title
stringlengths 1
82
| text
stringlengths 565
8.03k
| orig_label
stringclasses 10
values | label
int64 0
9
|
---|---|---|---|
Morutabana ke pinagare | Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato- Malesu a re morutabana ke pinagare ya thuto. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a mantle a bana ba sekole se segolwane sa Mosikari kwa Machaneng ka Labotlhano, Mme Makgato-Malesu a re kwa ntle ga barutabana ga gona sepe se se ka diragalang ka e le bone ba ba ka bopang bokamoso jwa bana. O tlhalositse fa morutabana a ka dira gore ngwana e nne sekgantshwane mme e bile a ka kgona go bolaya bokamoso jwa gagwe. A re se se raya gore bana ba kopa se se dirwang ke morutabana. Mme Makgato-Malesu o tsweletse a re fa morutabana a sa itshware sentle le bana ba a ba rutang ba ya go nna jalo. A re go nna morutabana ga go felele fela mo ntlung ya borutelo ka jalo morutabana ke mogakolodi, motsadi, lepodisi le tse dingwe mme tsotlhe tse di dirwa ke morutabana yo o matlhagatlhaga. Mme Makgato-Malesu o boletse fa go ipelela maduo e le selo sa botlhokwa ka gore ke thotloetso mo baneng ka ba tswelela ba dira ka botswerere jo bo kwa godimo. O ne a akgolela mogokgo wa sekole sa Mosikari le badiri ka ene go tswelela ba dira kabo dimpho ngwaga le ngwaga ka botswapelo a bolela fa se e le mowa wa boithaopo o puso le yone e o rotloetsang. A re barutabana ba sekole seo ba supile fa ba na le kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone le gone go direla lefatshe la bone. Fa a itebaganya le batsadi, Mme Makgato-Malesu o ne a ba lebogela go sa ipona tsapa go tla go ipelela maduo a bana ntswa bangwe ba bone bana ba bone ba sa amogele dimpho. A re seo ke yone thotloetso e e tlhokiwang mo kgodisong ya thuto ya bana. A re go fenya ga se ga baithuti kana barutabana fela mme botlhe ba tshwanetse ba nne le seabe mo thutong ya bana. Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa gore bokgoni jwa ngwana ga bo a remelela mo ditlhakeng fela ka ba bangwe ba abetswe mo metshamekong, botaki le tse dingwe mme ba tshwanelwa ke go rotloediwa ka go bona gore ba ya ikatisong le dikgaisanyong ka nako tsotlhe. Mme Makgato-Malesu o ne a gwetlha barutabana ba sekole sa Mosikari go tshwara ka natla gore e re maduo a tswa ba bo ba itshwara molomo. A re tsotlhe tse di akantsweng go dirwa go tokafatsa maduo di tshwanetse di dirwe mme ke gone ntwa e ka fenngwang. O ne a amogela fa go na le dikgwetlho tse di lebaganeng barutabana di tshwana le letlhoko la boroko, go berekela ruri mo dikgaolong, dituelo, tlhatloso maemo, go ikoketsa dithuto le tse dingwe mme fa barutabana ba ka remelela mo go tsone di ka sulafatsa tiro mme maduo a mantle a pale. Mogokgo wa sekole sa Mosikari Mme Diane Habangana o ne a bolela fa sekole sa gagwe se dira sentle mme maduo a sone a supa fa e rile go simolola ka ngwaga wa 2008 maduo a bo a simolola ka 73% go ya kwa go 78.9%. A re ba dira ka natla go fitlhelela maitlamo a bone a 88% mme ka tshwaragano ya botlhe bana le seabe ba ka fitlhelela se. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go aga botho jwa ngwana ka ditsela tsotlhe mme maiteko ao a folodiwa ke boitshwaro jwa bana bangwe jo bo sa kgatlhiseng. | education | 4 |
MVA e ikuela mo dikerekeng | Mogolwane wa ko lekalana la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Onkabetse Petlwana o ikuetse mo dikerekeng go rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi. Rre Petlwana o ntshitse boikuelo joo ka letsatsi la go gopola ba tlhokafetseng ka lebaka la HIV/AIDS le le neng le rulagantswe ke lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa. Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go buisanya le dikereke ka go dirisiwa ga nnotagi phetelela, dikotsi tsa tsela le borukutlhi. Fa a bua ka dipatlisiso tsa lekgotla la ditshabatshaba la botsogo (WHO) Rre Petlwana o tlhalosiste fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno, selo se a reng se babalela letlole la MVA mo mading a ba a dirisang ngwaga le ngwaga a akaretsa tsa bongaka, diphitlho, go tlamela dikhutsana le tse dingwe. Rre Petlwana o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ka 2015 go ya ka dipatlisiso tsa WHO dintsho tse di diragetseng di le 1.25 million lefatshe ka bophara ka ngwaga le 50 million wa dikgobalo tse di masisi. A re masome a a robang bongwe mo lekgolong ke dintsho tse di tswang mo mafatsheng a itsholelo e e fa gare go balelelwa le Botswana le a itsholelo e e kwa tlase. A re gape go ya ka ditshekatsheko tsa bomaitseanaape, banana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mabedi le boferabongwe ke bone ba di gogang kwa pele mo go amegeng mo dikotsing tsa tsela lefatshe ka bophara. O supile fa ka 2017 MVA e dirisitse P142.5 million mo dintshong tse di makgolo mane, masome a mane le bone e le madi a tsa bongaka, diphitlho le go thusa ba ba neng ba tlhokomelwa ke yo o tlhokafetseng le dithuso tse dingwe. O tlhalositse gore ka 2018 ba dirisitse P176.6 million go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Sub Inspector Iren Motaung go tswa mo go ba sepodisi sa pharakano mo Tsabong fa a ntsha la gagwe o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke melato ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela, bogolo jang go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng le bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole bojalwa mme ba felele ba baka dikotsi. Sub Inspecotor Motaung o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba gatisitse melato ya go tlhoka go obamela melao ya tsela e le masome a matlhano ka 2018 le e le lekgolo lesome le boferabobedi ngogola. Sub Inspecotor Motaung o ne a supa fa maitlamo a bone e le go sireletsa setshaba e seng ga ba otlhaya jaaka bangwe ba akanya mme a kopa setshaba go tshwaragana le bone go fedisa mmaba wa dikotsi tsa tsela le borukutlhi. O ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana, bogolo jang ba ba sa ntseng ba tsena dikole ka seo se ka thusa mo go tlhokeng go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng le gone go emisa go ba gogela mo ditirong tsa botlhoka tsebe jaaka batsadi bangwe ba ba ba rekisetsa metokwane. Inspector Gobusamang Nkgageng ene o ne a gakolola dikereke le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapaodisi ka go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi. Dr Muxanya Mbuyi yo o ikemetseng ka nosi o ne a gwetlha Bakeresete go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng mme ba ikakatlele ka Jesu Keresete. Dr Mbuyi o ne a galaletsa puso mo go lwantsheng HIV ka go neela ba ba nang le mogare diritibatsi. O tlhalositse gore fa dipilisi tsa ARV di dirisiwa sentle, di kgona go fa motho botshelo jo boleele a sa ntse a itekanetse. Dr Mbuyi a re puso e tsere tshwetso ya go thusa ba ba fitlhelwang ka mogare nako e sa ntse e le teng go sa lebelelwa bokete jwa masole a mmele jaaka pele. | health | 6 |
Mapodisi ba tshegeditse ba belaelwa | Motshwarelela mookamela mapodisi a Lobatse, Assistant Superintandant Benedict Matlho a re ba tshegeditse babelaelwa mabapi le loso lwa monna mongwe. Assistant Superintendent Matlho o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re e ne ya re Seetebosigo a tlhola ga mararo makuku ba begelwa ka monna mongwe yo o neng a tlhabilwe ka sengwe se se bogale, yo a neng a palelwa ke go tsamaya mme go ne go supa a ne a leka go sia. A re monna yo wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe yo o nnang kwa Newstance gone mo Lobatse go bolelwa a ne a tsenelela rre mongwe le mme mongwe kwa ntlong ya bone ba robetse kwa Peleng, mo ba neng ba mo gobatsa. O feletseng a tlhokafala kwa kokelong ba bongaka ba ntse ba leka go mo tlamela. Assistant Superintendant Matlho a re moswi o dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe fa babelaelwa bone ba le dingwaga tse di masome mararo le bobedi le masome a mararo le bongwe, ba e leng baratani, a re ba santse ba tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di di tsweletse. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Mokgatlho o fetola matshelo | Moeteledipele wa mokgatlho wa Child Evangelism Fellowship wa kgaolo ya bokone, Mme Constance Chankoloba a re mokgatlho wa bone o tsweletse sentle ka jaana ba atlega mo maitekong a bone a go leka go fetola matshelo a bana. Mme Chankoloba yo o dingwaga tse di masome marataro le bosupa a re ba ba ruta le go ba lemotsha tsela e e molemo ya go tshelela mo tumelong. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone mo bokone o akaretsa maloko a bomme ba le batlhano e bong bomme Gosaitse Mandise, Monica Zibane, Dikhutsafalo Matheo, Magret Kamanya ga mmogo le ene. Mme Chankoloba o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore ba dira tiro e ya go ruta le go lemotsha bana go tsweng kwa moding bomolemo jwa go tshelela mo tumelong ka go etleetsa mowa wa boithaopo le boipelego. A re seo se ka ba thusa go menagane go ikgapha mo maitsholong a a sa letlelesegeng mo setshabeng a a ka feleletsang a ba senyetsa bokamoso. Mme Chankoloba o tlhalositse fa go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo di tshwana le mewa ya bosaatane, tiriso botlhaswa ya nnotagi, maduo a a ileng tlase a baithuti, botlhokatsebe ga mmogo le tiriso botlhaswa ya maranyane a segompieno. A re ke gone ka moo ba boneng go le molemo go tla ka methale ya go itepatepanya le diemo tsa go nna jalo. Gape o boletse fa ba ne ba simolodisa mokgatlho oo mo bokone gore ba nne ba etela dikole le malwapa go buisanya le bana ka maikaelelo a go ba tlhatlhelela ditsela tse di molemo tsa botshelo, gore kgabagare ba seka ba iphitlhela ba latlhegetswe ke lesedi la tsela ya bokamoso. O ne a supa fa mokgatlho o sa itebaganya fela le go kgothatsa bana ka lefoko la Modimo, ka jaana ba nna le sebaka go buisanya le bana kwa bothokong mabapi le tse di ba amang letsatsi le letsatsi. “Gangwe le gape re nna le metsotsonyana go buisanya le bana ba, bogolo jang ba ba nnang ka go tshwenyega kgotsa re bona ba sa iketla mo meweng mo go feletsang go baka gore ba seka ba dira sentle mo dithutong kwa sekoleng,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka go re fa ba itemogela diemo di akaretsa ngwana a sa nne sentle kwa lwapeng kgotsa a dirisiwa botlhaswa mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo, ba feletsa ba akaretsa ba ba lebaneng jaaka ba boipelego go thusa. Mma Chankoloba o ne a tlatsa ka go re fa ba kopana le ngwana kgotsa lelwapa le le tlhokang thuso, ba nna le mowa wa bobelotlhomogi go thusa ba ba tlhokang. O tlhalosa fa e le gone jaaka ba a bo ba supa fa ba araba mokgosi wa ga Tautona wa gore re nne tshaba e e mautlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E re le ntswa go ntse jalo, Mme Chankoloba o tlhalositse fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la madi a go tlamela maikaelelo a bone go fitlhelela dikgaolo tsotlhe tsa bokone. A re gape mangwe matshwenyego a ba a itemogetseng ke gore setshaba se sa ntse se le maoto a tshupa go ka tsena mo ditirong tsa boithaopo jaaka ba le palo potlana jaana. Gape o ne a tlatsa ka go supa fa mo dinakong tse dingwe kwa ba fitlhelang bana ba dirisiwa botlhaswa, botsadi bo na le go batla go bipa mpa ka mabele. E re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna jalo, a re ga ba kitla ba boela morago go diragatsa maikaelelo a bone go fetola matshelo a batho. Mme Chankoloba o bile a gwetlha Batswana ka kakaretso gore go age mo dipelong tsa bone gore nako e gorogile gore ba tsosolose mowa wa boithaopo le boipelego go direla lefatshe leno. A re o dumela gore fa mongwe le mongwe a ka ititaya sehuba a dira jalo, lefatshe leno le ka tswelela thata mo dikgannyeng tsa ditlhabololo mme e bile le ka kgona go tswelela le tshegetsa serodumo sa lone sa go itsege ka kagiso le thokgamo. “Ga gore re le batho jaana re na le ditlhaloganyo le bokgoni re bo re baya fela mo pusong gore e nne yone e re direlang sengwe le sengwe. Re tshwanetse ra nna le gore re tswe puso thuso go e imolola morwalo,” a gakolola jalo. BOKHUTLO | religion_and_belief | 8 |
Baepi ba motlhaba ba bolaana ka motlele - Segotsi | Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile ba lephata la merero ya tshomarelo tikologo go fokotsa diteseletso tse ba di neelang setshaba go epa motlhaba. Kgosi Segotsi o buile jaana kwa moletlong wa go keteka letsatsi la mafatshefatshe la tshomarelo tikologo kwa Taupye bosheng. O tlhalositse fa dinoka le melatswana tse di mo kgaolong ya Mahalapye di sa tlhole di na le motlhaba mme jaanong di ama tlhaelo ya metsi mo kgaolong. A re batho ka bontsi ba epa motlhaba mo dinokeng tse, mme se se ame thata metsi a a dirisiwang ke barui gammogo le diphologolo. O tlhalositse fa bangwe ba utswa motlhaba ka ba sena diteseletso mme e bile ba sa laolesege ka jaana ba sa tlhole ba bona dikgosi ka sepe fa ba re ba a kgalema. Kgosi Segotsi a re mo nakong ya gompieno batho ba supa fa ba na le ditshwanelo mme ba dira ka fa ba kgonang ka teng. O ne a tlatsa ka go re mo malatsing ano setshaba ga se tsee tsia ditsheko tsa kwa kgotleng ka ba supa fa ba na le babueledi. Kgosi o ne a ngongorega gape ka go rengwa ga ditlhare tsa naga, ka batho ba bone gore dikgong di na le madi. A re mo kgolong ya Mahalapye, ditlhare di rengwa fela ka jaana batho ba sa kgalemeselege mme se se tsile go dira gore tlhaelo ya ditlhare dingwe tse di neng di ka thusa tikologo di nyelele. Ka jalo o ne a kopa ba lephata la tsa dikgwa le tshomarelo matlotlo a tlholego go ema ka dinao go bona gore ba ruta setshaba ka go somarela ditlhare tsa mofuta o. E rile a afa pego ya tshomarelo tikologo mo kgaolong ya Mahalapye, modulasetilo wa komiti ya pabalelo tikologo le tshomarelo di-tsa tlholego, Rre Moatshe Senai a tlhalosa fa komiti ya bone e okametse Kudumatse, Makwate, Mokoswana, Setsile, Shakwe le Taupye. Rre Senai a re ba simolotse komiti e, ba leka go tla ka tharabololo ya kepo ya motlhaba le go kgaolwa ga ditlhare. O ne a tlhalosa gore ba ne ba ema ka dinao go bona gore ba laola seemo se, ka go ne go se na ope yo o nang le seabe sa go bona gore dilo tse di dirisiwa sentle mme ba tsaya boikarabelo jwa go laola seemo se. A re e re ka e le balemi-barui, ba ne ba bona gore phulo e ya kwa tlase, mme ba ema ka dinao ka le one mmu o ne o sa tlhole o nna le menontshane. Rre Senai a re ba ne ba inaakanya le bomaipaafela ba ba dirisang di-tsa tlholego botlhaswa mo metseng e ya bone. BOKHUTLO | environment | 5 |
Mapodisi a tshwenngwa ke mokgwa wa go ikgapela botshelo | Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa kgotla ya Ikageng mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o fitlhetswe a akgega mo ditlhometsong tsa ntlo ya gagwe. Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kitsiso Lemogang, ba begetswe tiragalo eo ka Laboraro ka nako ya lesome maitseboa. Assistant Supurintendent Lemogang o boletse fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa lwapeng lwa monna yoo mme ba feta ba mo isa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. Rre Lemogang o supile fa moswi a ne a dirisitse mogala go ikgapela botshelo le gore o ne a tlogetse molaetsa. Mothusa mookamela mapodisi o kaile fa serepa se le mo setsidifatsing sa sepetele sa Tsabong mme ba setse ba reboletse ba masika go ka se boloka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. O boletse fa tiragalo eo e le ya ntlha mo ngwageng ono mme mo dingwageng tse di fetileng di ne di le mmalwa, selo se a reng se a tshwenya ka e le kutlobotlhoko le bohutsana, bogolo jang fa e bile yo o tlhokafetseng a tlogela bana. Assistant Supurintendent Lemogang o tlhomamisiste fa moswi a ne a bereka mo lephateng la ditsela teng mo Tsabong e bile a tlholega mo Tsabong. Mo mafokong a gagwe a kgakololo, Assistant Supurintendent Lemogang o gakolotse borre, bogolo jang ba banana go kopa dithuso tse di ka ba sidilang maikutlo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le ba boipelego, mapodisi, baruti, dikgosi,batsadi le ditsala tsa bone go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Makgaba o kopa ditlamelo tsa botsogo | Banni ba motse wa Makgaba o o tlhomamisitsweng bosheng ba re ba kopa go atamelediwa ditlamelo tsa botsogo le sekole se sebotlana. Banni ba dirile kopo e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Sethomo Lelatisitswe bosheng. Ba ne ba tlhalosa gore ba latela ditlamelo tsa botsogo kwa Mokubilo. Ba re seemo se se bifa fa molwetse a gateletswe go le bosigo. Ba ne gape ba ngongorega ka mapodisi ba re ga a tsibogele dipego tsa bone, ba tlhalosa gore seemo se se dira gore borukutlhi bo gole le badiramelato ba falole. Banni bangwe ba ne ba supa fa ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma tsa lenaneo la dikgomo ka 2015 nako kgolo ke eno. Fa a rolela mopalamente matshwenyego a bone, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Senkakiseng Keapoletswe a re ba kopa gore ba agelwe sekole ka lenaneo la go rudisa itsholelo. Mme Keapoletswe a re ba lela ka letlhoko la metsi. A re ba ne ba ntse ba sielwa metsi ke mongwe a tlhalosa gore o emisitse a sa bolela mabaka. A re jaanong ba nwa metsi a a tshologang mo matlapeng a a reng ga a a siamela botsogo. Ka kgang ya botsogo o kopile gore segolo go tsisiwe mooki letsatsi le letsatsi, a tlhola kwa go bone a boela Mokubilo maitsibowa. Mme Keapoletswe o ne a kopa gore ba okelediwe dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng ka gore ke lone fela ba bonang letseno ka lone. A re ba tlhoka dithuso tsa boipelego ka gore ba na le matshwenyego a mantsi a dikgang tsa biopelego. A re le bone e le VDC ba tlhoka thuso ya bone. O supile fa bone le ba twantsho borukutlhi ba tlhoka paka le dikatso. A re ba tshwenngwa gape ke tiego ya lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID. A re batho ba sale ba isitswe dithutong mme ga ba ise ba thusiwe. Mme Keapoletswe a re ba na le matshwenyego a bojalwa jo bo nowang pele ga nako e e beilweng ya go bulwa ga marekisetso a bojalwa. Mopalamente Lelatisitswe o tlhalositse gore kwa palamenteng e e fetileng ba sutisitse molao paakanyo wa sesole sa Botswana. A re molao o ne o sale o dirilwe bogologolo, ka jalo ba fetotse dilo dingwe tse di amang matshelo a bone. Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa gore batho botlhe ba ba thubeditseng maina a bone a anamisiwe gore batho ba a bone. A tlhalosa gore motho fa a thubeditse o tlaa bo a sa letlelelwe go bereka gope fa go nang le bana. Rre Lelatisitswe o ne a supa gore matshwenyego a bone o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. O ne a ba rotloetsa gore mongwe le mongwe yo dingwaga tsa gagwe di letlang gore o ka fiwa setsha a kope setsha ka bonako. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Badiri ba Ipelegeng ba tlhoka diaparo tsa itshereletso | Mokhanselara wa kgaolwana ya Raphalane kwa toropong ya Jwaneng, Rre Ben Bakwena, o kopile khansele go tsaya tsia itekanelo le tshireletsego ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng. Rre Bakwena o buile a sa kgale mathe ganong mo phuthegong ya khansele ya toropo eo mo bosheng, gore badiri a Ipelegeng ba ba agang kgotla ya Raphalane ba tshwere bokete mme e bile ba se na diaparo tsa itshireletso. O boletse fa diemo tse di ntseng jalo di oketsa dipalo tsa badiri ba ba lofang le malatsi a go ikoka. Mokhanselara Bakwena o ne a akgela mo mafokong a ga ratoropo, Rre Amos Jahana, jaaka a ne a bula phuthego ya khansele eo. Rre Jahana o ne a supile matshwenyego a gore dikgang tsa go tlhoka go tla tirong ga babereki le go ya bookelong kgapetsakgapetsa di a tshwenya mo ditirong tsa Ipelegeng. A re dikgang tsa go nna jaana di kgoreletsa go ntsha tema mo tirong ga mmogo le go supa maduo a a eletsegang. Mothusa mokwaledi wa toropo, Rre Odirile Mabaila, o ne a supa fa khansele e na le kgwetlho ya madi ka jaana letlole la Ipelegeng le sa akaretse go rekela badiri diaporo tsa itshireletso. Le fa go ntse jalo, Rre Mabaila o kaile fa e rile tiro ya go aga kgotla ya Raphalane e simologa ba rekela badiri dirifi di le masome a mane. A re e re ka babereki ba Ipelegeng ba fapaana, go lemotshegile fa ba ntlha ba tsamaile ka ditlhako tseo fa nako ya bone e wela. O tsweletse ka go tlhalosa gore babereki ba tlaa fokolediwa mokgweleo ka jaana go dirilwe thulaganyo jaanong gore ba dirise motshhine o o tlhakanyang taka. BOKHUTLO | society | 9 |
Banana ba kopiwa go supa maikarabelo | Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o gwetlhile banana ba motse wa gagwe go tsaya maikarabelo ka tiriso ya madi go netefatsa gore dithuso tse ba di fiwang ke puso di ba sologela molemo. Kgosi Segwaba o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jo bo supiwang ke banana ka jaana ba tsweletse ka go itontela nnotagi ba dirisa madi a ba a tsayang mo ditirong di tshwana le lenaneo la Ipelegeng. O tlhalositse mo potsolotsong fa seemo seo se utlwisa botlhoko fela thata ka jaana ba sa itirele sepe ka madi mme ba tsweletse ka go tshelela mo lehumeng. Kgosi Segwaba o tlhaositse fa puso e itlamile go thusa Batswana bogolo jang ba ba kgakala le ditlamelo mme fela go ngomola pelo go bona bangwe ba iketile ba sa itirele sepe ka dithuso tseo. O gwetlhile banana ba motse wa gagwe go bula matlho go tlhaloganya fa botshelo bo se bonolo mme ba tshwanetse go tshwaragana le puso go netefatsa gore ditoro tsa puso tsa go nyeletsa lehuma mo metseng e e kgakala le ditlamelo di a atlega, a kaya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. A re banana ba tshwanetse go tlhaloganya fa maikarabelo a botshelo le bokamoso jwa bone a le mo diatleng tsa bone mme a ba kopa go tsaya ditshwetso tse di maleba gore ka moso ba seka ba ikotlhaya. O supile gape fa banana ba motse oo ba ikaegile fela ka lenaneo la Ipelegeng ntswa go na le mananeo a le mmalwa a tshwana le Youth Development Fund go ka ipulela dikgwebo le gone go tlhamela bangwe ka bone mebereko. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segwaba o kaile fa mananeo a nyeletso lehuma a tsamaya ka thelelo kwa motseng wa gagwe mme gape a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma la dipodi e le lone le dirang sentle fela thata ka jaana banni bao ba rata thuo mme ba tlhokomela loruo la bone sentle fela thata. A re lenaneo la banana la tirelo setshaba le lone le thusitse fela thata ka jaana banana ba ithuta go le gontsi mme o gwetlhile banana go tsaya mananeo a puso tsia gore a ba solegele molemo. Bokhutlo | society | 9 |
Bogodu jwa diphologolo bo ntse bo a tshwenya | Setlhopha sa banna se se kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo mo kgaolong ya Tuli ya Zanzibar ba boleletse tona wa tshireletso, molao le thokgamo, Rre Shaw Kgathi mo phuthegong ya babereki e e neng e tshwerwe kwa Oasis Lodge bosheng gore tiro ya bone ga e tswe tema. Mongwe wa babereki Rre Matapole a re matshelo a bone a mo diphatseng ka gonne ba lwantshana le magodu a diphologolo a a rutintshitsweng go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng fa bone ba itsamaela fela ba sa tshola sepe sa itshireletso. A re ba kile ba kopa thuso mo go ba lephata la Diphologolo Makgabisanaga ba ba ileng ba ba tsaya menwana ngogola mme le mo sebakeng sa gompieno ga ba ise ba ba busetse phetolo epe. A re le bone ba ba utswang diphologolo matshelo a bone a mo kotsing ka gonne bangwe ba bone ga ba tlhaloganye mokgwa wa diphologolo tse di borai jaaka tshukudu, ka jalo borai jwa go utswa diphologolo bo tshwanetse jwa tlhagisiwa mo go botlhe go simolola ka bana ba ba mo dikolong tse dipotlana. A re thuto ee kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo e tshwenetse ya dirwa kgapetsa-kgapetsa ka fa go kgonagalang gore e tsene thata mo ditlhaloganyong tsa batho. Tona o ne a ba solofetsa gore o tla ikgolaganya le ba lephata la Diphologolo makgabisa naga gore ba ba neele thuso e e tshwanetseng. Olopile Badubi, mmereki wa Limpopo Lipadi a re bone batho ba ba utswang diphologolo ba kgaola terata ya motlakase, ba utswa didirisiwa tsa motlakase wa letsatsi mo go ba direlang ditatlhegelo tse dintsi ka gore ba nna ba di busetsa nako le nako. Ba re magodu a mangwe a diphologolo ba felela ba gatelela diphologolo tse kgaolo ya bone e di ikantseng ba di isa kwa Aferika-Borwa. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Khansele e simolodisitse molawana wa matlakala | Bosheng khansele e ne ya simolodisa molao o mosha o o tlamang monni mongwe le mongwe yo o nnang mo kgaolong ya Borwa go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng. Fa a bua mo potsolosong, moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetse Ntwe a re ba dule ka mogopolo o ba sena go lemoga fa kgaolo e le leswe, mme mo nakong ya gompieno ba setse ba buisitse diphuthego mo Kanye go tsibosa morafe ka molao o. Rre Ntwe a re ba ikaelela go tswela kwa metsing e e bapileng le Kanye jaaka Lotlhakane Botlhaba, Molapowabojang, Diabo, Mmathethe le e mongwe go ba lekodisa ka molao o mosha o. A re ke boikarabelo jwa motswana mongwe le mongwe go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng gore a tseelwe matlakala. O bile a tlhalosa fa ba sa neele Batswana ditanka tsa matlakala, ka jalo ke boikarabelo jwa Batswana go ithekela ditanka gore bone e le khansele ba tseele banni matlakala. A re motho o ka atlholwa madi a a sa feteng P1 000 fa a sa diragatse molao o, a tlatsa ka go re motho o atlholwa P20 ka kgwedi go tseelwa matlakala ke khansele. Rre Ntwe a re e le ba khansele ya Borwa ga ba letlelele go epiwa ga dikhuti tsa matlakala mo malwapeng. A re Batswana ba ikgaphe mo go tshubeng matlakala ka gore ga go letlelelwe. A re go tshuba matlakala go borai ka go kgotlhela tikologo, a tlatsa ka go re yo o ka fitlhelwang a dira jalo o ka tseelwa dikgato. Rre Ntwe a re ba tlaa bo ba itshwaragantse le mapodisi go bona gore go gasagasa matlakala ga go dirwe. A re yo o ka fitlhelwang a tshuba matlakala o ka atlholwa go ya ka bokete jwa matlakala a a tlaa bong a a tshubile P300 go ya kwa go P1 000. A re khansele e rotloetsa batho gore fa ba na le mediro e e tshwanang le manyalo, diphathi le dintsho ba hirise sekiti gore ba kgobokanyetse matlakala mo teng. Rre Ntwe a re sekiti se hirisiwa P100 ka letsatsi, a tlatsa ka go re ba dikgwebo ba ka se hirisa P300 ka letsatsi. | environment | 5 |
Kgotla ya Thini e a tsabakela | Mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe, o galaleditse komiti ya ditlhabololo tsa Thini kwa Tutume go gapa sekgele mo dikgaisanong tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. Rre Galeragwe o buile se kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya go nna komiti e e dirileng go gaisa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolong-potlana ya Tutume bosheng. A re mo dikgaisanong tsa ntlha tse di neng di akaretsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa metse e e masome mararo le borobabobedi e e mo kgaolong-potlana ya Tutume, komiti ya Thini e ne ya gapa maemo a bobedi mme ya fetela kwa pele mo go neng go gaisana dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di le masome mabedi le gone ya gapa maemo a bobedi. Rre Galeragwe a re seo ka bonosi se bontsha gore mosepele wa go goroga koo e ne e se o o bonolo ka jalo se se bontsha gore boineelo le go dira ka natla ba le seopo sengwe ba direla morafe le lefatshe ke dingwe tse di dirileng gore komiti eo e bo e e ipela gompieno. O ne a gwetlha komiti eo go tswelela e tshegeditse seo e seka ya nna gone fa go feletseng tema foo, mme ba tswelele ka go dira fela jalo e bile ba tseye maemo a ntlha. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Thini, Rre Private Monyamane a re tshwaragano le tirisano mmogo ya bogogi le batho ba Thini ke tsone tse di dirileng gore ba kgone go fenya dikgaisano tseo. Rre Monyamane o ne a bolela fa ba nna ba rerisanya le batho le go supa ka fa ba dirisang madi ka teng le metsotso ya bone e tsamaelana le se melawana ya komiti e se buang. A re gape ba le maloko ba kgonne go ngathogana bonnye jo ba atswiwang kwa komiting eo ka jone go thusa motlhoki mo kgotleng ya Thini, a supa fa go sa felela foo ba leka ka bojotlhe go fetola matshelo a batho ka bontsi. O ne gape a akgolela batho ba kgotla eo tirisanyo mmogo le go ba ema nokeng nako le nako, a re ba na le mowa wa bojammogo e bile ba nyoretswe ditlhabololo mme a gatelela ka gore ba fa ba leng teng ka kemo nokeng ya bone. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ipelela phenyo ya komiti ya Thini ka go tsaya maemo a ntlha mme ba abelwa setlankana, sejana se se amoganwang le madi a dipula di le dikete di supa. Rre Mokgethi a re maikaelelo a mangwe e ne e le go tsenya mogopolo le go rotloetsa dikomiti tse dingwe go tsaya malebela mo komiting eo ya Thini. | politics | 7 |
Ba Kalakamati ba akgoletswe boitshwaro jo bontle | Banni ba Kalakamati kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgoletswe boitshwaro jo bo ntle fa e sale Botswana a welwa ke segajaja sa COVID-19. Kgosi Jenamiso Tshupoeng o tlhalositse mo potsolotsong fa tirisano mmogo e mo tlhatswitse pelo go simolola ka nako ya kiletso mesepele go goroga mo nakong ya gompieno. A re e rile puso e ntsha taelo gore Batswana ba emise metsamao ka kgwedi ya Moranang, banni ba Kalakamati ba sala morago melawana yotlhe e neng e beilwe. Kgosi Tshupoeng o buile fa bogogi jwa motse bo ise bo kopane le dikgwetlho ka nako eo fa go tshwantshanngwa le mo metseng e mengwe. A re ene o ne a le mo komiting ya motse e neng e filwe dithata tsa go aba diteseletso mme tiro ya gagwe e ne e le go tlhomamisa gore tiro e e dirwa sentle. Kgosi a re o ne a dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore o pata mogokgo le komiti ya gagwe kwa sekolong letsatsi le letsatsi se e le go netefatsa gore morafe o sala ditaelo morago. O buile fa dikopo tsa mesepele e ne e le tse di botlhokwa fela, mme bontsi bo ne bo dirisa marekisetso a dijo, nama le motlakase kwa Kalakamati. Kgosi Tshupoeng a re go a mo itumedisa go bona morafe wa gagwe o sala morago molao wa lefatshe go tlhomamisa gore segajaja sa COVID-19 se a fengwa. A re Kalakamati o ne a amogela dikakgolo go tswa kwa ofising ya ga molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le ka ntlha ya boitshwaro jo bontle. A re banni ba tsweletse ka go sala morago melawana e mesha ya go rwala dithiba melomo le nko gammogo le go tlhapa matsogo kgapetsa kgapetsa. O supile fa ba ise ba amogele dingongorego kana dikgang dipe tsa batho ba sa saleng melawana e morago. A re le ba marekisetso a dino tagi ba setse morago dinako tse ba di filweng go bula le go tswala madirelo a bone. Kgosi Tshupoeng o tlhalositse fa ba diragatsa molao wa gore diphitlho di tsenelelwe ke batho ba le masome matlhano mo e bileng phatlalatso ya leso e direlwang kwa mabitleng. O buile fa ba emisitse dijo tse di jewang kwa diphitlhong se e le go tlhomamisa melawana ya COVID-19. A re go ja kwa diphitlhong go ka dira gore batho ba kgobokane ka lebaka gape dijo di tshwarwe ke mabogo a mantsi mme se sa tlaabo se gataka melawana ya COVID-19. Kgosi Tshupoeng o ne a lebogela banni ba Kalakamati mowa wa bone o montle go sireletsa Botswana. | health | 6 |
Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse | Mapodise a Serowe a tlhotlhomisa leso la mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Mannathoko yo o fitlhetseng a tlhokafetse mo ntlong. Mo potsolotsong bosheng, motshwarelela ramapodisi a Serowe, Rre Molefhe Molefhe a re go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, mme yo go belaesega a kitikilwe ka a fitlhetswe a tletse madi e bile a na le ntho mo letlhaeng. Ramapodise o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Ramogate kwa Serowe yo e bileng go kaiwa e ne ele mokapelo wa moswi go ba thusa mo ditlhotlhomisong. Go sale foo, ramapodise a re ditiragalo tsa mofuta o di a tshwenya gonne e ne ya re bosheng ba bona go tshwanela go ruta setshaba ka kgokgontsho e le go leka go e fedisa. A re molaetsa wa bone o remeletse thata mo go borre ka a re gantsi ke bone ba nnang ba amega thata mo ditiragalong tsa mofuta o. O tsweletse a re borre ba tshwanetse go kopa thuso mme a ba tlhagisa go emisa mokgwa wa go hupelela fela ka moteng, a re go na le mekgatlho ele mentsi e ba ka kopang thuso teng jaaka ya go agisanngwa kgotsa go sidilwa maikutlo. A re ke nako ya gore borre ba rutiwe go bua, ba bo ba lemotshiwe fa kgokgontsho e se yone tharabololo ya mathata e bile e okeletsa mathata pele. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Seromamowa se ipela le banni ba Nata | Kgosi Rebagamang Rancholo wa motse wa Nata mo kgaolong ya Nata/Gweta a re motse wa Nata o lesego thata ka o tletse ka dibapalwa nageng tse banni ba motse oo ba ithusang ka tsone. O buile seo fa a ne a amogela lekoko la badiri ba seromamowa sa Botswana ka thulaganyo ya go isa seromamowa kwa setshabeng le go ipelela dingwaga tse di masome matlhano se ntse se gasa kwa Nata ka Matlhatso. A re motse oo o na le paka e batho ba bapalang moseme, moretlwa le paka e ba bapalang bojang, ya go bapala phane le nako ya go bapala letswai jaaka mo nakong ya gompieno bontsi jwa batho ba motse oo ba ile go bapala bojang. Kgosi Rancholo o ne a gatelela ka gore motse oo o lesego thata o ratilwe ke Modimo ka go nna le dibapalwa nageng tse batho ba kgonang go itshetsa ka tsone le go tlhabolola matshelo a bone. O ne a supa fa ba itumetse thata e le ba Nata go nna mengwe ya metse e seromamowa sa Botswana se kgabotseng teng go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bone go tlhagolela boipuso jo bo faphegileng jwa monongwaga. Gape o tsweletse a bolela fa seo se tlaa ba tiisa moko gore ba ipaakanye thata ba tle ba keteke boipuso jo bo tlaa bong bo le pharologanyo le jwa mo dingwageng tse di fetileng. O ne a re se seromamowa seo se se dirang ke go isa ditlamelo kwa bathong, ka batho ba tlaa nna le kitso e e e tletseng ka fa se gasang ka teng le dithulaganyo tsa sone le go itse bagasi ba sone ba ba bona ka matlho go na le go utlwa mantswe a bone fela ba gasa. Moeteledipele wa lekoko leo la RB1 Mme Tebogo Koko o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa. Mme Koko a re loeto lwa bone gape ke go bontsha Batswana ka fa ditshipi tseo di berekang ka teng le go leboga Batswana thotloetso le kemo nokeng e ba e supang ka go reetsa seromamowa seo, a re gape kgaso gore e atlege e dirwa ke batho ba le setlhopha e bile ba le seopo sengwe. Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa masome matlhano e bile e le mogasi wa thulaganyo ya Kgogamasigo, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Nata go ipaakanyetsa boipuso ka go tsosolosa metshameko ya bogologolo ka go lebega e nyelela ka ponyo ya leitlho. Rre Lechuti a re gape ba phepafatse tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota le go di kgabisa ka mebala ya Botswana. Fa a ala ditso tsa motse oo, Kgosi Letsogo Kgaswa o ne a re motse oo o simologile ka ngwaga wa 1890 o tlhongwa ke Kgosi Sekgoma wa Bangwato. Kgosi Kgaswa o tlhalositse fa merafe ya ntlha go goroga mo lefelong leo e ne e le Basarwa le Bangwato, mme a re batho ba foo ba ne ba itshetsa ka Mokolwane le dibapalwa nageng le go nna ba ananya tseo le mabele le batho ba dikgaolo tse dingwe. O tlhalositse fa lefoko Nata kgotsa Nataa e le la puo ya Sesarwa mme le raya gore re tlaa tlola jang noka. Mafoko a ba a buile fa ba fitlhela noka e e ralalang motse e tletse. BOKHUTLO | politics | 7 |
Bomme ba kgalelwa go inyatsa | Kgosi Paul Motshwane wa lekgotla la Setswana la Gerald Estates kwa Francistown o gwetlhile bomme kwa Sebina go emisa mokgwa wa go inyenyafatsa le go inyatsa. A re o tshwenngwa thata ke mokgwa wa bomme ka bontsi wa go supa fa ba ka seke ba kgone segolo jang fa go tla mo ditirong tse di tlhokang kemedi ya bone. Kgosi Motshwane a re bomme ba tshwanetse go dumela fa ba na le bokgoni e bile ka jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba ikemela ka dinao. A re go ipelaela ga bomme ga go a lebana ka bontsi jwa ditiro tse di dirwang ke borre di ka seke ka tsela epe tsa palela bomme. Kgosi Motshwane a re ka ntlha ya se, bomme ba tshwanetse go tsenya tlhogo go lekeletsa ditiro tse di farologaneng go tlhola gore a ba ka di kgona. “Fa o tsena mo dikolong tse di botlana, o fitlhela palo ya barutabana ba bomme e le kwa godimo mme mo go tse dikgolwane e le potlana, ka bomme ba dumela fa dithuto tse di dirwang koo ka bontsi di tshwanetswe go rutwa ke borre fela,” ga bua Kgosi Motshwane. A re seo se gogela bomme kwa morago go tsenya letsogo mo ditirong tsa lefatshe le, ka jalo go nna o kare ba gateletswe. Kgosi Motshwane a re e re le ntswa borre ba ema bomme nokeng jaaka mo mererong ya tsa sepolotiki, bomme ga baa tshwaragana ka go supagala fa dipalo tsa bone di le kwa tlase kwa palamenteng le fa ba le palo ntsi mo lefatsheng le. A re bomme ba tshwanetse go rotloetsana gore le bone lentswe la bone le kgone go utlwala botoka. Kgosi Motshwane a re se se ka ba sologela molemo ka jaana batho ba bomme ba itse dikgwetlho tsa bone botoka. A re le fa gone lefatshe la Botswana le gatetse pele go fitlhelela maitlamo a lone a go ema bomme nokeng, le santse le lebanwe ke dikgwetlho tse di itsang bomme go gola mo lefatsheng le. A re bana ba basetsana le bone ba na le go ikokela mathata a a felelang a baka kgokgontsho ka ba sa batle go ipatlela ditsela tsa itshetso. A re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, e santse e apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Ka jalo o ne a rotloetsa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter go tshwara ka natla go thusa go lwantsha kgokgontsho ya bomme mo motseng oo. Kgosi Motshwane o gwetlhile banni ba motse wa Sebina go tshwaragana go thusana go fenya dikgopi tsotlhe tse ba kopanang natso mo motseng wa bone. A re bomme le bone ba na le dithata tsa go tsaya ditshwetso mo malwapeng, ka jalo ba seka ba letlelela go gatelelwa ke borre ba ba tshelang le bone.O bile a re ba tshwanetse go ikuela nako e sa le teng fa go nale dikai tsa kgokgontsho, a supa fa puso e tsweletse ka go dira bontle go inola bomme mo lehumeng. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter Rre Emmanuel Mathambo o tlhalositse fa bomme ba santse ba bipa mathata a ba kopanang nao mo malwapeng a bone. Mothusa-modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Ednah Setimela a re bomme ka bontsi ba santse ba tlhaela kitso mo dilong di le mmalwa. A re bomme ba tshwanetse go rotloediwa mo go tseneletseng gore ba kgone go ikemela ka dinao. O tladitse ka gore letlhoko la ditiro le lone le santse le gateletse bomme fela thata mme seo se tshwanetse sa tsibogelwa. Bomme ba motse wa Sebina ba ne ba itlama go emana nokeng go lwantsha dikgwetlho tse ba kopanang natso. | society | 9 |
Mananeo a ka tshetsa bomme | Bomme ba kgothaditswe go ema ka dinao, ka go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma ka seo se ka thusa thata mo go tokafatseng matshelo a bone. Kgothatso e, e ntshitswe ke Mme Lenah Baitirile, mogolwane go tswa mo lephateng la bong, kwa Maubelo, mo dithuto-puisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya DMSAC bosheng. Mme Baitirile o ne a gakolola a ba a kgothatsa bomme go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma le go ipopa ditlhophana go tsena mo dikgwebong tse di farologaneng, a tlatsa ka gore le mo lephateng la bong (Gender Affairs) ba ka kgona go itshimololela dikgwebo tse ka tsone ba ka intshang mo lehumeng la nta ya tlhogo ka tsone. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba tshwaragane le ba ofisi ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, ba e leng bone ba dirang ditshekatsheko tse di tseneneletseng go tlhopha ba ba tlhokang thata. Mme Baitirile o ne gape a tsibosa le go rotloetsa bomme go ya go ikuela ka kgokgontso e ba e itemogelang gantsi mo malwapeng a bone, e dirwa ke borre ba ba tshelang nabo. O supile fa go na le molao o o itebagantseng le kgokgotso e e amang setshaba ka kakaretso, o o neng wa dumelanwa ka ngwaga wa 2008, a kaya fa mokgokgontsi a tshwanetse go lebisiwa molato le go tseelwa dikgato tse di gagametseng morago ga tshekatsheko ya kgang eo. O ne a gakolola bomme go ela tlhoko mafoko a ba buisanang ka one le borre le bana mo lwapeng, a kaya fa gantsi go tlhoka go tlhopha mafoko fa batho ba buisana go ka tsala tlhoka kutlwisisano e e ka felelang e baka dintwa. O boletse fa botho le maitseo di ka bopa lelwapa le go renang kagiso. Fa a bolela maikaelelo a dithuto-puisano tseo, modulasetilo wa komiti ya DMSAC o kaile fa maikaelelo e ne e le go rutuntsha bomme ka tse di ba amang mabapi le dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone mo malwapeng di akaretsa; tsa botsogo, itsholelo le tse dingwe. O supile fa dithuto-puisano tseo di tla thusa le gone go abelana maele a botshelo, go buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo tsa tsone. Rre Gakebatshepe Tumelo, mooki go tswa mo sepateleng sa Tsabong, o ne a ruta le go tsibosa batsena dithuto-dipuisano tseo ka mefuta ya malwetsi a a tsenang ka tlhakanelo dikobo, dikai le kalafi ya one. O supile fa gantsi malwetse a a tshabelela go tsena thata bomme le bana ba basetsana. O ne a gakolola gape bomme go ya go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ngwaga le ngwaga, ka gantsi dikai tsa yone di sa itshupe pele ga e kekela. Mooki go tswa sepateleng sa Tsabong o ne a tswelela ka go rotloetsa bomme go nna le dipuisano ka nako ya tlhakanelo dikobo le gone go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe go thibela go tsenwa ke malwetsi ao. Rre ltumeleng Molaakgosi, mogolwane go tswa kwa Tebelopele, ene o ne a kgothatsa bomme go ya go itlhatlhobela mogare wa HIV /AIDS le bakapelo ba bone ka seo se ka ba thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba ba le mmogo mabapi le tsa botsogo jwa bone. | economy_business_and_finance | 3 |
Lekgotla le neetse morafe dithoto | Lekgotla la Palapye Development (PDT) le roletse morafe wa motse oo dithoto tse e neng ya re puso e tsaya dikago tsa ithutuntsho tsa brigade tsone tsa sala mo diatleng tsa lone ka 2011. Erile ba rola dithoto tseo go di neela ba lekgotla la nakwana le le neng la tlhophiwa la Palapye Development Advisory go di tshwarela morafe, modulasetilo yo o tswang le lekgotla la botsamaisi go tswa ka 2006 e le leloko, ya re ka 2010 a tlhophiwa go nna modulasetilo Rre Dithapelo Tshotlego o ne a supa fa nako e tsile ya gore ba neele morafe ditsa bone tse ba sa bolong go di ba tshwarela. Rre Tshotlego o ne a tlhalosa ka bokhutshwane ka lekgotla le a neng a le modulasetilo wa lone, gore ke lekgotla le le neng le ntse le le teng pele ga a nna leloko la teng ka 2006, a supa fa dingwe tse ba neng ba di neela morafe di akaretsa dikago tsa mabenkele, marekisetso a lookwane a Puma tse dikafatlase ga botsamaisi le tlhokomelo ya Jacinth Holding PTY LTD, fa bone ba ne ba le kafa tlase ga PDT e le batsamaisi. O ile a supa gore dikago le sekole sa brigade di setse mo diatleng tsa puso, mme a tlhalosa ka gore ba ne ba dira go le gontsi go somarelela morafe dithoto tsa bone ka go thapa Mme Unity Dow mo go tsa semolao go ba thusa go lwa ntwa ya go somarelela morafe dikago tsa marekisetso tse di neng di gomagomediwa ke go tsewa. Rre Tshotlego a re ene le komiti ya gagwe le moladi Mme Veronica Rabakane ba ne ba sa bone boroko, ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go busetsa seemo mo mannong tse di mo tsamaisong e e siameng e bile di tsenya madi, a re mo nakong eno di kgonne go nna le madi a P25 million a a mo polokelong. Mongwe wa dibui e ne ya nna molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye Mme Veronica Rabakane yo a neng a kopa morafe go ba imolola mokgweleo o ba o rweleng ka go tsaya dithoto tsa bone, a re tiro e ba neng ba e neetswe e ne e se motlhofo. O ne a re bone ga ba tshabe sepe, mme fela fa go na le tse morafe o batlang go di latedisa ba ka dira jalo ka ba teng ke Batswana ga gona gope kwa ba ka tshabelang teng, a supa fa le bone dithoto tse e le tsa bone mme ba tshwanelwa ke go nna le boikarabelo mo go tsone. Mme Dow yo o neng a lebagana le tsa semolao a emetse lekgotla la PDT, o ne a re tshekatsheko ya dibuka e dirilwe, mme tsotlhe di siame, a re lekgotla le ne le eteletswe ke batho ba ba ka dirang diphoso “Nkgo go thubega e e ileng nokeng” a raya gore diphoso di dirwa ke yo o dirang, ga gona yo o ka dirang phoso a sa dire sepe. O ne a kopa morafe, go leboga, go gakolola kana go kgala fa go tlhokega, ka kitso ya go lemoga bokete jo lekgotla le neng le botshwere. Mo dikakgelong mongwe wa bao ba ba neng ba amogela dithoto mo boemong ja morafe Kgosi Klaas Motshedisi o ne a supa fa ba amogela dithoto ba le bete semolangwana ka bontlha bongwe ja dithoto bo seyo ebile go sa umakiwe sepe ka tsone le mo mokwalong di sa kwalwa. A re seo se ka nna mo maruding a morafe gore a bone ba bona go tshwanela go amogela tse di teng fela kwantle gat tse diseyong le gore di kae, o ile a batla go itse gore dikoloto tse di dirilweng ke ba PDT go ya godirwa jang ka tsone. Rre Onnetse Ramogapi ene o ne a re a morafe o amogele dithoto tseo, mme a re a kompone e e ba tshwaretseng dithoto tsa Trust ya Jacinth HoldingsPTY LTD e ntshiwe. O ne gape a re temana e e reng motho o ka seka a sekisiwa fa a senyeditse lekgotla le yone e lebelelwe. Bontsi bo ne ja supa fa ba dumelana le gore PDT e rolele morafe dithoto tsa one, le gore a go nne le mowa o montle wa neelano. Rre James Olesitse o ne a re a go bewe sebaka sa gore lekgotla le le neelwang le ya go tsaya sebaka se se kae, a tlatsa ka gore ene o ne a ka ba fa dikgwedi tse thataro fela go bo go ka tlhophiwa lekgotla le le lesha. Mme a tladiwa ke banana ba motse wa Palapye gore fa godimo ga moo dikgosi ke bagakolodi ba setshaba ka maemo a bone ka jalo go nna teng ga bone mo komiting e e amogelang dithoto tsa morafe go ya go baya morafe kafa mosing, ba ya go tshaba go buwa ka tshosologo. Bangwe ba ne ba re a komiti e e tsayang e fiwe sebaka sa dikgwedi tse thataro fela, mme ga lebega ba sa sekegelwa tsebe ke ope, seo sa rata go ntsha phuthego mo taolong fa bontsi bo ne ja emelela phutgeio e esi e wediwe go supa go sa itunmedisiweng ke karabo e ba neng ba e fiwa ya gore bone e le morafe le lekgotla le le tsayang ba tlaa buisana ka lobaka le lekgotla le tlaa le tsayang. Bokhutlo | politics | 7 |
Batsadi ba kgothadiwa go tsaya dikgato tse di maleba | Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Bonewamang kwa Molepolole Rre Victor Radikgobati o kopile batsadi go dirisanya le go tsaya dikgato tse di maleba fa morutabana a dirile phoso. Rre Radikgobati o buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli ka Labotlhano (23/01/2014) kwa kgotleng ya Maulana. Banni bane ba supa fa ba tshwenntswe ke seemo se barutabana ba dirisang diatla mo boemong jwa thupa go otlhaa bana. Fa a tsibogela matshwenyego a, Rre Radikgobati a tlhalosa fa gosa letlelesege gore morutabana o ka dirisa diatla go otlhaa ngwana. A re fa seemo sa go nna jaana se diragetse, e a bo ele phoso ya morutabana mme gole maleba gore a tseelwe dikgato tsa semolao. “Ga go tlhokahale gore motsadi a tsene ka ntwa ko sekolong”, a gatelela. O kgothaditse batsadi go bona boeteledipele ba sekolo gore molao o diragadiwe, a tlatsa ka gore fa motsadi aya ka ntwa ko sekolong, bana ba tlaa tsaya gore key one tsamaiso mme a bo ele jaaka fa ba dule mo tseleng. Mo go tse dingwe, mogokgo o supile fa a tshwentswe ke tebego ya dikago ko sekolong ka di setse di onetse. O lekodisitse mopalamente le setshaba gore o botabotile ko khansele a kopa thuso ka seemo se mme nako kgolo ke eno. BOKHUTLO | education | 4 |
Lenaneo le tsweletse sentle | Lenaneo la ditshingwana tsa merogo la go thusa Batswana go intsha mo lehumeng le tswa maduo a a nametsang mo kagolong ya Ghanzi. Mogolwane o o okametseng lenaneo le, Rre Ishmael Matsau a re ba na le ditshingwana di le lekgolo le lesome le borobabobedi mo kgaolong ya Ghanzi, mme a re mo toropong ya Ghanzi di masome mane le bone. Mo go tsone tse di masome mararo le botlhano di tsweletse sentle fa tse di lesome e le tsone di sa tswelelang. A re gobo dingwe tsa ditshingwana tse di sa tswelela ke ka gore bangwe ba ba di abetsweng ba tlhokafetse, bangwe ba kgaoletswe metsi fa bangwe ba di tlhogetse fela tsa a swa. A re mme ba mo lenaneong la go tsaa ditshingwana tse mo go ba ba di tlogetseng fela tsa swa ka go lebega ba sena kgatlhego mme ba tlaa di abela ba ba di tlhokang. A re mo go tsa ba ba tlhokafetseng fa go na le mongwe wa lesika yo o ka kgatlhegelang go tsweledisa tshingwana eo ba tlaa mo e abela mme fa go sena yo o nang le kgatlhego le tsone ba tlaa di tsaa a bo ba di abela ba ba di tlhokang . A re mo kganyeng ya tsa ba ba kgaoletsweng metsi ba kopile komponi ya metsi go ba gokelela metsi gape mme ba ba kopa gore a bo ba tswelela ba leka ka bojotlhe go duela metsi go itsa go kgaolelwa metsi gape. Rre Matsau a re ba tlhola ditshingwana tse beke le beke go bona ka fa di tshweletseng ka teng a re mo go ba ba di tsereng ka tlhoafalo di ba tswela mosola fela thata ka ba kgona go itshetsa ka tsone mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi. Mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana ya merogo Mme Ditlhare Mabina a re tshingwana ya gagwe ya merogo e tsweletse sentle ka a re ga a sa tlhole a itse go reka seshabo. A re le fa a sa rekisi mo go nametsang mme gone ga a sa tlhole a lela ka go reka seshabo ka a tsena hela mo tshingwaneng a bo ba lala ba jele. A re mathata fela ke ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo, mme a re o lebogela ba boipelego thuso e e kana kana e ba mo neileng yone. A re ba temo thuo ba dirisana le bone sentle ka a re fa gona le diji dingwe di ba tshwenya ba ba thusa ka melemo ntle le tuelo epe. Mme Gaolatlhe Peelelo yo le ene e leng mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana tse a re ene o ketefalelwa ke tshingwana e ka a re ditlhwatlhwa tsa metsi diko godimo fela thata smo ene a sa kgonneng go a duela a re ke gone ka moo tshingwana ya gagwe e suleng. A re bogolo fa ba ne ba ka duelelwa sekoloto se se ko morago sa metsi ne go ka nna botoka gore ba simolole tshingwana ba sena melatsa e tle e re fa merogo e sena go gola ba bo ba rekisa ke gone a bo ba duela metsi a re ke gone fela go ka sekeng go ba ketefalele. Rre Matsau a re o motlotlo go ema a re lenaneo le le mosola fela thata e bile a re le tlisa maduo ka a re batho ba ba le tlhwaafaletseng ba dule mo lehumeng e bile ba a tshela ka ntlha ya lone, mme o ba rotloeditse go tswara ka natla gore ba tswelele ba itshetsa ka a re mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Bokhutlo | economy_business_and_finance | 3 |
Matlakala a ka tlhama mebereko | Mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Patrick Keongadile o rotloeditse botlhe go tsaya boikarabelo jwa go somarela matlakala ka e le teemane e batho ba kaitshetsang ka yone. Rre Keongadile yo a neng a bua kwa Hatsalatladi ka letsatsi la kabo dimpho la metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepa kwa kgaolong ya Kweneng, a re banana ba ba sa berekeng ba ka itlhamela ditiro ka go fetolela matlakala mo tirisong le go rekisa tse di dirilweng ka one. A re kabo ya dimpho e tsile ka nako e e siameng jaaka Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa. Are ipelelo boipuso e tla direlwa mo tikologong e e phepa, a supa gape fa le setlhogo sa letsatsi leo se se sereng: Lefelo la Rona, Lebopo la Rona ke Boikarabelo jwa Rona, se iteile kgomo lonaka ka se kaya tshaba e e itekanetseng e bile e le gaufi le modimo. O ne a gatelela botlhokwa jwa gore fa go senang bophepa teng, ga go nne le botsogo jo bo siameng. A re bophepa ke pilara ya botshelo ka jaana tikologo e seng phepa e sa siamela botsogo jo bontle. A re Batswana ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo le go ikitaya kathupana go phepafatsa malwapa le tikologo e bannang mo go yone. Rre Keongadile a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tshegetsang letsatsi la phepafatso mo dingwageng tse tlhano ka go latelana. A re gona le matlakala a jaaka maokwane a a dirisitsweng tse di tshololwang go sena pabalesego, tse kwa morago di felelang dikgotlela tikologo le metsi a kwatlase ga lefatshe. Mokhanselara Tshenolo Leshomo a re maikaelelo a letsatsi e ne ele go gasa molaetsa ka bo diphatsaba jwa go sa tshwareng matlakala sentle. Mahetlwe e ne ya gapa maemo a ntlha mo karolong ya metse e mennye, Kopong e tsere maemo a ntlha mo metseng e fagare. Molepolole o ne a kgaogantswe ka dikgaolo dile tharo mme maemo a ntlha a ikgapelwa ke kgaolwana ya Boribamo west. BOKHUTLO | environment | 5 |
Kereke e kgothatsa banni go tsepama mo Modimong | Phuthego ya Saint Adam Healing e e tswang Mochudi e ne e etetse Draaihoek bosheng e tsile go rapelela batho mabapi le diemo tsa matshelo. Go bolelwa fa bangwe ba banni ba motse o, ba ne ba ba tshwenya ka megala ba kopa gore ba tle go rapela le bone mme ba sekegela selelo sa bone tsebe. Mookamedi wa kereke e, Rre Adam Moilwa o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona setshaba sa Botswana se boetse mo Modimong. A re ditshele, mafufa, malwetse le mekgwa e mengwe e e senyang matshelo a batho di ka nyelela fa banni ba ka bopagana ba tshwaragana ka tumelo ka go nna lesedi. A re ntleng ga moo ditlhabololo di ka seke di ntsifale mo dikgaolong kana metsaneng le bone bagwebi ga ba kitla ba tswelela, agatelela ka go re gompieno puso e kgothatsa banana go itshetsa ka diatla. E rile a ntsha la gagwe, mongwe wa bagolwane mo kerekeng eo, Rre Bobbie Setshedi o ne a tlhalosa fa ba kile ba tla thapedisong ya mokereki ka bone. Ka jalo batho ba motse ba ba bonela teng ba bo ba rata tsamaiso le ka fa ba neng ba thusa ka teng. A re ntleng ga letlhoko mo Draaihoek, motse o tlhokana le thapediso e ntsi.. A re mo kerekeng ya bone ba setse melawana le matshego a 2016 le tsamaiso ya kereke morago. O ne a tlhalosa fa ba dira dikoleke mme ba rekele batho ba ba yang go kereka le bone dilwana di tshwana le dijo le diaparo. A re totatota se ba lwang le sone ke kgodiso ya bana e e lolameng ya go ba itsa nnotagi, boimana jwa bana ba dikole ga mmogo le boitaolo jwa bone. O ne a bolela fa keletso ya bone e le go ba tsisa gaufi le tumelo ya sekeresete jaaka batsadi ba bone ba eletsa. Ka jalo keletso ya bone ke go tsamaya le mafelo a a iseng a gole thata le dikole tse di kgolwane ba ruta lefoko la Modimo. O ne gape a tlhalosa fa e rile go le pele fa ba tsena mo Draaihoek ba feta ba bona leuba le tshotlego di wetse bagodi le bana mme ba nna le moono wa go tsenya lebogo mo go seo ka go ba fa diaparo. | religion_and_belief | 8 |
Monnamogolo o itshetsa ka setinkane | Monni wa Gumare, Rre Bonang Kamanakao, wa dingwaga tse di masome a marataro le bofera bongwe a re o itshetsa ka go letsa setinkane se a se filweng ke rraagwe ka ngwaga wa 1969. Rre Kamanakao o boletse mo potsolotsong fa a simolotse go letsa setinkane ka 1969 a rutiwa ke mogolowe ba le kwa madisong. A re rraagwe o ne a mo direla setinkane morago ga go lemoga bokgoni jwa gagwe, mme o tlhalositse fa e ne e le ngwao ya bo ne ya Seyei go tshameka diletswa tse di tshwanang le katara le setinkane e le tsela ya go itlosa bodutu ba le kwa madisong ka gone go sena diromamowa. Rre Kamanakao o boletse fa modumo wa sitinkane sa gagwe o sa tshwane le tse dingwe ka sa sa gagwe a se ngaparisa bautu gore se ntshe molotsana o o tshwaraganeng gape o le monate. A re o itshetsa ka go supa talenta ya gagwe mo medirong e e farologaneng jaaka manyalo, tsatsi la ngwao le go intshiwa ga matsetsi. O buile ka boitumelo gore ga a laleditswe go letsa o a itse gore o ya go bona madi a kana ka P500 a mo thusang le go tlhokomela ba lesika mo lwapeng. Rre Kamanakao o boletse fa a tseneletse dikgaisano sa ga Tautona e le lantlha ngwaga ono mme a tswa mo maemong a bobedi go fetela kwa makgaola kgannyeng a a tlaa tshwarwang kwa Gaborone mo bogautshwaneng. O galaleditse lenaneo la ga Tautona a re le mosola fela thata ka le ka mo jesa ka bokgoni jwa gagwe. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Dinotshi di tlodisa molatswana | E re ntswa batho bangwe ba tshaba dinotshi lebaibai, bangwe bone ba di rua e le tsela ya go itshetsa. Rre Mosimanegape Matlho yo e leng monana o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang gore o sale a nna le lerato la go rua dinotshi le dikolobe a sale kwa sekoleng se segolwane. A re o beile dinotshe mo mabokosong a le mabedi. A re o leboga morutabana wa gagwe Mme Molefe go tswa kwa Mookami JSS le lenaneo la dithuto le le rutang ka thuo le go tshwara dinotshe. O tlhalositse fa thuto e le yone konokono ka kwa ntle ga thuto batho ba ka palelwa ke go dira sepe fela. O tsweletse a re go rua dinotshe go batla motho yo o tlwaetseng go dira ka diatla e bile a sa itsape. Rre Matlho o tlhalositse fa thuo ya dinotshe e siame ka di bereka mmogo go dira mamepe a a felelang a ntsha tswina, e e ka dirisiwang go loka tee kgotsa go tshasa borotho. A re o ikuetse mo go ba lephata la banana go mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe jalo o solofetse gore ba mo tswe thuso ka a kile a ikopanya le ba Molepolole. A re kgwebo ya gagwe e a gola ka gore dikolobe di a ata ka e le nngwe fela e kgona go tsala dikolojwane di le masome a mabedi le bone. Rre Matlho o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go rekisetsa batho le mabenkele gore kgwebo e tswelele e gole. O boletse fa go le molemo go itirela ka diatla ka go le bogadi bo gaufi jalo a rotloetsa banana go ikemela ka dinao go dira ka diatla le go sola molemo mananeo a puso e thusang banana le Batswana ka one. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Palapye o tlhoka ditsela | Mopalamente wa Palapye Rre Moiseraele Goya a re go gola ga motse wa Palapye go tlhokana le ditsela tsa sekonotere tse di tlaa fokotsang mosuke wa dikoloi. Fa a bua le banni ba kgaolwana ya Extension 5 mo Palapye, Palapye a tlhola lesome le bosupa, Rre Goya a re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go dira ditsela tsa sekonotere tse di tla thusang go fokotsa mosuke. A re ditsela tse di tshwanetse go thusa dikoloi tsa setshaba tse di tla bong di tswa kwa maemelong a masha a dipalamo tsa setshaba. A re ga go na mosola wa gore khansele e age maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba mme dikoloi tsa setshaba bogolo jang dithekisi di bo di sa kgone go isa setshaba kwa se batlang go ya teng. Rre Goya a re go itsa mosuke wa dikoloi tse di tswang Gaborone, Francistown le Serowe di tsena mo Palapye, go tshwanetse ga nna le tsela e tswang mo Palapye e wela mo go ya Francistown, go fokotsa mosuke wa dikoloi fa go sa tlhokafaleng teng. A re khansele e tshwanetse go akanyetsa go tshela tsela e e fetang kwa mabitleng a Mmaphula e wela kwa tseleng ya Francistown gore dikoloi tse di yang le tse di tswang Francistown di dirise tsela eo go na le go dirisa tsela e e fetang ka marekisetso a leokwane a Engen. A re ba ba tswang Gaborone ba ka dirisa tsela e e tsenang mo khurumela. Mo godimo ga se a re motse wa Palapye o tlhokana le mesele ya metsi gore fa dipula di nele metsi a kgone go laolesega. A re mo bogompienong ke selelo sa khuranyo ya meno fa dipula di nele mo Palapye ka metsi a thibela batho mo malapeng ebile go sa tsamaege. A re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go itebaganya le seemo se. Mo godimo ga se a re Palapye o tlhoka lebala la metshameko le le akaretsang metshameko e e farologaneng gore batshameki ba tshwarele dikgaisano le ikatiso mo go lone. A re Palapye o na le ditlhopha tse di farologaneng tsa metshameko tse di nang le kgwetlho ya mabala a di ka tshamekelang mo go one. Fa a tswa la gagwe mogolwane wa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation mo Palapye Rre Matlotlo Obusitswe a re kgaolwana ya Extension 5 le 6 ga mmogo le tse dingwe tse disha, ga di na metsi sentle ntateng ya tlhaelo ya madi go gokela kgaolo eo. A re tlhaelo ya madi e santse e emisitse go gokelwa ga metsi mo dikgaolwaneng tseo, mme a tlhalosa fa puso e sa nna fela mme e santse e leka go rarabolola kgwetlho e. O rotloeditse banni ba Palapye go somarela metsi, a re lefatshe leno le na le tlhaelo e tona ya metsi, a tlhalosa fa matamo a Bokaa le Nnywane a setse a tswetswe ka gore a kgadile. BOKHUTLO | society | 9 |
Lenaneo la Sesigo le alosa baithuti | Dialogane tsa boranyane jwa lenaneo la sesigo di kopilwe go kgaogana le morafe maitemogelo le mosola wa go inaakanya le ba metlobo ya dibuka. E rile a abela ba ba neng ba fetsa dithuto tsa bone ditlankana bosheng, mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Dominic Botshelo a tlhalosa fa lephata la gagwe le tshwaragane le ba metlobo ya dibuka go netefatsa gore setshaba se itse ka mosola wa metlobo ya dibuka. E rile a ema batsena moletlo ka lefoko mogolwane wa metlobo ya dibuka kwa Selebi Phikwe, Rre Boikago Medupe a tlhalosa gore maikaelelo le maitlamo a bone ke go ruta setshaba ka dikitso tsa maranyane, go ithuta le go fetisa melaetsa ka inthanete. O tlhalositse gore fa dithuto tse di fiwang baithuti di ka tsewa ka tlhwaafalo di ka tlhabolola matshelo a batho jaaka go tsena mo go tsa kgwebo. O tsweletse a tlhalosa fa e se botlhe ba ba kgonang go tsena ka kgoro ya metlobo ya dibuka ka mabaka a a farologaneng a tshwana le go tlhoka nako mme a tlhalosa gore go na le thulaganyo e e dirwang ka go ikopanya le bone gore motho a kgone go ithuta a le kwa lwapeng. O tlhalositse gore dithuto tsa go nna jalo di ka akolwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore motho o nale dingwaga di le kae. Rre Medupe a re lenaneo la Sesigo le ntse le tsaya dikgwedi tse tharo mme mo nakong eno le tsaya dikgwedi di le tlhano gore baithuti ba aloge. A re go simolola ka Tlhakole ngwaga o o fetileng le mono ngwaga go ema ka kgwedi ya Hirikgong ba kwadisitse baikopedi ba lenaneo la Sesigo ba le 200. | education | 4 |
Badiri ba tlhatlhelela ba Maokatumo | Badiri ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba re go botlhokwa go ruta batho ka malwetse a a sa tshelanweng. Ke sone se e rileng bosheng jaana, kokelwana ya Palapye le lekalana la District Health Management Team (DHMT) ba neng ba buisa phuthego kwa Maokatumo. Motlhatlhelela dithuto tsa maranyane kwa BIUST, Dr Sebusi Odisitse, o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba lemotshwe le go rutwa ka tsa botsogo. A re dipalo di supa fa batho ba le 41 million lefatshe ka bophara ba tlhokafala ngwaga le ngwaga ka ntata ya malwetse a a sa tshelanweng jaaka kankere, malwetse a pelo le sukiri. Dr Odisitse o kaile fa go le botlhokwa gore batho ba rutwe gore motho ba ka itibela jang kgatlhong le malwetse a. O rotloeditse setshaba go itlhatlhobela malwetse a mofuta o gore ba a tsibogele ka nako fa ka a sena dikai tse di lemotshegang ka bonako. A re ke maikarabelo le tshwanelo ya mongwe le mongwe go tsaya karolo mo go lwantsheng malwetse a, a tlhalosa fa go kgonega gore motho a thibele malwetse a ka go fokotsa go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela, go ja sentle le go itshidila mmele. Dr Odisitse o ne a tlhalosa fa malwetse a, a remeletse thata mo bathong ba ba magareng ga dingwaga tse di masome mararo le tse di masome a marataro le boferabongwe. Mongwe wa baoki, Mme Keemenao Sebeti o boletse fa batho ba tshwanetse go emela botsogo jwa bone ka dinao. O boletse fa dijo di na le seabe se se ntsi mo botsogong, ka jalo a rotloetsa gore go jewe sika loo mabele, merogo le tse di senang mafura a mantsi. O kopile setshaba go ikatumetsa ba botsogo fa ba utlwa mebele e sa tsoga sentle, go na le emela gore bolwetse bo kekele. | health | 6 |
Autlwetse o gomotsa badiri | Mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse a re fela jaaka babereki, go tswalwa ga kompone ya diteemane (TMC) go ba tshoganyeditse e le puso. O buile se fa a ne a buisa babereki ba pele ba kompone eo kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng ka Labotlhano kwa Serowe. A re seru se se ba wetseng se utlwisa botlhoko. O bile a supa gore ba ne ba kopana go bona gore ga go na se se ka dirwang gore madirelo a o a se tswalwe. Rre Autlwetse a re e le puso ba ne ba kopana le bogogi jwa kompone kwa Gaborone go tla go utlwa gore ba ka tswa ba na le mathata a eng, mme ba supa fa go le turu go tsamaisa kgwebo ya mofuta o mo Serowe e bile ba sa tlhole ba na le kgatlhego. Mothusa tona a re fa ba sa ntse ba le mo dipuisanong le ba kompone eo, ba lekgotla la babereki ba meepo ba Botswana Mining Union ba bo ba isa kgang kwa kgotla tshekelong, ka jalo a supa fa ba ka seke ba ame dikgang dingwe ka di le fa pele ga lekgotla. Rre Autlwetse a re ntswa ba ne ba dira maiteko, a go okela kompone e e neng ya supa kgatlhego go ka tsweledisa madirelo, ka maswabi ba kompone ya TMC ba rekisa lefelo leo ka jalo maiteko a bone a itaya sefololetse ka ba ne ba sena lefelo le ba ka tlang ba direla mo go lone. E re dikgang di eme jalo, bangwe ba babereki ba pele ba supile fa puso e ne e ba itlhokomolositse go fitlhelela ba isa kgang ko pele. Ba supile fa ba na le dikgwetlho tse di tshwanang go sa tshidisiweng sentle ke dibanka tse ba adimileng madi mo go tsone ka go ba tshosetsa ka go ba gapela dithoto. Ba ile ba kopa Rre Autlwetse go ba buelela le ba dibanka go emisa merokotso. E rile a tswa la gagwe mothusa tona a ba raya a re fa motho a adima madi mo dibankeng banka e sireletsa madi a ba a tsayang gore fa motho a ka tlhokafala kana a senyegelwa ke tiro tshireletso eo e bo e duela sekoloto seo. O ne a ba rotloetsa go tsibogela mananeo a puso go itshetsa ka puso e ka seke e kgone go thusa batho botlhe. | economy_business_and_finance | 3 |
Banni ba kopilwe go dirisa tshwanelo ya go tlhopha | Banni ba Takatokwane kwa kgaolong ya potlana ya Letlhakeng ba gwetlhilwe go tlhomamisa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang gonne tlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ke tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone. Mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha banni ba motse oo ka tsamaiso ya ditlhopho, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho go tswa Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole o boletse fa go le botlhokwa thata gore Batswana ba tlhaloganye fa tlhopho e le yone tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone, ka jalo a ba lemotsha fa go le mo maruding a bone go tlhopha puso e ba e eletsang. A re go tlhopha go botlhokwa thata ka ke tsela ya go feela gore ditlhabololo le ditlamelo di nne teng. O gakolotse batlhophi go itse fa ba na le ditshwanelo ka jalo a ba tlhagisa gore ba seka ba itetlelela go sukurwa ke mapolotiki ka letsatsi la ditlhopho gonne le botlhokwa mo go bone e bile le kgona go fetola matshelo a bone. O ba gakolotse gape go tlhomamisa gore bo Omang ba bone ba nna fa go babalesegileng le gore ba tla bo ba le mo tirisong ka nako ya ditlhopho, mme a kopa ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa go tlhopha go ikgolaganya le ofisi ya ditlhopho go dira meriti ya tsone. Rre Motshwarakgole o gakolotse bontlhopheng go tshwaragana le ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha setshaba ka bomosola jwa go tlhopha gore molaetsa o goroge sentle kwa setshabeng ka jaana go tlhokana le gore ba-na-le seabe botlhe ba tsenye letsogo mo go fetisetseng molaetsa wa go tlhopha kwa setshabeng. E rile ba akgela, banni ba supa fa go lebega bangwe ba santse ba tlhaela kitso ka go tlhopha. Rre Thomas Batlhophi o boletse fa bangwe ba sa tlhophe gotlhelele ka ba sa tlhaloganye mosola wa go tlhopha ka jalo a ikuela mo go ba ofisi ya ditlhopho gore e re mo isagong ba rutuntshe setshaba ka mosola wa go tlhopha nako e sale teng.Bokhutlo | politics | 7 |
Matlwana a boitiketso a setshaba a tlaa baakanngwa | Khansele-potlana ya Mahalapye e mo lenaneong la go baakanya matlwana a boitiketso a a kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba. Mo potsolotsong, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko, Rre Goratileone Kgwadu o supile fa matlwana ao a se mo tirisong. O boletse fa khansele e ne ya emisa tiriso ya matlwana ao morago ga go itemogela tshenyo e e dirilweng mo go one. Rre Kgwadu a re mo nakong eno, khansele e mo letsomong la madi a go shafatsa matlwana ao, go leka go a busetsa mo seemong sa go ka dirisiwa ke setshaba. Le fa go ntse jalo, a re sengwe se se tshwenyang ke go bona bangwe ba tsweletse ka go ithomela ka fa morago ga matlwana ao. Rre Kgwadu a re go dira jalo go leswafatsa tikologo e bile go a fatlha mo matlhong a setshaba. O supile gore e tlaa re morago ga go shafadiwa a bapadiwe gore bangwe ba tsee boikarabelo jwa go a tsamaisa jaaka e ntse e le tlwaelo, e bile e le tsela nngwe ya khansele go dira letseno. | politics | 7 |
Lekalana le tshwenngwa ke kgolo ya dikotsi | Mogolwane wa Motor Vehicle Accidents (MVA) Fund, Rre Michael Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e gwetlha gore go itebaganngwe le manokonoko a a bakwang ke dikotsi tsa tsela mo matshelong a batho gammogo le itsholelo. Go supilwe fa ka ngwaga, batho ba le 168 ba letlhegelwa ke matshelo, mme go tsweng kwa ngwageng wa 2015 go ya kwa go wa 2017 go supafala fa go ntse le dintsho di le masome mararo le boferabongwe mo lekgolong mabapi le dikotsi tsa tsela. Rre Tlhangwane a re letlole la MVA le thusa ka dituelo tsa bongaka le kalafi, dituelo tsa tatlhegelo le letseno la itsholelo, dituelo tsa ditshenyegelo tsa phitlho le tatlhegelo ya tlhokomelo. Osupile fa lekalana la gagwe le itemogela ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka tsa botsogo le boitekanelo jwa batho, go latlhegelwa ke bokgoni jwa go itshetsa. O tlhalosa fa go dirisiwa madi a mantsi mo bongakeng, ka lefatshe leno le santse le ikaegile thata ka bongaka jwa mafatshe a sele. Rre Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e ama mongwe le mongwe ka ditsela tse di farologanyeng jaaka mananeo a puso a ditlhabololo itsholelo, maduo kwa ditirong, go latlhegelwe ke baitseanape le tsone kgwebo tota. Ka jalo a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya letsogo mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela. O ne a ikuela mo go boradikgwebo ba ba rutelang go kgweetsa go tsenya letsogo mo go rotloetseng ipabalelo tseleng le thibelo dikotsi tsa tsela. Fa a latlhela la gagwe, mothusa mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Garekwe Mojaphoko o ne a supa fa Sweden, e le lefatshe le le nang le itemogelo ya botlhokwa mo ipabalelo tseleng ka e le bone ba ntlha go tsenya mabante mo dikoloing lefatshe ka bophara. Rre Mojaphoko a re tiro ya lephata la gagwe ke go aga ditsela, mme a supa fa mo nakong eno, madi a kago ya ditsela a menagane gararo, go tswa ka 1990. A re madi a a dirisiwang ke ba MVA go duelela dikotsi tsa tsela a mantsi a ka tlhabolola ditsela. O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganetse kgetsi ya tsie le ba mafatshe a SADC. A re lefatshe leno le fa gare mme bontsi jwa dithoto bo feta ka lone, ka jalo go agwa ga borogo kwa Kazungula go kgabaganya noka ya Zambezi go ya go oketsa mosuke wa dikoloi tse di rwalang dithoto mo ditseleng tse ditona tsa lefatshe leno. A re ba mo thulaganyong ya gore makgotla otlhe a a amegang mo tirisong ya melao ya tsela a kopane mo bogaufing, go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go baakanya melao ya tsela gore e tsamaelane. A re ba simolotse gape go batla mafelo a boitapoloso a bakgweetsi ba megobagoba, a tlatsa ka go re a tlaa neelwa ba ba ikemetseng go a tsamaisa. Kgosi wa Serorome, Rre Samuel Maforaga o supile fa a tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang ka lobelo lo lo feteletseng fa gare ga motse wa Palapye, le dikoloi tse di tsentsweng dihutara tse di dirang modumo o montsi thata. A re modumo oo o kgona go phadimosa bakgweetsi ba bangwe mo tseleng gammogo le batsamaya ka dinao. Fa a afa malebo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Gabagopole Sebele a re lefatshe leno le tlhasetswe ke bodimo ba le babedi, dikotsi tsa dikoloi le HIV/AIDS. A re bodimo bao ba digile itsholelo ya lefatshe leno ka tsela e e hutsafatsang. O ne a rotloetsa bakgweetsi go tsaya boikarabelo a re fa ba ikutlwa ba lapile ba ikhutse, gape mongwe le mongwe a nne lepodisi la mokgweetsi yo mongwe. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Sesupa-tsela se botlhokwa | Moemedi wa mokgatlho wa masupatsela wa Good Hope First Troupe, Rre Isaac Botlhoko, a re mokgatlho wa sesupa-tsela o botlhokwa ka o rotloetsa banana go gola ba itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo, sedumedi ga mmogo le go gola ba itse tse di siametseng tikologo e ba golelang mo go yone. O buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse go abelana le morafe wa Goodhope, ka botlhokwa jwa mokgatlho wa sesupa tsela bosheng kwa kgotleng. Rre Botlhoko o tlhalosiste fa mokgatlho o o anameng lefatshe ka bophara, o rotloetsa banana go ikgapha mo boitsholong jo bo ka ba gogelang mo diphatseng jaaka tiriso ya dino-tagi le bogodu. O tlhalosa fa ba tlhamile mekgatlho e mo dikoleng tsotlhe kwa Goodhope go thusanya le batsadi mo kgodisong ya bana ka botho jo bo eletsegang. O tsweletse a tlhalosa fa sekole se segolwane sa Goodhope se tlaa thusa gore mokgatlho o aname le Botswana ka se amogela baithuti go tswa kwa mafelong a le mmalwa mme ba tlaa kgona go simolodisa mokgatlho o kwa metseng ya bone, selo se se tlaa fetolang maitsholo a banana ba lefatshe leno. O ne a kopa batsadi go rebola bana ba bone go tsenelela mokgatlho o ka o tsweletse ka go ntsha banana mo mekgwatheng mme e bile a solofela fa borukutlhi bo tlaa fokotsega mo kgaolong ya Borolong. Rre Botlhoko a re mokgatlho o, o tsweletse gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba tlhokileng lesego kwa motseng wa bone. “Re ithaopa ka go phepefaletsa bana-le-bogole, batlhoki le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego, mme e bile re itlamile go tswelela gape le go lebagana le go tlhabolola motse wa rona,” Rre Botlhoko a tlhalosa. Fa a latlhela la gagwe, mothusa Kgosi wa Goodhope, Kgosi Alex Marumoloa, o ne a tlhalosa fa boitshwaro jo bontle bo bonelwa kwa mokgatlhong wa masupatsela. BOKHUTLO | health | 6 |
Batswana ba araba kopo ya ga Tautona | Mo maetong a gagwe a go lekola Batswana, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a lemoga fa go na le Batswana ba ba tlhokang bonno, dijo le diaparo. Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia a re ka jalo Tautona o ne a ikuela mo Batswaneng go kopa dithuso gore ba ba batlhokileng lesego ba agelwe matlo a sennela ruri. Tona Ralotsia o buile mafoko a fa a ne a abela Mme Keitumetse Langwane ntlo kwa Qabo e e agilweng ke bodiredi jwa lephata la gagwe. Rre Ralotsia o kopile Batswana go ntsha sepe se ba nang le sone go thusa ba ba tlhokang go ba agela bonno le gone go ba thusa ka diaparo le dijo. Tona o ne akgola bodiredi jwa lephata la gagwe mo Ghanzi go bo ba tsibogetse go araba boikuelo jwa ga Tautona. Tona a re ka Setswana ga twe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, mme e bile bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya ntsi, ka jalo ba tshwanetse go tshwara thata go ya kwa pele. Rre Ralotsia a re go na le kgonagalo ya gore go nne le bangwe mo tirong ba ba sa dirisanyeng le ba bangwe fa go na le letlhoko mme a gwetlha ba ba tshwereng ka natla gore ba seka ba nyemisiwa moko ke bodiredi joo ba gatele pele. Tona a re Batswana ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le bobelotlhomogi fa ba bona motho yo mongwe a sa tshele sentle kgotsa a gateletswe ke mabaka a botshelo. Tona a re go thusa yo o tlhokileng lesego mo botshelong ke go ikokeletsa malatsi a botshelo. A re dikgwetlho di dintsi mme fela ga ba a tshwanela go lebelela fela ba ba sa tsheleng sentle go se na se ba se dirang go ba tswa thuso. Tona Ralotsia a re batho ga ba lekane e se meno mme fela ba tshwanetse go leka bojotlhe go tswa ba bangwe thuso fa ba le mo letlhokong. O ne a kopa Mme Langwane go tlhokomela ntlo eo. A re le bone banni ba motse oo ga ba a tshwanela go fufega fa ba bona mongwe a abelwa mpho e tshwana leo. E rile mogokaganya ditirelo tsa temo-thuo mo Ghanzi, Mme Meriam Munamava a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba ne ba dira madi ao ka ditsela tse di farologanyeng e bile basa ipone tsapa go fitlhelela ba wetsa tiro ya bone. Mme Munamava a re ba ne ba tswa ka mogopolo oo ka 2014, mme ya re ngwaga ono o simolola ba ya go bona ofisi ya boipelego go ba neela leina la motho yo o tlhokang kwa Qabo. Mme Munamava a re fa ba sena go neelwa leina la ga Mme Langwane ba ne ba simolola go aga. A re ntlo eo e ne e agwa ke bodiredi jwa gagwe ka gore go ne go se na madi a phiro ya baagi. Mme Munamava a re ba ne gape ba agela Mme Langwane tshimo gore a kgone go itshetsa ka yone. E rile a amogela ntlo eo, Mme Langwane a leboga bodiredi joo, a tlatsa ka go re ba mo tlotlomaditse ka ebile o ne a sa solofele gore nako nngwe o tlaa ipona a na le ntlo ya sennelaruri. | society | 9 |
BCP e amogela maloko a masha | E ne yare bosheng Botswana Congress Party (BCP) ya amogela maloko a masha a le lesome le bosupa kwa Moletemane. Rre Taolo Lucas, ntlhopheng wa bopalamente, o ne a rurifatsa seo kwa phuthego ya phatlalatsa ka mafelo a beke kwa kgaolong ya Moletemane kwa Bobirwa, a tlhalosa fa ana le dingwaga dile lesome le botlhano a emetse ditlhopho mme e bile a ne a ntse a lebile lehuma, kwelo tlase ya thuto le botsogo tse di apesitseng Babirwa kobo ka letshoba. A re ele ba BCP ba aga areka e ka yone ba ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya Bobirwa ka bophara jaaka go na le kgwetlho e tona ya metsi le go tlhomamisa gore ba nwa metsi a letamo la Thune. A re mo nakong eno ga gona diphaephe tse di isang metsi a letamo leo mo kgaolong ya Bobirwa, a supa fa metsi a letamo leo a kgabisitse fela gona le gore a kabo a nowa ke batho ba dikgaolo tseo. Rre Lucas o tlhaloseditse batlhophi gore fa ba ka tshameka ka tlhopho ya bone, phathi ya BDP e ya go tsaya metsi e a isa kwa dikgaolong tsa Borwa ntswa kgaolo ya bone e lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa metsi. A re kgwetlho e nngwe e tona mo kgaolong ya Bobirwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ntlhopheng wa bopalamente Rre Shaw Kgathi ga a buiwe sepe ka yone, a tlatsa ka gore bone e le ba BCP ba re go tsenngwe terata ya motlakase gore leruo le diphologolo di seka tsa kopana letsa lefatshe la Zimbabwe. O boletse fa Rre Kgathi a latlhegelwa ke mowa wa boutlwelobotlhoko bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang leruo. A re bone e le ba BCP ba ya go leka go tsholetsa madi a phimola keledi, fa leruo le le tlodileng molelwane le bolawa, gona le P400.00 o fiwang batho mo nakong eno. Fa ema ka a gagwe maitlamo, ntlhopheng wa mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane, Rre Johannes Gaosikelwe a re o tla itebaganya le dikgang tsa katoloso ya kokelwana ya Moletemane gore e nne le lekalana la pelegi, le gore a bo e ka bulwa letsatsi lotlhe. Ntlheng e nngwe a re gonne le dikokelwana tsa nakwana kwa dipolaseng le go gopiwa ga tsela ya Moletemane go ya Tsetsebye le Majotshipa ka metlha kana morago ga kgwedi tse tharo, le go kgaratlhela gore go e tshelwe sekonotere, dilo tse a reng di tsdhwanetse go tsenngwa mo ditogamaanong tsa lefatshe ka bofefo. A re maikaelelo magolo a phathi ya BCP ke go tsholetsa maemo a mololwane wa Zanzibar le go ntsha ditlamelo tsa ditsha go tswa kwa kgaolong ya Tswapong go di isa kwa kgaolong ya Bobirwa, le tsone dithuso tsa temo thuo, banana le tse dingwe go tla mo Moletemane. BOKHUTLO | politics | 7 |
Motse wa Karakubis o tsosolosa ngwao | Motse wa Karakubis mo kgaolong-potlana ya Charleshill o ne o tshwere moletlo wa go tsosolosa ngwao ka mafelo a beke. Jaaka metse e mengwe, Karakubis o ne a seka a salela kwa morago mme a araba thotloetso ya puso ya go tsosolosa ngwao. E rile a baya morafe lefoko, moemedi kwa ofisng ya mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Mogomane Lekgari, a re meletlo e e ntseng jaana e botlhokwa thata ka dikokomane di nna le sebaka sa go anywa sengwe. A re, se rotloetsa gore bana ba nne le se ba ipelafatsang ka sone le metse ya bone. O ne a tswelela a re setlhogo sa letsatsi sa: Tsosoloso Ngwao ya Karakubis le Merafe ya One, se tlile ka nako e e maleba jaaka kgaolo ya Ghanzi e tloga e amogela molelo wa kgolagano; o e leng gore ka one Batswana ba ipaakanyetsa meletlo ya ipelelo dingwaga tse di masome matlhano lefatshe la Botswana le tsere boipuso, mme e le yone sesupo sa popagano ya merafe ya Botswana. Rre Lekgari o ne a akgolela ba ba rulagantseng moletlo, a re ba nne ba tswelele fela jalo ba gole gore ditso le ngwao tsa motse wa Karakubis di kgone go somarelwa. Dibui ka go farlogana di ne tsa supa ka fa merafe e e farologaneng e tlileng ka teng mo motseng o, mme ba kgothatsa gore popagano e e nnileng teng malobeng e nne e tswelele fela jalo. Merafe e e akaretsang Barolong, Batlhware, Bangologa, Bakgothu, Basarwa le Baherero e fitlhelwa mo motseng wa Karakubis mme yotlhe e le e e sa tlholegeng teng. Letsatsi le le ne le natefisiwa ka go supa mefuta ya dijo tsa Setswana, kapari ya setso, didirisiwa tsa setso, mmino le dipina tsa setso. Mme mo maitseboeng a Labotlhano ba ne ba natefisa ba tlhagolela letsatsi la ngwao ka go bina dikhwaere tsa setso, diletso tsa ditinkane, maboko le dipina tsa setso. O ne o rulagantswe ke setlhopha sa Tshwene Makopo traditional group ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Baithuti ka bontsi ba tlogela sekoe | Baithuti ba le lesome le boraro ba sekole sa magare sa Nkange kwa kgaolong potlana ya Tutume, ba dule mo sekoleng ka lebaka la boimana dikgwedi tse di ferang bongwe tse d fetileng. Mafoko ao a builw ke mogokgo wa sekole seo sa Nkange, Rre Kgopotso Mphuthe, fa a ne a lekodisa ka dikgwetlho tse ba nang natso mo sekoleng. Rre Mphuthe a re se se ngomolang pelo ke gore bana bao ba imisiwa ke batho ba sele ga go na epe kgang e mo go yone, moithuti a imisitsweng yo mongwe. O ile a gwetlha batsadi go tsibogela kgang ya boimana jwa baithuti ka dipalo di nna di oketsega ngwaga le ngwaga gape go ama maduo a sekole. Mogokgo o ile a re kgwetlho nngwe e ba nang le yone ke ya baithuti ba ba tsamaya sekgele se seleele go ya sekole, a re seo se ama maduo a bana ka ba goroga ba lapile mme ba se ke ba kgone go reetsa sentle. O tlhalositse fa sekole se dira sentle mo dithutong gammogo le mo metshamekong. A re sekole se mo maemong a ntlha mo maduong a lekwalo la boraro a ngogola mo kgaolong ya Tutume, e bile ba ne ba atswiwa ka madi a kana ka P20 000 le P10 000 wa sekole se se itikeleng. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mmueledi wa kompone ya Isaac Seloko and company, Rre Isaac Seloko o ne a gwetlha baithuti go tlhoafalela dithuto tsa bone. Rre Seloko o ile a re fa ba le mo botshelong ba tshwanetse go lora ba tshwana le bangwe bahumi ka jalo seo se tlaa ba rotloetsa gore ba kgone go ipetlela tsela ya botshelo ba sa le bannyenyane. O ile a ba kgothatsa go senka dikitso kana go dira dipatlisiso mo maranyaneng a sesha go leka go anywa kitso. A re bone ba sego ka ga ba tshwane nako ya bone ka gone go se na maranyane le one motlakase mme ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho tse di kalo. Sekole sa Nkange se amogela baithuti ba ba tswang kwa metseng ya Senete, Mabua, Changate le Nkange. BOKHUTLO | society | 9 |
Elijah o apaa tse di kgaolang monwana | E re ka lefatshe leno le aperwe ke mathata a kgwelo tlase ya itsholelo le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, bangwe ba bona go le botoka go itshwarela ka diatla, ba tshele ka mofufutso wa phata tsa bone. Mang le mang o a lemoga gore mo nakong eno kgomo tsentse thako kgamelong mo mhameng wa itsholelo lefatshe ka bophara. Puso ya lefatshe leno e setse e tlhabile mokgosi gore e ke nako e e tlamang motswana mongwe le mongwe yo onang le bokgoni go thusa go tshwakanya itsholelo ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go itshimolodisa dikgwebo tse ka tsone di ka imololang puso morwalo wa bo atlhama ke go jese. Mme Mbako Elijah o nnile tsebe ntlha go utlwa mokgosi o, ya re go bona botshelo bo shenne meno, mphure a harelwa, le gone a itse fa phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Elijah a ikitaya ka thupana. A lemoga gore e tla re a re o tshela sentle a bo a ka itshimolodisa kgwebo e e ka mo thusang go bona dithebe tsa go fepa ba lwapa la gagwe. Mme Elijah kgotsa Mmantikini jaaka bareki ba gagwe ba tlwaetse go mmitsa o itsege ka botswerere jwa go apaya dijo ka go farologana. Ba ba tsamaelang ntlheng ya marekisetso a Choppies kwa Tutume ka nako ya dijo tsa motshegare ba itse sentle gore botswerere jwa go apaya dijo tsa Setswana ke eng. Mme Elijah o setse a le dingwaganyana a bonwa fa tlhoko ga tsela foo a le mo kgwebong ya gagwe ya go rekisetsa morafe dijo tsa motshegare. O rekisa dijo di akaretsa dikgobe, bogobe jwa lerotse, morogo wa dinawa o o apeilweng ka manoko, seswaa, lebelebele le tse dingwe ka go farologana. Mme Elijah o tlholega kwa motseng wa Nshakshogwe mo kgaolong potlanaya Tutume, ke motho wa maloba ka ngwagawa1956 mme fela botlhaga jwa gagwe o ka latola gore o gagabela go tshwara masome a marataro a dingwaga. Mme yo o tswa kgakala le tsa kapei, a re e sale a simolola ka ngwaga wa 1982 a le mmereki kwa Khansele ya Tutume. Mme Elijah a re o ne a bereka e le morongwa fela dituelo tsa gagwe di ne di sa lekane ba lwapa la gagwe. E re ka go twe mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, mme Elijah o ne a seka a ipona tsapa, a tshwanelwa ke go tshematshema go dira sengwe se se ka oketsang tuelo ya gagwe. A re o ne a tsaya tshwetso ygo apaya borotho jwa mahura jo bo itsegeng ka go bidiwa magwinya le mapakiwa go rekisetsa badiri ba khansele le ope yo nang le kgatlhego mo mosong pele ba ka simolola tiro ya letsatsi. Dipoelo tsa borotho are di ne tsa dira pharologanyo e ntsi thata mo botshelong jwa gagwe mme a bona fa go ipereka go le bogadi bo gaufi ka jaana motho ga a letle letsatsi la tuelo. Ka jalo a re o ne a tsaya tshetso yago tlogela tiro ka ngwaga wa 2012 go tlhwaafala ka tsa kapei. A re botsipa jwa go apaya o bo tsere mo go mmagwe le mogolowe. Le fa MmaElijah a itsege ka go rekisetsa fa tlhoko ga tsela, o a tle a bidiwe a apeele badiri ba khansele le maphata a mangwe a puso gone mo Tutume fa ba na le mediro kgotsa thuto seka dipuisanyo. A re fa a biditswe jaana o tshegatshega fela a itse sentle gore gotlannale pharologanyo mo kgetsing ya gagwe ya madi. A re ka dipoelo tse a di boneng, o kgonne go duelela ngwana wa gagwe go ya go ikoketsa dithuto ko lefatsheng la Zimbabwe gape o kgonne go gokela metsi le motlakase mo ntlong ya gagwe. Ga go motlhofo mme Elijah a boela ka dijo tse a di apeilweng ko lapeng ka jaana tlhwatlha ya dijo tsotlhe ke masome a mabedi a dipula fela gape go na le bangwe ba a reng ba dirile thulaganyo ya go nna ba mo duela ka mafelo a kgwedi. Mme Elijah a re kgwebo ya go apaya fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe le yone e na le dikgwetlho. A re tlhaelo ya didirisiwa di tshwana dipitsa e dira gore a apeye dijo di se kafe fela le ntshwa theko e le ko godimo. O supile gape fa tlhaelo ya ditilo le ditafole di baya bareki ba gagwe ka fa mosimg ka bangwe ba felela ba ja ba eme ka dinao. A re ka nako ya pula e na gone ke selelo sa khuranyo ya meno ka ga a na yone tante e bareki ba ka nna mo go yone go tshabela pula. Mme Elijah o lela gape ka ditlhwatlhwa tsa nama tse di kwa godimo. Mme Elijah a re le fa dikgwetlho di le teng se se mo itumedisang thata ke gore dipoelo di a nametsa ga go tshwane le a sa ntse a le mmereki, a re ka letsatsi o kgona go dira madi a a tshwarang makgolo a le marataro a dipula. | economy_business_and_finance | 3 |
Kgosi Orekeng o itumelela ditlhabololo | Ditlhabololo ke nngwe ya dilo tse di atlwang thata ke baeteledipele ga mmogo le banni ka kakaretso fa di tla mo metseng ya bone. Se ke ka ntlha ya gore ba abo ba na le tshepho le tsholofelo ya gore di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. Fela jaaka baeteledipele ba metse ka go farologana kgosi wa Ntlhantlhe, Kgosi Malepa Orekeng le ene o iteetse ditlhabololo tse di sa tswang go dirwa mo motseng wa gagwe legofi. Mo puisanyong le O kaile fa ditlhabolo tse di akaretsa kago ya diofisi tsa maphata a puso ka go farologana jaaka lephata la banana metshameko le ngwao, la boipelego, ofisi ya ga molaodi magareng ga tse dinngwe. A re go nna teng ga diofisi tse mo Ntlhantlhe go kgaoletse morafe go tsaya mesepele e meleele ka go ba atumeleditse ditlamelo. A re go le pele banni ba ne ba tlamega go latela dithuso kwa mafelong a a kgakajana jaaka Lobatse, Moshupa, Kanye le a mangwe. Kgosi o tlhalositse fa maphata a a sa thuse baagi ba Ntlhantlhe fela mme dikgoro di bulegetse gape le ba metsana e e mabapi jaaka Lekgolobotlo, Magotlhwane, Ranaka le e menngwe ka bogautshwane ka mabaka a gore Ntlhantlhe o mo gare ga yone otlhe. O kaile fa ditlhabololo tse di tsosolosa itsholelo ya Ntlhantlhe ka jaana di setse di tlhametse banni banngwe mebereko mo dikomponeng tsa phepafatso le tsa bodisa dikago. Kgosi o kaile fa morafe o amogetse ditlhabololo tse ka dipelo tse di tsweu mme ba santse ba na le keletso ya gore lefelo le ka atolosiwa, go oketsa ditirelo ka go atumetsa diofisi tsa maphata a manngwe a puso jaaka la dituelo tsa makgetho. A re keletso ke gore lefelo le le tswelele le tlhabologe gore le nne le seriti sa gore ke la maphata a puso le seka la nna lolea fela. A re letlhoko la matlo a boroko a badirela puso ke nngwe ya dintlha tse di santseng di saletse kwa morago, mme di le botlhokwa. | politics | 7 |
Mapodise a tlhotlhomisa loso | Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi a belaelwang a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bofera bobedi bosigo ka nako ya bofera bongwe. Assistant Superintendent Zibani Mbisana o supile fa mme yo a ne a le mmereki wa lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata gone mo Letlhakane. O ne a nna kwa kgotleng ya Mokgobelele mme o tswa kwa motseng wa Mabeleapudi, mo kgotleng ya Kgalagadi. Assistant Superintendent Mbisana a re mme yo, o ne a nna le ngwana wa gagwe wa mosimane, mme e ne ya re pele ga tiragalo a mo leletsa ka Sontaga maitseboa a mo neela dinomoro tsa sephiri tsa dikarata tsa dibanka, nako e ka yone ngwana a neng a le kwa Orapa. Assistant Superintendent Mbisana o supa fa e rile ngwana a tla go tlhola mmaagwe letsatsi le le latelang, a fitlhela lebati le lotletswe mme mogala wa gagwe o lela o le mo ntlong o sa arabiwe. Rre Mbisana a re morago ga go amogela boikuelo jwa ngwana, mapodise ba tla go thusa go bula lebati, ke gone ba fitlhela mme yo a akgega mo marulelong a ntlo. Rre Mbisana a re mmele wa mme yo o ne wa isiwa kwa sepateleng sa Letlhakane mme ba bongaka ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse. O tlhalositse gore moswi ga a tlogela molaetsa ope a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. E re dikgang di eme jalo ba sepodise sa Orapa ba tshegeditse banna ba le babedi ba e neng ya re kgwedi eno e tlhola gangwe makuku a naka tsa kgomo ba tshwarwa ka setlhatshana se se belaesegang e le motokwane sa bokete jwa 20kg. Banna ba, ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bofera bobedi le masome a mararo ba tshwerwe kwa kgorong ya terata ya taolo matlhoko a leruo ya Mokobaxane ba le mo mosepeleng go ya Maun. Assistant Superintendent Molefhe a re banna bao ba tlholega mo Letlhakane. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Mbulawa o gopola masiela | Bana ba Motse wa Tsholofelo le ba Motse wa Kgalalelo ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga gore modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Reaboka Mbulawa, a ba abele dimpho tsa keresemose le go ja le bone dijo tsa motshegare. Metse ya Tsholofelo le Kgalalelo e tlhokomela bana ba masiela le ba ba bang le matlhoki kwa malwapeng a bone. Modulasetilo o ne a gopola gape setlhopha sa kgwele ya dinao sa Komana ga mmogo le Rre Steven David, monana yo a saleng a mo ithaopela go mo tlhokomela a sale kwa kwa Thusong Rehabilitation Centre yo jaanong a tsenang sekole kwa Pudulogong kwa Mochudi. Fa a bua kwa moletlong oo, Rre Mbulawa o tlhalositse fa bana ba ba tlhokileng lesego ba tshwanelwa ke go fiwa lerato le kemo nokeng fela jaaka bana ba bangwe. A re fa go tla malatsi a botsalwa jwa Morena go botlhokwa go gadima ba ba tlhokang gore ba seka ba nna le boitlhobogo. Modulasetilo o ne a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo jwa go supa mowa wa lerato le bopelotlhomogi mo go ba ba kobo dikhutshwane. A re ene fa a tsena mo khanseleng, o ne a ipolelela gore bontlha bongwe jwa dipoelo tsa gagwe o tla bo boloka gore a tle a kgone a thusa bana ba ba tlhokang. Rre Mbulawa a re kgaolo ya Ngamiland e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi tse di tlhokang botlhe go ema ka dinao go batla ditharabololo. E re ka moeltlo oo o ne o kopane le wa chairman’s ball, modulasetilo o ne a tlhalosa fa bokopano joo jo bo neng bo ngokile bogogi jwa kgaolo, makgotla a a ikemetseng le bana le seabe bob a fa sebaka sa go itshekatsheka le go gone go buisanya ka dikgwetlho tsa kagolo le gore di ka lwantshiwa jang. E ne ya re a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondick Moswete a tlhalosa fa bana ba dikhutsana ba tlhoka thotloetso, bogakolodi le lorato gore bag ole ba na le boikarabelo mo setshabeng. A re se modulasetilo a se dirileng se a itumedisa ka jaana se tsamaelana le moono wa lephata la dikagolo le tlhabololo matshelo o o reng “Batho pele”. A re Rre Mbulawa o supile fa a kgathala ka matshelo a Batswana mme a mo rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo | politics | 7 |
Go tlhoka go tsibogela dikotsi go a tshwenya | lick to see more pictures Modiri wa Botswana Defence Force (BDF), Sergeant Thomas Mokganya, kwa Gaborone, o supile ngongorego ya gore badiri ba dithuso tsa potlako ka go farologana ga ba tsibogele dikotsi ka bofefo jo bo nametsang. Sergeant Mokganya o buile jaana fa a ntsha bosupi fa pele ga lekoko le le tlhomilweng go batlisisa se se bakileng kotsi ya terena ya batho ya Botswana Railways ka Sedimontlhole, ngogola. A re kotsi epe fela ke selo se se masisi, se gape se kgonang go gapa matshelo a batho kgotsa go baka dikgobalo. Ka jalo, o kgadile seemo se a reng o se itemogetse a ntse a le mo loetong mo kgaolong ya Mahalapye, se a reng gantsi ba dithuso tsa potlako ga ba goroge ka bofefo kwa lefelong la kotsi. Selo se, a re se a tshwenya ka gore batho ba ba amegileng ba a bo ba tlhokana le dithuso tsa potlako ka go farologana go falolaa dintsho. O tladitse gape ka go re o itemogetse letlhoko la didirisiwa dingwe tsa badiri ba dithuso tsa potlako. O file sekai ka letsatsi la kotsi ya terena, gore didirisiwa dingwe jaaka tang le digarawe, di ne di tswa go adingwa mo motseng. Ka ene a sa tshabe metsi, gape a ruta batho go thuma, a re fa ba goroga kwa kotsi e neng e diragaletse teng, o ne a thusa ba bongaka le badiri ba bangwe go kgabaganya metsi go ya go thusa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka thuso ya potlako. Sergeant Mokganya a re ka nako e ba gorogileng ka yone, metsi a ne a santse a le mantsi thata go kgabaganyetsa kwa tlhogo ya terena e neng e wetse teng. A re ba ne ba rema ditlhatshana ka garawe go bula tsela e ba ba gobetseng ba neng ba fetisiwa ka yone go ya kwa koloing bya balwetse. Le fa go ntse jalo, a re go ne go se bonolo go ntsha badiri ba BR ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka ntata ya ditshipi tse di thata tsa terena le seretse se se neng se ba tshwere. A re didirisiwa tse di maleba go ka sega ditshipi tse di thata tsa terena, di diegile go bonagala. Gape a re ba bongaka ba ne ba ketefalediwa tiro ke gore go tserwe sebaka go lekwa go segwa ditshipi Morago ga moo, a re ke fa go ntshiwa seretse se se neng se tshwere badiri gore ba kgone go tsholediwa ba isiwa kwa koloing ya balwetse. Fa a ntsha la gagwe, modiri yo mongwe wa sesole, Warrant Officer Moses Scotch, yo o nnang kwa Thebephatshwa, a re fa ba goroga kwa kotsing, ba fitlhetse bapalami mo teng ga terena, ba thibeletswe ke boidiidi jwa metsi fa terena e neng e wetse teng. Ka jalo, a re o ne a tshwanelwa ke go ya go emisa dikoloi mo tseleng ya A1, go adima megala e bapalami ba ka itshwarelelang ka yone ba kgabaganya metsi, go ya go palama dibese kwa tseleng, tse ba neng ba isiwa kwa sekoleng se sebotlana sa Pallaroad ka tsone. Go gorogeng ga bone kwa kotsing e, a re ba fitlhetse badiri bangwe ba Botswana Police Service le ba BR, mme moragonyana ga goroga ba Mahalapye District Hospital Emergency Medical Service le ba ditima molelo. A re ba ne ba ikaba ka ditiro, a tlhalosa gore fa ba bongaka ba ragogela go fa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena dithuso tsa potlako, bone ba ne ba thusana le ba sepodise go ntsha bapalami mo tereneng. Ba setimamolelo bone a re ba ne ba lwa le go sega ditshipi tsa terena go bula phatlha ya go ntsha ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena. Ka go ne go sena ope yo o ba kaelang gore ba dire eng jang, kgotsa ba seka ba dira eng, Warrant Officer Scotch a re ba ne ba iipha botlhale jwa gore ba ka thusana jang go laola seemo gore ba falotse bapalami. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Masonya o kopa tshwaragano | Kgosi ya Phase IV kwa Francistown, Kgosi Masego Masonya, o ikuetse mo banning go goga ka jokwe e le nngwe go baakanyetsa moletlo wa go ipelela letsatsi la ngwao kwa toropong eo. Kgosi Masonya o dirile boikuelo joo mo potsolotsong bosheng a tlhalosa fa letsatsi leo le tlaa ketekwa ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe. O tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rotloetsa ngwao mo matshelong a batho ba toropo le gone go e tsosolosa. “Go setse go lemosegile gore gangwe le gape mo ditoropong batho ba na le go itlhokomolosa ngwao mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi, mme ba sie le dilo tsa sesha,” a tlhalosa jalo. O tladitse ka go supa fa mokgwa wa go nna jalo o tshabelela segolo bogolo basha ka e le bone ba ba di gogang kwa pele mo tirisong ya tsa maranyane le tse dingwe tse di felelang di ba lebatsa ngwao. Ka jalo a tlhalosa fa ba bone go le maleba go kgetha letsatsi le ka lone ba tlaa tsenyang segakolodi mo Batswaneng mo toropong go ikgata motlhala go leba kwa morago golo ba go tswang. Kgosi Masonya o tsweletse a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ngwao e tsosolosiwe ka jaana e le yone e nnileng le seabe se segolo mo go ageng sechaba sa lefatshe leno go fitlha gompieno. A re ngwao e thusitse thata go dira ditlhabololo tsa lefatshe mme ke gone ka moo go tshwanelang gore e tsosolosiwe go thusa lefatshe go gatela pele mo dikgannyeng tsa ditlhabololo. O bile a tlhalosa gape fa ngwao e thusa go aga setho se se eletsegang mo setshabeng. “Fa o bona lefatshe leno le tumile ka go nna le kagiso le thokgamo jaana, mme e bile seo se dira gore ditshaba di meletse lefatshe leno mathe ke ka fa go gatileng tsamaiso ya ngwao”a tlhagisa jalo a supa fa serodumo seo se sa tshwanelwa ke go latlhegela Batswana. Go sale foo kgosi o tlhalositse fa ka jaana mo toropong go le batho ba merafe e e farologaneng le ka dingwao tsa bone, tsholofelo ke gore ba tle ba nne le sebaka go tla go ithuta ka dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo lefatsheng le mo toropong. A re botlhokwa go itse ka dingwao tse dingwe ka jaana se se ka tila dikgang tsa semorafe tse di ka feletsang di rotloetsa dintwa le dikgoberego mo matshelong a batho ka kakaretso. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Bana ba kgwale ba bitsana ka molodi | Motlapele o ne a opile kgomo lenaka fa a tlhalosa fa bana ba kgwale ba bitsana ka molodi. Go nna sekao mo go seo ke mawelana, Mme Keimetswe Marutshe le Mme Lucky Gabankalafe ba Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Mme Marutshe a re go nna mawelana ke mpho e bontsi bo sa kgonang go e akola mo botshelong. A re bone go tsweng bonyaneng jwa bone e ne e le batho ba rata go tshwaraganela sepe fela se ba se dirang, a re selo se se ne sa ba thusa thata ka ba ne ba kgona go tshwaraganela tiro mme se se e tlhofofatse, a re e re le ntswa a ne a tsena mo nyalong e e boitshepho mme wa molekane a tlhoka lesego leo. Mme Gabankalafe a re e rile go goleng ga bone a tlelwa ke lorato mo go tsa temo ya ditlhare fa mme Marutshe la gagwe e ne ya nna go nna molemi wa temo ya komelelo. A re ka go lemoga fa go kgaogana go se kake ga ba berekela ka ba ise ba go tlwaele, ba ne ba bona go le botoka gore ba tshwaraganye ditiro tsa bone mme ba di dire mmogo. A re ka bobedi ba ne ba simolola ditshingwana tsa temo ya ditlhare mo digotlong tsa bone. A re ba ne ba kopa dithuso mo pusong mme ba tsenelela ithutuntsho mo go tsa temo ya ditlhare ba e patagantse le ya masimo. Mme Marutshe a re ba ne ba tsenelela dithuto tsa bone mmogo mme ba thusana fela thata fa yo mongwe a tlhaelang teng ka se e le yone tsela ya go tswelela. A re ba ne ba simolola ka go ipatlela dithunya mo nafelong a a farologaneng tse dingwe ba di tlelwa ke bana mme ba ikopanya le ba lephata la temo ya ditlhare ba ba neng ba ba fa bogakolodi mme ba ba isa dithutong. A re ba ne ba ya go ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme ya re morago ba bona dithuso di tshwana le ditanka, kago ya moriti, didirisiwa tsa temo le nosetso.Mme Marutshe a re ba ne ba itirela botsalano jo bo lolameng le balemisi le maphata ka go farologana ka ba lemogile fa tirisano mmogo e e lolame e le yone fela tsela ee isang kwa tshiamong. A re bone ke bana ba godisitsweng ke mosadi a le lorato e bile a na le botho mo bathong ka go farologana, ka jalo ba tsere se mo go ene. Mme Gabankalafe o ne a supa fa ba ne ba seke ba inaakanya fela le temo mme ba phutholola matsogo go leka fale le fale gore le bone ba tle ba kgone itshetsa. Are ka bone ba ne ba tlhoka lesego la go itewa seatla, ba ne ba itlama gore ba tlaa dira ka diatla go itshetsa le ba malwapa a bone. O ne a supa fa ba ne ba ithuta go dira mekgabisa ya dibaga le ya mo ntlong. O ne a supa fa mo go seno sebaka ba sa ikaega fela ka go tlhokomelwa ke bana mme le bone ba na le seabe se ba se ntshang mo malapeng a bone. Mme Gabankalafe a re o akgola puso ka e ne ya re mo letsatsing la go ipelela diteme dibopiwa tsa gagwe di ne tsa tsewa go ya go rekisiwa. Fa a ntsha la bofelo Mme Marutshe a re o rotloetsa mawelana go kopana ka e le motho a le mongwe mme ba lese go lwela go gaisana go na le go thusana. | economy_business_and_finance | 3 |
Go anapa mo dikotsing go ka koba bagwebi | Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa gore batho ba itlhaganelele go anapa dithoto mo diterakeng tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ya Trans Kalahari. O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe kwa Sese le Jwaneng bosheng, tse maikaelelo a tsone e neng ele go tsibosa banni ba mafelo a a bapileng le tsela eo ka matshwenyego a. A re go tsaya dithoto mo dikoloing tse di mo kotsing ke molato o b aka o sekelang, mme mo godimo ga moo go ka nna le matshosetsi a go senya dipapadisanyo tse lefatshe la Botswana le nang natso le mafatshe a kgaolo ya SADC le a mangwe a a dirisang tsela eo. Rre Oodira-Kwenje are ere ka jaana itsholelo ya toropo ya Jwaneng e santse e ikaegile ka diteemane fela, ba bone go tshwanela gore ba dirise tsela eo go tlisa ditlhabololo mo kgaolong ya bone gammogo le go tswakanya itsholelo ya toropo. A re ere ka jaana diteemane ele ditswammung tse e tlaa reng kgabagare ebe di fedile, go tshwanetse ga nna le methale e mengwe e e ka tshetsang toropo morago ga go tswalwa ga moepo. A re mo bogompienong ba thulantse ditlhogo ele boeteledipele jwa toropo maikaelelo ele go tlhabolola maemelo a tsone diteraka tse di fetang ka tsela e gore go nne le fa bakgweetsi b aka ikhutsang teng pele ga ba tswelela le mosepele. A re madirelo a mofuta o ga ana go dira ditiro fela mme a tlaa boa a tsenyetsa dikgwebo tsa mo gae lemmenyana jaaka bakgweetsi ba diretaka tseo ba tlaa bo ba dirisa ditlamelo tsa bone. O boletse fa gape lefelo le le sa tswang go agiwa la itloso bodutu le ka nna le seabe se segolo mo go ngokeleng bajanala kwa toropong ya Jwaneng, mme sebe sa Phiri e ka nna fa jaanong banni ba Jwaneng le metse e e mabapi b aka itshenya seriri ka go anapa mo diretakeng. A re tshireletsego ya bagwebi le bajanala ba ba kgatlhegelang toropo ya Jwaneng e mo maruding a banni ba Jwaneng le metse e e mabapi jaaka Sese ka gore ke bone b aka akolang meamuso ya dikgwebo tseo go feta ba bangwe. Rre Oodira-Kwenje are jaaka boroko bo tlhaela kwa toropong ya Jwaneng, batho ba metse e mabapi ba tshwanetse ba ema ka dinao gore le bone ba obe letsogo ka go firisetsa batho matlo. A re mme lemme leo le ka tutuga fela fa b aka ikaga ba itsewe ka leina le serodumo se sentle. O ba kopile gape gore ba seka ba itshenyeletsa ka gore mo bogompienong kgaolo ya bone ke yone e tlhophilweng go tshegetsa lebelo le legolo la 1000km Desert Race, mme lefatshe ka bophara le ba tlhomile leitlho le le ntshotsho. A re gona le go senya ditshono tse di ntseng jaana, ba tshwanetse ba di dirisa go godisa itsholelo ya kgaolo ya bone le go tokafatsa matshelo kwa lwapeng. Erile a tswa la gagwe, mookamela mapodise a District 14 Senior Superintendent Reuben Mphoeng a tlhalosa fa go itseela dithoto tsa batho mo dikotsing ele molato fela o ba ka o sekelang kwa lekgotleng. A re ere ntswa bangwe ba supa gore mapodise le bone ban a le mokgwa wa go anapa dithoto tseo, seo ga se ba fe tetla ya gore le bone ba dire jalo. O ba kopile gore ba begele bagolwane ba sepodise ka dikgang tse di fatlhang tseo gore ditlhotlhomiso di dirwe mo mapodiseng ao. O tlhalositse fa gape go reka dithoto tse di bapetsweng ka mokgwa oo le gone ele molato mme botlhe ba ba fitlhelwang ka tsone le bone ba tlaa tseelwa dikgato. A re ba sepodise ba tlaa latedisa motlhala wa dithoto tseo go fitlhela kwa di feletseng teng. BOKHUTLO | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Banana ba ithuta ditiro tsa diatla | Mogokaganyi wa mokgatlho wa Motlaagana wa Banana, Mme Rebecca Motswetla a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ruta banana ditiro tsa diatla gore ba itlhamele mebereko. O boleletse BOPA jalo boshenng kwa Serowe, a re mokgatlho o, o tlhamilwe ka 2009 mme wa bulwa semmuso ka 2011. A re mokgatlho o, o ikemetse ka nosi, a supa fa ba ruta banana go roka le kapei ya borotho. Go duelwa P300 fa dithuto di tsaya dikgwedi tse thataro mme e re morago baithuti ba fiwe ditlankana. A re mokgatlho o na le baithaopi ba le bane ba ba rutang banana. Mme Motswetla a re ba ne ba itemogela gore banana ba le bantsi ga ba bereke, ke ka moo ba neng ba tlhama mokgatlho o, go fema gore banana ba seka ba inaakanya le ditiro tse di ka ba gogelang mo thaelong. A re ba setse ba alositse banana ba le masome matlhano mme bangwe ba bone ba a ipereka, fa bangwe ba thapilwe ke madirelo. Mme Motswetla a re ba tshela ka go kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng le a puso, mme ba setse ba thusitswe ke meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ka P166 000 go reka didirisiwa tsa kapei fa BotswanaPost Foundation ba thusitse ka koloi. A re mokgatlho o kokoanya madi ka go rekisa dilwana tse ba di dirang, mme madi a teng ke one a ba rekang tse di tlhokegang, le go duela ba ba ithaopileng le fa a sa lekana. A re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo, mme ba kopile lephata la banana go ba okeletsa matlo a borutelo. Mme Motswetla a re kgwetlho e nngwe ke ya madi, a re banana bangwe ga ba duele, mme dituelo tsa bone ke tsone di thusang go tsamaisa mokgatlho, a lela gape le ka kemonokeng ya batsadi e e boutsana. | economy_business_and_finance | 3 |
Magodu a leruo a gaketse | Mapodise a Letlhakane a tshwere borre ba le babedi ka molato wa go fitlhelwa ka nama ya dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu. Superintendent Robert Mack o rurifaditse mo potsolotsong gore e rile Mopitlwe a le masome mabedi le bosupa ba amogela molaetsa wa gore go utlwala go thunya ga modumo o go belaesegang e le wa tlhobolo kwa merakeng e e gaufi le moepo wa diteemane wa Letlhakane. Rre Mack a re ofisi ya sepodisi ya Letlhakane e ne ya amogela molaetsa jaana morago ga gore barui ba Letlhakane ba lele ka bogodu jwa leruo jo bo kekelang mo merakeng ya bone. Supt Mack a re ba ne ba ragogela ntlheng ya meraka eo mme mo tseleng ba kopana le koloi e e neng ya ba belaetsa, selo se se neng sa gwetlha mapodise go e phuruphutsha mme ba fitlhela nama ya dikgomo tse pedi. O tlhalositse borre ba babedi ba ba neng ba tsamaya ka koloi eo ba ne ba palelwa ke go supa gore dikgomo tseo ke tsa bone. Rre Mack a tlhalositse fa ba ne ba kgona go ikopanya le mong wa dikgomo mme a rurifatsa fa e le tsa gagwe. Ramapodisi a re babelaelwa ba ne ba tshegediwa ke mapodisi mme ba gololwa morago ga go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata Mopitlwe a le masome mararo le bongwe. Supt Mack o boletse gape fa ba ne ba tshwara borre ba bararo mabapi le go bolawa ga poo ntlheng ya moepo wa Damtshaa. Rre Mack a re ba ne ba amogela dikgang tsa gore go bonwa matlalo a dikgomo mo sekgweng ntlheng ya Damtshaa mme ba tsamaela teng kwa ba fitlhetseng letlalo le tlhogo ya poo. O tlhalositse gore mapodise ba ne ba tshwara borre ba le bane mabapi le kgang eo. Rre Mack a re mapodise a tshwenngwa gape ke banni bangwe ba Letlhakane ba ba tsweletseng ka go titiela le go rekisa majalwa a a sa letlelelweng. O tlhalositse fa ba tshwere bomme ba le bane ba ba neng ba rekisa bojalwa jo bo tlwaelesegileng ka leina la ‘mokoko, a re bomme bao ba ne ba atlholwa madi mme go setse go duetse ba le babedi fela. Supt Mack o boletse fa go na le melao e e laolang thekiso ya majalwa mme batho bangwe ba tsweletse ka go e ikgatholosa, ka jalo ba tsweletse ka go tsenya matshelo a banwi mo diphatseng. O ne a tswelela a tlhalosa gore, “go na le batho ba ba rekisang majalwa ka dinako tse di sa letlelelweng, ba letsa diromamowa ka medumo e e kwa godimo ba sa rekegele baagisanyi ba bone ntswa ba itse fa se ba se dirang e le molato.” Supt Mack o ne a rotloetsa Batswana go ikgapha mo go nweng majalwa a a dirwang mo malwapeng e bile a se ka fa molaong le go tsenngwa metswako e sa laolesegeng ka gore a felela a ba bakela malwetse. Bokhutlo | crime_law_and_justice | 1 |
Temo thuo ke yone tsela ya itshetso | Batswana ba kopilwe go tsena mo temo thuong ka mashetla ka ke yone tsela e ba ka itshetsang ka yone e bile gape e supa ngwao ya bone. Mo pulong ya ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo ya Mahalapye bosheng, Rre Elvidge Mhlauli o kgothaditse Batswana go supa ditswa temong tsa bone, segolo jang ka ba sa tswa go bona thobo e e nametsang monongwaga. A re kgomo le temo ke tsone botshelo jwa Motswana ka e le tsone di ba pepetleditseng go fitlha fa ba teng. Rre Mhlauli a re go a tshwenya gore Batswana ba bo ba ntse meriti e tsididi mabapi le kgang tsa temo gonne go ya ka tshekatsheko ya ba balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, go supagetse fa balemi ba sa fete sekete. O tsweletse a tlhalosa gore puso e dira go tlala ka diatla go rotloetsa Batswana mo temo thuong, ke ka moo e ntshitseng mananeo a tshwana le a ISPAAD go go ba isa golo gongwe. O boletse gore go ya ka ba lephata la temo la kgaolo eo, bontsi jwa balemi ba lemile dijwalo tse di botshelo bokhutshwane jaaka magapu le ntshe, tse a bolelang fa ele tsa go jela mo ganong fela, selo se a reng se dira gore lefatshe leno le tswelele ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele, jalo a ba kopa gore ba leme dijo tse di botshelo boleele. Fa a abela komiti ya ditshupo P20 000, Rre Mhlauli o boletse fa go aba e le motheo le molao wa setho, mme e bile a supa tebogo mo morafeng o mo godisitsweng. O ba solofeditse gape go aga lesaka la sennela ruri le le tla lopang P20 000. Go ya ka molemisi, Rre Kabo Bowe bontsi jwa disupiwa di ne di se mo maemong a a itumedisang gonne mabele mangwe a robilwe pele ga nako, mangwe a tsere lebaka a sa robiwe, ka jalo a kopa balemi go dira tiro ka fa tshwanelong. Rre Bowe le ene o rotloeditse Batswana go tsenelela ditshupo go kgona go amogana maele le ba bangwe gammogo le go ipapatsa. Fa a ntsha pego ya paakanyetso ya ditshupo, modulasetilo wa komiti, Rre Tsholofelo Nthaga o tlhalositse fa ditshupo di ne di tseneletswe ke banni ba metse e le masome mabedi le boraro ya kgaolo ya Mahalapye le Shoshong. Rre Nthaga o tlhalositse gore komiti e ne e tshwaraganya ka bonyennyane jo ba neng ba na le jone, ka jalo a kopa dithuso go tswa mo makalaneng a ikemetseng ka nosi go tsweledisa ditshupo tsa kgaolo ka e le go supa le go ipelela botshelo jwa Setswana. O boletse fa maikaelelo a bone mono ngwaga e le go aga ntlo lehalahala go e dirisa go direla komiti madi, go gokela lebala motlakase gammogo le go tsenya terata mo masakeng go na le go dirisa mapako a e reng ditshupo di fela bangwe ba a gopele. Mopalamente wa kgaolo, Rre Bernard Bolele o kopile gore komiti e boelele gape go tsweledisa go baakanyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang, bogolo jang ka ba amane le Rre Mhlauli go ka ba thusa mme a lebogela dimpho tsa gagwe fela thata. | society | 9 |
Modulasetilo o gwetlha banana go tlhoafala | Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Shane Kebadile o gwetlhile banana ba kgaolo ya Ghanzi le metse e e mabapi go dirisa ditshupo tsa kgaolo eo go itlhamela ditiro. O buile mafoko a ka Labotlhano mo moletlong wa pulo semmuso ya ditshupo tsa Ghanzi o o neng o tsenwe ke Tautona Mokgweetsi Masisi le matona mangwe a puso. Rre Kebadile a re go tlhabisa ditlhong gore e re bontsi jwa banana bo filwe mananeo ba bo ba palelwa ke go ntsha ditirelo. O supile gore gangwe le gape fa go na le ditiro mo motseng, go hirwa batho go tswa kwa mafelong a a kgakala ka jaana bone ba palelwa ke go ntsha ditirelo tsa seelo se se beilweng. A re go maleba gore ba ntshe ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. Modulasetilo a re ditshupo di godile fela thata ka jaana di setse di ngoka batho go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe le bajanala tota. O akgoletse bo radipolase go bo ba godisitse badisa ba bone ka go ba fa leruo, mme a re se se molemo ke gore badisa bao le bone jaanong ba setse ba le mo seemong se se itumedisang ka ba isa diruiwa ditshupong. O akgoletse puso go bo e kgonne go ba thusa go ya Namibia kwa ba tswang go tsaya malebela ka fa ditshupo tsa maemo a ntlha di tsamaisiwang ka teng, mme a kopa puso go sekaseka le go tswa ka methale ya go tiisa balemi-barui ba banana moko. Morafe o ne wa nna le sebaka sa go bona mabelo a dintsa e le la ntlha mo ditsong gareng ga disupiwa tse dingwe. Maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi le o ne a ne a bapatsa ditirelo tsa one. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Mmu wa masimo o tshwanetse go tlhatlhojwa - Autlwetse | Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, e bile e le mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o gakolotse balemi ba masimo a Palamaokue go tlhatlhoba mebu ya ditshimo tsa bone pele ga temo. Rre Autlwetse o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla ya balemi- barui ba masimo a Palamaokue. “Fa letsema le boloditswe jaana go raya gore re ipaakanyetse go lema , mme ipaakanyo ya ntlha ke go tlhathoba mmu,” a supa. O tlhalositse fa mebu e sa tshwane, jalo go le botlhokwa gore molemi mongwe le mogwe a dire ditlhatlhobo tsa one, gore ba nne le tlhomamiso ya gore menontshane e ba e neelwang ke yone e e lebaneng mmu o o mo ditshimong tsa bone. “Gore mmu o nontshe sejalo, go batla o neelwe monontshane o e leng gore ga o yo mo go one,” a supa. Rre Autlwetse o tlhalositse fa ba Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ba ithaopile go thusa Batswana ka go tlhatlhoba mmu wa ditshimo mahala, le fa puso go na le fa e thusang teng. “A e re pele ga re ka tsenya menontshane mo mmung, re lebelele gore a mme gone go a tlhokafala gore re dire jalo,” a supa Mothusa Tona o ne a gakolola balemi go sekaseka mananeo a ba a fiwang ke puso, pele ga ba a tsaya. A re gantsi batho ba a tsaya fela mme ba sena kgatlhego, jalo a supa fa go dira jalo e le tshenyo ya ditsompelo tsa puso. “A re tlhopheng mananeo a a gaufi le pelo tsa rona, e bile re na le bokgoni jwa one. A re tlhopheng a a re siamentseng, a re ka tsamayang nao, go na le go a buledisa,” a supa. O supile fa bangwe ba buledisa mananeo, ba phuaganya mo tseleng. A re go dira jalo ba a bo ba pitlagantse ba bangwe ba ba neng ba ka fiwa sebaka sa go a dirisa ka katlego. Rre Autlwetse o gakolotse balemi ba ba sa tlholeng ba kgona go lema, go adima ba bangwe masimo, bogolo jang masika. “Ke kopa gore le nne pelo tlhomogi mo go ba ba nang le kgatlhego ya go lema. Masimo a a tlhaela, mme go na le masimo a a nang le dingwaga tse dintsi a sa dirisitswe,” a supa. O supile fa dipalo tsa batho di oketsegile, a re seo se raya gore masimo a simolotse go tlhaela batho. Puso e dirisitse P564 million, mme go supa gore mo mafelong mangwe dipoelo ga di a nna tse di eletsegang, ka ntlha ya gore balemi bangwe ga ba a tsenya moko mo nameng. O kopile balemi ba kgaolo ya gagwe gore ba seka ba nna mo palong ya ba ba senyang madi a puso, a ba gakolola gore fa ba sena bokgoni jwa go lema, ba ka inaakanya le ditiro tse dingwe tse di tswang mo temong jaaka go photha le go sila. A re go utlwisa botlhoko gore lefatshe la Botswana a bo le santse le ikaegile mo go Afrika Borwa ka dijo, a supa fa nako e tsile ya gore Batswana ba tsee boikarabelo jwa go itirela dijo. Fa a bua ka tsa thuo, tona o supile fa Botswana a dirile ka natla go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo le fa bo bonetse bosheng kwa Nhabe. A re le fa go ntse jalo, ba tswenngwa ke bolwetse jwa mabele, mme a gakolola gore, ka bolwetse joo bo tla ka leswe la setho, go dirwe matlwana a boitiketso. “Dipalo tsa batho di oketsegile, jalo mafulo a dikgomo le one a fokotsegile. A re babalale kanamo e ka go dira matlo a boithomelo gore leswe le, le seka la amana le dikgomo,” a supa. Rre Autlwetse o supile gore puso e tsere tshwetso ya gore ga e sa tlhola e thusa ka mekento ya mahala dikgomo tsotlhe tse di sa tsenngwang manyena, e le mokgwa wa go rotloetsa barui go di tsenya manyena. Fa a leboga, Mokhanselara wa Swaneng, Rre Mpho Kooreme, o supile fa ditirelo tsa Ipelegeng di atolositswe, e bile di tsweletse kwa Masimo. E re ka banni ba koo ba ne ba ngongorega gore Ipelegeng ga e ise e thuse kwa go bone, o ne a kopa gore ba seka ba tlhobaela, a supa fa thulaganyo e le teng ya gore beke e e tlang, Ipelegeng a bo e simolotse mo masimong a bone. “Ipelegeng e tlaa tsaya dikgwdi tse tharo kwano, mme e bile ga re kganele ba masimo a a mabapi go tsenelela, fa e le gore kwano le palo potlana,” a supa. O ne a ba gakolola gore ditiro tse di dirwang mo Ipelegeng, e nne ditiro tse di ka solegelang botlhe molemo. ENDS | economy_business_and_finance | 3 |
Thekiso ya mo mekgwatheng e tshetsa bangwe | Go rekisa mo mekgwatheng go tlhamela Batswana bangwe ditiro le go tokafatsa matshelo a bone. Fela jaaka mo mafelong a mangwe, kwa Tsabong barekisi ba mo mekgwatheng ba fitlhelwa fa pele ga dikolo, sepatela, mabenkele le fa maemelong a di palamo. Go rekisa mo mekgwatheng go thusa bangwe go dira lemmenyana le ka lone ba ka tshidisang malwapa a bone. Mo potsolosong le barekisi bao bosheng, go senogile fa ba simolotse tiro eo ka gore ba ne ba na le dikgwetlho tsa botshelo tsa letlhoko la ditiro, mme ba tswa ka moono wa go rekisa mo mekgwatheng. Ba supile fa ba kgonne go dira letseno le ka lone ba kgonneng go tlhokomela ba malwapa a bone le gone go ipolokela madi a dipoelo tse ba di bonang morago ga thekiso. Barekisi bao, ba bontsi jwa bone eleng banana, ba re nako tse dingwe fa motho a nna fela a sa dire sepe, o kgona go raelesega go dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka tsa borukutlhi. Ba boletse fa bangwe ba bone ba tswa kgakala ba ntse ba rekisa, mme mo nakong ya gompieno bagwebi ba setse ba le bantsi fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2011 le 2012. Gape ba supile fa ka nako eo dikonteraka di ne di le dintsi, ka jalo ba ne ba dira dipoelo tse di nametsang. Ba supile gape fa seemo sa bosa se kgona go ba kgoreletsa go tsweledisa kgwebo ya bone, ka ba rekisetsa mo metlaaganeng e e seng ya sennela ruri. Ba re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke batho bangwe ba ba kgonang go kolota ba bo ba sa duele ka nako, mme ba supa fa se, se ba busetsa kwa morago ka ba felela ba palelwa ke go ya go reka dilwana tse ba ditlhokang mo dikgwebong tsa bone. Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, barekisi ba mo mekgwatheng ba re nako tse dingwe theko e kgona go nna kwa tlase fa nako tse dingwe e le kwa godimo, ba supa fa mogwebi a tshwanetse go nna pelotelele mo kgwebong ya gagwe gore kwa bofelong a kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Rre Tshepo Ketlogetse wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, a re o simolotse go nna morekisi ka 2012, morago ga go fetsa mophato wa botlhano. A re dithoto tse a di rekisang di akaretsa ditlhako, marokgwe, dikepese le tse dingwe. Rre Ketlogetse a re o na le lebaka le leleele a ntse a dira kgwebo e, e bile o itse go oka bareki le go ba fa thuso, le go ba itumedisa. O ne a tlatsa ka go gakolola banana ba bangwe go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a a ka ba kgontshang go fitlhelela ditoro tsa bone. O supile fa bopelotelele le lorato mo kgwebong go busetsa kwa bofelong. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Ba re ngwaga o monamagadi | Fa basha ba lepa seemo sa bosa le dipaka ka tiriso ya maranyane, mabutswapele bone ba lepa ka ditsatlholego ba bo ba ka bolela gore ngwaga ono dipaka di tlaa tla di ntse ka tsela e e ntseng jang. Ba re ditsatlholego di akaretsa dinaledi, ngwedi, letsatsi le ditlhare gareng ga tse dingwe di tlhalosa dipaka tsa ngwaga ka botlalo. Rre Legapu Modise,yo o dingwaga tse 81 kwa Sefhare, o ne a bua mo potsolotsong gore ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, o santse a na le tsholofelo e ntsi thata gore go tlaa dika go jewa go bo go latlhwa. Rre Modise a re o na le tumelo ya gore le ntswa pula e tsile morago ga nako, fela e santse e tlaa na mo go kgotsofatsang gore go lengwe. A re fa leru le le bidiwang matlakadibe le tswa kwa borwa ja lefatshe leno le bo le nesa pula ka sefako go ya kwa bokone jwa lefatshe, e le yone pula ya ntlha mo ngwageng, seo ke sesupo sa ngwaga wa kgora. A bolela gore mme e tlaa re leru leo le sena go wela kwa bokone le bo le boa gape le ya borwa mme jaanong le nesa pula ya medupe, ka jalo a re ka mono ngwaga pula e simolotse ka sefako go tswa kwa borwa o santse a solofetse go le gontsi. Rre Modise a re selo se segolo e le go rapela le go obamela meila gore seemo se seka sa fetoga. Rre Modise a re fa go setse go simolotswe temo, go na le ditlhare tse di sa tshwanelang go rengwa jaaka tsa mokgalo, mosetlha le mogonono ka go dumelwa gore fa di rengwa lefatshe le a setlhafala. A re dicheru le tsone ga di a tshwanela go thulwa paka ya thobo e ise e wele ka bagologolo ba dumela gore go di thula go bitsa letsatsi le legolo. Mme Ogolotse Mokatane, yo o dingwaga tse 78, a re le ene o na le tsholofelo ya gore go tlaa dika go jewa mpa mpolae. Mme Mokatane o ne a supa gore ngwaga ono ditlhare di akaretsa motlopi, motetane le morobe di ungwile thata mme a re seo se supa thobo e e nametsang. ENDS | economy_business_and_finance | 3 |
Nyeletso lehuma e tlhoka kelelelo | Makhanselara a Kweneng a tlhalositse fa go le botlhokwa gore lenaneo la nyeletso lehuma le nne le balebeledi ba ba tlaa tlhomamisang gore le tsamaisiwa sentle. Ba akgetse jaana morago ga molaetsa o o neng o rolwa ke modulasetilo wa khansele, Rre Motlhophi Leo bosheng mo phuthegong ya bone. E rile a tsibogela mafoko a modulsetilo, Rre Kebawetse Kabelo wa Mahetlwe o ne a dumela fa lenaneo le tlhoka balebeledi gore ba bone gore a batho ba tshwara dilo tse ba di abetsweng sentle. O ne a fa sekai ka go re banana ba ba abetsweng madi a lenaneo le ga ba a dirise sentle, ba reka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolola dikgwebo mme madi a a salang ba a dirise dilo tse di duleng mo tseleng. O tlhalosa fa kwa kgaolwaneng ya gagwe go nna go na le kgang ya gore dipodi di sule mme ba di rekisitse kana ba di jele, a bua gore fa go na le ba ba ka nnang ba tlhotlhomisa go bona gore batho ba dirisa lenaneo ka fa go tshwanetseng ka teng, go ka ba thusa go tokafatsa maduo a lenaneo le. O gateletse gore madi a nna fela a tswa mme dipalo tsa batlhoki ga di fokotsege, mme fa go ka nna le ba ba thusang batlhoki go dirisa lenaneo sentle dipalo di ka fokotsega. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mankgwenyane, Rre Masiele Letlhogile o ne a tlhalosa fa ba sale ba solofeditswe motho go tla go ba thusa mo go tsa nyeletso lehuma ka gone go twe bodiredi bo a tlhaela mme nako kgolo ke eno. O tlhalosa fa ba ba lemang merogo ba setse ka disaile fela go se na merogo ka metsi e le bothata mo Molepolole. Rre Letlhogile o ne a bua fa madi a ba a abetsweng go simolola dikgwebo tsa merogo a dule mme ba sa a dirise ka go se na metsi. O ne a kopa gore ba metsi ba kgothadiwe gore dikgwebo di tle di tswelele. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Pule Masego o tlhalosa fa kgaolo ya Kweneng e na le mananeo a nyeletso lehuma a le masome a supa le borataro mme go le bonya gore batlhoki ba thusiwe ka nako. O tlhalosa fa a nna a etela diofisi tsa lenaneo le, mme a fitlhela batho ba le mo moleng. O ne a tswelela ka go re batho ba ba thusiwang mo lenaneong le ga twe ke ba ba mo lehumeng la nta ya tlhogo, mme bone ba o fitlhela ba se na kgatlhego ka ba sa tlhokomele tse ba di abetsweng. A re o bona go le botoka gore go abelwe batho ba ba ka kgonang go tlhokomela e bile ba na le kgatlhego mo lenaneong. O ne a akgola ba ba lemang mabele le dinawa, a tlhalosa fa bana kwa dikoleng ba tlaa bona dijo gape le bone balemi ba tlaa ithusa go tsholetsa matshelo a bone ba bo ba rotloetsa ba ba boitseme go lema. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Tikologo e e phepa e ka hema borukutlhi | Molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema, o kgothaditse Batswana go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe. Rre Tema o buile se, fa a ne a bula letsatsi la go ipelela tikologo e e phepa kwa motseng wa Otse mo bekeng e e fetileng. Rre Tema o kgothaditse Batswana gore ba se phepafatse fela ka nako ya phepafatso tikologo, mme ba netefatse gore ka dinako tsotlhe motse o nna phepa, ba kgaole ditlhare tse di tlhokang go kgaolwa gore dirukutlhi di seka tsa iphitlha mo go tsone Modulasetilo wa khansele eo, Rre Joseph Sorinyana, o ne a tlhalosa gore letsatsi le, le diretswe go kgothatsa le go rotloetsa batho gore ba tlhokomele tikologo le go leboga batho mo maitekong a bone mo letsholong la ipapatso ya go tlhokomela tikologo. Mogolwane wa kompone ya Cleaning Wizard, Rre Odirile Monare, o kopile Batswana go farologanya matlakala, ka go na le a a borai, jaaka a kwa dikokelong, a a tlhokang go tshubiwa. Rre Monare a re matlakala fa a nna lebaka le leleele a sa latlhiwe, a ka oka dintsi le mafele tse di bakang malwetse. Molalediwa wa tlotla e bile e le ene sebui sa tlotla, Rre Seabelo Tlhaselo, o boletse fa kgaolo ya borwa botlhaba e itsege ka go dira bontle mo phepafatsong tikologo, go tloga ka ngwaga wa 2004. Rre Tlhaselo o boletse fa motse wa Tlokweng o ne wa tsaya maemo a bobedi mo dikgaisanong tse di neng di tshwerwe kwa kgaolong ya Kgatleng ngwaga e e fetileng. O boletse fa go sa tlhokomeleng tikologo, go ka baka gore puso e dirise madimadi go alafa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe. O kopile Batswana go fokotsa kana go busetsa matlakala mo tirisong, gore lehuti la matlakala le se ka la tlala ka bonako. Bokhutlo | environment | 5 |
Puso e neela Barolong tshimo | Puso e tsere tshwetso ya go neela Barolong tshimo ya Morule e e kwa Ramatlabama. Rre Galeitsiwe Ramokapane, yo e leng mogolwane wa dijwalo kwa lephateng la temo-thuo, o buile se fa a ne a rolela morafe mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Good Hope bosheng. Rre Ramokapane o kaile fa puso e na le dingwaga e ntse e dirisa tshimo eo. A re e ntse e dirisediwa tsa temo, ka jalo e tlaa bo e le selo se sentle go tsweledisa fa ba simolotseng teng. O gakolotse fa go le botlhokwa gore tshimo eo e dirisiwe go godisa itsholelo ya Borolong, ka jalo a ba kopa gore ba e dirise mo go tsa temo-thuo gore ba kgone le gone go thusa puso go jesa Batswana. Rre Ramokapane o gakolotse gape gore banni ba ka batla bagwebi ba ba ka nnang le keletso ya go e dirisa mme ba kgone le gone go dira ditiro. A re puso e eletsa go bona kgaolo e e tumile ka serodumo sa temo jaaka e ne e itsege bogologolo. Motshwarelela kgosi ya Barolong, Kgosi Botiki Motshegare, o ne a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore e ba busetse tshimo eo. O ne a supa fa ba setse ba na le dikakanyo tsa go bona gore tshimo eo e ka thusa Barolong jang. O kaile fa le ene a eletsa fa bagwebi ba ka tla go thusa go dirisa tshimo eo. Ka jalo o ne a tshepisa puso fa ba tlaa dirisa tshimo eo, le go dira ka bojotlhe gore e tsise ditlhabololo le go tlhama mebereko mo motseng. Kgosi Motshegare o ne a solofeditsa puso gape gore ba tlaa tswelela ba dirisanya le bodiredi jwa puso gore le bone ba ba thuse ka megoplo go bona gore tshimo eo e tswelela e nna mo tirisong. | economy_business_and_finance | 3 |
Inaakanyeng le mananeo - Salakae | Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, o rotloeditse baagi ba kgaolo ya gagwe go inaakanya le mananeo a puso e a beileng pele go inamola lehuma. Rre Salakae o rotloeditse baagi bosheng jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi. Mo leetong la gagwe la diphuthego tsa kgotla o ne a lebogela baagi go bo ba nnile le tshepo mo go ene mme ba mo isa Palamenteng. E rile fa a lekodisa baagi ba Ghanzi ka tse di builweng kwa Palamenteng, a nankola tse di tshwanang le go tlhoka lefatshe, tsamaiso ya Palamente le botlhoki kana lehuma le le sa nsteng le apere Batswana segolo bogolo mo dikgaolong di tshwana le ya Ghanzi. Ke ka moo a neng a ba rotloetsa thata go inaakanya le mananeo a leng teng go inamola mo lehumeng. Salakae o ne a gakolola baagi ba Ghanzi bokone gore mananeo ga se a amanang le thuo ya kgomo fela; jaaka go lebega bontsi bo itshetse mo mananeong a thuo ya kgomo. A re go na le mananeo a leng teng a batho ba ka itekang mo go one mme ba atlega sentle ba kgona go itshetsa. Salakae a re bodiphatsa jwa go tsaa lenanaeo le o sa le kgoneng ke gore pheletsong le tla pala mme o sale o itshophere fela. Mopalamenete Salakae o ne gape a ama kgang ya thuto, a supa matshwenyego a gagwe ka seemo se se tsweletseng ka go wela tlase ga maduo mo kgaolong ya Ghanzi ka bophara.O ne a rotloetsa batsadi go tsaa seabe mo thutong ya bana ba bone, a re ba tsee boikarabelo mme ba lese go baa sengwe le sengwe mo barutabaneng. E rile ba mo kgwa dikgaba, bangwe ba baagi ba supa fa ba eletsa go ka agelwa sekolo sa sekontari se se botlana mo toropong ya Ghanzi. Mongwe wa baagi Rre Thabiso Kebadile o ne a kopa gore e re ka lenaneo la ditlhabololo la bolesome (NDP 10) le atolositswe ka ngwaga, ba ne ba ka itumella go neelwa nngwe ya tse di neng di saletse kwa morago jaaka lebala la metshameko kgotsa go agiwa ga tsela ya Charleshill-Ncojane. Mme o ne a gatella thata kopo ya sekolo se sebotlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi. Fa a tsibogela kopo ya bone, Rre Salakae o ne a re ntswa lenaneo la ditlhabolo la bolesome le atolositswe, bone ele Mapalamente ba gakolotswe go lebella tse eleng letlhoko le legolo thata mo dikgaolong tsa bone gore di tle di sekasekwe. Mme, fa a akgela ka kgang ya tsela ya Charleshill-Ncojane o ne a re ga gona sepe se sentsi se se ka buiwang ka jaana e santse ele kgang e eleng ko go ba molao morago ga madiadia a ne a e aparela ka 2012 fa e tshwanetswe go simollwa. Mo ntlheng ya sekolo se se botlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi, Rre Salakae o ne a tlhalosetsa baagi gore sekolo seo ga seo mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome, mme ka jalo a re gongwe bodiredi bo ka lebella ntlha ya gore se ka akaretdiwa mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bongwe (NDP 11) le le tlang. | society | 9 |
Kablay o tlhalosa molao wa matimela | Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay a re matimela a tla simolola go bewa sebaka sa kgwedi tse tharo go tswa mo go tse di tlwaelesegileng tse thataro. Rre Kablay o boletse se mo phuthegong e a neng a e tshwaretse kwa motseng wa Monwane ka Mosupologo, Seetebogigo a tlhola malatsi a le lesome le borataro gore fa matimela a feta sebaka sa kgwedi tse tharo a tla rekisiwa. O boletse fa phetogo e, e tla morago ga gore ba lephata la temo thuo ba lemoge fa ba dirisa madi a mantsi go duela metsi, dijo tsa matimela gammogo le modisa. Mopalamente o boletse gape gore barui ba tlogela masimo a bone go ya magaeng le ditoropo mme se se baka gore leruo la bone le tlaletlale le motse jalo le senye mo masimong. O tsweletse ka gore lephata la temo thuo le abetswe madi a go reka diterekere tse di tla lemelang balemi. Mo go tse dingwe, molemisi wa kgaolo, Mme Sekgabo David o boletse fa ditshupo tsa monongwaga tsa Letlhakeng di tla nna kgwedi eno e tlhola malatsi ale masome mabedi le borobabobedi. O itsisitse banni ba Monwane gore go gorogile motshine o tlhaolang dinawa tse di nang le tshupa le leswe mme o kwa Pandamatenga le Gaborone West. Mme David o tlhalositse fa marketing board e reka dinawa tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo ka P700 fa tsa e e kwa tlase ele P490. Monni wa Monwane, Rre Diphera Tlolane o ikuetse mo go mopalamente gore dipeo le manyoro a a neelwang balemi di tsisiwe mo kgaolong ya bone nako e sa le teng gore ba leme go santse go nale nako. BOKHUTLO | society | 9 |
Mokgatlho o thusa bomme | E rile go lemogeng fa bomme bangwe kwa Machaneng ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditsompelo ka nako ya fa ba imile le ka nako ya botsetse, bodiredi jwa kokelwana ya Machaneng bo tshwaragane le banni bangwe ba motse, ba simolodisa mokgatlho o o tlaa tswang bomme bao thuso. Modulasetilo wa mokgatlho oo Mme Hildah Kavurase-Sedio, o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho wa bone o simolotse kgwedi ya Mopitlo e rogwa monongwaga. A supa fa mokgatlho wa bone mo nakong eno o na le bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le babedi. Mme Kavurase-Sedio a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one o ba gwetlhileng go simolodisa mokgatlho o, o ba o biditseng ba re Machaneng Support Group. O boletse gore bodiredi jwa kokelwana bo tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa bomme ba ba imang mme ba sena tse di tlhokegang jaaka diaparo le dikobo tsa bana, melora gareng ga tse dingwe. A re seemo se go ne ga lemotshega fa gantsi se bakwa ke gore mme o a bo a sa bereke mme fa godimo ga moo, rre yo o mo imisitseng a bo a mo phuaganya. Go diragatsa toro e ya bone, Mme Kavurase-Sedio a re ba tsweletse ka go kokoanya madi ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang jaaka go koleka, go kopa dithuso mo morafeng le go rekisa borotho le supu fa pele ga kokelwana. A tswelela ka gore ntle le dithuso tsa diaparo le melora, ba tla a bo ba thusa bomme bao gape ka dikgakololo le go ba sidila maikutlo. Mme Kavurase-Sedio a re ga ba eletse go bona mme yo o imileng a kgoberegile maikutlo ka seemo seo se ka ama botsogo jwa gagwe ga mmogo le jwa losea. O supile fa mo nakong eno ba ise ba kopane le makgwere ape a a ka ba kgoreletsang go tswelela pele. A re keletso ke go bona mokgatlho o tsweletse pele e bile le dipalo tsa bomme ba ba kopanang le seemo se se bakileng gore ba simolodise mokgatlho di fokotsegile. Mme Kavurase-Sedio a re go lwantsha koketsego ya seemo se, ba dirile dithulaganyo tsa gore ba nne ba a fa bomme dithuto tse di tseneletseng ka dikgang tsa boimana le pelegi, go katologanya tsholo le tiriso ya tsa boiphemelo mo boimaneng. A re o dumela gore dithuto tse ba di fang bomme di tlaa thusa gore ba ba sa kgoneng ba seka ba nna ba boelela go ima kgapetsakgapetsa. O rotloeditse banni ba Machaneng go ema mokgatlho wa bone nokeng. | health | 6 |
Komiti ga e dire sentle | Mothusa modulasitilo wa komoti ya Men Sector kwa Boteti, Superintendent Michael Maphephu, a re komiti ya bone ga e dire sentle. Superintendent Maphephu a re dikgwetlho tse di ba lebanyeng ke tsa maloko a badirelapuso gammogo le morafe ba ba seng tlhaga mo komiting le tlhaelo ya didirisiwa jaaka madi le dikoloi. Superintendent Maphephu a re kgaolo ya Boteti e bophara ka metse e le lesome le borobabongwe e ba tshwanetse go e thusa. A re metse e mengwe ke e e kgakala le ditlamelo e batho ba yone bontsi ba tlhaelang kitso ,mme ka letlhoko la dipalamo ga a kgone go ba isetsa mananeo a ba a akantseng. Rre Maphephu a re matshwenyego a mangwe a ba nang le one, ke gore bontsi jwa maloko a bone a badirelapuso ke ba maemo a a kwa tlase ka jalo go nna thata gore ba gololwe fa komiti e ba tlhoka. A re gape kgaolo ya Boteti e na le meepo selo se se dirang gore go nne le borre ba le bantsi, a tlhalosa gore ba ne ba eleditse go bereka ba le seopo sengwe le ba meepo ka maswabi seo ga se kgonagale ka gore ba ba fa nako e khutshwane fa ba batla go bua le bone. Superintendent Maphephu a re le fa ba na le dikgwetlha mananeo otlhe a ba a dirileng a ne a atlegile ba dira jalo ba tshwaragane le morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS wa Boteti. E rile a ba lekodisa ka maikaelelo a loeto lwa bone, moithaopi wa Peace Corp kwa ofising ya Men Sector go tswa kwa Gaborone, Mme Hannah Marqusee a re ba tsile go utlwa matshwenyego le dikgwetlho tsa komiti ya Men Sector. Mme Marqusse a re ba batla go itse mathata a morafe wa kgaolo ya Boteti, le gore komiti e ka thusiwa jang gore ba dire dilo botoka. Go buisana le komiti go tsaya megopolo le maikaeleo a bone a go isa molaetsa kwa setshabeng, gammogo le dikatlego tsa komiti ya Men Sector. Mme Marqusse a re ofisi kgolo e akantse gore bodulasetilo ja komiti ya Men Sector bo seka jwa fapaanelwa ke maphata jaaka go ntse go dirwa mme bone fela mo lephateng la Pereko le Selegae. Morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ba itemogetse gore kgaolo ya Boteti e na le dipalo tse di ko godimo tsa borre ba ba berekang mo meepong ba ba nang le madi. Rre Monyadiwa a re se se dira gore go nne le tiriso ya bojalwa e e kwa godimo, batho ba ba gwebang ka mmele, a tlhalosa gore gape go na le bomme ba ba tsenang mo kgaolong e ka dipalo tse di kwa godimo fa kgwedi e fedile. A re itsholelo e ya madi ya borre e dira gore ba tseye taolo mo go bomme se se bake dilo di le dintsi jaaka boimana jwa bana ba dingwaga tse di ko tlase, tsietso mo malwapeng. Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Golebilwemang Golebilwemang a re dipalamo ke tsone di ka kgontshang komiti gore e goroge gongwe le gongwe ko ba batlang go isa ditirelo teng. Rre Golebilwemang a re ofisi kgolo e ka thusa kgaolo ka koloi, a re komiti e tshwanetse ya ba romelela lenaneo la bone la ngwaga. BOKHUTLO | health | 6 |
Go tlhoka bonno go kgoreletsa thuto | Mokhanselara wa Letlhakane Borwa a re go tlhoka bonno ga batho bangwe mo Letlhakane segolo bogolo ba letso la Sesarwa go kgoreletsa thuto ya bana ka ba nna mo mafelong a a tlwaelesegileng ka go bidiwa a bo maipaafela. Rre Molwalefe a re seemo se, se dira gore ba nne ba sa wela dibete, ba tshogile gore ba ka nna ba fudusiwa nako nngwe le nngwe ka jalo bana ba bone ba tshabelelwe ke go sa tsene sekolo sentle le gone go tswelela ba sa bone maduo a kgotsofatsang. Mokhanselara Molwalefe o buile jalo ka Matlhatso, Sedimonthole a tlhola gasupa mo Letlhakane jaaka ba kompone ya Barloworld Equipment go tswa Orapa ba ne ba abela bana ba le 143 diaparo, mme ba thusiwe ka ditlamelo tsa botshelo ke ba Khansele. A re gore bana ba sireletsege le gone gore ba kgone go tsena sekolo sentle, ba tlhoka bonno jo bo sireletsegileng le tlhokomelo ya batsadi. O supile fa bontsi jwa bana ba ba neng ba abelwa dimpho ke ba Barloworld Equipment ba nna mo mafelong a bo maipaafela a Phase 1 le Phase 2 fa bangwe ba bone ba tswa mo kgotlaneng ya Metsiaela. O supile fa selo se se dirileng gore batsadi ba bana ba ba tlhoke bonno e le go bo ba tsere nako e ntsi ya botshelo jwa bone ba nna kwa merakeng ba bereka e le badisa, mme a gatelela botlhokwa jwa gore ba nne mo mafelong a a nang le ditlamelo jaaka, Letlhakane, gore bana ba bone ba kgone go ithuta sentle. A re le fa puso e rotloetsa gore ba ikatumetse mo mafelong a nang le ditlamelo jaana, sebe sa phiri ke gore ga bana bonno, mme ba felela ba ikabetse lefatshe. Rre Molwalefe a re go nna mo lefelong le ba sa le abelwang go dira gore ba nne ba fuduga kgapetsakgapetsa mme se se kgoreletse thuto ya bana ka bangwe ba bone ba felela ba tlogetse sekolo gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Rre Molwalefe o lebogile ba Barloworld Equipment go menagane, ka mpho eo ba e abetseng bana bao, a supa fa diaparo tseo di tla ba thusa fela thata. Mookamedi wa ofisi ya Barloworld Equipment kwa Orapa, Rre Georgio Motsoela, o gakolotse bana ba ba neng ba abelwa dimpho go dirisa nako ya bone sentle le go itse fa thuto e le botlhokwa mo go ba baakanyetseng isago. O ne a ba gakolola gape go ela tlhoko dikgwetlho dingwe tse di ka dirang gore maiteko a bone a go anywa thuto a fetoge lefela. Rre Motsoela a re go tshwenya thata go bona bana ba dikolo ba basetsana, go balelwa le bone ba dikole tse dipotlana tota, ba tseelwa nako ya go ithuta ke boimana, selo se se dirang gore ba rwale boikarabelo jwa go nna batsadi ka bonana le gone go nna mo kotsing ya go ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo ka go farologana. O supile gape gore tiriso ya ditagi le bojalwa le tsone di kgoreletsa bana go ithuta. Rre Motsoela a re bangwe ba bana ga ba tsene dikolo sentle ka go kgokgontshiwa, ba dirisiwa ditiro tse di ba fetileng le gone go tlhoka tlhokomelo le kgakololo e e tseneletseng go tswa mo batsading. O gakolotse baithuti ba ba kgokgontshang ba bangwe go emisa mokgwa oo wa go kgerisa ba bangwe le go ba amoga ditsa bone; ka go ka dira gore ba seka ba ithuta sentle le gone go tshaba sekolo. Kgosi Ewetsemang Rethatoleng, a re lehuma kana go nna le bao ba ba kobodikhutshwane ke kgwetlho e tlhokang go tshwaraganelwa. Kgosi Rethatoleng a re se se dirilweng ke ba Barloworld ke go baakanyetsa bana bokamoso ka ba tla kgothala go ithuta ka tlhwaafalo. A re o leboga go bona dikompone le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tswelela ba thusa puso, ka go supa fa le bone ba eletsa go bona matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego a fetoga. Mogolwane wa ofisi ya boipelego, Rre Keedigetse Mhapha, a re lephata la boipelego le itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho. Rre Mhapha a re mafelo a Phase 1, Phase 2 le Metsiaela mo Letlhakane a na le letlhoko le le kwa godimo go akarediwa le jone bonno tota. O boletse fa madi a ntshiwang ke puso go rekela bana ba ba tlamelwang ke Khansele diaparo a sa lekana le gone go rekela batsadi ba bone dijo, ka jalo ba Barloworld Equipment ba dirile go tlala ka diatla go ntsha mpho e e kalo. BOKHUTLO | education | 4 |
Ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse | Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Leach Tlhomelang a re, khansele ya gagwe e nale ditiro di le 470 tsa Ipelegeng. Fa a bua mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele kwa Kanye, Rre Tlhomelang a re, ditiro di le 391 ke tse di neng di akanyeditswe, fa tse di 54 di le ka fa tlase ga tsamaiso ya morafe , mme tse 25 e le tse di neng di saletse kwa morago. A re, ditiro di le 435 di setse di simolotswe fa tse di 127 di feditswe. A re, go tshwanetse ga simololwa tse 35. O tsweletse a re, lenaneo la Ipelegeng le filwe karolo e kgolwane mo paakanyong ya sekole se se botlana sa Mmathethe. Rre Tlhomelang a re, matlo a borutelo a dikole tsa Sese le Tankane a setse fela ka go rulelwa fa a Leporung a tsweletse ka go agiwa mme otlhe a agiwa ka lenaneo la Ipelegeng. A re, P8 million o dirisiwa go baakanya dikole tse dingwe di ferabobedi ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng . O tsweletse a re, mme tiro e saletse kwa morago ka gonne di dirisiwa di tsile morago. A re, mo ngwageng ono wa madi, khansele e ikaelela go ala bontsi jwa ditsela mo kgaolong. A re, go ala dimmithara di le 500 tsa tsela e e yang kwa matlong a badiri a Kgakgwe ka lenaneo la Ipelegeng go setse go le fagare ga go fela, a tlatsa ka gore dikhilomithara tse 1.5 tsa go ala tsela go ya kwa kgotleng ya Molapowabojang go tsweletse. A re khansele e tsile go tswelela ka go dirisa lenaneo la Ipelegeng go aga matlo a boroko a barutabana go fokotsa letlhoko la one. BOKHUTLO | society | 9 |
Morafe o kopilwe go bopagana | Batho ba kgotla ya Thabeng ba kopilwe go tshwaragana le kgosana ya bone gore dilo di tle di tsamaye ka thelelo mo kgotleng eo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla ya go itlhophela kgosana kwa Omaweneno bosheng, Rre Piet Villander a re ditlhopho di tshwanetse go bopaganya batho go na le go ba kgaoganya ka ele tshimologo ya tirisano mmogo. Rre Villander a re botho jo bontle jo batho ba kgotla eo ba neng ba itshwere ka jone bo tswelela ka ele jone jo bo tlhokegang go ba isa kwa go tsotlhe tse dintle. Go itela mafoko kobo moroko Kgosi Samuel Bimbo a re o lebogetse boitshwaro jwa batlhopi go menagane. O boletse fa ditlhopho tsa bogosana di ne di emetswe ke bontlhopheng ba le batlhano mme go tlhophile batho bale lekgolo le lesome le bobedi. O boletse gore Rre Lekgetho Matswiri ke ene yo o fetogile mofenyi ka batlhophi bale masome a matlhano le boferabobedi a salwa morago ke Mme Marea Sephiri bale masome a mane, Rre Happy Jabane a mo loma serota ka ba le barataro. Rre Keleneilwe Kara ene o bone batlhophi ba le batlhano fa Rre Ben Selogo ene a tlhophilwe ke bale le babedi fela. Kgosi Bimbo o tsweletse a supa fa se, se sa reye gore Rre Matswiri e setse ele kgosana ya kgotla eo ka leina la gagwe le tla tshwanela ke go isiwa kwa go mokwaledi wa lephata la dikgaolo go fitlhelela le ya go rurifadiwa ke ba ba maleba. A re Rre Matswiri o tla nama a ise a simolole tiro go fitlhelela go wediwa dithulaganyo tse di maleba mme morago a tle go begwa fa pele ga setshaba sa gagwe. Fa a latlhela la gagwe mongwe wa bontlhopheng, Mme Marea Sephiri o motlotlo fela thata go bo a kgonne go iteisana le borre mme a solofela fa a tla nna sekai mo go bomme ba bangwe. Bontlhopeng botlhe ba ne ba supa fa ba amogetse maduo e bile ba leboga batlhophi go menagane mo bothong jo bontle jo ba bo supileng mo tsamaisong ya ditlhopho. Fa a amogela thomo, Rre Matswiri o lebogile botlhe ba ba neng ba mo eme nokeng le banni ba kgotla ya Thabaneng mme a bolela fa a solofela fa se e le tshimologo ya mosepele o moleele mme o le molemo. A re o eletsa gore ene le morafe wa gagwe ba ka nna le tirisano mmogo e ntle gore tiro ya gagwe e nne bonolo. | society | 9 |
Lenaneo la Ipelegeng le fa baakodi seriti | Mma Boipelego wa Maunatlala Mme Kelebogile Gaotingwe o boletse mo pegong ya tekodiso morafe bosheng ka ditsamaiso tsa ofisi ya gagwe fa letsholo la go agela batlhoki ka lenaneo la Ipelegeng le le bidiwang Ipelegeng self-Building Project le tsweletse sentle. Mme Gaotingwe o boletse fa ba ne ba dira thulaganyo e e simolodisitsweng ka 2017 ka Lwetse gore ope fela yo o senang bonno jo bo lolameng ba mo fe sebaka sa go ikagela ka go thapiwa mo Ipelegeng dikgwedi tse di rileng mme ba kgone go ipolokela bontlha bongwe jwa dituelo tsa bone go ba thusa mo kagong. O boletse fa ba dirile thulaganyo e ka thuso ya ba poso ba e leng bone ba bolokang bontlha bongwe jwa madi a a dumalanweng e bong P40 ka kgwedi ga mmogo le ba khansele go thusa ka mealo ya tsa kago. Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e, e tlaa thusa banni ba le lesome le bobedi mo Maunatlala mme ba tlaa agelwa matlo a dikamore tse pedi. O ne a tlatsa ka go re batho ba le bararo ba ne ba sena ditsha gotlhelele mme ba kabo ditsha mo Maunatlala ba ne ba tsibogele seemo se mme ga fefosiwa go ba abela ditsha. O boletse fa ba Tswapong Brigade kwa Lerala le bone ba amogetse thulaganyo e mme e bile ba solofeditse go romela bangwe ba baithuti ba bone go thusa mo kagong mme godimo ga moo ba ithaopa go tsaya ntlo e nngwe ba e aga ka ditshenyegelo tsa bone. Mme Gaotingwe o boletse fa go aga e se selo se se motlhofo ka go a tura, ka jalo o akgoletse ba ba kgonneng go dirisa thulaganyo e ka a re ba setse ba kgonne go kgobokanya konkereiti le motlhaba e bile ba setse fela ka go rulela. O boletse fa maikaelelo e le go feleletsa ba ba thusitsweng go agelela malwapa ao le gone go ba tsenyetsa le metsi. O ne a kopa banni ba motse go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gore le bone ba nne le bonno jo bo lolameng e le tsela ya go ba fa seriti mo setshabeng le go supa mowa wa bopelotlhomogi le tirisanyo mmogo. Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e e thusa ba le bantsi go fetola maikutlo le dikakanyo tsa bone mme ba nna le ponelopele ya go tsoga le bone ba ipona ba na le fa ba latsang thogo teng, ka go rialo a ba kopa go tshwara fela jalo go fitlhelela ba kgona se ba se ikaelelang. Bokhutlo | society | 9 |
Badirelapuso ba kopiwa go sala melawana morago | Mothusa tona wa merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile badirelapuso go sala melawana ya bodirelapuso morago le go neela setshaba ditlamelo ka nako e e tshwanetseng. Rre Makgalemele, yo a neng a patilwe ke mokwaledi yo haphegileng wa lephata la gagwe, Rre Lesedi Keekae, o dirile kopo e mo phuthegong ye a neng a e kopanetse le badiri ba lephata la dikitsiso mo Mahalapye go lekola ka fa ba berekang ka teng gammogo le go utlwa dikgwetlho le matshwenyego a ba lebaneng nao mo tirong. A re e le badirelapuso batshwanetse go sala morago melwana ya bodirelapuso le go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso gore ba kgone go a dirisa mo go tokafatseng matshelo a bone. Mothusa tona, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, a rele ntswa ba tlhaelelwa ke bodiredi le di dirisiwa, seo ga se a tshwanela go nna seipato sa go tlhoka go isa ditlamelo kwa bathong ka nako e tshwanetseng ka jaana mmuso o ititeile sehuba go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Makgalemele o rile le ntswa badirelapuso ba tsweletse ka go ngongorega,ba tshwanetse go itumelela gore gompieno goromente o dirile melawana e letelang bodiredi go adima madi a go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA le go simolola dikgwebo tse e kareng kgabagare ba tlogetse tiro ka bogodi ba kgona go itshetsa ka tsone. E rile badiri ba lephata la Dikitsiso ba akgela mo phuthegong eo, ba kopa mothusa tona go sekaseka go oketsa bodiredi mo kgaolong ya legare bokone ka jaana kgaolo eo ena le mapalamente ale lesome le botlhano le mathona a puso ale lesome. Bare le ntswa ba leka go dira tiro ya bone ka bokgabana sebe sa phiri ke go tlhaela ga bodiredi le di dirisiwa ditshwana dikoloi le digoagowe, mme ba bolela fa ba itumeletse loeto la ga mothusa tona ka jaana o kgonne go utlwa dilelo le matshwenyego a bone. E rile mogolwane wa babegadikgang mo kgaolong potlana ya Mahalapye Leungo Rakgati a amogela mothusa tona a bolela fa kgaolo ya Mahalapye e tshwanetswe kwe gona le babegadikgang bale babedi ka jaana ena le dikgaolo tsa botlhophi dile tharo ebong Shoshong, Mahalapye Botlhaba le Bophirima.BOKHUTLO | politics | 7 |
Monna o ikaleditse kwa Tutume | Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di magareng ga masome mararo le masome mararo le botlhano wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong kwa kgotleng ya Magapatona ka Mosupologo. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re monna yoo o dirisitse mogala go ikgapela botshelo kwa ntlo e go belaelwang e le ya moratiwa wa gagwe. Superintendent Halahala a re tiragalo eo ba e begetswe ka Mosupologo maitseboa mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba ileng ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatseng sa kokelo go tlhatlhojwa ke dingaka mme o ne a tswelela ka go bolela fa go ikaletsa e se tharabololo ya mathata mme e le go tlisa matshwenyego le bohutsana mo go ba ba salang. | disaster_accident_and_emergency_incident | 2 |
Sekole sa Tutume Central se tshwentswe ke boimana | Barutabana ba sekole se sebotlana sa Tutume Central ba re ba tshwenyegile thata ka tiragalo e mo go yone baithuti ba babedi ba basetsana ba lekwalo la bosupa ba tlogetseng sekole ka boimana. Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Thembani Chilambampani o boletse seo mo bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekoleng seo ka Laboraro. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go tla ka tharabololo go tila tiragalo ya go nna jalo gape. Mme Chilambampani a re tiragalo eo e ba amile le go ba tshosa ka ke lantlha e ba diragalela gape bana bao ba santse ba le ba nnyenyane mo ba ka se akanyediweng mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo. O boletse fa baithuti bao ba ne ba dira lekwalo la bosupa,ba le dingwaga tse di lesome le bone le lesome le botlhano. A tswelela a bolela fa ba ile ba bitsa ba botsogo le barutabana le bagakolodi go leka go bua le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana. A re mo bokopanong jwa letsatsi leo e ne e le go kopa batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa go ima ba sale ba nnye le ditlamorago tsa gone, a re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O gwetlhile batsadi go ema barutabana nokeng gore seru se se wetseng sekole se seka sa tlhola se boelela gape. Mme Chilambampani a re tiragalo ya teng e diga seriti sa sekole ka ebile bana ba dikole tse di potlana go sa gopolwe gore ba ka amega mo boimaneng jwa baithuti ka ba sale bannyenyane. A re se se ngomolang pelo go feta fa ba latedisa dikgang tsa teng di matswakabele ga di na motlhala gore boimana bo tswa kae. Mooki wa kokelo ya banana kwa kokelong ya Tutume, Rre Baleseng Mackenzie a re kgaolo potlana ya Tutume e di goga kwa pele ka dipalo tsa malwetsi a dikobo le palo e ntsi ya bana ba ba tlhaelang dikota. Rre Mackenzie o ile a semodisetsa batsadi ka bodiphatsa jwa go ima motho a sale monnye. A re bana bao ba santse ba le masea ka jalo ba batla bogakolodi le dithuto go tswa mo botsading go ba ruta ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale bana. A re gape batsadi ba na le go bua le ngwana wa mosetsana thata ba lebala wa mosimane, a gatelela ka gore a ngwana wa mosimane le ene a seka a kgaphelwa kwa thoko ka le ene o na le seabe se se tona mo dikgannyeng tseo. O ile a tswelela a supa fa go santse go na le phatlha fa gare ga motsadi le ngwana, a ba kopa go tswala phatlha eo mme ba nne gaufi le ngwana go leka go lemoga diphetogo tse di tlang mo ngwaneng le go di dibela go santse go na le nako. Mongwe wa batsadi, Rre Mothusi Mackenzie wa morutabana a re batsadi ba na le go loba le go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tse di diragalelang bana. O kopile batsadi go sireletsa bana,a re ba sephiri thata le fa ba bona ditiragalo tse di masisi tse di diragalelang bana bogolo jang ba basetsana, mme a ba kopa go tlogela mokgwa oo. BOKHUTLO | health | 6 |
Fitness leads to productivity | Taking care of one’s body both spiritually and physically results in productive work, a psychologist at Nyangabwe Referral Hospital, Mr Ponalo Gaamangwe has said. Speaking at a wellness day for the Administration of Justice at the Francistown High Court on Friday, October 18, he said physical exercise relieved stress and brought about a healthy wellbeing. Mr Gaamangwe said those who were able to exercise, created for themselves an environment which assisted them to be disciplined, be physically fit and be enthusiastic at work. He said another challenge that caused low performance in the work place was stress, which led to suppression of the whole body system and if it was not quickly dealt with, resulted in depression. He explained that once a person was depressed, they lost interest in their daily activities and sometimes chose to committ suicide. Mr Gaamangwe encouraged workers not to always think stress as bad as it did play an important role, especially for those who were sick and did not want to visit health facilities. He said when these people are stressed, that is the time they will be forced to go and seek medical attention and the disease would be quickly attended to. The psychologist said problems such as bullying supervisors, financial burdens, the break up of relationships and incurable diseases such as HIV and AIDS are some of the challenges that lead to stress among workers. He also noted that innovation at work had been considered to be one of the causes that could result in stress among workers. Giving an example, he said innovation such as reduction of paper work through introduction of computers does cause fear among those that are not computer literate, eventually leading to stress. Furthermore, he said the way in which people handle things can result in stress; for instance, if a marriage breaks up, one may think it is the end of the world and this will affect their productivity at work, but another may seek counselling and move on with life. He said the reason why most people fail to tackle stress is due to the fact that they respond to the negative thoughts their environment feeds them. To avoid negative thoughts, he encouraged workers to feed their minds with thoughts that would bring about a positive ending. He stated that for people to be able to bring about positive thoughts in their minds, the first thing they have to do is identify the root cause of stress. “One cannot fight against what he or she does not know, surely he or she will be fighting a losing battle,” he affirmed. Mr Gaamangwe explained that when the root cause of stress has been identified, that is the time people can go and buy books that are spiritually enriching to help them overcome negative thoughts. Furthermore, he warned workers to desist from being in isolation, which he noted makes a person think the world has turned against them. He said if one has a recurring headache, back pain, uncontrollable anger and lapse in concentration, they should immediately seek medical attention as these are some of the signs of stress. ENDS | health | 6 |
Banana kwa Letlhakeng ba tsosolosa ngwao | Banana bangwe kwa Letlhakeng ba inaakantse le boithaopi go tlhagola tsela ya go bona tiro. Ba re ba rutana ka ngwao ya motse wa bone le go itsa gore e seka ya nyelela ka e bile go nna merafe e e farologaneng kwa motseng oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa Matheabadimo Cultural Festival, Rre Kennedy Therego a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao le go rutuntsha banana ka ngwao gore ba tle ba emele motse wa bone kwa dikgaisanong tsa ga Tautona. A re ba eletsa thata gore mo tsamaong ya nako ba simolodise lefelo le go tlaa bolokwang ditso tsa motse mo go lone ga mmogo le go dira maitiso a ngwao a ngwaga le ngwaga. Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re go itumedisa fela thata fa motse wa gagwe o na le banana ba ba ratang segabone e bile ba sa batle go bona se nyelela. O rotloeditse banana bao go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang natso mme a re ba seka ba tshaba go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba di tlhoka. Kgosi Puleng o kopile bagolo ba motse oo gore ba eme banana bao nokeng go fitlhelela maikaelelo a bone le go itsa go kgobega marapo. O bile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena ditiro tsa motse le go ithaopa go isa motse wa bone kwa pele. Banni le bone ba ne ba supa fa ba itumeletse maiteko a mokgatlho oo ba re e bile ba ne ba ntse ba ipotsa gore a mo motseng wa bone ga go na banana ba ba ka dirang tiro eo ka e bile ba ipelela letsatsi la ngwao kgwedi e e tlang ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le mane. Ba re ba ntse ba tshwenyegile ka go tlhoka kgatlhego ga banana mo ditirong tsa boithaopi ka go lebega ba lebile fela mo pusong go ba direla sengwe le sengwe. Banana ba mokgatlho oo le bone ba kopilwe go gasa mowa wa boithaopo mo bananeng ka bone gore motse wa bone o nne le tswelelo pele. BOKHUTLO | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Masika a gopola mogaka wa poko | Bana, masika le ditsala tsa mogaka wa pele wa poko ya setso, Rre Sekokotla Kaboeamodi yo o sa tlholeng ale mo botshelong, ba ne ba phuthegela kwa kgotleng yoora Sebego mo Kanye go mo tlotla le go mo gopola le mohumagadi wa gagwe Dikeledi. E rile a bua kwa moletlong wa go apola matlapa a boora Kaboeamodimo, Rre Gasegodira Kaboeamodimo, yo ebileng ele moruti wa Kereke ya UCCSA a re ba sa ntse ba gakologelwa maboko aga Rre Kaboeamodimo. O tlhalositse gore maboko a gagwe a ne a itebagantse thata le go boka botautona le magosi a ga Ngwaketse segolo thata moswi Kgosi Bathoen II. Moruti Kaboeamodimo a re mangwe a maboko a ga Rre Kaboeamodimo a gatisitswe mo seromamoweng sa Botswana, a bo a nankola lengwe le le reng Bangwaketse lo tlhobaetsa Kwena boroko (Kgosi) go lala e ile dikgofeng; fa le lengwe lene lere Mosadi wame Mma Keneilwe nnela metsi ke tlhapise Kwena diatla. A re Rre Kaboeamodimo kgotsa Rra Keneilwe jaaka bangwe ba ne ba mmitsa, o ne a dira poko ya gagwe ka botswerere jo bogolo mo baeteledipele ba lefatshe le bone ba neng ba bo lemoga e bile ba mo rotloetsa mo tirong ya gagwe. A re Rre Kaboeamodimo yo eneng ele mophato wa Matloladibe, e bile ele leloko la kereke ya UCCSA, o ne a abelwa seetsela ke tautona wa pele wa lefatshe leno moswi Sir Seretse Khama, a ba a abelwa se sengwe ke tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire. O tlhalositse fa Rre Kaboeamodimo a sa le a tlhokafetse ka ngwaga wa 1996, fa mosadi wa gagwe ene a tlhokafetse monongwaga ka kgwedi ya Motsheganong mme botlhe ba bolokilwe mo Kanye, kwa mabitleng a Mpuutsane. Erile a bua mo boemong jwa bana, Mme Metsiatsile Ketshabile a tlhalosa fa batsadi ba bone ba ne ba ba ruta lorato le tlotlo gore ba tlotlane le go itse gore motsadi mongwe le mongwe ke motsadi wa bone. Mme Ketshabile o tlhalositse gore motsadi wa bone wa rre e ne e le motho yo bogale thata fa tshwantshanngwa le Mma Keneilwe, yo ene a neng a le bokgwabo thata. A re batsadi ba bone ene ele balemi barui mme ba rata temo thata ebile ba itshetsa ka yone ka jalo ba seke ba bolawa ke tlala, a re le bone ele bana seo se ne sa ba ruta go itse fa botshelo jwa temo bo le mosola thata, a gatelela ka gore batsadi ba bone ba ba godiseditse mo tumelong. Bokhutlo | society | 9 |
Makwinja o wetsa leeto la dikole tsa Palapye | Mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, o akgotse bogogi jwa Palapye ga mmogo le bodiredi go bo ba dirile ka natla go netefatsa gore tsotlhe di apare tshiamo pele ga dikole di bulwa Seetebosigo a le 16. O buile jaana Seetebosigo a le borobabobedi fa a wetsa leeto la letsatsi le le lengwe go lekola dikole kwa Palapye. Mme Makwinja yo e leng mopalamente wa Lentweletau/Mmopane o ne a supa fa morutabana a le botlhokwa mo matshelong a mongwe le mongwe, a re fa morutabana a seyo go kabo go sena epe kitso e e teng mo nakong eno. Mme Makwinja o ne a akgola makalana a thuto, khansele, molaodi le puso go bo ba kgonne go tshwaraganela ditlamelo tsotlhe tsa puso ka tsela e e faphegileng gore go kgonwe go lwantsha kanamo ya mogare wa corona. A re tshwaragano eo e supa gore go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go tlhabolola ngwana go na le maduo. A re makgotla a batsadi le barutabana a botlhokwa le one mo nakong e e thata e, ka ba sa ipone tsapa go inaakanya le tse di tlhokwang ke dikole. Mothusa tona a re mo nakong eno barutabana ba dira ba le magoboka ka go sena tiro epe e ba sa e direng go tlamela ngwana mo dikoleng tsa bone. A re dikole di ithutile go le gontsi ka botlhokwa jwa bophepa jwa bana jaaka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa. Bontsi jwa dikole tsa Palapye go bonala di le malala a laotswe go ipaakanyetsa seemo se ka go kgaoganya bana gabedi bangwe ba tsene mo mosong fa bangwe ba tlaa tsena mo tshokologong. Mogokgo wa Palapye Junior Rre Thatayaone Kefilwe o ne a tlhalosa fa ba kgonne go gokela metsi mo ditankeng tsa metsi di fera bobedi le go a tsenya dithuthafatsi tsa motlakase tanka nngwe le nngwe. Lephata la thuto kwa Palapye le kgonne go thapa batlhokomedi ba tsa botsogo mo dikoleng tsotlhe le fa ba sa lekana, le ba Ipelegeng ba thapilwe go thusa go phepafatsa dikole go lwantsha mogare. Mogolwane mo lephateng la Thuto go tswa Moding Mme Wanani Gunda o ne a supa fa gape ba dirile dikopo tsa go ka rekelwa matlwana a nama o sa tshwere go oketsa matlo a burutelo. Fa a leboga moplamente wa Palapye Rre Onnetse Ramogapi o ne a akgola leeto la ga mothusa tona a re le tsile ka nako e e botlhokwa, segolo jang mo kgaolong ya gagwe e e lebanweng ke tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le a borutelo mo dikoleng ka bontsi. Mopalamente o ne gape a re tirisanyo mmogo le tekodiso ya nako le nako ke bogogi jwa Palapye e ne ya mo tiisa moko. Rre Ramogapi a supa fa tsotlhe di dirilwe ka thelelelo, boineelo le bonatla go dirisiwa ditlhaloganyo, mme a re go santse go tlhaela ka kgaolo ya gagwe e tlhaelelwa ke madi. | education | 4 |
Lephata le rerisa bagwebi ka molao | Mookamedi wa lephata la papadi le dikgang tsa baji-bareki, Mme Seipati Olweny, a re go botlhokwa gore dikgwebo tse di potlana di ikwadise kwa khanseleng. O buile jalo bosheng fa a rerisana le bagwebi ba Mahalapye ka molao kakanyetso o o laolang dikgwebo. A re le fa dikgwebo tse di potlana di laolwa ke melawana ya dikhansele ka go farologana, go na le dingwe tse di runyang fela, ka jalo di felele di gweba di sa itsiwe. Mme Olweny a re fa bagwebi ba dikgwebo tse dikgolwane ba ngongorega ka phadisanyo ya dikgwebo tse di potlana tse di sa kwadisiwang, ba tshwanetse ba tlhaloganye gore dingwe tsa tsone di simolodisitswe ka thulaganyo ya nyeletso lehuma. “Le fa ba direla kana ba apeela kwa malwapeng, khansele e tshwanetse go seka-seka fa ba direlang teng go tlhomamisa botsogo le pabalesego. Go a bonala gore bangwe ba leka go tokafatsa matshelo a bone ka go dira dikgwebo tse di potlana, mme ba sa sa le tsamaiso morago.” Mme Olweny o ne a araba dipotso le dikakgelo tsa bagwebi ba ba neng ba tsene bokopano jwa therisano ka diphetogo tse di gopotsweng go dirwa mo molaong o laolang dikgwebo. A re tsholofelo ke gore morago ga go phutha megopolo ya bagwebi, molao kakanyetso oo, o buisanwe ke mapalamente ka phuthego ya mariga. Fa a lekodisa ka dingwe tsa diphetogo tse di akanyeditsweng go dirwa, Mme Olweny o boletse fa tiro ya popota ya lephata la peeletso, papadi le madirelo e le go tlhomamisa gore tikologo e siametse bagwebi ka go nolofatsa dilo di tshwana molao wa tsamaiso kgwebo. “Re romilwe go tlosa dikgoreletsi tse di itsang bagwebi go dira ba phuthologile,” a tlhalosa jalo. O supile gore tsamaiso ya go simolodisa kgwebo e ka tswa e le mogoga moleele, seemo se se ka dirang gore babeeletsi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe kana le bone beng gae ba ba eletsang go dira dikgwebo ba nyeme moko. “Re a itse gore motho a le mongwe fa a bereka o tlamela ba le bantsi ka jalo seemo seo se fokotsa lehuma,” ga tlhalosa Mme Olweny. Mme Olweny o tlhalositse gore ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2014, khuduthamaga ya matona e ne ya dumalana molawana o o itebagantseng le go nolofatsa tsamaiso ya go bula dikgwebo. “Maikaelelo a molawana oo, ke go ntsha dikgoreletsi tse di ka dirang gore tsamaiso ya go dira kgwebo e nne mogoga moleele le gone go fokotsa ditshenyegelo.” O kgothaditse bagwebi ba Mahalapye go tswa ka megopolo e e tlaa thusang go tokafatsa mohama wa go gweba mo Botswana. “Re eletsa gore diphetogo tse di tlaa dirwang di tswe ka lona.” O tsweletse a supa gore nngwe ya diphetogo tse di akanyediwang go dirwa ke gore motho a letlelelwe go simolodisa kgwebo a sa lopiwa go kopa teseletso. “Fa o na le lefelo la go gweba, o tsentse tsotlhe tse di tlhokafalang, molao o tlaa go letla go gweba o sa fiwa teseletso,” Mme Olweny a bolela. Le fa go ntse jalo, a re dikgwebo tse di amang tsa botsogo le pabalesego tsone di tlaa lopiwa go ikopela teseletso. “Dikgwebo tse di amanang le tsa botsogo le pabalesego jaaka tsa dijo di tlaa tswelela ka go etelwa di tlhatlhobiwa go tlhomamisa fa di setse tsamaiso morago.” Mme Olweny a re dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dira ke beng gae di tlaa tswelela di ntse di le teng. “Go gweba ka dikoloi tse di dirisitsweng le thekiso ya megala ya letheka ke dingwe tsa dikgwebo tse molao kakanyetso o batlang gore di seegelwe fa thoko go dirwa fela ke beng gae. Maikaelelo a go seka-seka molao o o tsamaisang bagwebi ke go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo, ka jalo re kopa thuso ya lona gore le kgone go senola dikgoreletsi tse re sa di lemogang. Re leboga le go lemoga seabe sa bagwebi mo go godiseng itsholelo ka go tlhama ditiro, go godisa le go tswakanya mohama wa kgwebo mo gae,” ga tlhalosa Mme Olweny. Mongwe wa bagwebi, Rre Simane Ranthoakgale o ne a supa fa gona le bagwebi bangwe ba ba botlana, ba ba rekisang dijo le majalwa mme ba sena diteseletso. Rre Ranthoakgale a re molao kakanyetso o lebelele seemo se ka gore ba gweba ka dilo tse di ka tsenyang matshelo a batho mo diphatseng mme ba sena diteseletso gape mafelo a ba direlang mo go one a sa tlhatlhobiwa. Mme Lillian Mmereki ene o ne a lebogela therisano e e dirwang. Mme Mmereki a re go kopanela morero le ba ba amegang go tlaa thusa go tswa ka megopolo e e nonofileng. Le fa gole botlhokwa go nolofatsa tsamaiso ya go dira kgwebo, Rre Barobi Nonyane a re o na le pelaelo ya gore dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dirwa ke beng gae ke tsa boleng jo bo kwa tlase e bile di ka seke tsa dira letseno le le rokotsang mathe. “Ke dumela gore kgwebo e e nang le mmaraka o o nonofileng jaaka ya thekiso ya didirisiwa tsa kago e nne nngwe ya tse di seegelwang fa thoko go dirwa ke beng gae,” ga tlhalosa Rre Nonyane. | economy_business_and_finance | 3 |
Kgathi o lekola badirela puso kwa Matshekge | Badirela puso ba akgoletswe seabe sa bone mo go tlhabololeng lefatshe leno. Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong,Rre Shaw Kgathi fa ane a buisa badirela puso kwa bokopanong jo boneng botshwaretswe kwa sekolong sa Matshekge bosheng. Rre Kgathi yo gape eleng tona wa itshireletso, molao le tlhokgamo,o ba akgoletse go bo badira tiro ya bone ka manontlhotlho le botswapelo,mo go lekeng go thabolola kgaolo e ba direlang mogo yone. E ne e rile gole pele a etela sepatela se segolwane sa Bobonong go se abela dikobo dile masome a matlhano. Fa a ema badiri ba sepatela seo ka lefoko a re ba tshwanetse ba thusa setshaba ka fa go tshwanetseng,a ba gakolola gonna baitsise batho ba ba emetseng thuso,go ba itsise ka se se ka tswang se batshwere,gona le go batlogela fela bantse fo o ka le baka lololeele,basa itsi gore seemo keeng. O boletse fa e sale go go bulwa ga molelwane wa Mabolwe go setse go tlodile batho ba le sekete le lekgolo le lesome bobedi(1112). A re selelo le khuranyo ya meno ke goima ga bana,fa go supagetse go tswa ka Herekgong go tsena Seetebosigo go setse go dule bana bale lesome le boherabobedi mono ngwaga. Mothusa mookamela lephata la khiro ya badirelapuso (DPSM) Mme Maipelo Ragalase a re ba mo lenaneong la go sekaseka go duela Overtime ya sennela ruri,le gore ba ba tshwereng maemo a D4 go ya kwatlase ba bakanyediwe go bona dithuso tsa SHHAA . Badirela puso le bone bane ba nna le sebaka sa go lekodisa Rre Kgathi ka matshwenyego a bone,a a akaretsang ditiro dile dintsi mo mothong a le mongwe,thaelo ya dikoloi,boroko, le gore ba ba utswang ka dikgoka ba seka ba letela tsheko kwa ntle le le ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba babotlana ba tseelwe dikgato tse di gametseng. | politics | 7 |
Botshelo kgetsi ya tsie | Morago ga go tshela ka lobaka ba dira ditiro tsa nakwana ka go sena diphatlha tsa mebereko, bo rre bangwe kwa Francistown ba bone go tshwanetse go nna mabogodika go ipetlela tsela ya botshelo. Borre ba; Rre Molemogi Chalashika, 39, a tlholega kwa Tamasane le Rre Oarabile Tauyatshipi, 27, wa Goshwe, ba tsene mo kgolaganong ngwaga ono o simologa go inaakanya le kgwebo ya go roka. Bobedi jo, bo tlhalositse gore ntswa dikgwebo tsa go roka di setse di aname, bone ba ne ba nna le maitemogelo a gore ga se baroki botlhe ba ba itebagantseng le thoko ya diaparo tsa metshameko. Selo se, se ne sa ba gwetlha go tsena mo kgwebong ya go nna jalo ka maikaelelo a go apesa ditlhopha tsa metshameko tsa mono gae. Rre Chalashika o tlhalositse fa bokopano jwa bone bo simologile fa ba ne ba bogetse motshameko wa kgwele ya dinao wa ditlhopha tsa Untouchable Swallows le Moselewapula DRC kwa Gerald ka Tlhakole, mme Rre Tauyatshipi a kgatlhwa ke diaparo tse a neng a di roketse bana ba gagwe tsa kapari ya metshameko. Bobedi jo, bo ne jwa kopana go dumelana ka fa ba tlaa berekang mmogo ka teng mme ba ne ba kwadisa kgwebo ya bone semmuso e ba e biditseng Monglachaa Company, e direla mo Francistown. Rre Chalashika o tlhalositse fa a kwataboloditse botsipa jwa go roka kwa komponeng e e itsegeng ka go roka ya Nortex. Ba tlhalositse gore ntswa ba ise ba nne le ditsompelo tse di lekaneng tsa go tsamaisa kgwebo, ba tsweletse ka go itemogela kgolo ka jaana ba bolela fa ditlhopha ka go farologana di tsweletse ka go ba rotloetsa. Borre ba, ba supa fa ba setse ba roketse ditlhopha tsa Untouchable Swallows, setlhopha sa Makobo, sa Semolale, balatedi ba Gunners ba Francistown, setlhopha sa Tamasane le tse dingwe ka go farologana. Ba tlhalosa gape fa mo ditlhopheng tsa metshameko tse ba di rokelang, ba aga ba dira gore ba roke le kapari ya balatedi ba ditlhopha tseo e bile e tsamaisana le kapari ya setlhopha sa bone. Ba supile fa leano le le ba thusitse go menagane go dira dipoelo tse di botoka ka ba bolela fa balatedi ba ditlhopha ba aga ba le bantsi, ba tlatsa ka go re ba ba rokela le di track top. Mo nakong eno ba re ba ikgolagantse le mongwe yo a tshwantshang dikano go nna a ba tshwantshetsa kapari ya ditlhopha tse ba di rokang. Ba ne ba tlatsa ka go kgothatsa banana segolo jang go inaakanya le ditiro tsa diatla go itshetsa le go leka go fefosa go bula diphatlha tsa ditiro. Selo se setona se ba tlhalositseng fa se le botlhokwa mo mererong ya kgwebo e le go nna pelotelele ga mmogo le go nna le maitlamo le maikemisetso. | economy_business_and_finance | 3 |
Tsayang boikarabelo - Makgalemele | Banana ba kgaolo ya Shoshong ba rotloeditswe go emela kgaolo ya bone ka dinao go etelela pele mo ditirong tsa metse ya bone go bona gore ba tlisa ditlhabololo ka go dirisa mananeo a puso a banana go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo eo yo e bileng ele mothusa tona wa tsa merero ya ofisi ya ga tauutona le bodirelapuso Rre Philip Makgalemele kwa metseng ya Mmutlane, Shoshong le Otse mo kgaolong ya Shoshong kwa Mmutlane bosheng. Rre Makgalemele o ne a ba rotloetsa go tsaya boikarabelo mo go eteleleng pele mo metseng ya bone go tlisa mananeo a a ka fetolang matshelo a bone. Phuthego eo, ya setlhogo se se reng,” Banana ba eteletse pele go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma’’ Rre Makgalemela a re o ntshitse setlhogo seo a lebeletse mabaka a mantsi jaaka go tsaya boikarabelo go fenya lehuma, ka ba itekanetse e bile ba le malatsi mantsi ba santse ba ka dira. A re puso e dirile mananeo a mantsi, mme ka banana ke baeteledipele mo go tsotlhe le dikgwebo a ba ititee sehuba go tsoga ba tsholeditse itsholelo ya metse ya bone le gore ba seka ba tsena mo dikgannyeng tsa mapolotiki ba tlhwaafalele go bona metse ya bone e tswelela pele. Rre Makgalemela o ba gakolotse gore go dirisa mananeo ka ditlhopha go mosola thata mo go bone le go nna pelotelele. O ba rotloeditse go thama dikoporase le tsa temo. A re ba ka lema merogo ka go farologana, thuo ya dikoko tsa setswana le dihutshane dinotshi ka tsina e tlhaela, ba sa leme dijwalo tse di tshwanang ba rekisetse dikolo le madirelo a matona mme ba ka thapa banana le botsadi mo metseng ya bone. A re ke mananeo a mantsi a banana ba ka tlhabololang metse ya bone jaaka Bojanala tsa dikago le tsa borenyane go rekisa didirisiwa tsa jone jaaka computer, printer le tse dingwe, a re tsa borenyane di abetswe P895 million mme go tlhoka fela banana go ikopanya go dira kgwebo. A re mananeo ao banana ba a rutuntshiwa mme ba fiwe ditankana tse ka tsone ba di dirisang go kopa madi. A re mmaraka o teng mo Botswana le mo mafatsheng a mangwe. A re ba tshwanetse go abelwa lefatshe. A re ba tloga ba simolola go dira ditshupo motse le motse mo kgaolong ya bone go rekisa metse ya bone mo bo gaufing. O ba kopile go thama lekgotla le ka lone mo metseng ya bone ba ka isang dikgwetlho tsa bone mo maphateng ka lentswe le le ngwefela, ka seo se ka rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le banana. O ba lekodisitse ka lenaneo la tirelo sechaba ya baithaopi badialogane ba ba sa yang internship, seo e le go ba thusa gore fa ba ya mo maphatengng a ba ithaopileng go ithuta ditiro mo go one ba kgone go ithusa jaaka go palama le tse dingwe. Rre Makgalemela a re go ithaopa moo go ba tswela mosola ka ba anya dikitso tsa ditiro mme e bile ga ba tlhole mo malapeng, a re ba wetsa tiro motshegare fa go iwa dijong gore ba ye go tswelela le go ikopela mananeo. Badirela puso ka go farologana ga maphata ba ne ba tlhatlhelela banana ka tsamaiso ya go ikopela mananeo, mogokgo wa sekolo se segolwane sa Shoshong o ne a kgotlhatsa banana gore mo sekolong sa gagwe ba reka morogo fela o montsintsi, nama ya koko maungo le tse dingwe mme fa ba ikopantse diphatlha tsa itshetso di dintsi. Ba gakolotswe gore fa ba kopa ditsha ba ise ba di bone batsadi ba ka ba adima mafelo a bone go tsweledisa ma direlo a bone mme go tlhokega lekwalo go tswa mo botsading. Mo go tsa thuto ba boleletswe gore jaanong ditankana tse ba neng ba sa di neelwe kwa dikweleng gotwe ba a kolota puso e laotse gore ba di neelwe ka go kolota botsadi e se molato wa bone. Badikoporase ba ba rotloeditse go ikopanya go dira dikoporase ka ba a rutuntshiwa, go dupiwa tiro ya bone bantse ba tsweletse le ditiro faba setse ba filwe madi ba rutuntshiwa le go tlhatlhobiwa. Ba motlobo wa dibuka ba rotloeditse banana gore kitso ke boswa jo o sa bo tseelweng ke ope mme ba tle mo go bone go ithuta dibalamakgolo ka gompieno go tshelelwa mo go diriseng maranyane. Ba ofisi ya banana ba itsisitse banana gore fomo e ba reng e thata bat le mo ofising go tla go thusiwa Banana ba ne ba bua dikgwetlho tse ba kopanang natso mo maphateng ka go farologana, mme mopalamente a ba kgotlhatsa go tlhama lekgotla la mo metseng ka ke lone le ka arabang dikgwetlho tsa bone. | economy_business_and_finance | 3 |
Sekole sa Supang se ipelela ngwao le teme ya Setswana | Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o supile fa go le botlhokwa gore dikole tsotlhe di nne le letsatsi la go ipelela ngwao. Rre Lelatisitswe o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao ke sekole se sebotlana sa Supang kwa Letlhakane bosheng. Rre Lelatisitswe a re se se ka dira gore bana ba itse ngwao ya bone ba sale bannye. Ka jalo o ne a rotloetsa dikole tse dingwe gore di tsee malebela mo go sa Supang. A re bana ba tshwanetse ba rutwa ngwao ya bone mo go tseneletseng ka gore ba setse ba ithuta dilo tse di farologaneng di siame kgotsa di sa siama mo maranyaneng a segompieno. O tlhalositse fa kgaolo ya Boteti e na le merafe e le mentsi e e akaretsang Bakhurutshi, Bakalaka, Baherero, Bayeyi, Basarwa, a supa fa dingwao tsa merafe di nyelela, ka bana ba ba tswang kwa tlase ba sa di itse. Mongwe wa dibui, ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Rapha Medical Centre, Dr Remotsaletswe Boithamako o ne a akgolela go menagane barutabana ba sekole seo, maiteko a bone a go simolodisa letsatsi la go ipelela ngwao. Dr Boithamako a re moletlo oo, o botlhokwa ka jaana o ruta le go lemotsha bana ngwao ya bone ba sa le bannye. O tlhalositse fa moletlo o le maleba ka jaana o tlaa dira gore bana ba lemoge gammogo le go tlotla ngwao, a tlatsa ka go re se gape ke tsela ya go somarela ngwao. O ne a tlhalosa fa go na le dithuto tsa ngwao mo dikoleng, ka jalo a supa gore moletlo o o ka thusa gore bana ba di tlhaloganye botoka ba bona ngwao e dirwa. Dr Boithamako a re fa motho a etetse kwa mafatsheng a mangwe, o tshwanetse a lemogwa gape le ka ngwao ya gagwe, a tlhalosa gore bajanala fa ba le mono ba reka didirisiwa tsa ngwao ya Setswana. O ne a rotloetsa bana ba sekole go ikgantsha ka ngwao, metshameko, mmino le dijo tsa ngwao, ka e bile dijo di na le seabe se segolo mo botsogong. A re bana ba tshwanetse go ithuta gore go dirwa eng mo kgotleng, tsamaiso le melao ya yone. E rile a tlhalosa ka maikaelelo a tiro e, mogokgo wa Supang, Mme Mercy Bayani a re ke go supegetsa bana botlhokwa jwa ngwao . Mme Bayani a re dithuto tsa ngwao di tshwana le tsa Culture le Social Studies di rutwa bana, mme fa gongwe ga go na sesupo se se kayang gore bana ba kgone go tlhaloganya. A re maikaelelo a moletlo ke go ruta bana le go gakolola bagolo ka botlhokwa jwa ngwao le tshomarelo ya yone. Mme Bayani o boletse fa ba ikaelela go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga e le tsela ya go boloka le go lemotsha bana mekgwa yotlhe ya ngwao ya merafe ka go farologana. Kwa moletlong oo, go ne ga supiwa metshameko, mmino le maboko, dikgafela gammogo le motshameko wa lenyalo wa letso sa Sekhurutshi. | arts_culture_entertainment_and_media | 0 |
Go ima ga bithuti kwa Shakwe go a tshwenya | Dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka ntlha ya boimana di tsweletse ka go gola. Mafoko a, a builwe ke Kgosi Kenneth Mosarwa wa Shakwe mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng. A re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. O tswelela a tlhalosa fa bana ba motse wa gagwe ba ba amilweng ke boimana e le ba sekole se segolwane ba ba dirang lokwalo lwa bobedi le la boraro. O tswelela a tlhalosa ka gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya. A re bana ba ba tsweletseng ka go tlogela sekole ba, ba imisiwa ke borre fela ba batona ba ba nang le malwapa a bone, a tlatsa ka gore seo ke go tlhoka boikarabelo ga borre bao. "Akanya o le rre, rre fela yo motona a imisa ngwana wa gago o ka tseega jang fela?”a botsa. O ne a kopa borre ba ba dirang bosetlhogo joo go bo emisa ka ponyo ya leitlho ka gore Modimo o tlaa ba otlhaya. Gape puso ya Botswana e dirile thulaganyo ya thuto ya botlhe, ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang, a tlatsa ka gore mme borre bangwe ba tlaa folodisa maiteko a puso. Le fa go ntse jalo, kgosi a re gangwe le gape o nna a bitsa diphuthego go tla go leka go tlhalosetsa batho ka melao e, a tlatsa ka gore sebe sa phiri ke gore go tla bomme fela,bone ba ba imisang bana ga ba tle. A re go imisa bana ba dikole ke borre bangwe go senyetsa bana bokamoso ka thuto ke yone tsela e e ka dirang gore motho a tshele botoka. A re ba bongaka ba supa fa boimana ja bana ba ba kwa tlase go baya botshelo jwa bone mo diphatseng ka gore mebele ya bone ga e ise e nonofele go tshegetsa losea, a tlatsa ka gore boimana joo bo ka baka loso. “A re le batsadi re bue le bana ba rona ba ikgaphe mo tlhakanelong dikobo,”a tlhalosa. A re batsadi ba rotloetse bana go ithuta,gape ba ba tlhome leitlho thata gore fa e le gore ngwana o tswa mo tseleng ba mo kgaleme ka pele. Le fa go ntse jalo,a re o rotloetsa bana go ikuela kwa go ba boipelego le mapodisi gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone. A re o dumela gore botsamaisi ja dikole bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a tshwana a tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa dikoleng le tse dingwe. Kgosi Mosarwa a re le fa go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomeleng bana ga batsadi, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng. BOKHUTLO | health | 6 |
Mogokgo o lela ka go ima ga baithuti | Go bolelwa fa seemo sa baithuti ba ba tswang ka boimana kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College se bifela pele. Mogokgo wa sekole seo, Rre Watson Basoli o boletse mo phuthegong ya batsadi le barutabana fa go setse go dule basetsana ba le lesome le bobedi ka lebaka la boimana mo dikgweding tse nne tse di fetileng. Rre Basoli a re mo dipalong tseo, bathuti ba le borobabongwe ba ne ba dira mophato wa botlhano fa ba le bararo e le ba mophato wa bone. Mogokgo a re se se ngomolang pelo ka dikgang tseo ke gore beng ba merwalo eo ga se baithuti ka bone mme go supega e le borre kwa motseng. A re fa ba leka go botsolotsa ka dikgang tsa teng, karabo e nna e e lolea, fa gongwe gotwe ke motswakwa o siele. O tsweletse a re, ditiro tseo di dirwa ke banna ba ba nang le malwapa a bone mme ba okisa bana ka megala ya letheka le madi. O kopile batsadi ba bana ba basetsana go bua le bana ba bone le go ba lemotsha bodiphatsa jwa go ima ba sale bannye gammogo le kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV. Mo go tse dingwe , mogokgo o boletse fa boitsholo jwa baithuti bo tokafetse fela thata le mororo go santse go na le bangwenyana ba ba santseng ba saletse morago. A re kgwetlho e ba santseng ba na le yone ke tshenyo ya dithoto tsa sekole, e e leng maswefela thata kwa matlong a borobalo a basimane ka ba sentse le megala ya motlakase tota. O tlhalositse fa maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la botlhano a ise a tokafale. A re sekole se mo maemong a masome a mabedi le bongwe mme le fa go ntse jalo go na le baithuti ba le bane ba ba kgonneng go dira ka bokgabane ka jalo ba bone sebaka sa go ka tsweledisa dithuto tsa bone ba duelelwa ke puso. Rre Basoli o ngongoregetse seabe sa batsadi mo thutong ya bana bone, a re ba maoto a tshupa mme ba bonala fela fa maduo a dule. A re seo ga se kake sa ba isa gope ka ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana go ba betlela isago. O tsweletse a kopa batsadi go emisa go tlisetsa bana mepako, a re mephuthelwana ya dijo tse di tlisiwang ke batsadi e oka bogotswana mo sekoleng mo ba tsayang nako e ntsi ba seka dikgang tsa go nna jalo. O kopile batsadi gape go emisa go rekela bana megala ya letheka ya madi a a kwa godimo, a tlhalosa fa bana ba tsaya nako e ntsi ba le mo facebook , selo se a supileng se ba itaya tsebe. Mongwe wa batsena phuthego, Mme Choopota Mashabile o supile fa bana ba masiela bangwe ba sa dirise dikarata tsa bone sentle ka ba rekela ba bangwe tse ba ditlhokang gore ba ba neele madi a e reng morago ba reke nnotagi ka one. Mme Princess Tumedi ene o kopile bomme ba bana ba basetsana go bua thata le bana ba bone ka ditlamorago tsa go ima ba sale baithuti. Morutabana wa tshidilo maikutlo le bokaedi, Mme Onalenna Edward o boletse fa ba nna ba kopana le baithuti ba basetsana ba na le baoki, ba boipelego gammogo le mongwe yo o kileng a ima e santse e le moithuti, maikaelelo e le go suga bana ditlhaloganyo mme maiteko a bone a itaya sefololetse ka dipalo tsa baithuti ba ba imang di golela pele ngwaga le ngwaga. Mme Edward o kopile batsadi go tla ka tharabolo mabapi le kgang e, a re go lebega fa go saletse kwa botsading ka ba ima ba le kwa malwapeng.Bokhutlo | health | 6 |
Rachele o ikaelela go itlhoma kwa setlhoeng gape | Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Rachele kwa Kanye, Mme Patricia Nkgelepang, a re ba eme malala a laotswe go sireletsa maemo a ntlha a ba a gapileng mo ditlhatlhobong tsa ngwaga o o fetileng tsa lekwalo la bosupa. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Nkgelepang a re ba gapile maemo a ntlha mo kgaolong ya Borwa ka masome a robabongwe le boraro mo lekgolong. O tlhalositse fa ba na le tsholofelo ya gore setlhopha sa monongwaga sa lekwalo la bosupa se tlaa dira fela jaaka sa 2014. Mme Nkgelepang a re maduo a mantle ao, ba a bone fa ba supologa mo go a masome a matlhano le bosupa ka 2013. Mme Nkgelepang a re sekole sa Rachele gape se ipela ka morutabana wa setlhopha sa lekwalo la bosupa sa ngogola ebong Mme Moratwe Ramantsima yo le ene a neng a fiwa tlotla ya morutabana yo o gaisitseng mo kgaolong ya Borwa. O tlhalositse fa lephata la thuto le ne la lemoga Mme Ramantsima morago ga seabe sa gagwe mo maduong a sekole seo a 2014, ka jalo lephata la bona go le maleba go mo phophotha legetla. Mme Nkgelepang a re le ngwaga ono gape ba ikaelela go ipoa seboaboane. A re se, se tlaa netefadiwa ke tshwaragano ya batsadi le sekole, barutabana ba ba ititeileng sehuba ga mmogo le baithuti ba ba nyoretsweng phenyo. Mme Nkgelepang o tsweletse a re tirisano e e popota ya batsadi le sekole e kgontsha sekole go itebaganya ka botlalo le dikgwetlho. | education | 4 |
Ngwana o kgonwa ke go tshwaraganelwa | Go tlhoka tsebe ga bana mo dikoleng mo kgaolong ya Peleng Bophirima kwa Lobatse go bolelwa bo golela pele ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele ka jalo go tlhokana le tshwaragano e e nitameng go tswa mo ba-tsaya karolong botlhe mo go tsa thuto. Se, se builwe ke Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng ka Laboraro jaaka ba ne ba le mo thuto-puisanong ya go sekaseka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng gammogo le boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jwa baithuti ka kakaretso. Kgosi Itumeleng o boletse gore ngwana ke kgetsi ya tsie o a tshwaraganelwa, jalo a kopa mongwe le mongwe go nna le seabe go itebaganya le seemo sa kwelo tlase ya maduo ka e le kgwetlho ya botlhe. O tsweletse a tlhalosa fa boitshwaro jwa bana mo dikoleng, kwa malwapeng le mo mebileng bo sa jese diwelang, a tlatsa ka gore bana ga ba ke ba nna le letswalo gore a go na le mogolo gaufi le bone. O supile fa go tlhoka kgalemo e e tseneletseng ya batsadi, tumelo e e amanngwang le ditiro tsa ga saatane le majalwa a a rekisiwang mo malwapeng e le tshoso e rweleng mo go rotloetseng boitshwaro jo bo maswe jwa baithuti. Fa a ntsha tekodiso, morutabana wa sekole se se botlana sa Hill School, Mme Tsholofelo Morwe o boletse fa ba tlhokisiwa boroko ke go tlhoka tsebe ga baithuti ka ba dirisa mafoko a a fatlhang e bile ba inaakantse le tsa marato ntswa dingwaga tsa bone di sale kwa tlase. Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Oteng John o boletse fa baithuti ba sa tsene sekole ka ba sa fiwe tlhokomelo e e maleba kwa malwapeng e bile ba ikamantse le go tsena mo maratong le borre ba ba kgweetsang diteraka tsa megobagoba tse di tsamayang magareng ga Botswana le Aferika Borwa. A re bana ba ikamantse le ditiro fela tse di sa ageng motho jaaka go anya matlhapa le go ya marekisetsong bosigo ba kopa madi. Mme John o tsweletse ka gore ga gona tirisano fagare ga sekole le ba boipelego, gonne go na le bana ba itsholelo e e kwa tlase mme ga ba yo mo thulaganyong ya ba boipelego go thusiwa ka paka ya sekole. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Boiki Mokgweetsi ene a re batsadi ga ba iphe sebaka sa go lekola tiro ya bana ya sekole gammogo le go tsena diphuthego. E rile a tsibogela dikgang tsa majalwa a a dirwang mo malwapeng, mogolwane go tswa kwa ofising ya sepodise sa Botswana, Inspector Boniface Setlabane, a bolela fa ba leka go lwantsha seemo seo mme a kopa gore yo o bapileng le ba ba rekisang majalwa, a ba itsese ba tle ba ba tseele dikgato tse di maleba. Mo go tse dingwe, Inspector Setlabane o gakolotse barutabana gore fa motsadi a ikgatholosa go tlhokomela ngwana o tshwanetse go itsese ba boipelego gore ba tle ba sekaseke kwa matsapa di a tsayang teng, mme fa go sena mabaka o tlaa isiwa kwa mapodising go lebisiwa molato go setswe morago ditshetlana dingwe go tswa mo molaong wa bana. O tsweletse a kopa gore ba begelwe ka diteraka tse go bolelwang baithuti ba nna kwa go tsone, a supa fa di sa tshwanela go ema gongwe le gongwe. Mokhanselara wa Peleng Bophirima, Mme Kearoma Mathara Moreeng o tlhalositse fa boitshwaro jwa bana bo tshosa ntswa e le bone bokamoso jwa lefatshe ka jalo a kopa baruti go rera lefoko la Modimo go sokolola baithuti mo mekgweng e e bosula eo. BOKHUTLO | education | 4 |
Puso e lemoga botlhokwa jwa kereke | Mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe a re puso e lemoga seabe sa dikereke, bogolo jang tse di kwadisitsweng ka fa molaong. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwaga wa kereke ya Word Worshippers After Christ mo Maun o o neng o patagane le go aba dikobo kwa kokelong ya Letsholathebe le ditilo kwa kgotleng ya Sedie le Samedupi bosheng. Mothusa tona, yo gape e leng mopalamante wa Ngami, a re dikereke dingwe di dirile tiro e ntle ka go simolodisa dikole tse dikgolwane jaaka Maun, Moeding le St Joseph’s College ka bonnye jo ba bo kgobokanyang. O ne a supa fa kokelwana ya Sehithwa le yone e agilwe ke kereke, a re seo ke seabe se se tona se puso e se lebogelang. O kgothaditse maloko a dikereke ka go farologana gore ba nne ba ntsha di-tsa bosome, a re ke tsone tse di ka ba kgontshang go diragatsa ditiro tsa kereke le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Kwerepe o ne a lebogela kereke eo maiteko a yone a go aba mme le ene o ne a abela kereke eo P1 000 le kgomo. Mo go tse dingwe, mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa go sala tsamaiso morago fa batho ba eletsa go bula dikereke go tila go kgopakgopetsena le puso. O rotloeditse gape dikereke go gogela bana mo tumelong gore ba seka ba kgatlhwa ke go dira dilo tse di sokameng, a tlhalosa fa gompieno dikole di aparetswe ke mathata a botlhoka tsebe jwa baithuti. O ne a supa fa temana nngwe mo Baebeleng e bua jalo gore ‘lesang bana ba tle go nna go nne bogosi jwa legodimo ke jwa bone’ a tlatsa ka go re ke ka moo go leng botlhokwa go godisetsa bana mo lefokomg la Modimo. Rre Kwerepe a re o dumela fa kereke e ka thusa go lwantsha botlhoka tsebe jwa baithuti mo dikoleng ka go ba fa dithuto tse di ba supegetsang lesedi. O kgothaditse batsena moletlo gore ka dinako tsotlhe fa go le thata, ba nne ba khubama ba lebisa matswenyego a bone kwa Modimong, mme a re ka go dira jalo ba tlaa bona tlharabololo. Fa a amogela baeng, moruti wa kereke, Apostle Eric Kuapara o ne a re go a itumedisa go bona ba kgonne go aba dikobo di le masome matlhano le ditilo di le masome mabedi. E re Motswana a rile ‘sejo sennye ga se fete molomo’, a re o dumela fa dimpho tseo di tlaa dira pharaologanyo e tona mo go ba ba di amogetseng. A re mo kerekeng ya bone ba ikgantsha ka go rera lefoko la Modimo le go supa lerato mo go ba bangwe. Motlhami wa kereke eo, Bishop Joseph Jacob o ne a supa ditso tsa kereke a re e simologile ka Moranang ngogola, mme se se mo itumedisang ke kgolo e e diragetseng. O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ga dikereke a re seo se ka dira gore di kgone go fenya mmaba le go rarabolola dikgwetlho tse di wetseng tshaba eno. Bishop Jacob a re maikaelelo magolo a kereke ke go rera efangedi mo setshabeng le go obamela melao ya lefatshe leno ba sa lebale go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. BOKHUTLO | religion_and_belief | 8 |
Setshaba se rotloediwa go ikanya Modimo | E ne e le semphete ke go fete fa dikereke di kokoanetse kwa lebaleng la metshameko la Lobatse go rapela mmogo. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng o ne a gwetlha setshaba go ipelela dikatlego tsa lefatshe leno le le simolotseng le sena le fa e le sepe mme ba eteleditse Modimo kwa pele. Kgosi Letshele a re ke ka ntlha ya boineelo le go dira ka bonatla jwa batlapele gore lefatshe leno le bo le dikaganyeditswe ke magosogoso a ditlhabololo le ka tlhotlholetso ya morafe go aga lefatshe. Le fa go le jalo, o ne a kgala a sa kgwe mathe ka fa botho jwa Batswana bo sa jeseng diwelang ka teng, mme a kopa setshaba go itsaya ka motlhala go bona gore ba fapogile fa kae. A re go le gantsi, bana ba tletse botlhokatsebe jo ka maswabi bo rotloediwang ke batsadi bangwe le mororo ba ka bo ba rotloetsa boitsholo jo bo letleleseganng mo baneng. Kgosi Letshele a re batsadi bangwe ba gweba ka ditagi mme ba di rekisetse bana ka jalo dilo tseo di ba ntshe mo sethong. O gwetlhile setshaba go inaakanya le mananeo a ga goromente go ka inamola mo lehumeng mme ba bone letseno le le siameng la madi go na le go gweba ka dilo tse di ka se ageng botshelo jwa nagwana wa Motswana. Mo go tse dingwe o ne a ba gwetlha go ema baithuti nokeng mo dithutong tsa bone gore ba tle ba tokafatse maduo a ngwaga o o tlang wa ditlhatlhobo. O ne a gwetlha dikereke le tsone go ema puso nokeng ka go gasa efangele e e tsepameng go ka aga setshaba eseng go se latlhisa tumelo ya nnete. Fa a tswa la gagwe, Moruti Gasennelwe o ne a gwetlha bakeresete go ikanya Modimo ka metlha yotlhe go ba golola mo mathateng a selefatshe. O gwetlhile bakeresete go kopana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa sebaka se lefatshe leno le se boneng, le se se filweng badumedi, go ka itlhophela tumelo e ba eletsang go e sala morago. A re lefatshe leno, le tshwanelwa ke go ka ipelela dingwaga tse di masome matlhano ka jaana, le dirile ka bokgabane go nna se le leng sone gompieno, go sena dikgoberego, le fa e le tshololo ya madi. A re boipuso jo bo maleba ka jaana, ke ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a Modimo go bo go rena kagiso le thitibalo mo lefatshing leno. BOKHUTLO | religion_and_belief | 8 |
IEC e tlhatlhelela mapolotiki | Ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Okavango ba tlhatlheletse mapolotiki ka seemo sa go segwa ga melelwane le matlhophelo a masha. Mogolwane wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Ngami/Okavango, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe o boletse gore go botlhokwa go kopanela baakanyetso yaditlhopho tsa ngwaga o otlang. Dingwe tse a di nankotseng ke matlhophelo a masha mo kgaolong le yone kgaoganyo ya melelwane. O rotloeditse mapolotiki a diphathi tse di farologanyeng gore go botlhokwa go bereke mmogo, le gone go kaetsa sechaba ka diphetogo tse di dirilweng tsa matlhophelo. Rre Gaotsenelelwe o tshwaetse gore kgaolo ya botlhophi ya bopalamente ya Ngami e na le mafelo a botlhophelo a le masome a boferabobedi le bongwe. O ile a kaya gore malatsi a go ikwadisetsa ditlhopho a tlaa simolola ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane go fitlhelela a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa. Mogolwane yoo o tlhalositse gore gape ba tla simolola go tshwara diphuthego e le gone go rerisa sechaba le gone go ba gakolola gore ba nchafatse ditlankana tsa bone tsa Omang nako e sa ntse e le teng. O kgadile mapolotiki a a reng a tshwarelela batlhophi dikarata ka a re ga go ka fa molaomotheong go dira jalo. E rile moemedi wa phathi ya kganetso ya Botswana National Front (BNF), Rre Moruti Mohora a tlhalosa fa ba amogela pego e mme e tlaa ba thusa thata ka bana le pego e e tletseng ya nnete. O boletse gore ba tlaa simolola go ipapatsa sentle. Mongwe yo o mo komiting ya kgaoganyo ya melelwane a tswa kwa lekalaneng la bana le bogole la Sekgele Rre Gosalamang Xaa o ile a gakolola baemedi ba diphathi tsa kganetso gore go bereke sentle ntswa e le diphathi tsa kganetso go tlaa thusa gore molaetsa o goroge kwa sechabeng ka kagiso. Phuthego e e ile ya fela ka lekoko le le tsamaya le bona matlhophelo a masha le kgaoganyo ya melelwane. Bokhutlo | politics | 7 |
Go etsa ba bangwe ga go ntshe maduo | Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Sebina, Mme Malebogo Tlale, a re banana kwa motseng oo, ba itsapa go akanya segolo jang fa go tla mo go reng ba batla go dira dikgwebo tsa mofuta ofe. A re bontsi bo dira ka gore semangmang le ene o dira se. Mo potsolotsong bosheng, Mme Tlale o supile fa dikgwebo tsa banana ka bontsi e le selo sele sengwe. A re banana ba tshaba go dira dikgwebo tse di pharologanyo ka jalo ba felela ba lela ba re ga go na mmaraka, tse dingwe di felele di phutlhama ba palelwa ke go di tsamaisa ka di a bo di tletsetletse. O tlhalositse fa lephata la Go fa Banana Dithata, Metshameko le Tlhabolo ya Ngwao le eme nokeng dikgwebo tse dintsi tse e leng gore banana ba ka di dira e seng dipodi le merogo fela. O ne a rotloetsa banana go akanya mo go tseneletseng, segolo jang dikgwebo tse di ka ithekisang e bile di tlhokega thata mo mmarakeng. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Nshakashogwe, Rre Tabona Jopi yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re o lemogile fa banana ba itlhaganelela go kopa dithuso tsa madi ba sa ikakanya mo go tseneletseng gore ba batla go tsena mo dikgwebong dife, a supa fa bangwe ba dira dikgwebo ka gore ditsala le masika ba a di dira, ba sa lebelele gore bokgoni jwa bone bo fa kae. O tsweletse ka gore banana ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di maleba, ba lebile gore ba rata eng e bile ba kgona go dira eng, ba sa lebale le lone letlhoko mo kgaolong ya bone. Rre Jopi o tsweletse ka gore ene o na le dingwaga tse pedi a ikakanya ka kgwebo ya gagwe ya tsa maranyane le gone gore e ka sologela banni ba motse wa gagwe le e e mabapi molemo jang a sa lebale le tsone dipoelo. O tlhalositse fa a lemogile gape fa banana ba tshaba dikgwebo tse o akareng di tlhoka gore motho a akanye thata, e bile di gwetlha, mme ba rata tse di motlhofo tse di ratwang ke mongwe le mongwe. O tlhalositse fa go ka bo go ne go le botoka fa e ne e ka re fa yo mongwe a tsere lenaneo la dipodi, tsala yone e bo e dira marekisetso a nama gore ba kgone go thusana ka tsa mmaraka. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa kgatlha ba le bantsi, mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa bone, bangwe ba tlaa felela ba ntsha le ga tshwene mo ba ntseng ba go fitlhile. E rile a tswa la gagwe, Rre Keobokile Bakani yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, a tlhalosa fa ba le boitseme thata segolo jang fa go tla mo go tsa ipapatso le dipatlisiso tsa go bona gore ke efe kgwebo e e ka dirang bontle mo kgaolong ya bone. A re bontsi jwa banana ba rata go rerisana pele gore a reyeng go dira kgwebo e, go se ope yo o ikakanyetsang, mme motse o felele o tletse ka kgwebo ya mofuta o le mongwe le ntswa go na le letlhoko le lengwe. Mo go tse dingwe, mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA), Rre Joseph Mojewa o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa bagwebi ka tsa bogakolodi le dithutuntso ka ditsamaiso tsa dikgwebo. E rile a bua kwa bokopanong le bagwebi ba motse wa Sebina, Rre Mojewa a re ba ikaeletse go tsamaya le kgaolo ya bone go rotloetsa banana gore ba dire dikgwebo ba seka ba re ba emetse go thapiwa ke puso ka ditiro di le thata go bonwa. O ne a supa fa seemo se se ngomola pelo segolo jang morago ga go tswalwa ga moepo wa kopore wa toropo ya Selebi Phikwe, ka jalo a supa fa go itirela kgwebo e le yone fela tsela e e botoka go ithusa ga mmogo le gone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la Botswana. BOPA | economy_business_and_finance | 3 |
Pitso o inosa nkgo ka go thuba mantswe | E le ruri Motswana o buile fa a re motlhophantsi ke yo o kgorang. Se se supilwe ke Rre Mere Pitso yo o itshetsang ka go thuba mantswe kwa Samedupi a a dirisiwang mo go tsa kago. Mo potsolotsong bosheng le ba BOPA, Rre Pitso o kaile fa go dira ka natla le go sa tlhopha ditiro go mo ntshitse mo lehumeng le a kileng a bo a le mo go lone. “Ke kile ka bo ke jesiwa jaaka ngwana yo monnye le bongwanake, mme morago ka bona fa ke tshwanetse go ititaya ka thupana go fetola botshelo ja me,” a tlhalosa. Rre Pitso yo o dingwaga di masome mane le botlhano, yo o tlholegang mo kgotleng ya Mabudutsa mo Maun o ne a supa fa seemo se ne sa mo pateletsa go fudugela kwa Samedupi. A re o ne a simolola go thuba majwe ka ngwaga wa 2003, mme a bona fa kgwebo e tswelela sentle, a felela a e kwadisitse ka leina la Kotopikotopi. O tsweletse ka go tlhalosa fa a rekisa kiribane e le nngwe dipula tse masome a mabedi le botlhano, fa koloi e kgolwane e le makgolo a marataro a dipula. Tiro e kgolo e, o e kgona ka go dirisa hamole e a saleng a e rekile fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe, digalase tse di sireletsang matlho le diatlana. Go supa fa kgwebo e e ne e na le letseno ka Rre Pitso a ne a felela a reka dikgomo le dipodi, tse gompieno di atileng e bile a ka bidiwa morui. Go sa felele foo, o kaile fa a tsenya bana ba gagwe sekole ka one madi a go thuba mantswe. E re le fa go ntse jalo, Rre Pitso ga a jesiwe diwelang ke letlhoko la sepalamo se a ka isang mantswe a a rekiwang ke batho. O kaile fa ka ngwaga wa 2005 a ne a kopa dithuso kwa go ba CEDA mme a itaya se fololetse ka ntlha ya ditsetlana dingwe tse di ne di tlhokafala. Mme ka a ne a sena setsha le fa e le yone kgomo a seka a atlega. A re ka jaanong dikgomo di le teng o eletsa go boela kwa go ba CEDA go atolosa kgwebo ya gagwe. Se se ka mo baya mo seemong sa go thapa badiri ba ba ka mo thusang le go fokotsa letlhoko la ditiro. Rre Pitso o kgothatsa bao ba ba ntseng mo malwapeng ba sa dire sepe go ikemela ka dinao ba dira sengwe se ba ka se kgonang go itshetsa. A tswelela ka gore batho ba emise go tlhaola ditiro. O rotloeditse le bao ba ba leng mo dikgwebong tse dipotlana go nna pelotelele le lorato mo dikgwebong tsa bone ka go ka ba ntsha mo lehumeng. Bokhutlo | economy_business_and_finance | 3 |
Ba Lecheng ba rotloeditswe go lwantsha kgotlholo e tona | Mooki mogolo kwa sepateleng se se potlana sa Palapye, Mme Sekani Chikunyana a re setshaba se tshwanetse go tlhabantsha bolwetse jwa kgotlholo e tona gore bo seka jwa anama. Fa a bua kwa letsatsing la ithutuntsho ka kgotlholo e tona kwa Lecheng ka Labobedi, Moranang e rogwa, Mma Chikunyana o tlhalositse fa kgotlholo e tona e sa tshwanela go gapa matshelo a batho ka ea alafesega. A re go fitlhelela bao ba ba amilweng ke bolwetse jo, le go bo emisa, go botlhokwa go godisa le go oketsa mananeo a kgotlholo e tona segolo bogolo mo go ba ba mo diphatseng jaaka bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS, le ba ba nang le mogare wa kgotlholo e tona o o palelang dipilisi ga mmogo le bao ba ba mo mafelong a a kgotlhaganeng jaaka dikolo, dintsho le kwa ditirong. Le fa go ntse jalo, Mma Chikunyana a re ba botsogo ba santse ba nale kgwetlho ya gore batho bangwe ga ba ntshe sehuba le mororo go belaesega bana le mogare wa kgotlholo e tona. A re, puso e tsile ka mananeo a masha a dirisiwang go goga segotlhola mo baneng ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, a tlatsa ka gore go nale mothale o mongwe o mosha oo dirisiwang go tlhatlhoba kgotlholo e tona. O tsweletse ka gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo anama ka phefo, ka jalo go tshwanetse go netefadiwa gore phefo e e hemiwang ke batho e phepa. O rotloeditse gore go bulwe matlhabaphefo mo bookelong, dipalamo tsa setshaba, kwa malwapeng le matlo a borutelo. A re, go tlhatlhoba ba ba amaneng le molwetsi jwa kgotlholo e tona ke nngwe ya ditsela tse di botlhokwa go lwantsha bolwetse jo. A re, go nale lenaneo le le dirisiwang la go fa balwetse dipilisi kwa lwapeng, le e leng gore molwetse o ka fiwa dipilisi ke lesika, tsala kana moithaopi. O tladitse ka gore lenaneo le, le fokotsa go ema lebaka mo dikokelwaneng. Mma Chikunayana a re,kalafi ya kgotlholo e tona ke dikgwedi tse thataro kana go feta mme dikai tsa bolwetse jo ke go gotlhola lebaka la beke tse pedi le go feta, go gotela, go fufula bosigo le go latlhegelwa ke nama. Fa a tswa la gagwe mongwe wa ba ba amilweng ke bolwetse jo Rre Kabelo Marepi, o rotloeditse banni ba motse wa Lecheng go ikemela ka dinao ka gore bolwetse jo bo a fola. A re, fa motho a tshwerwe ka mogare wa kgotlholo e tona, ga a tshwanela go tsamaya thata go babalela ba bangwe gore mogare o seka wa anama.Banni ba gakolotswe go ikgapha mo bojalweng le motsoko fa ba tsaya kalafi. BOKHUTLO | health | 6 |
Kgwebo e batla tlhokomelo | Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgang Mongale, o kgothaditse banana go tlhokomela dikgwebo tsa bone. O ne a bua mo thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya banana ya Letlhakeng mme e tshwaretswe kwa Mantshwabisi mo bosheng. Rre mongale o tlhalositse fa go lemotshegile gore banana ba kgaolo eo ba rata kgwebo ya thuo thata, a supa fa thuo e tlhoka gore morui ka nako le nako a bo a le kwa madirelong, o bile a kopa banana ba ba neng ba tsene thuto puisano eo gore leruo le ba eletsang go le rua le bo le kgona go tshela mo tikologong e ba nnang mo yone. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gore lephata la bone le bona go sa lekana gore banana ba thusiwe ka madi fela mme le dithuto di a tlhokega ka go nne dikgwebo tsa banana ka bontsi di felela di phutlhame ka ntlha ya go tlhoka kitso ya go tsamaisa dikgwebo kana lerato mo dikgwebong tse ba di kopileng mo ba lephateng la banana. Rre Lentswe Motsamai wa lephata la dikgang tsa bong kwa Gaborone, a supa fa lephata le le neng le itsege fa le emetse bomme pele, le fetotswe mo bosheng go emela Motswana mongwe le mongwe, go itsa go gogela kobo ntlha e le nngwe . O tsweletse ka go tlhalosa fa le bone ba ikiteile sehuba go thusa Batswana ka madi gore ba ipulele dikgwebo gore ba intshe mo lehumeng le le aparetseng lefatshe leno. O ne a tlhalosetsa banana fa lekalana la bone le thusa Batswana ba ba ipopileng ditlhotshwana tsa batho ba ba sa feteng botlhano ka madi a kana ka P250 000 mme ba sa solofelwe go a busa. O supile fa lekgotla la bone le ikaeletse go ntsha Batswana ka kakaretso mo lehumeng, o tlhalositse fa lekalana la bone le rotloetsa thata go dira ka diatla bogolo jang temo thuo, o bile a supa fa ba thusa bagwebi ka go ba batlisa kwa ba rekisang dithoto tsa bone teng le go ba kopanya le ba ba setseng ba le mo dikgwebong jaaka go ba isa kwa ditshupong tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga gore ba kgone go tseya malebela le maele mo go bone. Mogolwane wa ofisi ya ba kabo ya dithendara le tsamiso ya madirelo, Rre Benjamin Kabomo a tlhalosetsa banana fa ba tshwanetse go kwadisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go thendara mo khanseleng. O rile go kopa ditiro mo khanseleng, ke bontlha bongwe jwa go ka godisa dikgwebo tsa bone. E rile a tswa la kgothatso, a kopa banana go tsena mo dikgwebong ba ititeile sehuba ka go nne kgwebo e tlhoka nako e ntsi e bile e tlhoka bopelotelele. O bile a ba kopa go tlhopha kgwebo e ba ka kgonang go e tsamaisa e bile ba na lorato mo go yone e seng ka gore o bona tsala e le mo go yone. | economy_business_and_finance | 3 |
Kwelotlase ya palo ya balemi e a tshwenya | Molemisi wa Chanoga kwa kgaolong ya Ngamiland, Rre Lerry Gunda, a re o tshwenngwa ke palo ya balemi e e welang tlase ngwaga le ngwaga kwa motseng oo. Rre Gunda a re kgotlhang ya diphologolo tsa naga le batho e ka tswa e le yone e bakang kwelo tlase e. O buile se kwa thuto puisanong ya go rutuntsha ka go tshela le ditlou e e neng e rotloeditswe ke lekgotla la Omogolo Trust kwa Chanoga bosheng. Rre Gunda a re dipalo tsa balemi di ne di le 200 ka ngwaga wa 2016, mme tsa fokotsega go nna 168 ka ngwaga wa 2017, mme mo ngwageng eno go lemile balemi ba le 116 fela. A re tshenyo ya ditlou le yone e oketsega ngwaga le ngwaga, fa balemi bangwe ba jelwa temo e ise e butswe, mme a re seo se ka tswa se kgoba balemi bangwe marapo. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo ele go tsibosa banni ba Chanoga ka ditlou le gore baka tshela jang le tsone. A re ba laleditse ba ba tsheleng le ditlou tsa palo ee ko godimo go na le tse ba tshelang le tsone kwa Chanoga. Le fa go ntse jalo, Kgosi Setlhodi a re go botlhokwa gore banni ba Chanoga le metse ee mabapi ba nne le kitso ya go tswelela ba tshela le ditlou le go itshireletsa. Mme Gakethusiwe Katholo wa Mawana o ne a lebogela thuto se puisano eo, a re ditlou ga di ba tshedise sentle ka dija dijwalo tsa bone le go bolaya batho. Rre Gaditshwane Kgantele ene o ne a re ga a dumalane le dithuto tseo tsa gore gotwe ba agisanye le ditlou. Rre Kgantele a re ditlou di baka tshenyo e kgolo mo dijwalong tsa bone le diterata tsa masimo, mme a re tlharabololo e ka nna ya gore di hokotswe ka go hulwa eseng go agisanya le tsone, ebile a re lephata la diphologolo le diega go ba atswa fa ba begile dikgetsi tsa tshenyo ya diphologolo. Fa Rre Ohitiseng Mosupi wa mokgatlho wa Eco Exist ene o ne a re dithuto tseo di tlaa sologela banni ba Chanoga molemo ka ditlou ke gone di simololang go anama le kgaolo ya bone. Rre Mosupi a re kwa kgaolong ya Okavango kwa moseja wa noka e tona ya Okavango, palo ya ditlou e feta ya banni ba metse ka palo ya dikete tse pedi, a re ditlou di 18 000 fa batho bone ba le 16 000. BOKHUTLO | economy_business_and_finance | 3 |
Neelano e botlhokwa | Kgosi Otsile Ketshotseng wa kgotla ya Maenjane kwa Tutume a re go nna le mowa wa neelano ke selo se se botlhokwa thata mo bathong. E ne ya re a bua mo potsolosong, Kgosi Ketshotseng a tlhalosa fa mowa wa neelano o tlhokega, bogolo jang ka bontsi jwa batho mo motseng itsholelo ya bone e le kwa tlase. O tlhalositse fa Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama aleka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng mme Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go tsenya letsogo go thusa. O boletse fa a sa jesiwe diwelang ke batho ba ba sa batleng go thusa ba masika a tlatsa ka gore batho batshwanetse go ithuta go kgaogana se ba nang naso le babangwe. O ne gape a bolela fa a utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba sailang mo mebileng ba sa bereke ba inaakantse le majalwa. “Puso e dira ka bojotlhe go tokafatsa matshelo a batho mme le rona re tshwanelwa ke go tsenya letsogo. “Lesang go dikologa le meriti ya ditlhare le tsene mo dijarateng le batle ditiro,” ga bua Kgosi. Kgosi a re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a a tlhomilweng ke puso gore ba ikinole mo lehumeng ka one. A re ba tsee malebela mo go ba ba setseng ba bone thuso ka ba tlhabolotse matshelo a bone. Bokhutlo | society | 9 |
Go sa tlhabolole ditsha go a tshwenya | Modiri wa lephata la kabo ditsha la Letlhakeng, Rre Solly Phetolo o supile fa ba sa itumedisiwe ke ditsha tse di tsayang lebaka le leleele di sa tlhabololwe kwa Khudumelapye. Rre Phetolo o buile seo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata leo ka Labobedi kwa Khudumelapye. O tlhalositse fa go sa tlhabolola ditsha ga banni ba motse oo go sa ba berekise sentle ka ba fitlhela ba baya ditsha tse disha mo godimo ga tse di teng ka go sena bosupi bo tshwana le mekono le dilaene. Rre Phetolo o supile gape fa basa itumedisiwe ke bangwe ba ba phuntseng didiba tsa nosetso merogo mme ba bo ba sa di dirise tiriso ya tsone. O supile fa lephata le tlaa tseela ba ba dirang jalo dikgato. O tsweletse ka go tlhalosa fa setsha se fiwa beke tse thataro go tlhabololwa, mme go fetisa sebaka seo setsha seo se ka amogiwa sa bewa mongwe. Mongwe wa banni ba motse o Rre Jobe Kgotlhang o kopile ba lephata la kabo ditsha go latedisa gore a batho ba dirisa lefatshe se ba neng bale kopela sone. Bokhutlo | society | 9 |
Mmuso o abetswe P33 million | Mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao a lebagane le metlobo ya dibuka mo kgaolong ya Legare, Mme Keseitse Same a re lefatshe la Amerika le abetse la Botswana madi a a fetang P33 million go dirisiwa mo go tokafatseng seemo sa tsamaiso metlobo ya dibuka le go reka dibalamakgolo. Kwa letsatsing la go simolodisa lenaneo la Sesigo kwa Kalamare bosheng, Mme Same a re maikaelelo le maikemisetso a lephata la gagwe ke go itebaganya le go ruta Batswana go itse go bala le go kwala gammogo le go ba neela dikitso tse di tseneletseng gore e bo ele tshaba e e rutegileng ka 2016. Mme Same o boletse fa go ithuta go bala le go kwala, tiriso ya dikhomputara le maranyane a segompieno go ka tlhabolola matshelo a Batswana le go baya lefatshe leno mo maemong a go gaisana le a mangwe mo go tsa papadisano jalo go imolole Batswana go latela ditlamelo tsa go nna jalo kwa ditoropong. A re kgaolo ya Legare e na le metlobo ya dibuka ele lesome le botlhano le mafelo a batho ba ithutelang go bala le go kwala mo go one ale lesome le bobedi mme a kopa banana le bagolo go tsenelela lenaneo la Sesigo gore ere ka 2016 bontsi jwa Batswana ba bo ba kgona go bala le go kwala gammogo le go dirisa dikhomputara. Mongwe wa lekgotla la Botswana Community Based Network, Rre Douglas Lecholo o kgothaditse banni ba Kalamare go inaakanya thata le go ithuta tiriso ya dikhomputara le inthanete gore ba kgone go tokafatsa ka fa ba ntseng ba tshela ka teng. Rre Lecholo a re le ntswa puso e na le mananeo a mantle e bile e na le bodiredi jo bo rutetsweng tiro sebe sa phiri ke gore e retelelwa ke go diragatsa mananeo ao ka jaana a sa tsamaelana le dikeletso tsa batho ba metse eo. A re gore metse ya magae e gatelepele mo ditlhabololong ke fa puso e ka neela batho tshwanelo ya go ikakanyetsa ditlhabololo tse di ka dirwang mo dikgaolong tsa bone go na le gore puso ka bo yone e sekaseke ditlhabololo tse di ka direlwang batho ntswa ba sena keletso le kgatlhego mo go tsone. A re fa go na le tirisano mmogo ya dikomiti tse di farologaneng mo motseng e akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya batsadi le barutabana, ya botsogo, ya badirelapuso ya balemi barui gammogo le ya twantsho borukuthi, ditlhabololo di ka tswa tema fela thata mo dikgaolong tsa lefatshe leno. Rre Lecholo o tsweletse a kgothatsa Batswana go somarela meamuso ya ditsa tlholego mo tikologong ya metse ya bone ka ele tsone di ka ba tsenyetsang madi ka bajanala ba ba etelang kwa metseng ya bone go di bona. O kopile batsadi go ruta bana ka ditso le ditiragalo tsa bogologolo le di dirisiwang tse batho ba neng ba di dirisa di tshwana le megoma, dijokwe, dikei le matlalo a a sugilweng a a neng a dirisiwa go sega kapari ya bogologolo. BOKHUTLO | education | 4 |
Baithuti kwa Lerala ba dule mo taolong | Bogogi jwa dikole tsa motse wa Lerala jwa re ga bo itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana ba ba tsenang mo dikoleng tsa motse oo. Fa ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe go rerisanya le bogogi jwa motse ka tse di amang thuto mo motseng wa Lerala bosheng, ba boletse fa bana ba dikole ba setse ba dule mo taolong gotlhelele ka jalo ba bone go tshwanela go tshwaraganela se le bogogi jwa motse. Morutabana yo o itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Rre Jimmy Rampape, o boletse fa mo sekoleng sa gagwe go setse go dule bana ba sekole ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa. A re mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape. A re bana ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana ba akaretsa ba ba dirang mophato wa ntlha go ya kwa go wa boraro. Rre Rampape a re go ngomola pelo ka bana bao e le ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme ba le babedi mo go bone ba le dingwaga di le lesome le boraro. A re mo baneng ba ba tlogetseng sekole, go ne ga dirwa maiteko otlhe a go ba busetsa mo sekoleng mme ga retela. A re batsadi ba bana bao ba ne ba latelwa go buisana le bone mme fa gongwe ba felele ba isiwa kwa go bommaboipelego mme ga pala. Rre Mpape a re se se utlwisang botlhoko, bangwe ba bana bao ba kgona go fitlhelwa ke barutabana ba na le batsadi ba bone ba bereka mo lwapeng mme batsadi ba sa ba rotloetse go ya sekoleng. Ka jalo a re motsadi ga a tshwanela go laolwa ke ngwana mme o tshwanelwa ke go bontsha ngwana tsela ya boammaaruri. A re gobo batsadi ba kgona go nna fela le bana mo lwapeng ba sa ba rotloetse go ya dikoleng go ne ga ba tlama e le bogogi jwa dikole go buisanya le bogogi jwa motse. A re bontsi jwa batsadi ga ba tsenye letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka bontsi jwa nako ga ba tle bokopanong jwa batsadi le barutabana. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa bothata jo bongwe jo ba tshwaraganeng le jone e le jwa go dirisa matlhapa thata ga bana ba sekole. A re ba tsaya nako e ntsi ba letlanya kana ba kgalema bana ntateng ya go dirisa matlhapa ka jalo o ne a ikuela mo batsading kana batlhokomedi ba bana gore fa ele gore ba atle ba dirise matlhapa, ba tile go a dirisa fa pele ga bana ka ba ithuta mo go bone dilo ka bontsi. Fa a bua ka dikole tse dipotlana, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lekadibeng mo Lerala, Mme Phorego Motsokono, o boletse fa ba itemogetse fa bana ba lekwalo le le kwa godimo ba sena keletso gotlhelele mo dithutong tsa bone. A re ba itemogetse gape gore batsadi ga ba thuse go leka go busetsa bana mo taolong, ka e a re fa ngwana a dirile phoso kwa sekoleng, ntateng ya gore batsadi ba tshwaragane le barutabana go kgalema bana, ba nna ka fa letlhakoreng la bana mme ba tshwae barutabana phoso. A re bontsi jwa bana ba nna ba le nosi, ka nako e ntsi batsadi ba a bo ba le kwa masimo fa bangwe ba direla kwa dipolaseng, a tlhalosa fa seo se ama thuto ya bana fela thata. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Tswapong Bokone Brigade, Rre Cornelius Matlhare, o boletse fa sekole sa gagwe le sone se wetswe ke seru sa go tlhoka tsebe ga baithuti. A re ba itemogetse fa bontsi jwa baithuti kwa sekoleng sa gagwe ba kgona go fetisa malatsi a le mantsi ba sa tsenelele dithuto mme ba le teng mo motseng wa Lerala. O boletse fa bangwe ba felela ba tlogela sekole go sena mabaka ape mme ba bangwe ba itshiela dino phetelela fa bangwe ba goga metsoko e mo dinakong tse dingwe ba kgonang go nna le dipelaelo tsa gore ba e tlhakanya le ditagi di tshwana le motokwane. O ikuetse mo batsading go tshwaragana le barutabana go tsenya bana mo taolong. BOKHUTLO | education | 4 |
Khan o ikuela mo batsading | Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommed Khan, o kgothaditse batsadi go supa kgatlhego mo thutong ya bana ba bone. Mopalamente, yo a neng a bua mo diphuthegong tsa kgotla mo dikgaolwaneng tsa Borakalalo, Phalane le Garanta mo bekeng eno, a re batsadi ba latlheletse thuto ya bana le ntswa e le bone ba nnang nako e ntsi le bana kwa malapeng. A re bontsi jwa bone ga ba ke ba leba dibuka tsa bana go bona gore a ngwana o dira sentle. A re batsadi ga ba a tshwanela go supa barutabana ka monwana fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone. Mopalamente a re go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ke gone mo go ka dirang gore batsadi ba nne gaufi le bana. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa a itumelela ditiro tsa ditlhabololo tse di akaretsang maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba, ditsela tse di tshetsweng sekonotere mo kgaolong ya Borakalalo le ntswa a re ga go a lekana a re ditlhabololo di tshwanetse tsa tsamaelana le matshelo a batho. Mo diphuthegong tseo, batho ba ne ba ngongorega ka botsamaisi jwa kokelo ya Scottish ba re ga ba dire mo go lekaneng go thusa batho ka bofefo. Mme Senkepeng Itumeleng ene o kopile puso go akanyetsa balwetse ba sukiri ba matshelo a bone a sa ntseng a le kwa tlase go sekwa sekwa gore le bone ba phakisiwe dijo. Kwa kgaolwaneng ya Garanta batho ba ngongoregile ka koporase ya motlakase gore e bonya go ba gokelela motlakase mo malwapeng. Rre Oadisa Gaelebale a re ga ba robadiwe ke beng ba diteraka baba epang mmu o o agang mo kgaolong eo e se kafa molaong mo e bileng ba setseng ba epile lefuti le le borai mo matshelong a bana. A re se se ngomolang pelo ke gobo mapodisi ba seke ba tsiboga fa ba ikuela ka tiragalo eo. Ba ngongoregile gape ka koporase ya metsi ya Water Utilities gore e tsaya nako e telele go ba tshelela metsi mo ditankeng tse di ba nosang. Fa a tsibogela dingwe tsa dilelo tsa bone mabapi le bodiredi ja kokelo, mopalamente o ne a bolelela batho mo diphuthegong tseo fa ba kile ba ikopanya le bodiredi jo bogolwane jwa Scottisheo, mme a solofetsa fa ba tlaa ikgata motlhala ka jaana go lebega fa go sa ntse go na le dilo tse di sa dirweng sentle . | education | 4 |
Ba Ramotswa ba kopiwa go somarela thothi | Batswana ba kopilwe go somarela metsi a a leng teng, le go a dirisa ka kelotlhoko fa ba sa ntse ba letile gore Ramasedi a ba gopole ka pula. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mosadi, jaaka a ne a amogela baeng kwa kgotleng , fa go ne go tswalelwa kgwedi ya merapelo ya HIV/AIDS. Kgosi Mosadi o kopile Batswana go tswelela ba rapedisa makoa, go rapelela boipuso jwa lefatshe leno, ditlhopho tse di gololesegileng tsa setshaba le gone go tswelela ba rapelela pula. O tsweletse a ba kopa gore ba somarele metsi a leng teng ka jaana letamo la Gaborone le kgala, a bo a supa fa metsi a didiba le one a tlhoka go somarelwa ka gore ba ikantse pula go a oketsa. O supile fa kgwedi e Botswana a ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi, mme go le botlhokwa gore badumedi ba tshwaragane ka e le ba ga Keresete botlhe. O ile a kopa Batswana go iphapa kgatlhanong le malwetse otlhe jaaka jo bo tlhagogileng kwa mafatsheng a bophirima jwa Afrika jwa Ebola, a kopa botlhe go obamela molao wa gore ba seka ba nama ba etetse mafatshe ao. O supile fa bolwetse jwa AIDS bo ganyaotse batho ba lefatshe leno, ka jaana bangwe ba ne ba tshwara balwetse ka diatla ba sa tsenya diatlana, ka ntlha ya gore ba ne ba sa batle go bifela balwetse, mme a supa gore fa bolwetse jwa Ebola bo ka tsena ka kgoro ya lefatshe leno, e ka nna selelo le khuranyo ya meno ka jaana Batswana ba le palo potlana. Kgosi Mosadi o supile fa malwetse a mangwe jaaka jwa go swa mhama a bakwa ke go ja mafura le letswai le lentsi, a bo a supa fa go rapela Modimo go le botlhokwa e bile go tsamaisana le go itlhokomela. O kopile Batswana go iphemela mo dikotsing tsa tsela, a supa fa go ipabalela go le botlhokwa go gaisa go alafa. Fa a lekodisa ka seemo sa mogare mo kgaolong, mogolwane kwa ofising ya AIDS mme Tuelo Chibana, a tlhalosa fa seemo se oketsega ka jaana e rile ka ngwaga wa 2008 mogare wa bo o tsamaya kwa go 17.6%, mme ka ngwaga wa 2013 dipalo di tlhatlogetse kwa go 18.5%. O tlhalositse gape fa dipalo tsa kanamo ya mogare o mosha lefatshe lotlhe ka ngwaga wa 2008 di ne di tsamaya kwa go 1.45%, mme tsa fokotsega go se nene ka ngwaga wa 2013 ka 1.35%. O supile fa kanamo ya mogare o mosha e oketsega mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a supa fa e rile ka 2008 ya bo e ne e le 12.6% fa ka ngwaga wa 2013 e tsamaya kwa go 16.6%. O boletse gape fa batho ba dingwaga tse di masome a mararo go ya go tse di masome a mararo le bone e le bone ba amegileng thata, borre ba tsamaya fa go 47.3% fa bomme e le 40.3%. Mme Chibana o supile gape fa ba tshwenngwa ke go ima ga banana, go ima ga batho ba ba tshelang ka mogare kgapetsakgapetsa le go oketsega ga malwetse a tlhakanelo dikobo mo kgaolong. O boletse fa go nwa bojalwa phetelela go na le seabe mo go tlhokeng go tsaya boikarabelo. Bokhutlo | health | 6 |
Kgosi o kgala go bimpa mpa ka mabele | Kgosi wa Semboyo mo kgaolong ya Nhabe a re ba tshwenngwa thata ke seemo sa borukutlhi se se golelang pele mo kgaolong eo, mme e bile go supega fa botsadi bongwe bo santse bo bipa mpa ka mabele. Kgosi Rre Bogaisang Lelatlhego o buile jalo kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe kwa motsaneng wa Maila ke ba sepodise le maloko a motse wa Semboyo ya go bona gore borukutlhi jo bo mo kgaolong eo ba ka bo lwantsha ka tsela e e ntseng jang. A re motsana wa Maila o tshotse borukutlhi jotlhe fela jo motho a ka bo gopolang, a re bane ba thulanya ditlhogo mme ba bona gore thuto ke yone konokono e e kareng le morago ga yone batho ba supa gore a ba ne ba e tlhoka kana ba dira ka maikaelelo. O tsweletse a re borukutlhi ke lefoko le le akaretsang tsotlhe tse di bosula mme a re jwa leruo jone ke kgaolo yotlhe ya Ngami, mme a re se se botlhoko ke gore ga ba tshwarwe gore ba ba setseng ba nne le Poifo. Kgosi Lelatlhego a re o itumelela fela gore dingwaga tsa dikatlholo tsa badira melato, segolo jang ya bogodu jwa leruo di okeditswe go tswa mo go botlhano go ya kwa go bosupa. A re batho ba tshwanetse go tshwarwa gore leruo le sale le nna le nako ya go tsala, a re mme tumelo ya gagwe ke gore fa metse yotlhe e ka ema ka dinao mongwe le mongwe a nna Lepodisi, gongwe seemo se ka tokafala. Kgosi Rodgers Marumo, yo ebileng e le mookamedi wa di cluster mo kgaolong a re puso e tshwenyegile thata ka borukutlhi mme ya dira lenaneo la di cluster go lwantsha borukutlhi. O ne a tlatsa ka gore pele gone go dirisiwa twantsho borukutlhi mme ka gone go bonala fa maduo a yone a le kwa tlase, ga simolodisiwa lone le lesha leo. A re bo Kgosi jaaka baeteledipele ba merafe, ke bone barwadi ba kgomo e tshwana, a tlatsa ka gore mme ka dinako dingwe dikgosi di ikgatholosa go tsaya dikgato tse di maleba ka dikgang tsa go nna jalo. O tsweletse a re maikaelelo a dikomiti tsa bone ke go baya leitlho nako le nako, le go baya seemo leitlho le gone go phatlalatsa kitso ka borukutlhi. Kgosi Marumo o ne a tlhalosa fa ele tiro ya Motswana mongwe le mongwe go keleka le go tlhabolola mananeo, a tlatsa ka gore kana bogodu bo a farologana. O tsweletse a re borukutlhi bo kgona go simolola mo lwapeng mme ere bana ba tla ba utswile, mogolo a itumele a re ngwana o botlhale ebile o itse go bapala, mme a ba rotloetsa go ithuta go tsena mo malwapeng ba leba tsone dilo tsa go nna jaana. Sergeant Jacob Hendly wa sepodise sa Botswana a re go lwantsha borukutlhi ke kgomo ya moshate, mme fa motho a sa dumalane le go tsenya letsogo mo tirong eo, ke gore le ene ke serukutlhi. O bile a re borukutlhi jwa leruo gantsi bo rotloediwa ke beng ba dikgomo ka go baya badisa kwa merakeng ba bo ba sa ba tlhole. A re ke yone nako e modisa a nnang le nako ya tsenya dikgomo tsa bogodu mo sakeng le gone go tsaya dinamane tsa bogodu a di tsenya mo sakeng. O bile a tlhagisa gape ka ditshipi tsa dikgomo tse di bewang le badisa a re go dira jalo ke go itlhaba ka thipa mpeng. Mme o tsweletse a re tshipi fela jaaka tlhobolo, ga di kgaogane gope le mong wa tsone, a re modisa o tlaa tshuba dikgomo tsa batho, a hula dikgomo tsa batho a rekisetsa ba ba rekisang dinama ka tlhobolo e e seng ya gagwe a bona le sone se baka sa go bolaya ba bangwe, le go ne go thuba mabenkele a utswa ka dikgoka. O kgothaditse beng ba meraka go nna le dibuka tse ba kwalang leruo la bone, palo ya lone le gore fa ba rekisitse kgomo, ba kwale gore ba rekisitse leng kae, a tlhalosa fa magodu a le botlhale thata e bile ba itse go ipuelela. Sergeant Hendly o rotloeditse barui go epa didiba, a re dikgomo tse di nwang mo megobeng le tsone di rotloetsa borukutlhi thata ka di kgona go tsamaya gongwe le gongwe fa di setse di batla metsi ka nako ya fa megobe e kgadile, mme a re ke yone nako e magodu ba di tshwarang mme ba ditseye. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Baagi ba thorontshiwa ke diphologolo | Baagi ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba ikuetse kgatlhanong le diphologolo tsa naga tse ba reng di busetsa maiteko a bone a temo-thuo kwa morago. Ba ntshitse kgang e mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng. Ba re diphiri le dinkwe di nyeletsa leruo la bone, fa ditshwene, dinoko, dikolobe le dikgaka tsone di nna fela mo masimong a bone. Ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo ba diega go tla go bona le go sekaseka tshenyo ya diphologolo. Mo godimo ga moo, ba re madi a phimolo dikeledi le one a a diega. Bangwe ba ne ba kopa mothusa tona gore diphologolo di tshwana le phiri, nkwe le noko di tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi. Mongwe wa ba ba neng ba ntsha boikuelo, Rre Sentshegeng Bakae, kwa motseng wa Chadibe, o ne a ntsha la gagwe a re, “ke lemogile sengwe se se thibelang Batswana go itirela matshelo a bone. Mo dipolaseng tse di bapileng le rona ba ruile bophiri, bophokojwe le dikolobe. Fa letsatsi le kotlomela diphologolo tse di tswa mo dipolaseng di tla go senyetsa balemi-barui mme makuku di boele kwa dipolaseng.” Rre Bakae yo o supileng fa diphologolo tse di ruilweng mo dipolaseng tsa mo kgaolong ya Tswapong Borwa bogolo jang dibatana, di humanegisitse batho ba kgaolo eo. A re go maswabi gore batho ba dipolase tseo ba bo ba ruile diphologolo ka gore dipolase tseo ke tsa leruo la mo gae eseng diphologolo tsa naga. O ne a kopa puso go ba rekela bontlhabongwe jwa dipolase tseo go dira mafudiso ka a setse a tlhaela fela thata. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ngwapa, Mme Gaongalelwe Sepolwane, o ne a supa fa selelo sa bone se se tona e le go jelwa leruo ke diphologolo tsa naga. Mme Sepolwane a re le fa ba begela ba lephata la diphologolo, ba tla morago ga nako e telele. “Ba re o beye letlalo; mme fa pula ena o tla le baya mo ntlong kgantele le a senyega kgotsa le bola, le bo le go nkgela mme o felele o le latlhile” a tlhalosa. A re phimolo dikeledi le yone ga etle ka nako. Bangwe ba ba neng ba supa matshwenyego kwa Moshopha, Rre Tidimalo Moyo le Mme Constance Ramontsho, ba re dikgaka di senyetsa balemi thata. Rre Moyo a re nkwe le yone e ba apesitse kobo ka letshoba. Kwa motseng wa Mokobeng banni ba koo ba re phiri e ba feletsa leruo mme le bone fela jalo ba kopa gore e tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi. Kwa Sefhare, Ramokgonami le Tumasera gone selelo se bo se le sengwefela, ba lela ka diphologolo ba re di ba tsisetsa bohutsana mo go tsa temo-thuo. Fa a tsibogela selelo se, mogolwane mo lephataneng la diphologolo mo kgaolong ya Machaneng, Mme Gaboutwele Tshukudu, o ne a kopa balemi go tswelela ba dirisa metlhale ya bogologolo ya go tshosa diphologolo. Mme Tshukudu o ne a supa fa go tlhoka dikoloi mo kgaolong ya gagwe e le gone go dirang gore ba palelwe ke go fefogela dikgang tse di amang balemi-barui di tshwana le tse; a supa fa ana le dipego di le masome a marataro le botlhano mo nakong eno tse di sa tsibogelwang, tse dingwe ele tsa pele ga kgwedi ya phalane wa ngwaga oo fetileng. “Le phimolo keledi gore ba e bone go nna dingalo, gongwe ka lesego motho a bo a boloka madi mo bankeng nngwe ...” Modiri ka ene, yo o eteletseng pele lephatana la twantsho bogodu jwa diphologolo kwa Mathathane, RreThekiso Thekiso, ene o supile matshweyego ka bogodu jwa diphologolo, jo a reng bo ile magoletsa. Borukuthi jo, a re gantsi bo dirwa ke banana, ka jalo a kopa batsadi go tshwaragana le bone go bo lwantsha. BOKHUTLO | society | 9 |
Kgosi Jackalas o bolokilwe | E ne ya re ka Matlhatso banni ba Jackalas 2 ba thologela kwa kgotleng go tsena phitlho ya kgosi ya bone: Kgosi John Jackals. Dibui ka go farologana di tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le moeteledipele yo o senatla, a le lerato e bile a na le mowa wa boitshwarelo. Mongwe wa dibui, Rre Samson Guma, yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba o tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le mogakolodi wa bone. A re e ne e le kgosi e e nang le kagiso a itse tiro ya gagwe e bile a e dira ka botswerere Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tshwaragana, mme ba goge morafe ka mowa o le mongwe jaaka Kgosi Jackalas a ne a dira. Rre Guma a re Kgosi Jackalas o ba rutile go nna batho ba nnete, ga mmogo le gone go tshwaragana ka pelo e le nngwe. Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas1 o lebogetse go bo a ne a tlogela tiro ka bogodi, mme a seka a ganelela mo setilong. A re go dira jalo go supa maikarabelo le maitemogelo a go itse gore o tshwanetse wa ruta ba ba kwa morago tiro gore e re motlhang o hulere go bo go sena sekgoleretsi. Monnawe moswi, Rre Albert Ncube o tlhalositse fa moswi a tsetswe ka ngwaga wa 1921 mo motseng wa Jackalas 2. O tsweletse a re mogolowe o simolotse go bereka kwa South Africa ka ngwaga wa 1939 e le moroki a rokela kompone ya Woolworths go fitlhelela a fudugela mo gae a tla go nna kgosi ka ngwaga wa 1973 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a tlogela ka ntlha ya bogodi. O tsene mo nyalong e e boitshepo le moswi Josephine Thekiso ka ngwaga wa 1955 jalo o tlogela bana ba le bane, mosadi, bommonawe ba le bane, bana ba bana ba le 24 le ditlogolwana di le 19. Moswi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le 95 morago ga go lwala. BOKHUTLO | society | 9 |
Sekole sa Dithejwane se tshegeditse ngwao | Batsadi le barutabana kwa sekolong se segolwane sa Dithejwane kwa Molepolole ba akgoletswe go bo ba tseetse kwa godimo go ruta bana ngwao ya Setswana le go bona ka matlho. Mogolwane wa thuto wa pele yo a tlogetseng tiro ka bogodi Rre Tiroentle Pheto yo a neng ale sebui sa tlotla kwa pulong semmuso ya ntlo ya Setswana kwa sekolong sa Dithejwane a re o lebogela gobo batsadi le barutabana kwa sekolong seo ba setse morago kitso ya tlholego le go tlotlomatsa ngwao mo go tla solegelang bana molemo mo dithutong tsa bone tse di akaretsang ngwao . Rre Pheto a re setlhogo sa letsatsi leo se sereng ngwao yame ,boipelo jwame,setla dira gore baithuti banne le kitso e tseneletseng le go bua puo ya bone ba gololesegile . A re olebogela gape gore dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo jaaka setlhowa,pinagare , thitelo le kgobati e bofang bojang le tse dingwe ele dilo tse bana ba ka ithutabg ka tsone, a ba are dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo di fokoditse ditshenyegelo tsa go reka kwa mabenkeleng. Mongwe wa barutabana kwa sekolong seo Mme Ontiretse Kgosintwa are ba sale bannile le toro ya go aga ntlo eo ka ngwaga wa 2010 mme banna le dikgwetlho tse dineng tsa paladisa toro ya bone jaaka letlhoko la madi le go sa ithaopeng ga batsadi . Are maikaelelo a go dira ntlo eo ke go somarela ngwao le go ruta bana ka dilo dingwe tsa Setswana bogolo jang ka bane ba lemoga fa baithuti basa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa Setswana. Mme Kgosintwa o bile a tlhalosa gape fa ntlo eo e tla dira gole gontsi ka bane ba lemoga fa bana ba latlhegelwa ke motlhala puo le goitse ngwao. Letsatsi leo lene la natefisiwa ka mmino wa setswana le maboko, fa bomme ba matsosa ngwao bone bane ba supa tsamaiso ya patlo e dirwang ke bomme. | education | 4 |
Morafe o kopiwa go tsenya letsogo mo kagong ya tsela | Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kitso Mokaila o supile fa mo nakong tse di fetlileng go lemotshegile fa ba ne ba ntse ba kgaphela ba-na-le seabe ba tshwana le morafe mo ditlhabololong tsa metse ya bone. A re se se ne se dira gore go nne le tiego mo go simololeng tiro. Rre Mokaila o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Serule fa a ne a ile go begela magosi le morafe rakonteraka yo o abetsweng tiro ya go aga tsela e e golaganyang Tshimoyapula, Mabeleapudi, Paje le Serule. A re lephata la gagwe le dira se gore morafe o nne le seabe mo go tlhomamiseng gore tiro e dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Mokaila o ne a supa fa konteraka ya Unik Construction e le yone e e abetsweng tsela ya Mabeleapudi-Serule ya dikhilomitara di le masome marataro le boferabobedi e e tlaa dirwang ka P400 million mme tsholofelo ke gore e bo e wetse mo ngwageng tse pedi. Rre Mokaila o ne a rotloetsa dikgosi le morafe go ela tlhoko gore ga go nne le tiego e e ka dirang gore kago ya tsela e bo e ka tsaya sebaka se se leele go feta se se beilweng. A re se se ka dira gore puso e tsene mo ditshenyegelong tsa go dirisa madimadi. O ne a kopa ba ba setseng ba kopilwe go fuduga go dira jalo mo nakong e khutshwane go sutela ditlhabololo. Rre Mokaila o ne a supa fa kago ya tsela e tsile go fetola matshelo a batho jaaka ba dikgwebo tse dipotlana. O ne a tlhalosa fa ba tlaa kgona go tshetsa ba malwapa a bone. O ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go thapiwa mo tirong go itshwara sentle le go dirisana le rakonteraka gore tiro e kgone go dirwa go sena dikgogakgogano. Tona Mokaila o ne a supa gore ditlhabololo fa di dirwa go na le tse dintle le tse di maswe, mme a kopa morafe wa Serule go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa go nna jalo mme tse dingwe ba kgone go di tila gore di seka tsa ama matshelo a bone. Rre Mokaila a re tumalano e e dirilweng ke Tautona Mokgweetsi Masisi le ba a berekang le bone ke gore go berekwe ka thata gore ditlhabololo di kgone go goroga kwa setshabeng. O ne a supa fa lephata la gagwe le tshwere ka thata go aga ditsela tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tlaa golaganyang lefatshe ka bophara. A re go dira jalo go tlaa dira gore batho ba kgone go tsamaya ka nako e ba e batlang go sena dikgoreletsi dipe ,a supa fa puso e na le mogopolo wa gore mo dingwageng tse ditlang lephata le bo le ka itsenyetsa madi ka go duelelwa ga ditsela. Mokwaledi wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kabelo Ebineng o ne a supa fa se e le tshimologo ya therisano le morafe wa Serule mme ba tla a tswelela ba ba lekodisa ka fa tiro e tsweletseng ka teng. O ne a ba kopa go nna leitlho la puso go bega sengwe le sengwe se se ka tswang se belaetsa. Phuthego e ne e tsenwe ke mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autwetse le bagolwane ba bangwe ba puso. BOKHUTLO | politics | 7 |
Mapodise a tlhotlhomisa leso la ngwana le mmaagwe | Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa dintsho tse mo go tsone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi le ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tse tlhano go belaelwang ba nole sengwe se se botlhole. Go ya ka mothusa mookamela mapodise a Good Hope AssistantSuperintendent Batshwari Gaobatlelwe, bosheng momotshegareng ba ne ba begelwa fa mme mongwe le ngwana wa gagwe ba ragoseditswekwa kokelong ya Good Hope morago ga go lemoga fa ba sa tsoga sentle mme gobelaesega ba nole sengwe se se botlhole. Assistant Superintendent Gaobatlelwe are ba ne ba tabogela kwa sepatela mme ba fitlhela bobedi joo bo santse botlhatlhobiwa ke dingaka mme ka go tlhoka lesego ba ne ba felela ba tlhokafala. A re ba ne ba ya ko lelwapeng la mme yoo go ya gotlhotlhomisa se se ka tswang se diragetse, mme a re ba ne ba fitlhela kopi esupa fa ba nole sengwe se se neng se tshetswe mo go yone, a re go lebega seloseo e le botlhole ka le ba bongaka ba supile fa go lebega ba nole sengwe se sebotlhole. Superintendent Gaobatlelwe a re ba santse ba tlhotlhomisa tiragalo ego bona gore ke botlhole jwa mofuta mang jo bo ka tswang bo gapile matshelo abobedi jo. E re dikgang di eme jalo, Assistant SuperintendentGaobatlelwe a re go tlhagogile borukutlhi bosheng mo motseng wa Good Hope jo areng go na le magotswana mangwe a a tsenelelang banni mo malwapeng a bone kadinako tsa go itisitswe mo maitsiboeng ba ba amoga dithoto tsa bone di akaretsamegala ya matheka le di laptops. Assistant Superintendent Gaobatlelwe o ikuela mo setshabengsa Good Hope gore ba nne ba itotleletse mo matlong gore go se nne bonolo mo magotswaneng a go tsena mo matlong. O kopilesetshaba go ba thusa go tshwara magotswana ao, a re fa ba kabona ope fela a rekisa dilo tsa go tshwana le tseo, a ba lometsebe. BOKHUTLO | crime_law_and_justice | 1 |
Lucara e diragatsa maitlamo | Mogolwane wa moepo wa Lucara Botswana Rre Ewetse Mathaba a re kompone ya bone e tsweletse sentle mo maitlamong le maikaelelo a yone a go thusa setshaba. Rre Mathaba o buile jalo fa a tlhalosetsa makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ka ditirelo tsa bone kwa phuthegong e e tsweletseng ya khansele ka Labobedi. Rre Mathaba a re mo komponeng ya bone ba itebagantse le tshireletso le botsogo jwa babereki. A re ba na le mananeo a botsogo a a itebagantseng le setshaba jaaka letsatsi la botsogo le maikaelelo a lone e leng go tsibosa setshaba ka boitekanelo, go ba rotloetsa go fetola ka fa ba tshelang ka teng. O tlhalositse fa ba tshwara letsatsi leo ngwaga le ngwaga mo metseng e e farologanyeng maikaelelo e le go leka go rotloetsa gore ba fetole boitshwaro le go tsaya karolo mo botsogong jwa setshaba. Rre Mathaba a re mananeo a bone a a itebagantseng le tsa tlhabololo a akaretsa katoloso ya matlhabelo le Karowe Village development initiatives. A re bosheng ba ne ba simolodisa lenaneo la temo ya nosetso le thuo kwa motseng wa Mokubilo, a tlatsa gape ka go re ba ikaelela go dira marekisetso a didirisiwa tsa kago kwa Mmadikola, fa kwa Khwee gone ba tlaa simolodisa lenaneo la thuo ya dipudi, le go agwa ga lebala la metshameko le le nang le motlobo wa dibuka mo Letlhakane. O boletse fa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo a solofeditse go ema nokeng lenaneo leo ka go romela bomaitsianape go thusa ka tse di tlhokegang. O supile fa ba setse ba tsere banni bangwe ba metse e e amegang go ya go ithuta le go tsaya malebela kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Gaborone. Rre Mathaba o boletse fa lenaneo la matlhabelo ba le weditse mme e bile ba le roletse semmuso khansele le fa go santse go na le fa ba thusang teng. O tlhalositse fa gape ba na le dikgaisanyo tsa mabelo a dibaesekele a a tshwarwang ngwaga le ngwaga a a tsenwang ke batabogi ba dibaesekele go tswa mafelong a a farologanyeng. A re ba itlamile go rekela banana ba le barataro dibaesekele ba bo ba tsena mo setlhopheng sa bone. Mokhanselara wa Letlhakane botlhaba Rre Ketshwereng Galeragwe a re keletso ya gagwe ke gore kotara nngwe le nngwe ya ngwaga, kompone ya Lucara e lekodise khansele ka ditirelo tsa bone. Rre Galeragwe o ne gape a ngongoregela tsamaiso ya bone ya kepo ya diteemane a re e humanegisa Batswana. O ne gape a supa matshwenyego ka tsamaiso ya leswe le le tswang kwa matlhabelong a re ba kopane le khansele go rarabolola seemo. Mokhanselara wa Letlhakane Bophirima Mme Thato Modirwagale, o ne a botsa ba kompone eo gore ba dira eng ka seemo sa ditsela le metsi tse di mo Letlhakane. Le fa go ntse jalo Mme Modirwagale o ne a ba lebogela go tswelela ba tsenya letsogo mo go thuseng setshaba. Mokhanselara wa Mokubilo/Mmea Rre Phangi Resetse o ne a supa fa banni ba Mokubilo ba leboga kompone ya Lucara ka lenaneo le le simolodisitsweng kwa motseng oo bosheng. | society | 9 |
Ba lela ka dimausu | Baagi ba motse wa Metsimotlhabe ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka beng ba dimausu ba motse oo ba ba reng ba tlatsatlatsa matlakala kwa maemelong a dipagamo a motse. Banni ba buile seo mophuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana yaThamaga-Mogoditshane Rre Duncan Ramasiagopana kwa motseng oo. Banni ba re dimausu tse difolodisa maiteko a go phepafatsa motse ka lenaneo la Ipelegeng mme ebile didirisiwa ke dirukutlhi go iphitlha ka ebile go lemogilwe fa dingwe tsa tsone direkisa motokwane. Mothusa kgosi Rre MaganelwaMmipi le ene o supile fa seemo se sa mo jese monate segolo jang ka lefelo leole le mo matlhong a setshaba le baeng tota. Mongwe wa banni, Mme Segomotso Gobuiwang o dumalane lemafoko a ga kgosi mme a re ga se kgang ya dimausu fela. A re motse waMetsimotlhabe ga o lebege ka o tletse ka matlakala a tshwana metseto ya bana ledithaere tse di latlhelwang mo nokeng ya motse oo. Banni ba ne ba tsweletse kago kopa khansele gore dimausu tseo di ntshiwe bogolo bagwebi ba dirise mekhukhuya nakwana e ba ka tsamayang ka yone fa ba golola maitseboa. Fa a tswa la gagwemodulasetilo Rre Ramasiagopana o ile a dumalana le se se builweng ke morafe are o iponetse seo fa a tsena ka motse a re go tshwanetse ga buiwa le bone bagwebibao. Le fa go ntse jalo a re bonee le makhanselara ga ba na thata epe e ba e filweng ke molao go ka koba bathoba, a re o tlaa isa kgang eo kwa go ba ba lebaneng. | environment | 5 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.