dinao ba diririse sebaka se. Rre Seretse o tlhalositse fa nako e setse e ile ya go ya kwa ditlhophong ka jalo, go mo marudung a setshaba go bona gore ke eng se se ba berekelang le se se sa ba berekeleng. O tlhalositse fa kgang e tona e le go tlhabolola matshelo a bone, mme ka jalo ba lebe, ba sekaseke ditlha tse di botlhokwa tse ka matsetseleko go bona gore tse di mosola le bone ke dife le tse ba di solofetswang ke batho ke dife. O ne a tlhalosetsa banni ba dikgotla tseo gore dipalo di supa fa go ikwadisitse Batswana ba sekae fela, mme a kopa gore botlhe b aba ikwadisetseng ba ye go tlhopha. A re ba tshwanetse go tlotla letsatsi la ditlhopho ka ele lone letsatsi le le golo mo matshelo a bone aka jaanong ba bo ba tlhopha ba busi b aba ba batlang mme batshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go dira tshwanelo e. Rre Seretse a re puso ya batho ka batho e batla batho baa b nang le boikarabelo, ba itse ditshwanelo tsa bone mme ba di diragatsa ka jalo le ditlhopho le ikwadisetso ya tsone ba tshwanetse go di tsaya tsia mme ba di dire. O buile a sa kgwe mathe a gakolola thata gore botlhe ba ab ikwadisitseng ba ye go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho, a tlatsa ka gore letsatsi la teng le lengwe fela mme le botlhokwa ka le kgona go fetola matshelo a bone. Mo go tse dingwe Rre Seretse o ne a laela banni ba dikgotla tse tharo tse mme e bile a lebogela tirisanyo ya bone le ene mmogo a re o kgonne tse a dikgonneng ka thotloetsa ya bone le lerato la bone. A re puso le yone e dirile ditsholofetso tsa yone, ka mananeo a tshwanang le a LIMD le Ipelegeng le ntswa bangwe ba ne ba a kgala, le fa ne go nala mathata a letlhoko la madi mo lefatsheng ka bophara.
politics
7
Monana o rotloeditse batsadi go kgalemela bana
Mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong, Rre Ofaletse Molebo, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone. Mo potsolotsong, Rre Molebo a re banana ba tsweletse ka go amega mo ditirong tsa borukutlhi jaaka bogodu, dipetelelo, dititeo le tse dingwe,. A re seemo se, se baya batsadi ka fa mosing ka gore fa bana bao ba bonwa molato, ba sala mo kutlobotlhokong. A re batsadi bangwe ga ba kgaleme bana ba bone fa ba lemoga gore ba inaakantse le ditiro dingwe tse di maswe, a re seo se dira gore bana bao ba tswelele le ditiro tseo mo go goleng ga bone. A re batsadi bangwe ba na le go buelelela bana ba bone fa ba amanngwa le dikgang tsa borukutlhi kwa dikolong kana mo motseng, a tlhalosa fa seo se dira gore bana bao ba seka ba ipona molato kana ba ikotlhaa. Rre Molebo a re batsadi ba tshwanetse go tshwaragana le puso go ruta bana ba bone ka dikgang tsa borukutlhi di tshwana kgokgontsho, gore ba seka ba inaakanya le tsone kwa dikoleng, lwapeng kana mo ditseleng. O tlhalositse gore ka ele mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong ngwaga tse pedi morago ga go bonwa molato wa go gobatsa mohiri wa gagwe ka 2016, ga a eletse gore banana ba bangwe baka feta fa a fetileng teng. Rre Molebo a re o dirile molato oo a gateletswe ke maikutlo, mme ka gone go setse go diragetse a lebagana le kgwetlho ya go sekela molato wa gagwe. A re botshelo jwa kgolegelo ga bo monate ka go na le dikgwetlho di tshwana go kgokgontshiwa ke magolegwa a mangwe, mme seo se tsise khutsafalo e tona gammogo le le boikotlhao. A re sebaka se motho a se tsayang a le kwa kgolegelong se mo senyetsa ditshono di le mmalwa jaaka go tswelela le dithuto tsa gago, go batla tiro ga mmogo le go nna kgakala le ba lelwapa. O tlhalositse gore seo se dira gore motho a salele kwa morago, mme nako ya fa a tswa kwa kgolegelong, o fitlhela go le thata ka o tshwanelwa ke go simolola botshelo sesha. A re fa motho le kwa kgolegelong ga a nne le sebaka sa go ja monate wa botshelo jaaka bankane ba gago ba ba seng kwa kgolegelong. A re banana ba tshwanetse go ithuta go nna pelotelele fa ba kopana le dikgwetlho gore ba seka ba tsaya ditshwetso ba galeletswe ke maikutlo ka seo se ka dira gore ba seka ba tsaya ditshwetso tse di maleba. A re molato fa o setse o diragaetse ga gona gore oka dirololwa, ka jalo modira molato o tshwanelwa ke go tsaa bokarabelo ka go atlholwa go ya ka fa sekaleng sa molato o a o dirileng. O kopile banana go kopa thuso mo go ba ba maleba fa ba na le mathata jaaka ba boipelego, batsadi le ba ba sidilang maikutlo. Le fa gontse jalo, a re sebaka se a se nnileng kwa kgolegelong se mo file tshono ya go ikaga sesha ka go ithuta ka tlhaloganyo ya motho, go ikanya Modimo ga mmogo le tiro ya diatla. BOKHUTLO
education
4
Banni ba Magana ba atla kgosana
Banni ba kgotlana ya Maganakwa Metsimotlhabe ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore Rre Duncan Magana enne ene yo o tlaa nnang setilo sa bogosana jwa kgotlana eo. Banni ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerweke kgosi ya motse oo Kgosi Raphael Mmipi morago ga go tlhokafala ga kgosana yakgotlana eo Rre John Ratlhapi kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Mongwe wa banni ba kgotlana eo, Mme Gobona Khupe, o opetse seodiatla a re ke kgatelopele ka se tlaa dira gore kgotlana ya bone e seka yasalela kwa morago ka ditlhabololo. Rre Simon Sethathe ene o kopilegore fa kopo ya bone e ka amogelesega, kgosana e bereke le bone sentle ebilea itse gore kgosi ke thotobolo e olela matlakala. Mongwe wa dikgosana, RreRudolf Mokalake, a re o ile a nna fa fatshe le boora Magana mme ba nna moono ole mongwe ka motlhatlhami go sena mathata ape. Mokhanselara wa Metsimotlhabe Rre Kenakgang Oreetseng o ne asupa fa le ene a itumeletse tshwetso eo e bile a e amogela ka diatla tsoo pedisegolobogolo ka go ne go sena dikgotlhang jaaka tse ba di utlwalelang kwametseng e mengwe. A re o solofetse go le gontsi mo kgosaneng e ntsha eo ka a tlaatokafatsa tiro ya gagwe e le mokhanselara. Rre Magana o ne a leboga morafeka tshepho ya bone mo go ene, a re o amogela thomo ya bone ka diatla tsoo pedi,a re o tsile go ikamanya thata le Modimo ka poifo Modimo e le yone e ka mokgontshang go etelela morafe wa gagwe pele sentle. Kgosi Mmipi o ile a konetelela ka gore nako ya go layakgosana ga ise e goroge ka o santse a tlaa isa leina la yo o tlhophilweng kwabagolwaneng ba gagwe kwa Molepolole go ya go seka seka tshwetso eo mme o tlaabusa phetolo mo nakong e e sa fediseng pelo.
politics
7
Bomme ba kgothadiwa go ikanoka
E re ka kgwedi e e le ya bomme ebile e ya bokhutlong, bomme ba thapelo ba gakolotswe go ikanoka mo dipelong mme ba gopole ba ba tlhokang. Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi Rre Greg Losibe gompieno, mo kgotleng ya Ghanzi jaaka mokgatlho wa bomme wa kereke ya African Methodist Episcopal ba ne ba abela Mme Rodah Baumake dihutshane. Rre Losibe a re bomme ba tshwanetse ba itshekatsheka mo dipelong tsa bone mme ba nne le mautlwelobotlhoko mo go ba bangwe. O tsweletse a ba kgothatsa a re go aba ke go supa lorato; a tlhalosa gore e re ka jaana motho e le sekao sa Modimo, go aba ga bomme ba thapelo ba kereke ya Methodist go supa lorato lwa Modimo mo go bone. Mme ka jalo Rre Losibe o ne a galaleletsa mokgatlho wa bomme ba kereke e, a re le bone ba tshwanetse ba ipelela go aba ga bone. Mme o ne a gakolola gore go aba ga go a tshwanela go dirwa ka go bo go gabilwe sengwe, mme a re e tshwanetse ya nna go aba ga mautlwelobotlhoko le bopelotlhomogi mo setshabeng. O ne a kgothatsa lelwapa le le abetsweng; a re ba lesego thata ka mpho e ba e neetsweng ke Modimo go tswa go ba Methodist. Rre Losibe a re o solofela gore mpho eo e tlaa ata ka jaana e le dipodi mme a tlhalosa fa dihutshane di le bogadi bo gaufi segolo bogolo mo kgaolong ya Ghanzi. Mme ka jalo o ne a kgothatsa thata Mme Baumake a re a tlhokomele dipodi tseo gore di ate, e tle e re motlha mongwe le ene a kgone go abela mongwe. Mme le fa go ntse jalo, Bishop John White wa kereke ya Methodist mo Botswana o tlhalositse fa e le motheo wa kereke ya bone go abela bao ba ba tlhokileng lesego. Moruti White a re kereke e netefatsa gore batlhoki ba tlhokomelwa fela jaaka e le tsamaiso ya Baebele le lefoko la Modimo gore ba ba tlhokang ba tlhokomelesege. O ne a leboga bomme ba Methodist ka tiro e ba e direlang batho ba Modimo mme a re e le kereke ga ba lebe fela maloko a Methodist mme ba atolosa letsogo kwa go ba ba kwa ntle ga Methodist. E rile a mo tlatsa, Moruti Nicollete Aedige wa Methodist mo Ghanzi a re go aba go tshwanetse ga dirwa ka lorato le pelo eseng ka mabela. Moruti Aedige a re batho bangwe fa ba aba ba dira ka gore ba bonwe, mme a re seo ga se go aba ka pelo ya mautlwelobotlhoko le lorato la Modimo. O ne a gakolola bo mme ba thapelo go ikokobetsa fa pele ga Modimo mme ba dire tiro ya Modimo ka bopelotlhomogi eseng maikgantsho. O tlhalositse fa mongwe le mongwe e le mohumi mo setshwanong sa Modimo; mme a gakolola gore seemo sa botshelo ga se a tshwanela go fetola seo. Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Methodist o na le maitlamo a ba berekang ka one go direla setshaba, morafe le yone kereke. Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme ba Methodist mo Botswana Mme Seakanyeng Motswakae o tlhalositse gore ba na le matshego a le mane a ba ikaegileng ka one e le kereke. A re ke letshego la go okela batho mo kerekeng, letshego la go tsamaisa kereke le mokgtalho wa bo mme, letshego le le fang dithuto di akaretsa mananeo a puso le tsa selegae. Mme Motswakae a re go abela batlhoki go tswa mo letshegong la Sekeresete le tirisano mmogo le setshaba. A re ba tshwanetse ba berekela kereke, morafe le setshaba; ke ka moo ba neng ba itshwaraganya le boora Baumake go supa lorato la Modimo ka go ba abela dipodi di le tlhano. Mme a re se se supa tshwaragano e kereke e nang le yone le puso, mme ba thusa puso nngwe ya maitlamo le matshego a puso a tebelopele ya 2016.
religion_and_belief
8
Borre ba kopiwa go tsibogela botsogo
Dibui kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Jackalas No 2 mo kgaolong ya Bokokone Botlhaba ka Labotlhano, Ba re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsibogele botsogo jwa gagwe ka maikaelelo a go leka go lwantsha malwetse, bogolo jang fa go itebagantswe le jwa kgotlholo e tona, jo ba boletseng fa jone bo alafesega fa bo tsibogelwa nako e sale teng. Ba re ke nako ya gore borre ba ititee ka thupana mme ba ne ba etela dikokelo gangwe le gape, go na le gore ba dire jalo fela fa go setse go le thata, ba tlatsa ka go re go tsiboga ga borre go ka thusa go nyeletsa gotlhele bolwetse jwa TB mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le mo lefatsheng ka bophara. Ka jalo seo sa fokotsa le yone palo ya dintsho tse di diragalang mme e le tse di neng di ka thibelwa ka go tsaya kalafi ya ba bongaka.Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shanganani JSS, Mme Ndinaani Mandevu o ne a tlhalosa fa TB e santse e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno, a supa fa ntwa kgatlhanong le TB, e le e e ka sekeng ya kgonwa ke puso e le nosi, ntleng le batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le makalana ka go farologana a ka tsenya letsogo.Mme Mandevu o ne a gwetlha makalana a a tsweletseng ka go thusa puso ka ditsela tse di farologaneng tebang le tsa botsogo go akarediwa le jone bolwetse jwa TB, gore ba seka ba nyema moko go fitlhelela ntwa kgatlhanong le TB e fenngwa. A re moono wa monongwa o o reng ‘Re batla boeteledipele mo go emiseng kanamo ya kgotlholo e tona, le wena o ka dira ditso go emisa kgotlholo e tona’, o gwetlha ope yo o ka tswang a le moeteledipele fa a leng teng go ema ka dinao go lwantsha TB, a kaya fa maikaelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go bona ka ngwaga wa 2035 TB E re ka jaana go lemosegile fa gantsi TB le mogare wa HIV e le di ya thoteng di bapile, Mme Mandevu o boletse fa puso e dirile maiteko a a bonalang go tsibogela malwetse oo-mabedi, a re thulaganyo e mo go yone ope yo o tshwarwang ka mogare wa HIV a akarediwang mo kalafing ya diritibatsi gone foo, e thusa go fokotsa TB. A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go itlhatlhobela malwetse go bona kalafi ka nako, ka e bile puso e simolodisitse tiriso ya metshine e e ntshang maduo a TB mo malatsing a le mabedi go na le pele mo maduo a neng a tswa mo malatsing a supa. Fa a nankolela batsayakarolo ba moletlo ka maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa dikokelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a re ke go tla go tsibosa setshaba ka dikgang tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona le go abelana megopolo ka fa bo ka kganelwang ka teng. Mme Motshelanoka a re maikaelelo a mangwe ke go konotelela moono wa mafatshefatshe wa go leka go lwa ka gotlhe go emisa TB. A re e le ba lephata la botsogo le boitekanelo, letsatsi leo le ba fa sebaka sa go bona bomme Grace Mpofu le Thapelo Million ba a fa bopaki ka fa ba falotseng bolwetse jwa TB ka teng, ba supa fa ba kgonne ntwa eo ka kemonokeng ya ba malwapa a bone le gone go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. BOKHUTLO
health
6
Kebopetswe o ikana ka go roka
Rre Kgosiemang Kebopetswe o dingwaga tse di masome a mane le bobedi (42) wa motse wa Mogorosi a tlholega mo kgotleng ya Setshe mo kgaolong ya Legare, ke mongwe wa Batswana ba lefatshe leno ba irileng puso e ntsha mananeo go tokafatsa matshelo a batho a seka a ipona tsapa. Fa a bua mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng jaaka ba ne ba etetse motse oo. Kebopetswe yo a tumileng ka leina la Sechana mo motseng o boletse fa e ne ya re go le pele a bo a sena kitso e e tseeletseng ka mananeo a mme a nna le lenyora go itse ka one. A re o ne a utlwalela fela ka batho bangwe ba ba akotseng ga mmogo le mo diromamomoweng le dipampiri tsa dikgang. Ka jalo a tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya re mo tshimologong ya ngwaga ono a rwala ditlhako a leba kwa ofising ya boipelego ya motse oo go ya go itseela ka tsoo pedi. Gone kwa go ba boipelego a re o ne a tlhalosediwa ka botlalo ka mananeo a farologaneng a nyeletso lehuma a a karetsa go apaya dijo, go rua dihutshane le go roka. Ene ka a ne a na le botsipa jwa go roka jo a bo anywileng mo dikhamphaneng tse a kileng a direla mo go tsone a itlophela lenaneo la go roka mme seka a dia sebaka a tsenya kopo. A re moragonyana fela mo sebakeng se se neng se sa fedise pelo, kopo ya gagwe ya atlega. A re ba ne ba isiwa dithutong tsa go roka kwa motseng wa Kanye mo sekolong sa Ramatea Vocational Training Centre. A re o ne a itumelela dithuto tseo fela thata mo lerato la gagwe mo kgwebong ya go roka le neng la golela pele ka jaana di ne di remeletse thata mo thutong ya tiro ya diatla. A re lentswa ba ne ba fiwa tse di thokang motlakase ba ne ba neeelwa di genereitara go ka tswelela ka tsone go hetlha motlakase. Mo nakong eno Kebopetswe o rokela banni ba Mogorosi diaparo, tse di kgagogileng le gone go dira paka ya dikole ka go farologana. O tsweletse a tlhalosa fa le mororo kgwebo e ise e itshetlele mo go kalo kalo, lemmenyana le a le bonang le kgona go mo thusa go ora molelo wa mariga le ba gaabo. Mme fela a re kgwetlho e kgolo e a kopanang le yone ke letlhoko la lefelo le a rokelang mo go lone ka jaana mo nakong eno a rokela fa ntle, selo se a boletseng se ka baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing. O tlhalositse fa seo se ka kake sa mo kgoba marapo mo go diragatseng ditoro tsa gagwe mme fela a re o solofetse teranka go tsweng kwa go ba ofisi ya dithuso tsa mananeo a. Le fa go ntse jalo Rre Kebopetswe o bile a gwetlha bao ba ba maoto a tshupa go ka akola mananeo a go nna jalo go a tsenelela. A re fa mananeo a a ka tsewa tsia a ka fetola matshelo a batho ba le bantsi ka go tlhama ditiro.
society
9
Batswana ba ba nnang kwa UK ba abela bana-le-bogole
Batswana bangwe ba ba nnang kwa United Kindom ba ikopane le ba komiti ya Covid-19 ba abetse Batswana ba ba tshelang ka bogole dijo le tse dingwe tse di tlhokafalang kwa Bokaa le Dikgonnye. Fa a amogela dimpho, Kgosi Sue Mosinyi a re ba lebogela mephuthelwana e, mme o solofetsa fa e tlaa goroga kwa go ba e ba lebaneng. A re dimpho tse, di tlaa thusa gore e re fa banni ba itswaletse mo malwapeng go iphemela mo mogareng wa Covid-19 go bo go na le se ba se jang. Fa a rola dimpho tseo Seetebosigo a tlhola ga tlhano kwa kgotleng ya Bokaa, morongwa wa komiti Rre Aubrey Woki a re ba tlhophile ba-na-le bogole ka gore ke bone ba ba tshabelelwang ke go tseelwa kwa tlase gape ba sena ditlamelo sentle. A re dimpho tse, ke go tlaleletsa fa puso e emeng teng ka dithuso. A re ba lebogela tirisanyo mmogo e ntle ya komiti ya Covid-19 ya Bokaa mme e bile ba solofela fa dimpho tseo di tlaa amogelwa ka lorato le boitumelo. Fa a bala molaetsa wa tsholofelo go tswa kwa baabing ba dimpho, a re molaetsa mogolo ke gore dimpho tse di ajwa ka tlotlo le tlhompho kwa malwapeng a le masome a supa le borataro. O boletse fa dimpho di le masome a le matlhano le borataro di tlaa abelwa banni ba Bokaa fa di le masome mabedi di tlaa abelwa banni ba Dikgonnye. A re ba dumela fa ba-na-le bogole ba na le ditshwanelo fela jaaka motho mongwe le mongwe mo Botswana le lefatshe ka bophara e bile ba tshwanelwa ke go anywa itsholelo le ditlamelo tsa lefatshe. A re ke ka moo ba itlamang go thusa puso fa ba ka kgonang teng. A re ba rotloetsa ba-na-le bogole gore ba nne ba tshwere ka thata gape ba le pelo telele.
health
6
O le aramele le sa go tlhabetse - Malepa
Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa kwa Botswana College of Distance Open Learning (BOCODOL) kwa Kang, Rre Boitumelo Malepa o rotloeditse banana le bagolo kwa Tsabong go ya go ikwadisetsa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Tsabong bosheng, Rre Malepa o ne a tlhalosetsa ba-tsaya karolo mo go tseneletseng ka lekalana la BOCODOL, a kaya fa le le mosola ka le ka tokafatsa maduo a dithuto tsa botlhe, bogolo jang mo go ba ba neng ba sa dira sentle mo mephatong ya JC le BGCSE. O kaile fa go setse go simolotse go ikwadisiwa mme go tlaa tswalelwa kgwedi eno e ya fifing fa nako ya yone e le go simolola ka ya botlhano go ya kwa go ya borobabobedi maitseboa. Rre Malepa o boletse fa dithuto tseo di sa tlhaole. A re moikopedi a tlhoka go tla ka setlankana se a batlang go se baakanya, a kaya fa puso e tsere boikarabelo jwa go duelela sengwe le sengwe, a gatelela fa ba tshwanetse go le aramela le sa ntse le ba tlhabetse. Mo phuthegong eo e e neng e tsenwe ke bontsi jwa batsadi, o ne a ba kopa go isa molaetsa oo kwa baneng, a kaya fa puso e butse dikgoro tsa go ruta le go tlhabolola setshaba mo lephateng la thuto ka mananeo a a farologanyeng. O kaile fa diofisi dikgolo tsa BOCODOL di le kwa Kang mme di okametseng Ghanzi le Kgalagadi, a kaya fa e le tsone tse go tlaa bong go kwalelwa ditlhatlhobo kwa go tsone. Ba-tsaya karolo mo phuthegong eo ba ne ba lebogela maiteko a puso ka BOCODOL go ruta setshaba. BOKHUTLO
education
4
Mmatla kgomo kodumela...
Motse wa Setsile kwa kgaolong ya Legare ke lengwe la mafelo a santseng a fatlhoga, ka jalo ditlamelo dingwe tsa botlhokwa e santse e le dikeletso fela. Go nna le sekole ke nngwe ya dikeletso tsa motse o o ikadileng mo letlhakoreng la moja la tsela e e yang Kudumatse, dikhilomethara di le lesome le bone go tswa Mahalapye. Le fa go ne go na le matlhasedi a gore Setsile o tlaa agelwa sekole se se botlana, bana ba motse oo ba santse ba patelesega go latela motswedi wa botshelo kwa Mahalapye le Mokoswane. Mosepele wa baithuti ba, o faraferwe ke dikgwetlho ka go farologana. Sengwe sa dilo tse di ngomolang pelo ke gore bontsi jwa bana ba, bo sa ntse bo fatlhoga mme ba tlhoka go tsamaisiwa tshipidi ka go tsena sekole gaufi le batsadi. Ka gotwe: mmatla kgwana ya gaabo ga a swe lentswe, bana ba Setsile ba itomile molomo wa tlase go tswelela ka mosepele wa bone wa thuto. Bangwe ba batsadi ba bana ba, ba re ba itlamile go dira gotlhe go tsenya bana sekole. Letlhoko la ditiro le lone ke sa khuranyo ya meno mme go thata ya lentswe go bona shelengnyana wa go itshetsa. Bagolo le banana ba Setsile ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go bona ditiro tsa nakwana. Mme Masego Leditsa, motsadi wa bana ba le bane, a re ga go motlhofo go bona madi a a duelelang bana mosepele wa go ya sekoleng. Mme Leditsa a re toro ya gagwe ke go bona Setsile a na le sekole se sebotlana. “Ga re robale, seemo se se re tshedisa bokete. Motsadi yo o nang le bana ba le palonyana jaaka nna, o tshelela mo lehumeng,” a tlhalosa. O supile gore le fa ba sa ineye sepe, seemo se ba gwetlha go hirela bana sepalamo. A re ba ikaegile ka Ipelegeng mme kgwedi e motho a sa bonang phatlha go nna thata go bona madi a a duelang sepalamo sa bana. Mme Leditsa a re ke boikarabelo jwa motsadi gore ngwana a bone thuto. Batsadi ba supile fa seemo se, se ba tsenyang mo kgwetlhong ya go adima madi ka tsholofelo ya gore ba tlaa thapiwa mo Ipelegeng. A re mosepele o lopa P140 ngwana mongwe le mongwe ka kgwedi. Batsadi ba supile gape gore seemo sa loapi ke kgwetlho ka gore ba patelesega go ralala dipula, serame kana mogote o o feteletseng ba le mo mosepeleng wa go latela thuto. Ba re mosepele o tsenya bana ba bone mo diphatseng le gore mo mabakeng a mangwe ba goroga thari kwa dikoleng mme ba siiwe ke dithuto. “Le fa re bereka Ipelegeng, re setlhafaletse ruri ka gore matsananyana a teng a felela mo sepalamong sa bana,” ga tlhalosa Mme Leditsa. A re seemo sa go phakela se dira gore bana bangwe ba felele ba tshaba sekole kana ba sa kgone go ithuta sentle. “Fa motsadi a sena madi bana ba kgona go palelwa ke go ya sekolong ka go se motlhofo go bona mosamarea yo molemo yo o ka pegang bana mahala,” Mme Leditsa a kaya. Mme Caroline Mpolokang ene o supile gore le fa go se motlhofo, o kopela bana mosepele mo dikoloing tsa beng moso le moso. Mme Mpolokang a re letlhoko la madi le dira gore mosepele wa bana o nne thata le go feta. “Dikole le tsone di tshwenngwa ke gore bana ba rona ba goroga thari ka mabaka a go tlhoka sepalamo se se tlhomameng ebile se ikanyega,” a tlhalosa. A re khansele e ne ya tswa ka mogopolo wa go ba tsisetsa kara ya ditonki mme ba se ka ba dumalana. “Tota re ne re sa o gane fela re ne re na le mabaka a gore mosepele wa kotsekara o bonya mme o pateletsa gore bana ba rwale masigo ka tlhogo le gone ka nako ya dipula phologolo e go tweng tonki e nna bodipa le go feta ka jalo mosepele wa bana o ka se nne bonolo. Re bone go le botlhokwa go tswelela re sokola ka maiteko a re a dirang,” Mme Mpolokang a supa. A re dikgwetlho tse bana ba kopanang le tsone di ngomola pelo a re gore go ne ga diragala ka lengwe la malatsi gore bana bangwe ba palame koloi ya rre mongwe, bagoma ba sa tlhalosa gore ga ba na madi a go leboga mosepele. A re e ne ya re go gorogeng kwa Setsile, rre yo o a phutholola lebogo go amogela tuelo, mme ka dikgwatlha di ne di phunyegile bagoma ba shadikanya matlho. Rre yoo o ne a ikadima bana ka moretlwa ba goroga kwa malwapeng ba putsa-putsa dikeledi. Keletso ya batsadi ke gore puso e ba thuse ka sepalamo go fefosa le go tlhofofatsa mosepele wa bana go ya sekoleng. Mme Mpolokang a re o leboga thuso ya ofisi ya boipelego ee kileng ya rekela baithuti ba paka ya sekole. Mongwe wa batsadi, Mme Kelebogile Oalotswe, a re seemo sa go tlhoka sepalamo ke nngwe ya dikgwetlho tse ba se kitlang ba itsapa go di lwantsha. A re go ineela go ka kgoreletsa bana mo mosepeleng wa go ipetlela isago e e nonofileng. O supile gore bangwe ba bone ba dira metshelo ya go adimisa madi gore ba kgone go tlamela bana. “Bangwe ba patelesega go rathola majalwa a Setswana ka maikaelelo a go dira madi gore ba kgone go duelela mosepele le go ba rekela dipe tse di tlhokwang ko sekoleng,” a supa. Mme Oalotswe a re tshireletsego ya bana ga e jeseng diwelang ka bangwe ba iphetotse dilalome. BOKHUTLO
education
4
O tshegeditse ngwao ka segaba
E re ka ngwao go lemotshegile fa e fetoga le dingwaga e bile e tshwanetswe ke go ka bolokwa gore dikokomane tse di tlang di tle di ithute ka yone, mongwe wa modiragatsi o dira se ka go letsa segaba. Rre Olebeng Khumomotse yo o dingwaga tse di masome a supa le botlhano o tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore diletso tsa Setswana tse di tshwanang le segaba le setinkane di rutiwe basha gore le bone ba tle ba fetisetse kitso kwa dikokomaneng tsa bone. O tlhalositse fa a simolotse go letsa segaba ka dinako tsa dingwaga tsa gagwe tsa bonana, a kaya fa a ne a se letsa go fetisa nako fa a disitse loruo lwa batsadi ba gagwe. “Ke rutilwe go letsa segaba ke nkgonne fa re santse re le bana re disa ka jaana sone le setinkane e ne e le tsone tse di kgatlhang leitlho ka nako eo.” Rre Khumomotse o tlhalositse fa a ithutile segaba e bile a se rata go gaisa diletso tsotlhe ka jaana se kgothatsa motho go dira ka diatla le gone go akanya mo go faphegileng. O kaile fa a ne a ithuta go ipetlela segaba mme e bile a rata thata go letsa segaba se se dirilweng ka logong lwa morolwana. O tlhalositse fa mo segabeng, boroku bo dirisediwa go lootsa leseka le le letsang mme e bile go sa dirisiwe boroku bongwe le bongwe. “Fa o na le segaba o tsaya nako e ntsi o tlhama dipina le gone go ithuta molodi o o tlaa nyalanang le mafoko le kopelo ya pina e o e tlhamileng, e bile ga gona sepe se se kgotsofatsang pelo go feta jaaka go itirela segaba ka mabogo a gago ka jaana go tlisa segaba seo gaufi thata le pelo ya gago.” O ne a bua fa segaba e le nngwe ya diletso tse di thata go di ithutha mme fa motho a le pelotelele, a na le lorato le maikaelelo a go ithuta o ka tsaya sebaka se sekhutshwane. Fa a bua ka meletlo e a kileng a ya go letsa mo go yone, o ne a tlhalosa fa go letsa kwa moletlong wa go bula kgotla ya Raphalane mo Jwaneng le fa toropo e amogela molelo wa kgolagano e leng one malatsi a a a ratileng thata ka jaana leina la gagwe le tlaa bonala mo ditsong tsa toropo.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Boa gape: maduo a go bereka ka natla
Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng, ke nonyane ya mofuta o. Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo ele se se phatlolang letlalo la mmele. Makuku a naka tsa nare banana ba bo ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e abo e le gone ba gorogang go tswa maitisong mme go a farologana ka Mme Kutlwano Dipheko wa Tsabong, ka nako e ene o a bo a thinkgetse a duba borotho, seswaa le serobe a sa bolo go di kgoba. Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela,ke ka mo Mme Dipheko eleng mmamoratwa wa bareki ba ba tlotlileng go ja mo makuku le ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro. Fa o feta fa semausung sa ga mme Dipheko fa gare ga nako ya borababongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama,ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo. Mmega dikgang wa BOPA mme Johannah Martin o ne a buisana le mme Dipheko go itseela ka tlhamalalo ka kgwebo ya gagwe e e itsegeng ka leina la Boa gape. Fa a bua ka tshimologo ya kgwebo ya gagwe,Dipheko a re o godile a rata kapei ka a tsholetswe ebile a goletse mo losikeng lo lo ratang kapei lobaibai. A re go lemogeng ga ga mmagwe le bommangwanaagwe gore o rata kapei,ba ne ba seka ba mo itsapela mme ba mo fapanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei. Erile morago ga go fetsa dithuto tsa khomputara Dipheko o ne a bona go le thata go ka bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go bereka. Ka lebaka le,o ne a seka a simolola a ipaya mo sekaleng sa gore o rutegile a tlhaola ditiro, mme o ne a berekela mo marekisetsong a dijo a a farologaneng mo Tsabong,ele mmaseapei gape ele morekise. Dipheko a re moono wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a tsa kapei e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo,go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka a ne a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo. Mo dingwageng tse thataro tse Dipheko a di berekileng mo madirelong a dijo,a re baji bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore o itse go gata diamaleng,mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe mme a itse go apaya. A re le ntswa le ene a ne a itse gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. E re ka setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le ntswa Kutlwano a ne a setse a kgobokantse madi,kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo. Morago ga kgwedi tse tharo ba ne ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe gore mongwe le mongwe a ikemele a le esi ba gwetlhwa ke letlhoko le legolo la dijo tse di apeilweng mo Tsabong ke kamo Boa gape o neng a tsholwa ngwaga ono o simologa. Mong wa Boa gape a re mo bogompienong o apaya dijo tsa moso fela,di akaretsa dipapatha,magunya,seswaa,serobe,sopo(soup) le ditlhatlheo,mme dijo tse di rekiwa ke babereki ba maphata a a farologaneng mo Tsabong,ebile bokgala ga se kgwetlo mo bareking ba gagwe fa ba gopotse monatenyana wa dijo tse ba a goroga. Ka mogologolo a rile ina lebe seromo,bareki ba boa seboaboane kwa kgwebong ya Boa gape jaaka leina la teng le bua.Se se kailwe ke mong wa kgwebo e,fa a tlhalosa fa ba ba rekang mo kgwebong ya gagwe ba boela teng ebile ba itse fa kwa boa gape ele legae la bone le thebephatswa. Go ya ka Kutlwano palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo eleng gore bontsi jwa naka o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe,mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse(book) dijo nako e sale teng ka mogala. Seemo sa Boa gape se itumedisa mong wa sone,a re se supa tsholofetso ya gore dipoelo e tla nna tse di mo rumarumisang. “Gake gelele madi ka diemere,mme fela theko le dipoelo tse ke di bonang fa e sale ke simolola kgwebo e,di mpha tsholofelo ya gore ke tla ikgona,jaaka basadi ba dijarata tse dingwe ke tla rua le ene monna ka ba malatsing ano ba okwa ke basadi ba ba ipelelgeng,Dipheko a bua a tshega. Fa a botswa gore ke eng se se okelang bareki kwa Boa gape,Dipheko o tlhalositse fa a ntsha ga tshwene fa a apaya,a re o tswakanya dijo ka mokgwa o tla natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng. A re se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe,ebile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe. Tumelo mo Modimong le thapelo ke dingwe tsa tse di tlisetsang Dipheko phunyeletso mo Kgwebong ya gagwe. Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa bodiphatsa jwa dijo le tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo. Mme Dipheko a re sekale sa selekanyo sa dijo o se tsamaisa go tshwana le madi a re se se kgotsofatsa bareki ba gagwe ebile ke sone se ba sa fuleleng gope ntleng le kwa Boa Gape. Mme Dipheko a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a monate ke ka gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diamaleng go sale phakela le ise le tlhabe. “Thubisi mma ga e bonwe bonwe fela ,e bonwa ke motsogapele.Ke motsogapele ebile se se nthusa gore ke nne boikanyego mo bareking ke sone se ba sa mphetogeleng,ke ka mo nna ke bonang theko e ba bangwe ba se boneng,Dipheko a tlhalosa. Fa a boka kgwebo ya gagwe ,Dipheko o supile fa e mo tlodisitse melatswana. Ka Motswana a rile kgakakgolo gakena mebala,mebala e bonelwa dikgakaneng,go ntse fela jalo ka Kutlwano,bontle jwa mofufutso wa phatla ya gagwe bo bonelwa mo baneng ba gagwe ba basetsana ba babedi. A re o dirisa dipoelo tsa kgwebo go ba tsenya sekole le go ba kgabisa a kaya fa bone ele sesupo sa bokgarebe le bonatla jwa gagwe. Ntleng le tse,mong wa Boa gape a re,ka madi a a mmoelang mo kgwebong o kgonne go ithekela dilwana tsa ntlo gape bontlha bongwe wa bo boloka,fa madi a mangwe a dirisetsa tse di tlhokafalang go tsamaisa kgwebo di akaretsa rente,gase le dijo. Le fa kgwebo ya Boa gape e tsabakela ,mong wa yone a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe kgwebo ya gagwe e lebaganwe ke dikgwetlo. O ne a lela ka boturu jwa gase le koketsego ya ditlhwatlhwa tsa dijo a re ke dingwe tsa tse di ngotlang dipoelo. Dipheko o ne a tshwenyega gape ka go tlhokega ga merogo mo Tsabong a kaya gore fa ele teng e abo e swabile mme se se mo kgoreletse go apaya dijo tse di kgatlisang bogolo jang sopo ka yone e tlhoka go kgaba ka merogo. Se sengwe se se tlhokisang mogwebi yo boroko ke bareki ba ba ratang go itlhomodisa pelo ba kolota dijo mme e re fa ba sena go bona madi ba tsene ka nga la seloko,a kaya fa se se busetsa kgwebo morago fela thata. Le fa gontse jalo a re bareki ba ba mo tlhalefisitse gore amaruri bopelonomi bo bolaile mmamasilanoka,ka jalo o kgwele lethe a itshwara khubu a ikana gore a ka se tlhole a kolotisa go hema ditatlhegelo. Mogwebi yo o nale tebelopele le keletso ya gore dipoelo tsa kgwebo ya gagwe a di dirise mo go mo fang motlhala o o bonalang,ke ka mo a sa jeleng madi a dipoelo mo ganong mme a boloka bontlha bongwe ka o lora go nna le kgwebo ya dijo e e nang le leina jaaka KFC. Godimo ga moo o eletsa go ikagela madirelo a gagwe. Mong wa Boa gape o ne aa gakolola go tsoga nako e sale teng a ba tlhagisa fa go tsoga tadi e amusa go ka ba tlodisa ditshono. O ne a tswelela a itsise banana fa metlhale ya khumo e le mentsi e tlhoka balatedi,mme gape a ba tsibosa go tshwaragana ba ema kgatlhanong le mathata a letlhoko la ditiro le lehuma a a tlhasetseng lefatshe leno are fifing go tshwaranwa ka dikobo.
economy_business_and_finance
3
Mokgatlho wa babereki ba mmadikole o abela bana
Bana ba sekole sa Matlapana ba bontsi ba tswang kwa Sexaxa le Matlapana ba abetswe dimpho tsa paka ya sekole e e feletseng ke mokgatlho wa babereki ba mmadikole (University of Botswana Staff Sports Association UBSSRA) bosheng. Fa a ntsha la gagwe monnasetilo wa mokgatlho oo, Mme Malebogo Mophalane a re mokgatlho wa bone ke wa itshidilo mmele ya babereki ba mmadikole mme a re mokgatlho oo, o dirwa ke dikole tse 18 tsa bommadikole mo Afrika mme ba kopana ngwaga le ngwaga go itshidila mebele. A re e ne ya re nako nngwe ba bona bana bangwe ba tswa kwa Sexaxa ba ya sekoleng kwa Matlapana go le mariga mme ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako le fa e le dijesi tota, mme ya re morago ba roma bangwe go ya kwa sekoleng seo go ya go sekaseka seemo ke gone ba bona gore go botoka gore ba thuse bana ba go nna jalo. O tsweletse a re ba kgothaditswe ke komponi nngwe e e ba thusang thata e e bidiwang Inverstic e e neng ya ba thusa ka madi go reka tse ba di tlhokang mo mokgatlhong wa bone mme ba bona gore ba thuse bana ka bontlha bongwe jwa one. O bile a re bone ba eletsa go bona bana bao ba godile e bile ba rutegile le bone ba le kwa mmadikole ba kgona gore le bone ba thuse ba bangwe fa ba lemoga seemo se se sa itumediseng mo go bone. Mme Keatlaretse Dipuo go tswa kwa ofising ya tokafatso matshelo a batho, o akgotse thata bana bao a re ba eletsa gore kamoso ba ba bone e le babusi le bone ba kgona go utlwela ba bangwe botlhoko, a re puso e le nosi ga e kake ya kgona. Mma boipelego a re dikgang tseo di teng di a tshela tsa go sotla bana ba ba thusiwang, a tlhalosa fa gompieno bana ba masiela ba le mo bothateng ka ntata ya dithuso tse ba di newang ke puso, mme o kopile bana bao gore ba seka ba reetsa tseo, bone ba itsetsepele fela mo go tsholetseng thuto ya bone gore e re ka moso ba akole maduo. O akgotse badiri ba mmadikole a re e re le ntswa matlhoko a le mantsi fela ba bonye go tshwanela go thusa bana ba sekole sa Matlapana, a re kana go neela go tsisa popagano, lerato le tirisano mmogo mo setshabeng, a tlatsa ka gore a botsalano jwa bone bo seka ja felela foo mme e nne jwa sennela ruri. Morutabana go tswa kwa sekoleng seo, Rre Anthony Timothy a re e le sekole sa Matlapana, ba lesego thata ka ba nna ba thusiwa ke mmadikole, a tswelela ka gore ba kile ba ba thusa ka matlwana a boitiketso le dibalamakgolo (computers). O boletse fa tseo di thusitse gore maduo a tokafale kwa sekoleng seo ka a re maduo a ne a nna a le kwa tlase fela mme a re gompieno o bona le batsadi ba kgona go ntsha bana kwa dikoleng tse dingwe ba ba isa kwa Matlapaneng. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tshupegetso Bontsibokae wa kgotla ya Matlapana kwa Maun, o kgadile a menne phatla botsadi jwa motsana wa Sexaxa ba bana ba bone ba neng ba abelwa dimpho ntswa bone ba seyo kwa tirong eo. Kgosi Bontsibokae o tsweletse a re batho le fa ba lwa mo lwapeng fela ga ba a tshwanela go ntshetsa dikgang tsa bone kwa ntle gore le bone baeng ba lemoge gore golo fa ga e ne e a komakoma. Fela o ne a akgola bao ba mmadikole a re go neela sekole sa mmadikole setsha mo kgaolong ya bone go ba thusitse ka jaana e se bone ba le nosi ba ba tlhokang mme a re bone ba tsweletse go leba gaufi le bone fela, a re ga se lantlha ba amogela dimpho go tswa kwa sekoleng seo di ya kwa sekoleng se sebotlana sa Matlapana. O bile a re o kopa gore botsalano jwa bone le mmadikole e nne jwa sennela ruri. BOKHUTLO
education
4
Ba atla ditlhabololo
Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o supile fa a lebogela ditlhabololo le ditirelo tse di mo motseng oo. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re ntswa ditlhabololo di tla ka go rotha, gone ga ba galale ka jaana pharologanyo e a bonala e bile e a nametsa. A re ditlhabololo di akaretsa sekolo se se potlana, kokelwana, lefelo la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, le tse dingwe tsa botlhokwa ka go farologana di fetotse tebego ya motse. Kgosi Kgosi a re tsone ditlhabololo tse di gorositse ditirelo le ditlamelo kwa bathong ka jaana ditlamelo di akaretsa tsa botsogo, thuto le tse dingwe, banni ba motse ba di bona ntle le go kgarakgatshega. O supile gape fa ba itumedisiwa ke go bona kokelwana ya motse e fa diritibatsi, a re ntswa ba tle ba itemogele tlhaelo ya melemo gone go sa tshwane le fa go sena gotlhelele. Le fa go ntse jalo, a re didirisiwa tsa mangwe mananeo di tsaya lobaka go goroga le ntswa baikopedi ba setse ba tseneletse ithutuntsho tebang le go tsamaisa le tlhokomelo ya mananeo a ba ikopetseng. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgosi o supile fa a sa ntse a le a le bête se molangwana ka thekiso ya majalwa a setso e e diragalang mo motseng. A re bangwe barekisi ga ba sale melao ya thekiso morago, fa bangwe tikologo e ba rekisetsang mo go yone bophepa jwa yone bo sa kgatlhise. Kgosi Kgosi a re bangwe ba rekisa one majalwa a, go nwela mo lapeng ntswa go sena matlo a boiteketso mme se se bake kgotlelesego ya tikologo ka jaana go felelwa go itiketswa gongwe le gongwe. O bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke bogodu jwa leokwane jo bo tsweletseng ka go diragala kwa lefelong la mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo. A re tshenyo e e felela e baya banni ba motse ka fa mosing ka jaana go kgoreletsa tlhaeletsanyo gape go busetsa ditiro tse di dirwang ka maranyane a tlhaeletsanyo kwa morago.
health
6
Bomme ba Bobirwa ba itshetsa ka tiro ya diatla
Bomme kwa Bobirwa ba ipopile setlhopha go itshetsa ka tiro ya diatla. Setlhopha seo, se se bidiwang O tla-robala-otla-ja-eng, se bopilwe ka bomme go tswa kwa Lentswelemoriti, Motlhabaneng le Mathathane mme se dira ditiro tse di farologanyeng di tshwana le go roka, go bopa ba dirisa dipampiri le go loga ka mokolwane. Leloko la setlhopha seo Mme Kerileng Keletso, o ne a supa fa letlhoko la mmaraka le ba itsa go gola ka ba rekisa fela kwa Tuli Block. Mme Keletso o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Mathathane mo letsholong le le neng le eteletswe pele ke lekgotlaa la SPEDU fa ba ne ba lekola ditiro tse di atsweletseng mo kgaolong ya Bobirwa le Selebi Phikwe. O tlhalositse fa matshwenyego a mangwe e le sekgala se ba se tsamayang go ya go kgetla mokolwane o ba o dirisang go loga ditlatlana ka ba sena sepalamo. O ne a supa fa kgaolo ya bone e na le diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou tse di tshosetsang matshelo a bone, mme se se dira gore ba tshabe go tsamaela kgakala le gone go bapala mokolwane ba phuthologile. O ne gape a supa fa go na le motako o ba o dirisang go kgabisa ditlatlana, a tlhalosa fa ba o reka mo bathong ka o bonwa fela kwa nokeng ya Limpopo mme bone ba sa kgone go o itatelela ka ba tshaba ditlou. A re se le sone se dira gore kgwebo ya bone e seka ya gola ka ba dirisa madi a mantsi go o reka. Mme Keletso o ne a supa fa SPEDU e ba eme nokeng ka e kgonne go ba golaganya le bangwe ba balogi go tswa kwa Boteti go tla go ba thatlhelela dikitso tsa go loga. O ne a supa fa se se sa lekana, mme a kopa makgotla le puso go ba ema nokeng go ba batlela mmaraka. Mothusa kgosi wa kgotla ya Mathatahane Kgosi Samuel Makola o ne a supa fa Bobirwa a humile di-tsa tlholego jaaka diphologolo le dimela, mme di sa sologele batho ba kgaolo eo molemo. Kgosi Makola o ne a kopa ba SPEDU go ba buelelela le puso gore le bone ba kgone go tlhabolola matshelo a bone ka meamuso e.
society
9
Ipaakanyetso meletlo ya boipuso e tsweletse
Mothusa molomaganya ditiro tsa komiti e tlhomilweng ke puso go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa Rre Bopelo Gabothusi, a re Batswana ba tshwanetse go ititaya ka thupana go baakanyetsa meletlo ya boipuso joo. E rile a bua mo phuthegong e neng e tshwaretswe mo dikagong tsa khansele bosheng, Rre Gabothusi a bolela fa komiti eo e okametswe ke komiti e e bopilweng ka matona a puso, mme e tlhatlhangwa ke komiti e tlhamilweng ka bakwaledi ba maphata fa e tsweletse ka go buisa diphuthego mo dikgaolong tsa lefatshe leno go lekodisa Batswana ka dipaakanyetso tsa boipuso joo. A re go mo maruding a Batswana ka bongwe ka bongwe gammogo le ba ba ipopileng ditlhopha go ipotsa gore ba diretse eng lefatshe la Botswana mo dingwageng tse di masome a mane le boferabobedi tse di fetileng go tsena ka 2016 fa lefatshe la Botswana le tla bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa morago ga go tsaya Puso mo go Mma-mosadinyana ka ngwaga wa 1966. Rre Gabothusi o boleletse batsena phuthego eo gore ele banni ba Mahalapye le metse emo tikologong ba ka kgona go gatela pele fa gona le tshwaragano fagare ga badirelapuso, lekgotla la bagwebi,dikompone tse di kopanetseng ditiro le mmuso gammogo le setshaba ka bongwe ka bongwe go balelwa dikgosi le ba komiti ya ditlhabololo. A re letsholo la go simolodisa semmuso letsatsi la go bapatsa bagwebi ba kgaolo potlana ya Mahalapye, le tla tshwarelwa mo motsing wa Mahalapye kgwedi ya Phatwe e robabongwe, mme a re o kopa bagwebi ba ba botlana go isa disupiwa le ditiro tse ba di dirang kwa letsatsing leo e bile a kopa batho ba ba nang le ditso tsa motse wa Mahalapye go nna le seabe mo tirong eo. Rre Gabothusi o rile dingwe tse di tla dirwang ele go baakanyetsa boipuso jwa ngwaga wa 2016 ele dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao,mmino wa setso,kapari ya Setswana le dikgaisano tsa Mma-bontle le Rabontle tse di tla tsenelelwang ke Batswana ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 tse makgaola kgang a tsone a tla tshwarwang ka 2016 fa lefatshe leno le tla bo le ipelela dingwag tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso mo mmusong wa bokolone fa Batswana bone ba tla bo ba konetelela toro ya vision 2016 ya tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng. E rile molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole a tswa la gagwe, a tlhalosa fa tiro eo e ka atlega fa ofisi ya gagwe,badiri ba lekgotla la tsamaiso makgotla a Setswana,badiri ba lekgotlana la kabo ditsha le botsamaise jwa klhansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye ba ka ititaya sehuba mo go eteleleng pele dithulaganyo tsa meletlo eo. Rre Masole o kopile botlhe ba ba amegang gammogo le setshaba go tsenya lotsogo mo tirong eo ka jaana e ama Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana gammogo le bagodi ba eleng bone ba dirileng lefatshe leno se le leng sone mo dingwageng tsa gompieno. A re boipuso jwa ngwaga wa 2016 bo ka atlega fela fa klomiti e baakanyetsang boipuso jwa monongwaga le jwa ngwaga o tlang e ka e ka bereka bosigo le motshegare gore sengwe le sengwe se tsamaya ka tlhelelo. Kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi o kopile botlhe ba ba kileng badirela mo pusong e bile bana le bokgoni go thusa komiti eo ka dikgakololo. Mabapi le go tlhoka go atlega ga meletlo ya boipuso jwa dingwaga tse di fetileng Kgosi Segotsi o boletse fa mathata ao a bakwa ke gore batho ba neelwa madi a go direla boipuso kwa dikgotlaneng tsa bone fa bana ba dikole le bone ba tshwarela meletlo eo kwa dikoleng tsa bone mo go dirang gore setshaba se se ka sa kgona go amopgela molaetsa wa ga tautona jaaka go tshwanetse. A re mo dingwageng tse di fetileng bana ba dikole bane ba phaphasetsa difolaga tsa lefatshe leno mo mebileng go supa fa letsatsi la boipusio ele le le faphegileng ka ele lone le ba tshwanetseng go ipelafatsha ka lone. Kgosi Segotsi o tlhaloitse fa asa itumedisiwe ke Batswana bangwe ba eyareng ka letsatsi la boipuso ba bo ba keteka manyalo le ditsala tsa bone, mmer a bolela fa ditiro tsa go nna jalo di tshwanelwa ke go emisiwa go tlotla letsatsi le lefatshe leno le tsetsweng ka lone.
politics
7
Kgosi Tshipe o ba tlhagisa setshaba ka dikotsi
Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o kopile setshaba le morafe gore ba seka ba latlhisiwa boikarabelo ke boitumelo ka malatsi a boitapoloso go hema dikotsi tsa dikoloi. O buile mafoko a mo kokoanong ya ngwaga le ngwaga ya go rapedisa dikotsi tsa dikoloi tsa tsela ya A1 e e neng e rulagantswe ke ba lephatla la Dipalamo le Ipabalelo Tseleng. Kgosi Tshipe a re boitumelo mo nakong ya gompieno bo tlhokisa bangwe boikarabelo le setho. Kgosi o tlhalosistse fa go ka seke go thuse sepe le fa molao o ka gagamadiwa jang, ntleng le gore batho ba ikage. “Go a tshwenya ka beng ba tiro ba seyo, e leng bakgweetsi le badirisi ba tsela, go ne go ka nna bonolo ba le fa go itseela molaetsa,” Kgosi Tshipe a tshwaela. O kopile setshaba gore se itse gore boikarabelo jwa botshelo jwa bone bo mo go bone e seng mo mapodising. O ne a supa fa mo malatsing a gompieno batho ba sa obamele matshwao a tsela ba lebile mapodisi. O rotloeditse setshaba gore se nne le boammaaruri se itshireletse. Mookamela lephata leo mme Pearl Kasweka a re maikaelelo a go rapelela ditsela ke go fokotsa dikotsi. Mme Kasweka a re le fa lefatshe le itlamile go fokotsa dipalo, go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tsee karolo e e nitameng go kgona maikaelelo ao. O ne a tlhalosa gore go bitsa makalana le dikereke go rapelela ditsela go le botlhokwa. A re baemedi ba dikereke ke bone ba tlhomilweng go babalela mpho e tona ya botshelo. Mme Kasweka a re dikotsi tsa tsela di babalela le yone itsholelo ya lefatshe, ka mo ngwageng lefatshe le dirisa madimadi go thusa ka nako ya dikotsi. O supile fa makalana a tshwana le MVA a dirisa didikadike tse 200 tsa pula ka ngwaga. A re ntlha nngwe e e tshwenyang ke theko e ntsi ya dikoloi. Mme Kasweka o supile fa mo nakong ya gompieno go kwadisitswe dikoloi di le 800 000, mme ditsela di seo, ka madi a felela mo dikotsing. O kopile batsadi go ruta bana go fokotsa mabelo mo ditseleng ga mmogo le go emisa tiriso botlhaswa ya dino tagi. A re go botlhokwa go nna le go netefatsa gore a bana ba na le teseletso ya go kgweetsa. Fa a lekodisa dipalo tsa dikotsi tsa kgaolo, mookamela mapodisi a tsa pharakano wa NO 16 District, Supt Tuelo Komanyane a re mo ngwageng o, ba gatisitse dikotsi di le 744 tse di masisi fa dikotsi tsa dintsho di nnile masome a mabedi le bone, go nnile le dikgobalo tse di masisi di le masome a matlhano le boraro, . Supt Komanyane o ne tlhalosa fa Gwape, Morale le Pallaroad e le boremelelo jwa dikotsi.
education
4
Seemo sa metsi se tla tokafafala kwa Mahalapye
Diphaephe tse di anamisang metsi di tlaa tsenngwa kwa Mahalapye go tokafatsa seemo sa metsi kwa motsing oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye Rre Cebane Jackson o tlhalositse fa rakonteraka a simolotse tiro ya go epela diphaephe kgwedi ya Moranang e tlhola lesome le borataro. O tlhalositse fa tiro eo e simolotswe kwa kgotleng ya Mowana mme e tlaa anama le dikgotla tsotlhe tsa Mahalapye mo nakong e e sa fediseng pelo. Rre Jackson o tlhalositse fa tiro eo, ya go gokela diphaephe e tlaa tlhama ditiro di le makgolo a mabedi mo Mahalapye mme bontsi bo tlaa hirelwa kwa diofising tsa pereko. O tlhalositse fa diphaephe tsotlhe tse di tlaa gokegelwang mo Mahalapye e tlaa nna tsa sekgele sa dikhilomithara tse di makgolo a mabedi le masome a mararo mme e tlaa tsaya dikgwedi tse di lesome le boferabobedi. Fa a araba kopo ya banni ya gore dipalo tsa badiri ba ipelegeng ba okediwe Rre Jackson o ne a tlhalosa gore ditiro tsa ipelegeng di ka okediwa ka go ntsha banana mo ipelegeng ba isiwa Tirelo Setshaba mme go tsenngwa bagolo mo diphatlheng tse ba duleng mo go tsone. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Flowertown-Boseja Rre Tumelo Koolekanye o kopile batsadi go inaakanya le thuto ya bana ba bone. O tlhalositse fa dikolo tse di mo kgaolong ya gagwe di sa dire sentle ka mabaka a maitsholo a e seng one le go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone. Mokhanselara o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya gore maloko a komiti ya dithabololo a tlaa tsaya dingwaga tse tharo mo ofising go tswa mo dingwageng tse pedi. O ne gape a tlhalosa gore batho ba ba inaakantseng le sepolotiki ba sena go letlelelwa go nna maloko a komiti ya dithabololo. BOPA
society
9
Kgetsi ya tsie e a tshwaraganelwa
Batsadi ba gwetlhilwe go tsenya letsogo mo thutong ya bana le go ba rotloetsa go e tlhagafalela ka e le selotlolo sa botshelo jo bo eletsegang. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi le barutabana wa sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Mme Virginia Tebele o kaile fa thuto e le konokono mo go ageng bokamoso jo bontle, ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia. Mme Tebele o gwetlhile batsadi go tsaya maikarabelo a thuto ya bana le go nna le seabe mo go e tlhabololeng ka go etela sekole kgapetsakgapetsa go lekola maduo a bana, a kaya fa go dira jalo go ka baya motsadi mo seemong sa go itse gore a ngwana o dira sentle mo thutong kana jang mme a tle ka tharabololo nako e sa ntse e le teng fa e le gore ngwana o kwa tlase mo thutong. O boletse fa mokgwa o o ka felela o dira gore ngwana a dire botoka mo thutong ka a bone thuso seemo se ise se bifele pele. O ne a ba rotloetsa go tsenelela ditirelo tsa sekole jaaka diphuthego tsa batsadi le barutabana gore ba patagane le barutabana mme ba tswe ka megopolo e e nonofileng ya tokafatso maduo. Mme Tebele o kaile gape fa baithuti ba tshwanetse go rotloediwa le go tlwaediwa go dira tiro ya sekole fa ba le kwa lwapeng, a kopa batsadi go thusa baithuti fa ba palelwa e bile ba tlhoka thuso ya bone. O tsweletse ka go rotloetsa batsadi go ela tlhoko metsamao ya baithuti, a tlhalosa fa baithuti bangwe ba ikamanya le ditiro tsa botlhoka-tsebe jaaka go senya didirisiwa tsa sekole, go gana kotlhao jalojalo, mme se se ame thuto ya bone ka gantsi maitshwaro ao a baka kwelotlase ya maduo. Mme Tebele o tlhalositse fa diemo dingwe kwa malwapeng jaaka diphapang fa gare ga batsadi le kgokgontsho di ama thuto mme o kopile batsadi go hema diemo tsa go nna jalo. O rotloeditse batsadi gore fa ba na le kgotlhang ba seka ba e ntshetsa mo pontsheng go bonwa ke bana mme ba kope bogakolodi mo go ba ba tshwanetseng jaaka molaodi, baruti le bogogi jwa motse. Fa a ntsha la gagwe, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mankuku Kgaudi o supile fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tshwaraganela thuto le barutabana, a bolela fa batsadi bao ba na le mogopolo wa gore tiro ya go ruta ke ya barutabana fela. O tlhalositse fa nako ya go akanya jalo e fetile, mme mo bogompienong thuto e tshwanetse go tshwaraganelwa ke botlhe gore go nne le maduo a a utlwalang a thuto. Fa a itebaganya le baithuti, mme Kgaudi o ba gakolotse gore go reetsa dikgakololo tse di siameng go botlhokwa ka go na le maduo a mantle jaaka go dira bontle mo thutong le gone go nna sekao mo baithuting ba bangwe. O ba rotloeditse gape go ganana le ditsala tse di ba isang thaelong mme ba ikanye thuto ka e le yone bokamoso, a re ditiro tsa boganana ga di busetse mme maduo a tsone ke go itlhoboga mo go sa tlhokafaleng, dikatlholo tse di sa feleng le gone go tlhoka boikhutso mo moweng.
education
4
Mapodisi a tshwere ba le bane ka dikgomo tse di belaetsang
Mapodisi a Kang a tshwere banna ba le bane mabapi le go fitlhelwa ka dikgomo di le masome mabedi tse go belaelwang e le tsa bogodu kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi. Go bolelwa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas kwa Ghanzi, mme banna bao ba ne ba leka go di fetisetsa kwa kgaolong ya Kweneng kwa ntle ga bosupi bope jo bo papametseng gore ba di tsaya kae. Mo potsolotsong le mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, o ne a tlhalosa gore mo dikgomong tseo go setse di le lesome le boferabobedi fela, morago ga gore tse pedi di fitlhelwe di gobetse ka nako ya fa di folosiwa mo terakeng mme tsa felela di sule. A re ba belaelwa bao, yo mongwe o dingwaga di masome mararo le boraro mme o tlholega kwa Mmopane mo kgotleng ya Letsetlhane, fa yo mongwe a le dingwaga di masome mane le borataro go tswa kwa Mogoditshane mo kgotleng ya Makata, yo mongwe o dingwaga di masome mane le boraro a tswa Molepolole mo kgotleng ya Moitoinyana, fa wa bone a le dingwaga di masome mararo le boferabongwe mme a tlholega kwa Mogoditshane Block 9. Supt Chingabe a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas, mme borre bao, ba ne ba sa di kwadisa ka fa thulaganyong e e lolameng ya go fudusa loruo go tswa mo kgaolong go ya kwa go e nngwe. A re go supa fa borre bao ba ne ba kwadisa dikgomo tseo fela kwa lekgotleng la New Xanagas kwa ntle ga go itshwaraganya le ba sepodise jaaka e le tshwanelo. Le fa go le jalo, a re borre bao, ba ne ba gololwa mme ba letsholo la KgomoKhumo kwa kgaolong ya Ghanzi ba ne ba rolelwa kgang eo go e latedisa. O ne a kopa barui ba ba timeletsweng ke dikgomo go tswa New Xanagas le tikologo go ikgolaganya le mapodisi a a gaufi kgotsa go tla go bona dikgomo tseo kwa Kang. E re dikgang di eme jalo, Supt Chingabe o supa gore fa e sale go tlhongwa seemo sa kiletso mesepele, go nnile le kwelo-tlase ya dikgang tsa borukutlhi. A re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba saila mo mebileng ya Kang, bogolo jang banana, kwa ntle ga mabaka ape. Supt Chingabe a re ba setse ba atlhotse batho ba le masome mararo le bongwe ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya kwa go masome a mararo le boferabobedi mabapi le go sasanka. A re ba ne ba tshwara batho ba le bararo ba ba neng ba apaya bojwala jwa Setswana mo malwapeng, fa ba le babedi ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ba rekisa bojalwa kwa ntle ga teseletso, mme ba atlholwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula. Supt Chingabe o gakolotse setshaba gore fa motho a sa obamele molao wa COVID-19, o ka atlholwa P100 000 kana kgolegelo e e sa feteng ddingwaga tse tlhano. O supile fa ba tshware phage ka mangana mabapi le batho ba ba batlang diteseletso mme ba sena mabaka a a nonofileng. A re kiletso mesepele ga se go baya batho ka fa mosing, ke go leka go babalela matshelo a bone ka jaana bolwetse bo kekela ka monokela. END
crime_law_and_justice
1
Letlhakeng o ipelela ngwao
Motse wa Letlhakeng o tla a keteka letsatsi la ngwao kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Itsoseng Gaoonwe a tlhalosa gore ka letsatsi leo go tla a bo go aperwe diaparo tsa setso jaaka dijale, mateisi, mpeetshane le diaparo tsa matlalo e bile go tla bo go jewa dijo tsa setso di akaretsa legodu, bogobe jwa lerotse, dinawa, letshotlo le tse dingwe tse di farologaneng. A re dikgotlana ka go farologana di tshwanelwa ke go tla di dirile bojalwa jwa setso, mme a kopa morafe go tla ka tsotlhe tse di tla a tlhokegang ka letsatsi leo, a tlhalosa fa e tla a bo e se letsatsi la ga ope mme ele la morafe wa Letlhakeng ka kakaretso. O buile a menne phatla gore ga go na go letlelelwa ope go tsena mo kgotleng a apere borokgwe gonne ga se setho. O kopile morafe go iketleetsa ka palo e e kwa godimo le go tsaya karolo mo moletlong oo. A re monongwaga thobo e nnile ntsi ka jalo moletlo o, e tla bo e le tsela nngwe ya go lebogela thobo eo.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Lore lo ojwa lo sa le metsi
Mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o supile matshwenyego ka boitshwaro jwa bana jo bo sa eletsegeng mo setshabeng. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro mme a re bagodi ba tshaba go ya masimo ntateng ya borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba Tonota. Mopalamente Moatlhodi a re o amogetse dikgang di le nne tsa batho ba ba beteletsweng mo motseng, a tlatsa ka gore se fa se ka nna se tswelela batla nna tshaba e ntseng jang. O kopile batsadi go tlhokomela bana ba basetsana a re ba seka ba ba tlogela ba le esi fa baya kwa masimo kana ba tsaya leeto le le telele. A re se se dirwang ke bana ba motse oo, ke kgokgontsho e e tlhokanang le thupa fela, a ba a fa sekai sa gore bone ba godile le bana ba basetsana fela, ka go ya masimo botlhe, ba disa mmogo le go thuma mo nokeng le bone go sena tsapa le fisang pelo. Mopalamente Moatlhodi o ne a rothisa keledi fa a bua ka dikgang tsa go nna jalo, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ba bone, a re le bomme ba lese go bipa mpa ka mabele ka go fitlha dikgang tsa tlhakanelo dikobo ya motho le ngwana wa gagwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Oeme Tangani a re borukutlhi bo bontsi mo motseng bogolo jang kwa masimo. O kopile mopalamente gore ba tsenye lentswana ka fa go borre ba mapodisi a re mapodisi a bomme ga ba kake ba kgona go tshwara serukutlhi ba le esi. Rre Tangani a re batho ba tshelela mo letshogong, ka jalo fa ba ka okelediwa palo ya mapodisi batho ba ka tsamaya ka tshosologo. O rotloeditse borre go tsenelela mananeo a puso a re borre ba maoto a tshupa ntswa puso e otlolotse letsogo. Rre Tangani o buile gape gore dikgang tsa motse wa Tonota ke tsone tsa malatsi otlhe gape Mopalamente o a di itse, a re dingwe tsa tsone ke letlhoko la baoki le dingaka, go agelwa sepatela se se tla a thusanang le sa Nyangabgwe kwa Francistown. Fa a mo kgwa dikgaba, moagi wa Tonota Rre Thapelo Olopeng o ne a kopa morafe go ipelega mme a re ba tshwanetse go itirela tsamaiso ya go tlhabolola motse wa bone. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Go botlhokwa go otlolola seatla
Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re go botlhokwa go otlolola letsogo ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore le bone ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka. Mme Kruger o buile jalo ka Matlhatso (Lwetse a le lesome) fa mokgatlho wa bomme wa kereke ya Wesele kwa Lobatse le setlhopha sa kgwele ya dinao sa Diphashasha ba ne ba abela bana ba ba robaditsweng mo kokelong ya Athlone. Mme Kruger o boletse gore kereke e dira tiro ya Modimo, a tlatsa ka gore ba tshwere thipa ka fa bogaleng, jaaka erile ba akanya ba gopola bana a re ke nako e e botlhokwa, go otlolola lebogo la molemo la lerato. Mme Kruger a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya seatla go gopola bana ka metsotso e e masome a matlhano, le gone gore go ipelelwa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, lefatshe leno le ipusa. A re se se itumedisa bana mme eseng bone fela, a re le baoki ba a kgothatsega go bona gore ba kopanetse go oka moo le mongwe kgotsa bangwe kwa ntle, a re kabo dimpho e ke go tsaya puso tema. Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme, Mme Buni Ditshwane a re maikaelelo a bone ke go direla Modimo, mme ba dira tse di tshwanetseng jaaka go tlhola balwetse kwa dikokelong, magolegwa kwa dikgolegelong le go fa ba ba senang dijo, sengwe sa go ja. Mme Ditshwane a re gape ba direla lefatshe, go diragatsa lengwe la matshego a tebelo pele, a tlatsa ka gore go aba mo ga go a tla ka phoso ke ka gore ba kelotlhoko, ba kutlwelobotlhoko le gone go supa lorato. A re gape ba gwetlhiwa ke maikano a mokgatlho oo a a ba tlamang, a re lorato le go kgathala, ka ba bangwe go supa lorato mo setshabeng Bomme bao ba abetse bana bao melora e e tlhapang ya bana, dibaselapa, melora e e tlhatswang dibaseline, le metseto, dithoto tse a reng di lopile madi a a fetang dikete tse nne tsa dipula. Go sale foo Rre Abel Mathiba wa setlhopha sa Diphashasha o ne a supa gore ba motlotlo go bo ba abela bana morago ga dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano setlhopha se ntse se le teng, le gone go diragatsa maikaelelo a go nna le bana metsotso e e masome a matlhano. Rre Mathiba a re ba fa bana ba mpho fela pele ga ipelelo boipuso gore ba bone gore mme le fa ba le mo bookelong, go na le mongwe kwa ntle yo o kgathalang ka bone. O ne a gwetlha ditlhopha tse dingwe gore le tsone di tsenye letsogo mo dikgetsing tsa bone go bona gore ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go tokafatsa matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa setlhopha sa Diphashasha Rre Thabiso Masaka a re ba ne ba tla mo kokelong go utlwa le go lemoga letlhoko mme ba tsamaya ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo Lobatse.
society
9
Leswe kwa letamong ga le jese di welang
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mandunyane mo kgaolong-potlana ya Tonota, Rre Samuel Mutoriti a re seemo sa go gasama ga matlakala mo tikolong ya letamo la Shashe ga se itumedise. Rre Mutoriti o buile jalo mo potsolotsong lbosheng. A re go gasama ga matlakala ntlheng nngwe ya letamo ke kgwetlho e e tsweletseng ka go gola ka jaana matlakala a felela a tsena mo letamong. Rre Mutoriti a re matlakala a a dirwa ke bangwe ba ba etelelang kwa letamong go itlosa bodutu segolo jang ka mafelo a beke. A re bangwe ba tla letamong go ka dira maitiso a nakwana, bangwe ba tla ba rwele majalwa mme morago ba tlogele matlakala a ba a dirileng a gasame. Rre Mutoriti o bile a supa gape fa bangwe ba etela tikologo ya letamo go ka dira ditiro tse di fatlhang tsa marato le tse dingwe ka go farologana. A re ntle le gore matlakala a a leswefatsa tikologo, a felela a ama le tsone ditshidi tse di nnang mo letamong di akaretsa ditlhapi le digogwane. A re go tlhoka go babalela tikologo ya letamo, go ka baya batho ka fa mosing ka jaana banni bangwe ba motse wa Mandunyane le metse e mengwe e e mo tikologong ba dirisa letamo jaaka motswedi wa itshetso. A re ka nako ya go tshwarwa ga ditlhapi e goroga, bangwe banni ba metse e ba dira kgwebo ya go rekisa ditlhapi. Rre Mutoriti o supile fa a se kgatlhanong le gore batho ba ka etela letamo ka nakwana, fela a re o santse a le sebete se molangwana gape o kgala maitiso a a tshwarwang gone kwa tamong. A re se se rotloetsa kgotlelesego ya tikologo ka jaana go sena lepe lefelo le le faphegileng gore batho ba ka itiketsa teng. ENDS
environment
5
Bayeyi ba leboga Tona Tsogwane
Bayeyi mo Gumare ba lebogile Tona Slumber Tsogwane go ba fa pego mabapi le kgang ya go lemogiwa ga morafe wa bone. Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi mo Gumare. Fa ba akgela, Rre Moqhaho Ramphisi o ne a re o leboga tona Tsogwane go ba itsise fa go na le tswelelopele mo boikuelong jwa bone. Fa a akgela, Mme Saywa Mmusi o ne a re kgang ya bone e tsere lebaka go rarabololwa ka jalo a re o solofela gore karabo ya Mopitlo ngwaga o o tlang e tlaa nna ya bofelo. Tona Tsogwane o ne a ba tlhalosetsa fa kgang ya bone e le gautshwane le go ya bowetsong. O ne a re ditherisanyo di wetse ka jalo tshoboko yotlhe e isitswe kwa go Mma Melao Mogolo yo o tlaa isang pego ko Palamenteng. Ka jalo tona Tsogwane o ne a ba solofetsa fa palamente e e tlang e tlaa rarabolola kgang eo mme ba solofele karabo ya bone Mopitlo ngwaga o o tlang. Rre Tsogwane o ne gape a ba lebogela go bo ba ne ba wetse dibete le ntswa ba ne ba solefetse go le gontsi. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Aaron, o ne a re puso e dirise ikgaratlhelo ya morafe wa Bayeyi go golola mefafe e mengwe e e sa lemogiweng. O supile fa puso e senyegelwa ka go rarabolola dikgang tsa go nna jalo ka bongwe ka bongwe, mme a re tharabololo e nngwe fela e ka fetsa mathata. BOKHUTLO
society
9
Mascom e abela baithuti
Mo go ketekeng dingwaga di le masome a mabedi, ba kompone ya megala ya Mascom ba ne ba bona go le maleba go thusa tshaba e ba direlang mo go yone. E ne ya re bosheng ba Mascom ba abela baithuti ba basetsana ba sekolo se segolwane sa Masunga mephuthelwana e le dikete tse pedi ya mesangwana ya bomme. Mogolwane wa Mascom, Mme Metseatsile Lesogo a re le ntswa go bona setswalo e le tlholego e mme mongwe le mongwe a tsenang mo go yone, go lemosegile fa bomme, bogolo jang bana ba basetsana, ba kopana le dikgwetlho go ka bona mesangwana ya go nna jalo. Mme Lesogo a re ba lemogile gape fa se se kgona go itsa bana bao go ya dikolong fa ba bangwe ba felela ba dirisa dilo tse di sa siamang jaaka dipampiri, dipolasetiki, diaparo tsa bone le tse dingwe jalo, tse a boletseng di kgoreletsa seriti le botsogo ja ngwana wa mosetsana. A re go tlhoka mesangwana ga baithuti go ka feletsa go ba gogela mo go batleng ditsela dingwe tse di sa lebanang gore ba kgone go nna le yone. Mme Lesogo o ne a kgothatsa baithuti ba ba basetsana ba sekole seo, go itse fa go bona setswalo e le tlholego e ba sa tshwanelang go e tlhabelwa ke ditlhong, mme e bile ba sa tshwanela gape go gataka seriti sa bone ka ntlha ya sone. Fa a tswa la gagwe mogokgo, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a leboga ba kompone ya Mascom ka mpho eo, e a tlhalositseng fa e tla naya baithuti seriti. O ne a supa fa bana ba basetsana ba le botlhokwa ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo go le botlhokwa gore ba nne ba lemogwa ka dinako tsotlhe. Mme Letsholathebe o ne a kopa ba Mascom go tswelela ba thusa sekolo sa gagwe go tsweledisa loeto le ba setseng ba le simolotse le sone. Mo mafokong a gagwe, mogolwane go tswa mo lephateng la thuto go tswa ko moding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o ne a supile fa lephata la gagwe le ne la tswa ka mogopolo wa Adopt-a-School ka ngwaga wa 2012,morago ga go lemoga fa puso ka nosi e ka seke ya kgona, ka jaana mokgweleo wa thuto e le kgetsi ya tsie A re mpho eo e tshwanelwa ke go lebogelwa ka jaana baithuti ba tswa mo malwapeng a itsholeleo e e farologaneng mo bana bangwe ba iphitlhelang ba sa kgone go rekelwa mesangwana ya bomme. Mme Matlhape o ne a supa fa go itumedisa ka go lebega makalana ka go farologana le batho ka bongwe ka bongwe, ba tsibogetse lenaneo leo, ka jalo a ba rotloetsa go seke ba felela fela mo Masunga mme ba ise thuso ya bone le kwa dikolong tse dingwe tse di kgolwane tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba.
education
4
Bogole ga bo kgobe Mokgele marapo
Batswana ba tswa kgakala ba ipelega le fa diemo tsa botshelo di ka thatafala jang. Motho o a kgopiwa, a tsoge mme a tswelele le loeto lwa botshelo. Mme Regina Mokgele wa Gabane, ke mongwe wa Batswana ba ba raletseng diemo tse di botlhoko mo botshelong mme a sa ineele. Mme yo wa dingwaga tse 57, o phakelela fa pele ga kokelwana ya Metsimotlhabe moso le moso go ipatlela phaletshe ka go rekisa. O boletse mo potsolosong gore o godile a rata kgwebo le go itirela ka diatla. A re o simolotse a itiretse tshingwana ya merogo mo lapeng, mme morago a tlogela a ya go berekela lekalana la Roma ya Metsimotlhabe le le tlhokomelelang balwetse mo malwapeng. A re e rile ka 2010 a sa tlhole a bereka, a fiwa madi ke lenaneo la ba-na-le bogole. “Ke ne ka fiwa P500 mme ka ipulela kgwebo ke rekisa dimonamone,” o tlhalositse jalo O bolela fa a ne a iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma ka 2015 mme a atlega. A re o ne a fiwa P15 000 le semausu a bo a tsenyediwa le tse a di rekisang. Mme Mokgele a re o itheketse bolao le kobotlo ka madi a a dirileng mo kgwebong, mme a mangwe o a boloka kwa posong. A re bontlha bongwe jwa madi o a dirisa go tlhokomela bana ba bomonnawe ka jaana a sena ngwana. O lebogile ba boipelego ka jaana ba mo fa dijo kgwedi le kgwedi gape a fiwa madi a ba-na-le bogole a e leng P300 ka kgwedi. Sefatlhego sa gagwe se a sesafala fa a bua ka go lwala ga gagwe. O tlhalositse fa a ne a swa mhama ka 1980, mme ga dira gore a palelwe ke go tsamaya mme a fola ka thuso ya bongaka jwa sekgoa. “Ka 2000 ke bo ke thulwa ke koloi ke tswa Marina mme ka robega fa motwaneng.” Mme Mokgele o nna mo lapeng la batsadi ka jaana a ne a lwala bolwetse jwa go wa. Seemo se sengwe se a kopaneng naso ke gore o latlhegetswe ke batsadi a sa le monnye. Ka jalo, o simolotse go ithuta botshelo go tswa bonnyeng gonne a ne a gana go nna le masika morago ga loso la batsadi. O lebogile puso go menaganye ka jaana ene le barwarraagwe ba fera bongwe ba thusitswe ke lenaneo la dijo tsa masiela. Mme Mokgele o tlhalosa fa a tsenye sekole sa go dira ka diatla kwa Tlamelong mo Tlokweng ka 1985 go tsena 1986. Ke gone kwa a ithutetseng go jwala merogo, go roka le go apaya teng. Le fa a raletse dikgwetlho tse di kana, Mme Mokgele o itshegetsa ka tumelo. O boletse fa a sale a tsene Roma ka 1963 mme ga a ise a ke a latlhe kereke ka nako epe. A re kgwetlho e a lebanyeng nayo ke pula ka jaana semausu se a se filweng ke puso se senyegile, mme fa pula e na, ga a kgone go ya go rekisa. Mme Mokgele o gakolotse ba-na -le bogole jaaka ene gore ba tlogele go nna ba sa dire sepe ka jaana botshelo bo le thata. “Fa o re o ya go batla tiro ka setlankana sa non-formal ka dingwaga tsame, o ya go gaisana le banana ba ba tlang ka dithutego tse di kwa godimo,” a tlhalosa. O gakolotse fa mokgwa wa go ipitsa mohumanegi o sa siama ka jaana o ntsha mo tsholofelong. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mogokgo o kopela baithuti boroko
Mogokgo wa sekole sa Oodi College of Applied Arts and Technology, Mme Mildred Boduwe o kopile banni ba Oodi, Mokatse le Modipane go fa bana ba sekole seo boroko ka jaana go solofetswe dipalo tse dintsi tsa bana ba ba tlang go simolola sekole. Fa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho kwa Mokatse ka Labobedi, Mme Boduwe o boletse fa a kopa batsadi go sekegela bana tsebe fa ba kopa go hirisa matlo a bone gore ba kgone go ithuta ka thelelo. A re o solofetse gore palo ya bana e ye kwa makgolong a matlhano go tswa mo go lekgolo le masome a supa a bana ba ba ntseng ba tsena mo sekoleng seo fa sekole sone se ka kgona go fa bana ba le makgolo a mabedi le masome a mararo boroko fela. O tsweletse a re seo se raya gore bana bangwe ba ya go tlhoka boroko ka jalo morafe ke one o ka thusang ka go ba fa boroko. A re go le pele palo ya bana e ne e le kwa tlase mme jaanong seemo se fetogile bogolo jang ka gore univesithi ya maranyane e fudugetse kwa Palapye. O kopile morafe go ba tswa thuso ka bana ba tla bo ba tswa mo dintlheng tse di farologaneng tsa lefatshe leno go tla go ithuta mo sekoleng seo. BOKHUTLO
education
4
Bogodu ga bo jese kgosi diwelang
Kgosi wa Tumasera mo kgaolong ya Tswapong a re o tshwenngwa ke gore fa go tsena malatsi a keresemose le ngwaga o mosha banana ba motse oo le bagwebi ba bojalwa ba simolola boitshwaro jo bo duleng mo tseleng. Kgosi Kelapile Maleele o tlhalositse mo potsolotsong gore nnotagi e dirisiwa phetelela mme morago go simologe dintwa tse mo go tsone go dirisiwang ditlhabani tse di bogale. Kgosi Maleele a re bangwe ba dirisa malatsi a go utswa leruo kwa merakeng. A re selo se sengwe se se mo tshwenyang thata ke bagwebi ba bojalwa ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ka malatsi ao ntswa ba tshela ba di obamela. A re fa mapodise a sena go laola gore marekisetso a tswale bagwebi ba sala ba bula gape fa mapodise a hulara. Kgosi o boletse gape gore fa go na le loso mo motseng ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha bontsi jwa banana ba palelwa ke go lo tlotla ka ba tsosa modumo o o feteletseng. O supile fa diemo tse di mo tshwenya thata le ntswa fa gare ga ngwaga go se maswe. Kgosi Maleele o boleletse banana gore malatsi a, ga se a borumolano, ka jalo a kopa setshaba gore se a dirise ka fa tshwanelong go itumedisa masika le ditsala. O kopile batsadi go tiisa lentswe la kgalemo mo baneng. Kgosi o boletse gore o lemogile gore bontsi jwa banana ba ba tlhagelelang thata mo borukutlhing jo, ke ba e a bong e le gone ba fetsang mophato wa boraro le wa botlhano kwa dikoleng tse dikgolwane mme o ba gakolotse gore botshelo jo bontle bo a ipetlelwa ka ditiro tse dintle.
society
9
Go rekisa dijo go tlodisa Tshitso melatswana
Go itirela ka diatla ke selo se se siameng mo botshelong. Ka jalo Mme Keabetswe Tshitso wa Tsabong yo o dingwaga di masome mararo le bobedi o tlhalositse fa go le botlhokwa gore le ene a eme ka dinao go inaakanya le tsa kgwebo go itshetsa. Mme Tshitso yo tlholegang kwa Kanye, o tlhalositse fa a sale a tsere maele a tsa kgwebo mo go mmaagwe yo o neng a rekisa diaparo. A re morago ga go tlhoka go dira sentle mo mophatong wa boraro, o ne a kgatlhegela go thusa mmaagwe go rekisa. O boletse fa e ne ya re ka 2003, mmaagwe a amega mo kotsing ya koloi, mme a mo rolela kgwebo eo go e tsweledisa, ka a ne a sa kgone ka ntlha ya go tlhoka go tsoga sentle. Ka go twe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Tshitso yo bareki ba gagwe ba tlwaelesegileng go mmitsa Kay, a re o ne a itoma molomo wa tlase gore a seka a swabisa mmaagwe. A re o ne a lemoga fa kgwebo ya go rekisa diaparo e aname mo Kgalagadi Borwa, mme a e emisa ka a ne a bona theko e wetse tlase. O kaile fa a ne a tswelela ka semausu, mme ka 2014, a lemoga fa dimausu di le dintsi mme a tswala sa gagwe a tswelela ka go rekisa airtime le dimonamone. A re mo nakong ya gompieno, ke moagi wa Tsabong ka ntlha ya go latela mafulo a matalana, mme o setse a ikagetse ntlo gape o setse a boloka bontlha bongwe jwa morokotso wa madi a a a dirang. Mme Tshitso o bolotse fa jaanong mono ngwaga a remeletse mo kapeing ya dijo go rekisetsa badiri ba puso. O kaile fa kgwebo ya dijo e dira sentle le fa go na le kgwetlho ya go tlhoka bareki nako e nngwe. O tlhalosa fa a sa ntse a dira fela a le nosi mme a na le tsholofelo ya go thapa monana mongwe yo o ka mo thusang fa kgwebo e ntse e gola. Kgwetlho e nngwe o kaile fa e le go tlhoka sepalamo. “Modimo ga o je nkabo ke solofela gore nako nngwe ke tlaa bo ke itheketse koloi e e leng ya me,” a bua jalo ka monyenyo. E re le ntswa dikgwebo tsa dijo di le dintsi mo Tsabong, Mme Tshitso a re ene o oka bareki ka go apaya dijo tse di ba gogelang ka tatso le ka nako e e tshwanentseng. O ne a gwetlha banana go inaakanya le dikgwebo tse ba di ratang, go nna pelotelele le go itepatepanya le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go tila go phutlhama ga dikgwebo mo go atileng.
society
9
Madigele o tlhola badiredi
Mothusa tona wa tsa botsogo, Dr Alfred Madigele o ne a etetse Selebi Phikwe go lekola sepatela le dikokelwana tsa toropo eo. O ne a leboga lephata la botsogo kwa Selebi Phikwe ka ke lengwe la a dirang bontle thata mo go neeleng setshaba thuso mo go tsa kalafi. Lephata leo le tsere maemo a bobedi ka go thomagana ka ngwaga wa 2012 le 2013. A re sepatela se ga se thuse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba le bosi, mme se thusa le ba mafelo a a mabapi jaaka Bobonong le Mmadinare ga mmogo le dikokelwana tsa dikgaolwana tse di kgakala jaaka Gojwane le Serule. Dr Madigele a re o lemoga fa kokelwana ya Botshabelo le Tapologo di sa tswalwe le gore dikokelwana tseo di na le tsa pelegi se e leng maiteko a a kgotsofatsang. A re o itumelela gore phetogo e e dirilweng kwa dikokelwaneng ya gore di seka tsa tswalwa e fokoditse mosuke kwa sepateleng. A re go bulwa ga ntlo ya pelegi kwa kokelwaneng ya Sesame ke maiteko a matona thata ka batho ga ba latele ditlamelo kgakala. Ga a wetsa tona o ne are o kgotsofalela kalafi e maokelong otlhe le e e ko mabeelong. A re kanamiso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV le yone e a nametsa ka dikokelwana tsotlhe mo toropong di fa kalafi eo Mosupologo go ema Labotlhano. Fa ba latlhela la bone baoki le babereki ba ne ba ngongorega ka letlhoko la boroko le tlhaelo e e tseneletseng ya dikoloi tse di pegang balwetse. Ba ne ba ngongorega le ka bodiredi jo bo tlhaelang ka bo ba paledisa go dira tiroya bone ka bonokopila mo balwetse ba felelang basa itumelela thuso ya bone. Ba ne bakopa gore mo kabong ya madi ya ngwaga ono ba rekelwe dikoloi tse di pegang balwetse le di dirisiwa tsa itshireletso.
health
6
Kgosi Motoane ga a robadiwe ke diletso
Kgosi Lekang Motowane wa Sesung kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng o supile ngongorego mabapi le modumo wa diletso tse a reng di atile mo motseng wa gagwe. Kgosi Motowane o ntshitse matshwenyego a gagwe mo potsolotsong le A re pele bangwe banni ba ne ba leletsa diletso kwa godimo le mo gare ga beke tota, selo se a reng se ne se kgoreletsa bana ba sekole go bala. A re fa e sale a tsaya setilo sa bogosi ka 2016, o ne a leka thata go lwantsha dikgang tsa go nna jalo. A re o dumela fa seo se ne sa tsisa diphetogo mo motseng, mo le maduo a bana ba sekole a neng a tokafala ka 2017. O supile fa dikgang tse dingwe tse di tshwenyang e le go apewa ga majalwa mangwe a a sa letlelelweng, a barekisi ba one ba a apeelang mo sephiring. O tlhalosa fa monongwaga go ntse le ditiragalo di le tharo tsa dipolao tsa marato mo Sesung, a kaya fa ba leka mo diphuthegong tsa kgotla go tsibosa batho gore fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ba bone kgosi, mapodisi kana ba boipelego go ba thusa go rarabolola dikgang tsa bone. O ne a supa fa diemo tse di ngomolang pelo tseo di felela di tlogela bana e le masiela ba tlhoka yo o ba tlhokomelang. Kgosi Motowane o ne gape a kopa batsadi go kgalemela bana, a re bomalome le borangwane ba nne karolo mo go kgalemeng fa bana ba tlhoka tsebe, mme fa go pala ba fetisetse dikgang kwa go ba ba maleba. O supile fa ba ikaelela go kopana le baruti ba dikereke mo motseng gore ba leke go gogela batho kwa kerekeng, ba ba rute ka lefoko la Modimo ga mmogo le go itshwarelana. O ne a supa gape fa dititeo le go tlhabana ka dithipa go ne go atile thata mo bananeng, ga mmogo le bogodu jwa go thujwa ga matlo le marekisetso. A re mapodisi ba ne ba dira ka thata go lwantsha botlhoka tsebe jo mo dipalo di neng tsa fokotsega. Kgosi Motowane o ne a supa fa motse wa gagwe o gola mme ditlhabololo tsa one di santse di saletse kwa morago. O kaile fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso.
society
9
Mosuke mo matlong a borutelo o ko godimo
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgaogano Pagiwa a re sekolo seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya matlo a borutelo le mosuke o o ko godimo. O supile fa ba tshwenngwa thata ke seemo sa tlhaelo ya matlo a borutelo, selo se a supang fa se ba ketefaletsa tiro ebile se kgoreletsa dithuto tsa bana. A re ba patalesega go rutela bontsi jwa bana ka fa tlase ga ditlhare mme nako tse dingwe ba kgorelediwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula. Rre Pagiwa o ntshitse ngongora e mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi yo e ebileng gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe. A re palo ya baithuti ba sekolo seo e gola ngwaga le ngwaga , a supa fa mo bogompienong se na le baithuti ba le 665,mme matlo a borutelo one a le lesome le borataro. A re ka jalo ba patelesega go sukaganya palo e ntsi ya bana mo ntlong ya borutelo e le nngwe ka ba na le tlhaelo e ntsi. O supile fa go sukaganya bana e le kgwetlho ka jaana ba sa kgone go laolesega sentle. A re sekolo seo se itemogela kwelotlase ya maduo ngwaga le ngwaga mme a ikuela mo batsading go tshwaragana le barutabana gore maduo a tle a tokafale. Le fa go ntse jalo, Rre Pagiwa o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e e neng e tshwenya pele e tokafatse ka jaana ofisi ya thuto e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng e neetswe boikarabelo jwa go hira go na le go kopa barutabana kwa diofising kgolo jaaka go ne go dirwa pele. E ne ya re go le pele, batsadi ba supa fa seemo sa sekolo seo se ngomola pelo fela thata ka jaana bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ka nako tsa mariga mme ba supa fa seo e le nngwe ya kgwetlho e e digelang maduo a bana kwa tlase. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo Rre Batlhophi o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya barutabana le batsadi, a kaya fa popagano ya bone e le konokono mo go tokafatseng seemo sa thuto ya bana. Rre Batlhophi o ne a tlhalosa fa seemo sa tiego ya dibuka se tla tokafala,ka e tla re mo bogaufing go abelwe dikole tse di farologanyeng dibuka. A re mathata a tiego e nnile go ntsha dithendara thari mme a solofetsa fa ba itlamile gore e re ngwaga o o tlang ba e ntshe ka nako gore ba seka ba nna le kgwetlho e gape. O ne gape a kopa barutabana bangwe ba sekolo seo gore ba iphuthe methala ka go dira tse dintle gore ba nne sekao mo baneng ka le bone e le batsadi ba bone. O ne a gatelela se morago ga gore batsadi bangwe ba supe fa ba sa jesiwe diwelang ke maitsholo mangwe a barutabana ba ba direlang mo motseng oo.
education
4
Ditlou di tlhakaladitse kwa Mokubilo
Mothusa kgosi wa Mokubilo Kgosi Badigeng Resetse a re ditlou di tlogetse balemi ba iphotlhere morago ga gore di ba senyetse diterata tsa masimo. Kgosi o tlhalositse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe kwa motseng oo. A re ditlou di tshosetsa matshelo a banni ka jaana di setse di gorora le mo motseng. A re ditlou tse gantsi di a bo di batla metsi, a kopa gore puso e di batlele kwa di ka nwang teng kgakajana le masimo le motse. Kgosi Resetse o supile gape gore o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya dinno-tagi mo motseng wa gagwe. A re e ama bana le thuto ya bone ka jaana batsadi bangwe ba sena nako ya go ba tlhokomela. Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo Rre Pini Gaborapelwe o tlhalositse fa Ipelegeng e tsweletse sentle. Rre Gaborapelwe a re kgang e e tshwenyang ke ya kokelwana. A re e tlhoka go atolosiwa le go dirwa gore e bereke bosigo le motshegare. A re phimolo keledi ya ditlou ga e arabe selelo sa bone ka gore e kwa tlase. A re seemo sa metsi se botoka mme fela a tlhoka go phatlaladiwa le motse ka bophara. Rre Gaborapelwe o ne a gakolola fa go le botlhokwa gore bana ba ba nnang kwa marokong a RADS ba tlhoka motho yo o ka nnang le bone kwa matlong ao ka bangwe ba bone ba le bannye. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Lelatisitswe a re kgang ya ditlou ke selelo sa kgaolo yotlhe mme go ntshitswe lekoko le le sekasekang gore di ka dirwa jang, a tlatsa ka go re pego e tlaa ntshiwa kwa palamenteng e e tlang. Rre Lelatisitswe o ne a lemotsha batsadi gore thuto ke boswa jwa motho jo a ka sekeng a bo tseelwa ke ope. A re ba ikgaphe mo tirisong botlhaswa ya dinno-tagi ba tlhokomele bana. Fa a itebaganya le tse di builweng kwa palamenteng o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e leng ya bogodu jwa leruo, go oketsa dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le go boela morago tiriso ya motshine wa tlhopho. BOKHUTLO
society
9
Mothobi o dira dijo tsa leruo ka letlhaka
Mongwe wa Balemi ba popota kwa masimong a Masiadieme kwa Bobonong, Rre Mooketsana Mothobi o gwetlhile balemi go dira dijo tsa leruo ka masalela a thobo a tshwana letlhaka go tswa mo masimong a bone fa go sena go rojwa. Rre Mothobi o tlhaloseditse BOPA mo puisanong fa letlhaka le masalela a mangwe a thobo a ka somarelwa go dira dijo tse di jewang ke leruo ka nako ya leuba kgotsa tsa rekisediwa barui. O tlhalositse fa a kgetla letlhaka la mmidi, mabele, dinawa le manoko a di sile ka motshine a bo adi boloka mo dikgetsing. A re o omisia letlhaka le ka boitseanape gore le seka la latlhegelwa ke dikotla pele. Rre Mothobi o boletse fa a rekisetsa barui dijo tse, tse dingwe a di neele leruo la gagwe. O tlhalositse fa balemi-barui ba tshwanetse go lemoga fa malatsi ano sengwe le sengwe se le botlhokwa mo tshimong e bile se ka rekisiwa go dira madi. A re balemi ba tshwanetse go latlha mokgwa wa bogologolo o e neng e re go sena go rojwa, dikgoro tsa masimo di bulwe gore leruo le je letlhaka. Rre Mothobi a re fa a sena go sila letlhaka o le tswakanya le metswako e e oketsang dikotla mo dijong tse go tlhabolola bo leng jwa tsone. O boletse fa letlhaka le falodisitse leruo la gagwe leuba makgetho a mantsi. Rre Mothobi o boletse fa a dikile a kabakantse temo ka go lema lab lab. O boletse fa lab lab e le nngwe ya tse a di silang go dira dijo tsa leruo. A re balemi ba ba sa ruang ba ka dira madi ka go rekisetsa barui letlhaka le le tswang mo masimong. Rre Mothobi o kopile balemi- barui go tsaya temo jaaka kgwebo ka temo e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bogaufi. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Serepa se epolotswe
Serepa sa monna yo go bolelwang e le wa Zimbabwe se epolotswe mo nokeng ya Mahalapye kgwedi eno e le lesome le borataro. Sebui sa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadi a re mosadi mongwe yo ka mabaka a itshireletso a ka sekang a buiwa ka maina, o ne a begela mapodisi fa tsala ya gagwe e sale e emeletse mo lwapeng kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bone. Superintendent Mamadi o boleletse A re basimane bao, ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe, ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kgwedi eno e le lesome le boferabobedi go arabela molato wa polao ya motho. Superintendent Mamadi a re ka serepa sa monna yoo se ne se setse se senyegile, sepodisi se ne sa dumelana le ba bongaka, dikgosi le molaodi gore moswi a bolokelwe mo mabitleng a Xhosa1 gone kwa Mahalapye. Moswi yo go sa umakiwang fa a ka tswa a na le dipampiri tsa mosepele kana tsa go berekela mo Botswana, o tlogela tsala le bana ba le babedi. Mo go tse dingwe, Rre Mamadi a re ba mo letsomong la monna mongwe yo o batlwang mabapi le polao ya motho mme ba kopa gore a ipege mo mapodising pele ga ba tsaya dikgato tse di gagametseng. Mmelaelwa yo o santseng a tsene ka lenga la seloko o batlwa mabapi le polao ya mosadi mongwe wa Palla-Road kwa masimong a Lehokole. Rre Mamadi o kopile setshaba gore fa ba na le mathata kana dipharologanyo mo botshelong ba nne ba kopa dikgakololo mo go ba masika, dikgosi, mapodisi, balaodi le ba lephata la boipelego ka jaana go bolaya le go ikgapela botshelo e se ditshwetso tsa go rarabolola mathata.BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Kgosi Moroka o a kgalema
Kgosi Sello Moroka wa Lerala re ga a itumedisiwe ke bagolo bangwe ba ba tlang kwa kgotleng ya gagwe ba re ba supela bangwe mo dithotong tsa boswa ntswa ba itse fa bosupi jo ba bo ntshang e se jwa boammaaruri. Kgosi Moroka a re go le gantsi motsadi o tla kwa kgotleng go tla go supela dithoto dingwe di tshwana le sediba, tshimo kana setsha mme a supa fa dilo tseo e le tsa boswa e bile di lebagane mongwe ngwana yo o setseng a le nosi batsadi le ba a tsetsweng le bone ba tlhokafetse botlhe. Kgosi Moroka a re fa bagolo bao ba sena go fiwa mokwalo wa bosupi go felela go bonala kwa bofelong gore tse di neng di builwe pele ga se tsa boammaaruri ka ba ba tsetsweng le yo go neng go twe boswa ke jwa gagwe ba felela ba tla kwa kgotleng go ikuela. O ne a bua jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha bosheng kwa Lerala. Kgosi Moroka a re go makgetho a le mantsi bosupi bongwe jo bo neng bo isitswe kwa go ba lekgotla la kabo ditsha bo emisiwa ntateng ya gore tse di neng di builwe pele e se boammaaruri. O ne a supa fa se, e le mokgwa o o sa siamang mme go ngomola pelo gape ka o dirwa ke bagolo. O ne a ikuela mo bagolong ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a bolela fa a tsere tshwetso ya gore go tsewe nako pele go tlhotlhomisa gore bosupi jo bagolo ba tlang ka jone ba supela ba masika ke boammaaruri. Fa a itebaganya le balebeledi ba lefatshe mo motseng wa Lerala, Kgosi Moroka o ne a supa fa ba sa dire tiro ka bokgabane. A re go na le dikgang di le mokawana tse di duleng mo tseleng tse balebeledi ba lefatshe ba amegang mo go tsone.
society
9
Badiri kwa Ramatlabama ba eme sentle go thibela segajaja
Mogolwane kwa molelwaneng wa Ramatlabama, Rre Joseph Moji, a re ba eme sentle go itebaganya le seemo sa mogare wa Corona. O tlhalositse se mo potsolotsong Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borataro. Rre Moji a re ka kgakololo ya ba botsogo, badiri kwa molelwaneng ba a itshereletsa fa ba thusa batho ba ba mo mesepeleng. Le ntswa bolwetse bo setse bo utlwaletswe kwa Aferika Borwa, Rre Moji o tlhalositse fa batho ba ntse ba tsweletse ka go tlola molelwane. O supile fa mo letsatsing ba thusa batho ba feta makgolo a mabedi le botlhano go ya le go tswa kwaAferika Borwa. O kaile fa molelwane o dirisiwa ke batho ba le bantsi mme a kaya fa go simolola ka kgwedi eno e le borobabongwe go fitlhelela e le lesome le botlhano ba thusitse batho ba le 11 833 e le ba ba tsamayang le ba ba gorogang. Le fa gontse jalo a re dipalo tsa beke eno di fokotsegile fa di tshwantshanngwa le tsa beke e e fetileng. Rre Moji o akgoletse tshwaragano mo maphateng a puso, a supa fa ba bereka le lephata la botsogo, sepodisi le lephata la makgetho. O ne a rurifatsa fa ba bongaka ba tlhatlhoba botlhe ba ba tsenang mo lefatsheng go netefatsa gore gore ga bana dikai tsa bolwetse jo. Rre Moji o tlhagisitse banni ba metse e e gaufi le melelwane gore ba ikele tlhoko mme a kopa gore ba seka ba tlola mo mafelong a a seng ka fa molaong bogolo jang ka go bolwetse jo bo tshelanwa. A re fa e sale bolwetse jo bo tlhagoga, ga go ise go nne le ope yo o tlodileng kwa Ramatlabama a belaesega a na le bolwetse jo. Monni wa Pitsane, Rre Jankie Mokaleng, yo o neng a tlolela kwa Mafikeng o ne a bolela fa ene a itse ka corona mme a itshireletsa ka go tsamaya a le nosi mo koloing. A re o lemogile gore go botoka go tlola maitseboa go sena mosuke ka a utlwile gore bolwetse jo ga bo batle digongwana, a kaya fa se e le yone itshireletso ya gagwe. Rre Mokaleng o tlhalositse fa a na le masika kwa Mafikeng ka jalo a ne a latela motsadi wa gagwe yo o ntseng a le kwa lesong ka jalo go ne go mo patika go ya koo. Rre Prince Puleng, yo o neng a fetela kwa Gaborone, o tlhalositse fa a ne a patelesega go ya kwa Mafikeng ka a ne a ile go tsaya ngwana wa gagwe yo o tsenang sekolo teng. Rre Nkabana Kgaswa go tswa Molepolole yo o berekang mo dibaseng tsa setshaba tsa Mafikeng-Gaborone o kaile fa ba utlwile ka bolwetse jo mme ba leka go itshireletsa ka tsotlhe. O kaile gore ntswa bolwetse jo go lebega bo sa siama, o ngongoregela gore tlhagiso ga e utlwale thata o. O kaile fa go tshwanetse go engwa ka dinao go bua fela thata ka bolwetse jo gore batho botlhe ba itse ka jone.
society
9
Mogokgo o lela ka modumo
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Letlhakane (LSSS), Rre Mathews Rakhudu o ngongoregile ka modumo o o kwa godimo o o tswang mo tikologong ya sekole seo. Rre Rakhudu o ntshitse ngongora e fa a rolela mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe matshwenyego a bone mo phuthego ya babereki ba sekole bosheng. O boletse fa modumo o o dirwa ke marekisetso a bojalwa ga mmogo le dikereke, mme a tlhalosa fa seemo se biha ka mafelo a beke. Rre Rakhudu a re ba ikuetse kwa bogoging jwa motse le ba Bye Laws mme go se kgato epe e e tserweng. O ne gape a re seemo se, se kgoreletsa dithuto tsa bana le babereki ga ba robale sentle ntateng ya modumo o. Le fa go ntse jalo, Rre Rakhudu o tlhaloseditse mopalamente gore maduo a sekole a tokafetse ka se dikile se tsere maemo a bosupa mo dikoleng tsotlhe, fa mo kgaolong ya legare se gapile a bobedi. A re le fa barutabana ba bereka ka natla go tokafatsa maduo, ba kgojwa marapo ke gore ga ba tlhatlosiwe maemo. O ne gape a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dipalamo e e kwa godimo, a supa fa ba na le koloi e le nngwefela mo boemong jwa di le nne. O bile a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dibuka tse di balwang mme se se berekisa barutabana bokete ka e bile go na le tlhaelo ya bodiredi ka kakaretso. A mangwe matshwenyego, Rre Rakhudu a re ke go sa duelweng sentle ga dikatso tsa barutabana fa ba berekile morago ga dinako tsa tiro. O supile fa go na le ntlo ya matlhatlaganye ya borobalo jwa bana ba basimane e na le diphaposi di fera bobedi e le ngwe e tsenya bana ba le lesome le borataro, mme ntlo e e sa dirisiwe fa e sale ka 2010 ka lebaka la phatlalatso ya metsi e a reng ba lephata la DBES ba paletswe ke go e baakanya. A re matlwana a borobalo a bana a tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng, segolobogolo matlwana a boitiketso le motlakase. Mongwe wa barutabana, Mme Gosego Lenkobe o ne supa letshwenyego la go fudusiwa ga barutabana, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba filwe dikwalo tsa gore ba fodusiwa mme morago ga fetolwa. O boletse fa seemo se se tshwenya ka jaana bangwe ba na le lebaka ba le mo kgaolong. Mme Lenkobe a re ba kopa gore phuduso e ya barutabana e nne ya lefatshe ka bophara, e seng jaaka go dirwa ba dikolosiwa mo kgaolong. O ne gape a kopa gore phuduso e dirwe ka bofelo jwa ngwaga ka gore fa ngwaga o le fa gare e kgoretsa dithuto. Modiri wa tsa motlakase, Rre Keleadile Tshokolo o ne a supa fa go na le tshwenyo e ntsi e e digwang ke bana ba sekole mo dilong tsa motlakase le metsi. Rre Lelatisitswe o solofeditse fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fitile. BOPA
education
4
OLDM e ipelela go akarediwa ga kokelo
Mogolwane wa meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtsha (OLDM), Dr Adrian Gale o akgotse bogogi gammogo le babereki ba sepatela sa Orapa go bo ba tsweletse ka maitlamo a bone a go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo. Dr Gale o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela go akarediwa ga sepatela sa Orapa mo lekgotleng la Council For Health Services Of Southern Africa, COHSASA kwa Orapa bosheng, a tlhalosa fa maiteko a bone a supiwa ke ka fa ba tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo ka teng fa e sale ba simolotse lenaneo le. O tsweletse a re maitlamo a meepo ya OLDM ke one a dirang gore ba tswelele ba tsabakela e bile e nne sekai mo go ba bangwe, ba bereka ba le seopo sele sengwe, ba tshepagala mo balwetseng gammogo le mo badiring ka bone. A re maitlamo a bone a ka ba thusa mo go tlhabololeng tiro ya bone. O tsweletse a tlhalosa gore COHSASA e supa gore sepatela sa moepo wa Orapa se tla tswelela sele kwa godimo ka jalo o eleletsa babereki ba sepatela seo go tsweledisa bonatla jwa bone le mo dingwageng tse di latelang. Dr Gale a re ba tsene lantlha mo lenaneong la COHSASA ka 2000 mme ba sala morago tse di tlhokegang ka jalo ba kgona go dira botokanyana. A re mo ditshekatshekong tsa ngwaga ono ba tsere 99% fa mo ditirelong tsotlhe gone ba bone 88%, selo se se dirang gore sepatela sa Orapa se tswelele mo lenaneong ngwaga tse tharo. A re sepatela sa moepo wa Orapa se dira ka natla e bile se ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa godimo ka lebaka la boeteledipele jwa tlhwatlhwa selo se a reng se supa kgatelo pele mo maitlamong a bone a ‘Orapa Gompieno Boteti Kamoso’ le go dira Orapa lefelo la maemo a a kwa godimo go nna le go berekela teng. Mogolwane wa COHSASA, Mme Jacqueline Mary Stewart a re lekgotla la bone ga le dire dipoelo mme ke lengwe la makalana a masome a mabedi le bosupa a a itebagantseng le botsogo mo lefatsheng ka bophara. Mme Stewart a re ba ipelafatsa ka tiro ya bone kwa COHSASA bogolo jang fa ba bona babereki ba sepatela ba le moono mongwe fela mo go diragatseng lenaneo la COHSASA jaaka ba sepatela sa moepo wa Orapa ba dirile. Mogolwane wa sepatela sa moepo wa Orapa, Dr Hans Van Zyl a re ba amogetswe mo lenaneong la COHSASA ngwaga ono morago ga maiteko a magolo le go bereka ka natla mo ngwageng tse tharo ba somaretse sesupo sa COHSASA. Dr Van Zyl a re lenaneo la COHSASA le ba rotloetsa go fa ba-na-le-seabe le setshaba ka kakaretso ditirelo tsa maemo a a kwa godimo a a dirwang ke sepatela sa bone go akaretsa pabalesego le tlhokomelo ya balwetse. O akgoletse babereki ba sepatela sa moepo wa Orapa maiteko a bone a go netefatsa gore toro ya bone e a atlega ,a ba a ba kgothatsa go tswelela pele ka go dira bontle mo tirong. BOKHUTLO
health
6
Tsamaya ka pula Tautona Khama - Palapye
E rile e tsena tshetlha ya dikgwa ya ga Mmangwato ga re ruuuu! Megolokwane ya lelela boatleng ka bomme ba mateisi a matala le dikojwana tse ditshweu, e le semphete ke go fete fa a gata mo kgotleng ya Palapye morwa Khama. E rile ba santse ba hakgametse bangwe ba sebaseba ba re, yo o tlang yoo ke mmoloki, mongwe a re ga se mmoloki ke mofenyi, bangwe ba re ke montsamaisa bosigo, ka a tsisitse tumelo, lerato le tsholofelo mo go rona bo esengmang. E ne e le nnakgolo ya ga Mmangwato e ntse fa gare ga kgotla ya Palapye, e ngunanguna e re yo o gorogang yo ke morwa Khama ka sebelebele, kotla masiela kotla dirojane, le rona bo esengmang re setse re tshwana le batho, fa maru a emelela ga re sa tlhole re tsenya mofalatsamaru mo isong kana re kanamisa dilepe gore pula e seka ya na. Monnamogolo a palelwa ke go itshwara a re nna khutsanyana ya mogolo kana ke tlhokelang diteme nkabo ka tsone ke go tsatsanka, a gadima balekane ba gagwe, ya re ba mo leba ba re ‘heela monna Ofentse Nzwaligwa o re itsa go bona Tautona, kokobela o nne ’fatshe’. Ka isa tsebe go utlwa gore a reng. Rre Nzwaligwa a re, ‘kana ke mongwe wa batho ba ba ka pakang ka mananeo a ga Tautona ka mo malatsing ano ke na le fa ke latsang tlhogo teng, morago ga gore e tshetlha yoora Khama e kuwe mokgosi e re badira le matlho nkgogang, ke nyelellwa ke tshaba,. A re ya re go rialo dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba utlwa mokgosi, ba ema ka dinao go tsenya letsogo, ka gore Motswana a re ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’. Rre Nzwaligwa ke mongwe wa ba ba nnileng lesegola go agelwa ntlo ka lenaneo la ga Tautona. Fa a bua mo potsolosong o ne a ipelafatsa ka Tautona ka jaana a tshuba ka lekotswana, metsi a aga a ntse ka marago, le yone ntlwana a sa tswele kwa ntle. Ga iphesa Rre Gabaipone Ramogapi a re ‘le rona re lemogile ditiro tsa gagwe tse a di supileng ka go tlotla bagolo, ngwana yo wa ga Khama, o bolokile setshaba seno, ba-na-le bogole, ba-tlhoka pono le batlhoki rotlhe re na le ditshwanelo le seriti se a se re neetseng ka bonno. Rre Mosimanegape Tapiso o ne a re, ‘pelo tshwaana boela mannong mmatla sa gagwe o se bone’. Boitumelo ya bo e le jo bogolo a re letsatsi le ga ba bolo go le letela, a re fa e ne e le ka ene Tautona o kabo a okelediwa malatsi ka a santse a ikutlwa. A emelela Tautona Khama a isa malebo. A re lefatshe leno le agetswe mo kagisong le tsamaisiwa ka melao e e lolameng ya kgololesego le tshireletso ya setshaba. A re puso e diragatsa molao go sireletsa ditshwanelo jaaka molao wa polao o re fa motho a bolaya yo mongwe le rona re a mmolaya. O ne a galaletsa Batswana a re fela jaaka ba ne ba mo eme nokeng ba dire jalo le mo go Rre Mokgweetsi Masisi gore le ene a tle a kgone go dira tiro ya gagwe ka bokgabane.
society
9
Bophokoje ba jesetsa barui mo kgobedung
Barui ba moraka wa Kgonama mo kgaolong ya Ghanzi ba supile fa ba tshwenngwa ke bophokoje ka ba aja dipodi tsa bone. Barui ba tlhalositse se mo thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe ke ba mokgatlho wa Cheetah Conservation Botswana bosheng. Barui ba tlhalositse fa mo dibataneng tse di mo morakeng oo, tse di akaretsang matotse, thwane le tse dingwe, phokoje e le ene fela yo o sa ba jeseng diwelang. Mongwe wa barui ba Kgonama, Rre Charles Makwesa o tlhalositse fa dipodi tsa gagwe di nna fela di jelwa dipotsane ke bophokoje. O ne a supa fa ba sa kgone go laola bophokoje ka jaana ba sena dintsa. Rre Boammaaruri Bammake go tswa lephateng la diphologolo o ne a rotloetsa barui go tswa ka mananeo a a amogelesegang go laola bophokoje. O ne a tlhagisa barui fa tiriso ya chefi le selaga e se ka fa molaong ka puso e lemogile gore di bolaya gotlhe le diphologolo tse di sa amegeng. Rre Bammake o ne a tlhalosetsa barui fa go disa e le one mothale o o siameng go ka laola tshenyo e e dirwang ke bophokoje. O rotloeditse barui go ikuela kwa lephatleng la diphologolo. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Mbinda Balekanye go tswa Cheetah Conservation Botswana o ne a ba rolela mananeo a ba nang le one, gore ba a dirise go laola tshenyo ya bophokoje. O ne a tlhalosetsa barui fa ba na le lenaneo la dintsa tse di katiseditsweng go disa. O rotloeditse barui go tsenya kopo kwa Cheetah Conservation Botswana gore ba fiwe dintsa, a supa fa dintsa tseo ba sa di rekise. Rre Balekanye o ne a rotloetsa barui go tshwaragana ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata. Barui ba ne ba amogela lenaneo la dintsa ka boitumelo ka ba dumela le tlaa ba solegela molemo. BOKHUTLO
society
9
Barui ba rutuntshiwa ka lenaneo la dihutshane
Batswana ba rotloeditswe go dirisa mananeo a nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone. Thotloetso e, e ne e fiwa banni ba ba abetsweng dihutshane ba metsana ya Moreomabele, Topisi, Maunatlala, Matlhakola, Moletemane le Malaka mo thuto puisanong kwa Palapye bosheng. Mookamedi wa dihutshane mo lenaneong la nyeletso lehuma, Rre David Serumola o tlhalositse fa go nna le dihutshane e le tshwetso e ntle thata. A re ba lemogile fa lefatshe leno le aparetswe ke letlhoko la nama ya kgomo ntateng ya leuba. O tsweletse ka gore dihutshane di palo potlana thata go na le dikgomo mo lefatsheng leno, ka jalo go le botlhokwa go di rua. O gakolotse gape gore dihutshane di kgona go tsenya madi aa botoka. Rre Serumola o tlhalositse gape gore puso e mo tsheka tshekong ya go aga matlhabelo a dipodi kwa Maun, ka jalo go rekisa dipodi go tlaa nna motlhofo. Ba tsena dipuisano tse ba ne ba rutwa ka mefuta le tlhokomelo ya dihutshane, malwetse a a farologaneng a tsone, thibelo malwetse, kalafi le melemo ya tsone. Ba ne ba gakololwa gore ipapatso ke selo sa botlhokwa fa ba batla go dira letseno go itshetsa ka leruo, ka jalo ba kopilwe go isa leruo la bone kwa ditshupong le go dirisa ditsela tse dingwe tsa ipapatso jaaka mafaratlhatlha a maranyane a segompieno. Banni ba ne ba leboga thata go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo la nyeletso lehuma, ba re le mosola e bile le tlaa fetola matshelo a bone. Ba tsweletse ka go lebogela dithuto puisano ba kaya fa ba ithutile go le gontsi ka dihutshane mme ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo a a solofetsweng mo go bone morago ga thutuntsho e.
economy_business_and_finance
3
Tiragatso molawana e a simolola
Khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau ya re e tlaa simolola go diragatsa molawana wa go phutha leruo le le senang tlhokomelo le saila mo gare ga Molepolole Ngwanatsele a le fa gare. E rile a tlhalosa maikaelelo a phuthego ya boeteledipele jwa morafe le balemi-barui bosheng mo Molepolole, mokwaledi wa kgoaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane a supa fa ba diegetse go diragatsa molawana o ka maikaelelo a go tlhomamisa morero go botlhe ba ba amegang. A re diphetogo tseo maikaelelo a tsone ke go itebaganya le matshwenyego a morafe go lwantsha leruo le jaanong le fetotseng tebego le seemo sa motse ka gona mafudiso le madisetso. A re ba lekodisa bogogi go thusanya le khansele go lwantsaha seemo seo gore barui ba tsee boikarabelo jwa go tlhokomela leruo go hema bogale jo bo tlang. Dikatlholo tsa molawana o di ya go simolola mo go P150 ka letsatsi go duelela tlhogo ya seruiwa se se mo diatleng tsa khansele, e re fa go nnile le tiego ya go itshupa ga morui go dirwe kanamiso ka leruo le le tshegeditweng pele ga le ka rekisiwa ka palabalo. Dikotlhao tse dingwe go kaiwa e tlaa nna tsa ba ba kgoreletsang maiteko a go diragadiwa ga molawana, tse e tlaa nnang P5 000 kgotsa dingwaga tse pedi tsa kgolegelo, kgotsa tsotlhe go lebilwe bokete jwa molato. Thulaganyo ya go fetolwa ga molawana oo, e ne ya lekodisiwa morafe mo tshimologong ya ngwaga ono ka diphuthego tsa kgotla di buisiwa ke modulasetilo wa Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko. Mogolwane wa ditogamaano tsa khansele potlana ya Molepolole, Rre Kagiso Tiro a re go a tshwenya gore barui ba bo ba itlhokomolosa tsamaiso ka go fetola metse ya magae meraka kgathanong le thulaganyo ya go kgaoganngwa ga tiriso ya lefatshe. Rre tiro a re lefatshe le kgaogantswe ka tiriso go hema go gotlhagotlhana ga tsamaiso, mme a supa gore fela jaaka metse ya selegae e sa tshwanela go ruela, mafelo la temo le bonno jwa seemo se se rileng ga a a tshwanela go bonwa mo lefatsheng la temo go hema go runya ga metsana e e sa tlhomamisiwang. O tsweletse ka go tlhagisa ba ba fetolang tiriso ya lefatshe ba sa sala tsamaiso morago go itse fa letsogo la molao le tlaa ba ama, mme a tswelela ka go gakolola gore diphetogo tse di dirwang ka tiriso ya lefatshe di dirwe ka go sala tsamaiso morago. Mogolwane wa tsa dipalamo mo Mokwena, Rre Andrew Paledi, ene o gateletse gore badirisi ba tsela ba tsee boikarabelo jwa tlhokomelo ya leruo go hema dikotsi tsa dikgomo mo ditseleng tse ditona ka jaana go ka ama seemo sa itsholelo ya malwapa ka ntlha ya go thulwa ga dikgomo ke dikoloi. Rre Richard Mantu wa lekalana la sepodisi le le itebagantseng le go lwantsha seemo sa bogodu jwa leruo mo kgalong eno, a re kgolo ya bogodu mo Mokwena ga e ba robatse e bile e tsweletse ka go gola ka jaana e rotloediwa ke bo radibuthara bagngwe ka go reka dinama tsa bogodu. Rre Mantu o gakolotse morafe go tswa ka methale ya go kgoreletsa maiteko a go utswiwa ga leruo le go upolola ba ba inaakantseng le masula ao. Barui le fa go ntse jalo ba ngogoregetse go fetolwa ga molawana oo gore go dirilwe ka maikaelelo a go ba utlwisa botlhoko ka go ikgatholosa ntlha ya gore motse o goletse kwa masimong go kgoreletsa metsamao ya leruo. Mo mafokong a tebogo, Kgosi Mothuseng Matlhwanye wa kgotla ya Suping o kopile morafe go amogela diphetogo tseo, ka go supa gore go le gantsi fa dikgang tsa ditlhabololo ga di ke di amogelwa ntle le bothata, mme bomolemo jwa tsone bo lemosega go tsweletswe. ENDS
economy_business_and_finance
3
Kokelo ya Orapa e abela baithuti
Babereki ba kokelo ya Orapa ba abetse baithuti ba ba nnang kwa hoseteleng ya Khwee didirisiwa tse di tlhapang, melora e e tlhatswang, e e phepafatsang le dikausu tsa sekole. E rile fa a tlhalosa ka kabo dimpho e, motlhokomedi wa kokelo ya Orapa Mme Veronica Mokgosi, a re ba ne ba dira se go tsibogela mokgosi wa ga Tautona wa gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Mokgosi a re ba dirile se ka go kokoanya madi mme ba tlhopha go thusa bana ba ba nnang mo hoseteleng ya Khwee, ka ba lemoga gore le fa puso e ba tlhokomela, ga go a lekana. E ne ya re a lebogela dimpho tse, mogolwane wa boipelego Rre Ketumile Motlhagodi, a supa fa khansele e tlhokomela bana ba ba nnang mo hoseteleng ka go ba rekela paka ya sekole, diaparo tsa motse, melora le ka sepalamo. A re hosetele ya Khwee e na le bana ba le lekgolo le lesome le bosupa. Rre Motlhagodi a re bana ba ba nnang kwa Khwee, ke ba ba tswang kwa merakeng e e mo tikologong ya motse oo. Ka jalo ba ba phuthela mo go yone gore ba ba tlhokomelele teng ba tsene sekole ka gape batsadi ba bone ba sena bokgoni. Rre Motlhagodi a re ba ba tlhokomela go fitlhelela ba fetsa kwa dikoleng tse dikgolwane ba ba thusa ka sengwe le sengwe se motho a se tlhokang, a tlhalosa gore ba a leka ga ba kgone fa gongwe ka lebaka la tlhaelo ya madi. Ka jalo ba buletse gore ba ba nnang le bokgoni ba ba thuse. Rre Motlhagodi o ne a rotloetsa bana go amogela dimpho tse ka lorato, a bo a ba kgothatsa gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo le gore ba eletse go nna le bokamoso jo bo lolameng. Mothusa kgosi wa Khwee, Rre Gabarutwe Boloka, a re bana ba hosetele ya Khwee ba tlhokomelwa sentle thata e bile ga ba sa tlhole ba ngwega jaaka pele. A re le fa go ntse jalo ga gona dipone mo matlong a bone a boroko. E rile a lebogela dimpho, mokhanselara wa kgaolwana ya Khwee, Rre Keetile Gobotswang a lebogela lerato le kutlwelobotlhoko e ba sepatela sa Orapa ba e supileng ka go abela bana ba ba hosetele dimpho,a re se se supa gore ba tshegeditse lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Rre Gobotswang a re go sego letsogo le le abang, a tswelela ka gore dimpho tse di tsisitse boitumelo mo baneng e bile di ya go dira pharologanyo e ntsi mo matshelong a bone. BOKHUTLO
health
6
Banni ba tlhagisiwa ka dikotsi
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya, o tlhagisitse balemi ba masimo a Dikabeya gaufi le Palapye gore ba ikele tlhoko mo dikotsing tsa dikoloi, bogolo jang fa ba kgabaganya tsela e tona ya A1. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa masimong ao bosheng. A re ba nne kelotlhoko fa ba kgabaganya tsela ka gore dikoloi tsa tsela ya A1 di taboga ka lebelo le le feteletseng. O ba rotloeditse gore monongwaga ba ye go lema dijo tse dintsi, tse ba ka kgonang go jesa motse wa Palapye le tikologo, mme ba ka kgona go dira jalo fa ba ka lema ka ditselana fela botlhe. Le fa go ntse jalo, Rre Goya o tsweletse a ba itsise gore monongwaga puso ga e na go kwadisa terekere epe e e sa lemeng ka ditselana. O ne a ba kgothatsa a re ba inaakanye le lenaneo la go dira terata e e tlhakanetsweng gore puso e tle e ba thuse ka ditsompelo tsa go gokela sediba se ba ka nwang mo go sone le gore ba ikhutse go senyediwa ke diruiwa le diphologolo mo masimong a bone. A re nngwe ya dikgang tse di builweng kwa palamenteng ke gore molao wa makgotla a Setswana o tlhabolotswe, go tlaa nna le wa dikgotla tse ditona le wa tse dinnyenyane a bolela fa dikatlholo tsa ditsheko tsa tsone di tlaa farologana go ya ka bogolo jwa tsone. O tsweletse ka gore go okeditswe dikatlholo tsa badira molato wa go dirisa ditlhapa a re katlholo eo e simolola ka makgolo a matlhano a dipula go ya kwa godimo. Balemi ba ne ba ikuela mo go mopalamente fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo kwa kgaolong ya bone. Mopalamente o ne a kopa balemi go bega dikgetse tsa bogodu gore go tsewe dikgato. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Thuto ke konokono
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse a re thuto ke mmangmang. Fa a bua kwa letsatsing la go rola motlobo wa dibuka o o abilweng ke ba Botswana Insurance Holdings Limited (BIHL) trust ba golagane le ba Sebilo Book Services ba abela sekole se sebotlana sa Chakaloba kwa Topisi ka Labotlhano, Rre Seretse o boletse fa thuto e aga setshaba go itse molemo le bosula. A re batsadi ba tshwanelwa ke go lemotsha bana ba bone botlhokwa jwa thuto le gore ke khumo e go senang yo o ka ba e amogang. Rre Seretse a re sekole sa Chakaloba se tshwanetse se ipone se le sego go bo se nnile nngwe ya tse di rotloeditsweng morago ga ikuelo ya puso ya go kopa thotloetso ya dikole mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi. A re motlobo oo wa dibuka o tla a nna le seabe mo thutong ya bana ka ba tla a itlhatlhelela dikitso tse di farologaneng. O ne a kopa bogogi jwa sekole seo go tshwara ka natla mo go fetoleng maduo a sekole seo se go bolelwang fa maduo a sone a lekwalo lwa bosupa a bana ba ngwaga o o fetileng a ne a le kwa tlase. O ne a supa matshwenyego a gore batsadi bangwe ba ikgatholositse thuto ya bana ba bone ntswa e le bone ba tshwanetseng go bontsha bana tsela. Moemedi wa ba BIHL Rre Bakwena Oitsile o ne a bolela fa ba abetse sekole seo mpho ya motlobo wa dibuka ka tsholofelo ya gore e tla a thusa barutabana mo maitekong a bone a go tsholetsa maduo a sone. A re ga se lantlha ba aba ka ba abile dilwana tse di farologaneng di tshwana le go duelela baithuti ba ba ikoketsang kwa mmadikolo le go duelela bana ba ba tlhokang mme ba tlhoafaletse dithuto kwa sekoleng sa Maruapula. Rre Oitsile a re sekole sa Chakaloba ke nngwe ya dikole tse di lesome tse ba di abetseng motlobo wa dibuka mo ngwageng ono Mogokgo wa sekole sa Chakaloba Mme Nkomeng Bolaane o ne a lebogela motlobo oo wa dibuka a bolela fa o tla a ba thusa bana mo dithutong tsa bone. O ne a leboga batsadi ba bana ba sekole seo go nna ba tsibogela dipitso tsa bogogi jwa sekole. BOKHUTLO
education
4
Lore lo ojwa lo sale metsi
Batsadi ba gakolotswe go ruta bana ba bone maitseo a a eletsegang le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng. Go buile jalo mogolwane wa mophato wa baithuti ba ba botlana (HOD- infant) wa sekole se sebotlana sa Masokola, Mme Mmopi Gasemotho kwa moletlong wa kaloso ya baithuti ba sekole sa bananyana sa Prince and Princess Pre-School kwa Serowe bosheng. Mme Gasemotho o tlhalositse fa ngwana a tshwara ka pela fa a santse a le monnye, ka jalo o gakolotse batsadi go ba ruta tse tsotlhe tse di botlhokwa tse ba tshwanentseng go di itse gore ba di tshware go sale gale. O gakolotse batsadi go tlhopha mafoko fa ba bua fa pele ga bana kana fa ba bua le bone. “Fa o ruta ngwana o ruta setshaba, ke bone baeteledipele ba kamoso”, ga gatelela Mme Gasemotho. Mme Gasemotho o ne a gakolola batsadi le barutabana go pataganela thuto ya bana, mme a re se se ka nna motlhofo fela fa go ka nna le therisano, kamogano megopolo le tirisano mmogo magareng ga bone ka dinako tsotlhe. O kopile batsadi go tshwara bana ba bone ka lerato, a tlhalosa fa go dira jalo go tiisa ngwana mogopolo go bo go mo nonotshe le mo tlhaloganyong. Mme Gasemotho o ne a kopa barutabana go emisa go kgoba bana ka dipuo, a kaya fa go tlhoka lerato le go kgokgontsha bana ka dipuo e le dingwe tsa dilo tse di itsang bana go tsena sekole sentle. O gakolotse batsadi go fa bana ba bone lerato a re ba nne le seelo sa gore mo setshwantshong sa motshikhinyego ba lebelela ditlhulaganyo tsa mofuta ofe, a tlhalosa fa bana ba malatsi ano ba tlhalefa ka pela mme ba tloge ba kope mengwe mekgwa fa ba ka tlogelwa ba lebelela dithulaganyo tse di ba fetileng kana tse di sa nnang sentle. Mme Gasemotho o kopile batsadi go rekela bana dilo tse ba tshamekang ka tsone tse di rutang, a re di ka fefosa go ithuta ga bone ka ba tlaa bo ba ithuta sengwe mo go tsone. Mogolwane wa sekole seo, Mme Goabamang Letlhare o gakolotse batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re o lemogile gore bangwe ba batsadi ba maoto a tshupa fa go tla ka ko diphuthegong, mme a re se se baya sekolo ka fa mosing bogolo jang fa go tla ka ko ditlhabogolong ka jaana ba bangwe ba sa tsenya letsogo go sena tshwaragano. Mme Letlhare o tsweletse a tlhalosa fa ba itlamile go tokafatsa dielo tsa sekolo sa bone gore ba itepatepanye le seelo sa thuto se eleng mo go sone gompieno.
education
4
Ba Gamodubu ga ba na go akola dithuso
Balemi ba motsana wa Gamodubu ba re ga ba na go akola dithuso tse puso e di ntshitseng tsa go lema ka ditselana e le ntlha nngwe ya go lwantsha leuba le le aparetseng lefatshe leno kobo ka letshoba. Ba re ga gona diterekere mo kgaolong ya bone. Beng ba diterekere ba ba leng teng ga bana dipolantere. Ba tlhalositse gore lemmenyana le ba ka bong ba le bona fa ba sena go rekisa dipodi gore ba kgone go reka digogi, le lone ga le kitla le nna teng ka gore dipodi tsa bone di feditswe ke dintsa tse di nnang ko sekiting sa matlakala. Mo godimo, ga moo, ba supile fa go lema ka go kabela le gone go le dingalo ebile go le bonya. Se se builwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Daniel Kwelagobe kwa Gamodubu. Fa ba mo fa megopolo e a ka e isang ko palamenteng, banni ba motse oo, ba boleletse mopalamente wa gore ere go buiwa ka kgang ya lefatshe, ba kopa gore kabo ya lone e dirwe ka keltlhoko go itsa go ikgagapelela le go tima ba bangwe ditsha. Ba boile gape ba kopa gore ba sekasekelwe gore puso e ka dira eng mo motseng wa bone se se ka tsenyang letseno la madi ka ntlha ya gore Gamodubu ke motse o o thibelelang mme banni ba ikaegile thata ka Ipelegeng fela. E ne yare fa a bua, Rre Kwelagobe a tsibosa banni ba motse ka mananeo a puso e a dirileng a go lwantsha leuba, mme a kopa banni ba motse oo go tlhagafalela go itse ka mananeo le gone go a dirisa jaaka lenaneo la temo thuo la ISPAAD le le seka sekilweng. Rre kwelagobe o tlhalositse fa puso e senkile madi a a ka tshwarang didikadike tse di makgolo mabedi le botlhano go lwantsha leuba. Nngwe ya dithulaganyo tse puso e di dirileng ke gore baithuti ba tlaa ja gabedi kwa sekoleng. O tsweletse ka gore mafelo mangwe goromente o tlaa thusa ka go oketsa palo ya batho ba ba berekang mo Ipelegeng. Gape barui ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa tsa go reka dijo tsa dikgomo ka masome a mararo le botlhano mo lekgolong (35%) fa mo mafelong a a sa amiwang ke leuba thata ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa ka masome a mabedi le botlhano mo lekgolong . BOKHUTLO
society
9
Banana ba kgotlhadiwa go ikgapha
Maloko a mokgatlho wa Vision Suport Group o itebagantseng le go ruta batho ka kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba kgothaditswe go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo tlhaelong jaaka dino le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang. Kgotlhatso e, e dirilwe ke kgosana ya motsana wa Setsile Rre Senau Ramaribana kwa letsatsing le mo go lone banana ba mokgatlho wa Vision Suport Group ba neng ba abela Rre Rabasimane Montshiwa yo eleng motlhoka pono dimpho tse di akaretsang Setilo, dijo, thobane gammogo le madi. Kgosi Ramaribana o rile ere ntswa mmuso o ntshitse ga tshwene ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go itshetsa le go itlhamela mebereko, o swabisiwa ke go bona banana ka bontsi ba inaakantse le dino tagi le go ganelela mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa lenaneo leo le diretswe bagodi. O kopile banana bao, ba ba eteletsweng pele ke Rre Rampoo go ngokela banana jaaka bone mo mokgatlhong oo, gore ba kgone go abelana maele a ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go inaakanya le ditiro tse di makgasa jaaka gonwa majalwa, tlhakanelo dikobo e sa sireletsegang le go ima ba sale bannye ka seo se ka ba bakela malwetse a tlhakanelo dikobo jaaka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Kgosi Ramaribana o tsweletse ka go tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene moletlo oo, gore ere ka banana ele bone bokamoso jwa lefatshe leno ke sone se mmuso o tsweletseng ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse di ka tokafatsang matshelo a bone e bile a bolela fa mmuso o dirisa madi madi go tsenya bana ba Batswana sekole mahala. E ne e rile gole pele moeteledipele wa moklgatlho oo Rre Rampoo a bolela fa maikaelelo wa mokgatlho wa bone ele go ruta batho ka bodiphatsa jwa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le go thusa bana le bogole ka go ba phepafaletse malwapa, go ba tlhatswetsa diaparo le go ba thusa ka tse ba ka tswang ba tlhokana le tsone mo botshelong. A re ele banana ba lefatshe leno ba tshwanetse go ema ka dinao go thusana le mmuso go lwela ditshwanelo tsa bana le bogole ka jaana bangwe ba bone ba santse ba bewa kwa mahuri mo a reng go ba rontsha tshwanelo ya go akola mananeo a puso e bile a bolela fa bangwe ba bone ba rontshiwa go akgela mo diphuthegong tsa dikgotla ka go tsewa ba sena boleng.
education
4
Ba ba amegileng ba thusitswe
Malwapa a le mane a a amilweng ke pula ya matlakadibe e e neng ya re ka Matlhatso ya ralala Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng a amogetse dithuso tsa potlako go tswa kwa komiting ya kgaolo ya dibetso tsa tlholego. Go ya ka mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Mme Nametso Tatedi, malwapa a a thusitsweng a mararo e bile a amogetse ditante tse tharo fa le lengwe le abetswe dijo. Mothusa molaodi a re e re ntswa tshekatsheko ya ba boipelego e supile fa go amegile malwapa a le masome mabedi le bobedi, a mangwe a one a ne a kile a thusiwa mo nakong e e fetileng. Mothusa molaodi a re ba tsweletse ka go loga maanao go betla thulaganyo ya go fudusa batho ba mangwe a malwapa ao go hema go amega gangwe le gape mo ba go itemogetseng ka dinako tsa dipula. E ne e rile go le pele Mme Kekgathale Dimapo yo e leng mongwe wa ba ba amegileng thata a tlhalosa fa a aperwe ke bohutsana jo bo bakilweng ke tshenyo e e feteletseng ya go rutlolola ntlo ya gagwe le go nyeletsa gotlhe mo a neng a na le gone jaaka dithoto tsa ntlo, diaparo le dijo. Mme Boikhutso Gadibalwe, e ne a re toro ya go amogela ntlo e a e agetsweng ka SHHA e ne ya phirima fa phefo e e sugakanya borulelo jwa yone. A re seemo seo se mo amile fela thata ka jaana a ne a na le tsholofelo ya go tshela ka seriti sa bonno jwa segompieno. Motlhala wa tshenyo o ne wa kgoreletsa dithuto kwa sekoleng se sebotlana sa Boatlaname dioura di ka nna tharo pele botsamaisi bo thulanya ditlhogo go betla tharabololo ya go busetsa dilo mannong. Go amega ga dithuto kwa sekoleng go bakilwe ke go rutlomologa ga bontlha bongwe jwa matlwana a borutelo a le mabedi le matlo a boroko jwa barutabana a le mararo. E re ntswa tshenyo kwa sekoleng e ne e sa lebege e le maswe, mogokgo, Mme Patricia Mogapi o supile fa go koloba ga marulelo go befisitse seemo ka leswe la bommamanthwane ba ba tsalelang mo marulelong. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
FNBB e rwesa baithuti ditlhako
First National Bank Botswana Foundation, e abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako tsa sekole. Mogokgo wa sekole seo, Mme Dyzene Mannathoko o tlhaloseditse BOPA fa sekole sa gagwe se ne sa latswiwa ke tlhware morago ga gore ba FNBB ba bone go le botlhokwa go abela baithuti ditlhako. Mme Mannathoko a re bana ba sekole seo ba ba abetsweng ditlhako ba le lekgolo le masome a supa le botlhano go simologa ka baithuti ba ba rutuntshiwang go simolola sekole (reception class) go fitlha ka mophato wa bosupa. Mme Mannathoko o ne a popotha legetla ba FNBB a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato thata ka nako e e tshwanetseng ka e bile go le paka ya mariga a a boletseng fa e le bogale thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. O kaile fa sephatlo sa bana mo sekoleng seo ba ne ba sena ditlhako gotlhelele selo se a reng se tlaa tiisa bana ba sekole seo moko le go feta go tla sekoleng e bile ba na le seriti. Mme Mannathoko o ne a sa kgale mathe go leboga ba FNBB a kaya fa motse wa Struinzendam o le kgakala le ditlamelo ka jalo batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone kapari ya sekole ka mabaka a botlhoki. O supile fa sekole seo se na le matlapa a mantsi ka jalo bana ba ne ba felela ba gobatswa ke matlapa ao ka ba ne ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako. Mo mafokong a gagwe a kabo dimpho tseo, moeteledipele wa banka ya FNB kwa Jwaneng, Rre Stephen Goitsemang o ne a kaya fa FNBB Foundation e simologile ka ngwaga wa 2001 e maikaelelo a yone e le go thusa setshaba bogolo jang bana ba dikhutsana le ba ba tlhokang mo lefatsheng leno ka e le bone baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. Rre Goitsemang o ne a supa fa ngogola ba abetse bana ditlhako di le 3 500 go ralala lefatshe leno, a kaya fa ngwaga ono dipara tsa ditlhako tse ba di abileng di le 3 724 go balelwa le bana ba sekole sa Struizendam. A re banka ya FNB e beela kwa thoko selekanyo sa 1 per cent ya dipoelo tsa yone tsa ngwaga le ngwaga go kokoanya madi ao aa thusang setshaba, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2001 FNBB e setse e dirisitse madi a a fetang P40 million mo ditirong tsa bopelotlhomogi. O kaile fa ba FNBB ba ntshitse dimpho tseo ka maikaelelo le ka nako e e tshwanetseng gore bana ba sekole seo ba tle ba kgone go itshireletsa mo pakeng e ya mariga ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone ditlhako botlhe. Rre Goitsemang o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso ba ba ka le isang kwa pele. BOKHUTLO
education
4
Boitshwaro jwa baithuti ga bo itumedise
Bogogi jwa dikole tsa motse wa Lerala jwa re ga bo itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana ba ba tsenang mo dikoleng kwa motseng oo. Fa ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe go rerisanya le bogogi jwa motse ka tse di amang thuto bosheng, ba boletse fa bana ba sekole ba setse ba dule mo taolong gotlhelele ka jalo ba bone go tshwanela go tshwaraganela se le bogogi jwa motse. Morutabana yo o itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Rre Jimmy Rampape o boletse fa mo sekoleng sa gagwe go setse go dule bana ba sekole ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa. A re mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape. A re bana ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana ba akaretsa ba ba dirang mophato wa ntlha, bangwe ba dira wa bobedi fa bangwe ba dira wa boraro. Rre Rampape a re go ngomola pelo ka bana bao e le ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme ba le babedi mo go bone ba le dingwaga di le lesome le boraro. A re mo baneng ba ba tlogetseng sekole, go ne ga dirwa maiteko otlhe a go ba busetsa mo sekoleng mme ga retela. A re batsadi ba bana bao ba ne ba latelwa kwa malwapeng kgotsa kwa ba leng ga buisanngwa le bone mme fa gongwe ba felele ba isiwa kwa go mmaboipelego mme ga pala. Rre Rampape a re se se utlwisang botlhoko bangwe ba bana bao ba kgona go fitlhelwa ke barutabana ba na le batsadi ba bone ba dira ditiro mo lwapeng mme batsadi ba sa ba rotloetse go ya sekoleng. Ka jalo a re motsadi ga a a tshwanela go laolwa ke ngwana mme o tshwanelwa ke go bontsha ngwana tsela ya boammaaruri. A re gobo batsadi ba kgona go nna fela le bana mo lwapeng ba sa ba rotloetse go ya dikoleng go ne ga ba tlama e le bogogi jwa dikole go buisanya le bogogi jwa motse. A re bontsi jwa batsadi ga ba tsenye letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka bontsi jwa nako ga batle bokopanong jwa batsadi le barutabana. O ne a tswelela a re bothata jo bongwe jo ba tshwaraganeng le jone ke jwa go dirisa ditlhapa thata ga bana ba sekole. A re ba tsaya nako e ntsi ba letlanya kana ba kgalema bana ntateng ya go dirisa matlhapa ka jalo o ne a ikuela mo batsading kana batlhokomedi ba bana go emisa go go dirisa matlhapa fa pele ga bana. Fa a bua ka dikole tse dipotlana mogokgo wa sekole se sepotlana sa Lekadibeng gone mo Lerala, Mme Phorego Motsokono o boletse fa ba itemogetse fa bana ba lekwalo le le kwa godimo ba sena keletso gotlhelele mo dithutong tsa bone. A re ba itemogetse gape gore fa ngwana a dirile phoso kwa sekoleng, ntateng ya gore batsadi ba tshwaragane le barutabana ba kgaleme bana ba nna ka fa tlhakoreng ya ngwana ba tshwaya barutabana phoso. A re bontsi jwa bana ba nna ba le nosi ka batsadi ba nna nako e ntsi kwa masimo fa bangwe ba direla kwa dipolaseng mme seo se na le seabe se setona mo dithutong tsa bana. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo diatla sa Tswapong Bokone brigade Rre Cornelius Matlhare o boletse fa sekole sa gagwe le sone se wetswe ke seru sa go tlhoka tsebe ga baithuti. A re ba itemogetse fa bontsi jwa baithuti kwa sekoleng sa gagwe ba kgona go fetisa malatsi a le mantsi ba sa tsenelele dithuto mme ba le teng mo motseng wa Lerala. O boletse fa bangwe ba felela ba tlogela sekole go sena mabaka ape mme ba bangwe ba itshiela dino phetelela fa bangwe ba goga metsoko e mo dinakong tse dingwe ba kgonang go nna le dipelaelo tsa gore ba e tlhakanya le ditagi di tshwana le motokwane. O ikuetse mo batsading go tshwaragana le barutabana go tsenya bana mo taolong. Bokhutlo
education
4