title
stringlengths 1
82
| text
stringlengths 565
8.03k
| orig_label
stringclasses 10
values | label
int64 0
9
|
---|---|---|---|
Bonatla le boineelo konokono mo temong | Rre Gaorelathe Tape, monana wa molemi kwa Mmashoro, ke mongwe wa ba ba dumelang gore go fitlhelela ditoro go batla bonatla. E re le ntswa a ise a fitlhelele gotlhe mo a go eletsang mo kgwebong ya gagwe ya temo, Rre Tape a re o a nametsega ka erile a simolola ka 2016, a ipapatsa mo marekisetsong mangwe mme o ne a atlega. A re o lema merogo ee akaretsang beetroot, kwii, tamati le green pepper mo selekanyong sa tema tse pedi, mme a e fetola go ya ka dipaka. Mo nakong e, Rre Tape o baakanyetsa go lema dinamune. Rre Tape, yo o dingwaga di 38, o tlhalositse fa leeto la gagwe mo temong le thaegile morago ga gore tiro e a neng a e bereka e tle kwa bokhutlong mme kakanyo e e neng ya mo tlela, ya nna go sala morago kgatlhego e a neng a na nayo mo temong. A re o berekile meepo ka go farologana mme a lemoga fa a sena lerato mo tirong eo. Ka o sa je nkabo, Rre Tape a re o ne a reka tshimo, a epa sediba a bo a reka tse di tlhokegang mo temong ya nosetso. A re o ne a hira rre mongwe yo o nang le boitseanape jwa temo mme a mo thusa. O supile fa mo nakong eno a hirile babereki ba le babedi ba sennelaruri mme a hira ba bangwe ba e seng ba sennelaruri fa a roba. A re fa a simolola, o ne a lema mmidi mme wa dira sentle fela thata ka a ne a bona dipoelo tse di botoka mo jaanong a neng a tia moko. Rre Tape a re mo mosepeleng o mokhutshwane o a setseng a o tsere mo temong, o lemogile fa temo e batla gore mong a bo a le foo, go bona se se diragalang. A re go sa dira jalo, motho o felela a sa lemoge fa go na le bothata le gore o ka tila bothata joo jang. A re yaare go lengwa a bo a le teng o tshwaraganetse tiro le ba a ba hirileng. Rre Tape o tlhalositse fa temo ya kgwebo e le turu le ditsompelo tsa yone le di le turu mo lefatsheng leno mo a felelang a di reka kwa Aferika Borwa. A re temo e a berekwa ebile e batla senatla e seng go latlhelelwa. A re o eletsa fa lenaneo la temo ya maungo la ISPAAD le ka fetolwa gore balemi bao ba thusiwe ka ditsompelo tse di tlhokafalang. Rre Tape o supile fa balemi ba lefatshe leno ba na le lefatshe le ba ka le dirisang mme mathata e le gore ga ba tlhoafalele temo le fa puso e dira maiteko a go ba thusa ka go ba lemela. O ne gape a re balemi ba tshwanelwa ke go buisanya gore ba leme dijwalo tse di farologaneng gore ba kgone go bona mmaraka wa ko ba rekisetsang teng. Rre Tape o gakolotse balemi go simolola temo ka madi a bone fa ba kgonang teng go na le gore ba adime madi ka temo e tshabelelwa ke dilo di le dintsi di tshwana le dibetso tsa tlholego le malwetsi a a farologaneng. . | economy_business_and_finance | 3 |
Ba Zone 7 ba kopiwa go rekisetsa matlhabelo | Modulasetilo wa komponi ya matlhabelo a Botswana Meat Commission Rre Akolang Tombale o kopile banni ba kgaolo ya Bobirwa ya Zone 7 go rekisetsa matlhabelo dikgomo tsa bone. Rre Tombale o dirile kopo eo ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong gore matlhabelo a tlhoka palo e ntsi ya dikgomo gore a seke a phutlhama. A re BMC e tlhoka dikgomo tse dintsi tse e ka di rekisetsang kwa lefatsheng la Zimbabwe mme a dira kopo gore fa matlhabelo a reka dikgomo mo kgaolong eo barui ba rekise ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Tombale o kopile maitshwarelo mo baruing go bo madi a dikgomo tse di neng tsa rekwa mo kgaolong eo a tlile thari a re seo se tla tlokafadiwa mo lebakeng le le tlang. A re BMC e tlhoka palo e ntsi ya dikgomo mme a supa fa kgaolo e ya Bobirwa e nale bokgoni ja go rekisetsa matlhabelo palo e e tlhokegang. O supile fa kgaolo eno e wetswe ke leuba mme barui ba ntse ba jesa dikgomo tsa bone dithokolo tsa dikoko a re seo se kgotlela nama ya kgomo mme go sa direle lefatshe leno sentle mo mohameng wa nama kwa mafatsheng a sele. A re BMC gape e tshwengwa ke bolwetsi ja mabele (measles) mme a kopa barui go aga matlwana a boiteketso gore dikgomo di seke tsa ja leswe. Rre Tombale a re mo dikgomong di le lekgolo tse di bolawang kwa BMC di le lekgolo, di le lesome di tshwarwa ka bolwetsi ja mabele. Rre Tombale a re matlhabelo a BMC a ikaelela go fokotsa bolwetsi joo go tswa ko go 20 percent go ya kwa selekanyong sa 3 percent ka go fa barui dipilisi gore bolwetsi joo bo laolesege. O kaile fa mohama wa kgomo e le mengwe e e ka dirisiwang go lwantsha lehuma ka lefatshe leno le nale bokgoni ja go rua kgomo mme a kopa barui go rekisa dikgomo tsa bone gona le gore di nyelediwe ke leuba. Fa a ama letsatsi la boipuso a re Batswana ba tshwanetse go gopola kwa ba tswang teng ka lefatshe leno le kile la bo le humanegile thata e bile le sena ditlhabololo dipe. A re Botswana o balelwa mo itsholelong e e fa gare go tswa seemong sa mafatshe a a humanegileng thata a re seo se tlhoka go iteelwa legofi. Rre Tombale o kopile Batswana go tswelela ka go tlhabolola lefatshe la bone le baakanyetsa dikokomane tse di tlang. Fa go ntse jalo banni ba motse wa Molalatau ba ne ba ipelela boipuso ka mmino wa dikhwaere, metshameko wa kgwele ya dinao kwa kgotleng ya motse. Morulaganyi wa tiro eo Mme Kate Machaba o tlhalosiste mo potsolotsong fa ba kwa Molalatau ba simolotse go busetsa boipuso mo serodumong sa bogologolo. Mme Machaba a re dikereke ka go farologana le tsone di ne tsa tsaya karolo mo go ipeleleng boipuso. Dikhwaere di supa tsa Molalatau di tsa keteka boipuso koo mme Mme Machaba o supile fa go kgobokanyetsa sechaba go lo go le gongwe go tlisa boitumelo ka letsatsi la boipuso. O supile fa ka boipuso batho ba kgobokanela kwa kgotleng kwa ba lalang teng mme se se dire gore borukhutlhi le jone bo laolesege. Mme Machaba a re ga go nke go nna le dikgogakgogano ka ba bogosi le mapodisi ba tsaya karolo ka letsatsi le. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Sefhare o ipaakanyetsa molelo | Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Bakuedi Masole, o rotloeditse setshaba go tsenya marapo mo dinameng jaaka ba tsweletse ka go baakanyetsa kamogelo ya molelo wa kgolagano le boipuso mo metseng ya bone. Rre Masole o ntshitse thotloetso e mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke komiti e e baakanyetsang boipuso kwa Sefhare bosheng. A re ngwaga ono o tletse ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di batlang tshwaragano, morero le boithaopo jo bo tseneletseng mo setshabeng gore di atlege. A tlhalosa fa puso e ka seke e di kgone ka bonosi. Rre Masole o ne a gakolola ka diphetogo tse di diragetseng bosheng tsa malatsi a go goroga ga molelo wa kgolagano mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami.A supa fa molelo o tlaa gorogela lantlha kwa Pilikwe kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gatlhano mme o feleletse kwa Sefhare Seetebosigo a le lesome le bobedi. O ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami go itse malatsi a kgorogo ya molelo wa kgolagano mo metseng ya bone. A re keletso ke gore fa molelo o tsena mo metseng, banni ba o amogele ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Masole o tsweletse ka go gakolola gore botlhe ba ba tlaa bong ba tsaya karolo ka letsatsi la kgorogo ya molelo, ba bo ba ipaakantse go utlwala. A re go tshwanetse ga nna le moemedi mo motseng yo o tlaa bong a amogela molelo go tswa mo motseng o mongwe go ya go o neela kgosi ya motse o molelo o tlaa bong o goroga kwa go one. O ne a bolela gore gape motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le sebui sa moemedi wa banana. Rre Masole a re sebui sengwe le sengwe se se tlhophilweng mo motseng go bua ka letsatsi la molelo, se tshwanetse go tlhaloganya gore kgang kgolo e go tlaa bong go buiwa ka yone ke popagano le tswelelopele mo setshabeng le mo lefatsheng ka kakaretso. A re gape sebui se se tlaa tlhophiwang go tlhalosa ka ditso tsa motse e bo e le motho yo o nang le kitso e e tseneletseng ka ditso tsa motse. Rre Masole a gakolola gore banalebogole ba seka ba tlogelwa kwa morago. O ne a supa fa molelo wa kgolagano o faphegile ka jalo a rotloetsa gore o amogelwe ka tsela e e faphegileng. BOKHUTLO | society | 9 |
Baithuti ba gakolotswe go ikgapha | Baithuti ba ba sa tswang go fetsa dithuto tsa lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go itse fa monate wa lefatshe o sa fele mme ka jalo ba seka ba itshenyetsa bokamoso ka go tabogela go tsena mo maratong ba sale bannye, ka nako e e tshwanetseng e tla goroga. Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti bao, mookamela lekalana le le itebagantseng le tlhokomelo ya baithuti e bile e le morutabana go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu, Rre Mompati Tlhabiwe, yo e neng e le sebui sa letsatsi, o tlhaloseditse baithuti gore ba seka ba tabogela monate wa nakwana o o ka sekeng o ba ise gope mo botshelong fa e se go ba wetsa ka lemena fela. Rre Tlhabiwe a re baithuti ba tshwanetse go itse lebaka la go bo ba tsena sekole. O ne a ba kaela gore ba seka ba pataganya thuto le sepe gore ba tle ba fitlhelele ditoro tsa bone mme morago ba je monate o ba o eletsang ba sa tshwenngwe ke sepe ka ba tlaabo ba kgona go itshedisa e bile ba tlaabo ba ipetletse bokamoso. A re monate o banana ba ikamantseng le one o tsisa matlhotlhapelo fela mo matshelong a bone le go ba wetsa ka lemena, mme a ba gwetlha go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone le go reetsa dikgakololo tsa batsadi, ka go itlhokomolosa seo go tla dira gore ba thanye lo le tsebeng, ba setse ba babalelwa ke ditlamorago tsa botlhokatsebe O ne a ba lemotsha fa ba tla tswelela ba itemogela dikgwetlho di le mmalwa ka ntata ya go gola le diphetogo tse di diragalang mo mebeleng ya bone, a bua jalo a ba lemotsha fa motho ka boene a ka ikgethela gore o batla go tshela jang, ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ka nako ya gagwe ya bonana. O tsweletse ka go supa fa setlhogo sa letsatsi se se reng ‘Moremogolo go betlwa wa taola wa motho wa ipetla’ se le maleba fela thata mo go lemotsheng bosetlabosheng fa go le mo maruding a bone go itirela tse di siametseng matshelo a bone. E ne ya re a tswa la gagwe mooki kwa kokelong ya motse oo, Rre Pelontle Mogae, a supa fa dikgang tsa boimana jwa banana le malwetsi a tlhakanelo dikobo di ile magoletsa mo kgaolong mme go lebega di ama bana ba dingwaga tse di kwa tlase fela thata. A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekole fela mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele o abo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare. Rre Mogae o ne ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO | education | 4 |
Khama o motlotlo ka bagodi | Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re bagodi ba nnile le seabe se segolo mo go ageng lefatshe le. Tautona Khama o buile jalo ka Matlhatso kgwedi ya Mopitlo e rogwa kwa Kopong a abela bagolo dikobo, dipone tse di dirisang letsatsi, dihempe le dibaebele. A re puso e ntse e leka bojotlhe go rurifatsa gore banana ba eme ka dinao go itirela ka e le bone bokamoso jwa Botswana. Tautona Khama a re le fa go ntse jalo, Batswana ga ba a tshwanela go lebala bagodi ka e le bone ba dirileng motheo wa lefatshe la Botswana. “Ke leboga tiro e le e dirileng le ka fa le neng le tshwere ka teng go direla lefatshe leno,” ga bua Tautona Khama. A re o leboga gore pula e bo e tsweletse ka go na ka jaana seo se raya gore Batswana ba tlaa bona se ba se jang. A re dikobo tse a di abang di tlaa thusa mariga ka e bile a se kgakala. Tautona Khama o ne a bontsha bagolo ka fa lebone la marang a letsatsi le berekang ka teng. O ne a wetsa tiro ka go abela baruti dibaebele gore ba rute lefoko la Modimo ka le le botlhokwa mo botshelong jwa motho. Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a lebogela Tautona Khama tiro e a e direlang lefatshe leno mme a re mpho ke selo se se botlhokwa, bogolo jang se fiwa mogolo e le malebo. E rile Mopalamente Maj. Gen. Moeng Pheto a leboga a supa fa Tautona a dira tiro e ntle mme seo se tla aga mo dipelong tsa Batswana. A re o lebogela dimpho tse bagolo ba di amogetseng ka jaana di tlaa ba tswela mosola. Tiro e ne ya fela ka go ja sefitlholo mme Tautona a tsholela bagodi a thusiwa ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu le mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi. BOKHUTLO | society | 9 |
Selelo se fedile | Se se boletswe ke mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele mo phuthegong ya kgotla kwa Ralekgetho bosheng. O boletse fa e le keletso ya puso gore e re Morule a ya fifing ngwaga o o tlang , lehuma e bo e le selo sa maloba. Rre Makgalemele a re ka jalo puso e tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore ba fitlhelela maikaelelo ao. A re dikgato tsa go nna jalo di akaretsa go hira bommaboipelego le barutuntshi ba nakwana ba ba tlaa itebaganyang fela le lenaneo le. Mothusa tona o boletse gape fa madi a lenaneo la nyeletso lehuma a tlaa isiwa kwa ofising ya ga molaodi; selo se a reng se tlaa fefosa go duelwa ga bao ba go rekilweng dithoto le leruo mo go bone. O boletse gape gore mo maitekong a go itebaganya le bogodu jwa dipodi tsa lenaneo le mo go ileng magoletsa, lephata la gagwe le ba lekalana la sepodise ba tsweletse ka go dira letshwao le le tlaa dirisiwang e le sekano sa dihutshane tsa nyeletso lehuma. | society | 9 |
Masunga o akotse boipuso | Go lebega banni ba Masunga ba ne ba nyoretswe go bona letsatsi la Lwetse a le masome a mararo le goroga le ka lone lefatshe leno le neng le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. Kgotla ya motse ono e ne e penologa go rena megolokwane jaaka morafe o ne o ipelela boipuso jwa monongwaga ka kagiso le boitumelo. Banni ba motse oo ba ne ba rolelwa molaetsa wa ga Tautona wa boipuso ke molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela mme ba o amogela ka theetso e e seng kana ka sepe le ka boitumelo. Fa a ema morafe ka lefoko, Kgosi ya Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a kopa Batswana gore ba leboge Modimo ka dinako tsotlhe go bo e le ene a thusitseng lefatshe leno go fitlhelela tse le di fitlheletseng e sa le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966. Kgosi Maruje III a re mo dingwageng tseo lefatshe leno le ne le tshwerwe ke lehuma le le neng le boitshega mme Modimo ka thato ya one, a le direla dikgakgamatso ka jaana mo nakong eno ope yo o ka iphitlhelang a tlhokile lesego la go apara le lehuma, mananeo a puso a teng go mo namola le gone go tsholetsa botshelo jwa gagwe. A re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelafatsa le go itumelela lefatshe la bone ka gotlhe mo ba ka go kgonang ka le le botlhokwa mo matshelong a bone ka jaana ba akola go tshela ka boitumelo, kagiso le gone go tshela ka tekatekano, tse batho ba mafatshe a mangwe ba sa di boneng gotlhelele. Kgosi Maruje III a re mo godimo ga tsotlhe, Motswana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le boitshwaro jo bo eletsegang e bile a ikgakologelwa, a itse fa a tsweletse le mosepele wa botshelo. A re keletso ke gore le go ya pele kagiso le thokgamo tse di ntseng di rena mo lefatsheng leno di tswelele go ya go ileng. Go ntse go le foo, Kgosi Maruje III a re o eletsa morafe wa gagwe o ka tshwaragana go leka go fitlhelela ditoro tse ba di akantseng mo motseng, e le ka maikaelelo a go isa motse wa Masunga kwa pele. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima ebile e le Mothusa Tona yo mosha wa tsa Peeletso, Kgwebo le Papadisano Rre Biggie Butale o ne a gwetlha morafe wa Masunga go ema Kgosi ya bone nokeng. Rre Butale o ne a supa fa go tsholetsega ga motse wa bone go ka kgonega fela fa go na le tirisano mmogo e bile botlhe ba itlama go tsenya letsogo mo go sepe se se diragalang mo motseng. Moletlo oo, o mo mosong o neng wa tlhagolelwa tsela ke dikgaisanyo tsa mabelo a sekgele sa dikhilometara tse nne, a akaretsa mabelo a dibaesekele, o ne wa natefisiwa ka mmino, poko le moopelo.BOKHUTLO | politics | 7 |
Batswana ba kgothadiwa go ithekela dikoloi ka tlhamalalo | Batswana ba kgothaditswe go ithekela dikoloi ka sebele go na le go neeletsa batho ba bangwe. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a central kwa toropong ya Francistown, Superintendant Lebalang Maniki a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a sa leng a rekile koloi kwa United Kingdom mme le mo nakong eno a santse a lebile tsela. A re mme yoo o ne a bona bangwe mme ba mo tlhomamisetsa fa ba reka dikoloi tsa bone kwa United Kingdom. Superintendant Maniki a re mme yoo o ne a tsenya P70 000 mo bankeng ya United Kingdom, ka Phatwe go reka koloi mme nako kgolo ke eno. O tlhalositse fa mme yoo a kgona go bua le bone ka maranyane a facebook le internet mme ba nna ba mo solofetsa gore e mo tseleng morago ga nako ba fetola kgang ba bua di sele. Superintendent Maniki a re dikgang tsa go nna jalo go thata go ka golagana le mapodise a Interpol go ba thusa go tshwara dirukutlhi tsa go nna jalo ka ba sa itse gore batho ba teng ke bomang. O tsweletse a re dikgang tse di ba tshwenya thata ka e se lantlha go diragala jaana, a supa fa go setse go tsamaile madi a a ka tshwarang P100 000. O rotloeditse Batswana go ithekela dikoloi tse ba di bonang ka matlho le mo bathong ba ba nang le diteseletso tsa go rekisa dikoloi. Superintendent Maniki a re sepodise sa Botswana se ruta letsatsi le letsatsi gore batho ba seka ba thanya lomapo lo le tsebeng mme batho ba ipeile tsebe se utlwe. A re dikgang tse dingwe tse di ba tshwenyang ke tsa batho ba ba hirisang diteseletso tsa go rwala setshaba le mororo di sa dirwa sentle. Superintendent Maniki a re kwa bofelong batho ba ba rekisetsa dikoloi tsa ba bangwe ka maina a diteseletso tsa bone. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Mananeo a puso mangwe a thulana golo gongwe | Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi o kopile morafe wa Sikwane go tlhokomela noka ya Madikwe ka e ka ngoka bajanala le go tsosolosa itsholelo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Sikwane bosheng, mopalamente o tlhalositse fa boeteledipele bo eme nokeng kgosi le banni ba metse ya dinokeng go sireletsa noka. A re go tlaa dirwa matshwao a a kgalemang go leswafatsa noka mo tseleng e e yang koo go tlhagisa badirisi ba yone ka bodiphatsa jwa go e leswafatsa. A re le fa go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgatholosa matshwao a a mo ditseleng, ba tlaa tswa ka ditsela tse di ka dirisiwang go supa tlhwatlhwa ya noka mo matshelong a bone. Mopalamente Molebatsi a re noka e botlhokwa ka e ka ngoka ba mafatshe a sele mme le bone ba ka e dirisa mo go tsa temo. O kopile banni ba dinokeng go ikanya temo-thuo ka e ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. A re banni ba tshwanetse go nna le tirisano mmogo gore ba kgone go atlega mo go tse ba di dirang. O boleletse banni fa e le nako ya gore ba nne le botsalano le babeeletsi gore ba kgone go ba thusa mo temong le gore ba ipope ditlhopha gore masimo a bone a agelelwe gore ba kgone go a hirisetsa babeeletsi fa bone ba ise ba a dirise. A re go botlhokwa go dirisa lefatshe fa o na le lone go na le go le rekisa ka bangwe ba dirisa madi botlhaswa mme ba palelwe ke go itshetsa. O kopile banni ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise gore ba a adime ba ba nang le kgatlhego ya go a dirisa. Mopalamente o tlhalositse fa e setse e le nako ya gore balemi ba nosetse gore ba kgone go ntsha ditema tse di bonalang. A re go maleba mo nakong ya gompieno go lema dijo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa ka seemo sa loapi se sa itsagale. Mopalamente o kopile banni gore fa ba hirisa masimo jaaka bangwe ba setse ba dira kwa Mmathubudukwane, go botlhokwa gore ba ithute se bahiri ba se dirang gore le bone mo nakong e e tlang ba kgone go itirela. O tlhalositse fa go setse go na le babeeletsi ba ba supileng kgatlhego mo ditshimong dingwe go lema di Fa a rolela mopalamente ka tsa komiti ya ditlhabololo ya motse, modulasetilo, Mme Kgomotso Radibe o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma le Ipelegeng ka a dira sentle kwa motseng oo. O kopile gore bagolwane ba Ipelegeng ba iphe nako go lekola le go sekaseka lenaneo leo gore le dira jang. A re ke nako ya gore go sekasekwe kgolo ya poso ya Sikwane ka e le yone e thusang banni botlhe ba dinokeng mme e le potlana. Mme Radibe o tlhalositse fa ba tlhabolola ntlo lehalahala ya Sikwane. Fa ba akgwa mopalamente dikgaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse mafoko a mopalamente a go ba kgothatsa go tshwaragana. A re mogopolo wa temo ke mogopolo o montle mme o ka felela o paletse ba le mmalwa ka mabaka a tsela ya Modipane e e sa siamang mme go ba tlama go tsena ka Mochudi go fitlha kwa dinokeng. O kopile mopalamente go isa kgang ya tsela ya Modipane kwa palamenteng. Rre Joel Molatlhegi o kopile gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha mo motseng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi go lwantsha masula a a diragalang mo motseng. | environment | 5 |
Tsela ya MandunyaneMathangwane e tlaa tswelela | Banni ba Borolong ba boleletswe fa tsela ya MandunyaneMathangwane e e fetang kwa Shashe Mooke e ralala Borolong, Chadibe le Mathangwane e tlaa dirwa morago ga go emisiwa ga thendara e sena go ajwa ngogola. Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao o boletse jalo kwa phuthego ya kgotla kwa Borolong ka Mosupologo Hirikgong 13. A re tsela eo e ya go tswelela e dirwa ka go fetola moalo wa yone wa pele go dirile gore go nne bonya go ka e simolola morago ga go emisiwa ga thendara ya ntlha. Rre Molao a re baitseanape ba ditsela ba rile go kanoka tsela eo ba lemoga fa moalo o tlogetse dilo dingwe di tshwana le borogo jwa Semotswane le jwa Borolong, fa lefelong le terena e fetang kwa tlase, dikoloi di le kwa godimo le tsela e e fapogang mo go eo, e e tsamayang dikoloi tse ditona di sa ralale motse. Rre Molao yo e bileng e le tona wa thuto go tswa kwa moding, a re moalo wa tsela o setse o dirilwe go mo legatong la bobedi la go phadisanela thendara. A re tsela eo e tlaa dirwa ka ngwaga wa madi wa 20202021, mme e tlaa lopa P7 million. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Chanungwa Madzonga o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng, a re ka lone ba kgonne go teratelela mabitla le go aga ntlo ya boitiketso. Modulasetilo o ne a ngongorega ka bonya jwa puso go tlhoma motse wa bone boremelelo jwa ditlamelo. A re ba tswa kgakala ka kgang ya teng, gape a re ba sale ba kopile go atolosiwa ga kokelwana ya motse oo go nna e e belegisang. Banni ba ne ba leboga thulaganyo ya go ba siela metsi go tswa kwa Shashe, e e setseng e simologile, ba re seo se tlaa araba selelo sa bone sa lenyora. Ba ne gape ba kopa puso go ba agela sekole se segolwane mo motseng, ba supa fa bana ba bone ba tsena dikole kgakala, selo se ba reng se ba ketefaletsa go nna ba tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Molao o boletse fa puso mo nakong ya gompieno e sena thulaganyo ya go aga dikole tse dikgolwane mo go tse di masome mararo le botlhano tse di leng teng. A re gape kwa dikoleng tseo tse dikgolwane go santse go le botokanyana ka e bile dikole tse tharo tse di agilweng bosheng sa Nata, Shakawe le Mmadinare matlo a tsone a borutelo mangwe ga a dirisiwe, seo se supa gore di santse di tlhaelelwa ke palo ya baithuti. A re mo dikoleng ba santse ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, bogolo jang tlhaelo ya matlo a borutelo, mosuke kwa matlong a borobalo le go shafatsa matlo a a teng a borutelo ka dikole tseo di makgasa bontsi jwa tsone. Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa banni go aga matlo go hirisetsa puso, a re le komiti ya ditlhabololo tsa motse fa e na le setsha e ka se neela Botswana Housing Corporation go aga matlo a a ka thusang mo selelong sa letlhoko la boroko. | politics | 7 |
Mogokgo o rotloetsa baithuti go ipapana | Batswana ba tshwanetse go nna le kitso e e tletseng mo dilong tse di farologaneng ka go ka thusa go tlhabolola lefatshe. Mo moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Ramokgonami bosheng, mookamela ofisi ya motlobo wa dibuka kwa Ramokgonami, Mme Chikana Seanego a re se se ka kgonagala fela fa batsadi, barutabana gammogo le baithuti ba tshwaragane. O supile gore maduo a bana mo dikoleng ka bontsi a wela tlase mo go sa jeseng monate mme ga gona ope yo o tshwanetseng go supa yo mongwe ka monwana. A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsenya letsogo mo thutong ya bana gore lefatshe le kgone go nna le baeteledipele ba tlhwatlhwa. Mme Seanego o tsweletse a re barutabana ba dira go le gontsi mme fa gongwe maiteko a bone ga a ntshe maduo a a nametsang ka a tlhaela kemo nokeng ya batsadi, jalo o kopile batsadi ba ba tsentseng letsogo go utlwala mo thutong ya bana ba bone go rotloetsa ba ba saletseng morago. A re gape gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, o tshwanetse gore a bo a tlhokomelesega kwa lwapeng. Mme Seanego o supile fa a sa itumediswe ke mafoko a batsadi ba kgonang go a raya bana ka a na le seabe mo go goleng ga bana. O tsweletse ka go rotloetsa bana go tlhopha ditsala tse di gogelang mo tseleng ya tshiamo fa ba ba sa dirang sentle mo dithutong bone ba kgothaditswe go itsalanya le ba ba botlhale gore ba tle ba ba fe lesedi. Mme Seanego o tsweletse a rotloetsa baithuti botlhe ba ba kgonneng go amogela dimpho gore ba tswelele ka go tsaya tiro ya sekole ka tlhoafalo ka e le yone bokamoso ja bone. O kgothaditse ba ba sa bonang dimpho gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tiise thata mo dithutong tsa bone. Mme Seanego a re Modimo ke ene tsela le boammaaruri jalo fa motho a ka itsalanya le ene o tla a mo araba. E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Ezekiel Tshetlhana a supa fa sekole se se saletse morago ka go ise go nne le ope yo o ikgolagantseng le sone ka fa tlase ga lenaneo la Adopt-a-school. O kopile ba ba nang le bokgoni go ikgolaganya le bone go leka go tokafatsa seemo se se isang maduo a baithuti kwa tlase. Bokhutlo. | education | 4 |
Modiragatsi o rotloetsa baithuti go dira learo | Modiragatsi go tswa mo setlhopheng sa House of Men Theatre Group, Mme Janet Phale, o rotloeditse baithuti ba mophato wa ntlha le wa bobedi kwa sekolong se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, go dira learo la borre le le babalesegileng. O buile se mo potsolosong ka Labobedi, morago ga go buisa le go rotloetsa baithuti ka learo la borre le le babalesegileng, ka thotloetso ya ba lekalana la tsa botsogo la kgaolo potlana ya Letlhakeng. Mme Phale a re o ne a rotloetsa baithuti bao go tsaya kgato ka go dira loaro mme e bile a ba lemotsha bomosola jwa teng. O kaile fa baithuti bangwe ba ne ba na le keletso ya go dira loaro le mme ba kgojwa marapo ke ba bangwe ka ba ba tshosetsa, ba ba bolelela fa go le botlhoko go dira loaro le; fa bangwe bone ba ne ba eletsa go rerisanya le botsadi pele kwa lapeng. Le fa go ntse jalo, bana ba le masome a mane le boferabobedi ba ne ba tsaya kgato ya go dirwa learo le. Modiragatsi yo o ne a tlhalosa fa ba ba tsereng kgato go ya go dirwa loaro, ba ne ba fiwa dipampitshana tsa go kopana le dingaka go ya go dira loaro, mme e bile ba tlaa thusiwa ka sepalamo kwa sekolong go ba isa kokelong. BOKHUTLO | health | 6 |
Batlhophi ba kopiwa go tlhopha Moenga | Batlhophi ba kgaolo ya Ngamiland ba kgothaditswe go tlhopha Moruti Cosmos Moenga wa phathi ya kganetso ya Umbrella for Democratic Change ka e le moemedi wa tlhwatlhwa yo o nang le seriti sa go kopanya batho. Se, se builwe ke Rre Ndaba Gaolathe bosheng, fa a ne a rola semmuso ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo kwa Gumare. Rre Gaolathe o tlhalositse fa Rre Moenga e le mogaka yo o botlhale, a tlatsa ka gore, ntswa a bone thuto, ga a e dirise go ikgogomosa mme o tsisa tshiamo mo lefatsheng la Botswana. A re go mo tlhopha go ya palamenteng go mosola ka a itshupile e le rre yo o lerato e bile a le ponelopele. E rile a ntsha dintlha tsa maitlamo a phathi ya bone a tlhalosa gore ba ikemiseditse go tlhabolola thuto ka go ruta Batswana tiro ya diatla, e seng fela go remelela mo go ruteng bana gore ba bereke kwa diofising. O tlhalositse gore phathi ya UDC e itlamile gore fa e tsaya puso ga e na go tlogela ope kwa ntle, mme a tlatsa ka gore, gore puso kana batho ba fitlhelele ditoro tsa bone go botlhokwa gore go bo go epilwe mosele wa pula go sale gale, go na le tirisanyo mmogo, therisano le kabelano dikitso. O kopile batlhophi go ema ka dinao go tlhopha sentle, ka kgololesego ya Botswana e le mo matsogong a bone. E rile a ntsha la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Ngami Moruti Cosmos Moenga, a tlhalosa fa puso ya Domkrag e e sa bolong go busa e le puso ya ga Mmamosadinyana, mme phathi eo yone e romilwe fela. A re fa a ka tlhophiwa o tlaa rurifatsa gore kgaolo ya gagwe o a e tlhokomela le go e direla ka gotlhe. O kgothaditse diphathi tsa kganetso go kopana go bereka mmogo ka a dumela se, se ka ntsha phathi ya Domkrag mo pusong. Moruti Moenga o emetse ditlhopho tse, a gaisanya le Rre Taolo Habano wa Botswana Congress Party le Rre Thato Kwerepe wa phathi ya Botswana Democratic Party. Bokhutlo | politics | 7 |
Bogodu jwa ditonki bo keketse kwa Ramokgonami | Kgosi Sefako Gaobuswe wa Ramokgonami a re o tshwentswe ke seemo se se golelang pele sa bogodu jwa ditonki. Mo potsolosong bosheng, Kgosi Gaobuswe o tlhalositse fa seemo se, se ntse se le teng le mo dingwageng tse di fetileng mme mo ngwageng ono se bifile. A re bontsi jwa batho ba ba amegang mo bogodung jo, ke banana ba dingwaga tse di simololang ka lesome le borataro go ya ko godimo. Kgosi Gaobuswe o tsweletse ka go kaya fa a utlwisiwa botlhoko thata ke gore bangwe ba banana ba ba amegang mo borukutlhing jo, e santse e le baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo. O tlhalositse fa gantsi ditonki tse, di a bo di utswelwa go bolawa di bo di jewa nama. O boletse gore mo melatong e mengwe ya borukutlhi jo, ba lemogile fa go na le tirisanyo fa gare ga banana ba metse ya Ramokgonami, Maape le Tumasera. O tlhalositse gore ba Ramokgonami ba tlaa bo ba utswa ditonki mo motseng wa bone ba bo ba di fa ba Tumasera kana Maape mme bao le bone ba bo ba ba fa tse ba di utswileng mo metseng ya bone. Kgosi a re se se ngomolang pelo, ke gore go lemosegile fa bangwe ba banana bao ba kgona go bolaela ditonki tseo mo matlhong a batsadi ba bone mme batsadi ba bo ba sa tsee kgato epe le ntswa ba itse gore bana ba bone ga ba na seruiwa sepe. O tlhalositse fa katlholo ya borukuthi jo, e ka nna dingwaga tse tlhano mo kgolegelong kgotsa go feta. O kopile setshaba go ikgapha mo dithotong tse e seng tsa bone a bo a kopa le batsadi go tsenya bana mo tseleng ya tshiamo gore ba gole ba na le boikarabelo. O lebogetse batsadi ba ba dirasanang le bone ka go ba begela ditiragalo tsa mofutla o. Go sale foo, Kgosi Gaobuswe a re ba simolotse go amogela dikgang tse dingwe tsa borukutlhi ja manweenwee a a amogang setshaba dithoto tsa bone mo maemelong a dipalamo a a kwa ntle ga motse. A re bosheng jaana, mme mongwe o ne a tla go ba begela fa lekawana lengwe le ne la mo supa ka thipa mme morago la mo amoga beke e a ne a supa fa e ne e na le madi, mogala wa letheka, omang le bukana ya mesepele. O boletse fa selalome seo se ise se tshwarwe. | crime_law_and_justice | 1 |
Lerato le tiisa lenyalo | Banyalani ba gakolotswe go itsetsepela thata mo manyalong a bone ka go tlotlana le go fana lorato ka nako tsotlhe gonne seo se ka thusa thata mo katlegong gammogo le go tia ga manyalo a bone. Moruti Keppies Mokaedi wa kereke ya Apostolic Faith Mission wa Makopong o buile seo bosheng kwa diofising tsa ga molaodi fa go folosiwa manyalo, a tlhalosetsa banyalani fa lenyalo le siame fela mme bobedi e le jone jo bo ka le tlhakatlhakanyang ka go tlhoka go le dibela le go le agela mo lefokong la Modimo. O boletse gore go itshwarelelana fa yo mongwe a dirile phoso go di goga kwa pele mo go ageng lelwapa le le itsetsepetseng. O boletse fa e le moruti yo o ithaopetseng go bereka le balaodi ka dinako tsa manyalo fa go folosiwa mme a re tiro ya gagwe e tona ke go kgothatsa le go gakolola banyalani ka go ba rerela lefoko la Modimo. A re gantsi o kgothatsa banyalani ka ditemana tse di tlhalosang e bile di remeletse thata mo lenyalong. Moruti Mokaedi a re o dirile tiro e ya Modimo morago ga go lemoga fa go na le manyalo a le mantsi a thubegang mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. A re o sale a simolotse go dira tiro e ka 2000 go fitlha mo nakong eno. O kaile fa a itumedisiwa ke ka fa a berekang ka teng le balaodi ka a re botlhe moono wa bone ke go aga malwapa a a tiileng. Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase o tlhaloseditse banyalani ka molao o mosha wa tlhakanelo dithoto a supa fa go na le ditatlhegelo le dipoelo mo go one, ka jalo a re ba tshwanetse go o itse le go o tlhaloganya pele ga ba tsena mo lenyalong. Mothusa molaodi o tsweletse ka go tlhalosetsa banyalani fa ba tshwanetse go rerisana, go tlotlana go nna boineelo le gone go ratana ka e le gone go ka agang lelwapa le go renang kagiso mo go lone ka nako tsotlhe. O boletse gore lenyalo ke konteraka e e felang fela fa yo mongwe a tlhokafetse kana go kgaogana ka fa molaong fa lorato le setse le fedile. A re ba lemogile gore sengwe sa dilo tse di thubang manyalo ke go tsena mo lenyalong go sena lorato, motho a gabile dithoto fela. Mme Kutlase o supile gore fa e sale ngwaga ono o simolola ba nyadisitse manyalo a le masome a mane le boraro go fitlha mo nakong eno, a kaya fa mo go one a a nyadisitsweng ke baruti kwa dikerekeng a le matlhano fela. Fa akgela mongwe wa batsadi, Mme Elizabeth Jacobs o gakolotse banyalani gore lenyalo le a itshokelwa, a ba a gatelela thata gore puisano le therisano ke tsone konokono mo go atlegeng ga lone. | society | 9 |
Dikgang tsa kgokgontsho di a tshwenya | Mogolwane wa mapodisi a Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Berman July, a re kgokgontsho ya bomme le bana e atile kwa kgaolong ya gagwe. Rre July o boletse jalo mo potsolotsong bosheng kwa Vaalhoek morago ga go wela ga malatsi a lesome le borataro a a seegetsweng fa thoko go rotloetsa batho go iphapha mo kgokgontshong ya bong. O kgadile a sa kgwe mathe boitsholo jo bo sokameng kwa kgaolong eo. Rre July a re ditiragalo tsa letsatsi le, di ne di neela banni sebaka sa go itshekatsheka. A re ka ngwaga wa 2018, morafe o ne wa kopanela kwa kgotleng ya Vaalhoek go buisana ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, mme maiteko a a nametsa ka gore dikgang tse di gorogang kwa go ba sepodisi di fokotsegile monongwaga. A re go botlhokwa go kopana le morafe le magosi a metse eo go tswa ka methale ya go fenya kgokgontsho. Mogolwane o ne a supa gore e re le ntswa dipalo tsa dikgang tsa petelelo di fokotsegile, tsa dikiteo di ile kwa godimo mme e bile dingwe di setse di isitswe fa pele ga makgotla tshekelo. Rre July a re maikaelelo a bone ke go fedisa kgokgontsho ya bomme gotlhelele ka jalo go botlhokwa go tshwaragana le morafe go fitlhelela se. A re kgangkgolo ke go ipotsa gore ke eng motho a tswelela a dira molato le ntswa a itse dikatlholo tsa one. A re bontsi jwa dikgang tse di gorogang ke tsa ba ba tlang ba na le dikgobalo tse di masisi. Rre July o tlhalositse jalo gore go santse go supega fa bomme le bana e le bone ba ba amegang mo dikgannyeng tse thata. Mogolwane wa mapodisi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba begang dikgang kwa go bone mme e re moragonyana ba di boele morago ka mabaka a gore modiramolato ke ene a berekang mo lelwapeng. O ne a tlhalosa gore bontsi jwa dikgang tsa sebopego se, go a diragala gore yo o iteilweng a boe gape a boele kwa mapodising a iteilwe morago ga go tsholola kgang. Rre July a re ba tswelela ka go tlhaba podi matseba ba ba kgokgontshitsweng ka borai jwa go gana ka bosupi gore modiramolato a sekisiwe. A re ga gona se mapodisi a ka se dirang fa yo o kgokgontshitsweng a gana ka bosupi. Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Vaalhoek, Mme Nametso Barwabatsile a re o lemogile gore bana ba a kgokgontshiwang kwa malwapeng mme bontsi jwa dikgang ga di begelwe mapodisi. A re bontsi jwa kgokgontsho mo motseng oo, bo tlhotlhelediwa ke go iphetisa dinotagi. Mme Barwabatsile a re bana ba ba golelang mo tikologong e e ntseng jalo ga ba nke ba iketla mo moweng mme ebile ba supa seo ka go betsa ba bangwe kwa sekolong mme se se kgoreletse dithuto tsa bana. A re go santse go na le bana ba thubediwang mme se se ame bana fela thata mme se ame le dithuto tsa bone. Mme Barwabatsile o tlhalositse gore mo malwapeng mangwe, go lemotshega fa bana ba sala ba le nosi batsadi ba ile go nwa bojalwa mme se se ame kgodiso ya ngwana. A re selo se ba se bona mo boitsholong jwa bana kwa sekolong ka go nna tlhogo e thata kana batla ba na le dikgobalo dingwe. Fa a tswa la gagwe, kgosana ya Vaalhoek, Rre Paul Bock o boletse fa go santse go na le batho ba ba isang dikgang kwa go bone mme morago ba di boele morago ka mabaka a farologanyeng. A re seemo seo se a tshwenya ka gore morago yo o iteilweng o boa gape a itewa mme a boele gape kwa go kgosi. Ka jalo, a re ba ba tlang kwa go ene ba na le dikgobalo tse di masisi ba neelwa mapodisi go tlhotlhomisa. Go ya ka mogolwane wa ofisi ya bong, Mme Tsholofelo Kombani, dipatlisiso tsa Botswana National Relationships Survey di supa gore mo lekgolong, masome a mararo le bosupa ke bomme ba ba kgokgontshiwang ke bakapelo ba bone. A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e mo maemong a borataro mo go tsa kgokgontsho. A re dipatlisiso di supa fa bontsi jwa borre ba ba kgokgontshang go supagetse fa ba ne ba kile ba kgokgontshiwa fa ba sale ba botlana. | crime_law_and_justice | 1 |
Mopalamente o kopa banni go aga dikomiti tsa motse | Mopalamente wa Goodhope-Mabule Rre Eric Molale o kopile banni ba kgaolo eo go tlotla le go aga dikomiti tsotlhe tsa motse kwa kgotleng. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Pitsane, a tlhalosa fa ditlhabololo di sa tsamae sentle mo kgaolong ka go sa salwe tsamaiso morago. O tlhalositse fa go tloga bogologolo dikomiti tsotlhe tsa motse di ne di tlhophelwa kwa kgotleng. Rre Molale o kaile fa dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, komiti ya botsogo, ya thuto, e e gokaganyang ditirelo mo motseng, le ya temo-thuo e le tsone tse di gogang motse. O tlhalositse fa go tlhophela dikomiti tse kwa ntle ga lekgotla go sa siama ka le ba bogosi fa gongwe ba sa rerisiwa. Rre Molale o supile fa puso ya Botswana e dumela mo morerong, mme a kopa banni go simolola go dira sengwe le sengwe sentle ka go tlhophela tsotlhe mo kgotleng mongwe le mongwe a le teng a bona gore go diragala eng. O tlhalositse fa a ikaeletse go bereka le morafe wa Barolong sentle mme a kopa gore ba bereke ka manontlhotlho le ene. Rre Molale o file sekai gore go bo go na le dingongora tse dintsi ke gone go tlhoka gore dikomiti di bo di bereka mmogo. O kaile gore fa dikomiti di ka bereka mmogo le bodirelapuso, se se ka fefosa ditlhabololo le gone go isa kgaolo kwa pele. O kopile gore ba itsese kgosi ka ditirelo le dikomiti tsotlhe tsa kgaolo. Kgosi Tiego Leshomo wa Pitsane o supile fa letlhoko la metsi e le kgwetlho e tona, mme a kaya fa a solofela fa mopalamente a tlaa ba thusa ka dikakanyo le gone go bona gore bothata jo bo fedisiwa jang. O akgotse mopalamente go ba tlhola fela ngwaga o simolola, a tlhalosa fa se se ba fa tsholofelo ya gore kgaolo e tlaa tlhabologa. | politics | 7 |
Khume o tlaa emela kgaolo ya Tutume | Dikgosi tsa kgaolo ya Tutume di rometse Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela go ya go emela bogosi jwa kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi. Kgosi Khuwe o nnile mofenyi mo ditlhophong tse di neng di tshwerwe kwa Tutume bosheng tsa go tlhopha moemedi wa bogosi jwa kgaolo. Ditlhopho tseo tse di neng di tsamaisiwa ke molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, di ne di emetswe ke Kgosi Khuwe le Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata. Kgosi Rancholo yo o latlhegetsweng, a re bone ka palo ya dikgosi e le kwa tlase, tsamaiso eo e ba baya ka fa mosing ka jalo a kopa gore go fetolwe tsamaiso gore go kgone go fapaanelwa kemedi eo, ka fa e ka salwa morago ba metse ya Tutume ka palo ya bone e ntsi ba tlaa nna ba ba fekeetsa mme e nne bone ba ba nnang ba isa kgosi go emela kgaolo. Kgosi Jenamo Magapatona wa Tutume a re tlhopho ke sephiri ka jalo ga ba kake ba netefatsa gore dipalo tse ba di boneng ba a bo ba tlhophilwe ke batho ba ba tswang mo metseng eo. O tsweletse a re o akanya fa batho ba tlhopha motho ba lebile boleng le bokgoni jwa gagwe e seng gore ke wa letlhakore lefe. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi yo o kileng a emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi, o ba kopile gore ba seka ba tsaya tlhopho eo jaaka ya sepolotiki ka e tlaa ba kgaoganya. Kgosi Mosweu o tsweletse a re e le magosi ke bone ba ba tlisang thitibalo mo lefatsheng ka jalo go botlhokwa go farologanya segosi le sepolotiki. O ba kopile go ema Kgosi Khuwe nokeng ka a emetse kgaolo ya bone. Molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba o akgotse dikgosi tseo go bo di tsamaisa ditlhopho sentle. A re fa e le gore bangwe ga ba itumelele tsamaiso eo ba na le tshwanelo ya go ka e fetola. Rre Chilimba o boletse fa a bone gore go na le digongwana mme a tsaya gore ke yone tsamaiso jalo o ne a ka seke a ba kganele ka fa ba dirang ka teng go tswa ka maina a bontlhopheng ba bone. | politics | 7 |
Kgwebo e tlhoka bopelotelele | E rile bosheng, ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba bo ba rulagantse letsatsi la pitso ya bagwebi le ipapatso le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, beng ba dikgwebo ba ba neng ba akaretsa ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le tikologo mmogo le kgaolo potlana ya Tutume, ba ne ba kaya fa letsatsi leo le le botlhokwa thata mo go bone ka le ba fa sebaka sa go kopana ba neelana maele a ka fa ba ka tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng le go utlwa dikgwetlho tse bangwe le bangwe ba kopanang natso mo dikgwebong tsa bone le gone gore ba kgona jang go itepatepanya le tsone. Ba re sengwe se se itumedisang ka letsatsi leo ke go bo ba kgona go tsaya malebela mo go ba bangwe mo dilong tse di farologaneng jaaka go baya ditlhwatlhwa tsa dithotho tsa bone, ba tlatsa ka gore gape bagwebi ba tswa foo ba rekisitse dithoto tsa bone e bile ba bone bareki ba basha. Le fa gontse jalo ba ne ba lela ka dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang letlhoko la mmaraka, selo se ba reng se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa dira jaaka ba solofetse. Mongwe wa bagwebi Mme Thandie Major wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe, yo ene a inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo mo Masunga, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone. Mme Major a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2012 morago ga go thusiwa ka madi ke ba lephata la banana ka fa tlase ga lenaneo la banana. E re le ntswa a boletse fa a kopana le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, fela o kgothaditse Batswana ba ba sa direng sepe go dira maiteko a go inaakanya le mananeo a puso go bula dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tlhamela ba bangwe mebereko, a tlhalosa fa mo nakong eno a na le babereki ba le babedi. O tsweletse a bolela fa kgwebo e tlhokana le motho yo o nang le maikemisetso e bile a le pelotelele, a tlhalosa fa go na le nako e kgwebo e tsholetsegang le nako e e welang tlase. A re ya gagwe kgwebo e wela tlase mo pakeng ya ngwaga o simologa, mme e dira sentle ka malatsi a boitapoloso. Mogwebi yo o dirang ditlatlana, mekgabisa le dibaga kwa motseng wa Mosojane Mme Kushatha Mazoko wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, le ene fela jaaka ba bangwe o tlhalositse fa letsatsi la go tshwana le leo le mo tswela mosola ka jaana a nna a bona bareki ba basha. Mme Mazoko a re e ne ya re ngogola ba tswa mo bokopanong jwa go tshwana le joo, a bonwa ke bangwe ba dikolo mme ba mo kopa go tla go rutuntsha bana. A tlhalosa fa a setse a kile a rutuntsha bana ba sekolo sa Pandangala Junior Secondary kwa Tutume, mme a le mo thulaganyong ya go ya go rutuntsha ba sekole se segolwane sa Francistown Senior Secondary. A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le dilo tsa ngwao ka a ne a leka go tshegetsa serodumo sa ngwao ka jaana tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir Seretse Khama a kile a tlhagisa batho gore tshaba e e senang ngwao ke mo ka e latlhegileng. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Kgosi o rotloetsa mowa wa boja mmogo | Kgosi Tatlhego Repheya wa kgotla ya Disana II o gwetlhile morafe wa gagwe go tshwaragana ba nna seopo sengwe go kgona go hema mathata a a ka tlhagang mo motseng wa bone. O buile se mo phuthegong ya gagwe ya ntlha morago ga go amogelwa semmuso bosheng.O dirile se ka go bitsa makalana a a amegang a tshwana le mokhanselara, ba sepodisi, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Disana, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, baruti ba dikereke tse di mo Disana ga mmogo le ba kabo ditsha. Kgosi o ne a supa fa phuthego ya gagwe ya ntlha e le go itse botlhe ba ba nnang mo kgotleng ya gagwe le gore ba mo itse. A re se se ka thusa ka e kare go na le mathata golo gongwe go kuiwe mokgosi mme thuso e tswe teng. Kgosi Repheya a re mokhanselara, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ba tshwanetse go nna sekao mo morafeng ka go dirisana le go gata dikgato di le dingwe le ene, ka boraro jwa bone e le bone palamente ya motse. A re fa go ka tlhoka go nna le tshwaragano magareng ga bone ka boraro e le baeteledipele ba motse go ka baka gore batho ba Disana ba nne le dikgotlhang tse di feteletseng ga mmogo le gone go busetsa ditlhabololo kwa morago. Kgosi o ne a tlhalosetsa phuthego ya gagwe fa lefelo la kgotla jaanong ba setse ba le filwe ke ba lekgotla la kabo ditsha ka jalo ba gololesegile go dira ditlhabololo tse ba di batlang mo go lone. A re se se gwetlha morafe gore o ititeye ka thupana go bona gore ofisi ya kgotla e a agiwa ga mmogo le matlwana a boitiketso. O ile a kopa morafe go nna le mowa wa bojammogo ka go ithaopa go ntsha sengwe le sengwe se ba nang le sone, ga mmogo le tsone diatla go aga fa ba ka bolokang didirisiwa tsa kgotla le tsa komiti ya ditlhabololo teng. Go supa fa morafe o gatetse pele, kgosi o ne a tlhalosa fa Rre Keetile Phuthego a ntshitse madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula mokhanselara Mme Boemo Rammuso a tsibogile ka go ntsha dikgetsi tse di lesome tsa semente le seokomelabagwe. A re baruti ba dikereke tse di mo Disana ba tshwanetse go ikwadisa gore go tlhomamisiwe gore di ka fa molaong. A tlatsa ka gore dirukutlhi dingwe di dirisa tsone dikereke tse di sa itsiweng go fitlha dilwana tsa bone mo teng, ka jalo fa dikereke tse di ka tlhomamisiwa go tlaa bo go fokodiwa le tsone dikgang tsa bogodu. O tlhalositse fa dikgato di tlaa tseelwa bao ba ba obamang fela e se ka fa molaong. Go iteela mafoko a gagwe moroko, Kgosi Repheya o ne a kopa morafe go tlotlana. A re fa go sena tlotlano fa gare ga morafe ga gona ka fa ba ka fenyang tseo tse di maswe ka teng, ka jalo morafe o tshwanetse go tshwaragana go kgona go isa Disana pele. | society | 9 |
Banni ba Orapa ba lebogela dipula | Jaaka dipula tse di namagadi di tsweletse ka go gosomana lefatshe ka bophara, banni ba Orapa, ba eteletswe pele ke lekgotla la baruti le bogosi ba bone go le botlhokwa go lebogela ditshegofatso tse ka thapelo. E ne ya re bosheng, mo maitseboeng a Mopitlo a tlhola gane, lekgotla la baruti la tshwara merapelo mo kgotleng ya Orapa go leboga Ramasedi ka dipula tse di dirileng gore naga e apare kobo e tala le gone go tokafatsa seemo sa temo le matshelo a ditshidi tsotlhe ka kakaretso. Mogolwane wa lekgotla la baruti kwa Orapa, Moruti Mirriam Jaba, a re dipula tse di nang ka matsorotsoro di tlaa dira gore thobo e nametse le lone leruo le kgone go bona phulo. Dipula tse di dirile gore matshelo a Batswana a a ikaegileng ka temo le thuo a boele mo seemong le gone go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng leno. Moruti Jaba a re go botlhokwa go lebogela Ramasedi dipula tse di tsweletseng ka go kolobetsa lefatshe. O supile fa ngogola Batswana le dikereke ka go farologana ba ne ba ema ka dinao morago ga kopo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya gore setshaba se rapele go kopa pula ka lefatshe le ne le phaphaletse. Moruti Jaba o ne a supa fa Batswana ba segofetse ka thapelo ya bone e ne ya phunyeletsa kwa magodimodimong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Orapa, Rre Koketso Seloi, o lebogetse Tautona go bo a na le tebelopele le gone go rotloetsa setshaba go lemoga bogolo jwa Modimo; ka a ne a ntsha kopo ya gore go tshwarwe merapelo ya go kopa pula. Rre Seloi o tlhalositse fa pula e tsile ka nako e e siameng ka gore Botswana o ne a setse a phaphaletse e bile a tlhasetswe ke leuba. O supile fa thapelo e le botlhokwa ka e thusa gore tshaba e nne ka kagiso le go bona tse di molemo, a tlatsa ka go re ga go sepe se se ka siamang ntle le thapelo. Bokhutlo | religion_and_belief | 8 |
Modiri o abela bagodi | Modiri wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Bobonong, Mme Keonyatse Kerobale, o abetse bagodi ba le masome a mabedi le bobedi ba Motlhabaneng megagolwane ga mmogo le go ba direla dijo tsa motshegare. Fa a bua kwa tirong eo, Mme Kerobale a re o na le dingwaga di le tlhano a ntse a abela setshaba mme a setse a abile kwa motseng wa Mathathane ngwaga o o fetileng kwa a neng a abela banalebogole. Mme Kerobale o supile fa tiro e ya gagwe ya go aba e le ya ngwaga le ngwaga e bile a sa kope dithuso mo go ope mme a dirisa madi a gagwe a a a amogelang mo pusong. A re o tsaya madi a gagwe a a a amogelang a kgwedi a ntse fela jalo mme a a lebaganye le tiro ya go direla setshaba se a se tlhopileng mme tiro e ya go aba a e tshwaraganetse le ba ofisi ya boipelego kwa motseng o a o tlhophileng go o abela. Fa a tswa la gagwe mmaboipelego kwa khanseleng ya Bobirwa, Mme Gaone Mapodise o kopile banni ba motse wa Motlhabaneng go amogela mpho eo ka lorato a re e supa fa Mme Kerobale a tshegeditse letshego la tshaba e e nang le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Mme Mapodise a re bodiredi bo tshwanetse go nna karolo ya setshaba se ba direlang kwa go sone mme a leletsa mogolokwane tiro eo ya go abela bagodi. Mongwe wa ba ba abetsweng, Mme Talampe Molapisane le ene o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Kerobale a re mpho e e tswa mo boteng ja pelo ya gagwe, mme e bile ba amogetse mpho eo ka lorato. Fa Rre Joseph Madome a re Mme Kerobale o dirile tiro e e botlhokwa ya go gakologelwa bagodi ba motse wa Motlhabaneng. Rre Madome a re mpho eo e raya gore bagodi ba motse o ba tlaa bo ba kgabile ka megagolwane ka letsatsi la boipuso. | politics | 7 |
Mmaosha ke sekao sa bonatla mo tirong | Mme Mmaosha Tuelo wa Bobonong ke mongwe wa Batswana ba ba nang le seabe mo go ageng le go tlhabolola lefatshe la Botswana. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o supile fa a simolotse go direla motlobo wa dibuka mo Bobonong ka 1986 go fitlhelela ka 2014. Mme Mmaosha a re bobelotelele le go bereka ka natla ke gone go mo dirileng se a leng sone mo nakong eno ka a setse a kgona go dirisa maranyane a inthanete le dikhompiutara ntle le go ya sekoleng go di ithutela. O tlhalositse fa go bereka mo motlobong wa dibuka go tlhokana le lerato gammogo le boikobo ka tiro ya go bereka motho letsatsi le letsatsi e se motlhofo ka jalo e batla bopelotelele. Mme Mmaosha a re go dira mo motlobong wa dibuka go mo neetse lesedi la go ithuta go leba ditiragalo ka leitlho le le tseneletseng segolo jang ka gore mo nakong eno o setse a ithutile go kwala mainane. O supile fa a tsamaya mo dikoleng tse dipotlana go tlhabela bana ba lekwalo la ntlha dikinane le go ba ruta gore di raya eng. Mme Mmaosha o tlhalositse fa a le mo tseleng ya go kwala buka ya dikinane e a batlang gore e dirisiwe mo dikoleng tse dipotlana. A re maikaelelo a go kwala buka ya dikinane ke go somarela ngwao ya Setswana e e gomagomediwang ke go nyelela. O tsweletse ka go supa fa go direla mo motlobong wa dibuka go mo neetse sebaka sa go dira dipatlisiso le go ithuta ka ngwao ya Setswana segolo jang ya Sebirwa. A re ditlhopha tsa mmino wa Setswana di akaretsa Shumba Ratshega le Culture Spears di tswa mo diatleng tsa gagwe. O boletse gore morago ga go tlhama ditlhopha tseo, e ne ya re ka 2004 ditlhopha tseo tsa lalediwa go ya go emela lefatshe la Botswana kwa China. BOKHUTLO | education | 4 |
Nnang podimatseba! | E re le ntswa e le pina ya malatsi otlhe gore batho ba nne podimatseba mo dirukutlhing tse di ba amogang ditsabone ba re ke baruti, bangwe ba santse ba wela ka lemena le. Ramapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse, o boletse bosheng gore go na le bangwe ba ba itlhabang ka thipa mpeng ka go tswelela ba reetsa ba bo ba tsiediwa ke batho ba ba ipitsang baruti. A mapodisi a tshwenngwa ke ditiragalo tse, ka e bile motho fa a setse a tsieditswe, o ya go ikuela mme babelaelwa bone ba setse ba tsene ka lenga la seloko. Rre Badumetse a re o tsweletse ka go lekodisa makalana ka go farologana ka seemo sa borukutlhi mo kgaolong. A re o setse a biditse bogogi jwa motse go ntsha megopolo e e ka fokotsang seemo sa borukutlhi ka go farologana mo motseng wa Maun. A re morafe le one o tlaa nna le sebaka sa go biletswa pitso eo. Bokhutlo | crime_law_and_justice | 1 |
YWCA e alosa baithuti | Mokgatlho wa Young Women Christian Association (YWCA) o ne o tshwere moletlo wa kaloso. Go ne go abelwa baithuti ditlankana tsa ithutelo go thoma ditante le mekgabisa le phepafatso ya matlo. Fa a latlhela la gagwe, Mme Botho Gaeseitsiwe go tswa ofising ya mopalamente ya Selebi Phikwe Botlhaba, o ne a gakolola dialogane gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale. Gape a tlhalosa gore motho wa mme ke thari ya setshaba. O ne a tswelelela gape are motho wa mme o bonwa ka bophepa. A gakolola dialogane go itirela leina ka go bereka ka botswapelo le bonokopila ka barutilwe maele le magokonyane a botshelo. O ne a kopa dialogane go tla go thusa mokgatlho o o mo isagong jaaka le bone o bathusitse. O ne a leboga bomme ba maloko a mokgatlho oo ka bannile basamarea ba ba molemo ka ba leka go ntsha banana ba ba sa berekeng mo mekgwatlheng. Mmababana Isabel Ndebele go tswa ko lephateng la banana o ne a gakolola dialogane go etela ofisi ya bone go ta go ithuta ka tsa thuso ya madi a banana. O ne a re ba thusa dikgwebo di tshwana le tsa thuo ya dikolobe, ditante tsa manyalo le tsa go apaa borotho go rekisa, jalo le jalo. O ne are madi a boa fela mo Selebi Phikwe a sa dirisiwe ka banana ga ba dirise lenaneo leo. Are kgaolo e filwe didikadike tse nne tsa dipula. Banana batsaa dipampiri tsa ikopelo ba bo ba sa di buse mo go ba baying mo mosing wa go akola lenaneo leo. O ne a gakolola banana gore fa ba busiwa go ya go baakanya dikopo tsa bone ba seka ba ela ruri mme ba kope thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng. Mme Barbara Mosweu e le leloko la mokgatlho mo kgaolong ya bokone botlhaba ba le ko Francistown are, mokgatlho oo o simologile ka ngwaga wa 1962 o tswa lefatsheng la Aforika Borwa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe. A re Mokgatlho oo one wa atlologela ko bokone ja Botswana. Are mokgatlho o ogwethilwe ke bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go ima le go dirisiwa botlhaswa mo go ba tsenyang mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV. Are ba ikgolagantse le lephatla la bong go lwa ntwa ya kgokgontsho molwapeng. One a tswelela are ba fitlheletse mangwe a maikaelelo a bone jaaka go aga dikolo tsa bananyana mo mafelong a farologanyeng. Kwa Francistown ba agile ntlwana ya ngwana o ruta ngwana (PACT), matlo a borobala a duelwang le lefelo le go rekisiwang dijo. BOKHUTLO | education | 4 |
Ba Maun ba rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela | Mookamela sepodisi sa Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya o kgothaditse bakgweetsi go nna kelotlhoko ka malatsi a Paseka. Superintendent Ramaabya o buile jaana kwa tirelong ya dithapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e rulagantswe ke Botswna Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP), Motor Vehicle Accident (MVA) Fund le lekgotla la dikereke kwa Maun ka Mosupologo. O tlhalositse fa malatsi a boikhutso a tshabelelwa ke go nna le dikotsi tsa tsela ka bakgweetsi le ba dikereke ba tsaya maeto. Superintendent Ramaabya a re go lemotshegile fa boitshwaro jwa bakgweesti e le jone tshoso e rweleng mo go bakeng dikotsi fa go tshwantshanngwa le seemo sa dikoloi le mabaka a mangwe. Ka jalo, Superintendent Ramaabya o gwetlhile bakgweetsi go tsamaya ka lebelo le le letlelesegang le go obamela matshwao a tsela. O gakolotse bakgweetsi gore ba emise go kgweetsa ba itshietse. Superintendent Ramaabya o tlhalositse gore go nnile le dikotsi tsa tsela di le lesome le bongwe ngogola, mme e nngwe mo go tsone e ne e le masisi le fa go ne go sena dintsho. A re palo eo e tshwana le ya dikotsi tse di gatisitsweng ngwagatlola. O gwetlhile badirisi ba tsela go fokotsa dikotsi le go tlhomamisa gore ga go nne le dintsho. Mogolwane wa MVA Fund kwa Maun, Rre Cecil Mosojane o tlhalositse fa lebaka la dithapelo e le go bo go lemogilwe fa dikotsi tsa tsela di diragala gantsi ka malatsia a Paseka. Rre Mosojane o gakolotse dikereke go rulaganya mesepele le go dira diteseletso tsa mosepele go sale nako go itsa go emela letsatsi la bofelo mo go bakang mosuke. O ne gape a re ba emise go tlala mo dikoloing. Fa a amogela batsena dithapelo, Kgosi ya Boseja, Reverend Kegaisamang Ramokwena o ne a gatelela fa boitsholo jo bo maleba e le jone mmangmang mo tseleng go hema dikotsi. Kgosi Ramokwena a re dithapelo di botlhokwa mme Modimo o ka seke a sireletse bakgweetsi ba ba kgweetsang makgwakgwa. O ne gape a gakolola bakgweetsi go fokotsa lebelo, a tlatsa ka go re Modimo o file batho ditlhaloganyo tse di gaisang tsa ditshidi tsotlhe gore ba dire se se tshwanetseng. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Kgosi o kopela morafe didiba | Kgosi ya Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Samuel Bimbo, a re e re le ntswa motse wa gagwe o lebanwe ke letlhoko la metsi lentswa go na le didiba tse di ntseng fela di sa dirisiwe. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa e bile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Westhuizen bosheng, Kgosi Bimbo a re motse wa gagwe ona le didiba di ka nna tlhano mme ga go sepe mo go tsone se se thusang morafe. A re ka puso e phuthulotse letsogo mo go thuseng banana go ba namola mo lehumeng, ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka fa ba nosang teng mo ba felelang ba siela leruo la bone mo malwapeng. Kgosi Bimbo a re gona le didiba ditshwana le sa matimela se se dirisiwang gangwe morago ga lebaka le sengwe se se kileng sa fiwa monana mongwe mme morago ba lephata la metsi ba se tsaya gore se nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone, a re didiba dingwe di mo masimong a batho mme disa dirisiwe. Ka jalo Kgosi Bimbo are fa puso e ka ba utlwela botlhoko ya seka seka gore a banana ba ka seke ba ipope ditlhopha mme ba fiwa didiba gore ba di dirise, a tlatsa ka go supa fa ba koporase ya metsi le bone ba sa fe bao ba ba sielang leruo la bone metsi mo malapeng boroko. Fa tsibogela seo mogolwane go tswa ko go ba lephata lametsi Rre Lae Bachoni tiro ya lephata la gagwe ke go kwadisa le go okamela didiba gona le go siela batho metsi jaaka bontsi bo akanya. Rre Bachoni are gona le didiba tse dintse e seng fela mo motseng wa Omaweneno mme mo kgaolong ya Kgalagadi ka kakaretso tse disa kwadisiwang, ka jalo se ke sengwe se se dirang gore kabo ya didiba tse diseng mo tirisong e ba ketefalele. Are mabaka a gore e be gonale didiba tse dintsi tse disa kwadisiwang ke gore o fitlhela motho ana le didiba tse dintser mme a akanya gore fa a ka dikwadisa tsotlhe dingwe dika gapiwa ka jalo a kwadise se le sengwe. One a tlatsa ka gore bone ele lephata ga bana thata epe ya go gapela batho didiba mme sa bone ke go di kwadis ale go di okamela fela. Ka jalo one a kopa bao ba bas a kwadisang didiba tsa bone go dira jalo gore lephata le tle le itse gore gona le didiba kae dile kae gore ere fa ba seka seka gore ba ka aba jang didiba ba bob a itswe gore di kae le gone di kahe. Rre Bachoni o a tswelela ka gore sediba se Kgosis Bimbo a buang ka sone ke nnete o a se itse ibile ke nnete bane ba se tsaya go se tlhokomela, are sediba se sene sa nna seba se sa dirisiwe mme ba se tsa go se okamela. Are sediba sa matimela sone tiro ya son eke go nosa leruo la matimela. Fa a tswelela Rre Bachoni are gona le lenaneo le le tswetseng kgaolo ya kgalagadi la gore ka kgaolo eo e dira sentle fela thata mo go tsa thuo bato ba fiwe didiba tse ba tla mosang mo go tsone mme are o fitlhela batho ba ikwadisa ka bongwe ka bongwe, ka jalo are ga gona didiba tse di lekaneng go ka abela batho didiba ka bongwe ka bongwe. Are o rotloetsa batho segolo banana go ipopa ditlhophanya mme ba dire ikopelo are ke ka jalo fela fa kabo ya didiba e ka nna bonolo. | society | 9 |
Borre ba rotloediwa go ema bakapelo nokeng | Borre ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV/AIDS le bakapelo ba bone fa ba itsholofetse, gammogo le go ba ema nokeng mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT). Se se builwe ke mothusa mogolwane wa lekalana la NACA, Rre Joseph Kefas kwa moletlong wa letsatsi la itlhatlhobelo mogare o o neng o tshwaretswe kwa Letlhakane ka Labotlhano (Tlhakole 13). Rre Kefas a re le ntswa dipatlisiso di supa fa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di wetse tlase, go na le mogare o o tsweletse o tsena Batswana, a tlatsa ka gore kgaolo ya potlana ya Boteti ke nngwe ya tse di di gogang ko pele mo kanamong ya mogare ka dipalo tse di supang 20.3% fa tsa Orapa e le 15.6%. A re maikaelelo a letsatsi le, ke go tsibosa borre ka botlhokwa ja go itlhatlhobela mogare le bakapelo ba bone, a supa fa mo ngwageng o o fetileng ba ne ba boloditse letsholo la go ruta batho ka lenaneo la go rotloetsa borre go itlhatlhoba le bakapelo ba bone mo kgaolong ya Boteti ka bophara. O tsweletse a re go supa fa borre mo Boteti ba santse ba le maoto a a tshupa selo se a reng se aname le lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipalo di supa gore mo go bomme b aba imileng ba le lekgolo, borre ba le bane fela ke bone ba ba itlhatlhoba le bakapelo ba bone. Rre Kefas o tlhalositse fa ba ne rutuntsha setshaba ka tsa botsogo mo dikokelong le dikokelwana tsa bone, le go tshwara letsholo la go ruta batho ka botlhokwa ja go itlhatlhoba le bakapelo ngwaga o o fetileng le a reng le ntshitse maduo a 14% fa go tshwantshiwa le a 4% a ngwaga wa 2013. A re lephata la botsogo le simolodisitse molawana wa go rotloetsa borre go tsaya karolo mo botsogong jab tlhakanelo dikobo le tsholo, o o letlang borre go tsamaya le bakapelo ba bone fa ba ya go tsaya tsa boiphemelo, go ikwadisetsa boimana le go ba ema nokeng ka nako ya pelegi. O tsweletse a re go nna maoto a tshupa ga borre mo go itlhatlhobeng le bakapelo go a tshwenya ka jalo ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV e ka se fenngwe ntleng le go tsaya karolo mo go tletseng ga borre. A re rre yo o nang le boikarabelo key o o emang nokeng mosadi le lolwapa la gagwe, a tlatsa ka gore basadi ba ba fiwa kemo nokeng e e tseneletseng ba nna le maduo a a ko godimo mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa mmangwaneng go ya kwa leseeng. Rre Kefas a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tlhabologang la ntlha go fa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS le lenaneo la PMTCT mahala.Mogolwane mo go tsa thibelo mogare mme Bagele Nalebomo a re ba tsweletse ka lenaneo la bone la go rotloetsa borre go tsaya kgato go tsenelela lenaneo la PMTCT le bomme ba bone gammogo le go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le bone. A re go na le dipilisi tse di tlhabolotsweng tse di fiwang bomme b aba itsholofetseng b aba nang le mogare. Mme Nalebomo a re ba tshwenngwa ke go fitlha boimana ga bomme, mo go dirang gore ba seka ba kgona go tsenelela lenaneo la PMTCT, a tlatsa ka go rotloetsa bomme go ikwadisetsa boimana ka dikgwedi tsa ntlha gore bat le ba kgone go tsenelela mananeo sentle. | health | 6 |
Motovac e isa ditlamelo kwa setshabeng | Batho ba Tsabong le metse e e mabapi ba iteetse legofi lebentlele la Motovac go bo le butse madirelo a lone a ntlha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa kwa Tsabong. Fa a amogela morafe le ba Motovac ka Labotlhano, Kgosi David Toto II wa Tsabong o tlhalosise fa banni ba sa bo lo go sokola ka lobaka ka ba ne ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya go latela ditirelo tsa lebentlele le kwa ditoropong. O boletse fa ba leboga ebile ba itumeletse pulo ya lebentlele, a re ga e a tlisa ditlhabololo fela mme e tla ba fokoletsa mosepele le ditlhwatlhwa tsa go duelela mesepele go latela ditirelo kgakala. Fa a rola semmuso mafoko a pulo ya lebentlele, mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Boysie Mabengano o tlhalositse fa ba amogela lebentlele le ka atla tsoo pedi. O tlhalositse fa banni ba ne ba babalelwa ke go latela ditirelo tsa lebentlele kwa Jwaneng le Gaborone mme se, se ba turela. A re go bulwa ga lebentlele go tsisa boitumelo ka go tlaa thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ka a dumela fa le tla thapa banni ba motse wa Tsabong le e mabapi. O gakolotse banni go rotloetsa ditirelo tsa lebentlele le go le dirisa ka le agetswe bone. Fa a tlhalosa maitlamo a Motorvac, moemedi wa khamphani e mo Botswana Rre Samir Patel o boletse fa a itumetse go bo ba bone lefelo le ba tlaa direlang mo go lone mo kgaolong e. O tlhalositse fa ba ne ba dira dipatlisiso mme ba itemogela fa kgaolo ya Kgalagadi e na le letlhoko le le tona la marekisetso a ditshipi tsa dikoloi mme ba tla ka mogopolo wa go bula lebentlele mo kgaolong e. Rre Patel o boletse fa ba ikaelela go thapa banni ba Tsabong le metse e mabapi e le tsela nngwe ya go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong e. O boletse fa ba butse marekisetso a le mmalwa mo lefatsheng leno e bile ba a thapile bana ba Batswana ba le mmalwa e le tsela ya go lebogela Batswana lorato le thotloetso e ba e fiwang ke lefatshe leno. Rre Patel o solofeditse banni gore o tlaa bula diphatlha tsa mebereko mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa di le lesome le boraro fa mo nakong ya gompieno ba setse ba thapile ba le supa. O ne a rurifaletsa banni ba ba nnang kgakala le Tsabong gore ba tla isediwa dithoto tsa bone kwa mafelong a bone ntle le go ba lopa dituelo dipe. Mo potsolotsong le mongwe wa bareki Rre Botie Villander o supile fa ba ne ba babaletswe ke mosepele wa go ya Jwaneng le Gaborone go ya go batla ditirelo tsa lebenkele le. O rotloeditse banni go akola ditirelo tsa lebentlele le, e bile a re le tlaa fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone. Bokhutlo | society | 9 |
Tautona o akgoletswe kago ya diofisi | Kgosi ya Maubelo kwa Kgalagadi, Kgosi Setlhare Lorekang, o galeditse tautona wa lefatshe leno ka kago ya ofisi ya kgotla ya motse wa gagwe morago ga go tsaya lebaka di ise di agiwe. Kgosi o buile se bosheng mo letsatsing la pulo semmuso la kgotla eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng. O ne a tlhalosa fa motse oo o tlhomamisitswe go nna motse ka ngwaga wa 1993, fa kgotla e simolotse go sekisa ka 1985. Kgosi Lorekang o supile fa kago ya diofisi e ne e tshwanetse go dirwa ka ngwaga ya 2004 mme ga nna le tiego ee neng ya ba gwetlha gore e re fa tautona Lft General Seretse khama Ian Khama a etetse motse wa Tsabong ba lelela mo go ene ba kopa kago ya ofisi eo, mme a mo popotha legetlha go bo a reeditse selelo sa bone jaaka e le moeteledipele wa tlhwatlhwa. O ne a tlhomamisetsa batsena moletlo oo fa ba tla dirisisa diofisi tse di lopileng madi aa kanang ka P1,608,745.00 tse di agilweng ka lenaneo la ipelegeng, tse di nang le dikammore di leng thataro di akaretsa mabeelo a dirisiwa, ya boapelo le matlo a boithomelo a le mabedi ba tla di dirisa ka manontlhotlho ka go di tlhokomela ka nako tsotlhe. Le ntswa ba itumeletse kago ya ofisi le morafe wa gagwe Kgosi o ne ba kopa dithuso tse di akaretsang dibalama makgolo koloi le tse dingwe tse di ka seo se ka thusa mo go ba direleng tiro motlhofo mo go thuseng setshaba ka natla. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mookamedi wa banka ya Barclys Mme Renettee Van Der Merwe o ne a kaya fa kgotla e le botlhokwa ka e le yone e yone ee go rerisanwang, go buisana mo go yone mo tse di amang mo go tlhabololeng metse ya bone le gone go lere kagiso mo morafeng. Fa a bua ka tse di amang banka ya Barclys o ne a kaya fa maikaelelo magolo a bone e le banka eo e le go thusana le puso mo go tsenyeng letsogo tlhabololong ya morafe le setshaba ka kakaretso lefatsheng leno le gone go thusa mo go tshwakanyeng itsholelo eseng fela go ikaga ka diteemane. Mme Van Der Merwe o tlhomamamise se ka go supa fa banka ee a eteletseng pele e le yone fela ee ya bona go le botlhokwa go thusa banni ba ba mo kgaolong ya kgalagadi borwa go ba thusa mo polokong ya madi le dikamogelo go tokofatsa seemo ka pele ba ne ba dirisa sefofane go tla go thusa setshaba. Mookamemdi yo o wa banka ya Barclys wa motho mosweu ka letso o ne a fiwa dimpho le go apesiwa kobo ya magagolwane le tukwi ya setswana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa ngwao ya setswana. Rre Van Der Westruihuizen yo e ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi o ne a supaa mo maetong a gagwe a go lekola dikgotla diofisi tsa kgotla ka bontsi mo lefatsheng dikago tsa tsone di se mo seemong se se siameng a kaya fa tse di gaufi le toropo ya Gaborone le di sa kgatlise. O ne a gwetlha makhanselara le badirelapuso ba ba nang le dithata go ema ka dinao ba tshwaragana ka go tsweledisa ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo tse di saletseng kwa morago gore kgaolo ya kgalagadi borwa e tle e kgone go tlhabologa. Mothusatona Rre Van Der Westruihuizen o ne a itlama go thusa ka mpho ya go ba rekela dikhethene tsa ofisi ya ofisi ya kgotla ya Maubelo. Go le pele fa ntsha la gagwe modulasetilo wa paakanyetso moletlo oo Rre Dennies Mereyabone o ne a supa fa ba ne ba simololela fela mo legoeleleng, A kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi aa kanang ka P17 000.00 a ba neng ba thusiwa ke batsadi ba motse oo le beng ba madirelo aa ikemetseng le ba bangwe aa e leng one a ba kgontshitseng gore letsatsi leo le atlege. Rre Mereyabone o ne a leboga badiri ba makgotla a setswana mo Tsabong le Maubelo morafe le setshaba ka kakaretso ka tshwaragano le tirisano mmogo a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo lemo nakong ee tlang. | politics | 7 |
Thuto le botlhokatsebe ga se tsoora mmogo | Baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba thusiwang ke puso ba gwetlhilwe go tsaya maikarabelo ka bokamoso jwa bone ka go tlhagafalela dithuto le go iphapa mo go ikamanyeng le ditiro tsa botlhokatsebe. Raboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba, o buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse, go tlhatlhelela baithuti ka ditirelo tse ba ka di fitlhelang mo lephateng la boipelego, le go ba fa sebaka go ntsha maikutlo a bone mo go tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong. A re e le ba ofisi ya boipelego ba itemogetse fa bana bangwe ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologanyeng di tshwana le kgokgontsho ya mo malwapeng, mme fela a ba gakolola go sa letlelela diemo tseo go phirimisa ditoro tsa bone. O ba gakolotse go tlhaloganya fa go golela mo diemong tse di thata di tshwana le bosiela, bohutsana lehuma le tse dingwe go ka seke go ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone tsa botshelo,mme a ba kgotlhatsa gore ba seka ba inyatsa le go itlhoboga go fitlhelela dikeletso tsa bone. O tlhalositse fa go sena ope yo o tsaletsweng go tshelela mo lehumeng a supa fa thuto e ka fedisa lehuma mo setshabeng. A re thuto ka bo yone e ka fetola seemo sa botshelo e bile ke boswa jo motho a ka sekeng a bo amogwa ke ope,mme a ba lemotsha gore se ba se dirang mo nakong eno ke sone se se tla agang bokamoso jwa bone. A re ka jaana go lemosegile fa bana ba ba golang ba sena batsadi ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo tse di farologanyeng go botlhokwa gore ka nako tsotlhe ba ikgolaganye le ba boipelego go kopa bogakolodi gore ba sidilwe maikutlo le gone go tswa ka maano a a ka thusang go fedisa dikgwetlho tseo. Go ntse go le foo, Rre Mahumba o ne a lemotsha baithuti fa ba tshwenyegile ka baithuti bangwe ba ba sa tlhokomeleng dithuso tse ba abelwang, mme a ba gakolola go emisa mokgwa a kaya fa puso e ba abela dithuso gore ba seka ba farologana le bana ba bangwe. A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekolo fela,mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele wa bo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare wa HIV, mme ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo. Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekolong seo, Mme Dithapelo Boithatelo o ne a kopa baithuti go tlhaloganya fa puso e dirisa madimadi go ba rekela tse ba di tlhokang mo loetong la bone la thuto di tshwana le paka ya sekolo mme a ba gakolola go somarela dithuso tseo. | society | 9 |
Balekane ba Botswana ba supa kutlwelobotlhoko | Setlhopha sa Balekane Ba Botswana se abetse kokelo ya Selebi Phikwe disupa ditshwantsho (television) tse pedi tse di lopileng P7100 ka letsatsi la ipelelo boipuso. Leloko la mokgatlho oo, Mme Kagiso Sedie o boletse mo potsolotsong gore e rile go lemoga fa sepatela se, se sena disupa ditshwantsho tse di lekaneng, bogolo jang mo mantwaneng a go robadiwang balwetse ba ba tsayang lebaka le le telele, ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire pharologanyo. Mme Sedie a re balwetse le bone ba tlhoka ditlosa bodutu. A re fa go robatswang bana go ne go sena sesupa ditshwantsho mme seo se dira gore bana ba batle go tswa mo sepatela pele ga nako ka ba tlhwaafalela kwa malwapeng mme mpho ya television e tla fokotsa boithobogo joo. Mme Sedie o ne a supa fa mpho e tla thusa gore balwetse ba kgone go leba dikgang le tse di diragalang lefatshe ka bophara. Mmabontle le rrabontle ba setlhopha seo Mphoentle Paakanyo le Kanana Mapongo ba ba tla a emelang toropo ya Selebi Phkwe ka boipuso jwa 2016 ba re ba sale ba ikgobokanya ka 2014 e le balekane mme ba tla ka megopolo e e ka tsisang pharologanyo mo setshabeng mme ba tla ka wa go sela matlakala le go leba botlhoki mo sepatela. Ba re maikaelelo a bone ke go neela setshaba dithuso ngwaga o no le go feta ngwaga wa 2016 ka ele seabe sa bone le Batswana go ipelega le go thusa ba ba tlhokang kana fa puso e tlhaelang teng. Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefi o ne a kopa setshaba sa Selebi Phikwe go boela kwa go Ramasedi ka thapelo ka gore kagiso le thokgamo di tswa kwa go ene. O ne gape a re lefatshe la Botswana ke boswa mme boipuso bo tshwanetse go abelwana gore dikokomane tsa lefatshe le, le tsone di tle di ikakole e bile di ikgantshe ka se ba se utlwang mo nakong ya gompieno. Letsatsi le ne la ketekwa ka bokgabane le natefisiwa ka mmino, poko le kapari ya setso mme bontsi jwa badiragatsi e le banana le tshologelo e ne e le e e nametsang. BOKHUTLO | health | 6 |
Kgosi Selotlego o bolokwa ka Matlhatso | Kgosi Kgomotso Selotlego wa Ralekgetho o tlaa bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe kwa Ralekgetho. Mmuiledi wa ba lelwapa e bong kgaitsadia moswi Mme Maitoko Selotlego a re Kgosi Selotlego o tlhokafetse ka Labone kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi morago ga go lwala ka bokhutshwane. Kgosi o tshotswe ka ngwaga wa 1959 kwa Kanye mo kgotleng yoora Selotlego. O berekile kwa komponeng ya Genrick kwa Jwaneng, a bo a nna mmaakanyi wa dikoloi gape e le molemi-morui. Morago o ne a bewa kgosi kwa Ralekgetho ka ngwaga wa 2009 a kopantse le temo-thuo, ditiro tse a tlhokafalang a ntse a di tshegeditse. O ne a tsena mo tseong e e boitshepo ka 1993 a bo a segofadiwa ka bana ba le batlhano; basimane ba le babedi le basetsana ba le bararo. Kgosi Selotlego o tlogela mosadi, bana ka botlhano, mogwe, bana ba bana ba le babedi le batsalwa le e ne ba le barataro; banna ba le babedi le basadi ba le bane. | society | 9 |
Banana ba UCCSA ba kokoanya madi | E rile ka mafelo a beke banana ba kereke ya UCCSA kwa Serowe ba bo ba dirile mogwanto wa go kokoanyesta kereke eo madi. Fa a bua morago ga mogwanto oo, moeteledipele wa mokgatlho Mme Leteng Bommotse o tlhalositse fa ba bone go le mosola gore ba thuse bagolo ba kereke ya bone bogolo jang mokgatlho wa bomme go kokoanya madi a go tlhabolola kereke eo. Mme Bommotse a re fela jaaka maloko a kereke le bone ba bone go le botlhokwa gore ba nne le seabe mo ditlhabololong tsa kereke ya bone, a tlatsa ka gore madi a a kokoantsweng ao a tsile go thusa go aga holo le sekole sa bananyana. A re e re le ntswa mokgatlho wa bone o na le sebaka sa ngwaga fela mo kgaolong ba bone gore ba seka ba ipona tsapa mme ba simolole go dira gore mokgatlho o gole. Mme Bommotse a re ba ikaelela go godisa mokgatlho wa bone fela thata le go thusa e seng fela mo kerekeng le mo setshabeng ka kakaretso. O tlhalositse gore ba ikaelela go thusa thata ba-na-le bogole ba ba mo kerekeng ya bone le ba ba kwa ntle ka go ba dirile sengwe, a tlhalosa gore ba tla bo ba diretse mo-na-le bogole mongwe moletlo wa keresemose mo bogaufing. O kopile dikompone, mekgatlho le botlhe fela ba ba kgonang go ba thusa go tlhabolola kereke ya bone le go thusa mo setshabeng go tshwaragana le bone. A re fa botlhe ba ka tshwaragano go thusa go lwantsha lehuma, tsotlhe tse di sa siamang mo botshelong di ka fenngwa. Mogwanto oo, wa dikhilomithara di le lesome o ne o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Young Adult Movement gone mo Serowe. BOKHUTLO | religion_and_belief | 8 |
Dikgomo di tshwanetse go ja Omang | Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Moses Chibamo o gakolotse barui go tshwaya, go tshuba le go jesa leruo la bone Omang ka go ka thusa thata mo go netefatseng gore ke la bone ka nako ya fa le utswilwe. Kgakololo e, e dirilwe mo potsolotsong bosheng morago ga gore ba begelwe kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro go belaesegang a utswile kgomo ya yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone kwa Middlepits O tlhalositse gore fa bosupi jwa Omang le tshipi di le teng mo leruong, go motlhofo mo go ba sepodisi gore ba lebise babelaelwa molato, go na le gore le bo le tshubilwe fela. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Khansele e fedisa letlhoko la metsi | Khansele potlana ya Bobirwae arabile selelo sa letlhoko la metsi sa baagiba Bobonongsegolo jang kwa dikgaolwaneng tsa Rasetimela le Phase 1, tse di nang le dingwaga di ntse di tlhaelelwa ke metsi. Khansele e goketse didiba di le pedi go thusa tse pedi tse di ntseng di sa kgonego nosamotse waBobonong otlhe. Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Ishmael Legwaila, o tlhalositse fa khansele e goketse sediba se le sengwe kwa tankeng e e tlaa sielang baagi ba Rasetimela le Phase 1 gammogo le sekole se segolwane sa Matshekge. Rre Legwaila a re tanka e, e setse epompetswemetsi e bile e sa ntse e etswe tlhoko gore a ga e dutle, pele ga metsi a yone a ka sielwa setshaba. Modulasetilo a re sediba se sengwe se tlaa nosa motse wa Molalatau,o le one o ntseng o tlhaelelwa ke metsi fela thata. Rre Legwaila a re tiro ya sediba se se tlaa nosang motse wa Molalatau, ga e ise e fele. O tlhalositse fa letlhoko la metsi le tlaa ya bokhutlong kwa motseng wa Bobonong mo sebakeng sa kgwedi, fa tanka e e pompetsweng metsi e simolola go diriswa fa go ka supagala gore ga e dutle. Le fa go ntse jalo, Rre Legwaila o tlhalositse fa kago ya ditsela tsa motse wa Bobonong e e tlaa lopang P222 million e tsweletse sentle e bile e tla tsaya dingwaga tse tharo go wediwa. Rre Legwaila a re kompone a ZacConstruction e neetswetiro ya go aga ditsela tse. Modulasetilo wa khansele o tlhalositse fa kompone e setse e simolotse go baakanyetsa fa tsela e tsileng go fetateng e bile batho le dikompone tse di amilweng ke kago ya ditsela tse, ba setse ba duetswe ditshenyegelo. BOKHUTLO | society | 9 |
Tsogwane o gakolola ba Boteti go tlhopha mananeo sentle | Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o gakolotse banni ba Boteti Bophirima gore fa ba tlhopha mananeo a ba batlang go a dira ka P10 million o o fiwang dikgaolo ba tlhophe a e leng letlhoko legolo la bone e seng dikgwebo. Tona Tsogwane o ba gakolotse jalo kwa diphuthegong tsa gagwe tsa malatsi a mabedi tse a neng a lekola morafe a bo a abela bagodi le bana ba masiela dikobo bosheng kwa kgaolong ya gagwe. Tona Tsogwane o abetse bagodi le bana ba masiela mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi e le lesome le bobedi dikobo di ka tshwara makgolo a mararo le masome a fera bongwe. O boletse fa e le mapalamente ba na le tshwanelo ya go gakolola morafe mo tirisong ya P10 million, a tlhalosa gore madi a ga se a dikgwebo, ke a mananeo a ditlhabololo tsa motse a tshwana le go baakanya dikago, ditsela le tse dingwe tse e leng letlhoko. A re madi a a diretswe go thusa go dira mananeo a a seng matona a e leng letlhoko legolo mo metseng ka go farologana, e seng dikgwebo tsa morafe tse e tlaa reng ka moso go bo go se na yo o arabelang madi a tsone ka e bile go na le dikgang tsa go jewa ga madi. E rile fa ba kgwa tona dikgaba le go lebogela dimpho ba supa fa e le selo se sentle go bo a ba lekola ka dinako tsotlhe. Ba ne gape ba mo akgolela go supa kutlwelobotlhoko ka go gakologelwa bagodi le bana ba masiela ka dimpho, ba re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Banni ba Rakops, Mopipi, Toromoja, Xhumo le e mengwe ba ne ba lela ka letlhoko la metsi. Banni ba Mopipi bone ba ne ba supa fa seemo sa teng se le maswe ka banni bangwe ba anwa metsi mo dikhuting mme a sa siamela botsogo jwa bone. Ba ne gape ba lela ka tshenyo ya ditlou ko masimong ba re ba kopa gore terata e e kgaoganyang metse le diphologolo e baakanngwe. E rile a tsibogela dilelo tsa bone, tona Tsogwane a ba tlhalosetsa gore selelo sa bone sa metsi se gaufi le go nna kgang ya maloba ka jaaka puso e bonye madi kwa bankeng ya mafatshe ya World Bank a go dira lefelo le le tlhatswang metsi kwa Boteti. Tona Tsogwane o ne gape a ba tlhalosetsa fa terata e setse e simolotswe go dirwa ntlha ya kwa kgaolong ya Sokwane le Khumaga. O ne a tlhalosetsa banni ba metse e go dirwang terata kwa go yone gore terata ga e kake ya fudusa metse ya bone e bile ga e kake ya dirwa mo nokeng ka gore gompieno noka e a tshela. E rile a lebogela dimpho, modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a leboga tona go bo a supile kutlwelobotlhoko ka go abela ba ba tlhokileng lesego dimpho. Rre Galeragwe o ne a kopa ba ba abetsweng dimpho go di amogela ka lerato, a re sejo sennye ga se fete molomo, a lemotsha ba ba sa bonang sepe gore le bone ba tlaa abelwa mo nakong e e tlang. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Madi a dikgaolo a tsisitse ditlhabololo kwa Serule le Gojwane | Mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye o gakolotse batsadi go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore bana ba tsaya mekento ya itshireletso malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng go simolola fela a sena go tsholwa. A re gape ba tshwanetse go ba isa kwa sekaleng kgwedi le kgwedi. O ntshitse kgakololo e mo tshidimolodisong ya beke ya mekento ya bana ya African Vaccine Week e e neng e tshwaretswe kwa kgotlengkgolo ya Tsabong ka Labobedi. Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa tshireletsego ya ngwana e simologa fela kwa lwapeng ka go ilelwa go simologa fela ka boimana go fitlhelela mme a le mo botsetsing. O ne a supa fa go le botlhokwa go jesa ngwana dijo tse di siametseng mmele wa gagwe e bile a sireletsegile ka go kentelwa malwetse a a farologanyeng e le yone konokono mo kgolong ya ngwana yo o itekanetseng. Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa setlhogo sa letsatsi leo sa Tshireletso ya Botlhe Tiro ya Mokento se le maleba. A re tshireletsego le tlhokomelo ya ngwana e simologa ka botlhe mme a gwetlha borabana go tshwaragana le bommabana, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore ba aga motho wa motia yo o nang le boikarabelo mo isagong. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mooki e bile e le mogokaganyi wa tsa botsogo jwa setshaba Mme Veronicah Lesele o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go isa ngwana sekaleng kgwedi le kgwedi le gone go ela tlhoko gore a o tsaya mekento ya malwetse a a farologanyeng. O ne a supa fa lephata la botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa le tshwenngwa ke tlhaelo ya dikotla tsa bana le mekento ya tshireletso malwetse e bana bangwe ba sa e tseeng ka fa go tshwanetseng ka teng kwa dikokelwaneng. O ne a gakolola thata bommabana go amusa bana mashi a lebele mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro ka le one a na le dikotla tse di siameng mo kgolong ya ngwana le gone go mo sireletsa mo malwetseng. Moeteledipele wa thibelo ya malwetse a bana mo kgalong ya Kgalagadi Borwa Mme Tootini Mackenzie o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba ipeetse seelo sa 95 per cent lefatshe lotlhe sa bana ba ba tshwanetseng go kentelwa malwetse a a farologanyeng mme ba sa kgone go se fitlhelela ka mabaka a a farologanyeng. O boletse fa dikgwetlho tse di ba paledisang go tshwara seelo seo e le go tlhoka go tsisiwa sentle ga bana go ya go tsaya mekento kwa dikokelwaneng, motsamao wa batsadi le bana go ya merakeng, majakong kwa dipolasing kwa lefatsheng la Afrika Borwa, tlhaelo ya dikoloi go latela bana kwa ba leng teng le mabaka a mangwe. Mme Mackenzie o ne a tlatsa ka go gwetlha batsadi go ema ka dinao go tshwaragana le ba botsogo mo go netefatseng gore bana ba bone ba tsaya mekento ya thibelo malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng ka seo se ka thusa mo kgolong ya ngwana e e eletsegang. | society | 9 |
Boitshwarelo bo tsisa kgololo | Moruti wa kereke ya The First Church of St Peter mo Makopong, Rre Frank Mackenzie a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le mowa wa boitshwarelo ka o tsisa kgololosego mo go yo o diretsweng phoso le yo o e dirileng. Mackenzie o buile jaana kwa moketeng wa papolo ya Morena Jesu Keresete o o neng o tshwaretse kwa Makopong o o neng o phuthile diphutego tsa kereke e go tswa mafelong a a farologanyeng di akaretsa Afrika Borwa. Moruti o ne a tlhalosa fa go itshwarela mongwe ka wena go letlanya e bile go tsisa popagano, lorato, kagiso le tswelelopele, a afa sekai ka loso lwa Morena Jesu Keresete a re ke sekao sa gore Modimo o ne a itshwarela batho dibe tsa bone mme a ba fa lorato lo logolo a ntsha morwawe yo o tsetsweng a le esi go swela maleo a bone mo mokgorong. A re go mosola gore batho ba tsee malebela mo mmoping ba itshwarele bangwe ka bone fela jaaka mmopi a ne a ba itshwarela. Godimo ga moo o kaile fa mafoko a a boitshepo a Baebele a bolela fa Jesu a ne a re ‘ba itshwarele rara gonne ga ba itse se ba se dirang, a re se ke sekao sa gore boitshwarelo bo botlhokwa, ke sone se morekolodi Jesu le ene a neng a bo diragatsa. Rre Mackenzie o ne a tlhalosa fa boitshwarelo bo se mosola mo bathong fela mme le mo lefatsheng ka kakaretso bo le mosola, a re gore dilo tse di tlhabololang lefatshe ebong popagano, kagiso, bopelotlhomogi, kgathalo, neelano, therisano le lorato di rene go tlhokega gore go nne le mowa wa boitshwarelo. Moruti Mackenzie o kgadile go tlhoka go itshwarela a supa fa go thuba malwapa le manyalo gape a re go ka kgaoganya le lone lefatshe. O ne a tlhagisa baphuthegi fa go tlhoka go itshwarela gape go baka kilo, dipolaano le dintwa tse di ka bakang tshenyo e kgolo. Godimo ga moo o ne a tlhalosa fa se se kgoreletsa tswelelopele le ditlhabololo tse di kabong di diragaditswe fa go ne go na le popagano le kagiso e e tsisiwang ke mowa wa boitshwarelo. O ne a tlaleletsa ka go re dintsho le dikgobalo tse di bakwang ke go tlhoka go itshwarela di dira gore lefatshe le latlhegelwe ke baeteledipele le baitseanape, ka jalo a kopa phuthego go itshwarela a ba supegetsa fa Baebele le yone e bua gore go itshwarelanwe. Mokete o o ne o tshwere ka fa tlase ga setlhogo se se reng O Nkgopole fa o Tsena kwa Paradeising,” mme fa Moruti Mackenzie a tlhalosa mafoko a, o kaile fa e le temana e mo go yone modiramolato mongwe yo o neng a bapotswe jaaka Jeso a neng a ikuela mo go Jeso. A re se se ne se supa tshepho ya monna yo mo go Jesu Keresete gore ke morwa Modimo e bile ke ene tsela le boammaaruri ya go ya kwa bodulong jwa Modimo. O ne a tlhalosa fa se se raya gore fa motho a le mo dipharagobeng go botlhokwa gore a ikanye Jesu Motshwarelela Archibishop wa kereke e mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Andrew Kgaileng o ne a kopa baphuthegi go rapela gore ba nne le mowa wa boitshwarelo. Rre Kgaileng o ne a tlhalosa kobamo, kopelo le go letsa diphala mo moketeng o e le go ipelela loso lwa ga Jesu, a kaya fa mo go bone go supa phenyo mo diemong tsotlhe gonne Jesu o ne a fenya loso le lebitla, a tsoga morago ga malatsi a mararo. Kgosi Vincent Phologo wa Makopong o ne a galaletsa bokopano jo a re bo tsisitse tshokologo, kgololo le tsosologo mo meweng ya batho. O kaile fa thero e e rerwang e tlaa aga banni ba Makopong gore ba itshole ka boitshwaro jo bo molemo. BOPA | religion_and_belief | 8 |
Bobedi bo sekela bogodu jwa leruo | Banna ba le babedi ba itshupile fa pele ga kgotla ya ga mmakasterata kwa Kaye tebang le molato wa bogodu jwa leruo. Bobedi joo, e bong Baatshwana Kesekang wa di ngwaga tse 31, a tlholega kwa kgotleng ya Kgwatleng kwa Kanye le Thatayaone Monaka wa di ngwaga tse 35 a tlholega kwa Mothala mo Kanye, ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi dile lesome le bosupa ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi ale lesome le botlhano ka ngwaga wa 2007, kwa merakeng ya Gampudi mo kgaolong ya Borwa. Dipodi tse tsotlhe e ne ele P300 nngwe le nngwe ya tsone, mme madi a tsone ya nna P5 100, tsotlhe eleng tsa ga Rre Kebonyemodisa Mothibi. Mo molatong wa bobedi, basekisiwa ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi di le pedi le dinku di le tharo tsa kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa, tsa ga Gaokgakala Masilonyana, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e ka lopa P500 mme fa di kopane di ka dira P2 700. Bobedi jo gape bo lebisitswe molato wa boraro wa go utswa leruo la madi a selekanyo sa P2 300 la ga Kebatshabile Motsumi, kwa kgotleng ya Kgwakgwe. Mo molatong o mongwe, e rile ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi ale masome mabedi le bone kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa ba utswa dipodi dile masome a mabedi le bongwe tsa madi a selekanyo sa P9 550 tsa ga Thato Khuto. Go ntse go le foo, e ne yare ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola lesome le boraro kwa masimong a Mohelo mo kgaolong ya Borwa, ba utswa dipodi dile lesome le bone tsa madi a P5 050 tsaga Lebogang Baikgantsi. Madi otlhe a leruo le le utswilweng ke P24 700 mme dipodi tsotlhe tse di utswilweng ke bobedi joo ke masome a matlhano le boferabongwe le dinku dile nne. Mo molatong o, puso e emetswe ke Sub-Inspector Pogiso Toteng wa sepodise sa Sejelo mo Kanye. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Nare e bonwe kwa Maun | Banni ba Maun ba gakolotswe go nna podimatseba ka jaana diphologolo tse di borai di saila mo motseng ka ntlha ya dipula tse di sa tswang go tshologa ka bokete. Kgakololo e e dirilwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng. O boletse fa ba lephata la diphologolo ba boletse fa bosheng go ne ga bonwa nare mo kgaolwaneng ya Sedie gone mo Maun mme ga e a baka tshenyo epe le fa e le dikgobalo. Rre Molonda o tlhalosiste fa diphologolo tseo di saila jaana di batla phulo. Mo pegong ya modualasetilo wa khansele, go boletswe fa dinare tse pedi di bolailwe kwa zone 2c fa e le nngwe e ne ya busediwa kwa zone 16 mme di supa tsa anwa phefo. E re dikgang di eme jalo, makhanselara mangwe a ne a lela ka tshenyo e e bakilweng ke dipula tse di bokete tsa bosheng mme ba kopa khansele go tsibogela seemo se ba reng ga se jese diwelang. Ba re e re le ntswa ba lebogela pula ka jaana e okeditse metsi mo nokeng ya Thamalakane e e neng e gomagomediwa ke go kgala, sebe sa phiri ke gore e tlogetse bangwe ba iphotlhere ka ntlha ya merwalela. Ba ne ba ntsha dikai tsa tshenyo di tshwana le go epega ga ditsela, ba supa fa seemo seo se baya matshelo a badirisi mo diphatseng. Tshenyo e nngwe ke ya matlo a borutelo le a boroko a barutabana le banni bangwe mo mafelong ka go farologana mo kgaolong. Makhanselara a ne a amogela pego ka tsoo-pedi ba re e gobokile dikgang tse di botlhokwa tse di buang ka matshelo a batho ba kgaolo. Mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga o ne a isa malebo kwa pusong a re seemo sa go ajwa ga dipilisi tsa di-ARV go tokafetse ka jaana di bonwa ka nako. A re seo se a itumedisa ka jaana matshelo a batho a tlaa babalesega. Rre Oabilwe Chombo wa Sankoyo/Shorobe ene o ne a lebogela maiteko a koporase ya metsi a re ba epile didiba di le pedi tse di tlaa rarabololang selelo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya gagwe. O ne a supa matshwenyego ka kokelwana ya Sankoyo a re e nnye mme a batla go itse gore a komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka dirisa lenaneo la SHHA go e atolosa. Bontsi jwa makhanselara bo ne jwa kopa puso go tsibogela bolwetse jwa lethobo jo bo anameng le kgaolo ba re bo tlaa humanegisa barui ka jaana le bolaya leruo. Ba re le ntswa ba lebogela maiteko a khamphani ya SKL e e neng ya aba ditipi tsa madi a a ka tshwarang P30 000 go lwantsha seemo se, ba re seo ga se a lekana mme ba gatelela gore puso e tshwanetse ya dira sengwe ka jaana seemo seo e le sebetso sa tlholego. BOKHUTLO | health | 6 |
Popagano ya bagwebi ke konokono | Bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana, ka go dira mmogo, go lepalepana le seemo sa phadisano e e kwa godimo go tswa mo mabenkeleng a matona le dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe. Moemedi wa lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), Mme Boikhutso Komanyane, o boletse jalo kwa moletlong wa go keteka letsatsi la barekisi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba bosheng. Mme Komanayane o boletse gore beng ba dikgwebo ba ikopanye go amogana megopolo, ba bo ba bone gore dikgwebo tsa bone di ka atlega jang. O boletse fa kgwebo e na le dikgwetlho tse di amang bagwebi ba ba botlana bogolo thata ba Batswana. Mme Komanyane o ne a ba tlhagisa gore fa ba sa itshware sentle, ba tlaa latlhegelwa ke bareki. A re ka jalo go botlhokwa go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo, ka nako le madi a a dumalanweng. Mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa Botlhaba, Mme Tshepo Kebakile, a re maikaelelo a kopano eo ke go rotloetsa theko ya dilwana tsa mo gae. Mme Kebakile a re kopano eo gape e ne e tshwaretswe go bapatsa dithoto tse di dirilweng ka thulaganyo ya nyeletso lehuma le go rotloetsa setshaba, puso le makalana a a ikemetseng ka nosi go tshwara ka thata mo go diragatseng ditiro tse di neelang batho dithata tsa itsholelo. Rre Tshekiso Sorinyane, modulasetilo wa khansele, a re ka malatsi ao a ipapaptso khansele e kgona go kanoka bagwebi ba ba botlana sentle kgwedi le kgwedi. A re ba lemogile gore bontsi jwa dikgwebo tse dipotlana di a phutlhama ka go bo beng ba tsone ba sena kitso e e kalo ya go di tsamaisatsa. Rre Sorinyane o ne a rotloetsa bagwebi ba ba botlana go tlhwaafalela dikgwebo tsa bone gore di gole di atlege. Bokhutlo | economy_business_and_finance | 3 |
Lephata le tshwenngwa ke tlhaelo ya dingaka | Tona wa Lephata la Botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re puso e tshwaraganye le go tla ka tharabololo ya seemo sa tlhaelo ya dingaka ka go dira maiteko a go okela dingaka mo lefatsheng leno. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Kotolaname ka Labone, Tona Makgato a supa fa seemo sa go tlhaela ga dingaka e sa ntse e le kgwetlho e e lebaneng lefatshe leno ka jaana ba dira fela ka dingaka di le 996 kgatlhanong le 2 000 yo lephata le mo tlhokang. Tona Makgato o tlhalositse fa mo nakong eno ba thusiwa ke gore ba ikaegile ka thulaganyo e e tlamang dingaka tse di fetsang dikole go nna lebaka la dingwaga tse pedi pele ga ba ka akanya go tlogela puso. Mme Makgato o ne a bua jaana go tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keneetswe Shianyana, gore ga ba sa tlhole ba bona thuso ya ngaka jaaka go ne gontse Mabapi le boikueleo jwa go katolosiwa ga kokelwana ya motse, tona a re seemo sa nako eno se sa ntse se sa letle gore e ka godisiwa ka ntlha ya dipalo tsa motse tse di sa ntseng di le kwa tlase. Tautona Khama o supile matshwenyego ka go senngwa ga mafaratlhatlha a beMobile a a thusang ditlhaeletsanyong. O gakolotse morafe fa e le boikarabelo jwa bone go nna badisa ba dithoto tsa puso tse di thusang go tlhabolola matshelo a bone. Le fa go ntse jalo Tautona o solofeditse go reka didirisiwa tse di ka thusang go busetsa seemo mo mannong mme a laela morafe go tlhomamisa tlhokomelesego ka jaana go se sepe se se ka dirwang go thusa fa di ka senngwa gape. Matshwenyego a molemi wa kgaolo eo Rre Manthe a gore lekgotla la kabo ditsha le kgoreletsa maiteko a gagwe a go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong eo ka go gana go mo abela lefatshe, tona Prince Maele o tlhalositse fa kgang ya molemi yoo e sena tharabololo mo go bone ka jaana go le thata go ka mo abela lefatshe la diekere di le 150 mo godimo ga tse 21 tse a setseng a di lema mo nakong eno. Rre Tuelonyana Tsiane o kopile gore go tsibogelwe thulaganyo ya go oketsa dikotshekara tse di ka thusang go rwala bana ba sekole ba masimo a mosokotso go ya kwa sekoleng sa Lephaleng go fokotsa metsamao ya sekgala sa dikhilomithara di feta lesome le metso e mebedi ya go ya le go bowa kwa sekoleng. Le fa go ntse jalo tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane, o solofeditse fa khansele ya Mokwena e tshwere thulaganyo eo sentle le gore go tlaa rekwa tse dingwe di ka tshwara 15 mme kgaolwana ya Mosokotso e bone sele sengwe. Tona a re thulaganyo ya theko e diilwe ke puisanyo ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo le barekisi. Mabapi le matshwenyego a batho ba Mosokotso ka matshosetsi a go ntshiwa mo lefelong leo ke lekgotla la kabo ditsha la Molepolole, tona Maele o supile fa thulaganyo eo e tlaa nama e boetswe morago ka tsholofelo ya gore tharabololo ya yone e tlaa lerwe ke go akarediwa ga lefelo leo mo lenaneong la moalo wa lenaneo la ditlhabolo tsa Molepolole ka go abela batho ba lefelo leo ba le 40 ditsha. Tona wa lephata la meepo kgotetso le ditswammung Rre Kitso Mokaila o solofeditse go tsibogela kgang e mo go yone mosadi le monna erileng mo ngwageng o fetileng ba bolawa ke motlakase kwa motseng oo morago ga gore ngwana wa baswi Rre Phemele Thebeyame a kope thuso ka jaana ba koporase ya motlakase ba ikgatholositse tharabololo ya kgang eo. Kgosi wa Kotolaname Rre Mogokedi Letlhokwa mo mafokong a kamogelo o lebogetse thata gore motse wa gagwe o goketswe motlakase mme a supa fa a tshwenngwa ke gore ofisi ya gagwe e saletse morago, ntlha e e neng ya dira gore a bone tsholofetso mo go tona Tsogwane. Motse wa Kotolaname fela jaaka mafelo a mangwe a lefatshe leno, o akotse thulaganyo ya ga Tautona ya go abelwa metse dilo di tshwana dintshwana ditilo, dikobo go abela batlhoki dibaebele tse di amogetsweng ke moemedi wa baruti ba dikereke tsa dikgaolo tseo le kapari ya metshameko e e amogetsweng ke mopalamenete wa kgaolo mo boemong ja ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa kgaolo eo. | health | 6 |
Kago ya Eloi e butswe kwa Palapye | Mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi, a re o tshwenngwa ke dikereke tse di fetogileng mafelo a dikgwebo, e le gone kwa batho ba tsiediwang teng ka go tseelwa madi. Rre Morupisi o buile jalo fa a ne a bula kereke ya Eloi Chirstian kwa Palapye ka bofelo jwa beke. A re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya gore kereke ke lefelo le le kgethegileng le le tlhokang go tsamaisiwa ka monontlhotlho le ka matsetseleko ka dinako tsotlhe. O ne a supa fa lefelo la kobamelo le tshwanelwa ke go nna le le phepa ka e le gone kwa e reng fa maikutlo a tlhakatlhakanye motho a bo a ka ikutlwa a gololesegile mo go lone go galaletsa Modimo ka tshosologo. O ne a lebogela kereke ya Eloi gore e bo e bone botlhokwa jwa go dirisa mo ba go kgobokantseng go aga kereke e ntle mo Palapye. O ne a kopa gore seo e nne bokao jwa go okela maloko mo kerekeng ka maikaelelo a go aga setshaba. Rre Morupisi o ne gape a akgola moeteledipele wa Eloi, Moruti Simeon Rmosetlha yo o saleng a eteletse kereke eo ka 2006, a direla mo lefelo leo le lone ba le abetswe ka 2009 go sena kago ya tlhomamo go fitlhelela a tlhongwa moruti. Rre Morupisi o ne gape a lemoga seabe sa ga Bishop Jakoba Keiphile, yo e leng mookami mogolo wa kereke ya Eloi Chirstian mo Botswana, mme a re o lemoga sentle gore ke pilara e e tsweletseng ka go nonotsha le go tsenya mowa wa semowa le lerato la Modimo, ka go aga, go godisa, go rutuntsha le gone go nosetsa boitshwaro jwa se Modimo mo malokong. Rre Morupisi o ne a gatelela gape matshwenyego a gagwe ka fa dikereke jaanong di fetogileng batsietsi ba setshaba ka teng, mme a kopa bobedi joo go repedisa mowa oo go tswa mo bathong ba Modimo. A re Taotuna wa lefatshe leno o rata go bona kagiso e rena mo lefatshing leno, ka le itsiwe thata ka kagiso le tlhokgamo, ke sone se mo nakong eno dikereke di tsenngwang mo mererong le mo ditlhabololong tsa lefatshe leno ka go lemogilwe fa seabe sa tsone e le sa boleng jo bo kwa godimo. E ne ya re morago a gwetlha dikereke go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola le go tlhabolola maloko a dikereke tsa bone ka bongwe ka bongwe. O ile a re ba tsene mo diofising tsa puso ba itse se puso e se ba tsholetseng mo mananeong a mantsintsi a a teng. Rre Morupisi o ne a nna le sebaka sa go bua ka lenaneo la go rudisa itsholelo a re le tshotse go le gontsi segolo jang mo go tlhameleng Batswana ditiro le go rotloetsa tse di dirilweng mono gae. A re ke nako ya gore ba batle dikitso tse di ka ba tlhabololang go akola lenaneo leo. O ile gape a tsaya sebaka go gakologelwa Mme Elizabeth Mabogo yo o sa tlholeng a le mo botshelong yo e neng e le leloko la Eloi, le ba lelwapa la gagwe ka seabe sa bone mo kagong ya kereke eo. | religion_and_belief | 8 |
Moiseraela o kgothatsa barutabana | Motshwarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya, o kopile barutabana ba kgaolo ya Tsabong le ee mabapi gore ba dire ka natla go netehatsa gore ba ntsha maduo a mantle. O buile se mo bokopanong jwa gagwe le barutabana ba kgaolo ka Mosupologo kwa Tsabong. Tona o tsweletse ka gore puso e tshwentswe ke maduo a ngogola aa wetseng tlase hela thata lehatshe ka bophara ka jalo gole botlhokwa gore barutabana ba ititeye ka thupana go netehatsa gore maduo aa tokahadiwa. Rre Goya o boleletse barutabana gore loeto lwa gagwe kela hela gore atle go utlwa ka dikgwetlho tsa bone le gore ba akanya gore goka dirwa eng gore go siame. O tsweletse ka gore go botlhokwa gore barutabana ba bereke le batsadi gore batle ba ntshe maduo a mantle mo tirong ya bone. O tlhalositse faa itse gore gona le dikgwetlho di tshwana le mathata a boroko le go duelelwa go bereka morago ga nako ee beilweng mme are go botlhokwa gore ere puso e santse e leka go rarabolola mathata ao bone abo ba tshwere ka thata go ntsha maduo aa itumedisang. A re se seka thusa puso le tshaba ya Botswana ka gore tshaba ee rutegileng eka iphema mo malwetsing le gone go intsha mo lehumeng tota. O buile gape a ba kopa gore ba berekisane le bagokgo ba dikole sentle ka gore haba sa dire jalo le gone goka digela maduo kwa tlase. E ne e rile gole pele mookamedi wa lephata la thuto mo Kgalagadi Rre Monare Lechiile are ere le ntswa dikolo ka bontsi maduo a tsone a wetse tlase, tse dingwe jaaka sa Lehututu le Rappelspan tsone di dirile sentle hela thata. Rre Lechiile o tlhalositse ha sekolo se segolwane sa Tsabong lesa Matsha di santse dina le tiro e ntsi hela thata yago itesanya borathana letse di kwa ditoropong. Fa ba tswa la bone barutabana ba boletse ha lephata le tshwanetse go emisa go hira batho baba ithutang tiro kwa dikgaolong mme ere ba sena go sugega abo ba tsewa ba isiwa kwa metse setoropong. Ba tsweletse ba lela ka letlhoko la dipagamo, go bereka dinako tsedi leele, go nnela ruri mo kgaolong le go ruta bana bale bantsi morutabana ale mongwe. Tona oba tlhaloseditse fa puso e leka ka thata go rarabolola mathata a mme bone ba tshwanetse go netehatsa gore thuto ya bana etla pele ebile keya maemo a ntlha. | education | 4 |
Ba IHS ba aba ntlwana ya matlakala | Bana sekole sa ithutelo tsa booki ba abetse kokelwana ya Zoroga ntlwana ya matlakala. Fa a buwa ka nako ya kabo ya ntlwana eo, moithuti yo o eteletseng tiro eo pele, Rre Mokwele Mathews a re ba kgonne go fithelela maikaelelo a bone a go agela kokelwana ya motse wa Zoroga ntlwana ya matlakala ka thuso ya boithaopi jwa banni ba motse. O tlhalositse fa ba ne ba tlamega go aga ntlwana eo, ka bontsi jwa banni ba ne ba tshwenngwa ke matlakala a a tswang kokelong a a neng a kganelwa ke terata ya dikago mme bana ba nna ba tshameka ka one. A re batsadi ba supile fa go se na kwa ba ka latlhelang teng mabotlolo a melemo e ba thusiwang ka yone kwakokelwaneng. A re gape ba dirile matshwao mo motseng a ‘Se gase gase matlakala’, e le go supa fa banni ba tshwanetse go latlhela matlakala kwa go tswanetseng teng. A re se se tlaa dira gore matlakala otlhe a a tswang mo kokelwaneng, e bong didirisiwa tsa mo teng kana sepe fela se tswele kwa ntle ga kokelwana ka di ka nna borai mo bathong. O tlhalositse fa ntlwana e, e tlaa kganela gore banni ba Zoroga ba tsenwe ke malwetse ntlheng ya matlakala a didirisiwa tsa kokelwana. O rotloetsa banni go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe ka e le yone fela tsela e e ka ba thusang go itsa go tsenwa ke malwetse. BOKHUTLHO | health | 6 |
Mabaila o tlotlomatsa dikgosi | Tautona wa bobedi, Sir Ketumile Masire, o akgoletse Rre Tshepo Mabaila wa Mabaila Foundation go lemoga boleng jwa dikgosi. Mokwaledi yo o faphegileng kwa ofising ya ga tautona wa bobedi, Rre Alfred Tlhoiwe ke ene a neng a bala molaetsa wa ga Sir Ketumile kwa kabong dietsele kwa Mogoditshane bosheng. A re dikgosi di tshwanetswe ke go lebogelwa seabe sa bone mo boipusong jwa lefatshe leno. Molaetsa wa ga Sir Ketumile wa re Mogoditshane o na le merafe ya dingwao tse di farologaneng mme a akgola dikgosi tseo go bo di kgonne go dirisana le batho ba ba agileng mo motseng oo sentle. A re o lebogela boineelo jwa bone mo tirong e ba e dirang ya letsatsi le letsatsi. Rre Mabaila ene a re o bone go tshwanela go lemoga boleng jwa dikgosi bogolo jang mo nakong eno e lefatshe la Botswana le ipelelang dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. A re go ba abela ditlankana tseo go tlaa dira gore ba dire ka natla ba tshwaragane le go gakologelwa gore ke bone ba tshwereng lefatshe leno. | society | 9 |
Go thokomologa leruo go ka rotoetsa bogodu | Moruti William Sejakgomo wa kereke ya UCCSA kwa Molepolole o tlhalositse fa tshaba ya Botswana e tlhophilwe ke Modimo go lere kagiso mo go yone fela jaaka a ne a tlhopha tshaba ya Israel go e sireletsa. O buile se jaaka morafe wa Mokwena o ne o ipelela letsatsi la boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi lefatshe la Botswana le ntse le ipusa gammogo le go tswalela kgwedi ya merapelo ka letsatsi la Tshipi. Moruti Sejakgomo o kaile fa Modimo a tlhophile tshaba ya Botswana go supa lorato mo go yone ga mmogo le nonofo le mautlwelobotlhoko a gagwe ka go e sireletsa jaaka a ne a sireletsa tshaba ya Israel ka go e golola kwa Egepeto. A re ditshaba ka bontsi di bona tshaba ya Botswana e le pharologanyo magareng ga ditshaba tse dingwe mme ka jalo a supa fa go le botlhokwa gore e re Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi ba ntse ba ipusa ba bo ba leboga modimo ka tsotlhe tse a ba di diretseng. O tladitse ka go re go botlhokwa gore batho ba dirise malatsi a tshwana le la boipuso go tswelela ba kgothatsana go rapela Modimo e le tsela ya go ntshafatsa kgolagano le tumalano ya bone le modimo e leng ya kagiso le thitibalo mo lefatsheng, a re mo modimong boipuso bo supa gore re ikaegile ka ene go re isa pela. Moruti Sejakgomo o tlhalositse fa Modimo o bolokile tshaba ya Botswana, a e neela botlhale mme e le ka moo lefasthe leno le ipusang mo nakong eno. A re botlhe ba ba tlhomang matlho mo Modimong, nonofo ya bone e tlaa ntshafadiwa, a tlatsa ka gore bo tautona ba pele ba ne ba busa ka botlhale le thata ya Modimo. E re ka jaana boipuso jwa mono ngwaga bo ne bo ketekwa ka Tshipi, Kgosi Kgari III wa Bakwena o ne a tlhalosa fa go itumedisa gore dikereke ka go farologana di bo di phuthaganetse mo kgotleng go ipelela letsatsi leo e le bakeresete. A re o solofela gore padi le thero ka lefoko di tla tsena mo dipelong tsa morafe, mme seo se ba thuse go itharabologelwa gammogo le go itlhophela go sala modimo morago. Kgosi Kgari III a re letsatsi la boipuso le neela setshaba sebaka sa go itshekatsheka mo go tse ba di kgonneng gammogo le go bona tse ba ka di dirang mo isagong go tlhabolola lefatshe. Fa aq tswa la gagwe, mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o ne a kaya fa boipuso e le letsatsi la go gakologelwa bontle jo Modimo a bo diretseng setshaba sa Botswana. O kaile fa boipuso e le nako e setshaba se ipaakanyang ka yone ka go bona tse ba di kgonneng mo ngwageng tse di masome a matlhano le bobedi tse di fetileng le go ya pele. Mopalamente Mmatli o kgothaditse Bakwena gore tsotlhe tse ba di dirang, ba di dire ba beile tshepo ya bone mo Modimong gore ba gatele pele. BOKHUTLO | environment | 5 |
Kapei ya borotho e tlodisa Moyo melatswana | E re ka bopelotelele le lorato mo go se motho a se dirang di tsala katlego, Mme Sabina Moyo o inaakantse le kgwebo ya go apaya borotho ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Moyo, yo o dingwaga di masome a matlhano le botlhano, o lotlegetse ba lekalana la Fa a sena go aloga mo dithutong tsa kapei ya borotho ka 2015, o ne a fiwa pitsa e e apayang borotho le kgetsi e le nngwe ya bopi go simolola tiro. Mme Moyo o tsweletse ka go tlhanasela mo kgwebong ya gagwe, mo a setseng a rekile pitsa ya bobedi go lepalepana le bokete jwa tiro. Ka 2016, a re o ne a nna lesego a fiwa tiro ya go apeela bana ba sekolo se se botlana dinkgwe di le masome a le marataro le bosupa. Le fa a dira a le mongwe, kgwebo e ntse e tsweletse, ka a supile lerato mo go yone go tswa kgakala le pele ga a thusiwa ka nyeletso lehuma. A re gangwe le gape o lekile go thapa badiri, mme ga seka ga kgonagala ka batho ba teng ba ne ba sena kgatlhego mo go tseneng mo kgwebong ya gagwe. Mme Moyo o apaya marotho ka mefuta ee farologanyeng jaaka mapakiwa, le dikuku. A re mo mosong fa a tsoga, o ikgakolola seane se se reng, nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. O tsweletse ka gore o tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go duba borotho, gore ba ba yang ditirong ba fitlhele bo setse bo siame. A re bareki ba gagwe ba akaretsa maphata a puso le baagi ka kakaretso mo motseng. Mme Moyo o tlhalositse fa maduo a kgwebo ya gagwe a bonala ka a setse a kgonne go tlhabolola ntlo ya gagwe ya boroko, e bile o tlhokomela ngwana wa ga mmangwanagwe ka go mo tsenya sekolo ka madi a dipoelo. O tlhalositse gore le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore ga ana mochini o o dubang borotho go tlhofofatsa tiro. O rotloeditse ba ba batlang go tsena mo kgwebong go nna pelotelele, a tlatsa ka gore mananeo a puso a mantsi mme a tlhoka badirisi. | economy_business_and_finance | 3 |
Molaodi o kgothatsa dikomiti tsa ditlhabololo go ithuta ka mananeo | Molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Charles Modise o kgothaditse maloko a dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse go nna le kitso ka se se mo mananeong a ditlhabololo tsa metse ya bone. Rre Modise o buile jaana kwa phuthego e maikaelelo magolo a yone e neng e le go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolo ya Legare. Phuthego e gape e ne e le go tsaya megopolo le go itsaya motlhala ka tse di dumalanweng gore di tlaa dirwa. Fa ba akgela, baemedi ba dikomiti ba supile fa letlhoko la ditsela, matlo a boroko a badirela puso le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa dikoloeng e le dingwe tsa dilo tse di tshwanetseng go potlakelwa. Molaodi o tlhalositse fa ba bone go le maleba go dira tshekatsheko e ka go ba thusitse go lemoga tse di botlhokwa kwa metseng ya bone. O rotloeditse banni go nna le seabe mo go netefatseng gore ditlhabololo di a goroga kwa metseng. O ba kopile gape go phatlhalatsa molaetsa kwa banning ba metse ya bone mabapi le ditiro tsa ditlhabololo. | politics | 7 |
Barui ba tla a thusiwa | Mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse a re ga go kitla go kgonagala gore lephata la gagwe le age kampa ya kgwediso ka seatla mo motseng mongwe le mongwe. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Dutlwe ka Labobedi, Rre Autlwetse a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go na le baithuti ba ba rutwang go gwedisa ka seatla kwa polaseng ya lephata leo kwa Ramatlabama. A re e tlaa re morago ga go fetsa dithuto tseo, baithuti bao ba tlaa bo ba ka kgona go thusa barui go ikgwedisetsa ka seatla mo dipolaseng le masaka a bone go na le go isa dikgomo tsa bone kwa dikampeng tsa kgwediso ka seatla. Rre Autlwetse o ne gape a kgothatsa balemi go iteka go gola mo temo-thuong ntle le go baya sengwe le sengwe mo pusong. O ne a tlhalosa fa e le keletso ya lephata la gagwe go bona balemi-barui ba lefatshe leno ba gola go tswa mo go ba ba jelang mo ganong go nna ba ba gwebang. Rre Autlwetse o ne a tlhalosa jaana morago ga gore modulasetilo wa komiti ya balemi ya motse wa Dutlwe, Rre Stephen Jakoba a supe fa ba tlhoka polase ya kgwediso ka seatla mo kgaolong ya bone ka jaana mo nakong ya gompieno ba gwedisa kgakala kwa Mabutsane. Rre Jakoba gape o ne a supa lesokolela ka balemi ba ba lemang bogolo jang ka dithuso tsa puso, mme e re morago ba phuaganye masimo a bone go siela kwa ipegeleng. A re se se dira gore masimo a bone e sale e le njo ya dikgomo mme madi a puso a tsene ka motlhobodika. Rre Jakoba o ne gape a lela ka tlhaelo ya dijo le melemo kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board. Molemi yo mongwe, Rre Geoffrey Tsheboyagae ene o ne a kopile tona go gwetlha puso go oketsa dithuso tse ba di fang balemi ba ba jelang mo ganong e le kgogedi ya go dira gore ba fatlhoge. Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Motshegetsi Puleng wa motse oo o ne a lebogela mananeo a puso a a ka fa tlase ga lephata la temo-thuo, mme a re maswabi ke fela gore batho ba kgaolo ya gagwe ba a tsere ka boutsana. O ne gape a lela ka go tlhoka go tsenngwa leitlho ke bodiredi ga mananeo ao a puso morago ga go abelwa ba ba tshwanetseng. E rile ba tswa la bone, batho ma motse wa Dutlwe ga mmogo le ba Ditshegwane ba ne ba kopa gore melato ya borukutlhi ja leruo e gagamadiwe go gamola badira melato diphogwana ka jaanong go lebega ba tshwakgogile. Kgosi Puleng o ne a supa fa tiro ya ba sepodisi mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e dirwa bokete ke morafe ka jaana fa gongwe o nna bosupi ka marago fa o tshwanetse go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso. A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore mo makgethong a mangwe morafe o abo o thusitse dirukutlhi tse go utswa. | crime_law_and_justice | 1 |
Mapodisi a tlhotlhomisa leso la morutabana | Mothusa Tona wa Banana, Metshameko le Tlhabololo Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, o kgothaditse dikereke go dira ka thata go lwantsha lehuma. O buile jalo fa a bula semmuso tirelo ee neng e tshwaetswe go ipelela ngwao le go tlotla kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III. Tirelo e ne e rulagantswe ke kereke ya Assemblies of God kwa Molepolole. Rre Makgalemele a re dikereke di ka tsibogela botlhoki mo phuthegong. “A re tsee boikarabelo go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa rona o itlama go tlhokomela lelwapa le le amilweng ke botlhoki pele re ka le ba kwa ntle, ka jaana bothata jwa botlhoki bo amile maloko mangwe a rona,” ga gakolola Rre Makgalemele. A re o ka itumela fa Molepolole a ka dirwa boremelelo jwa ditiro tsa ngwao, thulaganyo e a reng e tshwanetse go logelwa maano. O lebogetse Assemblies of God go thusa go godisa ngwao. Mothusa Tona Makgalemele o ne a lebogela kereke eo go lemoga botlhokwa jwa kgosi mo tsamamisong ya kereke le go itse fa e le ene moeteledipele wa ngwao. “Ke lebogela tshwaragano ya lona le kgosi kgolo, ka jaana go supa maikaelelo a magolo a go kopanya bogosi le morafe go ka fitlhelela tse di ka godisang serodumo sa motse wa mokwena”. Thulaganyo ya Assemblies of God e ne ya akaretsa go rapelela kgosi kgolo le mohumagadi Mmatumagole. Tiro e ne e eteletswe pele ke mabutswapele a kereke eo, a a neng a akaretsa Rev Dr Daniel Mogotsi, Rev Dr Samuel Makgaola ga mmogo le baruti ba diphuthego tsa Mokwena. Kereke e ne ya rola ditilo di le masome matlhano le bone go dirisiwa kwa kgotleng kgolo. Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa thulaganyo ya Assemblies of God, e mo rutile go sekaseka kgolagano ya gagwe le Modimo, ka e se selo sa tlwaelo bogolo jang se dirwa ke kereke. “Thulaganyo ya lona e nkgwetlhile go ya go sekaseka botshelo jwa me jwa sekeresete, go bona gore a ke mo tseleng ya bo Modimo, ka tsamaiso ya lelwapa le gone go direla setshaba se ke se eteletseng pele,” ga bua jalo kgosi kgolo. O ne a kopa dikere ka kakaretso go direla bangwe ka bone bomolemo le go godisa mokgwa wa go aba. Kgosi Kgari o solofeditse fa a tlaa dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go ema nokeng maikaelelo a kereke go thusa go kokoanya madi a kago ya kereke ya Molepolole e e solofetsweng go lopa P15 million. Kereke ya Assemblies of God e na le maikaelelo a go aga ntlo ya kobamelo ya dikago tsa segompiemo go fetola tebego ya nako eno, e eneng ya dira ka lebaka ka fa tlase ga ga Reverend Mogotsi. Setlhopha sa ngwao sa Motlhaolosa se supile fa se itlamile go thusa kereke eo ka dithulaganyo tsa ngwao, nngwe ya tsone e le e tshwaetsweng go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Ngwana wa lesiela o tlhoka tlhokomelo | Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Okavango, Rre Tshepho Mogojwe a re bana ba masiela ba tshwanetse go tlhokomelwa le go fiwa lorato ga mmogo le go sidilwa maikutlo gore ba kgone go amogela diemo tse di thata. Fa a bua mo thuto sekadipuisanong ya malatsi a mabedi e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tokafatso matshelo a batho le batlhokomedi ba bana ba masiela maabane kwa Shakawe, Rre Mogojwe a re ngwana ke motho yo o tlhokang go tshwarwa ka manontlhotlho. O ne a supa fa bana ba, ba na le mowa wa go itlhoboga mo go tlhakatlhakanyang ditlhaloganyo tsa bone mme ba felele ba dule mo tseleng . Le fa go ntse jalo, mothusa molaodi o supile matshwenyego tebang le batlhokomedi bangwe ba bana ba masiela ba ba rekisang dijo tsa bone ga mmogo le go nwa madi a teng bojalwa, a supa fa mokgwa oo e le go rontsha ngwana ditshwanelo tsa gagwe. A re batho ba na le go itebatsa fa seo e le molato o motho a ka o sekelang kgotsa a ya kgolegelong mme a gakolola bao ba ba dirang jalo go itshekatsheka. Rre Mogojwe o ne a kopa bommabana go ema bana ba masiela nokeng mo thutong ka kgaolo ya Okavango e saletse kwa morago gore ba tle ba kgone go itshetsa kamoso, a supa fa thuto e le yone mang mang mo botshelong jwa segompieno. Fa a mo kgwa dikgaba Rra-boipelego wa Gumare, Rre Tshireletso Mokoya a re ngwana wa lesiela o tshabelelwa ke dilo tse di tshesanyane ka a na le dikgwetlho tse dintsi tse di ka mo segang tsebe. O ne a supa fa lefelo le ngwana a golelang mo go lone jaaka kwa go rekisiwang majalwa teng le kgona go ama tlhaloganyo ya gagwe mme a felele a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe.O ne a supa gape fa go buisa ngwana mafoko a a botlha le dikgang tsa go lwela dijo ga mmogo le boswa mo lapeng go ama kgolo ya ngwana mo go dirang gore a tlhoke tsebe. Rre Mokoya o ne gape a supa fa dikgang tsa go lobela ngwana ka loso la motsadi wa gagwe go ka mo hutsafatsa nako e a lemogang ka jalo go le botlhokwa go bolelela ngwana go sa le nako gore a tle a kgone go amogela seemo. O tlhalositse fa dinako tse dingwe bothata bo a bo bo le mo batlhokomeding ba gotlhagotlhana ka botshelo jwa sesha jwa bana mme ba felele ba supile bana ka monwana. O ne a kopa batlhokomedi go tlhaloganya ditshwanelo tsa ngwana le maikarabelo a gagwe, a supa fa dinako tse dingwe botlhokatsebe jwa bone bo tlhotlhelediwa ke botsadi, a bolela fa ba tshwanetse go ba kaela, go ba gakolola le go nna pelo telele mo go bone. Fa a mo kgwa dikgaba, mmaboipelego wa Chukumucho, Mme Reetsang Johannes a re maikaelelo a thuto sekadipuisano eo ke go rutana ka tlhokomelo ya bana ba masiela, tshidilo maikutlo, dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, ka fa ngwana a ka thusiwang ka teng nako e a tlhokafaletsweng ke batsadi le tse dingwe fela jalo tse di amang kgodiso ya ngwana wa lesiela. | society | 9 |
Bomme ba Kamo le Kamo ba abela ba-na-le bogole | E rile bosheng bomme ba kereke ya Assemblies of God (Kamo le Kmo) ba abela ba-na-le bogole dikolotsana tse di dirisiwang go pega balwetse di le lesome le dithobane tse di ikokotlelang. E rile a bua mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa bomme ba kereke eo, mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo, Mme Ontlametse Mokopakgosi a bolela fa go le molemo go nna karolo ya go rola dimpho tseo go thusa ba-na-le bogole. Mme Mokopakgosi o boletse fa tiro eo ya go aba dimpho e le nngwe ya matshego a tebelopele ya 2016 a tshaba e e kgathalang e na le kutlwelo botlhoko. O tlhalositse fa puso e thusa batho ba ba tlhokileng lesego le ba ba sa kgoneng go itirela mme go le botlhokwa go e thusa ka e ka se kgone go dira jalo e le nosi. Mme Mokopakgosi o tlhalositse gore bogologolo ba-na-le bogole ba ne ba fitlhiwa mme mo nakong eno ba a bonwa ebile ba nna sentle le batho. A re go molemo gore batho botlhe ba ba nang le bogole ba fiwe lorato le go bona gore le bone ba tshwanelwa ke tsotlhe ka ke batho fela jaaka mongwe le mongwe. O boletse gore ba-na-le bogole ba na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka go ikamogela seemo mo go dirang gore ba seka ba kopakopana le batho motlhofo, seo se dire gore ba tlale tshakgalo go bo go nna bokete gore ba malwapa a bone ba tshele le bone. A re seemo se se tlhoka batho ba Modimo go ba ema nokeng go ba tsisetsa tsholofelo le gore ba ikamogele, a tlatsa ka gore go ba supetsa lorato go oketsa tsholofelo ya bone le kgolagano mo malwapeng le ba ba tshelang le bone e bile go tlisa lesedi le boitumelo mo go ba ba itlhobogileng. Mme Mokopakgosi o akgotse bomme ba kereke eo go bona go tshwanela go otlolola letsogo go thusa ba ba sa kgoneng. O boletse fa setlhogo sa letsatsi leo sa, “Go buseletsa bomme ba bogosi” se le botlhokwa e bile e le kgakololo gore setho se Modimo a se beileng mo mothong wa mme ke boitshoko le pelo ya lorato go belega ba ba tlhokang thuso. Mogolwane go tswa mo lephateng la matshelo a batho le tlhabololo ya metse go tswa kwa khanseleng ya Gaborone, Mme Milane Selwe o tlhalositse fa kereke e thusa puso fela thata e bile e le botlhokwa mo setshabeng ya Botswana ka e ema nokeng batho ba ba farologaneng. Mogolwane wa komiti ya bomme, Mme Tsholofelo Radimo o boletse fa kereke e tlisa tsholofelo le popagano mo setshabeng ka kakaretso. BOKHUTLO | religion_and_belief | 8 |
Go thubega ga dikereke go tshwenya tona | Mothusa tona wa lephata la botsogo Dr Alfred Madigele, o supile fa a tshwentswe ke dikereke tse di thubegang kgotsa di kgaogana e le ka mabaka a thoka kutwisisano. Dr Madigele o buile se, fa a ne a laleditswe ke ba kereke ya Holy Sardar Apostolic go tla go baya semmuso mobishopo mogolo (Arch Bishop) Rre Daniel Makgelane wa kereke ya bone kwa Mmathethe ka malatsi a paseka. O ne a tlhalosa fa puso e tshwenngwa ke dikereke tse di kgaoganang ka jaana di felela di baka gore go runye dikereke tse dingwe gape. A re puso e eletsa go bona dikereke di tsamaisiwa sentle, di sa thubege, ka jaana se, se tlaa itsa go timetsa balatedi le maloko a tsone. Mothusa tona yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe – Molapowabojang a re fa dikereke di tsamaisiwa sentle, go nna le boitumelo mo malokong a tsone mme di tswelele go oka bontsi ja batho go nna seopo sengwe. A re go botlhokwa thata gore boeteledipele jwa dikereke bo tsamaise dikereke tsa bone go ya ka fa lefokong la Modimo, bogolo jang ka melawana e e lesome ya Modimo, ga mmogo le molao wa lefatshe go tila go lwana mo kerereng. Dr Madigele ka jalo o ne a mo kgothatsa go nna moeteledipele yo o boikobo, a le boingotlo, a sena boikgogomoso e bile a le tlotlo mo malokong a phuthego. Fa a tswa la gagwe, mobishopo mogolo yo o sa tswang go bewa Rre Makgelane, o ne a leboga thata segolo bogolo, Modimo yo o mo fileng thata le nonofo ya go tsweledisa boeteledipele jwa kereke. A re o na le tsholofelo e ntsi fa Modimo o tlaa mo fa maatla le nonofo ya go tsweledisa le go godisa kereke. Moruti Makgelane o ne a kopa maloko a kereke go tswelela ba tshwaragane ba le seopo sengwe go tila go kgaogana jaaka mopalamente a ne a gakolola. Fa a kgothatsa mobishop mogolo yo o sa tswang go bewa mo setilong, mobishopo mogolo wa kereke ya Word of Christ, Rre Moritha Thobogang, o ne a tlhalosa fa a itse e bile a na le tlhomamiso ya gore Rre Makgelane o beilwe mo setilong ke Modimo, ka jalo a tshwanelwa ke go tsweledisa tiro e Modimo a mmileditseng yone mo lefatsheng le mo kerekeng ya Holy Sarda. Mobishopo mogolo Makgelane, o bewa jaana mo maemong a, morago ga loso lwa mobishopo mogolo Rre Tom Gojammu ka ngwaga wa 2012. Fa a sedimosa kwa kereke e, e duleng teng, mokwaledi mogolo Rre Bafenyang Ngaka, o ne a tlhalosa fa kereke ya Holy Sarda e simologile kwa Aferika Borwa mme e simololwa ke Rre Tom Gojammu go tswa Mmathethe ka ngwaga wa 1963, fa a ne a direla kwa meepong. E ne ya re ka ngwaga wa 1967, Rre Gojammu a tla go simolodisa kereke eo kwa Mmathethe ka jaana e le gone kwa kereke kgolo ya maloko a mo Botswana, Aferika Borwa le Namibia a kopanelang teng. Mme e ne ya re ka ngwaga wa 1973, fa molao wa Botswana o laola dikereke gore di kwadisiwe semolao, kereke ya Holy Sarda ya kwadisiwa mme ya simolola go anama le Botswana. Kereke eo jaanong e na le maloko a ka tshwara 16 000. | religion_and_belief | 8 |
Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati | Lorato, boitseanape, botswerere, bopelotelele le kelelelo ke tsone di tlhokafalang mo mothong go ka itirela ka diatla. Se se supilwe ke Mme Keetsemang Kebarorile yo o dirang mekgabisa ya diaparo. Mme yo wa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano wa kgotla ya Phokela kwa Serowe o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa a simolotse kgwebo e ka 2014. Ka go twe metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, ka go lemoga fa bomme ka bontsi ba dirisa mekgabisa e, mo ditseleng kwa dintshong le kwa manyalong, Mme Keetsemang a bona se e le motlhala wa go ka itshetsa, mme e bile o dira mekgabisa e a lebile mebala ya dikapari gore go nyalane. “Malatsi a kgwebo ke Labotlhano ka e le letsatsi le bontsi bo folosang manyalo kwa ga molaodi le Matlhatso kwa manyalong,” a tlhalosa. Mme Kebarorile a re ntswa motho yo mongwe a ne a ka nyatsa mogopolo o, seo ga se a ka sa mo kgoba marapo ka mekgabisa e mo fa phaletshe. “Ke itemogetse fa batho ba amogetse kgwebo ya me ka gore letsatsi la ntlha ke lekeleditse ka dithunya tse di masome mabedi mme tsa rekwa tsotlhe. Ka ititaya sehuba go gatela pele.” O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba bonang tiro ya gagwe ba tla ba mo rotloetsa ka go reka mantlenyane a. Mogwebi yo o patagantse kgwebo e ya mekgabisa le dikopelo le ya poleshe ya matlo e a e dirang ka dikupu tsa stasoft. Mme yo, a re ntswa go se bonolo go simolola kgwebo, seo ga se reye gore ba tshabele kgakala,. O tlhalosa fa mananeo a puso le one a le mantsi e bile a thusa ba-na-le megopolo go ba tlhamela ditiro le gore setshaba se itsose ka Motswana a boletse fa mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Mme Kebarorile a rotloetsa Batswana go itirela megopolo ya bone a tlatsa ka go re ga go molato go kopa dikgakololo mo go ba ba nang le dikgwebo. O ne a rotloetsa Batswana ba ba nang le dikeletso tsa go simolola kgwebo e e tshwanang le ya gagwe gore ba seka ba itsapa ka e siame thata, bogolo jang ka a rekisa gongwe le gongwe. A re go le gantsi kgwebo e barotloetsi ba yone e leng basadi, e dira sentle ka borre ba rekela bomme ba bone, bomme ba ithekela, mme le bana ba kgona go ba rekela. Moreki wa dithunya tsa ga Kebarorile, Mme Maria Shadreck o ne a kaya fa a di rekile ka go farologana, di tsamaelana le kapari go tswa tlhogong go ya maotong. Mme Shadreck o ne a akgola kgwebo e ka e bile ba reka fela mo gae go na le go reka kwa mafatsheng a sele. Morotloetsi yo, o ne a tlhalosa fa bagwebi ba batona ba simolotse ka dikgwebo tse dipotlana. O ne a wetswa ka go leboga Mme Kebarorile ka maiteko a mantle a bo a mo eleletsa katlego le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe. A re keletso ke go bona mogwebi yo a rekisetsa madirelo a matona mekgabisa e. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Balemi ba solofetse thobo e e nametsang | Banni ba kgaolo potlana ya Okavango ba re ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa nna le thobo e e botoka monongwaga morago ga gore pula e ne thata mo kgaolong ya bone. Kgosi Diteko Salapito o boletse fa ba ka nna ba roba mo go namagadi fa pula e ka tswelela ka go na. Kgosi o boletse jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a itumetse go bo Modimo o arabile merapelo ya bone. A re pula e ntse e na mo dibekeng tse pedi mme e tla e kgaotsa, go neela batho sebaka sa go dira mo masimong a bone. Kgosi Salapito o tlhalositse gore balemi bangwe ba Okavango ba setse ba lemile masimo a bone fa ba bangwe ba sa ntse ba tshwere le go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa sekgoreletsi se setona ele tlhaelo ya diterekere. A re phulo le yone e tlaa tokafala mme seo se thuse diphologolo tsa naga le leruo. Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a bolela fa a tshwentswe ke gore balemi ba ne ba palelwa ke go lema ka gore ditonki tsa bone di letswe ke mopalo jaanong di sa kake tsa goga megoma ntateng ya leuba la ngogola. O ne a akgola balemi ba ba saleng ba lemile ka dipula tsa ntlha bogolo jang ba ba fa tlase ga letshitshi la noka, a re ba setse ba bile ba roba go rekisa thobo ya bone. A re mo kgaolong ya gagwe balemi ka bontsi ba lemile mmidi, bogolo thata kwa Gumare le mafelo a a gaufi, fa go simologa kwa Etsha go ya Shakawe le bontlha jo bongwe jwa molapo balemi ba tlwaetse go lema lebelebele. O ne gape a lebogela tautona wa lefatshe leno go bo a rotloetsa Batswana go rapelela pula. Rre Lepina Serara, mongwe wa bagolwane ba motse a re o lemile mme o solofetse go roba go le gontsi ka gore pula e nele. Rre Serara a re o ntse a rekisa mmidi go tswa mo tshimong ya gagwe mme o solofela go dira poelo ka go rekisa maphutshe. O boletse gape gore o solofela gore lehuma le tlaa fokotsega mo kgaolong eo ntateng ya thobo e e botoka e e solofetsweng. BOKHUTLO | society | 9 |
Komiti e kgothadiwa go dira ka natla | Kgosi Mothibe Linchwe o rotloeditse komiti ya ditshupo tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Kgatleng go dira ka natla le boineelo ka seo se ka ba kgontsha go ntsha maduo. E rile kgosi Mothibe a bua kwa moletlong wa dijo o o neng o itebagantse le go kokoanyetsa komiti eo madi kwa Pilane Traditional Resort bosheng, a kopa komiti eo go tsaya maikarabelo a yone ka tlhoafalo e itse fa e romilwe e bile e direla morafe. A re e le baeteledipele ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go tsisa diphetogo mo ditshupong tsa temo-thuo, bogolo jang ka go tsere lobaka di se yo mme ke bone ba ka emang ka dinao ba tshwaragane le ba bangwe go busa serodumo sa ditshupo. Kgosi Mothibe o ne a ba lemotsha fa boithaopo e se selo se se motlhofo. A re ka jalo ba seka ba fela pelo ka gore tiro e ba e dirang e mosola fela thata mo setshabeng le mo morafeng wa Bakgatla. O ne a ba kgothatsa go ntsha dipego tse di maleba gore ba kgone go bona tswelelopele. Kgosi Mothibe a re mekgatlho ka bontsi e bolawa ke go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa go ntsha dipego tse di maleba le go supa tiro ya bone gore ba ba tshwanetseng ba itse gore mokgatlho o ya kae. A re ditshupo di botlhokwa ka jaana di tshwaraganya balemi-barui e bile ba nna le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ka jaana Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. O ne a ba kopa gore ba dire tiro ya bone ka matsetseleko ba bo ba rerisane ka dinako tsotlhe gore ba bone kwa ba go yang. Monnasetilo wa komiti eo, Rre Naphtali Kaeparura a re maikaelelo a bone e le komiti ke go tosolosa serodumo sa ditshupo tsa temo-thuo mo Kgatleng. A re go setse go fetile dingwaga di le masome matlhano go se na ditshupo tsa maemo a ntlha mo kgaolong, ka jalo ba itlamile go dira ka natla ba tshwaragana le Bakgatla le maphata a puso go busetsa ditshupo tseo. E rile a afa malebogo, mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole o ne a gatelela botlhokwa jwa go tsaya boikarabelo go direla setshaba ka tlhoafalo. Rre Mangole a re ba tshwanetse ba ntsha pego nako le nako gore ba bone motlhala wa tiro ya bone. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Ba Tsabong ga ba itumele | Banni ba Tsabong ba ngongoregetse gore batswakwa ke bone fela ba akolang peo ya dipolasi kwa kgaolong ya Kgalagadi borwa, go kgaphelwa baagi ba kgaolo eo ntle. Banni ba supile matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi. Ba kgadile ba sa kgale mathe ganong lekgotla leo ba re ga le sale morago molao wa kabo ya lefatshe ka ba baya ditsha tsa masimo gaufi le didiba le gore le didiba tsa bone ga di a katologana ka sekgala se se letlelesegang. Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a ntsha mogopolo wa gore mongwe le mongwe a beelwe seelo sa gore a nne lebaka le le rileng pele ga a ka fetisetsa setsha mo go yo mongwe, e le tsela ya go fokotsa go rekisa ditsha. Rre Fedrick Cooper o ne a lebogela lekgotla la kabo disha ka go sedimosetsa morafe ka ditsamaiso tsa lone. Ba lekgotla la kabo ditsha la Tsabong ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba rekisang ditsha, le ba ba batlang go fiwa ditsha tse di fetang bongwe ntswa lefatshe le tlhaela. Leloko la lekgotla la kabo ditsha, Mme Segomotso Bahuma, o ne a tlhalosetsa morafe ka ditsamaiso dingwe tsa kabo ya lefatshe tse di fetotsweng. A re ditsamaiso tseo tsa go baya ditsha tsa bonno, masimo, didiba, dikgwebo, dikereke, le tse dingwe, di ama metse ya Tsabong, Logaganeng, Maubelo le e mengwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore ditsha tse di tlaa bewang ka ditsamaiso tseo ke tse di segetsweng ruri ka lefatshe le setse le tlhaela, le gore motse o tle o lebege sentle mo isagong ka o setse o godile. O tlhalositse gore didiba di tshwanetse go katologana ka sekgala sa dikhilomithara di le thataro. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno, mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go nna le setsha sa bonno se le sengwe kwa ntle ga tlhalo kgotsa boswa. BOKHUTLO | society | 9 |
Mothusa tona o tshwenngwa ke beng ba dikonteraka | Mothusa tona wa thuto e kgolwane, maranyane le dipatlisiso, e bile e le mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni o kgadile a sa kgwe mathe boradikonteraka ba ba diang ditiro tse ba di neetsweng ka go di isa kwa makgotleng a ditsheko. Rre Shamukuni o buile jaana mo phuthegong e a neng a e tshwere le baeteledipele ba kgaolo ya gagwe mo Kasane bosheng. O ne a bolela fa a tshwentswe ke boradikonteraka ba ba abetsweng ditiro ke khansele mme e re ba sena go palelwa ke go diragatsa ditumalano ba bo ba tsaya dikgang ba di isa kwa makgotleng a ditsheko, a re seo se dia nako ya go diragatsa maitlamo a bone mo bathong. Rre Shamukuni o tlhalositse fa makgotla a ditsheko di tsaya nako e telele go rarabolola dikgang le go ntsha ditshwetso. “Ke kopa gore lona boradikonteraka le emise mokgwa o, le re diela go diragatsa maitlamo a rona kwa bathong, re kopile puso gore go gagamadiwe melao. Mme ke batla go le raya ke re fa le ka tswelela ka go dira jaana re tsile go kgaogana le lona mo isagong,” a tlhalosa. O ne a tswelela a bolelela baeteledipele gore puso e santse e kanoka maphata a yone ka go farologana, e le go sekaseka maikarabelo a ba a filweng. Baeteledipele le bone ba ne ba ntsha dingongorego tsa bone, mme ba supa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi kwa metseng e tshwana Mabele gareng e mengwe. Ba ne ba ngongorega gape ka ditsela tse di sa fediweng ka bonako e bile tse dingwe di tlogelwa di sa felelediwa. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilio wa khansele ya Chobe, Rre Amos Mabuku a re ba tlaa tswelela ba ema nokeng mopalamente go isa Chobe kwa pele le go mo tlhabolola. Rre Mabuku a re Kasane ga a na lefatshe, mme keletso ya bone ke gore molao wa 1968 wa Forest Reserves o sekasekwe ka gore ke wa bogologolo ka nako e go neng go sena batho ba bantsi jaaka gompieno. O ne a tshephisa phuthego gore kokelo e ntsha e tlaa agwa. E ntse e le mo phuthegong eo, Rre Mabuku o ne a tlhalosa fa a itumeletse kgang ya mopalamente gore ba tlaa nna ba tshwara diphuthego tsa mofuta o morago ga dikgwedi tse tharo go rerisana le banni le boeteledipele jwa motse. | politics | 7 |
Re a-nyalana e atlegile kwa kgaolong ya Ghanzi | Makhanselara a khansele ya Ghanzi a rotloeditswe go tsenya letsogo mo lenaneong la re a-nyalana gore le tswelele ka go atlega. Fa a bua le makhanselara a khansele ya Ghanzi ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola masome mabedi le bone, molaodi wa Ghanzi Mme Tshepiso Leepo a re moono mogolo wa lenaneo la re a-nyalana ke go rotloetsa batho gore ba nyalane, e bile bone e le ba ga molaodi ba kgatlhegela thata ditshwanelo tsa batho ka a re bontsi jwa nako baratani ba babalelwa ke diemo tse o fitlhelanag ba ne ba nna mmogo ba kokotletsa mmogo,mme e re kwa morago fa mongwe wa bobedi joo a tlhokafala ba gabone moswi ba tle go amoga yo o salang dithoto Mma Leepo a re ba sala tsamaiso ya lenyalo morago. A re maina a pegiwa kwa ga molaodi fela jaaka e le molao wa lenyalo,a re ba sidila banyalani ba lenaneo la bone maikutlo gore ba ba tlhalosetse sentle gore fa ba tsena mo lenyalong jaana go raya eng. A re mo tikologong ya ntlha ya Re a-nyalana ba nyadisitse dinyalo di le 22 fa tse di lesome le boraro e le tsa Ghanzi mme tse di ferangbongwe di tswa New Xade. Selo se a reng se a nametsa mme a kopa makhanselara gore a rotloetse batho go ikwadisa mo lenaneong le. Mongwe wa bagolwane mo lenaneong le, Mme Dineo Swartz o ne a tlatsa mafoko a ga molaodi a tlhalosa gore lenyalo le ke la mongwe le mongwe ga se la batho ba ba humanegileng fela ke la mongwe le mongwe yo o batlang go tsena mo go lone mme a setse tsamaiso morago. Mme Swartz a re mo diemong tse dingwe ba kopana le batho ba re batsadi ba bone ke bone ba ba diileng go nyalana ka ba re ga ba batle ngwana wa bone a nyala kana a nyalwa ke motho wa letso le le rileng, mme a re motho wa go nna jalo o a akarediwa mo lenaneong mme go buisanngwe le botsadi pele. Mme Swartz a re tota bone ba kgatlhanong le bonyatsi ka a re le fa e le mo lefokong la Modimo bonyatsi ke boleo, ke ka moo ba rotloetsng lenaneo le gore batho ba tswe mo bonyatsing. Fa a araba kgang ya magadi Mma Leepo a Re a-nyalana e setse morago tsamaiso ya lenyalo la sekgoa fela. BOKHUTLO | society | 9 |
Lenaneo la Re a Nyalana le thusa go aga malwapa | Mothusa Kgosi wa Mmathethe, Kgosi Reuben Mosala a re nyalo ya konokono ke e banyalani ba e tsenang ka kitso ya tshokolo ya bone le maikaelelo a go pataganela dikgwetlho tsa letlhoko. Fa a amogela baeng kwa moletlong wa Re a Nyalana kwa kgotleng ya Mmathethe bosheng, Kgosi Mosala o ne a tlhalosa fa nyalo ya lenaneo la Re a Nyalana e kopanya bakapelo ba ba sa gabang go ikgapela dithoto tsa yo mongwe ka jaana ba a bo ba bone go le botlhokwa go ikopanya mo botlhoking jwa bone. Kgosi o tlhagisitse fa bogadi e le go leboga e seng go duela mo nyalong mme a kgala go nyatsa nyalo ya mofuta o mabapi le gore ga e a ikokotlela ka magadi. Motlhami wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o kaile fa maikaelelo a lenaneo le, e le go tsisa kagiso mo malwapeng. A re ntateng ya matshwenyego a serodumo sa lelwapa go ne ga bonala fa go le botlhokwa go thusa malwapa ka go tshereganyana bakapelo ka nyalo go nonotsha le go tsisa seriti mo go nneng mmogo ga bone. Mme Morwaagole o tlhagisitse fa nyalo ya Botswana e ketefalela batho ka e lopa madi le ditshenyegelo tse dintsi. A re lenyalo ga le a tshwanela go tura mme e bile dikoloto tsa lone di kgona go thuba malwapa. Mme Morwaagole a re nyalo ga e na tlhaolele, se se botlhokwa ke setlankana sa lenyalo ka e le sone mabuladikgoro. A re fa e sa le lenaneo le le simolola go nyadisa ka 2011, ga go ise go nne le tlhalano mo manyalong a a 4 700 a ba a nyadisitseng. Mothusa-molaodi wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Nametso Tatedi o tlhalositse fa nyalo e na le matshego a le matlhano e bong lorato, tshepho, tlotlo, therisanyo le neelano. A re fa banyalani ba itshegetsa ka matshego a, ba ka atlega mo nyalong. Mme Tatedi a re ba tshwenyega ka go thubega ga manyalo a segompieno a e leng gore basha ba a tsenelela ba lebile dithoto tsa yo mongwe. Mme Tatedi o tlhalositse fa banyanalani ba Re a Nyalana ba nyadisiwa ka nyalo ya sekgoa ke molaodi. Mokhanselara wa Mmathethe, Rre Samuel Morolong o ne a akgola banyadi. “Nyalo ke tshireletso ya dithoto tsa gago le bana ba gago ga mmogo le bana ba bana ba gago,” a tlhalosa. Rre Morolong o tlhalositse fa nyalo e itsa batsadi ba ga gabo monna kana mosadi go ikgagapelela dithoto fa yo mongwe a tlhokafala. Rre Kobamelo Nkemisang yo a neng a tsena mo nyalong le Mme Tapologo Nkemisang o supile fa a itumeletse lenaneo le. A re ga a bolo go tshela le mokapelo wa gagwe mme a sa kgone go mo nyala ntateng ya go tlhoka madi a tse nyalo e di tlhokang | society | 9 |
Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong | Monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o tlhokafetse morago ga go thulwa ke koloi kwa motseng wa Makopong mo kgaolong ya kgalagadi borwa. Motshwarelela mookamela mapodisi wa Werda Inspector Moarabeng Gaborone o tlhalositse mo potsolosong gore tiragalo e ba e begetswe ka Labone wa beke ee fetileng. Inspector Gaborone o tlhalositse fa monna yo o a thudilwe ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux e e neng e tswa kwa Tsabong go ya Werda jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela mo gare ga motse kwa Makopong. O tlhalositse gore morago ga go begelwa kotsi eo, mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Makopong kwa ba fitileng ba mo romela kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. Rre Gaborone are serepa sa moswi se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa kokelo eo go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. O boletse fa kgetsi eo e le ya ntlha go e gatisa mo ngwageng ono fa e sa le o simologa, mme o ne a kopa bakgweetsi go kweetsa ka kelotlhoko, go obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ka lobelo le le kwa tlase ka nako tsotlhe bogolo jang fa gare motse go ipaakanyetsa go hema ditiragalo tsa mofuta oo. Inspector Gaborone a re e tla re mo bogaufing mokgweetsi wa koloi eo a itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa madi aa sa feteng P10 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga ngwaga tse tlhano. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Thuto e ka fetola matshelo a magolegwa | Mookamela Kgolegelo ya Mahalapye, Senior Superintendent Shakani Thani, a re go botlhokwa gore magolegwa a amogele thuto jaaka peo e e ka fetolang matshelo a bone morago ga go gololwa mo kgolegelong. Rre Thani o buile jaana kwa moletlong wa letsatsi la go bala le go kwala kwa Mahalapye, bosheng. Mogolwane o ne a re maikaelelo a letsatsi leo, e ne e le go rokotsa maikutlo le keletso ya thuto mo magolegweng, gore ba tsenelele dithuto. A re go a tshwanela gore e le badira melato ba lemosege mo setshabeng gore ba agegile, ‘mme e bile ba farologane le batho ba senang thuto.’ Mogolwane o gateletse gore go mo maruding a magolegwa gore ba fetole matshelo a bone ka thuto. “Mabaka mangwe a a le tsisitseng mo kgolegelong, a ka tswa a amana le tomagano le botsalano kwa malwapeng, bangwe le dirile diphoso ka kgatelelo ya balekane. Mme jaaka botsamaisi jwa melao, re dumela gore le santse le ka nna batho ba ba amogelesegang mo setshabeng, ka le agegile,” ga bua Rre Thani. O ba tlhaloseditse gore ntswa ba dirile diphoso, ba tshwanetse go itse gore ba santse ba tlhokwa ke setshaba. A re maiteko a letsatsi le tshwana le leo, ke gore e re ba le mo kgolegelong jaana, ba seka ba fetwa ke sepe se se diragalang mo lefatsheng ka gore thuto ke maatla. “Go botoka fa le ka tlhoka go itse ka mabentlele a a agilweng kwa Palapye, go na le go tlhoka go itse ka sekole sa BUIST, se se ka fetolang matshelo a lona, ka tota thuto e le maatla,” ga tlatsa Rre Thani. O ba rotloeditse go dirisa go tshwarwa ga bone jaaka mapalamelo a go phunyeletsa mo botshelong, gore ba nne le katlego, fa ba sena go gololwa mo kgolegelong. Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse gape go nna banni ba lefatshe, ba ba kgonang go dira ditshwetso tse di maleba mo isagong. Mongwe wa magolegwa e bile gape e le moithuti, Mme Phatsimo Ijani, o rotloeditse bangwe ka ene go lemoga mosola wa thuto. Mme Ijani o akgotse setshaba se ba tswang kwa go sone, a re se na le lerato mo go bone. O ne gape a kopa magolegwa ka ene go nyorelwa la thuto, a re tse tsotlhe di simolola ka go bula pelo, a ba kopa gore ba tlhokomologe tse di kwa thoko mme ba iiphe lorato. “Lesang go letlelela tse di fetileng go le laola, le fa re le mo mathateng, a seka a re diela go akanya. Nako e re e nnang mo kgolegelong e re fa sebaka sa go aga bokamoso jwa rona sesha. Thuto ke boswa, ka jalo ke leboga barutabana ba ba berekang ka maatla go tlhomamisa gore ba re fa thuto,” ga tlatsa Mme Ijani. Leloko la komiti ya thuto Sergeant Onneile Lesetlhe a re ba ne ba itemogela gore maduo ga a kgatlhise, ke sone se ba neng ba tsenya ditlhogo go leka go bepisa seemo se. O supile gape gore ba ne ba netefatsa gore bangwe ba babereki ba ba nang le dithuto tse di maleba ba thusa go ruta baithuti ba. Ka jalo, o kopile maphata le ba-na-le seabe botlhe go thusa ka tse di tlhokafalang go ntsha maduo jaaka dibuka, dipena, kgotsa didirisiwa ka go farologana tsa thuto. A re makalana mangwe a atle a thuse, mme ga go a lekana. A re e le ba thuto ba leba bokgoni jo moithuti a nnang le jone mme ba mo kgaoganyetse dithuto sentle gore a kgone go dira sentle go na le go mo fa tiro e ntsi e e ka nnang bokete. Mo kgolegelong e, go na le magolegwa a a dirang ditiro tsa diatla, di tshwana le go betla, go roka, go baakanya dilwana tsa matlo, tse di ntshang maduo a mantle. Ditiro tse dingwe di akaretsa tsa temo-thuo, jaaka thuo ya dikgomo, dikoko le dinku, le go lema merogo e ba e ejeang. | education | 4 |
Twantsho masula e batla tshwaragano | Baagi ba metse ya (BORAVAST) e leng Bokspits, Rapplespan Vaalhoek le Struizendam, ba na le seabe le setshaba ka kakaretso ba gwetlhilwe go ema ka dinao ba tshwaraganela go nyeletsa borukutlhi, petelelo le go tlhakanela dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo lefatsheng leno. Ba gwetlhilwe jalo ke modulasetilo wa khansele potlana Rre Sam Brooks a le sebui sa tlotla mo thuto puisanong kwa Bokspits bosheng. Rre Brooks o tlhalositse fa go tlhabologa ga lefatshe go godisitse borukutlhi, a re mapodisi a leka bojotlhe go tsaya tsia seemo se ka go bopa dikomiti tsa twantsho borukutli , dithutapuisano, le go gasa melaetsa ka diphuthego tsa kgotla, a supa fa ba ka kgona fela fa mongwe le mongwe a ka tsenya letsogo. O tlhalositse fa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase thata di ntsifetse. O kaile fa go simologa ka ngwaga nwa 2008 go fitlha gompieno go begilwe dipetelelo tse tlhano le dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le pedi mo metseng ya tikologo eno. A re ba tswa setlhabelo ga ntsi ke bo mme ba ba felelang ba tshela ka botlhoko mo dipelong le poifo botshelo jotlhe. O kaile fa dikgang tsa mofuta o, tse dingwe batsadi ba di loba ba lebile gore ba atswiwe ka sengwe go na le gore modira molato a o lebisiwe a bo a isiwe kgolegelong. A re go dira jalo ke go gataka ditshwanelo tsa bana. Mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo kwa Kgalagadi Rre Daniel Moleseng o ne a supa fa dikgang tsa petelelo, dipolaano le tsa go tlhakanela dikobo le bana ba bannye di tshwenya thata lefatshe ka bophara. A re sebe sa phiri ke gore bontsi jwa dikgang tsa teng di felela di tsholotswe kwa mapodising ke bangongoregi. O ne a kopa borre go fetola maikutlo le dikakanyo le mokgwa wa go bolaya bakapelo ba bone fa lerato le fedile ka e se bokhutlo jwa botshelo. O ne a kopa batsadi go tlhokomela bana ba basetsanyana ka go ba fa dikgakololo ka go ka ba thusa le gone gore ba iphaphe mo go okweng ka madi ke borre gore ba ratane le bone. Fa a ba ema ka lefoko mookamedi wa mapodisi a kgalagadi senior supuritedent Masilo Motswri o ne a gwetlha mongwe le mongwe go ema ka dinao go fedisa borukutlhi, ka go ka thusa go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya vision 2016, le ba sepodisi ba itebagantseng le lone la “tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile.’’ Rre Motswiri o ne a kopa bommabana ba basetsanyana go ela tlhoko diaparo tse ba di ba rekelang ka le tsone di na le seabe mo peteleong ka di rokotsa borre, ka gantsi di galalela e bile di le di khutshwane di sa bipe mebele ya bone. Mookamedi wa mapodisi a Kgalagadi o ne a kopa gape setshaba bogolo jang sa metse ya BORAVAST go ela tlhoko majalwa mangwe a go balaesegang a rokotsa motho go batla tlhakanelo dikobo le gore bomme ba itsheketsheke go fetola boitshwaro jwa bone le go tlogela mokgwa wa go iphitisa dino ka e le bone ba ba amegang gantsi mo dikgannye tsa petelelo.Bokhutlo | crime_law_and_justice | 1 |
WAR e kgala batsadi ba ba gwebang ka bana | Mogokaganyi wa lekgotla la Women Against Rape (WAR) mo Maun, Mme Peggy Ramaphane o kgadile batsadi ba a reng ba dirisa bana go itshetsa. A re ba itemogetse fa mo Maun batsadi bangwe ba gweba ka bana, bogolo jang fa go na le mediro e metona ya setshaba jaaka dithuto-puisanyo, meletlo ya go ipela le tse dingwe. O supile jalo kwa thuto-puisanyong bosheng a re batsadi bao ba dirisa bana ba ba tsenang sekole ka jaana ba a bo ba itse gore bareki ba etla. A re se se ngomolang pelo ke gore batswasetlhabelo bao ga go na sepe se ba imatswang ka sone ka jaana batsadi e le bone ba tsayang madi, a tlatsa ka go re batsadi bangwe ba setse ba agile matlo fa bangwe ba tshela botshelo jo bo manobonobo ka ntlha ya go gweba ka bana. Mme Ramaphane o tlhalositse fa bana ba felela ba tswa mo dikoleng ka ntlha ya boimana ka jaana ba dirisiwa botlhaswa fela go sena itshireletso fa bangwe ba aswa senku mme ba felele mo mekgwatheng. A re ofisi ya gagwe e hupeditswe ke dikgang tsa mohuta oo, mme a ikuela mo morafeng go emela dikgang tseo ka dinao ka jaana di diga seriti sa bana. A re e le ba WAR ba boloditse letsholo go buisanya le magosi ka dikgang tseo le tse dingwe tse di amang bana. A re bangwe ba nyalwa ba sa le babotlana ka jaana ngwana fela fa a tlhoga dikolamelora o a beelelwa go ya ka dingwao dingwe. A re go beelela ngwana ke ngwao mathata ke fa motho yo a mmeeletseng janaong a batla go mo dira mosadi e ise e nne nako a tlhakanela dikobo le ene. Mme Ramaphane o tlhalositse gore go botlhokwa gore ngwao le ditsamaiso dingwe tsa Setswana di lebelelwe ka jaana di baya bana ka fa mosing. A re batho bangwe ba iphitlha ka ngwao mme ba rontshe bana tshwanelo ya go akola botshelo. A re bana ke bone bokamoso, ka jalo ba tlhoka go tlamelwa le go godisiwa sentle. A re go ama pelo go bona batsadi mo Maun ba dirile bana bontlha jwa bojanala. A re e re le ntswa puso e otlolotse letsogo go ntsha mananeo a itshetso, sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba ithetse moriti o tsididi fela mme ba batla madi ka ditsela tse di sa siamang tse di bofefo. Lekgotla la WAR le itlamile go ema kgatlhanong le kgokgontso ya bomme le bana. Mme Ramaphane a re ba ipelafatsa ka buka nngwe e e kwadilweng ke bana bangwe ba dikole mo Maun ba bua ka maitemogelo a bone ka dikgwetlho tsa botshelo mo Ngami. | crime_law_and_justice | 1 |
Bakgweetsi ba kgothadiwa go nna le boikarabelo | Bakgweetsi ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka go dirisana sentle mo ditseleng le bakgweetsi ba bangwe ka seo se ka fokotsa dikotsi tse di diragalang mo lefatsheng leno. Mafoko a a builwe ke mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong Assistant Superintendent Pandora Kgosimore mo dithuto seka dipuisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng bosheng. Fa a bua maikaelelelo a letsatsi leo, mookamela mapodisi a pharakano ebile ele mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng , o ne a tlhalosa fa e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng ; go fokotsa dikotsi; go ba kgothatsa le go ba tsibosa ka botlhokwa jwa go obamela matshwao a tsela; go ele tlhoko batsamaya ka dinao ka nako tsotlhe le gone go ba rotloetsa go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka go tsamaya ba tsere diatlana (gloves) mo dikoloing tsa bone. Assistant Superintendent Kgosimore o ne a tswelela ka go tsibosa bakgweetsi fa gantsi dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya bone kgapetsakgapetsa di bakwa ke go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng; go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso; go kgoreletsa bakgweetsi ba bangwe go kgweetsa ba sena ditlankana; morwalo oo feteletseng mo dikoloing tsa setshaba le gone go kgweetsa ba nole bojalwa mo a supileng fa e le one molato o o di gogong kwa pele thata mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Rre Kgosimore o ne gape a tlhalosetsa batsena dithuto-puisano tseo ka dikatlholo tse di tsentsweng mo tirisong mo ngwageng ono; ya go kgweetsa o nole bojalwa a kaya fa e le P3.000.00, kana ngwaga le dikgwedi tse thataro mo kgolegelong. One a tswelela a tlhalosa ka mefuta e mebedi ya mechine e e tlhatlhobang selekanyo sa bojalwa mo bakgweetsing le tiriso ya yone. O kaile fa katlholo ya go bua ka mogala o kgweetsa yone e le P200.00 kana go feta kana go atlholelwa kgwedi tse pedi o disa poo. Mookamela mapodisi ebile e le mothusa modulasetilo o kaile fa dikotsi tse ba di gatisitseng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e leng Tsabong, Middlepits, Bokspits le Werda go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Lwetse monongwaga di le masome a supa le borataro (76) , fa dintsho tsa ba ba tlhokafetseng di le nne (4). Sebui sa tlota sa letsatsi leo, Inspector Ookeditse Dipholo boemong jwa ga mookamela mapodisi a Kgalagadi, o kaile fa letsatsi le le le botlhokwa ka ele la go ithuna dinta ga bakgweetsi le go ya go baakanya diphoso tsa bone tse di bakang dikotsi; a tla a ba rotloetsa go nna le tirisanommogo mo bakgweetsing ba bangwe le mapodisi . Inspetor Dipholo o ne a gwetlha bakgwetsi bogolo jang ba banana go tila go kgweetsa ba nole bojalwa ka ba ka felela ba tseelwa diteseletso tsa go kgweetsa mme di le botlhokwa, ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Fa a mo kgwa dikgaba mogolwane wa lephata la ditsela mo Tsabong Rre Topoyame Makgatshwane one a tlhalosa fa tsela eo e le mo seemong se se sa siamang ka e le kgologolo mme maikaelelo a bone e le go e ntšhwafatsa, jaanong sebe sa phiri ke letlhoko la madi. Rre Makgatshwane o ne a supa fa maiteko a ba a dirang mo tseleng eo e le go thiba dikhuti tseo kgapetsa-kgapetsa, go shahatsa ditsela tse di makgwarapana (gravel) le gone go kgaola ditlhare mo tseleng. Mogolwane o ne a supa fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone e le tsa go utswiwa ga diterata mo ditseleng fa ba di ageletse; a ba a kopa mongwe le mongwe go nna matlho a puso ka go loma mapodisi tsebe mo ditiragalong tseo. One a tlatsa ka go kopa bakgweetsi go ela tlhoko matshwao a tsela a selekanyo sa lobelo mo ditseleng tseo go itsa go baka dikotsi. Maphata mangwe a a neng a tsaya karolo mo dithuto puisanong tseo e ne le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, ka go tlhalosa ka boitekanelo jwa dikoloi; ba CTO ba baneng ba rotloetsa maphata a puso ka go isa bakgweetsi kwa dithutong tsa boitsanape jwa go kgweetsa (defensive driving) le ba lephata la ditsela ba khansele, go tlhalosa ka ditsela tse di mo metseng tse ba itebagantseng le tsone le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mabapi le ditlhabololo mo go tsone. Bakgweetsi ba ne ba leboga thata ba komiti ya ipabalelo tseleng ka dithuto tseo, ba supa fa di tla tsisa pharologanyo thata mo tirong ya bone ya go kgweetsa le gore ba tla fitisetsa molaetsa oo mo go ba bangwe. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Go itirela go fokotsa le tlhoko la ditiro | Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Letlhakeng a re go itirela go ka fokotsa letlhoko la ditiro le borukutlhi. Fa a amogela baeng kwa letsatsing la thekiso la lenaneo la nyeletso lehuma kwa Letlhakeng ka Labotlhano, Kgosi Banyatsi o tlhalositse fa a swabisitswe ke go bo banni ba ne ba sa tla ka bontsi. O kopile ba ba tsereng lenaneo la nyeletso lehuma go tshwara ka thata gore ba kgone go itshetsa. Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa letsatsi leo le diretswe go ipapatsa le go arogana dikitso. Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2012, puso ya tsaya tshwetso ya go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo, mme tshimolodiso ya tiro e, ya tshwarelwa kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng kwa Diphuduhudu. O tlhalositse fa lenaneo le simolotse ka go lemela baikopedi ditshingwana tsa merogo, mme ya re morago ga tsenngwa go rua dihutshane, dikoko, go roka, go hirisa ditante le tse dingwe. Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2014, puso ya simolodisa lenaneo le le itebagantseng le banana la Youth Development Fund (YDF) ka e ne e lemogile fa banana ba amilwe ke lehuma. Monana, Rre Golekanye Setoroise wa Letlhakeng, o supile fa e rile ka 2017 a thusiwa ka lenaneo la dinku mme kgwebo ya gagwe e solofetsa. A re o kgethile go rua dinku ka o godile a rata leruo ebile a disa. O tlhalositse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le letlhoko la marekisetso, mme se se sa mo kgobe marapo. Rre Setoroise o kgothaditse banana go se tshabe go dira tse ba di ratang, mme segoloboglo ba beye Ramasedi kwa pele. Mme Babotseng Satsebe go tswa Malwelwe ene o supile fa a ne a thusiwa ka dikoko tsa mae. Mme Satsene o tlhalositse fa a bone dithuso ka 2016, mme erile ka 2017 a nna le kgwetlho ya bolwetse jwa dikoko, a emisa kgwebo a boa a tsweledisa ka 2018. A re kgwebo e tsamaya sentle ebile o rekisetsa sekole se sebotlana sa Malwelwe mae ebile o kgona le go ipolokela madi kwa bankeng. O kopile ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go oketsa se ba se ba se neetsweng le go dira ka lerato. Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Neo Segaise, o lebogile ofisi ya ga molaodi go phutha b aba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. O kopile makhanselara go rotloetsa banana go ikopela go thusiwa ka lenaneo la banana. | economy_business_and_finance | 3 |
Lepodisi le lebisitswe molato | Lepodisi la maemo a special constable kwa Ghanzi le utswile madi a rre mongwe yo o neng a tshwerwe ka molato wa go fitlhelwa a nole bojalwa mo lefelong le go sa letlelelweng go nwela bojalwa teng . Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Rre Alakanani Makobo, o bolela fa tiragalo e, e diragetse ka Tlhakole a le masome a mabedi le bongwe. Rre Makobo a re go lemogilwe fa rre yo wa lepodisi a utswile madi, fa ba sena go lebisa rre yoo tshwerweng molato, jaanong a tshwanetse go duela. E rile modira molato a re o a duela a fitlhela madi a gagwe a tsene ka ga re itse mme a supa fa a belaela mapodisi a a mo tshwereng, ka a ne a tswere madi mme a sa a bone. Go bolelwa fa mapodisi a, a ne a phuruphutshiwa gone foo mme ga fitlhelwa P300 mo rreng wa lepodisi. Rre Makobo a re rre yo wa lepodisi o tseetswe dikgato. A re o sekisediwa maitsholo a a makgaphila mo tirong mme a re kgang ya gagwe e santse e tsweletse. A re rre yo o sekisiwa fela jaaka modira molato mongwe le mongwe. E re dikgang di eme jalo, Rre Makobo a re, rre yo wa lepodisi o robaditswe kwa sepatela, morago ga gore e re malatsinyana morago ga tiragalo e, a thulwe ke mongwe ka koloi mme motho wa go nna jalo a inaya naga, ka jalo go santse go le mo patlong ya motho yo o ka tswang a mo thudile . Mo dikganyeng tse dingwe mapodise a mo letsomong la dilalome tse di thubileng ofisi ya Edoes Camp kwa motseng wa D’kar gone mo kgaolong ya Ghanzi. Dilalome tseo, go lebega di tlhasetse ofisi eo mo bosigong jwa tshipi kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le borataro, mme ba utswa P3 000 Cash,300 US dollars le Laptop, e e neng e rekiwa ka di Euro mme madi a a e rekileng fa a fetolelwa mo dipuleng a ka lekana le P25 000. Rre Makobo a re, ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo mme o supile fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. O tsweletse a re, ba ikuela mo setshabeng go ba thusa go tshwara dilalome tseo, a re fa ba ka bona mongwe a fetola madi a di dolara ba ikgolaganye le bone kana mapodisi ape fela a a gaufi. Bokhutlo | crime_law_and_justice | 1 |
Ntshang botswerere jotlhe | Banana ba kopilwe go ema ka dinao ba ntshe botswerere jwa bone jwa ditiro tsa diatla ka seo se ka fokotsa letlhoko la ditiro le le ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Rre John Toto mo pulong semmuso ya tshimolodiso ya disupiwa tsa tiro ya diatla le botaki, go di betlela tsela go ya kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona ka Phukwi. Mopalamente o ne a rotloetsa badiragatsi go dira ka natla, bonokopila le lorato e bile ba sa inyatse gore ba tle ba kgone go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe. Rre Toto o ne a rotloetsa badiragatsi gore dilwana tse ba di dirang ga se go kgatlha leitlho la moreki fela, ke go tlotlomatsa le ngwao ya Setswana. Mopalamente o ne a kopa barui ba dihutshane go kopana ba nna seopo sengwe le go batla lefelo le ba tlaa kgonang go kokoanyetsa matlalo a leruo mo go lone, ba a suga, ba bo ba a rekisa ka seo se ka ba thusa go ntsha disupiwa tsa maemo a ntlha tsa matlalo. Rre Toto gape o ne a supa fa e sale ntlo ya ditso e bulwa kwa Tsabong ka 2012, badiragatsi le bataki ba kgaolo ba kgonne go kokoanya P30 990. O ne a kopa maphata a puso a a farologanyeng go rotloetsa badiragatsi ka go reka dilwana tsa bone tse di dirilweng ka diatla go kgabisa mo diofising tsa puso jaaka e le taelo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. O ne a tlatsa ka go gwetlha banana go tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka bontsi ka seo se ka ba thusa go fetola matshelo a bone ka go itirela le gone go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi borwa, Rre Sam Brooks o ne a rotloetsa banana go itsolopanya, go dira ditiro tsa diatla le go tsaya malebela mo go ba bangwe. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Ba kopiwa go tsweledisa tshwaragano | Banni ba motse wa Phuduhudu mo kgaolong ya Nhabe, ba kopilwe go tsweledisa mowa wa tshwaragano, lorato le tirisano mmogo o ba o supileng mo phitlhong ya kgosi wa motse oo bosheng. Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Maun Botlhaba, Rre Constantinos Markus. A re tshwaragano e ba e supileng ka go nna teng kwa losong ka dipalo tse dintsi jalo e ka dira gore motse wa bone o gole. A re bogosi bontle bo a itirelwa. A re moswi Kgosi Bobotha Yokhwe o ne a itirela bontle joo a santse a le mo botshelong ka go kgobokanyetsa morafe wa Basarwa mo Phuduhudu gore puso e ba thuse ka ditlamelo. Rre Markus o bile a ba kopa go tswelela ba gata mo ditlhakong tsa ga rraabo. A re dibui tsotlhe di kaile fa e ne e le motho yo o bonolo e bile a le lorato mme a re botlhe le bana ba moswi ba ka itirela bontle joo. Kgosi Keathotswe Mokenane wa Tsau, o ne a re ba lwapa la ga Rre Yokhwe ga ba a latlhegelwa ba le nosi, a tlatsa ka go re le bone kwa bogosing ba latlhegetswe ka jaana e ne e le motho yo o tswang ka megopolo e e nonneng nako le nako, e bile a kopanya batho ka lorato le a neng a na nalo. O tlhalositse fa Kgosi Yokhwe a simolotse tiro ya gagwe ka 1979 e le kgosana e e kwalang mme ya re ka 1986 a tlhatlosiwa maemo go nna moemela kgosi ka e ne e le motho yo o botlhale, e bile a ntsha dikgakololo tse di agang setshaba. Mothusa kgosi wa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo a re ene o ne a itse Kgosi Yokhwe ka ngwaga wa 2014 fa a tsena mo bogosing jwa goo Tawana, a tlhalosa fa a ne a mo tlwaela ka bonako ka e ne e le motho yo o pelontle e bile a le botlhale thata. A re o kgonne go ntsha Phuduhudu mo go nneng lefatshe la puso a o dira lefatshe la morafe, a re pele go ne go sena jaaka batho ba motse oo ba ka bewa ditsha ka jaana lefatshe leo e ne e se la bone mme gompieno ba na le ditsha. O bile a kopa morafe go tswelela ka tshwaragano e ntle eo le gone go tsweledisa ditiro tse kgosi a neng a setse a di simolotse, bogolo jang tse di amang tlhabololo ya motse wa bone gore ba kgone go gola. Kgosi Bobotha Yokhwe o tshotswe ka 1928, mme a tlhokafala kgwedi e e fitileng e le 25 kwa kokelong ya Gweta morago ga go lwala ka lobaka. O tlogela mosadi le bana ba le barataro, basadi ba le ba bedi le banna ba le bane. | society | 9 |
Botlhakatsebe ga bo jese dikgosi diwelang | Dikgosana kwa Masunga di tshwenngwa thata ke dikgang tsa go tlhoka tsebe ga banana, leruo le le gobeyang mo motseng le batho ba ba leletsang diletso kwa godimo mo malwapeng. Mo potsolotsong le ba BOPA ka Labobedi, Kgosana ya kgotlana ya Chilinde, Rre Teacher Chaloba o boletse fa go tlhoka tsebe ga banana go sa ba jese di welang, mokgwa o a supileng fa o atile thata mo baithuting ba ba tsenang mo dikolong tse dikgolwane tse di mo motseng wa Masunga. O boletse fa go supagetse fa bangwe baithuti ba goga motokwane, o a tlhalositseng fa go belaesegang gore ba o reka mo bathong bangwe ba lefatshe le le mabapi la Zimbabwe ba ba nnang mo motseng wa Masunga. Rre Chaloba o tsweletse gape a bua fa bangwe ba banana ba itshiela nnotagi mme e re ba tlhapetswe ba bo ba tlhokela barutabana le batsadi ka kakaretso botho, mme ba felele ba le mo diatleng tsa mapodise. | society | 9 |
Tsela ya Mochudi-Malotwane e a baakanngwa | Tsela ya Mochudi-Malotwana e e nang le dingwaga e le mo seemong se se neng se tshwenya badirisi e simolotse go baakanngwa. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA moeteledipele wa lephata la ditsela mo Mochudi, Rre Lapologang Thebe o tlhalositse fa ba simolotse go baakanya tsela eo kgwedi e e fetileng. Rre Thebe a re dingwaga tsotlhe e sale goromente yo motona a tsaya dingwe tsa ditsela mo dikhanseleng ba ntse ba sena madi le ditsompelo tsa go busetsa tsela ya Mochudi-Malotwana mo seemong. Le fa go ntse jalo a re lephata le na le lenaneo la go thiba dikhuti tse di mo tseleng eo tsotlhe. A re go le pele ba ne ba thapa rakonteraka yo o neng a dira ditekeletso tsa methale e e tlhabolotsweng ya go thiba dikhuti tsa tsela eo. O tlhalositse fa ba ne ba lepa seemo mme ba dumalana go dirisa mofuta o gompieno e leng one ba remeletseng mo go one fa e sale ba simolola go baakanya tsela eo. Rre Thebe o kaile fa tsela eo ya dikhilomithara tse di lesome e tlaa bitiiwa dikhilomithara tse thataro fa tse nne go tlaa dirwa tsela e ntsha, a re ba itemogetse fa bontlha bongwe bo senyegile e bile bo tlhokana le go dirwa sesha. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tswa kgakala ba utlwa selelo sa badirisi ba tsela eo. A re segolo thata ba tlhaloganya fa tsela eo e ne e ka tsenya matshelo a badirisi mo diphatseng, a tlatsa ka go re ntswa e ne e senyegile thata e ne e sena matshwao a tsela a a supang fa e na le dikhuti tse dintsi. “Re itse thata ka selelo sa badirisi ba tsela segolo thata bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba ba neng ba setse ba sa batle go gorosa setshaba kwa Malotwana, ke ka moo gompieno re tsibogetseng go busetsa tsela ya Mochudi-Malotwane mo seemong se se babalesegileng,” Rre Thebe a tlhalosa. A re tsholofelo ke gore tiro ya go baakanya tsela eo e wele ka Phukwi e bile e tsentswe le matshwao a a neng a seyo. O ne gape a tlhalosa fa ba na le lenaneo la go duela setshaba fa dikoloi tsa bone di sentswe ke tsela mme a re setshaba ga se tlhaloganye thata ka tsamaiso ya teng, ba itlhaganelela go kwalela mokwaledi wa lephata. “Se se diragalang ke gore re bereka le sepodisi le lephata la dipalamo, fa motho a bolela fa tsela e sentse koloi ya gagwe, re le lephata re ikgolagaya le sepodisi gammogo le lephata la ipabalelo tseleng ba ba dirang ditlhotlhomiso le diteko go netefatsa fa ka nnete tsela e le yone e sentseng koloi. Morago re dire thulaganyo ya go duela ditshenyegelo gone mo Mochudi. Mo go tse dingwe, Rre Thebe o kaile fa ba ikaelela go thapa boradikonteraka go tlhokomela ditsela tsa Kgatleng di tshwana le tsa dinoka ka go kgaola ditlhare, go sela matlakala go tlhomamisa fa ditsela tseo di tsamaega. O ne a tlatsa ka go re ba na le lenaneo la go baakanya ditsela mme ba palelwa ke go le diragatsa ka mabaka a letlhoko la madi le ditlamelo le tshwana dikoloi le didirisiwa tse dingwe. A re dinako tse dingwe ba tswa mo lenaneong la go baakanya ditsela ka ba kgona go patelesega go tlogela e ba e dirang go ya go baakanya e nngwe. Rre Thebe a re o lebogela tirisano mmogo ya VDC ya motse wa Malotwane le khansele a re e thusitse lephata la gagwe ka babereki ba le lesome le bongwe ba ipelegeng. A re o lebogela gape le mokhanselara wa kgaolo Rre Thabo Komane le modulasetilo wa khansele, Rre Mpho Morolong ba ba neng ba setse ba itlamile go tla ka methale ya go batla madi a go baakanya tsela ya Mochudi-Malotwane. BOKHUTLO | politics | 7 |
Thuo ya dintsa e na le maduo | Thuo ya dintsa e ka nna kgwebo fela e e ka tshetsang Motswana yo o nang le lorato mo dintseng. Se se builwe ke Rre Best Mereyotlhe mo potsolotsong le Rre Mereyotlhe yo e leng ene mosimolodi wa motshameko wa go tlhoma ga dintsa o o neng o tshwerwe bosheng mo Palapye a re go botlhokwa gore barui ba mefuta yotlhe ya dintsa ba ipope ba nne seopo sengwe mme ba dire mokgatho o mo go one ba tlaa gakololanang le go fana maele ka tlhokomelo ya seruiwa se. “Maitemogelo a me ke gore barui ba dintsa ba a di latlhelela, bangwe ga ba di fe le fa ele tsone dijo mme ntswa ba solofela gore seruiwa se se ba sireletse ka nako tsotlhe. A re go botlhokwa gore dintsa di tlhokomelwe gore le tsone di lemoge fa di lemotshega mo malwapeng, ka jalo fa barui ba ipopile ba le seopo sengwe ba ka fana maele a tlhokomelo ya seruiwa se. O ne a tlhalosa gore fela jaaka seruiwa sengwe le sengwe, ntsa e ka ruelwa go itshetsa. A re fa e tlhokomelwa sentle e ka ngoka bareki mme e fe mong wa yone letseno. Rre yo o ruileng dintsa tsa mofuta wa Bull Dog, a re ene ntswa e le morutabana, o na le lorato lo lo golo mo dintseng e bile o ngomoga pelo thata fa a bona seruiwa se se tsewa ka tsela nngwe. O supile fa a kgona go rekisa ntsa madi a a kanang ka dikete tse nne mme bareki ba seke ba ngongorege ka jaana ea bo e kgatlhisa e bile e itekanetse. Rre Mereyotlhe o tsweletse ka go tlhalosa gore tlhokomelo ya dintsa e akaretsa le gone go netefatsa gore ntsa e tsere mekento ee maleba ka nako tsotlhe go tila malwetse gammogo le pabalesego ya morui le batho ka kakaretso. A re fela jaaka motho, ntsa fa e supa bokoa bo tshwanetswe jwa tsibogelwa mme ya isiwa kwa go ba lephata la diphologolo go ka thusega, a re seo ke sesupo sa gore le yone e tsewa tsia. Go ya ka Rre Mereyotlhe, ntsa e dirwa ke morui wa yone gore e itsee ka tsela nngwe a re ntsa fa e bolaisiwa tlala ke morui e nna legodu. Rre Mereyotlhe o kgadile barui ba dintsa ba ba di latlhelelang e bile ba seke ba netefatsa gore di jele kgotsa di tsere mekento a re ke bone ba rotloetsang boitshwaro jo bo sa siamang ba seruiwa seo. O gakolotse banana go inaakanya le thuo ya dintsa a re e ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. Fa a mo tlatsa Rre Lazarus Moroko wa kgotlana ya Khurumela yo le e ne e leng morui wa dintsa, o ne a supa fa ene a ruetse dintsa tsa gagwe thekiso mme di mo fa letseno le le botoka. Rre Moroko le ene o rotloeditse kgang ya go ipopa ba nna mokgatlho, a re o ka busetsa barui ga mmogo le tsone dintsa. Rre yo o ruile dintsa tsa mofuta wa Grey Hond mme a re sephiri segolo mo kgwebong ya gagwe ke lorato le tlhokomelo mo dintseng tsa gagwe. | economy_business_and_finance | 3 |
Kedikilwe o akgola bomme | Seabe sa bomme mo tlhabololong ya lefatshe le setshaba se a bonala. Se se netefadiwa ke bomme ba kwa Mmadinare ba ba tsweletseng ka go tlhama mekgatlho go tshidisa ba ba latlhegetsweng ke ba masika le ditsala. Mongwe wa balalediwa kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho wa Mmamosekama Burial Society, Rre Ponatshego Kedikilwe yo o e leng mothusa tautona wa pele, o kaile fa mme e le motho yo o nang le tebelopele le boitshoko mo go se a batlang go se dira. Rre Kedikilwe o ne a lemotsha bomme ba mokgatlho wa Mmamosekama fa se ba se dirang e le se puso e se batlang ebile se le mo maitlamong a Tebelopele ya 2036. O gakolotse bomme ba mokgatlho gore ba seka ba itebaganya le tsa diphitlho fela, mme ba katolose go itepatepanya le mathata a a lebaneng bana ba basetsana ka ba tshelela mo kgokgontshong. Rre Kedikilwe o supile fa ngwana wa mosetsana a tshwanetse go rutwa boitshwaro jo bo siameng a sa ntse a le monnye gore e re a godile e nne mme yo o nang le boikarabelo. Rre Kedikilwe a re mokgatlho wa Mmamosekama o mo tseleng ya go tsosolosa mowa wa bogologolo wa boipelego le popagano ya morafe. E rile a ba ama ka lefoko, mogolo wa motse, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a kgothatsa bomme ba Mmamosekama go bereka ka thata go godisa mokgatlho go nna o o dirang dipoelo. Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa go nna le tebelopele mo se motho a batlang go se dira mme a ba kgothatsa go sala molao motheo morago ka e le o ne o o ka ba kaelang fa ba sa dire sengwe sentle. O supile fa mekgatlho e tshabelelwa ke go phutlhama mo dikgang tsa teng di felelang di le kwa makgotla tshekelong ka lebaka la go tlhoka go sala molao morago. A re go botlhoka go nna le batho ba ba nang le dikitso tsa madi mme a ba rotloetsa go dirisa bana ba bone mo motseng ka bangwe ba na le dithuto tsa go nna jalo. Rre Molebatsi o ne a supa fa Mmadinare a dikologilwe ke meamuso ya tlholego jaaka matamo mme a re ba ka thulanya ditlhogo le mekgatlho e mengwe go akantshanya ka fa ba ka di dirisang ka teng go dira dikgwebo. O ne a itlama go thusa mokgatlho ka dikitso tse a nang natso tsa kgwebo gore o kgone go itirela letseno. Morotloetsi mogolo wa mokgatlho, Mme Neo Mothobi o ne tlhalosa fa mokgatlho o sale o tlhamilwe ka ngwaga wa 2016 mme mo nakong ya gompieno o godile. Mme Mothobi o ne a re tiro ya gagwe ke go thusa ka dikgakolo mme a supa fa kutlwano le lorato e le tsone tse di ka dirang gore mokgatlho o gole. | society | 9 |
Tshidilo maikutlo e na le mosola | Tshidilo maikutlo e kailwe e le tsela nngwe ya go kganela dipolao le dikakanyo tsa go bolaya ka e ritibatsa maikutlo gape e efa batho nako ya go buisana go batla tharabololo. Fa a bua mo thuto-puisanong ya letsatsi la go kganela go ipolaya, mmaboipelego mo khanseleng ya Mochudi, Mme Boingotlo Matlhabaphiri o boletse fa go ikgolaganya le bommaboipelego go kopa thuso go le botlhokwa. O boletse fa bontsi bo tsaya temana khutshwane ya go ipolaya go rarabolola mathata a bone mme mo go sa thuse ka batho ba ba salang mo botshelong ba amiwa ke seemo se ba tlogetsweng mo go sone. O bile a tlatsa ka go re bangwe ba sala ba akanya fa e le bone ba bakileng go ipolaya moo. Mme Matlhabaphiri o boletse fa go bua boammaruri ka nako ya fa motho a ile go batla thuso mo go mmaboipelego go le botlhokwa thata ka go fa motho sebaka sa go tlhaloganya seemo pele a se rarabolola. O kopile setshaba gore ba seka ba itshidila maikutlo ka ba felela ba tsaya dikgato tse di seng maleba mo go ba tsenyang mo mathateng , a ba kopa gore ba ithute go bua le batho ka e le tsela e molemo go kganela dipolaano. Mme Matlhabaphiri o boletse fa go itse mmaboipelego go sa reele gore o ka tsamaya a bolelela motse ka mathata a gago ka seo e tla bo e le tlolo molao mme e bile motho a na le tetla ya go begela ba sepodise ka seo gore ba lebise mmaboipelego molato. O boletse fa go na le molao o o ba letlang go begela mapodisi fa motho a rera go bolaya yo mongwe gore ba tshegetse yo o kaiwang mopolaong, a tlatsa ka gore se e abo e le go sireletsa yo mongwe go fitlhela yo o kopileng thuso a sidilwa maikutlo. O tlhalositse fa tshidilo maikutlo e tshwana le lefoko la Modimo ka gore fa o utlwa lefoko la Modimo mme o sa le tshegetse ga le go solegele molemo mme fa o le sekegela le go tshedisa sentle. Detective Sargent Bonniface Dibe o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tsa go ikgapela botshelo di bakwa ke dikgwetlho tse batho ba iphitlhelang ba le mo go tsone mme ba sa kgone go di rarabolola jaaka marato a bangwe ba sa amogeleng fa a sena go fela. O tlhalositse fa ba gatisitse dikgang tsa go ikgapela botshelo ka go ikaletsa di fera bongwe ka 2015, di le lesome ka 2016 e le ka go ikaletsa le go gatwa ke terena mme monongwaga fela ba gatisitse tse pedi tsa go gatwa ke terena botlhe e le borre. Rre Dibe o kopile setshaba go begela bommaboipelego le mapodisi fa ba na le mathata gore ba tle ba kgone go bona thuso, a tlatsa ka gore fa ba tshegwa ke batho fa ba kopa thuso ba begele ba sepodise ka gore ke molato gore e re motho a kopa thuso ba sepodise kana bo mmaboipelego ba ba tshege. Rre Kabelo Moremi o kaile fa bomme ba tshwanetse go amogela diphoso fa ba le molato mme ba ipaakanye gore go seka ga nna le dikgogakgogano tse di felelang di baka dipolaano. O tlhalositse gape gore go tlhabisa ditlhong go ipega o re mosadi o a go tshwenya ko lwapeng o le rre ka mapodise ba go ja setshego mme se se bake gore motho a ikaletse kana a bolae le ene mokapelo pele a ikaletsa.BOKHUTLO | education | 4 |
Dibuka tse di dirisitsweng di jesa Dineo | Methale ya go itirela e mentsi mme mongwe wa yone o bonwe ke monana wa kgotla ya Boseja kwa Maun, Mme Dineo Petrus yo o rekisang dibuka tse di dirisitsweng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Petrus o tlholositse fa dibuka e le tsa gagwe tse a neng a di reka go di bala ka e le motho yo o ratang go bala thata. Mme Petrus o boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe mono ngwaga mme a rekisa ka mafelo a beke fela. O supile fa go rekisa ka nako eo go ne go sa mmusetse e bile bareki ba di batla thata le mo gare ga beke, ka jalo a bona go le botlhokwa go rekisa malatsi otlhe. Dingwe tsa dibuka tse Mme Petrus a di rekisang ke tse a ne a di dirisa kwa sekoleng, fa dingwe di akaretsa dibukana tsa Kutlwano, Soul, le Drum fa tse dingwe a di fiwa ke batho fela mo motseng fa ba sena go fetsa ka tsone. O supile fa e le motho yo o ratang go bala thata e bile a rata gore a kgaogane se a se badileng le yo mongwe ka go mo rekisetsa. “Fa dikgang di fetilwe ke nako ga se gore ga di kake tsa balwa gape, yo o sa di balang mo go ene ke dikgang, ke dumela fa dikgang di sa bole, ka jalo ke sa ipone tsapa go rekisa dibuka tse dikgologolo,” ga tlhalosa Mme Petrus. A re go rekisa go tsamaya fela sentle ka a rekisa ka ditlhwatlhwa tse di siameng, mme o kaile fa bothata e nna fa motho a batla dibuka tse a senang tsone, mme go bo go mo tsaya nako e telele go di batla mo bathong fa gongwe a di tlhoke. “Kgwetlho e nngwe ke fa ba batla tse ke sa batleng go di rekisa jaaka tse di sidilang maikutlo kgotsa tse di rotloetsang,” a akgela jalo. O ne a kopa gape gore batho ba mo eme nokeng ka go mo tsisetsa dibuka tse ba sa di diriseng, a re o eletsa go kopa dithuso tsa madi mo pusong gore a bule lebentlele la dibuka. Mme Petrus o kgothaditse banana go ikemela ka dinao le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone. A re go rekisa go kgona go sa nna teng dinako tse dingwe, mme ba tshwanetse go iponatsa dinako tsotlhe mo madirelong ka se se ka dira gore batho ba ba sa itseng ka kgwebo ba mo itse. | education | 4 |
Thuto kgetsi ya tsie
| Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Monnathebe kwa Lesilakgokong, Mme Hellen Kgosiepelo, a re go tlhoka tlhokomelo ya batsadi ba baithuti bangwe ba sekole seo, go isa thuto ya bone kwa tlase. Mogokgo o buile se mo potsolotsong kwa Lesilakgokong bosheng. A re selo se gape se baya bana ba ka fa mosing mo dilong di tshwana le bogakolodi jwa boitshwaro jo bo eletsegang. O boletse gape fa bangwe ba bana ba, ba iphitlhela ba le mo dikgannyeng tsa tiriso ya nnotagi mme e bile e a re morago ga sekole bana bao ba tlhamalalele kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi kwa go one. Mme Kgosiepelo a re go tsamaya sekgele se se leele ga bana ba ya sekoleng le gone go na le seabe se segolo mo go tlhokeng go dira sentle ga bone mo dithutong. O boletse fa bana bangwe e le ba mophato o o kwa tlase. “Makgetho a mantsi a e leng gore e a re fa gongwe dithuto di tsweletse nako e tsamaela lesome kana lesome le motso, o bone ngwana e le gone a gorogang”, ga bua Mme Kgosiepelo. Le fa go ntse jalo mogokgo o lebogetse ba khamphani ya ditlhaeletsanyo ya Orange ka tshwaragano le ba khansele ya Kweneng go bo ba ntshitse dikotshekara di le nne tse di pegang bana mo mosong go ba isa sekoleng le maitsebowa go ba busetsa malapeng le moithaopi yo o dirisang ditonki tsa gagwe go golega sekotshekara se sengwe se se setseng se le mo tirisong. A re lefa go ntse jalo, ga go a lekana ka gore bana ba bantsi e bile ba ka seke ba tsene mo go sone. ENDS | education | 4 |
Tshwaragano Cluster e thusa motlhoka pono | E rile bosheng Tshwaragano Cluster ya kokoanya madi go rekela mogolo e bile e le motlhoka pono Rre William Oats dijo. Tshwaragano Cluster e e bopilweng ka dikomiti tsa motse wa Draaihoek tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, bathusa mapodise a diphologolo, batlhokomedi ba balwetse mo malwapeng, bathusa mapodise le babereki botlhe ba kgotla ba kgonne go kokoanya P520. Ramapodise wa motse oo, Sub-Inspector Joshua Moleta o tlhalositse fa ba gwetlhilwe go dira tiro eo ke dingwe dipilara tsa 2016 tsa go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile ele pelotlhomogi. O tlhalositse gore le bone ba tsholetsa maoto go siana lebelo le le tabogiwang go ya go goroga kwa 2016. A re fa ba sena go kokoanya madi, ba tlhopha mongwe mo motseng, e ka nna yo o kobo dikhutshwane, molwetse kgotsa mo-na-le bogole mme ba mo tswe thuso nngwe e ba ka e bonang. O boletse fa ba simolotse tiro e mme maikaelelo a bone e le go tswelela ba e dira. Kgosi Charles Bimbo o akgotse dikomiti tseo thata, a tlhalosa gore tiro e ba e dirang e ntle fela thata e bile e itumedisa Modimo. A re lebaka la go tlhopha Rre Oats le siame thata ka e le motlhoka pono e bile e le mogolo wa motse yo o ntseng le seabe mo setshabeng e le moruti wa kereke ya UCCSA ka nako e telele. O kaile fa Rre Oats a godisitse bagolo ba motse o o mo tumelong mme a ba tlogetse ka neo e e ka sekeng ya ntshiwa mo go bone. O rotloeditse dikomiti eo go nna tlhaga mo go thuseng balwetsi, dikoa le ba-na-le bogole ka lebaka la gore ke batho ba ba tlhokang lorato le go lekolwa gore ba tshele ka boitumelo. Monnamogolo Rre William Oats o lebogetse mpho eo go menagane a tlhalosa fa komiti e tla a segofala fela thata. E rile a akgela, Mme Torotia Oats e leng ngwana wa ga Rre Oats a bolela fa ba tshela monate thata le rraabone, ka e le motho yo o ratang go tlotla ka jalo a leboga Modimo go bo a mo tshedisitse lebaka le le kalo. O tlhalositse gore ba amogetse bokoa jwa ga rraabone e bile ba santse ba mo tlhoka thata mo botshelong. BOKHUTLO | society | 9 |
Baopedi ba akola mohuhutso wa phatla | Baopedi ba akgotse lekgotla le le sireletsang tiro ya baopedi la Copy Right Society of Botswana (COSBOTS) ba re lekgotla leo ke mmoloki wa ngwao le moopelo wa lefatshe leno. E rile fa a bua kwa tshimolodisong ya lekgotla la COSBOTS , baopedi ba le bantsi ba amogela thulaganyo ya go simolola go ba duelela dipina tsa bone. Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu a re go botlhokwa thata go ipelela tshimologo ya thulaganyo ya go nna jalo ka gore ke la ntlha mo ditsong tsa Botswana baopedi ba duelelwa dipina tsa bone tse di lediwang. Lekgotla la COSBOTS le sale le tlhomilwe ka 2008 mme la simolola go dira ka 2010 le sena go fiwa madi ke puso go tswa mo lekgethong la Blank Tape Levy Fund. Go ntsha madi moo go lejwa e le seabe sa puso mo go tlotlomatseng moopelo. Molawana wa Copyright and Molawana wa Neighbouring Rights Act CAP 68:02 o tlama COSBOTS go ntsha diteseletso e bo e phutha makgetho mo badirising ba dipina mme a kgaoganngwe batlhami ba dipina tseo. E ne ya re 2013 a fela, COSBOTS ya bo e setse e phuthile P7 634 831. Selekanyo sa P1 920 336 se ne sa phatlaladiwa le baopedi mme madi a a setseng a tlaa bewa gore a kgaoganngwe gape ka Phukwi. Tona o boletse gore madi a a setseng a tlaa kgaoganngwa baopedi fa go setse go na le dikitsiso tse di rileng go tswa mo badirising ba moopelo mme COSBOS e sala ka selekanyo sa masome a mararo mo lekgolong go duelela ditshenyegelo. Bontsi jwa madi bo kgaoganngwa ka fa dipina di dirisitsweng ka teng mme go duelwa maloko a a ikwadisitseng, go duelwa makgotla a mafatshe a sele a dipina tsa maloko a one di dirisiwang mo Botswana e bile ba na le ditumalano tsa tiriso le COSBOTS. Makgotla ao le one a tlaa tshwanelwa ke go duela COSBOTS madi a dipina tsa Batswana tse di dirisiwang kwa mafatsheng ao. Go tlaa duelwa baopedi ba mebino yotlhe ka go farologana, ba ba tshelang le bogole le bajaboswa ba baopedi. Tona Makgato Malesu o lebogetse lephata la kgaso jaaka e le bangwe ba ba dirisang dipina le tse dingwe tse di tsamaelanang le tsone, a re ba nnile le seabe se segolo gore tiro eo e atlege. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa COSBOTS, Rre Solomon Monyame a bolela fa go tsere lobaka go rulaganya gore baopedi ba duelelwe moopelo wa bone. A re go diragala ga toro eo ke bosupi jwa botsalano jo bo nonofileng fa gare ga baopedi le puso. Bokhutlo | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Dikomiti di gakololwa go somarela naga | Mookamedi mogolo wa khamphani ya Forest Conservation Botswana (FCB), Rre Joshua Moloi o gakolotse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a a itebagantseng le go tlhokomela motse go tla ka megopolo e e ka somarelang tikologo. Rre Moloi o ne a bua kwa dithutong tse di neng di rulaganyeditswe dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a ditlhabololo tsa metse kwa Palapye. Rre Moloi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lemotsha setshaba ka madi a khamphani ya FCB e a abelang morafe o o itlamileng go somarela naga le go e tlhabolola ka ditsela tse di farologaneng. A re madi a khamphani e a rurifaleditseng go a abela baikopedi ke P23 224 944. A re madi a a setseng a neetswe baikopedi ke P11 478 488 mme a neetswe ditiro tse 32. Rre Moloi a re ditiro tse ba di amogelang ke tse di tsibosang setshaba ka go somarela tikologo, go lema ditlhare, go dira dikomiti tse di ka thusang go laola melelo ya naga le tse di dirang dipatlisiso tse di itebagantseng le tlhokomelo le tshireletso naga. A re matshwenyego a ba nang le one ka baikopedi ke gore ba dira dikopo tse di solofetsang go tsisa maduo mme e re fa ba fiwa madi ba bo ba sa dire ditiro tse ba solofeditseng go di dira. A re bangwe ba ikopela madi mme e re fa ba sena go a fiwa ba palelwe ke go a dirisa. A re ba setse ba na le dikgang le bangwe mme o ne a kopa setshaba gore se seka sa dira jalo. A re dikopo di buletswe go ka tsenngwa ke dokomiti tsa ditlhabololo tsa metse, maphata a puso, makalana a a ikemetseng ga mmogo le batho ka bongwe ka bongwe. O ne a kopa setshaba go nna pelotelele fa ba ikopela madi, a re dikopo tsa batho ga di atlege ka ntata ya gore ga di a dirwa ka tlhamalalo kana ga di a kgatlha ba ba di sekasekang. | economy_business_and_finance | 3 |
Ba rotloediwa go tlogela boitseme | Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile o supile fa mananeo a puso a tshwanetse go tsamaisiwa ka matsetseleko gore a atlege. E rile a bua kwa Botlhapatlou ka Laboraro jaaka maphata a puso a ne a isitse ditlamelo kwa bathong, Rre Otlhogile o ne a supa matshwenyego a gore bangwe ba batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba na le go a phuaganya fa ba lebagana le dikgwetlho, mme a tlhalosa fa ba bangwe jaaka ba ba thusitsweng ka dipodi le dikoko tsa nyeletso lehuma go tlhalosiwa fa ba atle ba di tlhabe mme ba bege fa di sule. O ne ka jalo a kopa batho bao go somarela tse ba thusitsweng ka tsone gore di ba solegele molemo, mme a tlhalosa fa a itse ka dikgwetlho tse di ba lebaneng jaaka go diega ga didirisiwa. Rre Otlhogile o ne gape a rotloetsa batho ba motse oo go nna ba loma ofisi ya gagwe tsebe ka bodiredi jo bo boitseme gore dikgato tse di tshwanetseng di tsewe. A re seo e a bo e se go penta badirelapuso mme ke tsela fela ya go leka go tokafatsa ditirelo ka jaana bodiredi e le jone bo tshwanetseng go bereka setshaba, e seng setshaba se bereka bodiredi. Mo go tse dingwe Rre Otlhogile o ne a tlhalosetsa banni fa molao o sa letle gore mmereki wa Ipelegeng o ka tshwarelelwa kwa tirong mo boseyong jwa gagwe, mme a re gantsi fa go diragala jalo e a bo e le go dirisa setho fela ka jaana Ipelegeng e se tiro epe e e rileng mme e le go thusa go tlodisa setshaba melatswana. A re fa go tlama thata gore motho a bo a seyo mo tirong go ka dirisiwa setho ke baeteledipele ba lenaneo mme e tshwanetse go nna selo sa malatsinyana fela a a sa feteng boraro. Rre Otlhogile o ne a tsiboga jaana morago ga matshwenyego a gore bangwe ba na le go ikwadisa mo Ipelegeng ba bo ba tshwarisa ba bangwe bone ba bereka go amogela fela. Mo go tse dingwe, modiri mo lephateng la diphologolo le makgabisa naga, Rre Luka Lephogole o ne a tlhalosetsa banni ba Botlhapatlou fa ba tlaa tshwanelwa ke go amogela seemo sa gore ditlou jaanong di boetse mo kgaolong ya bone, mme ba ithute go tshela le tsone ga mmogo le tshenyo e di tlang ka yone. A re fela jaaka leina la Botlhapatlou le tlhalosa, ditlou di kile tsa bo di le dintsi mo tikologong ya one mme tsa tloga tsa fuduga ka monokela mo tsamaong ya nako, mme a re go supagetse fa jaanong di ntse di boela ka bonya ka jaana ngwaga le ngwaga ka dinako tsa dipula di a tle di bonale teng. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola batho bao gore tlou ke phologolo e e bonolo, a ba gakolola gore fa ba di bona ba di tshose ka go di direla modumonyana o e seng wa sepe jaaka go opa diatla, mme ba seka ba nna magalamasuke mo go tsone ka di ka galefa. O ne gape a bolelela morafe fa ba sa lebala phimolo keledi ya ba ba senyeditsweng ke diphologolo tsa naga, mme a ba kopa go nna ba ntse ba bega tshenyo gore ofisi e tle e itse gore tshenyo e kae mo kgaolong. E rile ba tswa la bone, batho ba motse oo ba lebogela maphata a puso go ba atametsa ditlamelo, ba supa fa gantsi ba sokola ka dipalamo ga mmogo le madi go latela ditlamelo kgakala kwa Letlhakeng le Molepolole. Tiro eo ya go isa ditirelo kwa bathong e ne ya dirwa gape kwa metseng ya Diphuduhudu, Ngware le Malwelwe. BOKHUTLO | politics | 7 |
Kgosi o lebogela mowa wa boipelego | Kgosi Alphonse Nsala wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume o lebogetse batho ba kgotla eo tshwaragano le tirisanyo mmogo mo go dirileng gore ba kgone go tshegetsa letsatsi la go ipelela thobo. Kgosi Nsala o buile seo fa a ne a amogela dikgafela ka letsatsi la go ipilela thobo ke balemi ba kgotla eo bosheng.O ile a bolela fa tiro ya go nna jalo e tlwaelesegile kwa morafe ee kwa borwa jwa lefatshe leno. A re seo se a itumedisa go bo merafe e mengwe e kgona go tsaya malebela mo go e mengwe mme e kgone go dira se se tshwanang le se ba se dirang,a leboga morafe wa gagwe a re ke tiro e ntle e ba e dirileng ka ebile e le lantlha mo ditsong tsa bone go tshegetsa moletlo wa go tshwana leo. Kgosi o ile a bolela gore bone mo kgaolong ya bone go ne gorongwa batho(hosanna)go ya go kopa pula kwa ga ngwali e re morago ga thobo ba boile koo go ya go lebogela thobo e ba e boneng. A re gape go ne go apewa majalwa batho ba phutlagane go tla go ipilela thobo ba bina mmino wa Setswana. Kgosi Nsala are mo malatsing a segompieno batho ba kopa pula kwa modimo ka dithapelo ebile le tautona o rotloetsa seo,are ka tlotloetso ya ga tautona Lt Gen .Seretse Khama Ian Khama ya go rapelela pula,dipula di dikile di ne le ka matsorotso mme Batswana ba bona thobo e e nametsang.A tlatsa ka gore ga go thona go bona ba ipelela seo. A gatelela ka gore se balemi bao ba se dirileng se tla ngoka le bao ba ba ntseng ba sa leme. Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Selolwane,Rre Lopang Masikara o ne a tlhalosa fa e le lantlha ba simolodisa tiro ya go nna jaana,are gape ka mo ditsong tsa bone ba sena dikgafela ke tiro e ba ithutang ka go tsaya malebela mo merafeng ya bakgatla le merafeng e mengwe ka dilo makwati di kwatlabolotsa mo go ba bangwe. Molemi morui wa kgaolo ya Tutume,Rre Keneetswe Thamaeo ne a bolela fa balemi ba kgaolo eo ba lebanwe dikgwetlho tse dintsi di tshwana setlhare sa mophane se se thata go epiwa gape se le sekgwa,dipula tse di sa e kanngweng. Rre Thamae o supile balemi ba kgaolo eo ba nyoretswe go lema ka ditselana mme sebe sa phiri ke gore ditsela dikitlanye polantara ga e kgone go goroga kwa masimong a balemi. A re setlhare seo se ba apesetse kobo ka letshoba ka fa gotwe motho o kgonne go epa disana mo tshimong ke fa a kgonne go epa ekere o le mongwe,a rwe seo e se ka keletso ya bone. O tsweletse a bolela fa dipula tse di sa ikanyegeng di rotloetsa gore ba leme ba gasa ka ba bo ba batla go tshwara bokgola.A re gape ba le balemi ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga le dinonyane tota le one mmaraka o ba ka yang go rekisa thobo ya bone. Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Legare,Rre Bapaphi Jibichibi o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go rotloetsa balemi go rutana ka tsa temo gore ba rotloetse ba e seng balemi go kgatlegela temo. Rre Jibichibi a re gape ka letsatsi leo ba kgona go anjwa botsipa mo go ba bangwe le go kopana le dipeo tse di tlhabolotsweng tse di tsamaelanang le dipaka tsa gompieno. Bokhutlo | society | 9 |
Ba Shashe Bophirima ba lela ka lenyora | Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao a re puso e tsere tshwetso ya go rebolela lephata la metsi le lephata la madi go adima madi kwa bankeng ya mafatshefatshe go araba selelo sa metsi. Rre Molao o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Marapong, Semitwe le Mafungo\Hubona ka Labone. A re mo mading ao a US$114 million US dollars) $11 million di tlaa dirisiwa go katolosa lefelo le le fetlhang metsi le diphaephe kwa letamong la Ntimbale gore batho ba metse eo ba kgone go sielwa metsi go tswa kwa letamong leo. O bolela fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lela ka letlhoko la metsi, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso, go katolosa lefelo le go fetlhwang metsi le go gokela diphaephe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi mo metseng eo. Rre Molao, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, maranyane le boitseanape, a re didiba tsa Maitengwe tse di nosang metse eo tse pedi ga di bereke, ka jalo tse di setseng ga di kgone go nosa kgaolo yotlhe, ke ka moo metse e mengwe e sa kgone go bona metsi. A re go rarabolola kgang ya letlhoko la metsi mo metseng eo go tlaa gokelwa didiba tse tharo tsa metsi kwa Goshwe go thusana le tsa Maitengwe mme moo e tlaa bo e le tiro ya nakwana go santse go emetswe tiro e kgolo ya Ntimbale. O solofeditse batho ba metse eo fa tiro eo e tlaa wela mo dibekeng tse pedi ka go ne go emetswe ba lephata la motlakase go gokela motlakase mo didibeng tseo gore di kgone go nosa metse. Gape o ne a lekodisa batho ba metse eo ya Marapong,Semitwe le Mafungo\Hubona ka tsela ya Francistown-Maun, a re thendara ya go shafatsa tsela eo e setse e dule e tswalwa kgwedi eno e le masome mabedi le bone mme go solofetswe gore kgwedi e e tlang ya Phatwe tiro ya go dira tsela eo e bo e simologa. O ne a bolela fa gape go tlaa dirisiwa madi a lekgetho a leokwane go aga tsela e ntsha e bapisiwa le e kgologolo go nna ditsela tse pedi go tswa Francistown go fitlha kwa Nata mme go solofetswe gore e tlaa nna e dirwa jalo ka sephatlo ngwaga le ngwaga go fitlhelela e ya go goroga kwa Mohembo. Banni ba metse eo ba ne ba lela ka lenyora le le ba apesitseng kobo ka letshoba ba bolela fa ba anwa metsi a a seng phepa mo matamong a ba kaileng a sa siamela botsogo. Ba ne ba supa matshwenyego ka bonya jo bo tsewang ke WUC go tsibogela dilelo tsa bone. Ba ne gape ba lela ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo ntswa ba nna go sena metsi a a tswang mo dipompong. | politics | 7 |
Olopeng o kgothatsa Makomoto go tiisa mo temong | Mopalamente wa kgaolo ya Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o kgothaditse banni wa masimo a Makomoto go tsaya temo ka tlhwaafalo. Rre Olopeng o buile seo fa a ne a ile go lekola banni bao ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso), go utlwa ka matshwenyego le go tsaya megopolo go e isa kwa Palamenteng e e tlang. O kopile banni go nna keletlhoko gore ba seka ba tsiediwa ke bangwe, ba tlhaloganye gore mo pusong go na le molaomotheo le tsamaiso. A re ba tshwanetse go itse tsamaiso ya molao go direla bagogi ba bone tiro motlhofo e seng go e thatafaletsa pele. Rre Olopeng a re Makomoto e santse e le masimo a batho ba one ba tswang kwa Tonota ka fa tlase ga kgotla ya Mohakamme, ka jalo ke sone se ba leng ka fa tlase ga komiti ya ditlhabololo tsa motse. Mopalamente o rotloeditse banni go tsaya kgato go aga masimo a bone e se re ka moso ba thanye lomapo lo le tsebeng nako e setse e ba siile. Le fa go ntse jalo, mongwe wa leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Ethel Phamotse, o lekodisitse mopalamente gore ga ba na ntlwana ya boitiketso. A re ba na le kgwetlho ya seemo sa boemelo jwa dipalamo, a tlatsa ka gore seo se ba baya ka fa mosing fa ba ya Tonota. Mme Phamotse o tsweletse a re ga ba na metsi mme go na le didiba tse pedi tse ba ka nwang mo go tsone. A re kgang ya go agelela masimo a bone go itsa go jelwa ke leruo fa ba lemile, e a ba imela ka jalo o ne a tswa ka mogopolo wa gore e re le ntswa puso e ba duelela sephatlo, ba fiwe tetla ya go reka ba duela ka go kgaola madi kwa marekisetsong. Fa a araba mangwe a matshenyego a bone, Rre Olopeng o rotloeditse mowa wa boipelego, mme a itlama go tsisa ditena di le lekgolo le disanke go simolodisa kago ya ntlwana. Mokhanselara wa kgotla ya Mohakamme, Rre Gaefele Sedombo le ene o ne a itlama go tsisa koseni le lebati, fa khansele-potlana ya Tonota yone e itlamile go dira tse di setseng le banni. Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tonota, Mme Gakelebale Gabatwesepe o tlhalositse fa kgang ya metsi e sa tlhole e le kwa khanseleng mme a supile fa a tlaa fetisetsa thomo ya bone ya letlhoko la metsi kwa khamphaningya metsi ya WUC. | society | 9 |
Mapodise a tlhotlhomisa loso lwa modisa | Mapodisi a Bobonong a tlhotlhomisa tiragalo e go fitlhetsweng monna a tlhokafetse mo nageng kwa merakeng ya Lephokwe kwa Bobonong. Se se builwe ke mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo kwa Bobonong Assistant Superintendent Sithali Phuthego mo potsolosong. Rre Phuthego a re monna yo o tlhokafetseng yo o tlholega mo Bobonong e bile o ne a thapilwe e le modisa wa dikgomo kwa morakeng wa Lephokwe. A re dipego di tlhalosa fa moswi a ne a nyelela kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bobedi morago ga gore a bolole le dikgomo tse dingwe fa go duwa kwa mogotlheng. Rre Phuthego a re mohiri wa moswi e rile go bona moswi a sa goroge mo lwapeng a tabogela mo Bobonong go begela ba sepodisi ka go nyelela ga mohiriwa wa gagwe. A re mapodisi ba tshwaragane le setshaba ba ne ba bolotsa letsholo la go batla moswi mme a fitlhelwa mo nageng a tlhokafetse. Rre Phuthego a re ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse go batla se se ka tswang se bakile leso la monna yo. A re maina a moswi a sa ntse a lobilwe go fitlhela ba losika ba itsisiwa. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Ba gakololwa go ipaakanyetsa kgonagalo ya merwalela | Molaodi wa Kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego a re ntswa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo, banni ba kgaolo eo, ba nne malala a laotswe ka go na le kgonagalo ya merwalela e e ka bakang tshenyo. O buile se ka Labobedi morago ga gore khuduthamaga ya Kgaolo ya Bokone Bophirima e tseye loeto ka difofane tse pedi go bona selekanyo sa metsi ao, le go etela motse wa Kauxwi. Loeto le ne le rotloedietswe ke bangwe banni ba ba ipitsang Project Sanitize Maun. Rre Leipego o tlhalositse fa noka ya Okavango e tshetse ka mmetela ngwaga ono mme go setse selekanyo se se kae gore e tlale mo e penologang. Molaodi o ne are banni ba kgaolo eo ka bontsi ba itshetsa ka dijo tse di tswang mo nokeng, gape e rotloetsa bojanala jo bo thusang batho ba kgaolo eo. Le fa go ntse jalo o ne a re go botlhokwa gore batho ba thuse boeteledipele ka go nna malala a laotswe ka gore noka eo fa e tlhatsa e kgona go baka ditshenyegelo mo metseng mengwe. O tlhalositse fa motse wa Etsha 13 e le mengwe ya e e amegang fa sediba sa motse oo se ka amiwa ke merwalela. Fa a rola pego ya seemo sa metsi, Molaodi wa Kgaolo potlana ya Okavango, Rre Thabang Waloka o ne a supa fa metsi a a mo Okavango a ne a le selekanyo sa 3.080 mme mafelelo a noka eo e le 3.5 ka jalo go setse selekanyo sa 0.420 gore noka eo e tlhatse mo e ka bakang merwalela. Rre Waloka o ne a supa fa kgaolo potlana eo e ipaakanyeditse seemo sa merwalela fa se ka nna teng. A re Kauxwi, Ikoga, Etsha 13, Xhakao le e mengwe ke mengwe ya e e ka amiwang ke seemo seo. Kgosi Simon Kambango wa Kauxwi o ne a supa fa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo mo banning ba kgaolo ya bone, bogolong jang ka ba bapala dilo di le dintsi mo e bile leruo la bone le e nwa metsi mo nokeng. O ne a re motse wa bone ga o amege thata jaaka metse e e mabapi e tshwana Xhakao. Mongwe wa bagwebi mo Okavango, Rre Guy Lobjoit wa Guma Lagoon Camp o ne a tlhalosa fa go tlala ga noka ya Okavango e le boitumelo mo go bone e le bagwebi ka ba tla a kgona go fa ditirelo di tshwana le mesepele ya mekoro. O ne a re kgwebo ya bone e na le balatedi ba bantsi mo gae le mafatshe a a mabapi ka jalo ba solofela fa seemo sa bolwetse ja COVID-19 se tla a feta gore ba boele mo kgwebong ya bone. A supa fa ba setse ba latlhegetswe ke balatedi ba kgwedi tse pedi ba ba tlosolositseng maetlo a bone, mme a re go tshela ga noka eo ke tsholofelo. BOKHUTLO. | society | 9 |
Mogapi o tla a tlhabologa | Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila a re motse wa Mogapi o tlaa nna le ditlhabolo tse di tlaa dirwang ka madi a a tlaa abelwang dikgaolo tsa botlhophi. Rre Mzwinila o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Mogapi ka Mosupologo. A re go tlaa atolosiwa ntlo ya borutelo ya maranyane kwa sekoleng se segolwane sa Sedimo, go alotolosiwe poso, go gokelwe metsi kwa mmarakeng gammogo le lebone la motlakase o o bogale kwa kgotleng go bo go tlhabololwe matlo a le matlhano a komiti ya ditlhabololo tsa motse. Rre Mzwinila a re ba tsweletse ka go fetola mengwe melao kwa palamenteng jaaka wa go neela tona wa merero ya setshaba, boagedi le bong, dithata tsa go neela batswakwa boagedi go lebilwe mabaka a dikgwebo tse ba batlang go di dira gore di ka sologela banni molemo jang ka motho wa go nna jalo a tlaa bo a batla go beeletsa mo lefatsheng. Rre Mzwinila a re pele, motho o ne a leta dingwaga di le some gore a bo a ka neelwa boagedi. Mothusa kgosi wa Mogapi, Rre Ishmael Ditsele a re letlhoko la mmaboipelego mo motseng le dira gore ditirelo tse di ka bong di le teng di tlhokege. Rre Ditsele a re mmaboipelego yo o kileng a bo a le teng, o fudisitswe. A re bana ba ba mo tlhokomelong ya ofisi ya boipelego ba na le lobaka ba sa bone dithuso, a tlhalosa fa bangwe ba bone ba ile kwa dikoleng kwa metseng e sele mme ba tshwanetse go duelelwa boroko le go rekelwa dijo. Mo go tse dingwe, Rre Ditsele o ne a tlhalosa fa Mogapi a ne a sena borukhutlhi ka nako e ba neng ba na le koloi e ba neng ba e dirisa le Sefophe, mme ya re e sena go tsewa, borukhuthi jwa gola. Kgosi Ditsele a re letlhoko la koloi le dira gore mapodise a palelwe ke dikgang tsa borukhutlhi ka ba tsena thari kwa lefelong la tiragalo, bosupi bo setse bo senyegile, ka jalo a kopa mopalamente go ba buelela gore ba thusiwe ka koloi. O supile gape fa tanka e e nosang motse e le nnye mme se se dirwa ke gore motse o setse o godile a bo a kopa tanka e tona le go atolosiwa ga moalo wa metsi go siela malwapa a metsi a sa gorogeng kwa go one. Mokhanselara wa Mogapi, Rre Tuelo Metseyabeng o kopile dikomiti tsa motse go tshwaragana le morafe, a re seo se ka dira gore motse wa bone o gatele pele ka ditlhabololo. O ne a kopa ba ofisi ya banana kwa Bobonong go nna ba rerisa bagogi ba Mogapi gore ba kgone go baya banana mo dinakong ka mananeo a a ba amang. BOPA | politics | 7 |
Dikotsi tsa tsela di oketsegile | Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Lobatse, Assistant Commissioner Omphemetse Mashiqa, a re dikotsi tsa tsela mo Botswana di oketsegile ka palo ya botlhano mo lekgolong. Fa a bua morago ga mogwanto wa go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela kwa Lobatse bosheng, Rre Mashiqa o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke dilo tse di ka laolwang jaaka go tabogisa koloi ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le go tlhoka go obamela matshwao a tsela. O tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga bakgweetsi go gakatsa dikotsi tsa tsela mo go felelang go koafatsa le go gapa matshelo a batho. A re banana ke bone ba amegang thata mo bontsing jwa dikotsi. Ka jalo o kopile banana go nna le boikarabelo fa ba kgweetsa dikoloi. O supile matshwenyego ka go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ne ba seyo kwa mogwantong go itseela ka tsebe molaetsa wa go hema dikotsi. Rre Onkabetse Petlwana go tswa kwa lekalaneng le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o tlhalositse fa go golafala le go latlhegelwa ke matshelo mo go bakwang ke dikotsi tsa tsela go ama itsholelo. A re fa motho a tlhokafetse a ne a bereka mme e bile e ne e le motlhokomedi wa ba lelwapa, lekalana la MVA le thusa go tlamela ba a neng a ba tlhokomela. Rre Petlwana a re go a tshwenya go bona bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba itirisetsa madi a bana ba go nna jalo. Mothusa kgosi kwa Peleng, Kgosi Modise Senyerelo, o kopile setshaba gore jaaka go tsenwa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya Morena, ba tseye molaetsa wa ipabalelo tseleng mme ba o kgaogane le ba bangwe. Baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Lobatse ba ne ba rapela gore dikotsi tsa tsela di fokotsege, ga mmogo le tiriso ya nnotagi le maikutlo a a sa iketlang. Mogwanto o ne o tsenwe ke lekgotla la baruti, mapodisi, lekgotla la BOCAIP, MVA, le ba lekalana la ipabalelo tseleng. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Badumedi ba gakololwa go nna kelotlhoko | Moruti wa kereke ya ABFGAC Kwa Maunatlala, Rre Kelesitse Tshikare, o ikuetse mo basebeletsing, baporofiti le dingaka tsa setso go nna keletlhoko fa ba thusa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV. A re kereke e tshwanetse go ruta le go thusa batho go fetola maitsholo a bone le ka fa ba akanyang ka teng ka jaana kalafi ya HIVAIDS e ise e bonwe. O kopile batho ka bongwe ka bongwe le dikereke go di goga kwa pele mo go ruteng batho go nna le boikarabelo mo matshelong a bone. Moruti Tshikare a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le karolo mo go direng pharologanyo mo setshabeng. A re jaaka fa e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsaya tshwetso ka botshelo jwa gagwe, go botlhokwa go tsaya karolo mo go phatlalatseng melaetsa go ya kwa bathong ka ditsela tse di farologaneng, e ka nna go buisana ka bongwe ka bongwe, ka ditlhopha kwa ditirong kana kwa dikoleng. Moruti Tshikare a re go a swabisa go bo go santse go na le bangwe mo setshabeng ba ba sa ntseng ba na le mowa wa kgethololo le go tsaya ba ba amilweng ke mogare ka letsogo la molema a re batho ba tshwanetse go supa lerato le kemo nokeng ka nako tshotlhe . A re nako e tsile ya gore setshaba se eme nokeng puso le go rotloetsa ba ba ba amegileng go dirisa ditlamelo tse ba dineelwang ke puso ka fa tshwanelong. Moruti Tshikare o supile fa go le mo maruding a baemedi ba sepolotiki go thusana le puso go mekamekana le mokgoleo o, ka go tswa ka maano le go ikopanya le ba ba ba ikemetseng go thusa. O kopile banni ba Maunatlala go emisa tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka di na le seabe se se tona mo go tsenweng ke mogare le go sa obamela ditaelo tsa botsogo. A re diritibatsi le tiriso nnotagi botlhaswa di dira gore motho a nne mo seeemong se se diphatsa ka go palelwa ke go tsaya ditswetso tse di maleba mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tsaya dipilisi kafa go tshwanetseng ka teng. | religion_and_belief | 8 |
Letlhoko la leokwane le a tshwenya | Banni ba Kgalagadi borwa ba ngongoregile ka leokwane le le felang kgapetsakgapetsa mo kgaolong ya bone. Ba ntshitse ngongora mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA kwa Tsabong bosheng., mme ba ba supa fa leokwane le kgona go tsaya lobaka lwa beke le seo mo madirelong a lone. Mongwe wa bajanala go tswa Aferika Borwa Rre Shane Paddy, o tlhalositse fa ba na le malatsi a le mararo ba etetse mo Botswana mme ba ne ba ikaeletse go boa morago ga malatsi ao jalo ba patelesegile go nna go feta ka ntlha ya go tlhoka leokwane. Rre Tshweu Masetlane, mongwe wa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba o kaile gore fa leokwane le seo ke poelo morago mo go bone. O supile fa ba sa kgone go tsweledisa kgwebo ya bone ya go thusa setshaba ka dipalamo le gone go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le tsatsi tse di tlhokang dikoloi. O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo ya bone e le yone e ba kgonang go e itshetsa ka yone ka ba sa bereke. Rre Masetlane o supile fa e se lantlha leokwane le tlhaela mo kgaolong ya bone. Mongwe wa babereki ba madirelo a AB Spares le ene o supile fa e le boammaaruri go na le malatsi a le mararo leokwane le seo mo madirelong a bone. O tsweletse a tlhalosa fa koloi e ba tsayang leokwane ka yone e ne ya senyegela mo tseleng e ise e goroge. A re maikaelelo a bone ke go thusa setshaba ka leokwane sebe sa phiri ke dikoloi tse di sa ikanyegeng ka di senyega kgapetsakgapetsa. Mongwe wa babereki ba ba dirisang dipalamo tsa setshaba go ya tirong, o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Masetlane, A kaya fa nako e leokwane le seong ba sokola fela thata ka bangwe ba bone ba nna kgakala thata le tiro. O tladitse ka go kopa beng ba madirelo a leokwane ba ba ikemetseng mo Tsabong go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe leokwane le nna teng. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Maboka o leboga baithaopi ba mapodise | Mookamela mapodise a Mochudi, Senior Superintendent Seabe Maboka, a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one fela o o ka isang tshaba ya lefatshe leno golo gongwe. Senior Superintendent Seabe o buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo kwa motseng wa Malolwane e e neng ya agiwa ke baithaopi ba twantsho borukutlhi mo lephateng la sepodise, ba motse oo. A re Bakgatla ba lesego fela thata, a supa fa kgwedi e e fetileng ba ne ba abela bangwe ntlo kwa motseng wa Dikgonnye; a kaya fa seo se supa fa Batswana ba gatetse pele mo go diragetseng letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e e kutlwelobotlhoko. O ne a supa fa baithaopi bao ba mapodise ba dirile tiro e ntle fela thata a tlatsa ka gore se se itumedisang ka bone ke gore ga ba atswiwe ka madi a mantsi mme ba kgonne go agela bangwe ka bone ntlo. O ne a tshwaela gape a re ka go aga ntlo eo ba tiisitse seriti sa boora Mokgele, a supa fa ntlo e le yone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. Fa a kgothatsa bana ba ba neng ba abelwa ntlo o ne a ba gakolola gore ba seka ba phutha matsogo go emela go direlwa, a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologaneng mme a ba rotloetsa go inaakanya le one go tokafatsa matshelo a bone. O tsweletse a ba kopa go tlhokomela ntlo eo a re ke mpho e tona fela thata, ka e agilwe ka mowa wa lerato, a tlhalosa fa le bone ba tshwanelwa ke go e fa lerato. Senior Superintendent Seabe o ne gape a kopa kgosi ya motse go bona gore ga go ope yo o ba amogang ntlo eo, a kaya fa go le gantsi ba masika ba na le mokgwa wa go tseela bana ditsabone. Fa a tswa la gagwe Mme Boingotlo Makakaba, yo e neng e le modulasetilo wa lekoko le le neng le aga ntlo eo ya dikamore tse pedi, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tswa ka mogopolo o ngwaga o o fetileng, go thusa bana bangwe mo motseng ba dikhutsana go ba agela ntlo. O ne a kaya fa ba ne ba ikgolaganya le mmaboipelego yo o neng a ba batlisa bana ba ba nang le letlhoko la boroko. O tlhalositse fa ka nako eo ba ne ba tshwanela ke go ntsha madi mo dipateng tsa bone go bona gore ba simolola go aga ntlo, a tlatsa ka gore ba ne ba kopa dithuso mo bathong le dikompone ka go farologana. Mme Makakaba a re ba marekisetso a The Chemist, Builders World, Rre Segale Mokotedi, yo o neng a ithaopile go e aga le ba lebentlele la Plascon ke bangwe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, a tlhalosa fa le mokhanselara wa bone le ene a ne a ba eme nokeng dinako tsotlhe. A re ba nnile le kgwetlho ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba eletsa go bona ntlo eo e fedile. E ne ya re gole pele, fa a amogela baeng, Kgosi Esron Bogatsu a supa fa mowa wa boithaopo o le teng mo motseng wa gagwe, a kaya fa le ene o mo kgotsofatsa fela thata. A re baithaopi bao ba dirile tiro eo e le bomme fela ba le boferabobedi ba sa ipone tsapa, a supa fa seo e le mowa o montle fela thata mme a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. BOKHUTLO | society | 9 |
Mapodisi a tsibosa setshaba ka bogodu jwa dikoloi | Banni ba Tsabong le metse e mabapi ba tlhagisiwa ka bogodu jwa dikoloi tsa puso jo bo tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno. Tlhagiso e, e builwe ke Rre Joshua Ntau o e leng mogolwane mo lekalaneng la sepodisi le le inaakantseng le melato e e tseneletseng mo phuthegong e a neng a e buisa mo Tsabong bosheng. A re e le mapodisi ba tsibogile ka pele go tla mo Tsabong morago ga ditlhotlhomiso di ba itsise fa magodu a ithulagantse go tla go utswa dikoloi tsa puso nako nngwe le nngwe. Go le pele fa a amogela bagolwane mo phuthegong eo mothusa molaodi mo Kgalagadi Rre Innocent Maotwe o rotloeditse botlhe ba ba amegang go tsaya molaetsa oo ka tlhoafalo ka go nna le seabe mo pabalesegong ya dikoloi tsa puso. O supile fa maikaelelo a sepodisi e le go tlhaba setshaba podi matseba ka bogodu jwa dikoloi tsa puso. Mo phuthegong eo, baeteledipele ba maphata a puso, ofisi ya ga molaodi, mapodisi, sesole, badisa dikago ga mmogo le setshaba ka kakaretso ba gakolotswe go nna podi matseba ka seemo se sa bogodu le go tla ka ditsela tsa go hema tshenyo e. Rre Ntau a re bogodu jwa dikoloi tsa puso bo remeletse thata mo mafelong a a gaufi le terata ya molelwane ka magodu ba utswa ka maikaelelo a go rekisa kwa mafatsheng a sele. O supile fa bogodu jwa nako eno e le jo dirukutlhi di ithulagantseng, ka jalo a gakolola setshaba go nna podi matseba, go ela tlhoko le go tsibosa sepodisi se se gaufi le bone ka bonako fa se bona ditiragalo tse di belaesegang. Le fa go ntse jalo Rre Ntau o tlhagisitse phuthego eo gore ope yoo ka fitlhelwang a na le seabe ka tsela epe fela mo go utswiweng ga dikoloi tsa puso a tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. Rre Ntau a re setshaba bogolo jang batlhokomedi ba dikago le dthoto tsa puso ba tshwanetse go netefatsa gore dilotlole tsa dikoloi tsa puso di babalesegile pele ba golola mo mmerekong. O ne gape a gakolola bakgweetsi mo maphateng a puso go baya dikoloi tse ba di dirisang sentle le go di babalela ka puso e sena madi go reka dikoloi. “Go bereka o le mokgweetsi ke tiro e e duelelwang e bile e tlotlwa, ka jalo boikarabelo jwa tlhokomelo ya koloi bo tshwanetse jwa simolola ka mokgweetsi,” a bolela. Rre Ntau a re magodu a tshela fa gare ga setshaba, ka jalo ke boikarabelo jwa sone go thusana le puso go babalela ditlamelo tsa yone. O ne a gakolola badisa dikago go tlhomamisa gore ba lotlela kgorwana ya lefelo la dikoloi. Rre Ntau a re o tshwenngwa ke diemo tse di begwang kwa maphateng a puso, a tlhalosa fa badisa dikago bangwe ba supilwe ba robala mo tirong. A re seemo se se baya matshelo a bone mo diphatseng. O ne a gakolola badisa dikago go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo ka ba filwe boikarabelo jwa go tlhokomela dithoto tsa puso tse bontsi jwa tsone di lopileng madi a mantsi ka jalo ba ikitaye ka thupana go netefatsa fa ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. O tsibositse bakgweetsi go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe fa ba tsaya maeto ka bogodu jo bo kgona go diragala ka nako nngwe le nngwe gongwe le gongwe. O ne a tlatsa ka go gakolola setshaba gore e re fa ba tlhasetswe ke magodu ba kgaratlhele pabalesego ya bone pele ga ba itsese ba sepodisi ba ba gaufi le bone. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Maele o rotloetsa banni go tlhabolola ditsha | Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Mahalapye go tlhabolola ditsha tsa bone tsa bonno. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye bosheng, Tona Maele a itsisi banni gore ba tsile go fiwa sebaka sa go bidiwa gore ba ntshe mabaka a gore ke eng ba sa tlhabolola ditsha tsa bone mme ba boe ba fiwe sebaka se sengwe gape. O ne a tlhalosa gore fa ba ka fiwa sebaka sa bobedi ba ntse ba sa tlhabolole ditsha tsa bone, jaanong di tsile go gapiwa mme di fiwe ba bangwe ba ba di tlhokang. A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le setsha mme fa a sa tsamaelane le melao e e beilweng ditsha tseo di tlaa tsewa, a tlatsa ka gore lephata la gagwe le ikemiseditse go ba fa sebaka sa go tlhabolola ditsha tseo. A re fa gongwe batho ba fa mabaka a gore ba paledisiwa ke go tlhoka ditlamelo di tshwana ditsela, metsi kgotsa motlakase mme ke ka moo ba sa kgoneng go tlhabolola ditsha tsa bone. Tona a re o tlaa ikopanya le maphata a a tshwanetseng gore bogolo go lekwe go dirwa ditirelo tse di potlana kwa ditsheng tseo di tshwana le tsela ka tse dingwe gongwe di ka tswa di tura gore batho ba tle ba kgone go tlhabolola ditsha tsa bone. O ne a tlhalosa gape gore motho o kgona gore fa a sa kgone go tlhabolola setsha ka nako e e beilweng a ikopanye le ba lephata la gagwe mme a buse setsha seo. Rre Maele a re se, se ka fa tsamaisong e bile motho wa go nna jalo o kgona go tla go bona setsha gape nako e jaanong a se tlhokang. A re go le gantsi batho ka bontsi ba feletsa ba rekisitse ditsha tsa bone ka ntateng ya go supa fa ba sena se ba ka tlhabololang ka sone, a re se se tshwenyang e le gore ba rekisetsa bogolo thata batswakwa. O ne a ba tlhagisa gore tlhwatlhwa ya lefatshe mokgwa wa lone e gola ngwaga le ngwaga, a kaya gore fa ba rekisa ka madi a a kwa tlase bone batho ba ba ba rekisetsang bao ba feletsa ba le rekisitse ka madi fela a a kwa godimo. Rre Maele a re setsha se na le morokotso fela o motona, mme e bile madi a teng a gola mo go makatsang ka jalo bogolo ba di busetse kwa lephateng la kabo ditsha gore di fiwe Batswana ba bangwe. A re se se diragala thata e mo metseng e tshwana le Mahalapye le tikologo, mme a kopa batho go emisa mokgwa o. Mo go tse dingwe tona o ne a re lephata la gagwe le kolotiwa madi fela a a tsistibanyang mmele ke batho ba dikgwebo, dikereke le ba bangwe mme a kopa gore lephata la gagwe le duelwe. A re ditsha tse di a duelwa mme batho ba kgona go nna fela dingwaga ba sa duele mme e bile o batla go ikopanya le maphata a a lebaneng gore batho ba go nna jalo ba seka ba letlelelwa go shwafatsa diteseletso tsa bone ka ba kolota ditsha tsa go nna jalo. Tona a re ke molato fela o motona ka ga se gore ba kolota fela lephata mme ba kolota puso. Rre Maele a re ba tshwentswe ke batho bangwe gape ba ba lwelang ditsha tsa batsadi ba bone mme e le bana ba motho. A re dikgang tsa mofuta o di dinitsi fela thata mme ka jalo a kopa batsadi gore molao o letla gore ba kgona go kwala maina a bana ba bone bo setlankaneng go fema dikgang tsa mofuta o fa ba setse ba tlhokafetse. Fa a bua ka dikgang tsa bomaipaafela, Rre Maele o ne a gakolola banni gore ga go ka fa molaong gore batho ba iphe lefatshe ba sa beiwa ke lekgotla la kabo ditsha. E ne e rile gole pele motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane mo Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi a tlhalosa fa batho ba sa tlhabolole ditsha tsa bone ka go sena ditlamelo di tshwana metsi, ditsela le motlakase. Kgosi Segotsi o ne a gakolola ba lephata la ditsha gore a b aka se ikopanye le ba maphata a a lebaneng go bona gore ba ise ditlamelo kwa ditsheng tsa g nna jalo gore batho bat le ba kgone go tlhabolola. A re o lemogile gore se, ke sone se tsenyang boitseme mo bathong ka motho o felela a itsapa go tlhabolola mme a felele a rekisitse gore bogolo se seka sa gapiwa. Kgosi one a lekodisa tona gape gore ba tshwenngwa ke bogodu jo bo golelang pele kwa kgaolwaneng ya Mmadipheretha ka e sa tlhabologa mme e tletse bomaipaafela, go tshwana le bone bogodu ba motlhaba. O ne a kopa gore ba motlhaba bone ba utswa le bosigo ntswa bas a tsaya diteseletso kwa lephateng le le lebaneng. Kgosi Segotsi gape o ne a ngongorega ka matlotla a a tletseng mo Mahalapye a re a tsala magodu, ga mmogo le bo maipaafela ba ba kwa motseng wa Mokoswane mo kgaolong Mahalapye. | society | 9 |
Kumakwane o lela ka matlakala | Banni ba Kumakwane ba lela ka matlakala a a latlhelwang mo motseng wa bone ke bahiti ka tsela. Kgosi Tommy Seboni a re batho ba ba fetang ka tsela ya Kumakwane, ba na le seabe mo go latlheleng matlakala mo ditseleng. O tlhalositse fa seemo se, se sa ba itumedise. Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa a itumelela mananeo a puso, mme sebe sa phiri ke gore dithuso tsa teng di bonya jo bo feteletseng. Kgosi Seboni o ne gape a kopa go batlelwa mothusi mo kgotleng, yo e tlaa reng fa a ile go dira ditiro tse dingwe tsa morafe, ene a sale a tsweledisa ditsheko. Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, o ne a ile go lekodisa banni ba Kumakwane ka mananeo a ba-na-le bogole. A batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe gotlhelele ba tlaa atswiwa ka P300 kgwedi le kgwedi, mme go tlaa neelwa fela ba ba kanokilweng ke ba boipelego. Mothusa tona a re le ene o tshwennngwa ke batho ba ba utswang motlhaba kwa Kumakwane. A re fa ba tshwarwa, ba atlholwa madi, mme go lebega katlholo ya madi e sa ba tshwenye, ka ba nna ba tswelela ka go o utswa. Rre Van Der Westhuizen o tlhalositse fa ba tlaa sekaseka dikatlholo tse di leng teng, go bona gore ba ka se tswe ka tse di gagametseng. O ba kopile gape go netefatsa gore boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela tikologo ga bo felele mo malwapeng a bone, mme ba seka ba iteba ba le nosi ba lebe lefatshe. Mo go tse dingwe, tona o tlhalositse fa puso e solofela gore batho ba ba filweng dipodi pele, ba nne mo seemong sa go rekisetsa ba ba di tlhokang, mme a supa fa go supagala fa go na le tlhaelo ya dipodi mme se se dire gore ba ba di kopileng ba tseye nako e telele ba ise ba thusiwe. Fa ba mo kgwa kgaba, banni ba supile fa ba na le mathata a magolo a lenyora. Mme Kesego Sesiro o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwedi tse nne ba sena metsi mo motseng wa bone, a tlhalosa gore fa a nna teng, a tswa bosigo fela. Bangwe ba kopile gore go tshwarwe dikoloi tsa batho ba ba utswang motlhaba, fela jaaka fa go gapiwa phologolo le didirisiwa fa motho a e utswile. Ba supile gape fa molapo wa Kolobeng o kgotlelesegile, ka baruti ba dikereke dingwe ba phalaletsa mo go one, fa batho bangwe bone ba latlhela matlakala teng. Ba galaleditse Rre Van Der Westhuizen, ba supa fa a ba lekola kgapetsakgapetsa, mme ba mo kopa go tlisa pharologanyo mo dilelong tsa bone. BOKHUTLO | health | 6 |
Masalela o santse a anwa FAP moro | Puso e tswa kgakala e tshwere ka natla go dira mananeo a a farologanyeng a maikaelelo a one e leng go bona gore seemo sa itsholelo sa Batswana se a tokafala. Lengwe la mananeo a puso e setseng e a dirile mo malobeng go thusa Batswana go intsha mo lehumeng ke la Financial Assistance Programme (FAP) le Mme Gabodirelwe Masalela wa moroki a le akotseng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Masalela wa Palapye a re morago ga gore puso e mo thuse ka P65 000 go reka didirisiwa tse di rokang kapari ka 2001 ka lenaneo la FAP, o ne a itlama gore o tlaa pepetletsa kgwebo ya gagwe mme e bile a emelane le kgwetlho nngwe le nngwe e a kopana le yone, kgang kgolo e le go bona gore botshelo jwa gagwe bo a tokafala. Mme Masalela yo o dingwaga di masome mane le bobedi a re mo dingwageng tse di kwa morago kgwebo ya gagwe e ne ya wela tlase ka ntata ya go tura ga lefelo le a neng a direla kgwebo mo go lone mme a seka a latlhela seditsi. E re ka go twe maano a botshelo ga a site, Mme Masalela a re tshwetso mo kgwetlhong e a neng a kopane le yone ya nna gore a dirise lefelo la gagwe la bonno go direla kgwebo mo go lone, selo se a tlhalositseng fa se mo thusitse go tsepama mo lenaneo mme e bile a supa fa kgwebo e dira sentle. A re go fudusetsa kgwebo mo lapeng go mo thusitse gore a kgone go boloka lemme kwa bankeng le a neng a le dirisa go duela lefelo le a neng a direla mo go lone pele. Mme Masalela yo kgwebo ya gagwe e itsegeng ka leina la Kanemo Fashion Design o itebagantse le go roka kapari e tshwana le ya manyalo, sekole, dikhwaere, meletlo e e faphegileng le e moreki a ka eletsang go e roka. O supile fa botsipa le botswere jwa go roka kapari a bo amule kwa Palapye Technical College e ka nako eo e neng e bidiwa Palapye Vocational Training Centre fa a dira dithuto tsa Fashion and Fabrics. O iteetse puso legofi go bo e rotloetsa mananeo a e a ntshitseng go tlhabolola matshelo a batho, a supa fa dinako dingwe khansele potlana ya Palapye e mo fa sebaka sa go segela baithuti ba batlhoki le masiela mo dikoleng tse dikgolwane kapari ya sekole, selo se a kaileng fa se dira gore kgwebo e gole. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e e nang le dingwaga di le lesome le borataro e dira, e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane, a supa fa a kgona go tlhokomela ba lelapa la gagwe le go ba agela fa ba bayang tlhogo teng. Lenaneo la FAP le kgonne go fetola matshelo a badiri ka ene ba le bararo ba a ba thapileng mme seo se netefatsa gore maitlamo a puso a go tlhamela Batswana ditiro ka mananeo a atlega. Mme Julia Thebe wa Radisele yo e leng modiri wa Kanemo a re o itemogetse phetogo ya botshelo morago ga go bereka le Mme Masalela. A re go le pele o ne a bereka dikhamphani ka go farologana mme a sa kgone go tsaya lebaka golo go le gongwe fela, sebe sa phiri e le go bo bogogi jwa dikhamphani tseo bo ne bo sena tirisano mmogo e e lolameng. A re mohiri wa gagwe mo bogompienong, o dirisana le bone sentle mme e bile lemme la bone ba le bona ka nako, selo se a tlhalositseng fa le bone se ba thusa go tlamela ba malapa a bone ka nako e e tlhokafalang. Mme Thebe yo o dingwaga di masome mabedi le boraro o kaile fa e setse e le ngwaga wa bone a bereka le Mme Masalela mme go sena makgwere ape fa a tshwantshanya le kwa a neng a direla teng pele. Fa a tswa la gagwe, Mme Kemmonye Molosiwa yo le ene e leng mongwe wa badiri ba ga Mme Masalela, a re ba ba nnileng le lesego la go akola mananeo a puso go mo maruding a bone go bona gore ba tlhabolola matshelo a ba bangwe ka go ba tlhamela ditiro. Mme Masalela o kgadile a sa kgwe mathe ba ba akotseng mananeo a puso mme kwa pheletso ba phuaganye dikgwebo fa ba kopana le dikgwetlho, a supa fa kgwebo e tlhokana le bopelotelele, lerato le tirisanyo mmogo magareng ga mogwebi le bareki gore e kgone go gatela pele. Ends | politics | 7 |
Bogosi bo a tsalelwa - Mosielele | Kgosi Osca Mosielele wa Moshupa o supile fa kgosi e le motho yo o tsetsweng batho ba itse gore ke kgosi. O buile jaana kwa thuto-puisanyong ya dikgosi kwa Takatokwane, e maikaelelo a yone e neng e le go ba lemotsha ka ditiro tsa bone le bahumagadi ba bone. Kgosi Mosielele o supile fa bogosi bo feta dikakanyo tse batho ba nang natso, a bo a supa fa kgosi e le kgosi ka morafe. Kgosi o supile fa dikogsi di rotloetsa batho gore ba ijese, a supa fa melao yotlhe ya puso e direlwa kwa kgotleng. O boletse gape fa mong wa bogosi a sa batlwe, mme a bonwa ka botho jwa gagwe. Kgosi Mosielele o tlhalositse fa kgosi a bereka le a le kwa lwapeng, a supa fa mong wa bogosi a swela morafe wa gagwe. O boletse fa dikgosi di sena makgotla a babereki. Kgosi o ngongoregetse gore bogosi ga bo tsewe tsia, mme dikgosi dingwe ke tsone di tlhotlheletsang gore bogosi bo seka jwa tsewa tsia, a supa fa dikgosi di na le ka fa di kalang tiro ka teng, a bo a tlhalosa fa dikgosi di neetswe boikarabelo jwa go buelela batho. O tlhalositse fa ditsheko di le masome a a robang bobedi le botlhano di sekwa kwa makgotleng a Setswana, fa di le lesome le botlhano fela di sekwa kwa ga mmakaseterata. Kgosi Mosielele o tlhalositse fa go na le tshosologo kwa kgotleng, a supa fa go buiwa tse di botlhokwa tse di amang morafe kwa kgotleng, a bo a tlhalosa gore fa kgosana a ka iphitlhela a ngangisana le kgosi ka dilo tse di tlhamaletseng a itse gore go na le mathata. O ba tlhaloseditse gore kgosana ga se kgosi, a bo a ba kopa go ne ba tshwara lebatla go lekola morafe. O ba kopile go ithuta go kgaoganya nako, a supa fa dilo di kgweleaganngwa ke go tlhoka go tsaya tshwetso ka bonako. Kgosi o boletse fa dikgosi di ka seke tsa lebega sentle fa ba sena bahumagadi, a supa fa mohumagadi a tshwanetse go tlhokomela monna wa gagwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka botswapelo. O tlhaloseditse bahumagadi fa banna ba bone ba tlhoka tshidilo maikutlo e e faphegileng ka jaana ba rwele mathata a batho. Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a tlhalosa fa bogosi bogologolo bo ne bo tlhokomela lefatshe bo le laola, a supa gore fa moeng a ne a tsile mo motseng o ne a begwa kwa kgotleng, mme fa a kopa lefatshe kgosi e ne e le ene a laolang gore a bewe fa kae. O tlhalositse fa dikgosi tse tharo e le tsone di kopileng tshireletso kwa go Mmamosadinyana, ke sone se Batswana ba tshelelang mo kagisong e ba e akolang le jaana. Kgosi o boletse fa morafe o ne o aga difalana, matamo le go lemela kgosi, mme e re fa go le leuba kgosi a thuse ba ba wetsweng ke mopalo ka dijo tse di mo difalaneng. Kgosi Molefe o tlhalositse fa pelo ya kgosi e le mo seatleng sa Modimo, a supa fa dikgosi tsa pele di ne di dira ditiro tsa boithaopo ka morafe. O tlhalositse fa bogosi gompieno bo sala molao morago, a supa fa ba ka seke ba pateletsa motho go dira tiro a sa batle. O tlhalositse fa kgosi wa gompieno a tshwanetse go itse go bala le go kwala ka jaana gompieno a kgona go sekisiwa a bo a atlholwa fa a tlodile molao. Le fa go ntse jalo, batsena thuto-puisanyo eo ba ne ba supa fa ba e itumeletse, ba supa gore jaanong ba tlhaloganya go itse gore ba bereka go tswa fa kae go ema fa kae. BOKHUTLO | society | 9 |
Botswana Railways e bulela mesepele ya diterena | Ba Botswana Railways ba buletse mesepele ya diterena, morago ga gore e emisiwe terena ya dithoto e sena go fapoga mo seporong kwa Dibete, ka Mosupologo (Mopitlo 16), makuku pele ga nako ya bongwe. Se se rurufaditswe ke moanamisamafoko wa Botswana Railways, Rre Sakaeyo Baitshepi, mo potsolosong le BOPA, ka Labobedi. Rre Baitshepi o netefaditse gore paakanyo ya seporo e wetse a tlhalosa gore mesepele ya diterena jaanong e buletswe morago ga go tlhatlhoba seporo. Tiragalo e, a re e ne ya bakiwa ke gore tlhogo ya terena ya BR 410, gammogo le letoroko, le le lengwe la yone di fapoge mo seporong, e le mo tseleng go tswa Francistown e ya Mafikeng, kwa Afrika Borwa. Terena e, Rre Baitshepi a re e ne e ne e sa rwala dithoto dipe fa kotsi e diragala. O tlhalositse fa tiragalo e, e bakilwe ke gore makgaogano a seporo fa diterena di fapaanang teng a ne a sa tswala sentle fa terena e tla go feta fa go one. "Go lebega e rile fa e tsena fa le, e bo e fitlhela makgaogano a seporo a sa tswala gotlhelele. Go raya gore maotwana a a kwa pele a bo a tsaya mola o mongwe, a a kwa morago le one a bo a tsaya mola o sele," ga tlhalosa Rre Baitshepi. Ka lesego, moanamisa mafoko wa Botswana Railways a re kotsi e, ga e a baka tshenyego epe e e kalo mo tlhogong ya terena gammogo le letoroko, a tlatsa ka gore matoroko a mangwe a terena one a ne a seka a fapoga mo seporong. O tlhalositse gape fa se se senyegileng e le seporo, ‘mme le sone ga re bone se senyegile mo go kalo, go thubegile moalo sekgele sa dimethara di ka nna masome a supa le botlhano." Morago ga tiragalo e, a re ba Botswana Railways ba ne ba tsaya tshwetso ya go nama ba emisitse mesepele ya diterena go fitlhela paakanyo ya seporo e wela. A re babereki ba Botswana Railways ba ne ba potlakela kwa kotsi e, e diragaletseng teng, mme ba lala ba baakanya seporo bosigo jotlhe jwa Mosupologo go fitlhelela ka Labobedi (Mopitlo 17), mo mosong. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Bangwato ba gopola Kgosi Tshekedi Khama | Bangwato ba Pilikwe e rile ka Matlhatso ba bo ba tshegeditse moletlo wa go ipelela letsatsi la motshwarelela bogosi jwa Ga-Mmangwato wa pele Kgosi Tshekedi Khama. Rre Diphimotswe Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a berekile le dikgosi tse dingwe tsa lefatshe leno mme ba nna le seabe mo go tsiseng kgololesego mo mafatsheng a SADC a tshwana le Namibia, Lesotho, Zimbabwe le Swaziland. A re Kgosi Khama o ne a bereka ka thata go letlanya Bangwato fa go na le dikgobero. Rre Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a tsene sekole se sebotlana sa Khama Memorial. “Ke tsamaile le ene botshelo jwa gagwe go ya go tsena ka lebaka le a ileng a simolodisa kago ya dikolo mo dikgaolong tsa bo Nata. Ke sone se o boneng dikolo di aname go simolola mo kgaolong ya ga mmangwato go fitlha ko bo Nata” a bua jalo. A re Kgosi Khama o ne a phutha mophato mme ba aga sekole sa Moeng College se se setseng se alositse barutegi ba tlhwatlhwa bangwe ba bone e setse e kile ya nna baeteledipele ba lefatshe leno jaaka tautona wa boraro wa Botswana, Rre Festus Mogae. O kaile fa ka thuso ya mohumagadi wa gagwe, e bong Ella Khama yo o neng e le mooki, Kgosi Khama a ne a tsaya karolo mo kagong ya kokelwana ya Pilikwe. Rre koloi a re Kgosi Tshekedi o ne a simolodisa mokgatlho wa Bangwato Development Association ka 1958 ko Pilikwe morago ga go tsaya malebela kwa lefatsheng la Rhodesia. Mopalamente wa kgaolo eo, Mme Dorcas Makgato a re moletlo wa go ipelela letsatsi la ga Kgosi Tshekedi Khama o tshwanetse go tokafadiwa go supa fa e ne e le mogaka yo o diretseng Bangwato le Batswana ka kakaretso ka botswapelo mme ebile a tshepisa Bangwato gore o tla tsaya karolo mo go tokafatseng moletlo oo. A re Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motho yo o neng a itlhaloganya, e le senatla, e le motho yo o nang le maikaelelo a go bereka ka thata, a dirisa tlhaloganyo le maatla a gagwe. “Keletso ya me ke go bona lefatshe la rona le kwatabolola mo go Kgosi Tshekedi Khama gore le tswelele pele ka e ne e le motho yo a neng a dumela mo go berekeng ka natla le mowa wa go ipelega” a bua jalo. A re ga go a lekana gore Bangwato ba ipelele Kgosi Khama, mme a supa fa ba tshwanetse go gata mo motlhaleng wa gagwe ka go dira ditiro tse a di dirileng e le tsela nngwe ya go supa serodumo sa gagwe. Mme Makgatho o kaile fa keletso ya gagwe e le go bona go kwadilwe buka ka ditso tsa ga Kgosi Khama, selo se a tlhalositseng fa se ka gwetlha dikokomane go gata mo motlhaleng wa gagwe. O supile fa Kgosi Khama a ne a na le bokgoni jwa go aga setshaba mme e bile a rotloetsa mowa wa popagano, ke ka moo a kgonneng go aga kokelwana le sekole kwa Pilikwe. Mme Makgatho o kopile Bangwato go bopagana mo go somareleng serodumo sa ga Kgosi Khama, mme a ba gwetlha go ikopanya le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go kopa dithuso. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe o ne a supa fa Kgosi Tshekedi Khama le kgosikgolo waa pele wa Bangwaketse e bong Kgosi Bathoen II e ne ya nna bangwe ba dikgosi tse di lwetseng lefatshe la Botswana, ka jalo a supa fa Bangwato le Batswana ka kakaretso ba sa dire mo go lekaneng go lemoga dikgosi tseo. “Re na le go lebala sengwe, re bua thata ka dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopa tshireletso kwa ga Mmamosadinyana, mme re lebala dikgosi tse di neng tsa tshwara lefatshe la Botswana morago, ebong Kgosi Tshekedi Khama le Kgosi Bathoen II,” a bua jalo. Moemedi go tswa kwa lelwapeng loora Khama, Rre Ogaisitse Khama a re Kgosi Khama e ne e le mogaka yo o diretseng lefatshe la Botswana le Afrika ka bophara ka bonatla le botswerere mme mo bogompienong Bangwato ba mo diretse phoso ka go tlhoka go mo tlotla le go mo fa tshwanelo ya gagwe. Dingwe tsa ditso tse di kwadilweng tse Kgosi Khama a itsegeng ka tsone ke go bo a kile a kgwathisa motho mosweu Phineas Mclntosh ka dingwaga tsa bo 1930 morago gore a tlhoke go itsaya sentle kwa Serowe. Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato go simolola ka 1926 go fitlhelela a tlhokafala ka 1959, a tshwareletse Kgosi Seretse Khama yo e bileng e ne e le tautona wa ntlha wa lefatshe leno. Kgosi Tshekedi Khama o tshotswe ka 1905 kwa Serowe e le ngwana wa ga Kgosikgolo Khama III le Mme Semane. O tsene sekole se sebotlana kwa Serowe Public School go simolola ka 1912 go fitlha ka 1916, mme morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa Lovedale College ka 1917 go fitlha 1921. O ne a tsweledisa dithuto kwa South African Native College kwa Fort Hare go simolala ka 1923 go fitlha ka 1925. Kgosi Tshekedi Khama o ne a tsena mo nyalong le Mme Ella Moshoela ka 1938 kwa Mafikeng, mme ba segofadiwa ka bana ba le batlhano ebong Leapetswe Khama, Sekgoma Khama, Semane Khama, Modiri Khama le Mphoeng Khama. BOKHUTLO | politics | 7 |
Thuto ya motheo e ntsha maduo kwa dikoleng | Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tloaneng, Mme Elizabeth Montsheng a re thuto go tswa kwa moding e botlhokwa e bile e tsweletse ka go ntsha maduo kwa dikoleng tse dipotlana. Mme Montsheng o tlhaloseditse A re dithuto tse, tse di tsenwang ke bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano, di bula bana ditlhaloganyo ga mmogo le go ba baakanyetsa mophato wa ntlha a tlatsa ka gore bana ba nna le sebaka sa go tlwaela sekole le go itse gore kwa sekoleng go diragala eng. O tlhalositse fa pele go ne go le dingalo fa ngwana a simolola mophato wa ntlha a ise a dire dithuto tse. A re bana ba ne ba tsaya lobaka go tlwaela barutabana, sekole ga mmogo le baithuti ba bangwe, mme se se ba die go tsweledisa dithuto tsa mophato wa ntlha. Dithuto tse a re di aga boitsholo jwa bana ebile di aga mowa wa go itshepha ga mmogo le go tlwaelana le baithuti ba bangwe. A re mo dithutong tsa letsatsi, ba nna le metshameko e e farologaneng mme se se ba itumedise. A re sekole sa gagwe mo nakong ya gompieno se na le bana ba le masome mabedi le boferabongwe ba mophato oo, palo e a reng e siame ka bana ba tshwanetse ba nna masome mararo mo ntlwaneng ya borutelo. Le fa go ntse jalo, a re ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go tlhoka ntlwana ya borutelo ya mophato oo mo ba dirisang ntlo lehalahala a re le matlwana a boitiketso a matona mo go bone mme se se borai. A re ka ba sa ntse go se na ntlwana ya borutelo, bana ga ba kgone go ithuta dikhomputara ka go sa babalesega gore di ka nna kwa ntlo lehalahala. Morutabana wa dithuto tse, Mme Gaamangwe Monamodi a re go ruta bana ba mophato oo go dingalo mme go batla bopelotelele le lorato. A re go botlhokwa gore barutanaba ba ba fe lorato lwa setsadi ka go lekana gore ba nne ba gololesegile ka dinako tsotlhe. A re le fa ba lebala ka pele, o tlamega go ba gakolola kgapetsa kgapetsa gore ba tshware mme a dira jalo a sa ba felele pelo. Mme Monamodi a re o tlamega go ba kaela gore ba tshwanetse ba dira jang e seng go ba bolelela fela ka molomo gore ba tshware ka bonako. A re ba itlama go tswelela ba ruta bana thuto e e maleba, e le bontlha bongwe jwa maikaelelo a bone a go tswelela ba dira sentle mo dithutong tsa mophato wa bosupa. A re e sa le ka 2002 sekole sa Tloaneng, se dira bontle mo mophatong wa bosupa mme le mo nakong ya gompieno, se tsweletse fela jalo. | education | 4 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.