title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Bana ba SOS ba amogetse dihempe
Bana ba legae la SOS kwa Serowe ba tla dika ba orile molelo wa mariga ka ba lebenkele la CB Stores mo Serowe ba ba abetse dihempe tsa sekolo. Legae le, le le nang le bana ba le lekgolo le bofera bobedi, le abetswe dihempe dile dikete tse tharo, tse di lopileng madi a ka tshwarang dikete tse thataro le makgolo a matlhano a dipula. Fa a rola dimpho tseo kwa legaeng leo bosheng, Mookamedi wa CB Stores wa kgaolo ya borwa, Rre Ramogama Ngwai o ne a re, ntswa ba tswa kgakala ba na le tirisano mmogo le ba SOS, ba ne ba na le lebaka le le leele ba sa le abele sepe, ka jalo ba bone go tshwanetse go ba gopola. Rre Ngwai o ne a tlatsa ka gore, kwa ntle ga tirisano mmogo e ba nang le yone le SOS, legae le le rekela bana ba bone diaparo ka bontsi kwa lebenkeleng la bone. O tsweletse a re go botlhokwa go fa bana ba motse o lerato gore le bone ba ikutlwe ba amogelesegile mo setshabeng. Modiri wa SOS, yo o itebagantseng le Kokoanyo ya Madi le Ipapatso Rre Robert Bahoni, o ne atlhalosa fa bana ba motse oo e se ba bone fela mme e le ba setshaba ka kakaretso. Rre Bahoni a re, lebenkele le, le mo tseleng e ntle ya go diragatsa maitlamo a 2016, a ‘tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka batho ba yone.’ O ne a leboga lebenkele la CB Stores fela thata mme a kopa gore ba seka ba ipona tsapa go thusa le mo nakong e e tlang.
society
9
Mothusa Tautona o gakolola banni go ka tsholofelo
Banni ba Rakops kwa Boteti ba gakolotswe go nna ka tsholofelo ya gore leuba le le apereng lefatshe leno le tlaa fokotsega. Mafoko a, a builwe ke Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane kwa moletlong wa go ipela letsatsi la boipuso kwa motseng oo. Rre Tsogwane o tlhalositse fa ba tepo loapi ba tlhalositse fa dipula tsa ngwaga ono e tlaa nna tse di nametsang go feta tsa ngwaga o o fetileng, ka jalo a ba kopa go nna le tsholofelo ya gore dipula tseo di tlaa fokotsa leuba. E rile a amogela banni, kgosi wa Rakops Kgosi Diane Jacob a kaya fa letsatsi la boipuso e le letsatsi le le kgethegileng mme le tshwanelwa ke go tlotlwa. Le fa go ntse jalo, Kgosi Jacob o ne a supa fa motse wa Rakops e le mongwe wa metse e metona mo kgaolong ya Boteti e e nang le batho ba ba ka tshwarang dikete tse di ferang bobedi, ka jalo a re go maswabi go bo thologelo ya batho e le kwa tlase mo moletlong oo. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Katjapu Theophelus o ne a supa fa motse wa Rakops o simologile o kgaogane ka dithota go ya ka merafe e e fitlhelwang mo go one jaaka Baherero, Bateti le ba Rakopo. Rre Theophelus o ne a tlhalosa fa Kgosi Pusoeng Serogola e nnile ene Kgosi wa ntlha wa merafe yotlhe ya Rakops gore merafe eo e kopane, mme a tlhalosa fa seo e ne e le ka thotloetso ya ba bogosi jwa ga Mmangwato.
society
9
Kgari o akgola ba Gerald Estate
Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III a re kgotla ke lefelo le bogogi jwa morafe le sepolotoki bo kopanelang teng le morafe go tsaya megopolo le ditshwetso tsa matshelo ka jalo e tshwanetse ya tlotlwa. E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di lesome kgotla ya Gerald Estate kwa Francistown e ntse e le teng, Kgosi Kgari a akgola banni ba Gerald Estate go lemoga botlhokwa jwa go nna le kgotla. A re mo kgotleng ke gone mo maiteko a tshwana le mephato e e dirisiwang go araba matshwenyego a morafe e rerwang teng. O bile a akgola tshwaragano ya batho ba Gerald Estate a supa gore ke yone e nako tsotlhe e ka fenyang matshwanyego a morafe. A re puso le yone e lemogile botlhokwa jwa tshwaragano ke ka jalo e rotloetsang dilo di tshwana le lenaneo la go itisa mo dikgaolong (cluster policing). Kgosikgolo o bile a gatelela botlhokwa jwa gore morafe o itsane ka a re seo se ka tiisa mowa wa go dira mmogo. Fa a amogela baeng, Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estate o ne a re moletlo oo ga se go ipelela dingwaga tse di lesome fela mme gape ke go leba kwa morago go re ba kgonne eng le gore tse di ba paletseng ba ka di kgona jang. A re moletlo oo gape o tla thusa go kopanya baeteledipele, morafe le badirela puso gore mmogo ba buisane tse di ka thusang motse wa bone go gatela pele. Kgosi Motshwane a re go lemosegile fa mowa wa boithaopo le go itirela o nyelela mme fa go ka nna le tshwaragano mowa oo o ka tsosolosiwa. A re mowa wa tshwaragano o o renang kwa Gerald Estate o kgontshitse kgotla eo gore le fa e le nnye ka dingwaga mo go tse dingwe mo Francistown e bo e kgonne go nna yone ya ntlha go ipelela letsatsi la ngwao le gone tota go ipelela dingwaga tsa ntlha tse di lesome e ntse e le teng. Kgosi Motshwane a re kgotla eo ke yone fela mo lefatsheng leno e e nang le komiti ya tokafatso maduo ke ka jalo ka ngwaga wa 2011 e ileng ya gapa maemo a ntlha le seetsele. Dibui ka go farologana tse di neng di bua ka kgotla ya Gerald Estate go akarediwa le mme Kopano Kesekile ba ne ba akgola boeteledipele ja ga Kgosi Motshwane. Mme Kesekile a re fa ba thibelela mo Gerald Estate ka ngwaga wa 2003 borukutlhi bo ne bo ile magoletsa gammogo le marekisetso a bojalwa a a neng a rekisa bosigo jotlhe mme ka therisanyo le morafe le mapodisi, Kgosi Motshwane a tsenya seemo mo taolong. Mme Keitumetse Mohome yo le ene a neng a galaletsa Kgosi Motshwane, a re bo pelo telele jwa ga Kgosi Motshwane bo thusitse gore ba fitlhelele maikaelo a go keteka dingwaga tse di lesome kgotla ya bone e ntse e le teng. Setlhogo sa letsatsi leo e ne le “Tshwaragano ke phenyo: Mmogo re ka kgona”. Bokhutlo
politics
7
Kgosi o kopa gore lefatshe le tlhokomelwe
Lepolotiki le le solofetsweng go emela ditlhopho tsa bopalamente jwa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile o supile fa ditiro tse 100 000 tse di solofediwang ke lekgotla la sepolotiki la Umbrella for Democratic Change (UDC) di ka kgonega. O buile jalo fa go ribololwa maitlamo a lekgotla la sepolotiki la UDC mo Maun ka Matlhatso. Rre Kekgonegile a re kgaolo ya Bokone Bophirima ka bonosi e na le bokgoni jwa go ka dira ditiro tse di dikete tse di makgolo a mararo. A re e le ba UDC ba ikemiseditse go tlhabolola dikhamphani tsa madirelo le tsa bojanala gore beng-gae ba bone mebereko. A re ba lekgotla la UDC ba tlaa duela babereki le bagodi dituelo tse di botoka tsa P3 000 le P1 500 ka tlhomagano eo fa ba tsaya puso. Rre Kekgonegile a re go ngomola pelo go bo kgaolo ya Nhabe e aperwe ke lehuma ka dipatlisiso di supa fa e le ya boraro mo lehumeng le ntswa e na le meamuso ya di-tsa-tlholego e bile e le boremelelo jwa bojanala. O bile a re kgaolo ya gagwe ya Bokone Botlhaba jwa Maun e na le dikgwetlho tsa dikole tsa dikago tse di makgasa, le letlhoko la metsi le motlakase. Modulasetilo wa UDC, Rre Motlatsi Molapisi ene o ne a gwetlha mapolotiki gore ba seka ba tlodiss kgang ya lefatshe matlho. Rre Molapisi o ne a re e le ba UDC ba tlaa dira tshekatsheko ya lefatshe le le nang le beng mo Botswana mme a re ba ba le filweng ka bokukuntshwane kgotsa ba ba nang le lefatshe le le ntsi thata ba tlaa le amogwa mme le fiwe ba ba se nang lefatshe. O ne a gwetlha Batswana go ya go tlhopha ka Phalane, a re tlhopho ke yone e ka tsisang phetogo.
environment
5
Banana ba rotloediwa go ikanya Modimo
Banana ba kgothaditswe go ikanya Modimo mo matshelong a bone ka e le ene fela a ka emisang mekgwa e e maswe e gantsi e dirwang ke banana. Moruti wa kereke ya God In Action kwa Mochudi, Rre Isaac Makhoba o buile seo kwa thuto-puisanong ya banana e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Kgatleng ka Labotlhano, a tlhalosa fa Modimo a le botlhokwa mo matshelong a batho le ntswa bontsi jwa batho bo sena sepe le one. O tsweletse a re o rotloetsa setshaba go leboga Modimo moso le moso ka ba bo ba kgonne go bona tlhabo ya letsatsi. O tsweletse a supa fa tshaba e e boifang Modimo e le botlhale, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go nna le botsalano le Modimo ka e le yone tsela e motho a ka tshelang sentle ka yone. Moruti a re batho ba na le mokgwa wa go supa mapodise ka monwana ba tlhalosa fa ba sa dire tiro ya bone mme a re fa batho ba sa ikage ka bo bone ka go tlogela ditiro tsa borukhutlhi le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe, mapodise a le nosi ba ka se kgone. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna lepodise la motse wa gagwe, a supa fa tiro ya baruti le yone e le go sireletsa setshaba se ba direlang mo go sone jalo a re ke sone se se mo gwetlhileng go tla go amogana lefoko le banana mo thuto puisanong eo. Moruti Makhoba a re fa go ka tswelela go tshwarwa dithuto puisano tse di rutang banana go ikgapha mo ditirong tse di makgaphila gongwe ba tla fetola boitshwaro jwa bone. O rotloeditse mapodise go tswelela ba nna le dipitso tseo le fa go ntse jalo a ba kopa gore nako e e tlang ba laletse le banana go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng le ba ba sa tseneng dikereke ka e se monana mongwe le mongwe yo o tsenang kereke kgotsa a ineetse mo Modimong. Fa a tswa la gagwe Constable Vincent Mosenye o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go amogana dikitso le banana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, le gone go tla go thusana ka fa ba ka lwantshang borukhutlhi ka teng e le banana. E ntse e le kwa thuto puisanong eo, moitseanape wa dikgang tse di amang madi, Rre Calvin Phokontsi o rotloeditse banana go dirisa madi a bone sentle ka go le gantsi batho fa ba bereka ga ba akanye go ikokotletsa madi gonne bontsi jwa batho ba jela fela mo ganong. A re gore motho a nne le botshelo jo bo ka elediwang ke mongwe le mongwe ke fa a kgona go ikokotleletsa. O tsweletse a re batho ka bontsi ba supa fa ba palelwa ke go kokotletsa ka ba re ga ba amogele madi a mantsi mme a re kgang ga se go amogela madi a mantsi gonne le fa motho a amogela madi a a sa lekaneng o tshwanetse go ikitaya ka thupana gore bonyenyane jo bongwe o bo ise kwa bankeng go ikokotleletsa. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, mookamela mapodise a Mochudi Superintendent Olebile Sitale a bolela fa a tshwenngwa ke gore go le gantsi fa ba bitsa dipitso tse mo go tsone ba lekang go lwantsha mathata le go tla ka ditharabololo tsa one, banana ga ba di tsibogele. Ka jalo a re ba bone go le maleba go nna le letsatsi le le itebagantseng le banana ba ba setseng ba bereka go tla go rutana le bone. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Banana ba Matlapana ba emela motse ka dinao
Ka Setswana se re mokoduwe go tsoswa o itsosang, banana ba kgotla ya Matlapana ba eme ka dinao ka go nna le maitlamo a go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa lenaneo le Rre Oarabile Johannes, a re ke lantlha mo ditsong go nna le lenaneo la mohuta o fa e sa kgotla eo e tlhomiwa. A re ba ikemiseditse go tsaya malebela mo metseng e mengwe lefatshe ka bophara, go lebagana le dikgwetlho tse di amang banana di tshwana le letlhoko la ditiro ga mmogo le go tlhabolola matshelo a bone. O ne a tlatsa ka gore ditalente tsa banana ga di felele gope ntateng ya gore ga gona thotoetso le bogakolodi jo bo lolameng, ka jalo ba tla itebaganya le dikgang tsa go tshwana le tseo mme a tlhalosa gore ba tla dira ka bojotlhe gore lenaneo le atlege. Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa kgaolo eo Rre Bathoni Poloko a re ka jaanong e le ene moeteledipele, o tla dira go tlala diatla gore lenaneo le le bone phatlha ya mafulo a matalana. Le fa go ntse jalo, Mokhanselara Poloko o ne a ngongoregela boitshwaro jwa bana ba kgotla eo ka dinotagi a re seemo se tsere phekelo e sele.A re banana ba itlhobogile e bile ba fedile tshepo ka go sena se ba se dirang, ka jalo ba tletse mo mebileng. O ne a bo a tlatsa ka gore fa mokgatlho e le ruri o ka atlega, banana ba tla kgona go ithusa ka mananeo a puso ba tlhabolole matshelo a bone.A re se tshwarwa ke ntja pedi ga se thata mme o ne a kopa botsadi jwa motse go ema banana nokeng gore ba tle ba kgone go ya golo gongwe. O ne a gakolola banni ba motse gore mongwe le mongwe yo o batlang kgakololo epe fela, a itse fa dikgoro di butswe bile a tla ba amogela ka tsoo-pedi.
society
9
Madi a SHHA a okeditswe
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o rotloeditse Batswana go dirisa lenaneo la go ikagela matlo la SHHA le go okeditsweng madi a dikadimo go lekana le seemo sa ditlhwatlhwa tsa dikago gompieno. Rre Ralotsia o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Moshana, Mathubapula le Goora Seno mo kgaolong ya gagwebosheng. Rre Ralotsia o boletse gore fa o atlolosa ntlo e e ntseng e le teng, madi a okeditswe go tswa mo go P45 000 go ya kwa go P60 000. O boletse fa motho a simolola ntlo sesha madi a okeditswe go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000. O boletse fa madi a teng a sena morokotso ebile go thusiwa mongwe le mongwe yo o nang le madi a letseno. A re ko mafelong a a ko tengnyanateng jaaka Ghazi ko dilwana tsa kago di turang teng go sekwa sekwa go oketsa madi go fitlha ko go P100 000. Rre Ralotsia, yo gape e leng motshwarela tona wa temo thuo, o boletse fa kago e le botlhokwa thata mo matshelong a batho, Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go ititaya ka thupana go nna le bonno. Le fa gontse jalo go boletswe fa badisa le bomme ba ba dirang mo malwapeng le bone ba thusiwa ka gore ba a bereka. Mo dikgannye tse dingwe o kgotlhaditse banana go ipopa ditlhopha gore ba thusiwe ka mananeo go ithamela mebereko. O boletse fa go dira ka setlhopha go le mosola e bile gole botoka ka puso e thusa botoka. O boletse fa ditiro di sa tlhole di bonwa motlhofo a bolela fa e le nako ya gore ba ikopanye ba akole mananeo.o kopile le balemi barui go ikopanya gore masimo a bone a tle a agelelwe mahala le go phunyediwa sediba. O kgadile mafufa a Setswana a a kgoreletsang boikopanyo, a getelela mo go direng dijo. Ralotsia o buile gape ka molao kakanyetso wa go hetola sekole sa ithutelo tsa temo-thuo sa BCA go nna mmadikolo ya temo-thuo (University). O boletse fa jaanong dikole tsa mohuta oo di tlabo di le tharo mo Botswana. Le fa gontse jalo Ralotsia o kopile balemi barui go dirisa lefatshe le ba le neetsweng le gore fa ba sa le dirise ba le adimana. O kopile gore bana le bogole ba inaakanye le mananeo ka gore le bone ba na le bokgone e bile bangwe go na le mananeo a bone a a haphegileng. Fa ba mongwa dikgaba banni ba metse eo ba lela selelo sa ga Ragele mabapi le tlhaelo ya metse mo metseng ya bone,ba boletse fa diphaephe di thubegile mme di sa baakanngwe. Ba boletse fa ditiro tsa ditlhabololo tsa dikago di eme ka go tlhoka metsi. Banni ba ngongogerile ka bogodu ja leruo mme go utswa bana ba bone. ba kopile gore badiri ba ipelegeng ba okediwe dipalo ba bolela fa e le mosola thata mo ditlhabololong le go ba hira. Ba boletse fa dithuso dingwe tsa mananeo di tsaya lobaka ba ba sekwasekilweng ba isi ba thusiwe. BOKHUTLO
politics
7
Bogogi bo lela ka tlhaelo ya melemo
Baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba lela ka tlhaelo ya dingaka le melemo kwa kokelong e tona ya toropo eo. Selelo se, se utlwetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse kwa sekoleng se sebotlana sa Tebogo le kwa kgotleng ya Kagiso bosheng. Mokhanselara wa kgotlana ya Leseding, Mme Phemelo Nthwane o supile fa seemo sa tlhaelo ya dingaka le melemo se tswa kgakala. A re selo se, se pateletsa balwetse go ya go reka melemo kwa marekisetsong le ntswa bontsi jwa batho ba sa kgone ka ba gateletswe ke lehuma. O ne a supa fa e rile mo bokopanong jwa khansele ba kopa gore tona yo o lebaneng le tsa botsogo go tla go kopana le banni ba Selebi Phikwe go ba lekodisa ka seemo se go bonalang se bifela pele, nako kgolo ke eno. Fa a akgela, Mopalamente Keorapetse o ne a supa fa seemo sa letlhoko la melemo se apere lefatshe ka bophara mme a tlaa dira mo a ka go kgonang go itebaganya le seemo seo. O ne a netefatsa fa kago ya kokelo ya Selebi Phikwe e le mo tseleng ka madi a go dirwa ga mealo ya sone a setse a dule. Rre Keorapetse o ne a supa gape fa go tlaa agwa kokelo e ntsha go na le go baakanya e e ntseng se le teng. Mo go tse dingwe Rre Keorapetse o ne a supa fa e rile morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, a kopa gore go okediwe babereki ba Ipelegeng ka dipalo tsa batho ba ba sa berekeng di godile. A re go araba seo, go ne ga okediwa ka batho ba le lesome le boferabobedi mme ga seka ga dira pharologanyo epe e e kalo. O ne a supa gape fa lephata la thuto le emisitse go duelela bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di ikemetseng ba batsadi ba bone ba neng ba bereka kwa mopepong wa BCL ka 2018. Mo go tse dingwe, Rre Moshawa Mathiba go tswa kwa khanseleng ya Selebi Phikwe o ne a supa fa go baakanngwa ga tsela ya Monya Kgwebo e e ralalang toropo e setse go simolotse. Rre Mathiba o ne a supa fa ba ne ba rerisana le ba-na-le seabe ba ba amegang pele ga tsela e simololwa ka ba ne ba lemogile fa dikgwebo dingwe di tsile go amega. O ne a supa fa go dirwa ga tsela eo, gone go solofetswe gore e bo e fedile mo malatsing a supa, mme go ne ga seka ga nna jalo ka ba ne ba kopana le dikgwetlho, ka jalo e solofetswe go wela mo bekeng eno. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ghani Moses wa kgotla ya Kagiso o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ka nako ya lobelo lwa dikoloi lwa 1000km Toyota Desert Race. Kgosi Moses o ne a supa fa batho ba na le go itumela mo ba felelang ba dirisa nnotagi phetelela mme ba tlhoke boikarabelo. Rre Moreki Nthibo go tswa kwa go ba botsogo jwa tikologo o ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana go nna le tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong di tshwana le bukana ya diresiti le setempe gore ba kgone go oba letsogo jaaka toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go ngoka bagwebi. Rre Nthibo o ne a bua jaana fa a ne a araba dingongorego tsa morafe ka ba ne ba supa fa ditiro tse dintsi tse di dirwang mo Selebi Phikwe di tshwana le 1000km Toyota Desert Race di sa ba sologele molemo jaaka marekisetso a matona.
health
6
Sikwane o tshela ka matlhoa
E re ka motlapele a boletse a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, mme mongwe wa Semotswane gaufi le Tonota a re morago ga go kokonelwa ke manokonoko a letlhoko la ditiro o ne a bona go tshwanela go batla motlhala wa go dira madi go ka itshetsa mme a dirisa mpho e a e filweng ke Modimo ya go dira matlhoa le dibaga. Mme Ruth Sikwane yo o ngwaga tse di masome matlhano le boferabobedi a re kgwebo e ya gagwe e a e simolotseng ka 1983 e mo tlodisitse melatswana ka e bile a kgona go itshetsa ntleng le go kopa thuso mo go ope. O tlhalositse fa go dira matlhoa e se tiro e e bonolo jaaka bangwe ba ka akanya. A re ke tiro e e tlhokang bokgeleke le bopelotelele e bile e tlhoka nako. O ne a tlhalosa fa selo se se dirang matlhoa e le seboko se se tlwaelesegile ka leina la lebabane mme se fitlhelwa thata mo setlhareng sa mophane. A re fa phane e ikepela seboko seo sone se iphetola go ka nna sekgaphanyana se se mitlwa. Mme Sikwane o tlhalosa fa bone ba tlaa bo ba emela sekgapha seo gore se omelele pele fa ba ka se bapala. Morago ga go se bapala, a re o se katela mo motlhabeng a se gotlhe ka motlhaba go ka ntsha mitlwa go fithelela se nna borethe. A re go tswa foo o tlaa bo a ntsha mateng a sekgapha seo mme mo boemong jwa one a tsenye matlapana pele ga a ka a rokelela mo teng. Mme Sikwane o ne a tlhalosa gore matlapana ao a tsenyediwa go dira modumo wa matlhoa fa a ntse a tshikhinngwa. A re legato la bofelo e nna gone go a rokelela mo dikgoleng. Dikgole tseo a re di dirwa ka megala e ba e rafolang mo dikgetsing. “Matlhoa a ka dirisiwa dilo di le mmalwa. O ka a dirisa go kgabisa mme tota a tlwaelesegile thata go dirisiwa go bina mmino wa setso jaaka borankana, di hosanna le e mengwe. Bangwe ba a dirisa kwa dikerekeng,” a tlhalosa. E re le ntswa Mme Sikwane a lebogela thekiso e ya matlhoa go ka fetola le go mo fa sebaka sa go ka tshela botshelo jo bo botoka thata le fa a ne a sa bereke, sebe sa phiri ke gore thekiso ga e sa tlhole e tshwana le maloba. A re gompieno matlhoa a tletse gongwe le gongwe ka jaana barekisi ba kana ka thapo tsa leselo. O supile fa a kile a bo a kgona go amogela bareki go tswa Gaborone. A re boleng jwa matlhoa a gagwe bo ne bo itsewe mo e leng gore maSione ba ne ba tsaya matlhoa a gagwe go a rekisa kwa Afrika Borwa fa ba ya Moria. Mme Sikwane a re se sengwe se se fetogileng ke kgwebo e ba neng ba e bona go tswa mo dikoleng. A re dikole ka bontsi di ne di reka kwa go ene mme e sale bodiragatsi jwa diketshe bo ngotlega kwa dikoleng seemo se fetogile. Mme Sikwane a re le fa kgwebo e sa nametse, o leka e mengwe methale ya go dira madi ka go rekisa didirisiwa tsa Setswana, ka jalo bo a sa bo ya pele. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Dikomiti di akgola Kgathi
Baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tsetsebye le Moletemane ba akgoletse tona wa banana, metshameko le ngwao go nna matsetseleko mo tirong ya gagwe. Rre Shaw Kgathi o tlotlomaditswe jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa bosheng, mme a akgolelwa go simolodisa lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES) le go tsamaisa metshameko ya dikgaolo sentle. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tsetsebye, Rre Lame Motsamai , a re lenaneo la YES le ntshitse banana ba le bantsi mo mebileng mme a kopa gore le atolosiwe, go tsenya ba ba dirileng dithuto tse dipotlana ka le ne le remeletse mo go ba dithuto tse dikgolwane tsa mophato wa botlhano. Rre Motsamai o ntshitse malebo go bo Rre Kgathi a file dikole tse dipotlana mo kgaolong ya Bobirwa dibolo tse di tlaa rotloetsang kgolo ya metshameko Bobirwa ka bophara. O lebogetse kgokelo ya boranyane jwa dikhomputara kwa metlobong ya dibuka kwa a tlhalositseng fa bontsi jwa bagolo bo setse bo supa kgatlhego ya go ithuta go di dirisa. Kwa Moletemane modulasetilo, Rre Matoto Ramaphane le ene o ne a galaletsa Rre Kgathi ka tiro ya go rotloetsa banana go tsena mo dikgwebong gore ba tsholetse itsholelo ya bone. Morafe wa Moletemane le one wa mo galaletsa mme wa supa fa o itumeletse gore motse o o buseditswe kwa Bobirwa. Fa a tswa la gagwe, mopalamente o supile fa a tshwenngwa ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba ba ikopelang dithuso kwa lephateng la gagwe. A re metse ya Tsetsebye le Moletemane e saletse kwa morago mo bananeng ba ba ikopelang dithuso, a supa fa toropo ya Selebi Phikwe le yone dipalo tsa yone di swabisa. O rotloeditse batsadi go gakolola bana go dirisa mananeo a puso dingwaga di sa ntse di ba letla ka gore mananeo a puso ga a nnele ruri. Fa a ama metshameko ya dikgaolo, a re e dira gore banana ba le 125 000 ka ngwaga ba tsenelele dikgaisano, se se dire gore ba seka ba inaakanya le botlhokatsebe. Rre Kgathi o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, a re boikarabelo ga bo a tshwanela go tlogelwa mo barutabaneng. O kopile thata banni go ikwadisetsa ditlhopho gore ba tle ba kgone go itlhophela puso e ba e batlang. Rre Kgathi o ne a etetse metse ya Tsetsebye le Moletemane go lekodisa banana ka mananeo a lephatla la gagwe. BOKHUTLO
education
4
Itshetseng ka meamuso ya kgaolo - Dikoloti
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti, o gakolotse banni ba kgaolo eo go gweba ka ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya bone. O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Gathwane bosheng. Mopalamente o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore kgaolo ya bone e itsiwe ka bagwebi ba tlhwatlhwa. A re sengwe sa tse di ka dirwang ke go lema morogo wa thepe. Dr Dikoloti, yo gape e leng tona wa Tlhabololo Temo thuo le Dijo, o tlhalositse fa morogo wa thepe o na le dikotla tse dintsi go feta merogo e mengwe mme ka jalo go le botlhokwa go lema morogo oo. O ba gakolotse gape gore kgaolo ya bone e na le bokgoni jwa go lema ditlhare tsa maungo. Mopalamente Dikoloti a re o tlaa ba abela ditlhare mme a kopa boeteledipele go neela kgosi le bo ralekgotla go simolola go nna le ditlhare tse tsa maungo mo malwapeng go tlhagolela tsela ya gore kgaolo e itsege masimo a ditlhare tsa maungo. Dr Dikoloti o kopile banni go tlhagafalela temo ka e ka batsisetsa khumo mme a ba kopa go dirisa mananeo a puso go godisa temo ya bone. Mopalamente a re ga a jeswe diwelang ke kgang ya letlhoko la ditiro mme a tlhalosa fa ba tla a leka ka bojotlhe go tswa ka methale e mentsi ya go thama mebereko. O kaile fa dijo tsa Setswana le maungo le tsone e ka nna kgwebo e e nonneng, mme e ka tlhabololwa ka go dirisa makalana a tshwana le la NAFTEC. Dr Dikoloti o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go ema ka dinao go tlhabolola kgaolo. Banni ba ne ba lela ka metsi le kabo ya lefatshe e ba supang e diega thata, mme a ba thomamiseletsa fa ba itse dikgang tse mme ba leka ka bojotlhe gore seemo se ritibale. O tlhalositse fa a ne a bona go tshwanela gore a tsise makalana a a mo lephateng la temo thuo gore ba tle ba tlhalosetse setshaba ka dikgwebo le mananeo a a ka ba thusang gore ba fenye lehuma.
economy_business_and_finance
3
Lekgotla la ditsheko tsa lefatshe le emetse dingongora tsa botlhe
Dilelo tsa lefatshe di dintsi mme go botlhokwa go nna le kitso ya gore o le lebisa kae fa o na le dingongora tebang lego ajwa ga lone. Mafoko a a builwe ke Kgosi Boitswarelo Difemo wa Lotlhakane West mo boemong jwa ga Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa mo phuthegong ya kgotla kwa Moshupa ka Mosupologo. Kgosi Difemo o akgotse lekgotla la Land Tribunal a re le tsile ka nako e e maleba, a tlatsa ka go re, bontsi jwa Batswana ga ba na kitso epe ka lekgotla le. Fa a tswa la gagwe, leloko la lekgotla la ditsheko tsa lefatshe kwa Gaborone, Rre Gordon Lecoge, o tlhalositse gore lekgotla le le tlhametswe go reetsa dingongora tsa batho le maphata ka go farologana mabapi le tsamaiso ya kabo ya lefatshe. Rre Lecoge o supile gore lekgotla la kabo ditsha le lone le ka tsenya ngongora kwa diofising tsa Land Tribunal, kgatlhanong le ope fela yo o ikgatholosang tshwetso e lephata la kabo ditsha le e ba beileng pele. O tlhalosa gore lekgotla le la Land Tribunal ke la puso e bile le wela ka fa tlase ga lephata la ditsha le matlo, a tlatsa ka gore Batswana ba le dirise. O bile a tlhalosa gore mongongoregi o tlhokana le go lefa P10 go kwadisa ngongora kwa Land Tribunal. Rre Lecoge o bile a gatelela gore Land Tribunal ga se yone e abang ditsha, yone ee itebagantse le go araba dingongora tse di amanang le kabo ya lefatshe. O supile gore diofisi tsa lephata le, di nne lefatshe ka bophara, e leng Gaborone, Palapye, Francistown le Maun. Rre Lecoge o gakolotse morafe gore ba sale tsamaiso morago, a supa gore mongongoregi a ise ngongora kwa lephateng le legolwane la kabo ya lefatshe (Main Landboard) pele ga e fetela kwa Land Tribunal fa a sa kgotsofalela tshwetso ya bone. Fa a araba mongwe wa batsena phuthego Rre Watson Thibelang, Rre Lecoge o tlhalositse gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya Land Tribunal o na lego ka fetela kwa High Court go ya go feleletsa kwa Court of Appeal. Rre Thibelang o ne a kopile go tlhalosediwa gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya lekgotla la land tribunal, a gona le kgato e mongongoregi a ka e tsayang goya pele. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi wa Moshupa, Kgosi Mochankana Mokgobosi o ne a leboga lekgotla le, are le butse batho matlho. Fela o ne a supa a le ’bete se molangwana gore diofisi tsa lekgotla le ga di yo mo kgaolong ya borwa a tlatsa ka gore bangwe ba tlaa nna maoto a tshupa go latela ditlamelo tsa lekgotla le kwa Gaborone. Kgosi Mokgobosi o ne a akgola le morafe ka kakaretso gore o bo o tsere matsapa ago tla go itseela molaetsa ka tsebe a tlatsa ka gore dikgang tsa mothale o di siame thata matlho a phage a lebane. Rre Seleboge Jebenyane o ne a leboga Land Tribunal. A re ba tswa bogologolong ba jewa ntsoma ba sa itse fa go na le lekgotla le le emetseng dingongora tsa bone. BOKHUTLO
society
9
Baagi ba galalelediwa mowa wa boipelego
Banni ba kgotla ya Goo-Kojwana kwa Shoshong ba galaleleditswe go tlotlomatsa mowa wa boipelego ka go itsenyetsa dipone tsa marang a letsatsi. Fa a bua kwa pegong semmuso ya dipone tseo tse tlhano bosheng, motshwarelela tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o ne a re go a itumedisa go bona morafe o ikemela ka dinao o sa bee fela mo pusong go ba tsisetsa ditlhabololo. Rre Makgalemele a re go mo itumedisitse thata go bona batho ba ema ka dinao go netefatsa gore ba diragatsa megopolo e a tshelang a e abelana le bone mo diphuthegong tsa gagwe tsa kgotla. “Go utlwisa botlhoko thata fa o le moeteledipele wa setshaba o nna o neela ba o ba eteletseng pele megopolo ya ditlhabololo mme ba sa e diragatse, bogolo jang mo gaeno mme e bo e re o rekisetsa batho megopolo e e tshwanang ntlheng e nngwe ya lefatshe ba bo ba e atla ba e diragatsa ka ponyo ya leitlho,” ga tlhalosa tona. Le fa go ntse jalo, tona o ne a galaletsa banni ba kgotla eo a re mowa wa boipelego ke one o o dirileng setshaba sa Botswana se e leng sone. O ne a tlhalosa fa mmadikole a agilwe ka mowa wa boipelego jaaka Motswana mongwe le mongwe a ne a tsentse letsogo ka moono wa motho le motho kgomo, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tsweledisa mowa oo. Rre Makgalemele a re e ne ya re fa e santse e le mopalamente a ntsha mogopolo kwa palamenteng wa gore serodumo sa dikgotla se tsholediwe mme palamente ya o atla. Le fa gontse jalo, o kaile fa go itumedisa thata go bo baagi ba kgotla eo ba eteletse puso pele ka go tsholetsa serodumo sa kgotla ya bone. E ne ya re mo tirong e tona a rolela kgosi mpho ya buka e moono wa yone e leng go ntsha ditogamaano tsa go diragatsa megopolo ya ditlhabololo a bo a ntsha thotloetso ya gore ba thuse puso go nyeletsa lehuma. Rre Makgalemele o ne a solofetsa Kgosi fa a tlaa thusa go isa bangwe dithutong tsa maranyane a marang a letsatsi kwa India gore ba tle ba atolose tiriso ya motlakase wa marang a letsatsi mo kgotleng ya bone le mo Shoshong ka kakaretso. Modulasetilo wa komiti e e neng e kokoanya madi a go tsenya dipone tseo, Rre Puni Sebinyana a re e ne ya re ka 2014, ba nna le phuthego ya kgotla ba tshwentswe ke borukutlhi jo bo neng bo golela pele mo kgotleng ya bone. A re e ne ya re fa morafe o akantshanya wa dumalana ka bongwefela jwa pelo ka dipone tsa marang a letsatsi ka dikgakololo tsa ga tona le ba bogosi. O tlhalositse fa ba ne ba tlhama komiti go etelela tiro eo pele mme ba simolola go kokoanya madi gore tiro e tle e atlege. Rre Sebinyana a re morago ga go kokoanya madi ba bona nngwe kompone mme ba reka dipone di le tlhano ba di tsenya mo mebileng e e lefifi. O ne a leboga morafe wa Motlhabana le bogosi jwa Kojwana gore ba bo ba ne ba ba ema nokeng mo tirong eo. Kgosi Bonang Bonang o ne a leboga motshwarelela tona go bo a ne a bona sebaka sa go tla go tsaya karolo mo tirong ya tshimolodiso ya go dira ga dipone tseo. A re thulaganyo e ke e e faphegileng ya go faposa morafe mo go beeng fela mo go direlweng ke puso mme ba ipelega.
politics
7
Matamo mangwe a a tlhatsa
Koporase ya Water Utilities Corporation (WUC) e tsibosa Batswana ba ba nnang gaufi le matamo go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore ba babalesegile. Sebueledi sa koporase eo, Rre Khumo Mogibelo o boletse mo potsolotsong gore matamo a Ntimbale le Shashe a tletse mo a tlhatsang. A re go na le kgonagalo ya gore metsi a bulelwe go a fokotsa, ka jalo batho ba ba nnang gaufi le dinoka ba tlaa itsesiwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Mogibelo a re paakanyo ya mathombo a North South Water Carrier e weditswe, ka jalo metsi a tlaa simologa go tswa bokone go leba botlhaba jwa lefatshe leno. North South Water Carrier ke lenaneo le ka lone metsi a anamisiwang mo Gaborone le go thusa go nosa mafelo a a bapi leng le Gaborone. Bokhutlo
society
9
Ba Matlapana ba shakgaletse madirelo a Isaland Safari
Banni ba kgotla ya Matlapana mo kgaolong ya Maun ba supile matshwenyego ka go tlhoka tirisanyo mmogo le mogwebi mongwe wa bojanala wa madirelo a Isaland Safari Lodge. Banni bao, ba ba neng ba jele magala kwa phuthegong ya kgotla, ba boleletse jalo lekoko la bogogi jwa Ngamiland le le neng le tsile go reetsa kgang ka maikaelelo a go e rarabolola gore mogwebi yoo o ngomgorega ka dikgomo tsa bone tse a reng di a mo senyetsa ka jaana di tlhagala mo lefelong la kgwebo ya gagwe. Mogwebi yoo go boletswe fa a ngongorega gape ka modumo o o bakwang ke ditloloko tsa dikgomo ga mmogo le mekoro e e fetang fa madirelong a gagwe a a gaufi le noka ya Thamalakane. Mongwe wa banni, Rre Oarabile Johannes o ne a bua a sa kgale mathe a re go tlhabisa ditlhong gore e re mogwebi yoo a na le kgang a bo a sa ikuele mo bogosing jwa Goo- Tawana mme a ise kgang kwa ofising ya ga Tautona. A re o dumela fa ikuelo e ka bo e dirilwe pele mo bogosing jwa motse gore mongongoregi a kopanngwe le bao ba ba amegang. O boletse fa ene a bona go sena kgang ka jaana noka e dirisiwa ke batho botlhe. O ne a botsa gore a mogwebi o ne a dira ditshekatsheko (Environmental Impact Assessment) pele ga a simolola tlhabololo kana kago, ka jaana o k abo a lemogile fa dikgomo tsa kgaolo di nwa mo nokeng. Rre Johannes o ne a kgala mogwebi yoo a re se a se dirang ke go ba kgokgontsha mme a kopa mogwebi yoo gore a seka a itebelela a le nosi mme lebelele le bone batho ba a ba fitlhetseng mo tikologong. Rre Boitumelo Mooketsi o tlhalositse fa setlhako se fisa morwadi, a tlatsa ka gore ka bone ba tshela ka kgomo le phologolo, mogwebi yoo a tswe ka mogopolo wa gore ba ka tshela jang mmogo go sena dikgogakgogano. A re fa ba sa tle ka tharabololo, kgang e eo e tlaa tsala dintwa, a tlatsa ka gore o a ga kgamala ka jaana madirelo a Island Safari a tswa kgakala a le mo kgaolong ya bone mme go ntse go rena kagiso le thitibalo. A re go hema dikgang, a mogwebi a teratele madirelo a gagwe. Rre Petros Hange o tlhalosiste fa mogwebi yoo a sa ngongorege fela ka dikgomo le modumo mme a supile gape gore ga a batle batho gaufi le madirelo a gagwe. Fela jaaka dibui tse dingwe o ne a supa fa mogwebi yoo a batla go ba kgokgontsha, a tlatsa ka gore o setse a bolaile dikgomo dingwe tsa bone mme ga ba a ka ba mo tseela kgato epe. A re medumo ya mekoro e dirwa ke bone bagwebi ba bojanala. Fa a tswa la gagwe, mogwebi yoo, Rre Shawn Watson o ne a kopa banni go tlhokomela leruo la bone bogolo jang dikgomo tse a reng di a mo senyetsa e bile di tlhodia bajanala. A re bajanala ba lela ka modumo le ntswa ba etela mono go tla go ikhutsa go sena sepe se se ba itayang tsebe, a tlatsa ka gore gompieno jaana ba bona go le botoka go fetela kwa makgobokgobong ba sa lale mo Maun ka ntlha ya modumo wa leruo le le gobeyang gongwe le gongwe le sa tlhokomelwe. Rre Watson o boletse fa a filwe lefelo semmuso ke lekgotla la kabo-ditsha jaaka Motswana ka 1998, a tlhalosa fa a setse a tsentse terata ga tlhano mme a supa fa e senngwa ke dikgomo fa beng ba tsone bone ba thubile kobo segole. O tlhalositse fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba mo duela phimolo keledi fa ditlou di kgaotse terata ya gagwe mme a kgone go e baakanya. E ne e rile go le pele kgosi Tshupegetso Bontsibokae a kopa batho ba Matlapana gore ba seka ba tsaya kgang eo ka mafatlha ka jaana ba ka sitega go bona tharabololo. Molaodi wa kgaolo, Rre Keolopile Leipego o ne a gatelela mafoko a ga kgosi ka go ba kopa go diga maikutlo le go nna le mowa wa tirisanyo gore ba kgone go rarabolola kgang. O ikuetse mo morafeng go ikuela mo bogoging jwa kagolo fa go na le se se sa ba itumediseng. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Thekiso ya bojalwa jwa setso e a sekasekwa
Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Peggy Serame, a re thekiso ya bojalwa jwa setso e tlaa tswelela e seegetswe fa thoko ka go santse go sekasekwa methale e e babalesegileng ya thekiso ya jone. E rile a buisa babega dikgang mo Gaborone ka Labobedi, Tona Serame o ne a bolela fa therisanyo fa gare ga ba-na-le seabe e santse e tsweletse. A re tsholofelo ke gore therisanyo e wele kgwedi ee tlang, selo se a reng se tlaa thusa mo tshwetsong ya go bulela thekiso. Tona Serame o supile fa maikaelelo a tshekatsheko e, e le go tla ka maano a go baya botsogo jwa moreki le morekisi mo pabalesegong. A re ka tlwaelo, bojalwa jwa setso bo nowa go kgobokanwe, selo se se ka bayang matshelo a banwi mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa corona. A re bojalwa jwa setso bo nowa ka go fapaanela phafana, kopi kana yone bokoso, ka jalo bo amanya batho mme seo se ka nna borai. Mo go tse dingwe, Tona Serame a re puso e tlaa dira ka gotlhe go thusa go tsosolosa dikgwebo tse di potlana go ka itshetela gape morago ga go amiwa ke mabaka a kiletso mesepele. A re lenaneo la Letlhabile la Citizen Entrepreneur Development Agency le tlaa thusa dikgwebo tse dipotlana go itshetlela gape.
society
9
Thuto le kgodiso ya ngwana kgetsi ya tsie
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Machaneng, Mme Dikeledi Moeti, a re mowa wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana o tsweletse ka go ntsha maduo a mantle kwa sekoleng seo. Mme Moeti o buile mafoko a mo potsolotsong bosheng. A re batsadi ba Machaneng ba tshwanelwa ke go akgolelwa go supa fa ba tlhaloganya fa thuto ga mmogo le kgodiso ya ngwana e le kgetsi ya tsie. O boletse gore batsadi ba supa kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang. Mme Moeti a re batsadi fa ba bilediwa diphuthego kwa sekoleng go tla go lekodisana ka fa bana ba tsweletseng ka teng, ba tla ka dipalo tse di nametsang. O tsweletse ka gore se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore le fa batsadi ba sa bidiwe, ba kgona go etela kwa sekoleng go ya go lekola maduo a bana gangwe le gape. A re bangwe batsadi ga ba ipone tsapa go etela bana kwa sekoleng ba bo ba tlhola mo matlong a borutelo go ya go bona ka fa bana ba rutwang ka teng. Mme Moeti o boletse gore tshwaragano e ga e ntshe maduo a mantle fela mo dithutong, a re e thusa gape go aga botho jwa bana. O ne a kaya fa boitshwaro jwa bana mo sekoleng le kwa malwapeng bo nametsa. Go sale foo, Mme Moeti a re e ne ya re ngogola komiti ya gagwe ya kopa gore go agiwe ntlo ya setso mo sekoleng. A re lebaka la kago ya ntlo eo e le go tla go kokoanyetsa didirisiwa tsa setso mo go yone gore e re fa bana ba rutwa ka tsone ba bo ba kgona go di supegediwa e seng go di bonela fela mo ditshwantshong. Mme Moeti a re batsadi ba ne ba dumalana ka bongwefela ja pelo mme ope a seka a batla go ipona a saletse kwa morago mo tirong eo. Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, Mme Moeti a re ba solofela gore ka ntlha ya tshwaragano e, ngwaga mongwe sekole sa bone se tlaa bo se itlhomile kwa pele se gaisa dikole lefatshe ka bophara. O ne a supa fa maduo a tsweletse ka go tsholetsega ngwaga le ngwaga. Modulasetilo o ne a rotloetsa mowa oo wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana. A re ga a eletse go bona ka letsatsi lepe motsadi ope a ikgogetse kwa morago. O ne a rotloetsa batsadi gore ba tswelele jalo mme ba etele le kwa dikoleng tse dikgolwane go lekola tiro ya ban a ba bone. Mme Moeti o ne gape a rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a bolela fa thuto e le boswa jo bo sa lwelweng.
education
4
Maele o lekodisa banni ka ditshwetso tsa puso
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala o lekodisitse banni ba Lecheng le Malaka ka ditshwetso dingwe tse puso le palamente e di tsereng. Nngwe ya dikgang tseo, go ya ka Rre Prince Maele ke gore molawana o o akantsweng wa taolo ya tsa itshireletso ya baba ikemetseng (Private Security Bill) o buisantswe wabo wa tsenya ditsetlana tsa thutuntsho le go bafa dithata tsa dikgoka tse baka didirisang, le gone gore maitsholo a bone e nne a a letlelesegang. Fa a bua ka molao wa lekgetlho (Income tax amendement bill) are le one o bakantswe fale le fale. Mabapi le dikgang tsa leuba, a re balemi barui ba ya go fokoletswa dituelo tsa madi a kadimo kwa CEDA ka 85 per cent, dijo tsa leruo tsone di fokoditswe ka 25 per cent, fa bana ba dikole tse dikwa metseng ya tenyana a teng le bone baya go jesiwa gabedi mo letsatsing, bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano le bone fela jalo ba ya go fiwa dijo tse di okeditsweng. Mo go tsa nyeletso lehuma, Rre Maele a re e puso e eme ka dinao go lwa le melala ya gotswa ka 2011 go fitlha jaanong pele goka ka tswelelwa ka lenaneo leo. O ile a tlhalosa gape ka tsamaiso ya di dikomiti tsa ditlhabololo a re jaanong di fa mongwe le mongwe sebaka sa go ka nna leloko lefa a tshwere katlha engwe. O ile a rotloetsa banni ba metse eo go ema ka dinao, go dira mogotweng mosele wa pula o epiwa gosale gale, ka gosimolola jaanong go kgobokanyatse boipuso jo bo tlang, mme a bakopa gore a ere ba dira jalo ba segele kwa tlhoko ditiro tsa bone tsa selegae ka letsatsi la boipuso, le gone gore a ba boketekele mo mo kgotleng e tona botlhe. Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Ditsha le Matlo, a re puso e dirile gotlhe go tokafatsa mananeo a banana, a re fa banana ba ikopantse ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF), ba ya go neelwa P100 000 mongwe le mongwe wa bone, gona le jaaka pele ba ne ba neelwa P450 000 fa ba feta botlhano. A re banana ba dikgwebo tse diitshetetseng ba ya go thusiwa gape fa godimo ga thuso ya ntlha e ba e neetsweng go godisa dikgwebo tsa bone , mme ba ntse ba busa sephato sa madi ao. A re go godisa kgwebo kana go e atlolosa, goya go thusiwa ka P500 000 fela eseng go feta foo. O ne gape a re lenaneo la Young Farmers Funds, le fetotswe gonna Young Entrepreneurship Fund, ka maikaelelo a go akaretsa tsotlhe tse di amang kgwebo, gona le goitebaganya le tsa temo fela jaaka gone gontse lentlha. Tona Maele o ne gape are banana ba ya go neelwa 30 per cent wa ditirelo tsa ditiro tse ditlaa abiwang, gape ga ba na go duela madi a dipeeletso, ga bana go duelela theko ya ikopelo ditiro kafa tlasa ga lenaneo la PPADB (tenders) gape baya gofiwa dingwaga tse tlhano basa duelele (lease) mme a kopa banana go le aramela le santse le batlhabetse go tsaya sebaka se go inaakanya le mananeo a ba afiwang ke puso.
politics
7
Setshaba se kgatlhegela thekiso ya matlalo
Go rekisa matlalo a diphologolo ka palobalo go boletswe fa go naya Batswana sebaka sa go dirisa matlalo go na le gore a senyege fela. Se se boletswe ke mookamela ofisi ya lephata la makgabisanaga kwa Dutlwe, Rre Bakang Seboko kwa thekisong ka palabalo mo bosheng. A re setshaba se gakologelwe fa lekgotla le le laolang thekiso ya di-tsa tlholego tse di gomagomediwang ke go nyelela la Convention on International Trade in Endangered Species of wild fauna and flora (CITES) le ba beetse seelo sa matlalo a ba ka a rekisang go ya ka palo ya diphologolo mo lefatsheng. O tlhalositse fa bagwebi ba ba filweng teseletso ba letlelelwa go reka matlalo a mantsi jaaka fa ba kgona mme batho fela ba letleletswe go reka letlalo le le lengwe mo thekisong nngwe le nngwe. Rre Seboko a re matlalo a rekisiwang bontsi e le a diphologolo tse di senyetsang batho, A re bagwebi ba rata matlalo a nkwe le tau ka jaana a na le boleng jo bo fetang jwa a mangwe mme e bile fa o dira mekgabisa ka one go kgatlha leitlho go nale a mangwe. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya gore motho o kgona go bitsa tlhwatlhwa e e kwa godimo fela mme go tswa fa a tsamae a sa duela. A re e nngwe ke gore bareki ba a ipua gore ba seka ba paralatsa menwana. E re ntswa letlalo la lengau le ne le beetswe seelo sa P200, le feletse le rekwa P3 150, ya ba ya nna lone le rekilweng ka madi a mantsi go feta matlalo otlhe. Matlalo a lengau a ne a le lesome le borataro mme a rekwa otlhe. Mongwe wa bagwebi ba matlalo Rre Fluten Akanyang, o tlhalositse fa a ne a tsile palabalong go tswa kwa Kobojango. A re o dirisa matlalo go dira diphate, dibaga le mekgabisa. O bolela fa lephata la makgabisanaga le ba file lenaneo le le ba itsiseng gore thekiso ka palabalo e tlaa bo e le kae leng. A re o sale a simolotse go gweba ka matlalo ka 2009 mme thata a batla letlalo la tau, nkwe le dinaka tsa tlholo. Mogwebi yo o rekile matlalo a lengau a le mane, a letotse a le mabedi, a tau a le mabedi, le le lengwe la tlhware le le lengwe la kgwathe ka jalo ya nna ene a rekileng go gaisa bareki botlhe. Mogwebi yo mongwe, Montlamedi Ramodisetsi o tlhalositse fa a kgona go rekisa matlalo a sena go a suga kana a dira mekgabisa ka one. Ene o itheketse matlalo a le mane; e leng a mangau a le mararo le la phiri. O bolela fa a direla kwa Hukuntsi e bile a sale a simolotse kgwebo ka 2006. Rre Ramodisetsi o gakolotse ba lephata le go nna ba tshwara matlalo sentle gore e le bagwebi ba kgone go boelwa. A re ba lephata le ba tshwanetse go nna le baitseanape ba matlalo ka jaana ba ka itse botoka go sireletsa matlalo mo dijing le go a somarela Go rekisitswe matlalo a le masome a mararo mme le le lengwe la tlhoka moreki. ENDS
economy_business_and_finance
3
Mothusa tona o itumelela bophepa
Mothusa Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, a re o itumelela bophepa kwa dikoleng tsa kgaolo ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami. O buile se ka Labone morago ga go etela dikole di le thataro. “Le dirile tiro e ntle thata, ka tshwaragano e e kwa godimo. Dikole tse tsotlhe tse ke di tsamaileng mo kgaolong e, di phepa. Le dirile se segolo, mme e bile le seka la inyatsa,” ga bua Mme Makwinja. A re puso e ne ya bula dikole gore baithuti ba seka ba latlhegelwa ke dithuto mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19. A re maikaelelo a puso a tlaa atlgea ka ntata ya boineelo le kgatlhego ya barutabana mo thutong. A re go ne go le botlhokwa go netefatsa pele gore fa bana ba boela dikoleng, melawana yotlhe ya ba botsogo ya go thibela kanamo ya mogare wa corona e a diragadiwa. Tiro e, e a reng e ne e se motlhofo, e ne ya kgonagala ka tirisano mmogo ya bodiredi ba dikole. Mme Makwinja o rotloeditse bodiredi go tlhomamisa gore ditlhabololo le diphetogo tsotlhe tse puso e di dirileng kwa dikoleng e nna tsa sennelaruri gape di tswelela di le mo seemong se sekgatlhisang. A re keletseo le thotloetso ya ba botsogo ke gore dikole di tswelele ka go nna phepa. “Re le puso, re a le lemoga mme e bile re a le leboga le le barutabana. Fa ke santse ke le mo maemong a, ke batla gore seemo sa barutabana se tokafale. Fa ne go sena bodiredi jo bo nang le kgatlhego mo thutong ya ngwana, puso e le nosi e ka bo e sa kgona go baya dikole mo seemong sa gore di bule go setswe morago melawana ya ba botsogo morago,” ga tlatsa Mothusa Tona. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o ne a lebogela Mme Makwinja go etela dikole tsa kgaolo ya gagwe gore a iponele a bo a ikutlwele dikgwetlho tse di lebanyeng dikole. Dr Gobotswang o supile fa banni ba Ramokgonami ba lela ka go agelwa sekole se se potlana sa bobedi. Dr Gobotswang a re se ke maiteko a bone a go supa mowa wa boipelego gore nako e puso e tsayang tshwetso ya go se ba agela a bo e fitlhela le bone ba dirile sengwe. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi, o ne a lebogela Mme Makwinja go bo a tsere nako go ya go iponela maiteko a bone, ka tshwaragano le bodiredi jwa dikole tsa Sefhare/Ramokgonami. “Re tiile moko ka gore re bone gore lebelo le re neng re le tsere, go bona gore bana ba babalasegile mo dikoleng, re ne re se nosi mo go lone,” ga bua rre Merementsi. Rre Merementsi a re ga ba ise ba wetse tiro ya bone kwa dikoleng ka ba sa ntse ba tshwaraganye le go tsenya dithuthafatsa metsi kwa dikoleng tsotlhe tsa kgaolo ya bone. “Bodiredi jwa rona bo thusitswe ke mowa wa tshwaragano. Mme ga re ise re wetse, re ntse re tsweletse ka tiro e mo dikoleng,” ga tlatsa modulasetilo. Mme Makwinja o ne a etetse dikole tse dipotlana tsa Machaneng, Mmutle le Ramokgonami le tse dikgolwane tsa Mosikari, Sefhare le Ramokgonami. O ne a patilwe ke mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bakani Mathumo le mogolwane wa tsa thuto, Rre Otukile Kedikilwe.
education
4
Goya o galaletsa komiti
Mothusa tona mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o akgotse komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Bokaa kwa Shoshong go bo e agetse mongwe ka bone ntlo. Rre Goya o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa go abela lelwapa la ga Mme Lephoi Tshekompe ntlo ya dikamore tse pedi kwa Shoshong bosheng. O tlhalositse fa komiti e, e file lelwapa leo seriti. A re komiti eo gape e diragaditse maikaelelo a tebelopele ya lefatshe ya 2016 ya go abelana le go tlhokomela ba bangwe, a tlatsa ka gore ba dirile ditso bogolo jang ka tebelo pele e e ya bokhutlong. A re peo e e saleng e jwadilwe ya tebelopele ya 2016 ga e a wela fa fatshe. Rre Goya a re komiti ya ditlhabololo tsa Bokaa e tlaa kwalwa mo dibukeng, go bo e nnile le sebae fela se setona mo setshabeng. O ne a tlhalosa gape gore lehuma le go nna kobo dikhutshwane e se selo se se eletsegang. A re lehuma le tla ka ditsela di le dintsi, mme sengwe se se tshwanetseng go tshwenya ba le bantsi ke letlhoko la bonno ka gore le botsogo jwa motho bo felela bo le mo diphatseng. Ka jalo, Rre Goya o ne a leboga go menagane komiti ya ditlhabololo ee neng e thusiwa ke bagwebi, babereki ba ipelegeng, maphata a puso le setshaba ka kakaretso ba bo ba bone go le botlhokwa go agela boora Tshekompe fa ba ka bayang tlhogo teng. Rre Goya o ne a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa metse go tsaya malebela mo komiting ya kgotla ya Bokaa. A re boeteledipele jo bo popota, go tewa gone go tsamaisa morafe mo ditseleng tsa tshiamo, go ba dibela go ba tlotlomatsa le go ba sekegela tsebe. O ne a leboga gape le botlhe ba ba tsereng karolo, mme a gakolola boora Tshekompe go tlhokomela ntlo e ba e agetsweng e. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Emmanuel Thipe o ne a tlhalosa gore e rile fa ba tsaya ka 2014 ba fitlhela komiti e ba neng ba tsaya mo go yone e setse e simolotse tiro ya go agela boora Tshekompe ntlo mme bone ba feta ba e feleletsa. Rre Thipe a re ka go tlhoka lesego Mme Lephoi Tshekompe a tlhokafala mme ba seka ba ipona tsapa, ba tswelela gore bogolo bana ba gagwe ba seka ba sala mo lebatleng ba tsweledisa tiro e ya bone. A re ba ne a ba itlama go ntsha mo dipateng tsa bone, ba thusiwa ke babereki ba ipelegeng, boradikgwebo le morafe wa kgaolo ya Shoshong go aga ntlo eo ba bo ba e fetsa. Le ene fela jalo o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo go aga ntlo eo, a re mo go supa lorato, le kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, e bile go fa seriti. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa kgotla ya Bokaa le ene o ne a galaletsa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya gagwe, a re ba supa fa tota ba beile dikeletso tsa morafe kwa pele. Kgosi Mosinyi a re e re le ntswa ba kopane le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa go tlhoka dipalamo tsa go thotha motlhaba, dithuso le tse dingwe ga ba a ka ba ipona tsapa gore boorra Tshekompe le bone ba ipone ba tsoga mo ntlong motlha mongwe. A re maikaelelo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go baya le matshelo a batho kwa pele, go ba fa seriti le go ba kgothatsa mo go tse di tshwanetseng. BOKHUTLO
politics
7
Ba ba fiwang teseletso ya go sega bojang ba kopiwa go itshwara sentle
Batho ba ba filweng teseletso ya go kgetla bojang ba gakolotswe go itshwara sentle kwa ba gorogetseng teng go itsa go gotlhagotlhana le tikologo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Zoroga, Rre Ditshwanelo Shororo a re morago ga gore bangwe ba fuduge go ya go kgetla bojang, go supagetse fa bangwe ba rekisa majalwa a Setswana kwa ba thibeletseng teng. A re go rekisa majalwa mo tikologong ya go nna jalo, go baya matshelo a batho mo diphatseng ka ba ka tshuba naga kgotsa ba tlhoke kelelelo mo diphologolong tsa naga tse di ka nnang borai mo matshelong a bone. Mo potsolotsong le Rre Shororo a re go baya gape mo diphatsheng segolo bogolo bana ba ba tsamaileng le bone. A re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba ileng le masea kwa nageng ka e tletse dibatana le digagabi tse di ka nnang borai mo go bone. Rre Shororo a re ka e le malatsi a boitapoloso a bana ba dikole, batsadi ba tsamaile le bana mme seo se ba dia go bala ka ba tlhola ba kgetla bojang letsatsi lotlhe mo go tlaa nnang le seabe mo kwelotlase ya maduo. O supile fa go isa bana go ya go kgetla bojang go fetola ditlhaloganyo tsa bone ka ba ka felela ba tsaya gore bojang e ka nna tsela ya go itshetsa ba bo ba felela ba itlhokomolose dithuto. A re dikgwebo ka mefuta le dithoto di isiwa kwa jannye go di amogana ka jone. Rre Shororo a re bangwe bana ba tlogela dikole ka paka ya go kgetla bojang ka ba kgona go reka sepe fela se ba se batlang morago ga go bo rekisa. O kgadile beng ba dikoloi tse di isang batho koo, a re ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. A re beng ba dikoloi ba lopa dingata tsa bojang tse dintsi mo go felelang go dira gore banni ba berekele bone le dijo fela morago ba bowe ba iphotlhere mme seo se dira gore banni ba seka ba tswelela ntswa ba letlelelwa go itshetsa ka di-tsa tlholego. Rre Shororo o rotloeditse batho go nna le dithuso tsa potlako fa ba ya jannye gammogo le gore ba botsogo ba ba beye leitho go netefatsa gore tikologo e ba leng mo go yone e siametse botsogo. A re go fudugela kwa nageng go sena thulaganyo e e dirilweng, go baka kgotlhelesego mo tikologong ka batho ba kampa fela ba sena matlwana a boitiketso le fa ba latlhelang matlakala teng. O ba kgothaditse go tlhama mokgatho o o tlaa ba tshwaraganyang gore ba kgone go rekisa bojang jwa bone ka lentswe le le lengwe fela ka ditlhwathwa tse di botoka.
society
9
Monana o rotloetsa ba bangwe go ipatlisisa
Rre Leina Segwai, yo e leng monana e bile a le mo lenaneong la YDF, o rotloeditse banana go itshekatsheka go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa. Mo potsolotsong le A re e rile ka 2016, a setla tsela kwa diofising tsa lephata la banana go ya go kopa madi, mme ya re ka 2017 a ya fifing, loeto lwa gagwe la tswa maduo a fiwa dikete di le masome a robongwe le borobongwe go simolola kwebo ya go rua dikgomo. A re o ne a reka dikgomo tse di namgadi di le lesome tsa mohuta wa Simmental le poo e le nnngwe ya Sherillin. Rre Segwai a re go tsena mo thuong ya dikgomo, o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo ya batsadi ba gagwe, ka jalo o na le lorato lo lo tseneletseng mo kgomong. A re o bone go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo ya lehatshe. A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatse le le nang le sediba, go ikgodisa, mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe. Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo dingwageng tse thataro, o eletsa gore mo go tse pedi le sephatlho, a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo dingwageng tse tsaro le sephatlho leruo la gagwe le bo le atile gabedi. O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela leruo la gagwe. A re o nna a golagana le ba ofisi ya mokenti ka ape mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala. O kgothaditse banana go batla methale e ba ka itirelang madi ka yone mo magaeng pele ga ba ka ya kwa ditoropong go batla mafulo a matalana. Le fa go ntse jalo, o ne supa fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalokalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha ka e bile a rurifatsa nako le nako fa dikgomo di nole le gore di jele le fa di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya modisa. O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le bannye gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse seatla go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng. Rre Segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, gape ba tsene mo metlobong ya dibuka le maranyane ka se se ka ba tswela mosola mo isagong. O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Monana kwa Serinane o nwa dipodi moro
Mme Onkgomoditse Ramosetlha wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe, yo o tlholegang kwa Serinane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re kgwebo ya dipodi e bogadi bo gaufi e bile ga e wetse dingalo ka go le motlhofo go e tlhokomela. Mme Ramosetlha a re o sale a ratile dipodi ka jaana a godisitswe ke rraagwemogolo yo e neng e le morui wa tsone yo motona. Mme a re e ne ya re a sena go babalelwa ke go tlhoka tiro ya sennelaruri ka a ne a itshetsha ka Ipelegeng, a utlwalela ka lenaneo la banana mme a iteka lesego. Maiteko a gagwe a ne a atlega, mme ya re ka 2015 a thusiwa ka P100 000, go simolodisa kgwebo ka go reka dipodi di le masome a marataro. Mme Ramosetlha a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile dipodi tsa gagwe di a ata ka podi e tsala gabedi ka ngwaga. O tlhalosite gape fa theko ya dipodi e santse e nametsa, mme a re bangwe ba bareki ba gagwe ba rekela go tlhaba, fa ba bangwe ba rekela go rua kgotsa go simolola dikgwebo ba thusiwa ke mananeo a puso jaaka LIMID le YDF. O supile fa a itumelela kemo nokeng e ba diofisi tseo ba e mo fang jaaka go mo lomaganya le bareki. E re ntswa dipodi di le bogadi bo gaufi, ke selo se se tshabelelwang ke malwetsenyana, mme Mme Ramosetlha a re gantsi o tshwenngwa ke bolwetse jwa kgofa e thamaga e e kgonang go nna ntsi mo Serinane le metse e e mabapi. A re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke ya go rekela dipotsane mashi fa bommatsone ba sule le nako ya leuba bojang bo tlhaela. O ne a lebogela puso maitlamo a go namola banana mo letlhokong la ditiro ka mananeo a tshwana le la YDF. Le fa go ntse jalo, Mme Ramosetlha a re ntswa kgwebo ya gagwe e solofetsa, ga a ise a fitlhelele toro ya gagwe ya go atolosetsa kwa kgwebong ya leruo la dikoko. O ne a rotloetsa banana go nna le bopelotelele fa ba tsena mo mererong ya kgwebo, ka jaana kgwebo e batla boineelo le boikarabelo e bile go le botlhokwa gore fa motho a ineela mo kgwebong a bo a e tlhophile, a e rata go na le go eteletsa madi kwa pele. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Go ntsha maduo le botsogo di-ya thoteng
Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, o tlhalositse gore ga go motlhofo gore mmereki o ka ntsha maduo mo tirong a sena botsogo jo bo itekanetseng le yone pabalesego tota . Kwa moletlong wa itshidilo mmele o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a recreation centre kwa toropong eo bosheng, Rre Emmanuel Siamisang o boletse gore babereki ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ka dirang gore ba seka ba ntsha maduo mo tirong di tshwana le go angwa ke malwetse a akaretsa HIV/AIDS ka a kgona go ama tlhaloganyo le jone botsogo ja motho. Rre Siamisang o tlhalositse fa moono wa gore ba lephata la temothuo ba bo ba seegetse letsatsi la go itshidila mmele le go amogana dikitso tsa ka fa ba ka tokafatsang botsogo ja bone ka teng, o tsile ka nako e e maleba ka puso e tshwenyegile ka fa bodiredi bo gogang maoto ka teng go ntsha maduo mo tirong. A re bodiredi bo tshwanetse go tswa ka ditsela tse ba ka tokafatsang maduo mo tirong ka tsone. Rre Siamisang o kgothaditse ba lephata la temo thuo go tlhama dikomiti tse di farologaneng mo ditirong di akaretsa tsa bagolo le bana gore fa mongwe a na le mathata, e ka tswa e le a selegae kana a mo tirong,a kgone go phuthologa go bua ka gore babereki ba tsaya nako e ntsi ba le mo tirong ka jalo ga ba na nako e ntsi go nna le ba malwapa a bone go tsaya dikgang tsa go nna jalo. O kgothaditse bodiredi ba temothuo go ikgapha mo nnotaging ka gore e na le seabe se tona mo go ntsheng maduo mo tirong le gone go isa itsholelo ya lefatshe kwa tlase. O tlhalositse gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ka botsogo ja gagwe ka go ja dijo tse di siametseng mmele le gone go itshidila ka go lemosegile fa go itshidila go fokotsa go akanya mo go feteletseng. O kgothaditse lephata go nna le tshwara tiro ya go nna jaana ka go thusa thata go nna ba abelana dikitso le go ne go itsane botoka. Go ne ga itshidilwa mebele ka metshameko ya kgwele ya dinao, bolotloa le mabelo e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa letsatsi le le tla a tshwarelwang kwa Nata, Morule a tlhola letsatsi go fitlha malatsi a le matlhano. Bokhutlo
health
6
Emisang khiro ya kgethololo - Mokalake
Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o kgadile a sa kgwe mathe tsamaiso e banni bangwe ba Xere ba ngongoregileng ka yone ba re khiro ya lenaneo la Ipelegeng e dirwa go lebeletswe boloko jwa diphathi tsa sepolotiki. Banni ba Xere ba ntshitse ngongorego eo bosheng mo phuthegong ya kgotla ba supa gore bangwe ba bone ba rontshitswe sebaka sa go thapiwa mo Ipelegeng ka gore ba ne ba apere mebala ya phathi e e neng e sa tsamaelana le maikutlo a ba ba hirang. Rre Mokalake a re e nne la bofelo a utlwa ngongorego ya gore tsamaiso ya khiro e dirwa go lebeletswe gore motho o apere mebala ya phathi efe. A re go tshwanetse ga thapiwa mongwe le mongwe yo o batlang tiro eseng go lebelela boloko kana kapari e tsamaelanang le phathi epe fela. O supile gore tsamaiso e, e baya bangwe ka fa mosing ka jalo ga e a tshwanela go letlelelwa gotlhelele. Kwa motseng wa Mmadikola gone, Rre Mokalake yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Boteti Borwa, o supile gore go tlhoka go amogela dikgakololo tse di tlang ka boeteledipele go busetsa morago. Rre Mokalake o ne a araba dingongorego tsa mongwe wa banni ba Mmadikola, Rre Gaboitatolwe Jenjele yo o neng a supa gore mapolotiki a palelwa ke go tlisa ditlhabololo mo motseng wa bone. Tona Mokalake a re, le fa a lekile go ntsha dikgakololo a rotloetsa morafe go inaakanya le dikgwebo tsa bojanala, maiteko a gagwe a iteile se fololetse ka go sena ope yo o neng a tsiboga. Rre Mokalake a re, go na le setlhopha sa bomme ba ba neng ba bone lefelo lengwe gaufi le noka ya Boteti mme ba eletsa go dira motse wa ngwao. A re le fa a ne a rulaganya gore bomme bao ba kgone go ya go tsaya malebela kwa Bahurutshi Cultural Village kwa Mmankgodi le gone go tswelela ba thusiwa ka dikgakololo ke ba ofisi ya diphologolo le mekgabisa naga, maiteko a bone a ne a seka a atlega ka gore bangwe ba ne ba gana ka lefelo le ba neng ba eletsa go direla mo go lone. Rre Mokalake o tsweletse a supa gape gore o ne a tswelela a ikopanya le ba kompone ya Debswana gore ba thuse morafe wa Mmadikola ka madi a tla thusang go agelela le go tsenya ditlamelo mo masimong go simolodisa temo ya nosetso. A re le fa kompone ya Debswana e ne ya dumalana le megopolo wa gagwe, tiro eo le yone e feletse e padile ka bangwe ba ne ba gana ka lefatshe le le neng le supilwe le ka dirisiwa, ba re ke la bone le fa mo nakong eno le ntse le sa dirisiwe. Rre Mokalake o supile gape gore e sale noka ya Boteti e simolola go ela, o rotloeditse merafe ya metse ka go farologana go ikopanya go rulaganya meletlo ya ngwao ngwaga le ngwaga mme le gone go retetse. O tsweletse a re go a tshwenya go bona morafe o supa mapolotiki ka monwana le ntswa ba paletswe ke ditiro tse di ba lebanyeng. Rre Mokalake a re ditiro dingwe tse morafe o eletsang di diriwa ke tse di sa akarediwang mo mananeong a a tsweletseng a ditlhabololo, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba gakologelwa gore ditiro tsotlhe tse di tsenang mo lenaneong lepe fela la ditlhabololo di tswa ka morafe e seng mapolotiki. Kgosi wa motse wa Xhumo, Rre Seikgotheng Ntshumbiwa ene o supile fa a tshwenngwa ke badirelapuso ba ba ganang go dirisana le morafe le boeteledipele jwa motse. Kgosi Ntshumbiwa a re bangwe ba badirelapuso ga ba tsenelele diphuthego le ditiro dipe fela tsa morafe, a tlatsa ka gore o setse a ikuetse kwa ofising ya ga molaodi go thusa go laola seemo se. Rre Ntshumbiwa o supile gore boikarabelo jwa go baakanyetsa ditiro tsa motse e setse e le morwalo wa badirelapuso ba ba berekelang mo kgotleng fela, a supa fa ba maphata a mangwe ba sa batle go thusa. O tsweletse a supa gore le ka nako e go neng go baakanyediwa phuthego ya ga Tona Mokalake, ba sekolo se se botlana le kokelwana ba ne ba gana go ba adima ditilo. Kgosi Ntshumbiwa o supile gore boeteledipele jwa motse bo tshwentswe ke seemo sa thuto ka gore maduo a sekolo se se botlana a tsweletse ka go wela tlase. A re ba lemogile dingwe dilo tse di bakang seemo se mme di ka kgonwa go rarabololwa fa ba kopane le bagolwane ba thuto. O supile gore le fa a kopile mogolwane wa thuto kwa Letlhakane go tla go kopanela seemo se, ga a ise a tsibogele kopo ya gagwe. Kgosi Ntshumbiwa a re o tshwenyegile thata ka gore bana ga ba kgone go tswelela sentle le dithuto tsa bone mme ba felele ba inaakanya le ditiro tsa borukutlhi. Mopalamente Mokalake a re dikgang tsa badirelapuso ba ba sa dirisaneng le morafe di a tshwenya gonne di busetsa ditiro tsa motse kwa morago. A re modirelapuso o tshwanetse a gakologelwa ka tse dintle tse a di dirileng jaaka go tlisa kitso le dikgakololo mo morafeng e seng go nna sekgoreletsi.Bokhutlo
politics
7
Bagodi ba abelwa diromamowa
Ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba (National Strategic Office) erile bosheng ba abela bagodi ba Sekoma diromamowa di le masome marataro. Erile mothusa mookamedi wa ofisi eo, Rre Lewis Malikongwa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho, a re ofisi ya gagwe e lemogile fa melaetsa ya mananeo a puso e anamisiwa mo seromamoweng le mo dipampiring tsa dikgang. A re ka jalo ba bona go tshwanela gore ba rekele bagodi diromamowa gore ba kgone go tsaya melaetsa ya mananeo a puso ka botlalo ba seka ba fetwa ke sepe. A re diromamowa tseo gape di tlaa ntsha bagodi bodutu ka gantsi ba tlhola ba le nosi bana ba ile dikoleng le ditirong. A re e re ka jaana ba tlhophile bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ebile ba thusiwa ke khansele ka dijo, tsholofelo ke gore ba tlaa kgona go ithekela malatlha fa a fedile. Rre Malikongwa o rotloeditse bagodi bao gore ba seka ba rekisa diromamowa tseo le fa go ka nna thata ka jaana e le tsone bommata ba bone. Erile a afa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme a iteela mpho eo legofi a re diromamowa tseo ka nnete di tlaa ntsha bagodi bodutu. A re segolo bogolo o lebogela ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba gore ba bo ba bone go tshwanela gore ba tle go abela batho ba Sekoma le mororo metse ya Botswana e feta ’thapo tsa loselo. A re se ba se dirileng se a itumedisa ka jaana go le gantsi motse wa bone o tlodisiwa matlho fa go ajwa dithuso tse di farologaneng.
society
9
Batswana ba kgotlhadiwa go aba madi
Mooki yo mogolwane kwa kokelo ya Sekgoma, Mme Tebogo Lebang a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba aba madi ka dikokelo di tlhaelelwa. O buile jaana mo potsolotsong le Mme Lebang a re ntswa ba na le dibanka tse thataro lefatshe ka bophara, tse tsotlhe di tshwanetseng go bona gore ba kgon seelo se ba se beetsweng sa dikgetsana tse 40 000 mo ngwageng, se ga se bonolo ka setshaba se goga dinao go aba madi. A re ngogola ba ne ba kgonne dikgetsana tse 25 000 fela. Mme Lebang a re se se a tshwenya ka mo bogompienong madi a tlhokafala thata, bogolo jang ka go na le malwetse a mantsi jaaka madi a a kwa tlase, kankere, le loaro. “Fa o tsaya loaro lwa pelo fela o tlaa lemoga botlhokwa jwa go fa madi. Loaro lwa pelo lo tlhoka dikgetsana tsa madi di ka nna lesome, mme kana kgetsana e tsenya 450ml. Se se ka se kgonagale batho ba sa abe madi.” Mooki yo a re fa motho a aba madi a itse gore le ene o a ipoloka ka a ka se ke a itse gore o ka tsoga a tlhagogelwa ke eng se se tlhokang madi. A re gape motho o tshwanetse go gakologelwa gore fa a abile madi, a ka tsoga a thusa wa gabone, gongwe a na le kotsi kana mongwe a belega. Mooki yo, o ne a tlhalosa fa banana ba aba madi go feta bagolo, bogolo jang ka go aba motho yo o dingwaga tse 16 go ya kwa go tse 65. “Mme gape re lemogile fa borre ba aba madi go feta bomme, selo se re sa itseng gore se bakwa ke eng. Keletso ke gore bomme fela jaaka borre ba fe madi ka e le selo se se tlhokwang ke botlhe. Borre ba nna mo dikotsing thata mme ba tlhoka madi, le bomme fa ba belega ba a a tlhoka.” A re fa gongwe batho ba na le go boifa mme a rurifatsa gore go aba madi go babalesegile. Mme Lebang a re ntswa ba na le ofisi ya kabo madi kwa Sekgoma, seo ga se a lekana, ka jalo ba nna ba tswa letsholo ba etela dikole le maphata go bona madi. A re fa go na le ditiro tse di okang batho ba bantsi ba tshwaraganela tiro le beng ba yone gore ba kgone go ya go tsaya madi. “Letsatsi la gompieno le tsamaile sentle ka bontsi bo supile kgatlhego mo go feng madi, mme keletso ke gore batho ba tle kwa sepatela ba tle go fa madi.”
economy_business_and_finance
3
Tiego e ngongora banni ba Sehithwa
Banni ba Sehithwa ga ba itumelele tiego ya gore motse wa bone o tlhomiwe kgaolo-potlana. Ba re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo ka jaana motse o gola mme ba ne ba solofeditswe fa Sehithwa e tlaa nna kagolo-potlana jaaanong ba ipotsa gore madiadia ke a eng. Ba supile selelo sa bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe bosheng. Banni ba re ba latela ditlamelo kgakala kwa Maun ka jaana bontsi jwa diofisi tsa puso di seyo mo motseng wa bone. Kgosi Boitiro Dithapo a re tumalano e ne e le gore kgaolo-potlana eo e tlaa isa ditlamelo kwa metseng e le boferabongwe a tlatsa ka gore setsha sa dikago se ne se setse se bonwe. A re go lemosegile fa setsha se se aperwe ke dikgang ka jaana a utlwile fa bangwe ba setse ba beilwe ditsha teng e ebile maphata a a amegang a supile fa a sena madi a go atswa beng fa ba fudusiwa. Kgosi o kopile mopalamente go tlhotlhomisa kgang eo ka a lemoga e ka baka tiego ya go aga diofisi tse ba di solofeditsweng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Maletelo Molatlhiwa, o ne a konetelela mafoko a ga kgosi a re ba solofeditse gore motse o tlaa nna kgaolo-potlana e bile ba tlaa agelwa matlhabelo. A re ba ntse ka tsholofelo ka jaana ba lebile gore go agaiwa ga diofisi tseo go tlaa tlhamela banni mebereko. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Molatlhiwa o ne a supa ngongorego ka go diega ga go emisetswa ga bodiredi jo bo fudusiwang. A re ba ntse lebaka ba sena mmaboipelego morago ga gore yo a neng a le teng a fudusiwe a tlatsa ka gore le ntlo ya gagwe e setse e fetogile boremelelo jwa dirukutlhi. O ne a lela gape ka letlhoko la koloi mo kgotleng a re ba bogosi ba goga ka bokete ka jaana ba sena sepalamo. Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Kwerepe o ne a supa fa e le boammaaruri Sehithwa a tshwanelwa ke go nna kgaolo-potlana. A re le ene o itse fa setsha sa dikago tseo se abilwe mme go lemosegile morago gore go na le batho bangwe ba bo maipaya fela mo go sone. Rre Kwerepe o solofeditse banni fa a tlaa sala kgang eo morago. Mopalamente o ne a supa gape fa a na le tsholofelo ya gore lenaneo le lesha la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme le tlaa araba dingwe tsa dilelo tsa bone. E re dikgang di eme jalo, banni bangwe ba ne ba ikuela ka bogodu jwa leruo jo ba reng bo ba apesitse kobo ka letshoba. Ba re masaka a agilwe mo sekgweng mme dikgomo tsa bone di bolaelwa koo beke le beke di bo di rekisiwa. Ba re e re lentswa ba aparetswe ke leuba, magodu a bihisitse seemo ka jaana bontsi jwa banni bo setse fela bo itshopere. Ba re maiteko a bone a go begela ba sepodisi a itaya sefololetse ka jaana go senko e tswang lemina
politics
7
Palapye o amilwe ke dikotsi tsa tsela
Banni ba Palapye ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo motseng. Ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya fa ba sa itumedisiwe ke dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ntswa bakgweetsi ba tshwanetse go kgweetsa ka lebelo le le ko tlase mo motseng. Ba re tiragalo e diragetseng bosheng e koloi e thudileng ngwana ya ba ya gapa botshelo ja gagwe ga ya ba itumedisa ntswa fa kotsi e diragetseng teng go na le dikganedi tse di dirilweng go leka go fokotsa lebelo la dikoloi. Ba kopile khansele go oketsa dikganedi mo tseleng. Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome le Kgosi Phetedi Ragabatsewe wa Extension 1 ba buile ba sa kgwe mathe ka dipolaano tse di diragalang mo Palapye tse di bakiwang ke go iphitisa dino. Dikgosi tse pedi tseo tsa re go le gantsi go diragala ditiragalo tse di bosula mo marekisetsong a bojalwa, batho ba sena go iphitisa dino. Ba re mo godimo ga dipolaano batho ba tlhabana ka dithipa kgotsa ba lwa mo ba felelang ba gobatsa ba bangwe. Ba kopile mapodisi go tsenya seemo se leitlho. Mo go tse dingwe banni ba dikgotla tse pedi tseo ba ngongoregile ka ditsela tsa bone, ba re di dikhuti ebile ga di tsamaege. Ba re ba dipalamo tsa sechaba ka jalo ba ba folosa kgakala ba tshaba gore dikoloi tsa bone di senyege. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele ya Palapye Rre Goloswang Ramogala o ba tlhaloseditse fa go dirwa ga ditsela tsa Palapye go ise go felele. A re ditsela tse di neng di solofetswe go dirwa di ile tsa seka tsa dirwa fa lefatshe leno le amiwa ke kwelotlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore khansele mo nakong eno e santse e sena madi a go tshela ditsela tse disha sekontere. A re khansele ga ya nna fela mme e kopile ba lephata la kabo ya lefatshe ba gompieno ba tsenyang ditlamelo ko Extension 11 go ba thusa go baakanya ditsela dingwe tsa Palapye. A re tsela e tshwana le e fetang fa Kgolagano College, le e fetang fa khanseleng di tla dirwa di bo di kopanngwa le tse di dirwang ko Extension 11. Rre Ramogala o tlhalositse gape fa ditsha tse di ko Serorome ele ditsha tse di kgologolo tse di saleng di bewa ke bogosi. A re ka jalo ditsela tsa teng di ditshesane ka di bapile thata le dijarata mme go nne thata go ka dira ditsela tsa mofuta o. A re Palapye ga a thulama ka jalo ga gona ko metsi a yang teng mme metsi a ema fela mo ditseleng ka dinako tsa dipula. A re mmu wa Palapye le one o botobotobo ka jalo se se felela se baka dikhuti mo ditseleng.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Tlhokomelo ya balwetse konokono ya boitekanelo
Moeteledipele wa motlobo wa dibuka kwa Palapye, Rre Mackenzie Moabi o gwetlhile setshaba go ithuta go dirisa dikhomputara le maranyane. Rre Moabi o boletse fa ba lemogile botlhokwa jwa go ruta setshaba tiriso ya dikhomputara. A re go ne ga tlhangwa lenaneo la Sesigo ka 2010, le tshwaraganetswe ke lephata la banana le Bill & Melinda Gates Foundation maikaelelo e le go tlhatlhelela setshaba dithuto ka dikhomputara le maranyane. Rre Moabi a re Bill & Melinda Gates e ne ya ba abela dikhomputara le go ruta babereki ka tsone. A re dithuto di tsaya dikgwedi tse tharo gore moithuti a bo a alogile mme ba na le baithuti ba le masome a mararo le boraro ba e tlaa reng ba fetsa dithuto ba abelwe ditlankana. Rre Moabi o tlhaloseditse BOPA fa ba ipeetse seelo sa go alosa baithuti ba le masome a mabedi le boferabongwe mme go se motlhofo ka bangwe ba felela ba tlogela mo tseleng. A re baithuti ba rutwa tiriso ya khomputara ya tsatsi le letsatsi jaaka go kwala makwalo le tse dingwe jaaka PowerPoint le Excel. “Dithuto di kgaogantswe ga bedi. Go na le tse di tsenang mo mosong le mo motshegareng e le go neela moithuti mongwe le mongwe sebaka ka re itemogetse fa dikhomputara di sa lekane batho,” Rre Moabi a tlhalosa. Rre Moabi a re dithuto di tsenwa ke batho ba dingwaga tse di farologaneng, bogolo jang banana ba ba fa gare ga 20 le 35 fa bagodi bone ba le palo-potlana. A re maduo a a nametsa ka bangwe ba boela kwa go bone ka bopaki jwa gore se ba se ithutileng se ba tswetse mosola mme go ba tiisa moko go bereka ka natla go ntsha dialogane tsa maemo a ntlha. Dikgwetlho tse ba kopanang natso a re ke tlhaelo ya dikhomputara le baithuti ba ba tlogelang mo tseleng. O gwetlhile setshaba gore se seka sa itsapa. Mongwe wa baithuti, Mme Betty Nkawana wa dingwaga tse 52 o tlotlomaditse bodiredi a re o ne a sena lesedi fa go buiwa ka tsa maranyane mme dithuto di mmutse matlho. BOKHUTLO
health
6
Go tsena diphuthego go botlhokwa
Kgosi Tshegofatso Setumo wa Lobatse o kopile banni ba toropo eo go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba kgone go itse ka mananeo a puso a a ka tokafatsang matshelo a bone. Kgosi o buile jalo ka mafelo a beke, mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng ele go itsise banni ka tshwetso ya puso ya go godisa Botswana College Of Agriculture (BCA) go nna university ya temo thuo le ditsa-tlholego. A re kgotla ke sone sesana se mala a ditlhabololo tsa matshelo a batho a gamelwang mo go sone ka jalo, go tlhoka go tsenelela diphuthego ke go ithontsha sebaka sa go itse le go amogela mananeo a puso. O tsweletse a re ka go tsenelela diphuthego motho o a bo gape a supa lorato mo lefatsheng la ga gabo. Kgosi Setumo o lebogile lekoko go tswa kwa sekoleng seo go bo ba lekodisitse banni ba Lobatse ka diphetogo tse di sha, a tlatsa ka gore go dira jalo ke go supa lorato mo go bone. A re mme o solofela fa go godisiwa ga sekole seo go tla a thusa gore se kgone go ruta dithuto tse di ka tlhabololang temo thuo, gore mhama oo o nne le seabe se se bonalang mo itsholelong ya lefatshe leno. E ne e rile a a fa tekodiso moeteledi pele wa lekoko leo, Mme Boingotlo Sebolai a supa fa puso e tsere tshwetso ka e lemoga fa sekole seo jaanong se godile mo e bileng se ka ikemela. A re fa se ikemetse kanosi se tla a kgona go tokafatsa dithuto tsa sone le go oketsa dipalo tsa baithuti go tswa kwa go 3000 go ya kwa go 5000, selo se a reng se tla a thusa go fokotsa madimadi a puso e a dirisang go ruta bana kwa mafatsheng a sele. A re ba solofetse fa sekole seo e tla a re ka 2018 e bo ele university e e feletseng. Bokhutlo
politics
7
Ba rotloediwa go ipelega
Mothusa kgosi wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Makgabane Tsiane a re nako e gorogile gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tswe ka maano a go itirela madi go a dirisa mo ditlhabololong tsa metse go na le go ikaega ka thuso e e tswang mo pusong fela. Kgosi Tsiane o boletse mo potsolotsong gore dikomiti tse, segolo jang tsa metse selegae di tshwanetse go loga maano go bona gore di ka dira madi jang ka jaana go supagetse fa di saletse morago go na le tsa ditoropo. Kgosi o kaile fa kwa motseng wa Takatokwane ba itomile molomo wa tlase go bona gore ba diragatsa ditlhabololo mo motseng wa bone ka madi a ba a itiretseng. Bosheng jaana maloko a komiti ya motse wa Takatokwane ba ne ba etetse dikomiti tsa Gaborone ka maikaelelo a go ya go tsaya malebela ka fa ba dirang ka teng ka jaana dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Kgosi Tsiane o supile fa ba ne ba tseneletse dithuto tse di neng di rulagantswe ke ba khansele ya Gaborone go ya go tsaya malebela mo dikomiting tsa koo ka bone ba gatetse pele mo dilong di le mmalwa. Kgosi o tlhalositse fa e ne ya re ngwaga o o fetileng ba kwalela dikomiti tsa metse ya ditoropo ba kopa gore ba ba rutuntshe mme ya Gaborone ya amogela kopo ya bone. O tlhalositse fa dikomiti tsa Gaborone di dirile di le mmalwa jaaka dikole tsa bananyana ka madi a ba a itiretseng mme ba sa a fiwa ke puso ka jalo a re le bone e le ba Takatokwane ba ikaeletse go dira seo. A re dikomiti tsa metse ya ditlhabololo kwa metseng ya selegae ba dira madi ka go hirisa matlo a VDC a le one bontsi ja sebaka a nnang a le mo seemong se se sa kgatlhiseng. A re morago ga go boa kwa Gaborone ba ikaeletse go tlhabolola matlo ao ba a baya mo seemong se se botoka b abo ba a tsenya le motlakase gore ba hirisetse badirelapuso ka jaana ba tlhaelelwa ke boroko. O supile fa komiti ya Gaborone e ba solofeditse go ba batlela kompone e e tla ba thusang ka tsa madi go netefatsa gore ba itirela di le dintsi ba sa thusiwe ke puso ka le yone e tlhaelelwa ke madi. O gwetlhile dikomiti tsa metse ya selegae go etela dikomiti tsa metse setoropo go ya go kopa dithuso le gone go anya botsipa ka bone ba gatetse pele fela thata. Kgosi Tsiane o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga maloko a dikomiti tsa metse ka jaana e le baeteledipele ba metse e bile ba tshwanetse go dira tiro eo ka manontlhotlho le lorato. BOKHUTLO
politics
7
Mabitla ke lefatshe la morafe
Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Mmathethe Rre Kabelo Masilonyane a re ga go a tshwanela gore go beelwe ope sebata sa lefatshe mo teng ga mabitla. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mokgomane a re mabitla ke lefatshe la morafe ka jalo ga go ka fa molaong gore, batho bangwe bone ba tlogelelwe sebata sa lefatshe gore nako ya ba tlhokafala ba fitlhelwe foo. A re go dira jalo ke go baa setsha mo lefatshing la morafe. Rre Masilonyane o ne a araba mongwe wa banni yo o neng a batla go itse gore a go ka fa molaong gore e re mabitla a tswetswe a bo go tswelelwa go bolokwa batho bangwe mo go one go twe ba ne ba tlogeletswe sebata sa gore ba bolokwe foo. O kopile banni ba Mokgomane gore fa e le gore ntse ba dira jalo ba emisa go dira jalo. A re fa go na le dibata tsa go nna jalo go bolokwe mo go tsone mme go seka ga tlhola go boelelwa phoso eo gape. A re kana go raa gore go tlogelwa lefatshe le le lentsi mo teng ga mabitla a bo go kopiwa mabitla a masha go twe mabitla a tletse ntswa go sa nna jalo.
society
9
Pula ya matlakadibe e bolaile mosimanyana
Kgosi Segale Letshele wa kgaolwana ya Phase IV kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke boitsholo jo bo makgasa jwa banana ba kgaolo ya gagwe. Fa a bua mo puisanong le BOPA bosheng, Kgosi Letshele o ne a tlhalosa fa ditsheko ka bontsi kwa kgotleng ya gagwe e le tse di amang banana. A re fa e sale ngwaga ono o simologa, o setse a atlhotse dikgang di feta makgolo a mararo tse bontsi jwa tsone di amanang le banana. O supile fa melato e akaretsa go dirisa puo e e botlha, go utswa kwa mabenkeleng, dintwa, tse nako nngwe go dirisiwang dilo tse di borai di tshwana le dithipa, dipekere, melangwana le tse dingwe. Kgosi Letshele a re gangwe le gape mabenkele a matona jaaka Shoprite, Spar, Choppies le a mangwe, ba tsisa boikuelo jwa banana ba ba utswileng dilwana kwa kgotleng ya gagwe. A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore bangwe ba banana bao ke bana ba dikole, go balelwa le ba tse dipotlana. O tlhalositse fa go thibelela ga banana mo mekgwatheng fa ba tswa dikoleng ba sa ye malwapeng e le gone mo go felelang go baka gore ba raelesege ba bo ba ya go ipha dithoto kwa mabenkeleng. O supile fa go dirisa nnotagi le ditagi phetelela le gone e kuketsa go tlhoka go itshwara sentle ga banana, mme e bile bangwe batsadi e le bone ba ba rekisetsang ditagi tse di borai jaaka motokwane. A re o kile a buisana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolwana ya gagwe gore ba bee leitlho seemo sa majalwa a a dirwang mo malwapeng, go netefatsa gore bagwebi ba one ba sala molao morago jaaka go tswala dikgwebo ka nako, a tlhalosa fa mafelo a nnotagi a oka banana kwa ba felelang ba dira tse di duleng mo tseleng teng. Kgosi Letshele o gateletse gore le fa go ntse jalo, fa a sa le a simolola go letsa thupa kwa kgaolong ya gagwe, dikgetsi tse di amang maitsholo a a makgasa a banana di wela tlase. Kgosi a re e re le ntswa kgolegelo e ka thusa go aga banana, go ba tlatsa ka dikgolegelo go ka ama bokamoso jwa bone le jwa lefatshe la Botswana. O ne a ikuela mo batsading go ruta bana molao ba sale bannye go balelwa le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng ka go twe lo ojwa lo sa le metsi. O buile fa malwapa mangwe e le kwa ga mmapereko, batsadi ba lwela fa pele ga bana, e bile go sena kgalemo e e tseneletseng mo baneng, mme se se felela se rotloetsa bana go tlhoka tsebe. A re baruti kwa dikerekeng le bone ba ka thusa go netefatsa fa bana ba gola ba utlwa molao wa Modimo o o ka ba rotloetsang go itshwara sentle. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Thusang le go dirisana le baoki
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi, o kopile batsadi ba ba nang le balwetse go dirisana sentle le baoki le go thusana go ba oka. Rre Mokgethi o ntshitse kopo eo kwa moletlong wa malatsi a botsalo a morena o o neng o diretswe balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tutume ka Laboraro (Sedimontlhole a le lesome le bone). A re batho ba na le go phuaganya balwetse ba bone kwa kokelong ba bo ba tsena ka ga re itse le go lekola molwetsi tota ba sa dire jalo, le fa ba leletswa go tla go tsaya molwetsi a ntshitswe mo kokelong ba sa tle go mo tsaya. O ne a supa fa seo se rwesa kokelo mokgweleo o motona tota ka jalo a kopa batho go itse fa balwetse ba tlhokana le lerato le tlhokomelo gore le bone ba kgone go kokobalelwa ke ditlhabi. Rre Mokgethi a re mokgwa o mongwe o gape o o sa itumediseng ke wa batsadi ba ba tlhaselang baoki ka mafoko a a botlhoko, a re seo ga se botho ka jalo fa go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle ba tshwanetse go sala tsamaiso morago ya go ikuela gore phoso e baakangwe nako e sale teng. O tsweletse a akgola badiri ba botsogo ba kokelo eo ya Tutume go bo ba ne ba bona go tshwanela go direla balwetse moletlo oo, a gatelela ka gore seo se oketsa botsalano le balwetse ka jalo ba tlaa lemoga fa baoki ba tshwenyega ka matshelo a bone mme seo se tlaa ba fa tshepho mo go bone. Rre Mokgethi o ile a leboga botlhe ba ba neng ba ititaya ka thupana ba ntsha bonnyenyane jo ba nang najo go ngathogana le balwetse. O ne a gatelela ka gore se ba se dirileng ba supile fa ba le setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Mogolwane kwa kokelong ya Tutume, Mme Nametso Moatswi a re maikaelelo a moletlo oo e ne e le go ipela le balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong eo go ba fa lorato le go ba lemotsha fa ba ba eme nokeng e bile ba eletsa ba ka bo le bone ba se foo ba ipelela malatsi a morena le ba malwapa a bone. Mme Moatswi a re gape moletlo oo ke go nonotsha botsalano jwa bone le balwetse le go aga mowa wa tirisano mmogo. O ne a lebogela batho ba motse wa Tutume, dikereke le dikompone tse di ikemetseng ka nosi kemo nokeng e ba e supileng go tshwaraganela moletlo oo gore o atlege ka go ba abela dimpho go di abela balwetse. Gape o tsweletse a bolela fa ba tlaa abela balwetse ba ba robaditsweng mo nakong ya gompieno mo go ka senyegang ka pele, mme tse dingwe dimpho ba tlaa di aba ka letsatsi le legolo la botsalo jwa Morena.
health
6
Tema o rotloeditse ba Taung go dirisa mananeo a puso
Molaodi wa Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema o rotloeditse banni ba Taung go tsaya mananeo a puso a itshetso go tokafatsa matshelo a bone. Molaodi Tema o buile se bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo. A re puso e ntshitse mananeo a nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a banni, ka jalo go le botlhokwa gore banni ba akole mananeo a. O ne supa fa mananeo mangwe a setse a tsobogetswe ka bontsi mme go tla mo nakong ya gore ba simolola go fokotsa go amogela ikopela ya mananeo ao. O ne a kopa banni go tla ka dikgwebo tse di ka ba tlhabololang. Rre Tema a re kwa ntle ga lenaneo la nyeletso lehuma, go na le mananeo a magwe a a akaretsang lenaneo la banana le a ba lephata la bong. A re go mo maruding a banni go bona fa ba ema ka dinao go batla kitso ka mananeo a, a bo a gakolola ba ba akotseng mananeo go nna le dibuka tse di supang gore madi a dirisitswe jang. Molaodi o ne a re keletso ke gore fa banni ba filwe mananeo a puso ba leke ka bojotlhe gore ba a tlhokomele le go a dirisa ka fa molaong. Mo go tse dingwe Rre Tema o ne a tlhalosetsa morafe ka molao o o mo tirisong wa bana, wa go kwala maina a batsadi ka bobedi mo matsalong a ngwana. A re go botlhokwa gore batsadi ba lebelele dikgatlhego tsa ngwana gore a bone lerato, botsogo, dijo le sekolo. Rre Tema o ne a supa fa ngwana mongwe le mongwe a na le ditshwanelo, ebile a tshwanelwa ke go tlotla motsadi le go nna le boikarabelo jwa gore a kgalemelwe. O ne a supa fa ba tswenngwa ke go bona bana ba ba tswang mo sekoleng ka ntata ya boimana, jo bo felelang bo dira gore ba senyegelwe ke sekolo. Molaodi o ne a kopa borre gore ba ikgalemele ba tlogele bana ba gole ba seka ba ba dira basadi, ka go ba dira jalo e le kgokgontsho. Fa a tswa la gagwe kgosi ya Taung, Rre Lebogang Masie a re go botlhokwa go tla ka molao o o gagametseng wa go sireletsa ngwana. A re e le baeteledipele ba tshwenyega ke go bona bana bangwe ba sa tlhokomelesege. Kgosi o ne a supa gore ba tshwenyega thata ke gore fa go dirwa ditlhabololo o kare Taung o a lebalwa. Banni ba ne ba ikopela gore fa go dirwa ditlhabolo di dirwa mo kgaolong go lekwe gore di lekalekanngwe gore botlhe ba di akole. Bokhutlo.
society
9
Banana ba itlhamela ditiro ka lenaneo
Banana bangwe kwa Shoshong ba eme ka dinao go itlhamela mmereko ka go inaakanya le dikgwebo ka go farologana. Rre Moses Malepe o itlhametse kgwebo go itshetsa le go tlhamela banana ba bangwe ditiro. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Malepe o boletse fa kgwebo ya gagwe e le ya bodisadikago. A re o na le dingwaga a tlhamile kgwebo ya gagwe mme o ne a sena ditsompelo tsa go phadisana le dikhamphani tse dingwe tsa bodisadikago. O kaile fa a ne a ikopela dithuso mo lephateng la banana mme a thusiwa ka P100 000 ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng gore a kgone go godisa kgwebo ya gagwe. O boletse fa a ile a hira banana ba le lesome go nna badisadikago mo go bone go na le bomme ba le bane. O tlhalositse gore le fa dithendara tsa bodisadikago di se dintsi mo Shoshong, o nna a batlela kgwebo ya gagwe dithendara tsa go disa dikago mo mafelong ka go farologana gore kgwebo e kgone go tswelela. Rre Malepe o thalositse fa kgwetlho e tona e le phadisano e e mashetla. O tlhalositse gore go kabo go le botoka fa dithendara dingwe tsa go disa dikago di seegelwa fa thoko gore di dirwe ke banana ba motse go na le gore di fiwe dikhamphani tse di tona. Le fa gontse jalo, Rre Malepe o thalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse fela thata ka gore gompieno o kgona go itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe, gape o kaile fa a fetotse matshelo a banana ba le lesome ka go ba tlhamela ditiro. Rre Monei Gadise ene o dirile kgwebo ya go suga matlalo a bo a dira didirisiwa tse akaretsang rampeetshane, diphate, dihutshe, dibeke tsa bomme, dipatshe, mabante le diaparo tsa mmino wa setso. A re o tsere tshwetso ya go tsena mo kgwebong ya go suga matlalo morago ga go lemoga gore Botswana o rekisetsa mafatshe a sele matlalo, a bo a boa e le dithoto tse di dirilweng ka matlalo O tlhalositse fa a thusitswe ke lephata la banana ka P96 000 ka lenaneo la YDF mme a simolola kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng o simolola. Rre Gadise o tlhalosistse fa kgwebo e se ntsi thata mo Shoshong mme go itepatepanya le seemo seo, o isa dithoto tsa gagwe kwa Serowe ko a di rekisetswang ke mongwe. A re o itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe. O boletse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle mme maikaelelo a gagwe e le go e godisa a bo a thapa banana ba bangwe.
economy_business_and_finance
3
Banni ba lela ka borukutlhi
Banni ba dikgotlana tsa Botalaote le Madiba 14 kwa kgaolong ya Mahalapye Bophirima ba lela ka seemo se se ileng magoletsa sa borukutlhi. Banni ba ntshitse selelo mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Joseph Molefe bosheng. Ba kaile fa seemo sa borukutlhi se sa ba nnise sentle ka ba setse ba tshaba le gone go tsamaya mo motseng. Kwa Madiba 14, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semenete a re kgaolo ya gagwe e aparetswe ke bogodu mo ba sa tlholeng ba itse gore ba ka dira eng. Rre Semenete o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang e ya bone tsia mme a bone gore ba ka ba thusa jang ka le tsone dikomiti di tshwana le tsa baithaopi ba sepodisi le tse dingwe tsa kgaolo ba setse ba fekeediwa ke borukutlhi jo. A re ba tlhaelelwa ke dikoloi tsa go dikologa le kgaolo go tlhabantsha borukutlhi ka jalo a kopa mopalamente go ba tswa thuso. Kgosi ya kgaolwane eo, Kgosi Rabuwe Montwedi ene o ne a kopa puso gore e ba tsenyetse dipone tse di dirisang marang a letsatsi ka jaana fa go nna lefifi borukutlhi bo a gakala. Kgosi Montwedi a re fa puso e ka ba tsenyetsa dipone tse gongwe go ka nna le phetogo mo seemong se sa borukutlhi ka jaana go nna go le lesedi mo kgaolong. Banni ba kgaolwana ya Botalaote ba ne ba tlhalositse fa go na le segopa sengwe sa banana ba ba ipitsang Boko Haram ba ba tlhorontshang banni ba ba tsenelele le go ba amoga di tsa bone. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a gakolola banni gore ba seka ba baya fela mo pusong mme le bone ba ipope dikomiti tsa go thusana go thibela borukutlhi ka ba sepodisi ba ka se kgone ba le nosi. Rre Molefe a re ke nnete borukutlhi bo supile fa bo tshwenya thata mo motseng wa Mahalapye, mme go dira banana ba motse ka jalo a kopa banni go tshwaragana ba bue le bana ba bone gore borukutlhi ga bo busetse. Fa a bua ka dipone tse di dirisang marang a letsatsi, Rre Molefe o ne a dumelana le bone mme a tlhalosa fa a tlaa di kopa kwa lephateng le le lebaneng gore a ba ka se di tsenyediwe. Kwa Botalaote, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa puso e lemogile go busetsa diofisi tsa mapodisi tsa pele mo tirisong, ka moo e ntshafatsa dikago tsa pele go bona gore e thusa setshaba mo borukutlhing jang. A re dikago tse di kopane gape le go ntshafatsa matlo a borobalo a mapodisi gore e re ba okelediwa mapodisi mo motseng wa bone ba seka ba sokola ka dikgang tsa boroko. A re ditlhabololo tse di dira gore batho ba tle ba nne ka tshosologo, ka ke maitlamo a puso go bona gore Motswana mongwe le mongwe o nna ka tshosologo gongwe le gongwe fa a leng teng. Rre Molefe o ne a tlatsa ka gore puso e ntshafatsa gape sepatela sa pele go leka go fetola seemo sa mosuke kwa sepateng se sesha, ka dipego di supa fa batho jaanong ba sukagana kwa sepateng se sesha
crime_law_and_justice
1
Go tlhatlhoba mmu go botlhokwa
Balemi ba kgaolo ya Borwa ba kopilwe go tlhatlhoba seemo sa mmu mo masimong a bone pele ga ba lema paka nngwe le nngwe gore ba kgone go dira dipoelo. Go buile jalo mmabalemisi wa kgaolo eo, Mme Sentleeng Maoto, kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa go ipelela thobo kwa masimong a Mmalore bosheng. A re go tlhatlhoba seemo sa mmu go ka thusa molemi go itse gore a mmu o tlhoka dikotla dingwe kgotsa nnyaa selo se a reng se botlhokwa fela thata. E re ntswa puso e thusa balemi ka menontshane mahala ka lenaneo la ISPAAD, Mme Maoto o tlhalositse fa gole borai go dirisa menontshane eo ka go abelela ngwaga le ngwaga jaaka bangwe ba dira a supa fa e ka senya seemo sa mmu fa e fitile selekanyo se se tlhokafalang go ka tshuba dijalo go bakela molemi tatlhegelo. Mme Maoto gape o rotloeditse balemi go lema mabele a tlhalosa fa a santse a nale mmaraka oo boruma mo lefatsheng leno. Are go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka dijo kwa mafatsheng a sele le ntswa puso e ntshitse mananeo a tshwana le la ISPAAD go ba rotloetsa go itirela dijo. Ebile Mme Maoto o kopile Batswana go tswelela ka go dirisa ngwao ya go upa masimo a bone go thibela diji mo masimo jaaka dinonyane. Are go dira jalo ebile go ka thusa go direla baupi kgwebo gape go somarela ngwao. BOKHUTLO
environment
5
Ntebele o kgothatsa banana go tsaya mananeo
Banana bangwe ba inaakantse le mananeo a puso ka go farologana go inamola leuba. Mongwe wa banana ba ba filweng madi a banana, Mme Oakantse Ntebele o rotloeditse banana go tsaya mananeo a puso go inamola leuba gammogo le go lwantshana le seemo sa letlhoko la ditiro se se ileng magoletsa. A re mananeo a a mosola ka a ipereka e bile a hirile banana ka ene, mme seo se mo tiisitse moko mo kgwebong. E rile a bua mo potsolosong le BOPA, Mme Ntebele yo o dingwaga di masome mararo le bone a re o filwe P98 000 go bula madirelo a moriri ka 2013 mme a a bitsa OAK’s Hair Salon. O tlhalositse gore o tswa kgakala le tiro ya go loga ka a sale a e simolotse a le mmotlana a loga ba masika mme erile a se na go fetsa lokwalo la botlhano a bereka mo madirelong a moriri. A re morago ga go lemoga gore o na le botsipa a ya go ikoketsa ka go dira dithuto tsa National Craft Certificate in Hairdressing kwa Ramatea Brigade ka 2006, mme ya re morago a ipulela madirelo a moriri ka madi a gagwe go fitlhela a tsaya madi a banana go atolosa kgwebo. Mme Ntebele o tlhalositse gore kgwebo e tsamaya sentle, ka a kgona go duela madi a go hirisa, go duela babereki ka bobedi gammogo le go bona dipoelo tse a itshetsang ka tsone. “Ke thusa bareki ba me ka lorato, ke le pelotelele e bile ke itlamile go dira se ba se batlang ka bonatla go ba kgotsofatsa gore ba nne ba boele kwa madirelong a me kgapetsakgapetsa. Gape fa ke ba logile bontle ke ipapatso e e nang le maduo,” ga tlhalosa Ntebele. O tlhalosa gore fa o le mologi o tshwanetse wa loga o tlhaloganya sentle gore moreki o batlang go na le go mo dira se wena o le mologi o se batlang. A re seo ke sesupo sa gore o kgathala ka maikutlo a bone e bile ke boikarabelo jwa go ba kgotsofatsa. A re ntswa kgwebo e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone jaaka kgaisanyo e ntsi ka gore madirelo a moriri a mantsi. A re kgwetlho e nngwe ke gore balogi ba ba logang ka fa tlase ga ditlhare ba loga ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme seo se mmeye ka fa mosing, bogolo jang ka gore o hirisitse. Mme Ntebele a re kgwetlho e nngwe ke gore mariga batho ba loga melogo e e tsayang lobaka go fenya serame mme seo se ise kgwebo kwa tlase. O boletse gore maikaelelo a gagwe ke go wetsa sekoloto sa madi a kadimo gore a tle a kgone go atolosa kgwebo sentle. A re keletso ke go direla mo setsheng se e leng sa gagwe sa kgwebo gammogo le go atolosa madirelo ao ka go tsenya ditlamelo dingwe. O weditse ka go leboga lephata la banana go bo le mo fa dikgakololo. A re seo se mo tiisa moko go tswelela a kopa dithuso mo go bone fa a na le mathata mangwe a a ka tlhokang bogakolodi jwa bone. A re lephata la banana gape le mo thusitse gore a nne le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo jaaka go na le buka ya dipoelo le ditshenyegelo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mkhanselara a ngongoregela boleng jwa didirisiwa
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba supile ngongora ya bone mabapi le boleng jwa didirisiwa tse rakonteraka yo o agang mafetlhelo a motlakase a Morupule a di dirisang. Ba buile jalo mo puisanong e ba neng ba e tshwere le mogolwane wa kompone ya Botswana Power Coorporation (BPC),Rre Gaolatlhe Kelesitse yo a neng a tsile go ba lekodisa ka seemo sa motlakase mo lefatsheng leno. Rre Kelesitse o tlhaloseditse makhanselara gore dipitsa tsa motlakase tsa Unit 1 le 2 tse di feditsweng go dirwa ngogola di na le bothatanyana jwa go dutla, mme se ke sone se dirang gore motlakase o tlhaele phetelela. O tlhalositse fa seemo seo rakonteraka a tshwaragane le go se baakanya mme tsholofelo ke gore e tlaa re mo bogaufing seemo se nne botoka ka di tlaa bo di feditswe go baakanngwa. Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara a ntshitse matshwenyego a gore go lebega go dirisitswe didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase. Mokhanselara wa kgaolo ya Nkange, Rre Israel Jersey o ne a botsa gore go tla jang gore e re e le gone go fediwang go aga go bo go setse go buiwa ka dipaakanyo, a re se ke sesupo sa gore go dirisitswe dilo tse di senyegang ka bonako. Rre Majaha Polson wa Dukwi, ene o kopile Rre Kelesitse gore ba ne ba buwa le ba-na-le seabe fa go na le mathata go na le gore dikgang tsa bone di tswe ka babegadikgang, a re seemo se ke sone se bakang go latlhegelwa ke tshepo ga batho mo komponeng. Rre Kelesitse o ne a tlhalosa gore makgwere a a kwa pitseng ya Morupule B ga se selo se sesha mo ditirong tsa mofuta o, a fa sekai ka Morupule A gore le yone fa e simolola go ne ga nna fela jaana. O tlhaloseditse makhanselara gore tiro e, e sa ntse e le ka fa tlase ga rakonteraka ka jalo ke ene a tshotseng maikarabelo a dipaakanyo.
politics
7
Banana ba lebanwe ke dikgwetlho
Go lemotshegile fa banana ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mo dikgwebong tsa bone. F a a bua mo potsolotsong bosheng, monana yo o mo kgwebong ya dipodi le dikoko tsa Setswana kwa Tonota, Rre Mathambo Samuel, o ne a supa fa dipaka di fetogile mme jaanong go tsamaisa kgwebo go sa tlhole go le bonolo jaaka go kile ga bo go ntse ka ntlha ya go sa bone bareki motlhofo. A re letseno le le kwa tlase le paledisa banana ba bantsi ba ba thusitsweng ka madi ke lephata la banana go a busa. Rre Samuel a re ke boikarabelo jwa banana gore ba nne le boammaruri mo ditirong tsa bone, a supa fa seabe sa batsadi e ka nna go bua le bana ba bone gore ba buse madi a ba a adimilweng go itshimololela dikgwebo. Rre Gofamodimo Ntanda wa Mmandunyane, a re lengwe la mabaka a a paledisang banana go busa madi ke gore dikgwebo tsa bone ga di tswelele sentle, ka e rile mothaong wa tsone tsa seka tsa dira dipoelo sentle. A re se se dirwa ke gore nako le nako fa go na le mathata mo kgwebong, banana ba a itlhoboga, ba sa boele kwa diofising tsa banana go kopa kgakololo ya gore tsela ba tseye efe. O tsweletse a re kgwebo e tsweledisiwa ke bopelotelele le go sa ineela fa go na le dikgwetlho. Mme Goitseone Moseki wa Mmandunyane ene o ne a kopa puso go nolofatso tsamaiso ya go bona madi a go simolola kgwebo. A re bontsi jwa banana bo eletsa go tsaya madi a lenaneo la bone, mathata e nne gore ba batlwa dilo di le dintsi go simolola dikgwebo, ka jalo ba kgobege marapo ba ise ba bone thuso. A re ga go thuse sepe gore madi a nne a boela mo letloleng la puso a sa tsewa ke ba a ba lebaganeng, mme a swetsa ka go rotloetsa banana gore tiro ya diatla e bogadi bo gaufi fa yo o e dirang a tlhoafetse, ka jalo o gwetlha banana go inaakanya le yone.
economy_business_and_finance
3
Monana wa Tutume o abetse mogodi dimpho
Kgosi Morgan Kenalemong wa kgotla ya Timbi mo Tutume o akgoletse monana wa Tutume, Rre Wachila Khani tiro e ntle e a e direlang setshaba. Kgosi Kenalemong o ntshitse kakgolo eo ka nako ya fa Rre Khani a ne a abela Mme Noyi Mashagwa wa dingwaga tse di lekgolo le lesome le motso dijo, melora le kobo kwa Tutume bosheng. A re monana yoo, o itshupile fa a na le boikarabelo mo setshabeng, ka o nna a tsenya letsogo go thusa batho ka banni ba motse ba bua ba sa kgale mathe ka dithuso tse ba di akolang mo go ene nako tsotlhe. O ne a mo opela legofi a re o botlhale, e bile o ka tlhabololola motse, ka o kgonne go lemoga fa bagodi ba le botlhokwa mo setshabeng. A re go le gantsi fa motho a godile ga gona batho ba ba mo gopolang. O ne a gatelela ka gore Mme Mashagwa o lesego mo botshelong ka monana o kgonne go mo lemoga. O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya malebela mo go Rre Khani go thusa fa ba ka kgonang teng. Rre Khani, yo e leng mookamedi wa madirelo a Dominic Studio kwa Tutume, o ne a bolela fa a ne a rekela mosadimogolo kuku ya matsalongogola fa a ne a digela dingwaga tse di lekgolo le lesome le bongwe, mme ya re gompieno a bona se a neng a se dirile se ne se sa lekana, a felela a reka dijo le kobo tse di lopileng P1 500. A re o ne a bona go tshwanela go tsaya kamogelo ya gagwe ya kgwedi go rekela mosadimogolo dimpho. O boletse gore ka Setswana se re ‘moeng goroga dijo di bonale’ o ne a bona go tshwanela gore a tsamae a tshwere sengwe go ya go dumedisa mosadimogolo.
society
9
Banni ba kopiwa go tlotla bogosi
Banni ba Borotsi kwa kgaolong ya Tswapong ba kopilwe go tlhompha dikgosi tsa bone le kgotla. Mothusa Kgosi wa motse oo, Kgosi Thabakanaka Israel o ntshitse kopo e mo potsolosong. Kgosi Israel a re go swabisa nko go feta molomo go bona ka fa seriti sa bogosi le kgotla se tsweletseng ka go wela tlase ka teng. O ne a fa sekai ka gore batho bangwe fa ba le mo kgotleng ba kgona go bua mafoko mangwe le mangwe fela ka fa ba batlang ntle le go tlotla lefelo leo. A re dingwe dikgang tse di tshwenyang gape ke tsa batho ba e reng fa kgosi a ba bitsa kwa kgotleng ba bo ba gana. Kgosi Israel o tsweletse ka go supa gape fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tlotla dinako tsa pereko ya dikgosi mo banni ba go dirang. A re bangwe ba kgona go tla go kopa thusa nako ya bone ya go ya dijong tsa motshegare e setse e fitlhile mme e re fa ba lebisa motho yo o kopang thuso lebaka le, motho yoo a bo a tsaya gore kgosi ga a dire tiro ya gagwe ka fa tshwanelong. Kgosi o ne a itsise morafe wa gagwe gore fela jaaka babereki ba bangwe ba puso, Kgosi o tsena mo ofising phakela ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme e re metsotso e le masome a mane le botlhano go yeng kwa nakong ya bongwe Kgosi a nne le sebaka sa go ya kwa dijong tsa motshegare. A re mme morago ga oura a boele mo ofising go tla go tsweledisa tiro ya gagwe ya letsatsi go fitlha ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bone a bo a wetsa tiro ya gagwe ya letsatsi. Kgosi o ne a kopa morafe go tlhaloganya dinako tse thata a re gantsi di tsosa kgaruru mo kgotleng batho ba bolela fa dikgosi di sa bereke. Kgosi Israel o ne a tswelela ka gore selo se sengwe se se mo tshwenyang ke go tlhoka go fa dikgosi morero. A re mo motseng go kgona go nna le ditiro tsa morafe mme e le dikgosi ba sa reriswe sepe. A tlhalosa fa go tlhoka go fa kgosi morero o o mo amang e se tsamaiso ya Setswana.BOKHUTLO
society
9
BoFiNet e abela baithuti ba basetsana
Badiri ba Botswana Fibre Networks (BoFiNet) ba abetse basetsanyana ba le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le bone ba sekole se segolwane sa Lerala mesangwana ya bomme e le 1 914. Mesangwana e, e tlaa ba tlamela kgwedi tse nne fa mongwe le mongwe a tsaya mephuthelwana e le metlhano. Fa a rola mesangwana eo, mogolwane go tswa kwa BoFiNet, Mme Ogone Madisa-Kgwarae, o boletse fa ba sa itebaganya fela le maranyane ka ba kgona go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba. Mme Madisa-kgwarae a re go supagala fa basadi ba se bantsi ba ba tshwereng maemo a a kwa godimo mme se e le ka ntata ya gore ba ka tswa ba sa kgona go atlega mo leetong la thuto. A re nngwe ya dilo dingwe tse di kgoreletsang ngwana wa mosetsana fa a gola ke go bona setswalo. A re nako ya fa ngwana wa mosetsana a bona setswalo o a etsaetsega, mo gongwe go nne le kgatelelo mo batsading, ba leka go tlhalosa, go mo fa tsela le boammaaruri le go mo ema nokeng. Batsadi ba a ne ba leka go mo tlhalosetsa gore a itlhokomele jang le gore o ka ima fa a ka tlhakanela dikobo mme seo gape e nne kgwetlho mo go bone. Mme Madisa-Kgwarae a re fa bangwe ba simolola setswalo ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba tshameka le bo kgaitsadiabone mme seo se seke se ba tseye sentle fa bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go nna fela kwa lwapeng mo nakong e e rileng kgwedi le kgwedi. A re bangwe ba basetsanyana ba ne ba kgobiwa kana ba tshegwa ke ba bangwe ka nako e. A re mo dinakong tse dingwe se se tsewa motlhofo mme se kgona go diga maikutlo a ngwana wa mosetsana e bo e nne mabaka a gore a nne kwa lwapeng go fitlhela setswalo se ema mme seo se ame dithuto tsa gagwe. A re go a supagala gore selo sa tlholego jalo se ebileng se le botlhokwa jo bo kalo, se ka kgoreletsa bokamoso jwa motho. Mme Madisa-Kgwarae a re dikgang tse di utlwisa botlhoko, ka jalo a re bana ba basetsana ba tlhoka kemo nokeng gore ba fitlhelele ditoro tsa bone. A re kemo nokeng eo ke gore borre kana bana ba basimane ba tlhaloganye se se diragalang mo botshelong jwa ga kgaitsadiabone. Ngwana wa mosetsana o ka engwang nokeng ka go mo neela mesangwana gore a ikutlwe a le motlotlo, mme a tsweletse le tiro ya gagwe ya sekole a sa tshwenyegegore o ka itlatsa leswe. Mme Madisa-Kgwarae a re ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go reka mesangwana kgwedi le kgwedi, ke sone se mmereki mongwe le mongwe wa BoFiNet a neng a tsenya letsogo go thusa go reka mesangwana e. A re le fa bangwe ba ne ba sa tlhaloganye botlhokwa jwa mesangwana, mo ngwaneng wa mosetsana bogolo jang borre, ba ne ba felela ba tlhaloganya mme le bone ba nna le seabe mo go thuseng. Fa a amogela dimpho tseo, mothusa mogokgo wa sekole, Rre Boniface Chifana o ne a lebogela dimpho mme a supa fa di tlaa thusa baithuti. O ne a lebogela BoFiNet go bo ba ne ba seka ba aba dimpho fela mme ba ruta basetsana ka go itlhokomela fa ba le mo setswalong. BoFiNet ke nngwe ya dikhamphani tse di ba fileng thuso ebile ba itumelela seo. O kopile dikhamphane tse dingwe go ba thusa ka mo ba ka kgonang teng ka ba na le letlhoko le le ntsi.
health
6
Bethlehem Faith Mission e ipelela boipuso ka kopelo
E rile ka mafelo a beke kereke ya Bethlehem Faith Mission ya kopanela kwa Mahalapye go ipelela boipuso jwa monongwaga. Ba ne ba kopantse thuto seka dipuisano le moletlo wa kopelo. E rile a simolodisa moletlo oo, mokwaledi mogolo wa kereke, Rre Molatedi Semadi a tlhalosa fa Batswana ba na le seabe mo go ipeleleng boipuso jwa monongwaga. A re go galaletsa Modimo ka kopelo le thapelo go supa se ruri Batswana e leng sone, a tlatsa ka gore bogologolo dikereke di ne di sa letlelelwe go rapela mme ke ka moo ba tshwanetseng go keteka boipuso jwa monongwaga ka se se diragala. A re go kwadilwe mo Baebeleleng gore dikereke di ka ipela le go opela dipina ka go dirisa gotlhe mo ba nang le gone, ba dirisa diletso ka go farologana go supa fa tota ba leboga Modimo. Rre Semadi a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba rorisa Modimo ba mo leboga ka go sena bape ba ba ba tsenang mo dikgolegelong gotwe ba kganelwa go rapela, mme ba tshwanetse go leboga puso ya lefatshe leno go bo e dirile gore se se kgonagale. Rre Semadi o ne a gatelela gore kereke e tshwanetse go nna sekao mo go ba bangwe go supa fa tota go ne go se motlhofo gore lefatshe la Botswana le nne dingwaga tse di masome a matlhano mme ba tshwanetse go leboga Modimo. Fa a tlhalosa maikaeleo a thuto seka dipuisano, modulasetilo wa dikhwaere tsa kereke e, Rre Emmanuel Mmusi a re ba tshwara thuto seka dipuisano tse ngwaga le ngwaga. Rre Mmusi a re e le ba kereke e ba ne ba simolodisa dikhwaere ka ba lemogile fa ba kopana fela ka malatsi a paseka mme ba bona gore ba tswe ka mananeo a ka one ba ka godisang moopelo mo kerekeng ya bone. O ne a tlhalosa gore gantsi fa ba tshwere dithutothutano tsa ba a aba gape le ba go tshwaretsweng letsatsi le mo go bone, a tlatsa ka gore monongwaga ba aba mo Mahalapye ba abela ba sekole sa banale bogole sa Central Associsation for the Blind and Disabled, melora le tse dingwe tse di tlhapang. A re e le kereke le bone ba batla go nna le seabe mo mananeong a lefatshe leno le a dirang a tshwana le a go direla bao ba ba sa kgoneng, go ba fa seriti. A re kereke ya bone gape e ikaelela gore ka tsone dithutopuisano tse tsa ngwaga le ngwaga, ba tlhabolole dikago tsa dikereke tsa bone gongwe le gongwe kwa di teng, gore le tsone di lebege. Rre Mmusi o ne a tlhalosa gape gore e le kereke ba bone go le botlhokwa gore monongwaga jaaka Batswana ba bangwe le bone ba tsenelele meletlo ya boipuso go supa tota gore le bone ba a ipelela ke ka moo ba beileng setlhogo sa monongwaga. Letsatsi leo le ne la natifisiwa ka dikhwaere tsa moopelo di akaretsa Inter-Special go tswa kwa Palapye, Baemedi ba Morena go tswa Gaborone, Kagiso go tswa Serowe, Bophelo go tswa Mahalapye, Green Pastures go tswa Mmadinare, Batlang Morena go tswa Thamaga, Maphoi go tswa Letlhakane, Melodious go tswa Letlhakane le tse dingwe.
religion_and_belief
8
Lekgotla le ipaakanyeditse ditlhopho
E re ka jaana go setse malatsi a se kae gore lefatshe leno le ye ditlhophong, ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho (IEC) ba semeletse go tlhatlhelela ba-na-le seabe ka dikgang tse di amanang le ditlhopho le ka fa ofisi ya bone e tsweletseng ka teng go baakanyetsa ditlhopho tse. E ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa, ba lekalana leo ba bo ba rulagantse ithutuntsho ya ba-na-le seabe ba Bokone Botlhaba, ba gareng ga bone e neng e le ba ba eletsang go emela ditlhopho. Fa ba ema bokopano joo ka lefoko, dibui ka go tlhatlologana di boletse fa tsamaiso ya ditlhopho e le thulaganyo e e masisi, e e tlhokang go dirwa ka matsetseleko. Ba-tsena ithutuntsho eo ba ne ba tsibosiwa ka dintlha tse di tlhokegang gore ditlhopho di tsamaye ka thelelo, e le ka maikaelelo a go tshegetsa serodumo sa kagiso le puso ya batho ka batho tse di renang mo lefatsheng leno. Mokwaledi mogolo wa IEC, Mme Keireng Zuze a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tseye boikarabelo jwa go itse le go tsaya ka tlhoafalo ditsetlana tsotlhe tse go tlhokwang gore ba di sale morago. A re seo se tlaa netefatsa gore ga ba kgopakgopetsane le molao o o tsamaisang ditlhopho. Mo go tse dingwe, Mme Zuze o ne a gwetlha ba diphathi tsa sepolotiki go tshwaragana le ofisi ya bone tebang le go lwantsha ditsamaiso dingwe tse di sokameng, tse gantsi bangwe ba inaakanyang le tsone mme e le tse di ka nnang le seabe mo go kgotleleng puso ya batho ka batho. O supile tlhobaelo ya go bo batho ba ikwadiseditse ditlhopho ka boutsana ntswa ikwadisetso ditlhopho tsa monongwaga e ne ya bulelwa mo makgethong a le mararo. Ka jalo a re go botlhokwa gore batlhophi ba nne ba rotloediwa go ikwadisetsa ditlhopho ga mmogo le go tlhopha. Mokwaledi o ne a gakolola ba-na-le seabe go tswa ka megopolo ya go baakanyetsa ditlhopho tsa 2024. Fa a tswa la gagwe, moanamisa mafoko wa ofisi ya IEC, Rre Osupile Maroba a re e sale lekalana leo le tlhamiwa ka 1994, le dirile maiteko a go tla ka maano a go rutuntsha batho ka ditlhopho. A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ditlhopho tsa lefatshe leno di tsamaisiwa ka molao, e seng maikutlo, a kaya fa ofisi ya IEC e tsaya ka tlhoafalo ntlha ya therisanyo. Mogolwane wa ofisi ya IEC kwa Francistown, a lebagane le kgaolo ya Bokone, Rre Lebonetse Maifala o ne a tlhalosetsa batsena dithuto tseo fa go ya ka molao wa ditlhopho, ope yo o ka ikamanyang le ditsamaiso tse di gotlhanang le melawana ya ditlhopho a ka tseelwa dikgato. Mo go la gagwe, molaodi wa Bokone Botlhana, Rre Loeto Porati ene o ne a rotloetsa bontlhopheng go tlhaloganya fa go emela ditlhopho e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe.
politics
7
Dipatlisiso ka tiriso ya ditlhare tsa setso di tsweletse
Dipatlisiso tseo di tshwaraganetswe ke Botswana, Aferika Borwa le Zimbabwe. E rile a bua kwa Moiyabana mo kgaolong ya Serowe Borwa, kwa kabong dimpho ya Diepamere Dingaka Society, Professor Keitseope Nthomang, mogokaganyi wa dingaka tsa setso go tswa kwa Mmadikole (University of Botswana) a supa fa e le mogakolodi wa dingaka tsa setso, a tlhalosa fa maduo mangwe a dipatlisiso a supile fa maAfrica a dumela thata mo bongakeng ja setso le baporofiti. Professor Nthomang a re ba ne ba kopana le ba botsogo go buisana ka mogare wa HIV/AIDS go lebeletswe tiriso ya bongaka ja setso, a re le mo nakong eno dipuisano le morero di tsweletse. Mme a supa fa dipatlisiso tse di tsweletseng di itemogela kitso le bongaka ja setso jo bo simileng e bile bo ka itshetlela mo go ntsheng ditlhare tse di ka thusanang le dipilisi tsa mogare wa HIV/AIDS a re seo fa se ka tlhalosega sentle se ka thusa go fokoletsa puso ditshenyegelo tsa theko ya dipilisi. O ne a re lefatshe leno le na le baitseanape ba seemo se se kwa godimo fela thata, a re seo se tlhoka fela gore go somarelwe ditsa setso. O ne a akgola thata ba Diepamere a re ba sale ba tswetse kwa ntle go itshwaraganya le ba dipatlisiso go thusa ka dikitso tse ba nang le tsone, mme a gwetlha makgotla a mangwe a dingaka tsa setso go tswela kwa ntle go tshwaraganela kgang e le bone, a supa fa bongaka ja setso bo tswa goolowe, bo fitlhwelwa ke ja sekgowa bo ntse bo le teng. O ne a supa fa dipatlisiso di setse di diretswe pampiri ya kanamiso (journal) e ba kgobokanyatseng tse ba di boneng mo go yone, mme a tlhalosa fa go tshwerwe go sekaseka motswako mongwe wa setso go tswa kwa Maung mo ngakeng nngwe ya setso. O ne a re go ya go tsaya sebaka se se leele go bona molemo wa bolwetse ja HIV/AIDS, mme a supa fa go na le tsholefelo fela jaaka mo nakong eno go bonwe molemo wa Malaria morago ga dingwaga ngwaga bolwetse joo bo apesitse mafatshe kobo ka letshoba, fela jalo le molemo wa HIV/AIDS nako e nngwe o tlaa bonwa. O ile a buwa ka ditlhare a re dipilisi tse di nowang tse di tswa mo ditlharing, sengaparile ke molemo wa popota o ebileng mafatshe mangwe a dirile dipilisi e bile ba se tsenya ka mabokoso go se rekisa. Fa a itebaganya le kabo dimpho ya dikobo tse di neng di abelwa ba kgaolo ya Mothamo, go akerediwa dikole tse dikgolwane di le pedi le tse dipotlana di le thataro le banalebogole, o ne a supa fa ba le lesego fela thata go bona ba Diepamere ba ba gakologetswe, mme a supa fa lefatshe leno le segofaditswe ka tshaba e e nang le mowa wa go aba. O ne gape a galaletsa puso ya lefatshe leno a re e na le mowa o montle wa go thusa batho ba one ka tsotlhe go ba inola mo lehumeng, mme a rotloetsa batho go ikemela ka dinao le bone go ithusa go na le go baya fela mo pusong. O ne a rotloetsa bana ba ba neng ba bona dimpho go di somarela, le gore fa ba amogela ba ithute sengwe sa gore le bone ka moso fa botshelo bo ba atlile ba abele ba bangwe. A re lefatshe leno le ipelafatsa ka go nna tshaba e e tshwaraganeng ebile e ipelafatsa, mme a re letsatsi leo le tsamaelana le ba mokgatlho o o tsamayang o supa fa o kgathala ka matshelo a Batswana. E ne erile go le pele mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Mokopakgomo Kgiomokwanaya wa Moiayabana a supa fa tiro e, e le bontlha bongwe ja ditirelo tsa boipuso, a re e bile ke ditso go lemoga fa ba dingaka tsa setso ba Diepamere ba bone le bone go tshwanela go tla go kopanela le morafe wa gagwe kwa kgotleng go ba abela. A re bone ba itse dingaka e le batho fela ba ba tsayang madi mo bathong ka go ba thusa eseng go kopanela le bone sepe sa setshaba, mme a tlhalosa fa go kwadilwe le mo bukeng e e boitshepo gore bongaka ja setso le Modimo o a bo letlelela gore bo ka thusa batho. Mongwe wa maloko a Diepamere, Rre Perterson Nthobatsang o ne a tlhalosa fa lekgotla la bone le tswa kwa go bo 1992, le kwadisitswe ka fa molaong, mme a re go le gantsi dingaka ka setso di bidiwa baloi, ka di dirisa melemo e e tswang mo ditlhareng e batho bone ba e dirisetsang tse di sa lebanang jaaka go bolaya, eseng dingaka, a re bone e le dingaka ba a alafa fa ga ba bolaye. O ne a re ga se lantlha ba aba, monongwaga ba ne ba abela bana ba SOS kwa Serowe, gampieno ba abela ba kgaolo ya Mothamo, a re ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone ga ba a kopa sepe gope, mme a re ba ne ba ikanapa go thusa bana ba ba tlhokang thuso ya bone. Go ne ga abelwa bana ba le bararo go tswa kwa sekoleng sengwe le sengwe kobo le go kopanela le bone dijo tsa motshegare. Fa ba leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Phirinyane Orakanye le mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moiyabana mo boemong ja ba dikole, Mme Matlhogonolo Gaamangwe ba ne ba supa boitiumelo, mme ba kopa Modimo go okeletse ba Diepamere gore ka moso ba dire go le gontsi le go leba dikgaolo tse dingwe. BOKHUTLO
health
6
Mokgatlho wa R7 o abela bana ba sekole dimpho
Lekgotla la boithaopi la R7 le le tsamaisiwang ke ba lelapa loora Morupisi fa e sale ka 2006 kwa Malaka mo kgaolong ya Lerala/Maunatla le tsweletse ka go abela bana ba dikole, barutabana le batho ka bongwe ka bongwe dimpho ngwaga le ngwaga ka letsatsi la botsalo jwa Morena. Mopotsolotsong le motlhami wa lekgotla leo Rre Cater Morupisi, yo gape e leng mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, a re o tswa kgakala le ba lelwapa la gagwe ba inaakantse le go thusa Batswana. A re seo se semologile ka 2006 fa ba ne ba abela kereke ya Revelation dimpho ngwaga le ngwaga mme ya re kgabagare bangwe ka ene ba mo rotloetsa go kwadisa lekgotla leo ka fa molaong. Rre Morupisi o tlhalosistse fa a ne a kgona go le kwadisa ka 2017 mme seo sa baya lekgotla mo seemong sa gore batho ba le lemoge le ditiro tsa lone. A re lekgotla leo ga se la sepolotiki ke la ba lelwapa la gagwe, a tlhalosa fa mo nakong eno le godile mo e bileng le na le khuduthamaga. Rre Morupisi o ne a nankolola dingwe tsa ditiro tse lekgotla le di dirileng, jaaka go bona gore matlo a borobalo kwa sekoleng se sebotlana sa Moroka mo kgaolong ya Bokone Botlhaba di a wela morago ga go tsaya lebaka di eme fela. O tlhalositse fa dikago tseo di lopile P3 million mme o solofela fa di tlaa wela morago ga go bona gore tsotlhe tse di tlhokegang di nna teng. A re le fa a tsweletse a dira jalo, maikutlo, pelo le mowa di mo sekoleng se sebotlana sa Malaka se a se thusang ngwaga le ngwaga ka dikgetsi tsa dibuka. Rre Morupisi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga a rotloetsa bana ba lekwalo la bosupa ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme ba bone maduo a ntlha le a bobedi ka go ba abela P300 le P200 ka go latelelana. A re e setse e le ngwao gore o abela bana ba lekwalo la ntlha ba Malaka dikobo mongwe le mongwe wa bone fa ba simolola sekole. Rre Morupisi o tlhalositse fa mo kgaolong ya Lerala/Maunatla barutana ba dikole tse di fentseng ditlhatlhobo ka 80 per cent le go feta ba abelwa megala ya letheka mongwe le mongwe wa bone, mme a tlhalosa fa a setse a abetse dikole di le dintsi a balela le sa Shashe Mooke le Mafungo Hobona le ntswa di se mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala. A re fa godimo ga go abela barutabana dimpho tseo o ne a itshwaraganya le ba Mascom go thusa ka go ba gokelela tsa borenyane mo dikoleng tse di fentseng gore ba kgone go godisa dikitso tsa bone le gone go tokafatsa maduo ka go dira dipatlisiso ka boranyane joo. O tlhalositse fa di didiriswa tseo tsa marenyane di dirile gore maduo a lekwalo la bosupa a sekole sa Malaka a tokafala mo go nametsang pelo. Rre Morupisi a re go abelwa ga sekole se sebotlana sa Lerala kapari ya mmino wa Setswana go ne ga ba kgontsha go fetela kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tsa mmino wa Setswana. O ne a tswelela ka go supa fa e le motho yo maikutlo a gagwe a leng gaufi thata le thuto mme a supa fa a kgona le gone go rotloetsa baithuti ba ba dirileng sentle kwa dikoleng tse dikgolwane ka dibalamakgolo mme e bile a kile a dira jalo kwa Gootau le Kukubjwe. A re o dirisanya le bagwebi bangwe go thusa fa a batla dithuso. Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a abile dikgetsi tsa dibuka di feta makgolo a bane mme a ya go kgona go abela bana ba lekwalo la ntlha go fitlhelela ba lekwalo la bosupa. A re bana bangwe ba a bo ba tswa mo metsing e e bapileng le Malaka mme le bone a re o a ba abela ka nako eo ka e ya bo e le letsatsi la ditshegofatso.
society
9
Tlotlang ditshwanelo tsa bana
Raboipelego wa ga-Segwagwa, Rre Modise Ramoeti a re ditshwanelo tsa ngwana di tshwanetse go tlotlwa le go diragadiwa. Rre Ramoeti o buile jalo kwa masimong a Ditojana fa ba thuto ga e golelwe ba ne ba le koo go lekola baithuti bosheng. A re dingwe tsa ditshwanelo tsa ngwana ke gore a nne le leina, le go itse gore ke wa letso le fe, a tsena sekole le gone go sirelediwa mo ditirong tse di ka tlhokofatsang maikutlo jaaka go dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho le tse dingwe. Ka jalo a re go botlhokwa gore ditshwanelo tsa ngwana di tlotlwe di be di sirelediwe. A re go ka utlwisa botlhoko go bona motho mongwe a di gataka ka dinao. E rile a tswa la gagwe, Constable Leruo Maebe wa sepodisi sa Botswana kwa ga Segwagwa a tlhalosa fa ngwana e le motho yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase le gore go molato go mo dirisa ditiro tsa bagolo. Fa a bua ka phiro ya bana, Constable Maeba o tlhalositse fa go le molato go thapa ngwana yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase ka jaana ka fa molaong, ngwana yoo o kabo a santse a le kwa sekoleng. O supile matshwenyego ka batho ba ba tlolang molao, mme ba thapa bana ba ba kalo go berekela mo malwapeng, go disa le ditiro tse dingwe tsa go dira mo masimo. E rile a leboga, mokhanselara wa ga-Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang thuto ga e golelwe go kgothatsa bana ba bone go tsena sekole, a tlatsa ka go re fa ba ka supa tlhoafalo, seo se ka gwetlha puso go lere ditlhabololo kwa Ditojaneng. O ne gape a lebogela komiti ya balemi go tsenya letsogo mo thutong ka go aba dijo kwa sekoleng seo e le go tsaya puso tema.
education
4
Dikgosi di kopiwa go agisanya morafe
Dikgosi kwa Mahalapye di kopilwe go tshwaragana le morafe go batla tharabololo ya dikgwetlho tse di tsweletseng ka go jesetsa setshaba mo kgobedung. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re magosi ke motswedi wa puso ya batho ka batho ka jalo, ba tshwanetse go ema ka dinao go bopa setshaba. O buile se kwa phuthegong ya therisano kwa Mahalapye ka Laboraro. Mme Tshireletso a re dikgosi di filwe boikarabelo jwa go agisanya morafe. “Le eteletse morafe mo dikgotlaneng tsa lona ka jalo fa go na le bothata, go lejwa lona gore le supe gore di tsamaile bogole fa kae. Kgosi thotobolo e olela matlakala, tse di molemo le tse di botlhoko di rolelwa mo go lona. Ke biditse bokopano jo, ka go lemoga boikarabelo jwa lona mo morafeng. Ke lona le ka digang kana la godisa serodumo sa motse,” Mme Tshireletso a tlhalosa. Mme Tshireletso a re go tlhoka taolo ga batsadi mo malwapeng le go dira tse di fapogileng fa pele ga bana go dira gore bana ba gole ba sa lemoge phoso ya go inaakanya le mekgwa ee bosula ka gore ba bonye e dirwa ke batsadi. “Ka tsela nngwe, botlhoka tsebe jwa bana bo rotloediwa ke batsadi.” Mme Tshireletso a re seemo se se golelang pele sa bana ba ba sa laoelesegeng, borukutlhi le setho se se duleng mo tseleng, di tlhoka gore boeteledipele bo tseye taolo, mme bo tshwaragane le morafe go batla tharabololo. A re go a swabisa go bona motsadi a titiela bojalwa mme a bonwe le bana mo lwapeng. “Emang ka dinao le baakanya dilo tse le go tlhotlhomisa go re go senyegile fa kae,” mme Tshireletso a ba gwetlha. O rotloeditse magosi go ikopanya le boeteledipele jo bongwe jwa morafe jaaka baruti le mekgatlho go kaela morafe tsela. “Fa le sa bulele morafe dikgoro ga go sepe se se ka tswelelang. Tlwaetsang morafe go etela kgotla kgapetsa kgapetsa gore ba kgone go lemoga le go tlotla boeteledipele jwa lona,” a gakolola. Mme Tshireletso a re le fa puso e tsweletse le maiteko a go tlhabolola setshaba, go na le dikgwetlho jaaka go tlhoka setho, borukuthi, bomme le bana ba ba betelelwa ka tsela e ngomolang pelo, letlhoko la ditiro le tse dingwe tse di tlhokang seabe sa morafe ka fa tlase ga ketelelo ya magosi gore di rarabololwe. “Bana ba rona ba tshelela mo sediding sa ditagi le bojalwa, bangwe ba bone ba felele ba dira ditiro tsa borukuthi ba sa ipone. Botagwa jwa malatsi a, bo ruta batho mekgwa e bosula jaaka go bolaya le go betelela. Mo motseng wa rona re na le batlhoki, bangwe ba bone e le bagodi le bana ba ba sa tlhokomelweng sentle bangwe ba phuagantswe ke batsadi. Ke dumela gore go ka siama, fa re eme ka dinao re thusana,” Mme Tshireletso a supa. A re puso e ikuela mo magosing le batsadi go ruta bana setho le go tswa ka dikakanyo tse di ka thusang go fokotsa dikgwetlho. O supile gore go itlhokomolosa ngwao le setho, go dira go re batho ba palelwa ke go nna le seabe se se nonofileng mo ditirong tsa morafe tse di nang le bokao mo matshelong a bone. “Ke ne ke le fa ngogola ka letsatsi la boipuso, ke tlhabilwe ke ditlhong ke ipotsa gore a mme Mahalapye yo, ke e ne yo ke mo itseng. Manotonyana a batho le maloko a dikereke ba ba neng ba le mo kgotleng le bone ba ne ba ema ema fela, o bona gore ga ba na lenaneo la go re ba tsile go dira eng,” Mme Tshireletso a kaya. A re go botlhokwa go ikgakologelwa ka go nna le seabe mo ditirong tsa morafe le go thusa go bopa tshaba e e nang le botho a re tsamaiso ya Setswana ya go direla ditiro tsa morafe mo kgotleng di tshwaraganetswe ke botlhe, ke yone motheo wa puso ya batho ka batho.
society
9
Ba tla a thusiwa mo go haphegileng
Puso e itlamile go thusa batho ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo ka go ba neela sebaka sa ntlha mo dithusong. Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re puso e thusa bana ba ba fetsang mo dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane ba metse eo go tswelela pele ka thuto go fitlhelela lekwalo la botlhano mme ba tlaa tsewa kwa dikoleng tse ditona le tsa tiro ya diatla le fa ba ne ba sa bona matshwao a a kwa godimo a ditlhatlhobo. O buile jalo kwa Mmashoro le Dimajwe bosheng. A re batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba atamediwa ditlamelo ka go direlwa mo go faphegileng jaaka le mo ditirong bangwe ba setse ba hirilwe go ba ntsha mo lehumeng. Mothusa tona a re seo ga se dirwe ke puso e le nosi ka jaana makalana a a ikemetseng ka nosi a thusa puso go dira tiro eo. Fa a bua ka nyeletso lehuma, Mme Tshireletso a re ke metse e le masome marataro le borobabongwe e ba dirang mo go yone a ikuela mo batsading gore bana bangwe ba boa kwa dikoleng ba sa fetsa mme batsadi ga ba tseye kgato go ba busetsa kwa dikoleng, a ba gakolola gore ba le aramele le sa ba tlhabetse ka e le lenaneo la dingwaga tse lesome. A re matlo a a agilweng ga a tlhokomelwe ntswa e le boswa jwa bana ba bone a re bangwe ba a hirisa. O ba kopile go tlhokomela se puso e ba thusang ka sone. A re bangwe ba neetswe dikgomo ba di rekisitse e bile ke bone badisa ba dikgomo tse e neng e le tsa bone mme seo a re se ngomola pelo a ba kopa go fetola boitsholo ka bana ba bone ba tsoga ba sa ba lebe sentle. Bangwe batsadi kwa metseng eo ba ikuetse ka meraka le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ba re ba jelwa ke dikgomo mo masimong mme beng ba tsone ba re ba sekisediwe kwa kgotla tshekelo kwa ba reng bone ga ba kgone. Ba ne ba kopa go baakanyediwa tsela e e fa gare ga metse ya bone. Bangwe ba kopile gore mananeo a neelwe batho ba ba tlhaga ka ba tlaa tsadisa ba bo ba tlhokomela leruo le ba le filweng ke puso. Banana bangwe ba ikuetse mo go mothusa tona gore le fa ba neelwa mananeo a nyeletso lehuma jaaka diruiwa go diegelwa go duela beng ba tsone mme e re di tsala ba di buse. Ba kopile poso kwa Dimajwe gore fa ba amogela mo Ipelegeng ba ipeele madi. Banana bangwe ba ne ba kopa gore SHHA e tsisiwe mo metseng ya bone gore le bone ba ikagele matlo mme mokhanselara o ne a tlhalosa fa e neelwa ba ba amogelang ka kgwedi le kgwedi.
society
9
Mahalapye o tla nna le madirelo a twantsho melelo
Mogolwane wa lekalana le le lebaganeng le go tima melelo mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Palapye Rre Bernard Sadi, a re khansele e dumelane go romela makoko a lebaganeng le go tima melelo kwa dikgaolong potlana tsa Mahalapye le Tutume. Rre Sadi o buile jalo mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA morago ga gore mosadi mongwe wa kgotla ya Dilaene mo Mahalapye, a falole loso ka bobi jwa segokgo fa ntlo ye a robalang mo go yone ene e rora ka molelo mo bosigong jwa labone. Rre Sadi o rile lefa khansele e setse e rometse badiri ba makalana ao mo Mahalapye le Tutume, gone ga ba ise ba simolole tiro ka jaana ba emetse dikoloi tse go bolelwang di setse di rekilwe,mme di emetse goya kwa dikgaolong tse di yang go berekela kwa go tsone. A re badiri ba ba tla bong bale mo Mahalapye ba tla itebaganya le go tima melelo mo metsing ya dikgaolo tsa Shoshong le Tswapong borwa ka jaana dikgaolo tseo dile kgakala le Palapye fa badiri ba ba direlang kwa kgaolong potlana ya Tutume bone ba tla itebaganya le melelo emo tikologong ya kgaolo eo. E rile mo phirimaneng ya bosigo jo retswang mo go jone metsotso e ka nna lesome le botlhano go yeng kwa nakong ya boferabobedi ntlo yaga Mme Ramaribana ya peperetla ka molelo o go belaelwang o katswa o bakilwe ke ditlhapo tsa motlakase. A re ene yare go bona mosi le kgabo ya molelo mo maribeleng a ntlo, a tlhaba mokgosi,mme baagisanyi ba kgona go mo thusa go tima molelo oo ka metsi pele ga go nna le ditsheneyegelo tse dintsi. A re ba lekalana le le timang melelo gotsweng kwa Palapaye ba fitlhetse ba setse ba timile molelo oo e bile ba ntsheditse dilwana dingwe kwa ntle. Mme Ramaribana o boleletse ba lekalana la BOPA mo potsolotsong gore dithoto tse di senyegileng tse di akaretsang Television,setsidifatsi le tse dingwe di ka lopa madi a tshwarang P9 000 go sa balelwe le ditsheneyegelo tse ntlo e agilweng ka tsone. Bangwe ba batho ba ba neng bale kwa tiragalong eo ba ngongoregetse go tlhoka madirelo a ditima melelo mo motsing wa Mahalapye ntswa ele one o okametseng metse ya kgaolo potlana ya Mahalapye e tshwana Tswapong Borwa le Shoshong. Bare ere ntswa kgaolo potlana ya Mahalapye ena le metse ele msome a mararo le borobabongwe,go maswabi go bona go sena madirelo a lebaganeng go tima melelo mo Mahalapye. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Botlhaswa bo ka baka molelo
Modiri wa lephata la melelo, Rre Charles Motlhabane, o gakolotse badiri ba lephata la kabo-ditsha la Paje go hema dikotsi tsa molelo. O buile mafoko a ka thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe kwa diofising tsa lephata leo, tse maikaelelo a tsone e neng e le go rutuntsha badiri ka fa ba ka hemang dikotsi tsa molelo ka teng mo diofising le kwa malwapeng. Rre Motlhabane o tlhalositse gore gole gantsi dikotsi tsa molelo di tlhagoga ka ntata ya botlhaswa. O supile fa botlhaswa jo bo akaretsa go goga motsoko motho a tla a itshietse nnotagi go feta selekanyo, go apaya motho a tla a lapile le go tlhoka go tshwara didirisiwa tse di tshwarang molelo ka bofefo sentle. Mo thuto-seka dipuisanong eo, badiri ba ne ba rutwa ka mefuta ya di dirisiwa tse di timang molelo le gore fa gona le kotsi ya molelo ba tshwanetse go dira eng go leka go boloka matshelo le dithoto. Rre Motlhabane o tlhalositse gore ere ntswa dikago tsa puso ka bontsi di na le ditima molelo, sebe sa phiri ke gore badiri ga ba itse go di dirisa; a tlatsa ka gore madirelo mangwe one a borai ka jaana a sena dikgoro tsa tshoganetso, tse batho ba ka iphalotsang ka tsone fa dikago di tuka. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa lephata la kabo-ditsha la Paje, Rre Sedi Bose, o lebogetse ba lephata la melelo thuto e ba e fileng badiri ka ene, a supa fa e le selo sa botlhokwa fela thata. O ne a iteela mafoko a ga Rre Motlhabane kobo moroko, gore ke boammaaruri, diofisi di na le ditima molelo mme gole gantsi ga gona yo o itseng go di dirisa; a re se se dira gore dithoto le dikago tsa madi a mantsi di felela di jewa ke molelo motlhofo. A re o dumela gore morago ga dithuto tseo badiri ba tlaa kgona gore ere mo isagong, ba kgone go hema le gone go tima melelo e e borai mo tirong le kwa malwapeng a bone tota. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ba le some ba abetswe dikobo
Batho ba Mahalapye ba le lesome mo kgotleng ya Bokaa ba abetswe dikobo tse e rileng bosheng tsa ntshiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Goabaone Mompati a aba dikobo tseo mo boemong jwa ga Tautona a kgothatsa ba ba nnileng le lesego la go abelwa dikobo tseo go di tlhokomela gore di kgone go ba thusa mariga. Rre Mompati o rile le ntswa Tautona le puso ba tsweletse ka go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ka dijo, diaparo le matlo, o tshwenngwa ke batho ba e ya reng ba abetswe dimpho tsa go nna jalo ba di latlhelele fa ba bangwe ba kgona go di rekisa ntswa puso e leka go ba ntsha mo lehumeng. A re batho ba ba abetsweng dikobo ke ba ba neng ba tlhaelwa fa Tautona Khama a ne a abela batho dimpho Tlhakole a le lesome le bobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye. Rre Mompati o kgadile a sa oshaoshe banana ba e ya reng batsadi ba abetswe dimpho ke babusi le makgotla a bopelotlhomogi ba itirisetse dithoto tsa go nna jalo ntswa ba na le tokololo ya go iperekela. Rre Orelebile Baatweng o boletse mo mafokong a gagwe a malebo gore Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka moeteledipele wa lefatshe leno ka a supile bokgoni le boikarabelo jwa go lwantsha lehuma la nta e tshetlha le le apesitseng bontsi jwa Batswana kobo ka letshoba. Rre Baatweng a re fa Batswana ba ka ititaya ka thupana go dirisa mananeo a puso go itlhabolola, e kare ka 2017 bontsi jwa Batswana ba bo ba dule mo thankgeng ya lehuma la nta e tshetlha ka jaana mongwe le mongwe o tlaa bo a kgona go iphataphatela go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le dijo tsa batlhoki le lenaneo la Ipelegeng.
society
9
Ngwao ga e rotloetse kgokgontsho le botlhokatsebe
Kgosi-kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, o kgadile batho ba ba sa itshwareng sentle ba bo ba ipata ka ngwao . O buile seo ka letsatsi la segopotso sa kgokgontsho ya bong kwa Jwaneng bosheng. A re ngwao e a fetoga go lebilwe mabaka le diemo tse di leng teng ka nako eo. O supile fa ngwao e tshwanang le seyantlo e fitilwe ke nako ka jaana malwetse le one a oketsegile. Kgosi Puso a re Batswana ba tshwanetse go tlhotlha dilo tse di siameng mo ngwaong ya bone mme ba di sale morago. O ne a kgala manyalo a a pateletswang ntswa go bonala go sena lerato kwa tshimologong a re ke one a oketsang kgokgontsho. O ne gape a rotloetsa bo rre go tlotla basadi ba bone go fedisa kgokgontso. Kgosi Puso o tlhalositse gore go fedisa kgokgontsho ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsisa kagiso. Mongwe wa bagakoldi, Mme Ntombi Setshwaelo o ne a gakolola gore motho yo o kgokgontshitsweng o tshwanetse go batla bogakoldi jo bo ka mo sedilang maikutlo. A re bontsi jwa bakgokgontshi ke batho ba ba iphitisang dino le ditagi mme ba nne botlhabetsi mo matshelong a ba ba tshelang nabo. Mme Setshwaelo o ne gape a rotloetsa gore baratani ba tshwanetse go tlotlana le go nna boikobo mo balekaneng ba bone. A re kgokgontsho e ka fenngwa fela ke lorato. E ntse e le ko letsatsing leo go ne ga nna le thuto dipuisanyo e mo go yone bana-le-seabe ba neng ba abelana megopolo ka go fedisa kgokgontsho. Go ne ga senoga gore kgokgontsho e kgona go ama maikutlo a motho mo a ka felelang a lathegetswe ke tlhaloganyo. Go tlhalositswe gape gore kgokgontsho e ama bana. Bomme ba ne ba kgalelwa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho ko mapodising ka jaana go busetsa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ko morago. Dipalo tsa ba sepodise di supile fa go bomme e le bone ba kgokgontshiwang thata mo toropong ya Jwaneng. Mo dikgetsi tsa kgokgontsho tse di lekgolo le masome a matlhano,bomme ba le lekgolo le masome a mane le metso e mebedi ba kgokgontshitswe fa borre bone barobabobedi. Dipalo tseo gape di supa fa molato wa dikiteo o ile ko godimo ka go gatisitswe dikgetsi di le masome a supa le bongwe fa tsa kiteo e e bakang dikgobalo di le masome a mane le botlhano. Mo go tsone dikgetsi tseo, bomme ba ferabongwe ba tshoseditswe matshelo, ba le lesome le bobedi ba betelelwa, fa ba le bane bone dithoto tsa bone di ne tsa senngwa.
society
9
Therisanyo, lorato, tshwaragano di ya thoteng
Batswana ba rotloeditswe go eteletsa pele therisanyo, lorato le tshwaragano ka jaana e le tsone di thaileng lefatshe leno. Thotloetso e e dule ka mopalamete wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi yo o rileng fa kgosi, mokhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo le morafe ba ka ikaega ka dilo tse tharo tseo, go ka isa metse le lefatshe leno golo gongwe. O ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Makaleng le Matenge bosheng. E rile a tshwaela mo ngongoregong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makaleng, Rre Ndawa Nkoshwane ka go sa lomagana le go tlhoka tirisanyo mmogo magareng ga boeteledipele jwa motse, VDC le morafe wa Makaleng, mopalamente Moabi o ne a supa fa seemo seo se thobaetsa. Rre Nkoshwane o ne a supa fa seemo seo se kgoreletsa ditlhabololo. Rre Moabi o ne a rotloetsa gore dipharologanyo di beelwe fa thoko, go itsewe motlhala le go ithulaganya gore go inaakangwe le dilo tse di ka thusang motse go gatela pele mo ditlhabololong. E rile a akgela, mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a gatelela gore banni ba Makaleng ba tlogele dikgogakgogano. O tlhagisitse gore fa ba sa itharabologelwe ba tlaa thanya lo le tsebeng motse wa bone o gaisiwa ke e mengwe ka ditlhabololo. Mokhanselara Mbalambi o ne a ba bolelela fa bone e le makhanselara a Bokone Botlhaba ba dumalanye go beela tlhoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki gore ba itebaganye le ditlhabololo tsa kgaolo. Go sale foo, Rre Moabi o ne a leboga banni ba metse eo go bo ba mo tlhophile, jalo a kopa tirisanyo mmogo gore tiro ya gagwe ya go isa dikeletso tsa bone kwa palamenteng e nne motlhofo. O ne a ba tshephisa fa a ka seke a ba tlhabise ditlhong ka gope e bile a netefatsa go tswelela a ba rerisa jaaka a ne a solofetsa ka nako ya fa a kopa tlhopho. Rre Moabi o ne a supa botlhokwa jwa gore maphata jaaka la ga molaodi le khansele a nne a etela metse go utlwa ka matshwenyego a banni go na le emela diphuthego tsa mopalamente kgotsa matona. Banni ba ne ba gakolola mopalamente go supa boineelo mo boikarabelong jo a bo filweng, ba solofetsa go goga le ene le go mo ema nokeng nako tsotlhe. Le fa gontse jalo, banni ba ne ba itela mo mopalamenteng ka dingwe di akaretsa tlhaelo ya metsi, seemo se se sa itumediseng sa ditsela le kanamiso e e bokoa ya motlakase. Ba boletse fa dingwe tsa dilelo tsa bone di tswa kgakala mme go se nko e e tswang lemina. Monni wa Matenge, Mme Elizabeth Lengwanapele, o kopile puso go sekaseka go oketsa madi a bagodi. Banni ba kopile gore ba nne ba lekodisiwa ka tse ba di kopileng go itsa gore ba nne ba ipoeletsa go di kopa gangwe le gape. BOKHUTLO
politics
7
Motlogelwa ke sekao mo go borre
Rre Obakeng Motlogelwa wa Selebi Phikwe, o tlhalositse fa a batla go nna sekao ka go supa bokgoni jwa borre mo go rokeng diaparo. Rre Motlogelwa o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya go sega diaparo a sena go wetsa dithuto tsa gagwe kwa Human Child Aid. A re kgwebo ya gagwe e tsweletse ka go dira sentle, e bile o kgona go oba letsogo. Rre Motlogelwa o tlhalositse se mo puisanong le A re lorato lwa gagwe lwa go roka diaparo lo simologile fa a sale mmotlana. O tlhalositse fa go sega diaparo e ne e le tiro e go neng go dumelwa e le ya bomme fela, e bile fa rre a ka bonwa a e dira o ne a nyadiwa kgotsa a tsewe e le motho yo o seng mashetla. O boletse fa go simolodisiwa ga melao ya tekatekanyo ya bong mo lefatsheng leno, go dirile gore bomme le borre ba simolole go supa bokgoni jwa bone mo ditirong dingwe tse go neng go dumelwa di ka kgona go dirwa ke bong jo bo rileng fela. A re mo nakong ya gompieno, bomme le bone ba supile fa ba le tlhaga mo ditirong tse go neng go dumelwa fa di le bokete e bile ba ka seke ba kgone go di dira, jaaka go nna lesole. O boletse fa mo nakong ya gompieno borre lefatshe ka bophara ba gatetse pele mo go segeng diaparo, mo batho bangwe ba setseng ba ikanya baroki ba borre ka ba dumela fa tiro ya bone e le ntle. O boletse fa a tlaa tswelela ka go diragatsa ditoro tsa gagwe tsa boroki go fitlhelela a nna mongwe wa baroki ba ba tumileng mo lefatsheng ka bophara. Rre Motlogelwa o kgothaditse borre go simolola go dira ditiro tse go neng go tlwaelesegilwe di dirwa ke bomme fela ka ba supile fa ba na le bokgoni mo go tsone e bile ba ka di dira go itshetsa. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
O bolaile mokapelo
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le bosupa le masome a matlhano wa Sesung a belaelwang a bolaile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Metsibotlhoko pele ga a ikgapela botshelo. Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola gabedi, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba bega fa ba bona ntlo e shele mme ba belaela fa mongwe a shetse mo teng, a supa fa baboni ba tiragalo eo ba ne ba bona motlhala wa monna yoo, mme ba mo latisa go fitlha ba bona fa a ikaleditseng teng. Superintendent Katse o tlhalositse fa rre yoo a ne a ikaletsa sekgala sa dimmithara di le makgolo a a ferang bobedi go tswa fa lwapeng lwa mokapelo wa gagwe. O tlhalositse gape fa dipelaelo e le gore rre yoo o ne a bolaya mokapelo wa gagwe, a fisa ntlo a bo a ya go ikaletsa ka waere. O boletse fa baratani bao, ba ne ba kile ba tlhoka kutlwisisanyo motshegare oo, kgwedi ya Hirikgong e rogwa, fa wa mme a ne a batla go fedisa lorato lwa bone, a tlhalosa gape fa mme yoo a ne a kgona go ya go tsaya dilwana tsa gagwe tse di neng di le kwa lwapeng lwa rre yoo. Superintendent Katse o tlhalositse fa direpa di le kwa setsidifatsing go ya go rurifatsa se se ka tswang se bakile dintsho tsa bone. O tlhalositse fa baratani ba ne ba na le sebaka sa dikgwedi tse pedi go ya go tse tharo ba ratana, a supa fa bana ba mme yoo, ba ne ba le kwa masimo ka nako ya tiragalo. Superintendent Katse o supile gore ntle le moo, batho ba ne ba itshwere sentle fa ba amogela ngwaga o mosha. O kopile Batswana gore ba ne ba senka lefelo le le phuthologileng jaaka lebala la metshameko fa ba batla go ipelela ngwaga o mosha, go na le go batla go nna kwa dibareng mme di tswetswe. Mo go tse dingwe, Superintendent Katse o tlhalositse fa ba tshegeditse banna ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bosupa le masome a mararo ba Molepelole ka mophuthelwane o go belaesegang e le motokwane. O boletse gape fa borre bao, ba tshwerwe kwa Letlhakeng, a tlhalosa fa yo mongwe a tsena sekole kwa New Era, fa yo mongwe a sa dire gope. O tlhalositse fa ba belaela fa borre bao ba gweba ka motokwane, ka go supagala fa ba kile ba boa kwa Ditshegwane. O tlhalositse fa setlhatshana seo se ka lopa madi a P5 400.
crime_law_and_justice
1
Maruje o akgola morafe
Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o akgoletse morafe wa gagwe go tla ka dipalo tse di kwa godimo go amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa bone ka Laboraro. A re go supagala fa mowa wa popagano o bonala. Kgosi a re molelo o tsile go tukisa matshelo a Batswana mo go sengwe le sengwe se ba tlaa bong ba se dira, mme seo se tlaa thusa lefatshe leno go gatela pele. Kgosi Maruje o buile fa seo se ka kgonagala fela fa Batswana ba ka nna le mowa wa kgolagano, boineelo e bile ba supa fa ba tlaa ipelega go direla setshaba sa bone ka botswerere le bonatla. Banni ba ne ba tletse ka boitumelo, ba duduetsa e bile ba supa fa ba ne ba ntse ba letetse molelo wa kgolagano ka bopelotelele. Molaodi wa kgaolo, Rre Keabetswe Lesiela, o ne a rolela kokoano molaetsa go tswa kwa go Tautona, o o ntseng o balelwa banni ba metse yotlhe kwa molelo o setseng o fetile teng fa e sale leeto la one le simolola ngogola. Molaetsa wa ga Tautona o ne o remeletse thata mo go reng Batswana ba nne le mowa wa bojammogo, ba ipelege ba bo ba nne le lerato go thusa go aga lefatshe gore le gatele pele le bo le fitlhelele maitlamo a lone a tebelopele ya ngwaga wa 2036. Mokhanselara wa Masunga, Rre Elias Mbonini, o ne a lebogela kgorogo ya molelo mo kgaolwaneng ya gagwe; a bolela fa o tsisitse boitumelo jo bo seng kana ka sepe. O ne a kopa gore Batswana ba tshwaragane gore mafatshe a mangwe a tswele lefatshe leno pelo mme a tseye malebela mo go lone a bo a le eletse. Rre Mbonini o kopile gape gore mowa wa kagiso o nne mo dipelong tsa Batswana, go bo go rene le mowa wa thokgamo. O ne a supa gape fa a itumelela mowa wa banana ba Masunga ka maitlamo a bone a mantle a ba tlhalositseng fa a tlaa tsosolosa mehama ya kgwebo, thuto, botsogo le ngwao ga mmogo le gone go lwantsha nnotagi le tiriso ditagi. O akgoletse banana gape go bo le bone ba eme ka dinao go aga motse wa bone ga mmogo le kgaolo ya Bokone Botlhaba. E rile go tswa mo kgotleng, molelo o ne wa tsamaya le maphata a a farologaneng, a a akaretsang, sekole se segolwane sa Masunga le se sebotlana, kereke ya Roma ga mmogo le sekole sa bananyana. Molelo o ne wa felela o le kwa diofising tsa khansele, kwa o neng wa amogelwa ke molaodi wa kgaolo Rre Lesiela a o tsaya mo go Kgosi Maruje III. Kgosi Eric Moipolai wa Matsiloje e bile e le moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga mmogo le Kgosi Thabo Monaga yo e leng mothusa kgosi ya Masunga, ba ne ba fiwa sebaka gore ba sirolole sefikantswe sa molelo wa kgolagano se se agilweng mo dikagong tsa khansele ya Bokone Botlhaba gone mo Masunga. Molelo o o fa sefikantsweng seo o tlaa tuka go fitlhelela boipuso jwa ngwaga ono e le segopotso sa go supa kgolagano ya tshaba ya Botswana le gone go nna sekao sa mosepele wa lefatshe le go tloga kwa nakong ya lefatshe le le tsaya boipuso. BOPA
society
9
Banana ba itumelela ofisi
Banana ba Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong bokone ba re ba itumelela go bo mokhanselara wa bone a butse ofisi ya gagwe le e go thusetswang banana mo go yone mo motseng wa bone. Ba re seo ke kgatelopele e kgolo ka go le gantsi makhanselara fa ba a fa banni dithuso tse di farologaneng ba ba thusetsa kwa malwapeng a bone.Mo potsolosong, mongwe wa banana Mme Motlabaseyo Dinale o boletse fa a kgona go ya kwa ofising ya banana mme a kope dithuso tse di farologaneng tse di amanang le banana. A re pulo ya ofisi ya mokhanselara e rotloeditse banana ba le bantsi go bona dithuso tse di farologaneng tse di ba amang di tshwana le go botsa ka mananeo a a ba lebaneng.Mme Onalenna Tseleng yo le ene e leng monana wa motse wa Maunatlala o boletse fa mo dinakong tse di fetileng ba ne ba bona dithuso ka go latela makhanselara kwa metseng ya bone mme fa gongwe ba fitlhele a seyo. A re seo se ne se dira gore ba felele ba kgobega marapo go nna ba etela kwa metseng ya bone mme ba felele ba tlolwa ke tse di ba lebaganeng.A re pulo ya ofisi ya mokhanselara le ya banana e ba direla tiro motlhofo ka go beilwe dinako tse ba ka bonang dithuso ka tsone. Mme Maipelo Sakarea yo o thapilweng ke mokhanselara wa Maunatlala mo ofising ya banana o boletse fa banana ba tla kwa ofising ya gagwe ka dipalo tse dintsi. A re o fa banana dithuso tse di farologaneng di tshwana le dikgakololo ka mananeo a ba a diretsweng ke puso go itshetsa le go tshwara diphuthego gangwe mo kgweding ba buisanya le banana go utlwa tse di ka tswang di ba tshwenya. A re mo diphuthegong tseo ba tsaya megopolo mo bananeng gore ba ka itlhabolola jang. A re ba boa gape ba rotloetsa banana ka tsa botsogo.A re le dithuso tse di farologaneng di tshwana le fa monana a tla a na le kgang e e mo amileng o mo fetisetsa kwa ofising ya mokhanselara mme a bo a mo fetisetsa kwa go mma boipelego fa a tlhokana le thuso ya gagwe. Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a bolela fa a ne a lemoga fa go tlhokafala ofisi ya mokhanselara mo motseng wa gagwe ka bangwe ba ne ba felela ba nna maoto a tshupa go kopa dithuso tse di ba lebanyeng. A re o na le tomagano le diofisi tse di farologaneng tsa puso mo motseng wa gagwe mme go dira tiro ya gagwe motlhofo o ne a bona go tshwanela gore a nne le koloi e e tla a dirang tsotlhe tse di tlhokanang le thuso ya gagwe mo motseng. A re gore ofisi ya banana e kgone go fitlhelela di le dintsi o ne gape a thapa monana gore a thuse banana jaaka ene.
society
9
BCA e ikabetse sekole sa Pilikwe
Sekole sa ithutelo tsa temo-thuo (BCA) se sa tswa go ikabela sekole se sebotlana sa Pilikwe, seo e le go latedisa kgang ya lenaneo la thuto la Adopt A School. Lenaneo le le tsile morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng, dikhamphani, mekgatlho le maphata a a kgonang go tsenya letsogo go thusa mo thutong e go supegang maduo a yone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Matshwenyego ao a ne a ntshediwa kwa ntle ka boikuelo ka 2012, morago ga dipuisanyo le ditshekatsheko tsa ba-na-le seabe mo tsamaisong ya thuto, mme bontsi bone jwa tsibogela boikuelo joo ka go tsaya karolo mo lenaneong leo. Pilikwe ke sekole sa boraro BCA e se ikabela go nna motsadi, mo godimo ga bana le sekole sa Tsestseng mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le sa Boitumelo kwa Sebele. E rile a latlhela la gagwe, Dr Mataba Tapela a supa fa go godisediwa ga BCA go nna mmadikole go ya go tiisa ditiro le ditirelo tse ba ntseng ba di neela setshaba le bone baithuti. A re jaanong ba ya go ntsha bommantswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo, le tsone dithuto tsa tlaleletsa ba ya go fa baithuti sebaka sa go di dira, abo a supa fa ba na le makalana kwa Sebele le kwa Lobatse. O ne a ama ka tse ba di dirang, maikaelelo a gagwe e le go gwetlha banana ba ba neng ba le foo go tsaya tshwetso ka bokamoso jwa bone jwa go tlhoafalela dithuto, a re gape ba na le lekalana la tsa ditlhotlhomiso ka tsa lobopo le tse dingwe gammogo le pabalesego ya dipeo tsa ditlhare go itsa gore dingwe ditlhare di nyelele. A re BCA e ya go neela baithuti ba Pilikwe bogakolodi ka tsa thuto, ka maikaelelo a gore le bone ka moso e bo e le bomankge ba dithuto. Thulaganyo e ya go pataganela thuto ya bana ba Pilikwe le beilwe monwana ngogola o fela. Le fa go ntse jalo o tlhalosa fa ba tswa kgakala le sekole seo ka ba ne ba ntse ba kopanela le bone malatsi a botsalo jwa Morena ngwaga le ngwaga go ba fa dimpho. E ne ya re a wetsa, Dr Tapela a aba dikhomputara, go oketsa tse ba neng ba di abetse sekole seo mo dingwageng tse di fetileng, dibuka tsa bana le tsa barutabana, gammogo le dibolo tsa kgwele ya dinao, bolotloa, volley ball le matlowa a tsone. Kgosi wa pele wa Pilikwe, Rre Bokopano Koodibetse le ene o ne a supa fa botsalano joo bo ya go nonotsha dithuto tsa temo-thuo mo sekoleng sa Pilikwe, mme a kgothatsa batsadi le barutabana go tshwaragana le puso go tokafatsa maduo. O ne a kgothatsa ba BCA a re maiteko a bone e nne a sennelaruri go ba tlhabololela bana, mme le ene o ne a ntsha P500 go thusa sekole ka tse se tlaa di tlhokang. E rile a ntsha la gagwe, mogolwane wa tsa thuto, Mme Lydia Makgoma go tswa kwa kgaolwaneng potlana ya Mahalapye o ne a re lenaneo la Adopt A School le thusitse go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatshing leno ka le ne la tsibogelwa ke bontsi jwa ba-na-le seabe ka go farologana. Mo mafokong a tebogo, boemong ja mothusa mokwaledi wa khansele wa potlana ya Mahalapye Mme Bosadi Matlapeng o ne a re kgaolwana potlana ya Mahalapye e na le bothata jwa go tlhaelelwe ka madi, a supa fa ba na le dikole di le 52, mme go le thata go di neela ditlamelo tse di lebanyeng.
economy_business_and_finance
3
Lentsweletau o babaletswe ke letlhoko la madi – kgosi
Kgosi Tau Makgasane wa Lentsweletau a re kwelotlase ya itsholelo e e bakileng letlhoko la madi le le itemogelwang ke lefatshe leno e amile motse wa bone ka mashetla. E rile a buisanya le BOPA bosheng, Kgosi Makgasane a tlhalosa fa sengwe le sengwe se se amanang le ditlhabololo mo motseng wa Lentsweletau le metsana e okametsweng ke one di eme ka lone lebaka la letlhoko la madi. O kaile fa e rile dingwaga e santse e le tse di namagadi, ba nna le ditsholofetso tsa ditlhabololo dingwe, mme ka go tlhoka lesego go sa kgona go diragatswa dipe. A re motse wa bone o ne o tlhomilwe go nna boremelelo jwa kgaolo potlana, mme ka gone go tlhoka madi ga puso, motse o rotswe mamemo ao, go setse fela ka diofisi tsa bodiredi tse a kayang fa le boleng jwa tsone bo sa itumedise ka bo tlhaela. Kgosi Makgasane a re tsela e tswang mo Lentsweletau e ya Molepololeke e e tswang kgakala e le mo seemong se se sa ba itumediseng, ke yone e berekang thata ka ba e dirisa go ya go tsaya ditlamelo tse tsotlhe ba di tsayang kwa Molepolole, ka jalo e tlhoka go tsibogelwa e tsenngwe sekontere. Go ntse go le foo, Kgosi o tladitse ka gore go na le letlhoko la kokelo potlana le sekolo se se golwane. A re sekolo se se golwane sa bana ba mophato wa bongwe go ya kwa go wa boraro se se leng teng sa Motswakhumo Junior Secondary School se tsaya bana go tswa mo dikolong tse di potlana di le masome le botlhano go tswa mo Lentsweletau le metsana e mabapi. “Fa ba aloga mo mophatong wa boraro, bana ba tsweledisa dithuto kwa dikolong di tshwana le Mogoditshane Senior Secondary, mme bangwe ba ye bokgakala bo tshwana le Goodhope Senior Secondary,” Kgosi a tlhalosa. A re o itemogetse gore bana ba ba sa itewang seatla ba ikgaphela kwa thoko ka lebaka la go sa tlhaloganyeng mananeo ka go farologana ga one, mme ba tseye gore ke a ba ba rutegileng fela. Kgosi Makgasane a tlatsa ka gore fa ba bitsa diphuthego tsa bana re tshwaragane le ba lephata la banana, ba ba sa tsenang dikolo kgotsa ba sa kgona go wetsa dithuto tsa bone, ga ba tsenelele diphuthego tse. O weditse ka gore dithuto tse di tseneletseng ka mananeo a banana di a tlhokafala gore banana ka kakaretso ba a tlhaloganye sentle, e bile ba ba sa itewang letsogo ba se tlelwe ke boitlhobogo ka ba ka tswa ba na le dikitso le ditalente tse dingwe tse ba ka di dirisang mo dikgwebong.
society
9
Lengau le bonwe kwa Lobatse
Mmamapodisi wa Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o rurifaditse tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lengau le sule kwa Thema gaufi le kokelwana ya Motswedi mo Lobatse ka Laboraro. Superitendant Mogatsaseno o rurifaditse se mo potsolosong, a re ba begetswe tiragalo eo ke setshaba mo mosong fela morago ga nako ya bosupa. A re go belaesega lengau leo le bolailwe ke ditshwene morago ga ntwa, ka jaana le fitlhetswe le na le ntho e tona mo tlhogong. O ne gape ar e lengau ke phologolo ya naga ka jalo go a kgonagala gore le ka bonwa fag are ga toropo le fa le tshabega bobe ebile le itsege le le borai mo bathong le mo diphologolong tse dingwe. O tsweletse ka go gakolola setshaba gore fa ba bona phologolo ya mofuta oo, ba seka ba e tlhasela go sa tlhokafale, mme ba begele ba ba maleba jaaka ba lephata la diphologolo le mapodisi. Fa a botsolotswa ka phologolo eo, mogolwane kwa ofising ya tsa diphologolo kwa Otse Mme Keitseone Motsumi one a rurifatsa fa phologolo eo ele lengau, ebile a le kaya ele phologolo ee borai fela thata. Are le tlwaelesegile go bonwa thata mo sekgweng mme are ga go thona gore lebo le bonwe fag are ga toropo ka ele phologolo e e tshelang ka go tsoma, ka jalo motsamao wa lone o laolwa ke go batla dijo. Mme Motsumi o tlhalositse gape gore dintho tse di fitlhetsweng mo tlhogong ya lengau leo di supa fa le kopane le ditshwene mme yare go lweng ga tsone la fenngwa ka le ne le obogile letlalo la tlhogo, are ga go belaesege ka gope fa le bolailwe ke motho. A re lengau leo le tla apolwa letlalo mme letlalo leo, le bewe sentle go tla le rekisediwa ba ba maleba, fa nama ya teng yone e tla a ya go latlhelelwa manong kwa kampeng ya Manyelanong. O ne a gakolola batho go ikela tlhoko fa ba tsamayang teng are phologolo ya mofuta oo e ka bonwa gongwe le gongwe e bile nako nngwe le nngwe ka e bile ele paka ya leuba e dijo di sa bonweng motlhofo mo sekgweng. A re bo go botlhokwa thata go itse matlhale le matsipa otlhe a go tshedisana le dipholgolo tsa naga gore di seka tsa tlhasela motho, jaaka go itsege gore lengau ga le bate go lebagana le matlho a motho, ka jalo fa motho a bona lengau a leke ka bojotlhe go sa lebagana le lone. O ne a re mme fa go ka diragala gore phologolo eo, e tlhasele, batho ba leke ka bojotlhe go iphemela mme fa ba fentse ka go e bolaya, ba begele ba ba maleba. A re fa motho a bolaile phologolo ya nag aka go iphemela e bile go na le bosupi jo bo papametseng gore motho yoo, o ne a bolaya phologolo ka go iphemela, ga go na molato ope o mohto yoo a ka o lebisiwang.Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Kgosi o atla moletlo wa letlhafula
Moemela kgosi yo mogolwane kwa Maun, Kgosi Charles Letsholathebe a re letsatsi la ngwao la letlhafula le botlhokwa thata ka jaana le supa ngwao. Kgosi o buile jalo fa a bula moletlo wa dijo tsa letlhafula semmuso kwa Cresta Rileys kwa Maun Seetebosigo a thola gangwe. A re moletlo oo o supegetsa merafe e e tswang kwa ntle ga lefatshe leno gore Batswana ke batho ba ba itshetletseng mo ngwaong. A re go boammaaruri gore tshaba e se nang ngwao ke moka e latlhegileng, mme ka jalo a kopa bagolo gore ngwaga le ngwaga fa moletlo wa letlhafula o nna kwa Maun, ba nne ba isa bana gore ba ye go ithuta ka ngwao. O tlhalositse fa go ipela e le bontlha bongwe jwa go tlhabolola lefatshe, a tswelela a re nako ya gompieno ke e ditlhabololo di fekeetsanang ka dingwao le setso. Kgosi Letsholathebe a re banana le bagolo ba setse ba ineetse mo ngwaong tsa batswakwa ba ikgatholosa ya bone, ba bo ba ya le dilo tse ba reng ke tsa ditlhabololo mme a re ga go ree gore tlhabololo e raya gore ba bifele segabone. O akgotse barulaganyi ba moletlo oo, ba Cresta Rileys le ba poko ba Poetavango, a re letlhafula le tlaa ba golaganya ka jaana kgaolo ya bokone bophirima e na le dingwao tse dintsi tse ba ikgantshang ka tsone. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore mo dingwageng tse di fetileng, dipula di ne tsa nna boutsana, a re ke sone se se dirileng gore moletlo oo o seka wa tshwarwa. O tlhalositse fa gape kgaolo ya Nhabe e na le mefuta ya dijo e e sa bonweng mo mafelong a mangwe jaaka tswii, makhongara le tse dingwe. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Boitshwaro jwa banana bo tshwenya kgosi
Kgosi ya motse wa Mmadikola mo kgaolong potlana ya Boteti, Kgosi Tlhabologo Boima a re o tshwengwa ke go tlhoka go itshwara sentle ga banana. Kgosi Boima o buile jalo mo phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Slumber Tsogwane bosheng. Kgosi a re o tlhobaetswa ke gore seemo se fa se ka tswelela se ntse jaana lefatshe leno le tla senyega. Rre Boima a re o dumela gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka seemo se, a re go ka ntshiwa lekoko le le tsamayang le gakolola banana ka ditla morago tsa boitshwaro jo bo sa siamang. Kgosi Boima o ne gape a supa letshwenyego la go tlhoka go tshwaragana ga magosi, a re ga ba gakololane ka tsamaiso ya tiro ya bone. A re go tshwanetse ga dirwa thulaganyo ya gore magosi ba ne ba kopa ka gore go ka ba thusa go amogana maele a tiro ya bone. O ne a rotloetsa morafe go tshwaragana le ba sepodisi gore batle ba kgone go lwantsha borukutlhi. E rile a rolela Rre Tsogwane pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lovemore Gobonwang a tlhalosa fa selelo segolo sa bone se se tswang kgakala e le motlakase kwa bophirima jwa motse oo, mathata gatwe ga ba mo poleneng. Rre Gobonwang o ne gape a re ba kopa gore ditsela tse di fa gare ga motse di tshelwe le kgarapana, diofisi tsa kgotla di tsenngwe maranyane. E rile a tsibogela matshwenyego a bone, Rre Tsogwane a ba tlhalosetsa fa ba lephata la motlakase ba na le lenaneo le ba le dirisang go atolosa motlakase. Tona Tsogwane o tlhalositse fa letshwenyego la ga kgosi la boitshwaro jwa banana puso le yone e tshwenyegile ka jone. Tona o tlhalositse fa Tautona a ne a bolotsa letsholo la matona a puso gore ba ye go sekaseka seemo ko dikolong . Rre Tsogwane a re ba fitlhetse dikolo dile makgasa, mme tshenyo e nngwe go supafala gore e diriwa ke bana. Tona a re batsadi ba na le seabe mo tshenyong ya bana, a tlhalosa gore bogologolo go ne go sena tshenyo mo dikolong ka gore bana ba ne ba tshaba ba le boi. A re bana ba ba tlhokang tsebe ba, ke ba ba senang sepe le dithuto, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ka gotwe lore loojwa le sale metsi. BOKHUTLO
society
9
Banana ba kereke ya ABFGAC ba supa bopelotlhomogi
Banana ba kereke ya ABFGAC mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba eme ka dinao go lwantsha botlhoki mo kgaolong ya bone ka go thusa banana ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a bua kwa kgotleng ya Majwaneng ka letsatsi la go abela masiela dimpho tse di akaretsang melora, mogokanyi wa kereke eo, Rre Abraham Selelo a re maikaelelo a bone ke go lwantsha dikgwetlho ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go bangwe ka bone. A re mo bokopanong jwa bone e le banana ba kereke ya ABFGAC jwa ngwaga le ngwaga jo ba neng ba bo tshwaretse gone mo Majwaneng ngogola, ba ne ba thulanya ditlhogo go tswa ka megopolo ya gore ba ka thusa jang metse e e mo kgaolong ya bone. A re gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi maikaelelo ke go ngoka banana ba ba mo mekgwatlheng go atamela Modimo. A re ka thuso ya ofisi ya boipelego mo metseng e ba tshwarelang bokopano mo go yone ba ka tsisa tsholofelo ya botshelo mo go ba ba tlhokileng lesego mme pheletsong ba inaakanya le go tsena kereke. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kereke eo mo Ratholo, Rre Joshua Kedumetse a re ntswa kereke ya bone e le nnye ba tsweletse ka go thusa setshaba mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone. Rre Kedumetse a re e le kereke ya ABFGAC ba ikaegile ka mafoko a Baebele a a reng ‘go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang,’ a kaya fa a rotloetsa Batswana go supa lerato le mowa wa bopelotlhomogi. A re go botlhokwa gore dikereke di eme ka dinao go tshwaragana le puso ka go supa mowa wa bopelotlhomogi, a kaya fa seo se ka busetsa seriti mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mo boemong jwa ofisi ya boipelego ya Majwaneng, Mme Oaitse Mmagoajewa o ne a lebogela kereke ya ABFGAC ka dimpho tseo, a supa fa ofisi ya bone e tlaa abela bana ba masiela ba le masome mane le bone mephuthelwana ya melora. Mme Mmagoajewa o ne a kopa kereke eo go tswelela ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
religion_and_belief
8
A bakgweetsi ba diterekere ba tlhongwe leitlho
Banni ba Tsamaya mo kgaolong ya Tati Botlhaba ba re go botlhokwa gore bakgweetsi ba diterekere tse di lemelang balemi ba tlhomiwe leitlho go tlhomamisa gore ba dira tiro ya bone ka fa tshwanelong. E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi kwa motseng oo bosheng, banni ba supa fa ba santse ba tshwenngwa ke beng ba diterekere dingwe ba ba lopang balemi madi a leokwane ba kaya fa ditshenyegelo tsa bone di le kwa godimo mme e bo e re morago ba duelwe gape ke puso ka lenaneo la ISPAAD. Monni mongwe wa Tsamaya, Rre Samson Masole a re le ntswa puso e rotloetsa batho go inaakanya le temo e e tlhabolotsweng ya go lema ka ditselana, sebe sa phiri ke go bo didirisiwa tsa temo ya mothale oo di tlhaela. Rre Chidzani Mbikiwa ene o boletse fa ba tshwenngwa ke go bo ba sa bone thuso e e nametsang kwa makalaneng a lephata la temo-thuo ka bodiredi bo kaya fa go na le tlhaelo ya dikoloi. O kopile puso go tlhomamisa gore e okeletse lephata leo dikoloi gore bodiredi bo kgone go itepatepanya le dikgang tse di amang lephata leo bogolo jang tsa barui. Fa a tswa la gagwe, Rre Molebatsi o kgadile mokgwa wa beng ba diterekere wa go lopa balemi madi mangwe kwa thoko le ntswa puso e itlamile go lemela batho mahala. O gakolotse beng ba diterekere go lemela batho go ya ka go bapa ga masimo a bone go na le go ba lemela go ya ka fa ba ikwadisitseng ka teng. Rre Molebatsi a re fa terekere e fetsa go lema mo masimong a a bapileng, ke gone e ka yang kwa go a mangwe a le one a bapileng, go itsa gore e nne e ya kwa le kwa tsatsi le letsatsi, e lema masimo a a katologaneng mo go felelang go baka gore ba nne le ditshenyegelo. O tshepisitse banni ba motse oo fa puso e le mo thulaganyong ya gore mo nakong e e sa fediseng pelo e rutuntshe bakgweetsi ba diterekere tsa puso le tsa beng, fela o boletse fa a itumedisiwa ke go bo lenaneo la ISPAAD le thusitse lefatshe leno go oketsa dijo mo go bonalang. Mothusa tona o tlhalositse gore mo pakeng eno ya temo, puso e tla lemela ba ba inaakanyang le temo ya go lema ka ditselana fela, a supa fa gape balemi ba tla a fiwa dipeo le go thusiwa ka tshefi e e bolayang mohero gonne go dira jalo go supagetse fa go ntsha maduo a a seng kana ka sepe. Rre Molebatsi a re ka fa dipalo di supang lefatshe leno le oketsang dijo ka teng, puso e tla tshwanelwa ke gore jaanong e batle mebaraka ya ditsa temong di tshwana le mabele le mmidi kwa mafatsheng a sele. Mothusa tona o gwetlhile banni go inaakanya le thulaganyo ya go leletsa matona go itse botoka ka mananeo mangwe a puso. BOKHUTLO
society
9
Jeme ya lerotse e ogola Mokgojwa mo lehumeng
Bonatla le lorato la se motho a se dirang di ka ntsha maduo ebile di ka godisa baba nang le keletso ya go iketsha mo lehumeng. Se se tlhalositswe ke Mme Gakekaelwe Mokgojwa wa motse wa Salajwe yo o itshetsang ka go dira jeme ya lerotse. Mo potsolotsong, Mme Mokgojwa o tlhalositse fa e le mongwe wa baba neng ba nna lesego go tlhophiwa ke ba ofisi ya boipelego go ya dithutong morago ga ba sena go lemoga gore ke senatla mo go itireleng ka diatla. A re bonatla jwa gagwe ba bo lemogile ka a ne a itshetsa ka go lema merogo mo segotlong mme a e rekise mo motseng le go e isa kwa ditshupong tsa temo thuo tsa ngwaga le ngwaga tsa kgaolo ya bone. O tlhalositse gore o ne a bona maduo a a kgotsofatsang kwa ditshupong a re bonatla ja gagwe ke jone bo mo thusitseng go isiwa dithutong tsa go dira dijo le tshomarelo ya tsone kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa BUAN kwa Sebele ka ngwaga wa 2013. Mme Mokgojwa a re ke gone kwa a anywileng botsipa ja go dira jeme ya lerotse teng e mo nakong eno a itshetsang ka yone ntswa a tsweletse le ka go lema merogo. A re jeme ke dijo, ka jalo go botlhokwa go netefatsa gore lefelo le e direlwang mo go lone le phepa e bile megare e bolailwe mo didirisiweng tsotlhe tse di dirisiwang mo tirong e o. Mme Mokgojwa a re o ikaelela go kgaogana botsipa jo le bomme ka ene mo motseng ka go ba rutuntsha gore le bone ba tokafatse matshelo a bone. A re ke keletso ya gagwe go tsweledisa dithuto tse tsa tshomarelo ya dijo ka a re o nyoretswe go ithuta go le gontsi. A re dipoelo tsa thekiso ya jeme di mo thusitse go menaganye ka ga ba wele mo isong ene le ba lelwapa la gagwe ka di mo thusa gape go ipega a ya bongakeng ka a tlhalositse fa a tshwenngwa ke bokoa. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Kereke e abela bana
Maloko a kereke ya Bantu Church of Christ, ba abetse bana ba dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. E rile a amogela baeng kwa tirong eo, Mme Neo Puleng a supa fa se ba se dirang e le lorato, a supa fa e le ngwaga wa bobedi ba ntse ba dira tiro eo. Mme Puleng o boletse fa ba fetisetsa lorato le ba nang le lone kwa baneng jaaka ba le rutilwe, a bo a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba dira jalo. Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Motokwe, Bishop Tuelo Kelebeng o ne a supa fa ba leboga motsadi mongwe wa Moamerika yo o neng a gwetlhega go rekela bana ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. O kaile gape fa a lebogela ba kereke ya Bantu go bo ba godisetsa bana mo tumelong ya Sekeresete, a supa fa bana ba ba godisediwang mo Sekereseteng ba gola sentle, e bile ba sa tsoge ba tsenya mapodisi dingalo. Rre Teko Kemofetile o kopile batsadi gore e re fa ba ya dikerekeng ba seka ba romela bana kwa merakeng. Rre Kemofetile o kopile batsadi go tlhokomela bana, a supa fa bana ba ba sa tshwarweng sentle fa ba gola ba tswa mo tseleng. Tona wa thuto e kgolwane e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa puso e tshwaragane le bothata jwa bana ba ba ingaotseng mo tsamaisong ya batsadi le ya puso. O tlhalositse gore se kereke ya Bantu e se dirang ka go abela bana e le go ba aga ba sale bannye, a bo a supa gore go ikgolaganya ga bone le ba mafatshe a sele go ba abela dimpho ke tiro e ntle. O kopile ba kereke eo go tswelela ba aga bana ba sale bannye gore ba tle ba gole ba sa nwe bojalwa le go goga motokwane. Tona o tlhalositse fa lekwalo la ga Diane kgaolo ya ntlha, temana ya bosupa le tlhalosa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. O kopile botlhe ba ba batlang botlhale go ikatumetsa Baebele.
religion_and_belief
8
Ba fitlhetswe ka mokowa wa ditlhapi
E rile bosheng mapodisi, masole le lephata la diphologolo ba tshwara batho ba le lesome morago ga go fitlhelwa ka mokowa wa ditlhapi kwa Ngami. Batho ba le batlhano, ba go belaesegang e ne e le batswakwa, ba ne ba le botsa phokoje. Ba belaelwa ba fitlhetswe ka mekowakowa ya ditlhapi tse di omisitsweng le tse di metsi. Go tshwarwa ga ditlhapi kwa Ngami go santse go emisitswe ka nakwana, ka jalo yo di tshwarang o ipiletsa tsheko. Bangwe ba batho ba ba tshwerweng ke basetsana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borobabobedi le masome a mabedi. Ba boletse fa go le bokete gore ba re ba ka emisa go tlola molao le ntswa ba tlhaloganya gore ke molato ka ba re ke gone ka fa ba tshelang ka teng ka e bile ba sa bereke fa e sale ba fetsa mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Maun ka 2013. Go ya ka mogolwane wa diphologolo makgabisanaga kwa Maun, Rre Gaebonwe Monnaatsheko, batho ba ba tshwerweng ba tlaa atlholwa sekete sa dipula fa ba ka bonwa molato. E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa mapodise a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re go batlwa ga rre yo magatwe a neng a re o wetse mo letsheng leo go emisitswe ka tota go ne go se na bosupi jo bo papametseng jwa gore motho o nwetse mo noken
crime_law_and_justice
1
Senjwalejwale se na le ditlamorago
Batswana ba kopilwe go boela morago ditsela tse ba tshelang ka tsone mo bogompienong. Se se builwe ke Moruti Solly Ketshabathupa jaaka a ne a simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa segajaja kwa Mahalapye ka Laboraro, Phatwe a tlhola gane. Moruti Ketshabathupa a re Batswana ba tshwanetse ba boele morago mme ba batle tsela e batho ba bogologolo ba neng ba tshela ka yone.O tlhalositse fa tsela eo e le ya poifo Modimo a re ke ka moo malwetsi a tshwana le a segajaja a ne a seyo mme ebile a sa gapele batho botshelo ka mmetela. O ne a bua a sa kgwe mathe ka tsela ya sesha, a re malatsing ano ditsela di dintsi tse di itiretsweng ke batho ebile di matswakabele go ka itse gore go ka tsewa efe. O tlhalositse fa ditsela tse di ithaelwang, di isa thaelong mme ka jalo a kopa setshaba sa Botswana go tsaya tsela ya poifo Modimo a re ga e kitla e ba latlha.Moruti Ketshabathupa a re tsela ya Modimo e ka tswa e lebega e fitilwe ke dinako, kgotsa e lebega e le thata, mme e sa timetse, a tlatsa ka gore e na le kagiso. O ne a a re ke yone e tsepameng go ka fedisa mogare gotlhelele.O ne a kopa setshaba sa lefatshe leno go latela Modimo le go diragatsa se a reng se dirwe a tlatsa a re ka jalo lefatshe le tla fola gareng ga dipharagobe di akaretsa leuba, malwetse le letlhoko la pula. A re tsela ya sesha, ga e kgathale mabapi le go tlolaganya molekane, go ya kafa le kafa a re ka jalo ke ka moo bolwetsi jwa HIV/AIDS bo anama go ya pele. A re ga go makatse mo tseleng ya senjwalejwale go nna le bakapelo ba bantsi, mme a re mo tseleng ya Modimo motho o ka nna le maitlamo a go ikaga sesha mme a nne le ditsela tse dintsi tsa go rata le go itumedisa mokapelo wa gagwe a le mongwe.Moruti o ne a kopa Motswana ope go lwa kgatlhanong le mogare a re Batswana ba eme ka dinao ka lefatshe la bone le a nyelela. O ne a kopa baruti ka ene go diragatsa se lefoko le se buang a re ke bakaedi mme ka jalo a re ba rere lefoko la Modimo e seng sepe gape ka ke lone le le ka bolokang setshaba sa Botswana. BOKHUTLO
health
6
Letshololo le tlhasetse baithuti
Baithuti bangwe ba sekolo se segolwane sa Mmashoro ba tlhasetswe ke letshololo. Se, se boletswe ke motshwarelela mogolwane wa thuto mo kgaolong ya legare, Rre Kereng Koko. A re ba amogetse pego bosheng e e supang gore bana ba le barataro ba tsenwe ke letshololo, mme a re e rile ba tsena kwa sekolong ba fithela bana ba le lekgolo le lesome ba amilwe ke letshololo. Mo baneng ba, ba ba lekgolo ba nna mo sekolong. Rre Koko a re ba ne ba kopana le bogogi jwa sekolo le baoki kwa kokelong mme baoki ba supile fa go gateletswe ba le babedi fela. Bana bao ba kaile fa ba tshabelelwa ke go opiwa ke tlhogo. Ba lephata la botsogo ba tlhatlhobile ntlo ya boapeelo le matlwana a boitlhomelo ka jalo ba santse ba emetse maduo go itse se se ka tswang se bakile bolwetse jo. Rre Koko o tlhalositse fa bana ba setse ba boetse sekolong mme ga go ise go nne le matshwenyego a mangwe gape. Mogokgo wa sekolo, Rre William Ndwapi, o ne a tlhalosa fa a ka seke a akgele ka ka kgang e, a re boikarabelo joo bo neetswe bogolwane kwa ofising ya kgaolo kwa Serowe.
health
6
Polka e gorogile kwa Boteti
Lerato la mmino wa Polka o o fitlhelwang thata kwa kgaolong ya Kgalagadi le keletso ya go ithuta ngwao ya merafe e mengwe, di gwetlhile banana bangwe ba Letlhakane go tlhama setlhopha sa mmino oo. Setlhopha sa Gunamoo Dance Group se tsweletse ka go jesa monate banni ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ba tlisetsa mmino o go lebegang o le kwa mankalenkaleng e bile o ratega bobe. Moeteledipele wa setlhopha, Mme Gofaone Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa ke mmino wa Polka kwa dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona tse di itebagantseng le go rotloetsa Batswana go ipela ka mmino kwa ngwao. Mme Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa thata ke ditlhopha tse di neng di diragatsa kwa dikgaisanong tseo ka ngwaga wa 2012, a re ntswa mmino wa Polka o sa tlwaelesega mo Boteti o ne a bona go le matshwanedi go tlhama setlhopha sa mmino o ka e bile e le nngwe tsela ya go ka ithuta le go amogana dingwao tse di pharologanyo mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa maikaelelo a go tlhama setlhopha e le go anamisa le go rotloetsa mmino wa Polka mo Boteti ka bontsi ja batho ba sa o tlwaela. A re gape o ne a batla go ntsha banana ba ba sa direng sepe mo mebileng, a supa fa a tshwenngwa thata ke banana ba ba senang maikaelelo a go itirela sepe bangwe ba bone ba diiwa ke nnotagi. Mme Molaletsi a re o ne a lemoga fa banana ba na le bokgoni ka jalo go tlhama setlhopha se ke maiteko a go ka ntsha banana mo mebileng le go ba rotloetsa go dira sepenyana se se ka tlhabololang matshelo a bone. Gore setlhopha se kgonne jang go felela se bina mmino wa Polka jaaka se tsweletse, Mme Molaletsi a re o ne a kopana le mogolwane wa setlhopha sa Honey Polka kwa Jwaneng ebong Rre Petrus Matthys gore a mo tlhatlhelele ka mmino oo. A re ba amule go le gontsi mo setlhopheng sa Honey Polka. Setlhopha sa Gunamoo se na le badiragatsi ba le lesome le bone, bomme ba supa le borre ba supa. Mme Molaletsi o tlhalositse fa kompone ya Debswana e ne ya ba rotloetsa ka go ba rekela paka e ba binang ka yone. O tlhalositse fa setlhopha se ne sa tsenelela dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona ngogola mme ba anywa go le gontsi mo go tsone. A re setlhopha se ne gape sa tiisiwa moko ke go lalediwa go ya go diragatsa kwa Khawa Dune Challenge mono ngwaga, a tlatsa ka gore seo se ne sa dira gore setlhopha se nne tlhaga ka ba ne ba tlhophiwa ntswa go na le ditlhopha di le dintsi kwa kgaolong ya Kgalagadi tse e leng dikakapa tsa mmino o. Mme Molaletsi o ne a tlhalosa fa banni ba Boteti ba rata mmino wa Polka ka gore setlhopha se kgona go lalediwa mo ditirong tsa morafe ka go farologana go balelwa le mekete e mengwe jaaka manyalo. A re le fa e le maikaelelo a bone a go anamisa mmino wa Polka mo Boteti ba lebanywe ke dikgwetlho di akaretsa go tlhoka lefelo le ba ka ikatisetsang mo go lone, tlhaelo ya madi a go ka tsamaisa setlhopha ga mmogo le sepalamo se ba se dirisang fa ba ya dikgaisanong. O tsweletse a kopa setshaba le dikompone ka go farologana go rotloetsa setlhopha a supa gore le fa gone lephata la banana le sa die go lekanye maiteko a bone a tlodisa setlhopha nokana di tletse. A re ba kgona go thusa setlhopha ka sepalamo le tse dingwe ka nako ya dikgaisano. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Go ikgapela matshelo ga banana go a tshwenya
Kgosi wa Kang, Mme Basadi Seipone o supile fa a sa jesiwe diwelang ke banana ba ba tsweletseng ka go ikgapela matshelo mo motseng wa gagwe. Fa a bua mo puisanyong le A re se se ngomolang pelo ke gore dibeke di ne di kgona go tlhomagana ba ntse ba amogela dipego tsa banana ba ba ikgapetseng matshelo mme go sena mabaka a a utlwalang a gore ke eng ba tsere tshwetso eo. Kgosi Seipone a re kgang e, e apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba e bile fa e sa tsibogelwe ka bofefo e tlaa felela e tlogela setshaba se sena bathusi le babusi ba kamoso. O supile fa ba solofetse go le gontsi e bile ba beile tshepo le bokamoso jwa lefatshe mo diatleng tsa banana. Kgosi Seipone o kaile fa molemo mogolo e le go boifa le go inaakanya le Modimo. O gakolotse banana gore fa ba na le seemo ba itlwaetse go bua mathata a bone kwa go ba ba maleba gore ba tle ba kgone go bona thuso e e feletseng. Kgosi Seipone a re Modimo ke ene fela yo a ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong le go ba fa kagiso le boitumelo ka dinako tsotlhe. Ka jalo o gwetlhile monana mongwe le mongwe mo motseng gore a tseye kgato e e maleba mo ngwageng o mosha ka go amogela Keresete jaaka Morena le mopholosi mo botshelong jwa gagwe gore a tle a heme diemo tsa go tshwana le go ikgapela botshelo. Kgosi Seipone o bile a kpa morafe gore o amogele le go tshelela Modimo ka nako tsotlhe gore ba tle ba amogele ditshegofatso. O kopile bakgweetsi le batsamaya ka dinao go tsaya boikarabelo jwa go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe mo ditseleng. O kaile fa nnotagi le koloi di sa kopane gope fa e se go gapa matshelo le go tsisa selelo le khurano ya meno mo masikeng le ditsala. Ka jalo o gwetlhile mokgweetsi mongwe le mongwe go iphapaanya le go kgweetsa a itshietse.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ba rotloediwa go nna pelo telele
Mookamedi wa Ofisi ya Banana, Motshameko le Nngwao mo Bokone Bophirima o gwethile banana go nna pelotelele gore ba kgone go akola mananeo bogolo jang le le fang banana tshono ya kgwebo la Youth Development Fund. E rile a bua kwa phuthegong tsa go isa ditirelo kwa magaeng e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Molaodi ya Maun, Mme Gladys Kelebemang a supa fa go sena banana ba ba tsereng lenaneo leo mo motseng wa Phuduhudu. Mme Kelebemang o ne a re banana bangwe ba fela pelo fa ba nna ba busiwa ke ba ofisi ya Banana gore ba baakanye dikopo tsa bone kgotsa ba ise dilo dingwe. O tlhaloseditse banni ba motse oo fa go dira jalo go baya banana ka fa mosing, a re ba ofisi ya gagwe ba busa banana kgapekgapetsa e le tsela ya gore dikopo tsa bone di atlege kwa pele, eseng go ba kgoba marapo. Mme Kelebemang o buile a kopa banana ba motse oo go tsenelela mananeo a Tirelo Sechaba, Graduate Voluntary Scheme(GVS) le InterNship go ithusa mo matshelong a bone ba direla puso mo nakong e tshwang. Modiredi go tswa ofising ya Economic Planning kwa Khanseleng ya Bokone Bophirima Rre Thabo Morapedi o ne a gakolola banana go dirisa ditlamelo tsa ba ofisi ya Local Entreprise Authority(LEA) go ikatisa ka tse di tlhokafalang mo go tsa dikgwebo. Rre Morapedi o ne gape a tlhalosetsa banni ba Phuduhudu fa go nnile le tiego mo mananeong a nyeletso lehuma ntlha ya gore ba ba neng ba tshwanetse go ya ithutuntshong ga ba a dira ka dikolo di ne di tletse mo Maun mme ba batelwa diphatlha kwa ntle ga Maun. Mothusa Molaodi mo Maun Rre Mogomotsi Madome o ne a supa fa phuthego tseo e le tsela ya go isa ditlamelo kwa bathong le go araba dilelo tse di neng di ntshitswe ke banni mo nakong e fetileng. Diofisi tse di akaretsang tsa Banana le tsa Ikwadiso ya Matsalo le Dintsho di ne di iseditse batho ditlamelo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Bontlhopheng ba itlama go emela Tlokweng ka dinao
Bontlhopheng ba bopalamente kwa Tlokweng ba solofeditse gore kgang ya lefatshe kwa kgaolong eo ke nngwe ya tse ba di ipeileng pele. Rre Christopher Bogatsu wa Alliance for Progressives (AP), Rre Thulagano Segokgo wa Botswana Democratic Party (BDP) le Rre Kenneth Segokgo wa Umbrella for Democratic Change (UDC) ba buile jalo ka Mosupologo mo thulaganyong ya Seromamowa sa Botswana ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tla tshwarwang kwedi eno ele masome a mabedi le boraro. Rre Bogatsu o supile fa a ikaegile ka matshego a le mararo e bong go direla sengwe le sengwe mo pontsheng le go dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe aa sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi. Rre Bogatsu o supile gape fa a tlaa itebaganya le tsa botsogo, thuto le pabalesego ya bana. A re ga go jese monate go bona bana ba bannye ba ya dikoleng phakela thata go sena dipone tsa mo mokgwatlheng. Rre Bogatsu are fa phathi ya gagwe e ka fiwa sebaka sa go busa, e itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira ofisinyana ya sepodisi gore mapodisi a kgone go bonala. O supile fa lefatshe le le botlhokwa e bile lee fa motho seriti. A re phathi ya gagwe e itlama go netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o nna le lefatshe le ka lone a ka kgonang go bona bonno kgotsa kgwebo. Rre Segokgo wa BDP o kopile Batswana go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong. “Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” a tlatsa jalo. O ne a supa gape fa a itlama go bereka le Tautona Masisi go lwantsha tshwenyetso setshaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe. Rre Segokgo o kopile Batlokwa go mo tshepha mo maikaelelong a gagwe a go tlhabolola Batlokwa le lefatshe mme are o tlaa dira se le makhanselara a phathi ya gagwe. O ne a itlama go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe. “Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.” A re o tlaa bereka le banana a ba thusa go nwa moro mananeo a puso le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang. Rre Segokgo o supile fa a tsile go dira gotlhe gore Tlokweng e agelwe sepatela. Rre Kenneth Segokgo wa UDC a re ene o eletsa go tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana, fela jaaka bukana ya bone ya maitlamo e tlhalosa. O tlhalositse fa phathi ya gagwe e itebagantse le dikgwetlho tsa Batswana e bile a solofetsa gore ba tla sekaseka molao wa pereko. A re UDC e tlaa okeletsa bagodi madi go ya kwa go P1 500 gore ba kgone go itshetsa. O supile fa ba tlaa fetola thuto ka go tlhomamisa gore bana ba simolola go rutwa kwa dikoleng ka tiriso ya maranyane a dikhomputara. A re keletso ya gagwe ke go fiwa sebaka sa go ya go emela Batlokwa kwa palamenteng gore a tle a kgone go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe mo mafelong mangwe a Tlokweng. “Puso ya UDC e itlamile go dira ditiro di le 100 000 mme ke eletsa gore bontlha bongwe jwa tsone di nne mo Tlokweng.” A re toropo ya Gaborone e feletswe ke lefatshe mme selo se e ka nna sebaka sa kgaolo ya gagwe go dirisa lefatshe go tlhama dikgwebo le mebereko.
politics
7
Ba Lerala/ Maunatlala ba laela mogaka
E rile Ferikgong a tlhola malatsi a robabongwe matshwititshwiti a banni ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala ba bo ba phuthaganetse kwa kgotleng ya Lerala go laela Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ba mo kaileng fa e le mogaka e bile a dirile ditlhabololo di le dintsi mo kgaolong ya bone. Dibui ka go farologana ba ne ba leboga Tautona Khama go bo a rutile Batswana mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko. Ba boletse fa Tautona Khama a ne a na le tebelopele ka a ne a direla Batswana mananeo a a farologaneng. Ba boletse fa Tautona Khama a diretse banana, bagolo le batlhoki mananeo a a itebagantseng le bone. Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Prince Maele yo e bileng e le mopalamente wa Lerala/ Maunatlala o ne a bolela fa banni ba kgaolo ya gagwe ba sa lele ka ba tsile go laela senatla. A re o na le tsholofelo ya gore tiro nngwe le nngwe e Tautona Khama a ka e fiwang fa a tlogela botautona a tlaa e kgona. A re le fa e kare Tautona a tlogela tiro a fiwa tiro ya go emela lefatshe leno, o tlaa emela Batswana ka botswapelo ka a na le bokgoni. Rre Maele o ne a akgolela Tautona Khama go bo e le motho yo o tlotlang molao-motheo e bile a o obamela ka a tswa mo setilong sa boTautona a sa patelediwe ntswa kwa mafatsheng mangwe go na le bangwe ba baeteledipele ba ba sa obameleng molao-motheo wa mafatshe a bone. O ne a akgola Tautona Khama, a bolela fa e le sekao. Rre Maele a re Tautona Khama o kgomile dipelo tsa batho ba le bantsi e bile o ne a nonotsha puso ya batho ka batho. O boletse fa Tautona Khama e le motho wa batho ka a kgona go tlhola Batswana a tsena mo motseng wa bone le fa go le mogote tota. O ne a akgola Tautona a bolela fa a ne a ruta Batswana gore ba tshwanetse ba tlotle nako, a bolela fa mo nakong e e fetileng nako e ne e tsewa lolea. Rre Maele a re kgaolo ya gagwe e ne e le mo selelong sa letlhoko la metsi mme mo nakong eno ga se sa tlhole se le teng ntateng ya gore puso ya ga Tautona Khama e ne ya ba segofatsa ka letamo la Lotsane. A re metse ya kgaolo ya gagwe yotlhe e na le motlakase. A re Tautona o ne a reetsa kopo ya gagwe ya gore sekole se segolwane sa Moeng se gokelelwe mo letamong la Lotsane mme o itumelela seo. A re Tautona Khama o tlaa gakologelwa ka dikgang tsa ngwao tse di neng tsa upolola ngwao e e neng e sa itsagale. O ne a supa fa Tautona Khama a ratwa ke mafatshe a sele a tshwana le Zimbabwe, Kenya le Namibia. O ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a mo tshepha mme a mo neela maemo a go nna tona. Moemedi wa badirelapuso ba Lerala/Maunatlala, Rre Mokwadi Botshelo o ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a seka a ntsha badirelapuso mo ditirong ntswa lefatshe leno le ne le gomagomediwa ke go wela tlase ga itsholelo. O ne a lebogela mananeo a a itebagantseng le badirelapuso a tshwana le la go reka matlo, kadimo ya madi, go letlelela badirelapuso go simolodisa dikgwebo le gone go sa kgaoleng madi a dikamogelo tsa modirelapuso fa a ile go ikoketsa dithuto. Mopalamente wa pele wa Lerala/ Maunatlala, Rre Thebe Mogami yo o neng e le moemedi wa bagolo ba kgaolo a re Tautona Khama o ne a dira maitlamo otlhe a a neng a a bolela fa a tsaya setilo sa botautona, ka jalo go na le ditlhabololo tse dintsi mo lefatsheng leno. A re Batswana ba ratile boeteledipele jwa ga Tautona Khama, a bolela fa ba santse ba tshelela mo thokgamong e mo nakong eno e elediwang ke mafatshe a mangwe.
society
9
Lenyora ga le robatse Draaihoek
Banni ba Draaihoek kwa Kgalagadi Borwa ba lela ka letlhoko la metsi selo se ba reng se dia ditiro tsa ditlhabololo. Ba buile jalo mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Sam Brooks, bosheng. Ba ne ba kopa mopalamente go ba kopela puso go tsisa ditlamelo tse di tlhokegang jaaka metsi. Kgosi wa Draaihoek, Rre Charles Bimbo, o tlhalositse fa lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba. A re metsi ke konokono ka jalo go botlhokwa gore puso e tsibogele seemo sa motse oo. Banni ba tshelelwa metsi ke khamphane ya Water Utilities Corporation (WUC) ka teraka ba beile ditanka, dikupu le di emere mo tseleng. Selo se Kgosi Bimbo a reng se borai fela thata mo matshelong a bone. A re puso e ne e kile ya solofetsa go ba epela didiba di le pedi, mme maikaelelo ao a seka a diragala. Megopolo e ne ya tswa ya gore metsi a pompiwe go tswa kwa Werda mme le jaana seo ga se ise se diragale. Kgosi Bimbo o tlhalositse gape gore banana ba fiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma mme metsi ke kgwetlho. A re dirukutlhi di amoga banni dihutshane tsa bone, ka jalo se se gakatse lehuma. A re seo ke matshwenyego a matona a ba setseng ba a roletse mapodisi. Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tebogo Disono le ene o ngongoregile ka letlhoko la metsi. O gateletse mafoko a ga kgosi a gore bogodu jwa leruo bo ile magoletsa a tlatsa ka gore seemo se simolotse go nna maswe ka ngwaga wa 2017. Mongwe wa banni, Rre Kebiditswe Kgaodi o kopile gore dithata tsa go phatlalatsa metsi di busediwe kwa dikhanseleng ka gore e sale e re WUC e neelwa marapo metsi a bo a simolola go tlhokega kwa motseng oo. Rre John Aymen ene o ngongoregetse dituelo tsa metsi, tse a reng di kwa godimo lentswa ba sa nwe metsi sentle. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Brooks o ba solofeditse gore o tlaa emela ka dinao matshwenyego a bone kwa palamenteng. O ne a tlhalosa gore ga gona sepe se se ka diragalang fa go sena metsi. A re go ne go solofetswe gore kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing ngwaga o o fetileng, go tla a bo go na le metsi kwa Draaihoek le Makopong, ka maswabi ga go a diragala ka go ne ga nna le dikgwetlho tsa madi. E re lentswa go ntse jalo, ditogamaano di tsweletse go senka madi gore metsi a goroge kwa metseng eo. A re o ikaelela go tlhabolola bojanala mo dingwageng tse tlhano fa a le mo setilong. A re ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di tshwanetse go itsiwe kwa ntle ga lefatshe la Botswana go oka bajanala. “Re na le ditalente tse di farologaneng mme re tshwanetse ra di ribolola”. Mo go tsa temo-thuo, a re maikaelelo ke go tsosolosa dikomiti tsa barui. Rre Brooks o ne a gatelelela gore go tlaa tshwarwa ditshupo tsa leruo mo barui ba tlaa kwatabololang maele mo go ba ba kgonneng. O boletse fa tsela e budule ka jaana Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a laotse gore mananeo a puso otlhe seka-sekwe go a tlhabololwa gore a tle a thuse Batswana go itshetsa. O lebogetse botlhe ba ba tlhophileng, mme a kopa gore mapolotiki otlhe a goge ka jokwe e le nngwe le ntswa e le ba diphathi tse di farologaneng. Rre Brooks a re tshwaragano le popagano di ka tsisa ditlhabololo mo kgaolong eo. Moemedi wa WUC, Rre Thatayaone Warona o tlhaloseditse banni ba Draaihoek gore ba nna fa go senang metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe. A re ditlhotlhomiso tsa baitseanape ba metsi di supa fa metsi a a bonweng a le ko tlase mme a ka nosa masome a mane fela mo lekgolong. Rre Warona a re maiteko a tsweletse go leka go ba tsisetsa metsi, a tlatsa ka gore go tsisa metsi mo sekgaleng sa masome a mararo a dikhilomethara ke namane e tona ya tiro e e tlhokang didikadike tsa madi. Mme e ne ya re ka 2019, ba kgona go bona madi a ba tlaa a dirisang go ba tsisetsa metsi go tswa ko Werda.
society
9
Seemo sa metsi se ile masweng
Baagi ba kgaolo ya Madiba 14 kwa motseng wa Mahalapye, ba ikuetse ka seemo sa metsi se se ileng masweng kwa kgaolong ya bone. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Mahalapye Bophirima, Rre Bernard Bolele mo bosheng. Ba re lenyora kwa kgaolong ya bone le ba paledisa go tshela ba itekanetse, mme e bile go lebega kgaolo ya bone e le yone fela e tshabelelwang ke lenyora. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semente, o ne a kopa gore ba tsenyediwe tanka kwa kgaolong ya bone gore ba se nne le tlhaelo ya metsi, a tlatsa ka go re tanka ya metsi e e neng e beilwe kwa kgotleng, go thusa letlhoko la metsi ke ba koporase ya metsi, e ne ya gosomana ya bo ya phatlogana ka bogare. Rre Semente o ne a re morafe o a nyelela ke lenyora mme a kopa gore go tsewe kgato ka bofefo. O ne gape ba ikuela gore ditsela tse di kwa kgaolong ya bone di tshelwe sekontere ka di ba bolaisa lorole, lo a bealelang gore ke lone lo bakelang baagi ba kgaolo eo malwetse a mahatlha gammogo le bolwetse ba kgotlholo e tona. Rre Bolele o ne a tlhalosa gore kgaolo ya Madiba 14, e mo thotaneng, mme ke ka moo metsi a nnang bonya go goroga kwa go bone ka bontsi. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa go re ba koporase ya metsi ba sa ntse ba tshwaragane le namane ya tiro go tsenya diphaepe tse ditona, tse di tlaa kgonang go isa bokete jwa metsi a mantsi jo bo kwa godimo. O ne a solofetsa gore e tlaare mo bokhutshwaneng, baagi ba bo ba tsenyeditswe tanka e nngwe ya metsi, go ba namola mo lenyoreng. Mopalamente o ne a kgalema barui ba ba senyang diphaepe tsa metsi, go nosa leruo la bone, a re go dira jalo go busetsa ditirelo tsa puso kwa morago. Mopalamente o ne lekodisa baagi ka dikgang tsa palamente e e fetileng, a bo a tsaya maele le megopolo, go e isa kwa palamente e e tlang. O ne a tlhalosetsa morafe ka thuso ya babueledi ba puso, le gore palamente a tlaa gasiwa ka botlalo mo BTV, a bo a o tlhagisa ka bodiphatsa mabapi le mogare wa HIV le bolwetse jwa Aids, jo bo tsweletseng ka go fetsa setshaba. Rre Bolele o bile a kopa Batswana go tswelela ba rapelela pula, go ikwadisetsa ditlhopo ka bontsi, le go aba madi a mmele. BOKHUTLO
politics
7
Kebuang o itshetsa ka go loga diphate
Batswana ba tsweletse ka go tla ka methale ya go inamola lehuma. Mongwe wa bone ke Mme Golelamang Kebuang wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa kgotla ya Mmamokhasi kwa Kanye. O boletse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya diphate ka 2013 morago ga bona di dirisiwa thata mo manyalong mme a di kgatlhegela. A re o ne a ithuta go loga diphate ka go dirisa dipaente tsa mashi le masang. Mme Kebuang a re fa a simololga go di dira, o ne reka masang kwa kokelwaneng, mme a dirise molora, jik kana handy handy go tlhatswa dipaente le dikgetsi pele a simolola go di loga. A re phate di rekiswa ka ditlhwatlhwa tse di farologaneng jaaka P300, P250 le ya P200 go tswa ka bophara jwa tsone. O ne a tlhalosa fa diphate tseo, di ka alwa mo bolaong, fa pele ga ntlo go ikhutsa, go diriswa kwa masimo go anega dinawa gareng ga tse dingwe. A re kgwebo e mo thusitse go ithekela dipitsa, mateise le dijo tota. A re dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo di akaretsa go tlhoka lefelo le a ka bayang diphate teng ka jaana di jewa ke dipeba, go sa bonaleng ga masang le gone go tlhoka go duela sentle ga bareki bangwe. A re o tsweletse ka go ruta bana ba gagwe gore a ba tlogelele boswa a tlatsa ka gore le motswana mongwe le mongwe yo o eletsang go ka ithuta o ka mo ruta. O ne a kopa thotloetso ka jaana a santse a tlhoka ntlwana e a ka bayang teng mo go yone, a bolela fa a eletsa go bona Batswana ba inaakanya le kgwebo e ka dipalo tse di kwa godimo.
economy_business_and_finance
3
A bana ba fiwe sebaka sa go ithuta maranyane
Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo kwa Bobonong, Rre Boitumelo Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go ithuta dikhompurata tse di kwa mmolong wa Bobonong. Rre Kgosietsile o tlhaloseditse O tlhalositse fa ba ne ba itshwaraganya le baithuti ba sekole sa tiro ya diatla sa Bobonong Brigade ba ba neng ba aga lefelo le dikhompurata di nnang teng kwa mmolong wa Bobonong. A re bana botlhe ba Bobirwa ba ka etela lefelo leo go ithuta go di dirisa. Rre Kgosietsile o boletse fa lekgotla la Stepping Stones International go tswa kwa Mochudi le itebagantse le go sireletsa le go tlhabolola matshelo a bana mo lefatsheng. O tlhalositse fa lekgotla le, le abetse kgaolo ya Bobirwa dikhomputara tse ka maikaelelo a go ruta bana ba ba nnang mo dikgaolong go dirisa maranyane. A re lekgotla le, le tlhalositse fa le setse le abetse dikgaolo di fera bongwe dikhomputara mme le tlaa tswelela ka go abela dikgaolo tse dingwe nako e tsweletse gore bana ba ba nnang kwa dikgaolong ba seka ba salela kwa morago mo go ithuteng go di dirisa. Rre Kgosietsile o boletse fa ba setse ba thapile moithaopi wa Tirelo Setshaba yo o thusang bana go ithuta go di dirisa gammogo le go ela tlhoko fa ba di dirisa sentle. A re ba tlaa ikgolaganya le ofisi ya banana le khansele potlana ya Bobirwa go ba batlela motho wa se nnela ruri yo o tlaa bong a theogelela kwa lefelong leo. O boletse fa bontsi jwa bana ba tshologela kwa lefelong le mo tshokologong mme go tlhokega motho yo o ka theogelang ka nako tsotlhe gore bana ba kgone go ithuta ka tshosologo. Rre Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go etela lefelo le, go ithuta go dirisa dikhomputara. A re batsadi ba ele tlhoko mesepele ya bana go tlhomamisa fa ba tswa mo lwapeng go etela lefelo go na lego tsamaya baya go dira ditiro tse di sa eletsegeng.
education
4
Mosele wa pula o epiwa go sale gale
Batsadi ba kopilwe go jwala dikakanyo tsa boleng mo baneng ba bone. Se se builwe ke mongwe wa batsadi Rre Moshe Seloko fa a rotloetsa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Molopo kwa kgaolong ya Borwa. Rre Seloko o ne gape a ba ruta ditsetlana tse di botlhokwa tse ba ka di jwalang mo baneng ba bone go tokafatsa maduo a ditlhatlhobo. Rre Seloko o gakolotse batsadi gore go botlhokwa gore ba nne fa fatshe le bana ba bone go bua ka bokamoso jwa bone. A re go botlhokwa go bontsha ngwana tsela a sale mmotlana ka se se tla mo ruta gore a nne le dikakanyo tse di tla fetogang mekgwa e e siameng. O gakolotse batsadi go kgothatsa bana ba bone gore ba nne le lerato mo barutabaneng ba bone ka se se ka ba thusa gore banne le isago e e siameng. Rre Seloko o tlhalositse gore fa batsadi ba sa tseye kgato ya go bontsha ngwana monate wa go goroga kwa a yang teng ga gona se se ka diragalang. Mongwe wa baithaopi ba ba dirileng gore thutuntsho e ya batsadi e diragale, gape a kile a tsena mo sekolong se Rre Booysen Speek o tlhalositse fa ene le baithuti ba ba nnileng bantlha go fetsa dithuto tsa bone ka ngwaga wa 1987 kwa sekoleng seo, ba ne ba bona go le maleba go thusa go tokafatsa seemo sa maduo a a sa nametseng a sekolo seo. O tlhalositse fa setlhopha se ba ipitsang setlhopha sa Molopo sse ne sa ya kwa sekolong seo go botsa ka letlhoko la sekolo. O tlhalositse fa mogopolo wa go direla batsadi ithutuntsho e le yone leano lantlha go leka go thusa sekolo sa bone se a tlhalositseng fa se sa dire sentle. O gakolotse batsadi gore go botlhokwa go tshwaraganela tiro ya sekolo le barutabana. Rre Speek o tlhalositse fa se e le sebaka sa ntlha go thusa sekolo mme a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba thusa gore maduo a sekolo a nne botoka. Mogokgo wa sekolo se Mme Connie Kabasia o tlhalositse fa maduo a sekolo a sa jese diwelang. O buile gore ga gona tirisanyo mmogo ee lebaneng le batsadi. O tlhalositse fa a santse a ngomolwa pelo ke batsadi ba ba sa tseyeng botsogo jwa bana tsia. Mme Kabasia a re go na le batsadi ba ba iletsang bana go tsaya ditaelo tsa bongaka mme se se thusa mo go direng gore maduo a wele kwa tlase ka bana ba felela ba nna bokowa. O kopile batsadi go ba thusa mo go rotloetseng ngwana go itse botlhokwa jwa kalafi le bongaka. O tlhalositse fa maitlamo a go pasa ga ngwana e se a ga mogokgo le barutabana fela. Bontsi jwa batsadi bo ne jwa lebogela dithuto tse mme ba dumalana gore go thusa go godisa le go bona bana gore ba ithuta sentle, ba tlaa kopa gore thotloetso e tshwana le ya ga Rre Seloko e dirwe thata kwa dikolong tse di botlana go thusa gore bana ba betlege sentle. Ba ikiteile ka thupana gape gore ba tla bua le bana kwa lwapeng,mme ba kopa le gore borre ba tseye kgato ya go tla bokopanong le go tsenya letsogo mo go o ruteng ngwana.
education
4
Banni ba rotloediwa go reka diabe
Banni ba Kubung le Kumakwane ba rotloeditswe go reka diabe tsa khamphani ya megala ya BTCL. Mafoko a, a boletswe ke tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi ya Thamaga-Kumakwane. O kopile Batswana go tsaya bukana ya e e buang ka diabe tsa BTCL kwa polokelong ya Barclays le mo mabentleleng a Choppies. Mogolwane go tswa kwa a BTCL, Rre Papiso Makwati, o ne a tlhalosa fa ba simolotse go rekisa diabe kgwedi eno e le lesome le bongwe, ka jalo go tsenya ikopelo ya go reka diabe go tlaa tswelela go fitlhela kgwedi ya Mopitlo e tlhola gane. Rre Makwati o tlhalositse fa seabe se le sengwe e le P1 mme ba simolola ka diabe di le sekete go ya kwa godimo, mme madi a a fa godimo a balwa ka makgolo. O tlhalositse fa go tlhokafala gore moikopedi a tle ka Omang o o rurifaditsweng, a bo a tla le madi le gone go tlatsa fomo mme ba e ise kwa polokelong ya Barclays. Fa ba tswa la bone, banni ba Kumakwane ba ne ba tlhalosa fa ba ntse ba na le mathata a matona a metsi dikgwedi tse lesome tse di fetileng, mme ba tlhalositse fa seemo se le botoka mme se ise se fetoge motse otlhe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Toitoi, o tlhalositse fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se sa bone metsi gotlhelele, gape ba kopa go agelwa sekole se sengwe se sebotlana ka jaana seo se na le bana ba feta makgolo a robabongwe. O supile gape fa ba kopa go okelediwa matlwana a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Kumakwane le one a boroko jwa barutabana. O tlhalositse gape fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se tlaa bo se ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ka kgwedi ya Lwetse fela jaaka lefatshe leno. E ne erile a amogela baeng Kgosi Chomi Seboni, a tlhalosa fa ba sale ba solofediwa kokelo mme nako kgolo ke eno, a bo a supa matshwenyego a bana ba ba ikgapelang botshelo ka ntlha ya marato. Erile a ba kgwa kgaba, tona Mabeo a tlhalosa fa a buile le tona wa tsa metsi Rre Kitso Mokaila, mme a solofeditse gore ba tlaa leka go fetola ka fa go gogiwang metsi ka teng kwa tankeng ya Gabane, gore e seka ya re fa go na le mathata a bo a ama metse e mengwe.
economy_business_and_finance
3
‘Badirela puso ba adima tshwene marapo’
Banni bangwe ba Maun ba supile ka monwana badirelapuso bangwe ba re ke bone ba phirimisang ditoro tsa go fitlhelela tebelopele ya lefatshe ka boitseme jwa bone. Banni ba re bontsi jwa bodiredi jwa puso bo adimile tshwene marapo ka ba sa fe morafe ditlamelo jaaka go solofetswe. Ba ikuetse jalo fa lekoko la tebelobele ya 2036 ba ne ba etetse banni go tsaya megopolo ya gore go ya pele ba eletsa lefatshe leno le ka fitlhelelang. Ba ne ba tlhalosa fa kgaolo ya bone e saletse morago mo ditlhabololong ka ntlha ya bodiredi jo bo gogang dinao mo tirong mme ba kopa gore go ya pele puso e beye sekale sa bodiredi jwa tlhotlhwa. Banni ba re mafatshe a mangwe a gatetse pele ka jaana bodiredi jo bo sa ntsheng maduo bo kobiwa mo tirong fa mono puso e thubile kobo segole fela. Batsadi bangwe ba ne ba lela ka ofisi ya banana ba re bana ba botabota koo go ikopela mananeo mme ga go nko e e tswang lemina. Ba supile fa banana bangwe ba tsere boitlhobogo e bile ba lwela ditiro tsa Ipelegeng le bagolo. Mongwe wa banni yo e bileng e le monana, Mme Olebogeng Jane o ne a bua a sa kgale mathe ka mananeo a puso a a diretsweng go ba namola mo lehumeng a re go thata go ka a akola ka ntlha ya ditsamaiso. O kopile puso go tlhofofatsa ditsamaiso gore mananeo ao a ntshe maduo a a solofetseng a tlatsa ka gore banana ka bontsi ba gobeya mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Mme Jane o ne a supa gape fa kgaolo ya Ngamiland e le ya bojanala ka jalo e tshabelelwa ke ditiragalo tsa borukutlhi ka ntlha ya diphologolo mme a kopa gore go ya pele, puso e leke ka bojotlhe go okeletsa ba sepodisi ditsompelo ga mmogo le bodiredi. E ne ya re a ntsha megopolo ya gagwe, Rre Boitshoko Balekile a ngonorega ka go runya ga dikereke a supa fa kgwedi le kgwedi go simololwa kereke e ntsha. O kopile puso go tsenya kgang eo leitlho a re palo ya dikereke e tshwanetse go fokodiwa. Mme Endani Chombo ene o ne a supa fa puso e sa fitlhelela tebelopele ya 2016 ka jaana ditlhopha dingwe jaaka banana, ba-na-le-bogole bogolo jang ba ba kwa dikgaolong ba ne ba sa akarediwa. O kopile gore jaaka go baakanyediwa tebelopele ya 2036 e akaretse batho botlhe le ba ba kgakala le ditlamelo tota. Mme Peggy Ramaphane ene o ne a kopa gore go atolosiwe makgotla tshekelo a supa fa mo kgaolong ya Ngamiland ba na le tse pedi fela mme kgaolo e le bophara. A re seemo seo se felela se pateletsa magosi go dira tiro e e sa ba lebaganang ba leka go fokotsa mosuke wa dikgang. A re go botlhokwa gore makgotla a ditsheko a atumediwe kwa bathong gore dikgang di rarabololwe ka nako. Mme Ramaphane o ne a supa gape fa kagolo ya Bokone Bophirima e le ya bojanala mme bo sa sologele benggae molemo. A re bontsi jwa benggae ba thapilwe mo dikampeng kwa ba nnang dikgwedi di le tharo ba sa kopane le ba malwapa a bone. O tsweletse a re seo se baka mathata kwa malwapeng ka mangwe a thubega fa bana le bone ba gola ba sena bokaedi jwa batsadi ka ba sa nne le bone. A re seo se ama le yone thuto ya bana. Mme Ramaphane o kopile gore mo tebelopeleng ya 2036, go netefadiwe gore benggae ba nna le seabe mo bojanaleng e seng go bereka ditiro tse di kwa tlase fela. E ne ya re a ba kgwa kgaba, moeteledipele wa lekoko la tebelopele ya 2036, Lt. Gen. Tebogo Masire a tlhalosa fa megopolo ya bone e amogetswe e bile ba tlaa dira pego e e tlaa neelwang bogogi jwa tebelopele. O ne a supa fa megopolo ya bone e tshwana le ya banni ba dikgaolo tse dingwe bogolo jang ya go tokafatsa botsogo, thuto le ditirelo. Lekoko leo le tlaa tswelela le tsaya megopolo ya banni mo metseng e tshwana Shorobe, Makalamabedi, Sehithwa, Tsau mme le tlaa fetela gape kwa metseng mengwe e e mo kgaolong ya Okavango
politics
7
Mosimane o bakile kotsi ya koloi
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi a tlhokafetseng morago ga go amega mo kotsing ya koloi e e diragetseng mo tseleng ya Nswazwi sekgelenyana go tswa mo tseleng ya Tutume/Francistown. Mothusa mogolwane wa mapodisi a Tutume, Assistant Superintendent Sesetse Mashonja o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Tshipi maitseboa fa mokgweetsi wa yone a ne a latlhegelwa ke taolo fa tsela e sekamang teng. Assistant Superintendent Mashonja o ne a tlhalosa fa koloi eo e ne e na le bapagami ba le batlhano go balelwa le mokgweetsi mme ba bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana tse ba di alafetsweng kwa kokelong ba bo ba gololwa. O tsweletse a bolela fa mokgweetsi wa koloi eo ele mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro a sena setlankana ka ebile le dingwaga tsa gagwe di sa moletle go ka nna le sone. O ile a tlhalosa fa mosimane yoo a sa tshegediwa ka go lebilwe dingwaga mme a neetswe batsadi ba gagwe le baboipelego go thusa ka go mo sidila maikutlo le go mmaya leitlho. Setopo sa mme yoo tlhokafetseng se kwa setsidifatse sa kagiso go tlhatlhobiwa ke dingaka. Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Mashonja o boletse fa ba tshwerwe rre Charlot Ndlovu yo o ntseng a batliwa tebang le go tlola taolo ya lekgotla la ditsheko la go sa ipegeng kwa mapodisi jaaka a ne alaetswe(bail)ka molato wa polao ya motho mme e re a santse a sa iponatse jalo ga bolelwa fa e le mmelaelwa mo tiragalong nngwe ya polao ya motho e e diragetseng ka Mopitlo monongwaga. Assistant supt Mashonja o ne a tlhalosa fa Ndlovu yo o tlholegang kwa Plumtree kwa Zimbabgwe ba ne ba le mo patlong ya gagwe mabapi le melato ya go bolaya, a leboga setshaba go amogela mokgosi wa bone mme ba kgona go tshwara selalome seo ka thuso ya bone. O ne a tlhalosa fa rre yoo a isetswe fa kgolegelong go ya go letlela tsheko teng.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Banni ba xere ba tshologetse letsatsi la tsa boitekanelo
Modiri mo go tsa boitekanelo mo komponeng ya Orapa/Letlhakane Mines, Rre Andrew Inambao a re go itshidila mmele ke konokono mo matshelong a batho ka gore go ka thibela go tsenwa ke malwetse a a farologanyeng. Rre Inambao o buile jaana kwa letsatsing la tsa boitekanelo le le neng le rulagantswe ke badiri ba moepo wa Debswana go tswa mo lephateng la tsa itshireletso kwa Xere bosheng. Banni ba Xere ba ne ba tshologela letsatsi le ka dipalo tse di kwa godimo go tla go itshidila mmele le go anywa go le gontsi mo baitseanapeng ba ba farologanyeng ka tsa botsogo. Rre Inambao o tlhalositse fa botlhokwa jwa go tshwara letsatsi le le kgethegileng le, e le go leka go lwantsha malwetse ka go farologana a akaretsa a a sa tshelanweng a thswana le bolwetse jwa sukiri, madi a matona, kankere le a mangwe. A re ba bone go tshwanela gore ba tle go tlhola le banni ba Xere go tla go amogana le bone ka tsa botsogo le go ba rotloetsa go dirisa ditlamelo tse di leng teng go itlhathobela malwetse a a farologanyeng gore ba bone thuso nako e le teng fa go tlhokega. Rre Inambao o ne a rotloetsa banni gore ba ele tlhoko dijo tse ba di jang. A re ba je mo go tshwanetseng mme e bile ba itekanyetse. O ne a tlhalosa fa ba bongaka ba dumela gore dijo tse di lekaneng motho e le tse di felelang mo letsogong. Ka jalo a re go ja mo go feteletseng go ka baka mebele e metona e e ka bakang one malwetse a tshwana le jwa kankere le sukiri. O ne gape a kopa banni gore ba je dijo tsa Setswana ka di aga mebele, a tlhalosa fa go tswaakanya dijo le gone go le botlhokwa mo mebeleng. Rre Inambao a re banni ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba nwa metsi, a supa fa go le gantsi batho ba anwa metsi fela fa ba tshwerwe ke lenyora mme a re ga go a siama ka go supa fa ba a bo ba fetisitse nako e ntsi ba sa nwe metsi. O ne a supa gape fa mmele o diretswe go itapolosa go itsa matshwenyego a tsa megopolo, mme a supa fa motho a ka itapolosa mo dioureng tse thataro go ya go tse di robang babobedi. O rotloeditse banni gore ba nne ba tswelele ba itshildile mebele le mo boseong jwa ba botsogo go netefatsha gore ba nna ba itekanetse, a afa sekai ka mogwanto o ba neng ba o tseneletse a re ke nngwe ya ditsela tsa itshidilo. Mmaboitekanelo wa Xere, Mme Baitshephi Gosenyamang ene a re le fa a gakolola batho ka se ba se itseng, go botlhokwa go tlhokomela mmele go itsa malwetse a letlalo. O tlhalositse gore mmele o tshwanetse wa tlhapiwa mo go tshwanetseng ka go ama dikarolo tsotlhe ka metsi a a nang le molora go tswa kwa tlhogong go ya kwa dinaong. A re go tlhapa legano le gone ba seka ba go ikgatholosa ka go na le ditlamorago tsa go tlhoka go le tlhokomela ebong malwetse a legano, a tlhalosa fa bana ba tshwanetse ba rutwa ba le bannye go tlhokomela mebele ya bone. Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Eric Sekausu ene o ne a leboga babereki ba moepo wa Debswana, a re motse wa bone o kgakala le ditlamelo mme fa ba ntse ba ba etela jaana, ba a nametsega ka go supa ba sa ba lebala. O tlhalositse fa ba amule go le gontsi mme e bile ba tlaa itshidila mebele ka metshameko e e farologanyeng. A re bana le bone ba tlaa tsaya malebela ba gola ba itse fa go itshidila mmele go le botlhokwa. BOKHUTLO
health
6
Setlhopha se tsosolosa mmino wa Sebirwa
Lefatshe la Botswana le na le mmino wa setso mme o farologana ka merafe. Mmino wa Tsutsube o tlholega kwa kgaolong ya Kgalagadi,Phathisi yone e tlholega kwa Kweneng le Setapa kwa ga Ngwaketse,Hosana kwa Bokalaka,Diware kwa kgaolong ya Bokone Bophirima,Sebirwa kwa Bobirwa le Polka e e tlholegang kwa Kgalagadi e e simolotseng go tuma e bile go supa fa e tlaa nna mmamoratwa mo lefatsheng leno. Mebino e tshwana le Sebirwa, Diware, Hosana le Polka ga e a anama thata le lefatshe leno jaaka mmino wa Setapa,Tsutsube le Phathisi e yone e setseng e binwa ke merafe yotlhe mo Botswana. Re tlare ke dipitse ke setlhopha sa mmino wa Sebirwa se se tlholegang mo Bobonong. Setlhopha se, se itlamile go netefatsa seane se se reng Re tlare ke dipitse re bona ka mebala ka go batla go bona Babirwa ba lemogwa fa e le Babirwa ka ngwao ya bone. Se bopilwe ka ngwaga wa 2002 e bile se na le maloko a le lesome le botlhano. Re tla re ke dipitse e setse e kile ya lalediwa go diragatsa kwa lefatsheng la China, Swaziland, Zimbabwe le South Africa. Re tla re ke Dipitse e eteletswe pele ke Rre Godfrey Maake, yo gape e leng modulasetilo wa lekgotla la Ngwao Loshalaba le le okametseng ditlhopha tsa mmino wa Setso mo Botswana. Setlhopha se, sa re se ikaelela go anamisa mmino wa Sebirwa le lefatshe leno ka bophara gore o itsege jaaka mmino wa Phathisi, Tsutsube le Setapa e e kgonneng go anamela kwa merafeng yotlhe ya lefatshe leno. Rre Godfrey Maake o tlhalositse fa mmino wa Sebirwa o gomagomediwa ke go nyelela fa o ka se salwe morago go bona gore o ka tsosolosiwa jang. Rre Maake a re setlhopha sa gagwe se kile sa bo se bina mmino wa Tsutsube,Phathisi le Setapa mme ba ile ba tsaya tshwetso ya go tlogela mebino e, mme ba itebaganya le mmino wa morafe wa bone wa Sebirwa ka maikaelelo a go thibela mmino o go nyelela. A re, e sale dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tse di rotloetsang ngwao le bodiragatsi tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga di simologa, setlhopha sa gagwe se tseneletse dikgaisano tse morago ga gore mmino wa Sebirwa o akarediwe mo dikgaisanong tse. O tlhomamisitse fa setlhopha se, se phadisana le tse dingwe mo mminong o e bile se aga se gapa maemo a ntlha ngwaga le ngwaga. Rre Maake o boletse fa mmino wa Sebirwa o tshwanetse go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno gore merafe e mengwe e kgone go o ithuta mme le bone ba simolole go o bina fela jaaka mebino e mengwe e e tlholegang kwa Ngwaketse, Kweneng le Kgalagadi e kgonneng go anama le lefatshe leno mo e setseng e binwa ke merafe yotlhe ya lefatshe leno ka bophara. A re Babirwa ka kakaretso ba tshwanetse go ema mmino wa bone nokeng gore o seka wa nyelela. O kgothaditse banana ba kgaolwana ya Bobirwa go inaakanya le ditlhopha tsa mmino wa Sebirwa gore ba kgone go ithuta mmino o. A re setlhopha sa gagwe se dira bojotlhe go bona gore mmino o, o anamela kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno ka go ithaopela go ruta mongwe le mongwe yo o eletsang go ithuta mmino o ntleng le dituelo. Rre Maake o kgothaditse ditlhopha tse dingwe tsa mmino wa Sebirwa ebong, Sebada, Sekgobokgobo, Retekgeng, Mpha Mpha tsa kgaolo e go tswelela ba tshegeditse mmino o, go dira gore o tswelele o le teng mme ba o fetisetse kwa dikokomaneng tsa Babirwa tse di tlaa salang di tshegeditse mmino o mo metseng ya kgaolo e. Mongwe wa bagolo ba kgaolo ya Bobirwa, Mme Lorato Olebogeng o tlhalositse gore o eletsa fa mmino wa Sebirwa o ka somarelwa le go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe gore o kgone go anama fela jaaka mebino e mengwe ya setso e e tumileng ya lefatshe leno. Mme Olebogeng a re, Babirwa ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase go somarela mmino o, ka merafe e mengwe e tsweletse sentle ka go somarela mmino wa setso sa bone, ka e bile mmino le kapari di tlhalosa letso la motho botoka.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Bagwebi ba rotloediwa go ipapatsa
Bagwebi ba kgaolo ya Bobonong ba rotloeditswe go tla ka methale e ba ka ipapatsang ka yone gore dikgwebo tsa bone di itsege. Fa a bua mo dithuto-puisanong tsa letsatsi, mogolwane mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Bobonong, Rre Matlhomola Kebifetswe o kopile bagwebi go ntshetsa dikgwebo tsa bone mo pontsheng gore baji-bareki ba itse kwa di ka bonwang teng. Rre Kebifitswe o supile fa maikaelelo magolo a bokopano jo e le go buisana le bagwebi ka go tla ka methale e ba ka e dirisang go bapatsa dikgwebo tsa bone. O kopile bagwebi go dirisa methale e tshwana go dira dikarata tsa ipapatso (business cards). Rre Kebifetswe o kopile bagwebi go tsibogela dipitso tsa lephata segolong jang fa ba kopa go tla diphuthegong. O supile fa banana ba bagwebi, segolo jang e le bone gantsi ba nnang maoto a tshupa fa ba kopiwa go tsena diphuthego. A re banana ba bagwebi ba tsaya nako e ntsi ba dira ditiro di sele eseng tse di itebagantseng le dikgwebo tsa bone. O supile fa e rile ngwaga o o fetileng ba thapile komiti e e itebagantseng le go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle. Fa a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti e e tlhokometseng bagwebi mo Bobonong Mme Bogadi Sanoto o kopile bagwebi gore ba seka ba itlhoboga segolo jang fa dikgwebo di sa dire sentle. Mme Sanoto o kopile maphata a a thusang bagwebi ka madi gore ba dire dithutuntsho pele fa ba neela bagwebi madi go simolola dikgwebo. O supile fa maphata a a neelang dithuso tsa madi a tshwanetse go thapa batlhokomedi go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle.
economy_business_and_finance
3
Makgotla a Setswana a aba melora
- E ne ya re ka Mopitlo 22, ba ofisi ya makgotla a Setswana kwa Letlhakeng ba abela ba lelwapa loora Selelo kwa Kaudwane dilwana tsa itshetso tsa mo lwapeng di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang, ditlolo le tse dingwe e le tsela nngwe ya go supa fa ba kgathalela bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane a tlhalosetsa ba lelwapa leo fa ba le lesego gareng ga boidiidi ka jaana ba lephata leo ba kgonne go nopola bone magareng ga bontsi jo bo tlhokanang le thuso eo. O ne a boa a leboga lephata leo go gopola motse wa gagwe, mme a re seo se tshwanetse ka jaana lephata leo le aname mme go sena motse o le seong kwa go one, mme a kopa baabelwa go dirisa dilwana tseo ka kelelelo. Kgosi Segwaba o ne a kopa jalo ka jaana a re go setse go tlwaelesegile mo motseng oo gore batho ba ba thusiwang ka dithuso tse di farologaneng ba di dirisa botlhaswa mme di felele di sa ba solegela molemo jaaka baabi ba tsone ba ne ba solofetse. A re botlhaswa joo bo akaretsa go di rekisa, mme e bile e le ka madi fela a a kwa tlase mme a re go dira jalo go kgatlhanong le mowa wa setho o baabi ba a bong ba aba ka one. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kaudwane, Mme Esther Maotwanyane le ene o ne a supa boitumelo go bo ba lephata la makgotla a Setswana le abetse lelwapa leo. O ne a supa fa bana ba lelwapa leo ba sa tsene sekole sentle ka ntlha ya letlhoko, mme a re tsholofelo ke gore jaanong seemo seo se tlaa tokafala. Mme Maotwanyane o ne gape a kopa banni ba Kaudwane gore kabo eo e nne kgwetlho mo go bone gore le bone ba ititeye ka thupana go thusa bangwe-ka-bone ba ba dikobo dikhutshwane. Modulasetilo wa komiti ya itshidilo ya lephata leo, Mme Naomi Banyatsi o ne a tlhalosa fa ba ne ba remelela thata mo go abeng dilwana tseo ka jaana ba ne ba lebile bogolo jang bana ba sekole ba ba mo lelwapeng leo gore ba kgone go tlhapa sentle ba ya sekoleng. A re seabe seo sa bone e ne e le tsela nngwe ya go imolola lephata la boipelego ka jaana e le lone le rweleng mokgweleo wa go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane. Mme Banyatsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le lephata e ne e le go thusa bontsi mo motseng oo, mme a re se setona ke gore ba ne ba ikanapa dipata e le babereki. Lelwapa leo le na le bana ba ka feta lesome mme bontsi jwa bone bo dule mo sekoleng. BOKHUTLO
society
9
Kgosi Kgagodi o tsosolosa ngwao
Kgosi Moriti Kgagodi wa Kgagodi o dumela gore tsosoloso ya ngwao e ka dira go le gontsi go tsisa ditlhabololo. Kgosi o buile mo potsosolotsong gore o tlhabile mokgosi go bitsa mophato wa gagwe wa Maloma-kgomo le wa bomogolowe wa Marema-ka-chaka go tla go aga lesaka la Kgotla sesha. Mophato wa Maloma–Kgomo ke wa makau a a tshotsweng magareng ga 1976 go ya kwa go 1980 fa Marema-ka-Chaka e le wa ba 1970 go ya kwa go 1975. Pitso e ya kago ya lesaka e tsile morago ga gore madi a a neng a abetswe ditlhabololo a tlhaele go akaretsa tsotlhe tse di tlhokang go tlhabololwa mo motseng, ka jalo a bona go le maleba go kopa mo morafeng wa gagwe go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse ka puso e leka ka bojotlhe mme e sa kgone go ka dira tsotlhe ka nako e le nngwe. Kgosi o tlhalositse fa lesaka leo le tlaa agwa ka mapako a a tswang mo dikgotlaneng tsa motse di le lesome le motso. “Tlhabololo ya lesaka la kgotla e maleba ka gore tota ga le a tshwanela gore le bo le le mo seemong se le mo go sone mo nakong ya gompieno, le tshwanetswe ke go tlhabololwa ka tlhoafalo ka le robetse magosi a pele e leng Kgosi Malokwane Phalalo le ngwana wa gagwe e bong Kgosi Tantsho Malokwane. Go a re tlama re le morafe go baakanya lesaka go supa tlotlo mo go bone,” Kgosi Kgagodi a tlhalosa. Go tswa ka moono wa go bitsa mephato, kgosi o kaile fa a ne a ile mophatong wa ga kgosi kgolo wa Bangwato kwa Serowe ka 2011 le ba bangwe ba bagolwane mo go ene mo motseng. A re ba ne ba fiwa leina la Maloma-kgomo fa ba bagolwane ba ne ba fiwa la Marema-ka-Chaka. Kgosi o tlhalositse gore maina a mephato e a kaya go bereka ka natla go direla merafe le go ba sireletsa. Mo pitsong ya mephato ya balekane ba gagwe le ba bagolwane, kgosi a re ke yone nako ya gore a ba rolele leina la mophato wa bone ka go setse go le lebaka a tswa mophatong a bo a ntsha tiro e ba tshwanetseng go e direla morafe wa Kgagodi. O boletse fa e se botlhe ba ba teng ka jaana bangwe ba faletse le lefatshe ba le mo patlong ya mafulo a matalana. Kgosi o kaile fa tiro eo ya go aga lesaka, e tlaa tshwaraganelwa ke ba ba teng mo motseng le ba batlaa utlwang mokgosi wa gagwe. “Ke ne ke eletsa gore ba ba sa kgoneng go ka bonala ka nako ya tiro mabapi le go tshwarega ka tsa mebereko ba ka thusa ka se ba ka se kgonang gore go nne le dijo tsa baba tlaa bong ba le mo tirong ka gore tsie e fofa ka moswang,” kgosi a itela mo morafeng. Kgosi o netefaditse fa a ntshitse taolo ya gore molaetsa o anamisiwe ka maranyane a “Ke dumela gore bana ba motse ba tlaa tshologela tiro e, ba ba sa kgoneng go iponatsa ke dumela gore batlaa thusa ka fa ba ka thusang ka teng go isa motse wa bone kwa pele,” ga tlatsa kgosi. Kgosi o supile fa dikgosi tsa dikgotlana tsa motse di mo eme nokeng ka tiro e a e dirang ya kago ya lesaka la kgotla, go itsese mephato maina a bone, go tsosolosa ngwao le go rotloetsa tirisanyo mmogo le tshwaragano. Kgosi Kgagodi o kopa botlhe banni ba motse wa gagwe, go mo ema nokeng le go mo tshegetsa mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse. O kopile gape gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go emela dipitso tsa mephato ka dinao.
environment
5
Puso e tlaa rarabolola tlhaelo ya metsi
Mopalamente wa kgaolo ya Nkange e bile e le tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu a re puso e tsere tshwetso ya go ketlola botlhano mo lekgolong mo mading a a neng a abelwa maphata ka nako ya kgaoganyo ya madi a setshaba go a neela lephata la metsi go a dirisa go araba selelo sa letlhoko le tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno. Rre Batshu o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dagwi, Changate le Maitengwe kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro. A re Batswana ba ntse ba lela ka letlhoko la metsi, diphaephe tse di dutlang, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso ya metsi le go baakanya metswedi ya metsi. O tsweletse a bolela fa didiba tsa Maitengwe tse di nosang kgaolo eo tse di lesome le bobedi go bereka tse di lesome fela, tseo tse di berekang go feta selekanyo mo di felelang di goga metsi a a letswai a a felelang a thiba diphaephe ka di nna di sa katololwe mme tse pedi di wetse kana di katiegetse. A re ka madi ao go solofetswe go tokafatsa seo le go gokela diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa Ntimbale. Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e sa tswang go wela beke e e fetileng, o ne a bolela fa palamente e amogetse melao kakanyetso e le lesome le boraro mo go e e lesome le bosupa e e neng e beilwe palamente pele. O tlhalositse fa molao wa maloma tsebe, wa go fa ba lephata la khiro dithata tsa go sekisa le go atlhola ditsheko le wa paakanyo ya molao wa ditlhopho e le mengwe ya melao e e neng ya fetisiwa mme e emetse Tautona go e baya monwana gore e tsene mo tirisong. Rre Batshu o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore re ba ba tlaa tlolang molao e re ba neelwa kotlhao ba bo ba na le kitso ka melao. Gape o ile a supa fa palamente e sa kgona go buisana ka lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe mme le tlaa akarediwa mo palamenteng e e tlang ya Ngwanaatsele.O boletse fa e tlaa re ka letsatsi la boipuso, Tautona a sena go amogela molelo wa kgolagano o tlaa rebola bukana ya tebelopele ya setshaba ya 2036 gore Batswana ba tle ba bone gore e ba tsholetse eng. Kwa Changate le Dagwi ba ne ba lela ka ditsela tse di le kgarapana tse ba boletseng fa di ba senyetsa dikoloi tsa bone. Ba tlhalosa fa gape fa ditsela tseo fa di gopiwa di sa tshelwe metsi le mmu, seo se pitikolole matlapa a a felelang a dira gore ditsela tseo di nne borai mo dikoloing tsa bone, a bolela fa ba tswa kgakala ba lela ka ditsela tseo. Ba ne gape ba lela ka dikoloi tse di rwalang balwetse mo metseng eo ka bobedi, ba re ba a sokola ba na le lebaka le le telele ba sena dikoloi tseo tsa balwetse. Kwa Maitengwe banni ba ne ba lela ka lephata la kabo ditsha, ba supa fa le fetogetse mogopolo wa gore go tlaa thijwa diphatlha tse di fa gare ga malwapa, ba bolela fa baikopedi ba bewa kwa lefelong le le senang ditlamelo.
politics
7
Metsi a betile bana kwa Shwakwe
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba basimane ba le bararo ba tlhokafetseng ba sena go betwa ke metsi kwa letamong la morafe kwa Shakwe. Mookamela mapodisi a District NO 16, Senior Superintendent Modisaotsile Bonang a re ba le babedi ba dingwaga di supa fa yo mongwe a le dingwaga tse some mme ke baithuti ba lekwalo la ntlha kwa sekoleng se sebotlana sa Shakwe. Rre Bonang o tlhaloseditse A re letsholo la go batla bana le ne la simolola mo tshokologong ya Labobedi, mme ka thuso ya sepodisi ba felela ba ntshiwa mo letamong tshokologong ya letsatsi le le latelang. Rre Bonang a re ba ne ba rurifadiwa fa ba tlhokafetse ke ba botsogo kwa kokelwaneng ya Sefhare. O tlhalositse fa bana bao ba tswa mo malwapeng a a farologaneng. A re ofisi ya sepodisi kwa Mahalapye e amogetse pego go tswa kwa mapodising a Machaneng mo mosong wa Laboraro gore bana ba le bararo ba Shakwe ba tsene ka ga re itse. O supile fa letsholo la go ba batla le ne la felela le tsamaetse ntlheng ya letamo la morafe la Shakwe kwa go neng ga fitlhelwa diaparo le dibuka tse di kailweng e le tsa bana ba ba sa bonweng. Rre Bonang a re se, se ne sa tsisa dipelaelo tsa gore bana bao ba ka tswa ba nwetse mo metsing. A re ka thuso ya mapodisi a a rutetsweng go thuma go tswa kwa Gaborone, mebele ya bana e ne ya felela e inolwa mo bodibeng jwa metsi mo tshokologong ya Laboraro. Ba le babedi ba tswa kwa kgotleng ya Mogothe fa yo mongwe a tswa Moduledi. Rre Bonang o supa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se bakileng dintsho tsa bana.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Lephata le abelana dithuto
Ba lephata la pereko le selegae e ne ya re bosheng ba tshwara letsatsi la go rutuntsha ba bereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng. E rile a amogela ba baneng tseneletse moletlo mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe Rre Mothusi Komane a tlhalosa gore mogare wa HIV o ko godimo mo toropong ya Selebi Phikwe mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro. O tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo gapa badiri mo ditirong ka go farologana mo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS. Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba santse bana le bothata jwa go ikamogela go re battle ba tswele mo pontsheng gore ba tle ba bone dithuso tsa bongaka. O kopile ba lephata la selegae le pereko go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le go ne go amogela ba ba amegileng go re le bone battle ba ikamogele. Erile a ema badiri, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mo Selebi Phikwe rre Othusitse Katlholo a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto –seka-dipuisano ya go nna jaana ka go supafetse fa go le ga ntsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong. Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana e Batswana ba nang nayo ya gore monna ke selepe e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS. O kgotlhaditse batsena thuto-seka-dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabo a nanalo. Rre Katlholo o supile go re kgodiso ya ngwana le yone e kanna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV, a re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka bonosi , a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutwa ditiro tse di farologaneng di tshwana go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela go tshwana fela le ngwana wa mosimane o tshwanetse go rutwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsana. A tswelelela ka go tlhalosa fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di boneng ka matlho go na le tse a di utlwang ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mme Charity Manyepedza o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go santse go na le kgethololo mo di ofising ka bophara. A re batho ba santse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letelesege mo motho a ka tseelwang dikgato tse di maleba. Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe a sa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba. Thuto-seka-dipuisano e ne e tshwaretswe kwa di ofising tsa pereko le selegae kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwaAIDS. Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS boilelwa jaaka motsetse. Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nno taging le go ne go dirisa dikauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaa diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go ditlodisa ka gope.Mme Ngewa o tlhalositse gore pele fa ba neela molwetse dipilisi ba moruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. BOPA
education
4
Baithuti ba ithuta go dirisa dibalamakgolo
Baithuti ba le masome matlhano ba alogile mo go ithuteng go dirisa dibalamakgolo kwa motlobong wa dibuka wa Letlhakeng. E rile a bua kwa kalosong eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Felicity Nyoni a tlhalosa fa tiro eo e le ya ntlha go diragala mo kgaolong ya bone, a tlhalosa fa ba itumetse ka tiro eo e atlegile. Mme Nyoni o tlhalositse fa ba tlaa tswelela ba alosa baithuti kwa motlobong oo, a supa fa mo Baebeleng e e boitshepo mo lekwalong la Bafilipi kgaolo ya ntlha, temana ya borataro e balega e re, Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa swetsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete. Mookamedi wa metlomo ya dibuka mo Botswana, Mme Chinnana Selolwane o ne a tlhalosa fa motlobo wa dibuka o dira ka thuto le ka dipatlisiso. O tlhalositse gore fa motho a bua ka thuto o tshwanetse go feta ka motlobo wa dibuka go ithuta, go batlisisa le go itlosa bodutu. O supile fa lenaneo la go ithuta go dirisa dibalamakgolo le simolotse ka 2009, a supa fa le dirisiwa mahala mme maikaelelo e le gore Batswana ba ithute go dirisa dibalamakgolo ba phuthologile. O supile fa motlobo wa dibuka o na le maikaelelo a go bona Batswana ba fetogile ba dirisa maranyane, a bo a kopa bana ba dikole go dirisa dibalamakgolo go batlisisa ka thuto ya bone. Mme Selolwane o tlhalositse fa gape barui, baroki le baithuti ba ka dira dipatlisiso mo maranyaneng gore ba tokafatse bokgoni jwa bone. O tlhalositse fa badiredi ba motlobo wa dibuka ba rotloediwa go ithuta dibalamokgolo gore le bone ba itokafatse go tshwana le maphata a mangwe. O boletse gape gore ba setse ba alositse baithuti ba feta 71 000 mo go diriseng dibalamakgolo, a ba a tlhalosa fa gape metlobo ya dibuka e tsamaya mo go masome a supa le bone mo lekgolong mo go nneng le dibalamakgolo le go nna le maranyane. Mme Selolwane o tlhalositse fa ba itemogetse fa bana ba dikole ba tshelegela ka bokete kwa metlobong ya dibuka. O kopile ba ba setseng ba na le kitso ya go dirisa dibalamakgolo le maranyane go e dirisa, e seng jalo e ka felela e ba latlhegetse. E rile a a fa bopaki, sealogane Mme Elizabeth Segola, a supa fa a gwetlhilwe ke go lemoga fa ba tshelela mo lefatsheng la diphetogo, a supa gore fa motho a lwala o ka batlisisa mo maranyaneng gore o ka dira jang go tokafatsa botsogo jwa gagwe. O tlhalositse fa go ne go le bokete ka ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta dilo tse dintsi mo dibekeng tse thataro, a bo a supa fa a itumetse ka a kgonne go fetsa thuto e. O kopile ba ba saletseng kwa morago go ikwadisa ka go dirwa mahala. Sealogane se sengwe, Rre Tshenolo Babupi, o ne a supa fa a ne a gwetlhiwa ke gore goromente o ithotse tiro ya go ba kwadisetsa manyena a leruo, go ipeela dikitso tsa leruo le go lebelela kgolo ya lone. O supile fa a ne a bona gore se ke sone sebaka sa go itirela sengwe le sengwe ka kitso e a e anywileng. Mogolwane wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Musa Mongana, o supile fa bopaki jo bogolo bo dule ka baithuti, a supa fa goromente a tlhalositse fa ditiro tse dingwe barui ba tshwanetse go di itirela. Rre Mongana o tlhalositse fa ba tlhoka banni ba ba ka ipatlelang dikitso go batlisisa le go tlhabolola matshelo a bone. O supile fa go le botlhokwa gore batho ba tsamae le dinako, a supa fa gompieno motho a kgona go bala, go tlhaeletsa le gone go romela madi ka maranyane. BOKHUTLO
education
4
Go gataka tsamaiso go borai
Makhanselara le bogogi jwa khansele potlana ya Mabutsane ba gakolotswe gore go gataka tsamaiso ya dikhansele ka dinao go ka nna le ditlamorago tse di sa ba siameleng. Se se builwe bosheng mo thuto seka dipusanyo e e ne e tshwaretswe kwa Jwaneng. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse, Rre Kruger Balosang a re molao o papametse gore fa khansele e itlhokomolosa tsamaiso e e beilweng,Tautona o ka tsaya tshwetso ya go phatlalatsa khansele eo mme a bo a itlhophela ba a bonang ba na le bokgoni jwa go goga khansele kwa ntle ga ditlhopho. O ne a fa dikai ka makhanselara mangwe a a reng ba itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa khansele. A re makhanselara ba tshwanetse go itse tsamaiso le go e sala morago go nale le go dira dilo tsa bone ka nako ya khansele. “Ga gona mokhanselara yo o tshwanetseng go salwa morago go dira tiro e a e tlhophetsweng,” o ne a tlatsa. Are mo mabakeng a mangwe makhanselara ba itlhokomolosa melao le ditshetlana tse di beilweng go ba kaetsa ka fa tsamaiso e ntseng ka teng,mme a tlhalosa gore go ka nna diphatsa mo go bone. Rre Balosang are makhanselara ba tshwanetse go kgaphela sepolotiki ko ntle fa ba tsena mo khanseleng ka jaana ba romilwe go emela dikeletso tsa batho. O ne a ba gakolola gore tiro ya bone ke go buisana le sechaba go utlwa matshwenyego a bone, le go ba thusa go rarabolola mathata a bone ka go ba kopanya le maphata a khansele a a maleba. A re dikhansele di tlhametswe go atumetsa ditirelo ko sechabeng mme o ne a kgothatsa bodiredi go bereka ka natla go netefatsa seo. Rre Balosang yo gape a kile a nna mokwaledi wa khansele, are bodiredi jwa khansele bo tshwanetse go berekisanya sentle le makhanselara go direla sechaba. O ne a kgala seemo se bodiredi bongwe bo ntsha makhanselara a a itlhophetsweng ka luso logolo ba gana go ba fa dithuso tse ba di tlhokang. “Makhanselara a a itlhophetswe a lekana fela le ba ba tlhophilweng ke sechaba, ka jalo le tshwanetse go ba thusa ka go lekana” a tlhalosa. O ne a tswelela a tlhalosetsa phuthego eo gore khansele e bereka thata ka dikomoti tse di farologaneng, mme a ba kgothatsa go nna le seabe mo dikomiting tseo. A re dikomiti di tshwanetse le tsone tsa tlhoafalela go dira tiro ya tsone gore maduo a khansele a kgone go bonala. O ne a kgothatsa baduladitilo ba dikhansele go tsaya boikarabelo jwa gore tiro e a dirwa gore ditirelo di kgone go goroga ko sechabeng. E ntse e le ko phuthegong eo,mothusa mokwaledi wa khansele ya Kanye Rre Senatla Rutherfod o ne a kgothatsa gore go nonotsha bodiredi ke motswako wa katlego. A re go botlhokwa gore moeteledipele a nne kutlo le go berekisanya sentle le batho. A re Makhanselara jaaka baeteledipele, ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le go nna le nako ya go nna le batlhophi ba bone go utlwa matshwenyego a bone. Rre Rutherfod are moeteledipele wa tlhwatlhwa tshwanetse go tlotla batho gore batho ba tle ba kgone go mmulegela fa ba na le mathata. O ne a tlhalosa gore boikgogomoso bo dira gore tirisanyo mmogo e seka ya nna teng mme maduo a tiro le one a bo a ya ko tlase. “Moeteledipele fa a bereka le batho o tshwanetse a ba tlhokomela le go ba tlhola” a tlatsa. Maikaelelo a phuthego eo ya malatsi mararo e ne e le go tlhatlhelela makhanselara le bogogi ka ditsamaiso tsa khansele le gore ba ka bereka jang go isa ditlamelo ko sechabeng ka bofefo. BOKHUTLO
politics
7
Kereke e abela motlhoki
Kereke ya Christian Lesedi African Church Apostle e abetse Mme Lefela Monankwe le ba lelwapa la gagwe kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng dimpho tsa diaparo le dijo tse di lopileng P2 144 le madi a a ka tshwarang P3 000 fa godimo. E rile a bua kwa kabong dimpho eo, modulasetilo wa kereke, Rre Kabo Kefaletse, a re maikaelelo a bone a magolo ke gore le bone ba nne le seabe mo go diragatseng lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Rre Kefaletse a re ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo se mme yoo a neng a tshelela mo go sone, ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 2014, a tlhokafalelwa ke ngwana wa gagwe wa mosetsana, yo e neng e le ene motlhokomedi wa lelwapa, e bile gape a tlogela bana ba babedi, ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso. A re ba ne ba kgobogakanya madi mme ba kgona go fa ba lelwapa leo dithuso tseo. O kaile fa ba bone go le botlhokwa gore ba seka ba remelela fela mo go rereleng setshaba lefoko la Modimo, mme ba hape dipelo tse di botlhoko ka go supa lerato le bopelotlhomogi, a gatelela fa mokeresete a tshwanetse go bonwa ka ditiro. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka a re go a itumedisa go bona dikereke di tsentse letsogo mo go direleng setshaba, mme fela a gwetlha kereke eo, gore ba tswelele ba lebe lefatshe leno ka leitlho la lerato le kutlwelobotlhoko. Rre Ngaka o ne a kopa Mme Monankwe le ba lelwapa la gagwe go amogela dimpho tseo ka lerato le go di dirisa ka fa go tshwanetseng, fela jaaka ba di abetswe ka lerato le bopelotlhomogi ke bakeresete ba Modimo, a tlatsa ka go gwetlha batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng. Mme Monankwe o ne a lebogela kereke lerato la go ba abela dimpho le go ba thusa mo kgodisong ya bana ba morwadie a ba tlogetseng, mme fela a tshephisa fa a tlaa tlhokomela dimpho tseo. Bokhutlo
religion_and_belief
8
Go sa atlega mo dithutong ga se phelelo ya botshelo
Go sa atlega mo dithutong go tlhalosiwa fa e se phelelo ya botshelo ka jaana go le ditsela di le dintsi tse motho a ka inaakanyang le tsone go itlodisa dinokana di tletse. Se se boletswe ke mongwe wa banana ba toropo ya Francistown, Rre Bonolo Kgautlhe yo o dingwaga tse di masome mararo le motso mo potsolotsong le BOPA. Rre Kgautlhe yo o tlholegang kwa Kanye ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore bodiragatsi ke nngwe ya ditsela tsa itshetso fa bo ka tsewa ka tlhwaafalo. O tlhalositse fa nako e gorogile gore bodiragatsi bo seka jwa tsewa e le itloso bodutu fela mme e nne tsela nngwe ya go inamola lehuma segolo bogolo ka mo malatsing a gompieno a letlhoko la ditiro. Touchars jaaka a tlwaelesegile go bidiwa a re mo malatsing ano phokoje go tshela yo o dithetsenyana a tlatsa ka gore go tswelela mo botshelong ga go reye gore motho a bo a ile mmadikole mme se se botlhokwa ke go dirisa tlhaloganyo go latela metlhala ya khumo. “Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka ditlhaloganyo tsa rona go e latela. Go tlhoka go atlega mo dithutong ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi sa katlego ya botshelo” a bua jalo Kgautlhe a tlatsa ka gore mabutswapele ba ne ba humile mme ba sa ya dikoleng. O tsweletse a tlhalosa fa e se ba botlhe ba ka nnang le sebaka go atlega go ya go tswelela kwa dikoleng tse dikgolwane. Ka jalo a re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa fa botshelo bo tswelela go sa kgathalesege dikgwetlho dipe fela tse di ka nnang teng tsa botshelo. O tlhalositse fa e ne ya re a itemogela fa a sa kgona go atlega mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa boraro a seka a letlelela go tsenwa ke mowa wa boitlhobogo ka botshelo jwa gagwe, mme a sekaseka tsela e ka yone a ka ipetlelang isago. A re le ntswa dikakanyo di ne tsa nna matsorotsoro o feletse a nna le kgatlhego e e ko godimo ya go tshwantsha le go loga mekgabisa ka go farologana. “Ke feletse ke ithaopela go loga le go tshwantsha ka ke ne ke na le lesedi la go dira jalo mme e bile ke ne ke kile ka ikgolaganya le monna mongwe wa Zimbabwe e bong Rre Tinise Maremera yo ka nako eo a neng a tumile e le mankge wa tiro ya go tshwantsha le go loga” a tlhalosa jalo Kgautlhe. A re morago ga go tsaya tshwetso eo a itoma molomo wa tlase go tshwantsa le go loga mekgabisa e e farologaneng. O tlhalositse fa Batswana ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego mo mekgabiseng ya go nna jalo mme seo, a supa fa se ne sa mo tiisa moko le go feta go dira ka manontlhotlho le botswapelo mo tirong ya gagwe go tswelela a itumedisa bareki ba gagwe nako le nako. Ka ngwaga wa 2013, Rre Kgautlhe o tlhalosa fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go ya go rekisa kgwebo ya gagwe kwa mafatsheng a a mabapi a tshwana le Zambia, South Africa le Zimbabwe. “Kakanyo e e ne ya mperekela thata ka jaana bareki kwa mafatsheng a ba ne ba wela ka dipalo tse di nametsang bangwe ba ntsha madi gore ke ba rutuntshe ka ba ne ba kgatlhegela se ke se dirang”a bua jalo a supa monyenyo. A re mo nakong eno o setse a itsege kwa mafatsheng ao mme e bile fa gongwe ba mo leletsa fa ba batla thuso ya gagwe. A re le mo lefatsheng leno o setse a tsamaile mafelo a le mmalwa go rekisa kgwebo ya gagwe mme maduo le one e nnile a a itumedisang.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Rammidi o leboga banni ba kgaolo
Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go bo e rile ka 2009 ba mo roma go nna moemedi wa bone kwa palamenteng. O buile jalo mo metseletseleng ya diphuthego tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Lekgolobotlo, Kgomokasitwa, Ranaka le Moshaneng. A re o lebogela gore ba berekile mmogo ka mowa wa kagiso le neelano mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng a ba a tlhalosa fa a kgonne go ntsha megopolo kwa palamenteng ee maleba le kgaolo ya bone le e e amang lefatshe leno ka bophara. Mengwe ya megopolo o supile fa ele wa matlhabelo a Lobatse a Botswana Meat Commission o a bolelang fa a ne a kopa puso go tlhotlhomisa madubadube a a neng a a apesitse matlhabelo ao mme puso ya felela e ntsha lekoko le le neng la tlhotlhomisa dikgang tseo. A re o dirile jalo ka a itse fa kgomo ele yone bokamoso jwa Motswana ka jalo BMC e tshwanetse ya bo ele mo seemong se se siameng gore e kgone go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Rammidi o tsweletse a tlhalosa fa nako jaanong e tsile ya gore bagwebi ba bangwe ba letlelelwe go reka le go rekisa nama ya kgomo le ditswa kgomong, selo se mo nakong eno se dirwang ke BMC fela, a supa fa go dira jalo go ka ba thusa gore ditirelo le ditlhwatlhwa di tokafale go nale mo nakong eno. O ba tlhaloseditse fa e tla a re kgwedi ya Phalane monongwaga a ba a emetse ditlhopho mme a ba kopa gore ba mo tlhophe gore a tswelele a emele dikeletso tsa bone. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3